LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 8/1 ts. 6-10
  • Go Utlwatsa Tlhagiso ya Bomodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Utlwatsa Tlhagiso ya Bomodimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOEMO JWA PELENYANA JO BO TSHWANANG LE JWA GOMPIENO
  • PHEDISO E E TSHWANANG YA KGOLOKWE YOTLHE E GAUFI
  • MOTSWEDI OSI WA TSHOLOFELO YA BOAMMAARURI
  • Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A O Atlhola Lefatshe ka Tumelo ya Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Didikadike tse ga Jaanong Di Tshelang mo Lefatsheng ga Di Ketla Di Swa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Lefatshe je le Neng la Senngwa
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 8/1 ts. 6-10

Go Utlwatsa Tlhagiso ya Bomodimo

“Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshahadiwa.”​—Math. 24:21, 22.

1, 2. (a) Lefatshe le nnile boagelani bo le bongwe jo bogolo jang? (b) Diphelelo tse di kotsi tsa fa batho botlhe e le baagelani ke dife?

Gompieno lefatshe lotlhe ke boagelani bo le bongwe fela jo bogolo. Ka dipalamo tsa rona tse di lobelo re ka fofa go dikologa kgolokwe kwa bogareng jwa yone kana go ralala bokone le borwa jwa yone ka nako e e sa feteng letsatsi le lengwe. Ka megala ya difouno tsa merafe-rafe kana ka founo ya seromamowa, mo metsotsong fela, re ka kgona go bua le moagelani e ka ne e le mo karolong epe fela ya lefatshe. Re kaa ja mefuta e mentsi ya dijo tsa seeng, mme go di bona re ikaegile ka batho ba bantsi ba ba kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe.

2 Ereka re atamalane gaufi thata jaana, batho botlhe ba na le dikotsi tse di tshwanang. Dingwaga di le 66 fela tse di fetileng, ke gore, mo lekgolong leno la dingwaga, batho mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba ne ba rarabologela go ka lemoga gore go na le sengwe se se masetlapelo se se jaaka ntwa ya lefatshe. Dingwaga di le 21 morago ga kgotlhano e e bosula eo ya kgolokwe yotlhe e sena go fela, lefatshe le ne la tsena mo kgateleding ya ntwa e e bosula thata-thata. Mme jaanong, dingwaga di le 36 morago ga go tswa mo tlhakatlhakanong eo ya lefatshe, re bopèlwa ke sengwe se se boitshegang thata-thata. Tota ga go ope yo o ka reng: ‘Nnya, seo se diragalang koo, kwa kgakala koo, ga se ne se nkama!’ Go akanya le go bua jalo ke boiphoro fela. Jaanong re baagelani ba ba atamalaneng thata mme se se tlisang bothata, ee, kotsi ya lefatshe, ke go tlhoka boagisani ga rona. Mantswe a tlhagiso e e masisi a ntse a tsholediwa.

3. (a) Ke ka ntlhayang fa batho ba ba elang-tlhoko ba dumela gore lefatshe le mo kotsing e kgolo? (b) Boikutlo jwa batho ba lefatshe kaga Modimo ke bofe?

3 Ka ntlha ya bogolo jwa kgang eno, babelaedi bangwe ba ka botsa gore, A tota lefatshe lotlhe le lebane le kotsi e e senyang? Batho ba ba elang tlhoko mme bao e seng bagoa-khutsahalo ka gope ba araba potso eno ka go re Ee! Karabo ya bone e e sa solofetseng ga e a thewa fela mo go seo setho se tla se itirang ka bosone. Go na le sengwe se se masisi thata seo re tshwanetseng go se akanyetsa. A mme tota se ka diragala? Ee. Jang jalo? Go ikaegile ka Motho yo eleng mung wa lefatshe le wa botshelo jotlhe jwa diphologolo le jwa batho jo bo leng mo go lone. Ke boammaaruri, ke palo e nnye thata gompieno eo e kgathalelang go ka akanya ka ene. Batho ba lefatshe ba lekgolo leno la dingwaga la boitseanape jo bo tswetseng-pele ba ikaya ba gololesegile thata mo kakanyong go ka dumela mo Mmoping kana go ka ipotsa gore, O ikaeletse eng? Mme Mmopi ga a pelo e logwadi mo a ka se akanyetseng tlalelo ya batho. Lefa go ntse jalo, ba mo tlhokomologa jaaka ekete ga a gone kana jaaka ekete o kwa kgakala thata mo eleng gore a ka se dire sepe kana le eleng go kgatlhega.

4. (a) Ereka Jehofa e le mung wa lefatshe, o na le kamego efe ka thoto ya gagwe? (b) Go tlhokega gore go dirwe eng gore lefatshe le nne lefelo le le itumedisang le go ka tshelwang mo go lone?

4 Mme a mung wa thoto gaa tshwanela go amega ka thoto ya gagwe? O tshwanetse go batla go nna a e tlhokometse sentle thata. Go ntse jalo segolo-bogolo faele gore thoto ya gagwe e botlhokwa tota. Mmopi wa rona o ikutlwa fela jalo ka thoto ya gagwe. Faele kaga go baakangwa, ga go ne go latolwa ntlha ya gore lefatshe gompieno le sentswe le ya gore le mo kotsing ya go senyetswa go ya bokgakaleng jo bo boitshegang. Go bonala ekete nako e setse e fetile ya gore a tlose botlhe bao ba ikarabelelang go senya thoto ya gagwe eo lantlha e neng e itekanetse. Ga jaanong nako ya fa a tla dira tiro e ya go phepafatsa e tshwanetse ya bo e le gaufi. O nnile le buka e e kwadilweng kaga se. Go ya ka yone ke eng seo a ikaeletseng go se dira?

BOEMO JWA PELENYANA JO BO TSHWANANG LE JWA GOMPIENO

5. Batho mo nakong e e fetileng ba ne ba le mo boemong jo bo tshwanang le jwa gompieno leng?

5 Go ka gakgamatsa ba bantsi gore go kile ga diragala gore setho sotlhe se se neng se tshela bogologolo se ne se le mo boemong jo bo tshwanang le joo baagi botlhe ba lefatshe ba iphitlhelang mo go jone gompieno. Ka nako eo go diragetse sengwe ka selekanyo sa kgolokwe yotlhe. E ne e le mo malatsing a monna yoo rona rotlhe bao re tshelang gompieno re leng ditlogolwana tsa gagwe. Rraarona-mogologolwane yo wa rona rotlhe e ne e le monna a bidiwa Noa morwa Lameke. Maloka le malatsi a ga Noa buka ya Mmopi e e tlhotlheleditsweng e re: “Me Noa a tsala basimane ba le bararo, Sheme, Hame, le Yafethe. Me lehatshe le ne le bodile ha pele ga Modimo, me lehatshe le ne le tletse thubakanyō. Me Modimo oa bōna lehatshe, me bōna, le ne le bodile; gonne nama eotlhe e ne e bodisitse mokgwa wa eōna mo lehatshiñ.”​—Gen. 6:10-12.

6, 7. (a) Mo motlheng wa ga Noa, lefatshe le ne le tlhagisiwa kaga eng? (b) Go diragetse jang gore lefatshe le nne gape lefelo le le kagiso leo go ka tshelwang mo go lone?

6 Mme go ne ga diragala eng morago gore lefatshe leno e nne lefelo le le nang le kagiso, le le bolokesegileng leo go neng go ka tshelwa mo go lone? A basenyi ba ba thubakang bao ba lefatshe ba ne ba kopanela mo ntweng ya kgolokwe mme ka jalo ba bolaana? A tlhagiso eo Noa a neng a laotswe go e neela ka nako eo e ne e le tlhagiso kaga masetlapelo a a itiretsweng ke batho ao a neng a se kitla a falotsa motho ope? Nnya! Bogolo, o ne a bolelela setho tlhagiso ya bomodimo, eleng eo Modimo o neng o mo laetse go e neela. E ne e itsise batho botlhe kaga seo Modimo Mmopi a neng a tloga a se dira gore lefatshe e nne le le sisibetseng le le le bolokesegileng leo batho ba ba siameng ba neng ba ka ipelela go tshela mo go lone. Modimo o ne wa bolelela Noa gore batho ba ne ba se kitla ba mo reetsa, mme ka jalo Noa o ne a tshwanetse go ikagela gammogo le lelapa la gagwe, eleng meya ya batho e le bofera-bobedi, araka kana letlole le le kokobalang. Mo letsatsing le le boleletsweng-pele la ngwaga wa 2370 B.C.E. morwalela wa kgolokwe yotlhe o ne wa simolola. E ne e le ‘tiro ya Modimo.’ Setho se se betilweng ke metsi se duetse molato oo.

7 ‘Tiro eo ya Modimo’ ya bogologolo e ne ya direla setho sotlhe molemo. E ne ya neela lotso lwa batho tshimologo e ntšha ka lelapa le le siameng, le le boifang Modimo, ebile mo lefatsheng le le nang le kagiso le polokesego ka nako eo.

PHEDISO E E TSHWANANG YA KGOLOKWE YOTLHE E GAUFI

8. (a) Jesu one a faroIoganya jang malatsi a ga Noa le a gompieno? (b) Ke tiragalo efe e e fela fa mojako, mme ka jalo go tshwanetse ga dirwa eng kaga yone?

8 Ke lone lobaka losi lwa pele ga motlha wa rona loo batho botlhe ba neng ba le mo kotsing ya go ka fela. Lo ne lo tshwantshetsa motlha wa rona wa fa lefatshe la dikete-kete tsa batho le bopèlwa. Ga se kakanyo ya rona ya botho ya isagwe e e lotobo, eleng kgopolo ya mofeteletsi. E tshwana fela le ya motho yo o itsegeng lefatshe ka bophara, eleng moperofeti yo mogolo go gaisa Noa. E ne e le Jesu Keresete. Fa a ne a supela pele motlheng wa rona, o rile: “Me yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo. Gonne yaka go ile ga nna mo metlheñ euō ea pele ga morwalèla, ba ne ba ya, ba nwa, ba nyala, ba nèwa nyaloñ, go tla go hitlha mo tsatsiñ ye Noa a tsenyeñ mo tluñ e e kokobalañ ka yeōna, Me ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gōna go tla nna hèla yalo.” (Math. 24:37-39) Go ya ka boperofeti jwa ga Keresete kaga maemo a lefatshe ka nako ya bogone jwa gagwe jo bo sa bonaleng mo lefatsheng, boemo jwa lefatshe la rona go tloga ka ngwaga wa 1914 bo tshwana le joo jwa motlha wa ga Noa. Ka mo go tshwanang, ‘tiro ya Modimo’ e e tshwanang e tshwanetse ya bo e le gaufi. Ke nako ya gore tlhagiso e e neetsweng ke Modimo e bolelelwe setho sotlhe se se reregileng. Potso ya botho ke gore, Ke bomang ba ba tla tshwanang le batho bao ba tseneng mo arakeng le Noa?

9. (a) Ke ka ntlhayang fa re na le lebaka la go dumela gore “sepitla se segolo” se se boleletsweng-pele se gaufi? (b) Lemororo “sepitla se segolo” se tletse Jerusalema ka 70 C.E., ke ka ntlhayang fa tiragatso e kgolo ya boperofeti jwa ga Jesu kaga “sepitla se segolo” e tshwanetse go nna ya nako e e tlang?

9 Le eleng kwantle ga seo buka ya Mmopi e e tlhotlheleditsweng, eleng Bibela, e se buang, re na le lebaka la go dumela gore tsamaiso eno ya dilo e mo ‘motlheng wa yone wa bokhutlo.’ Malatsi a yone a bofelo a setse a fela. Bokhutlo jwa yone jo bo tletseng bo ka lebelelwa go goroga ka nako ya mathata, eleng “sepitla se segolo,” a a fetang morwalela wa motlha wa ga Noa ka bogolo le ka tshenyo. Jesu o umakile motlha wa ga Noa mo boperofeting jwa gagwe jwa bofelo jo bo neetsweng ka ngwaga wa 33 C.E. Bo ne jwa atolosetsa dipolelelo-pele tsa gagwe ka kwa ga go senngwa ga Jerusalema ke Baroma ka ngwaga wa 70 C.E., ee, go tla go fitlha mo motlheng wa rona. Go senngwa ga motse o o boitshepo oo e ne e le tlhoro ya “sepitla se se segolo” sa Bajuda mo kgaolong ya Baroma ya Judea mo Botlhaba Gare. Lefa go ntse jalo, go bonala gore Jesu o tshwanetse a bo a ne a na le mo gontsi mo kgopolong go na le go senngwa ga Jerusalema morago koo, fa a ne a re: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno [ngwaga wa 33 C.E.]; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshahadiwa.”​—Math. 24:21, 22; Mar. 13:19, 20.

10, 11. (a) Moaposetoloi Petere o tlhalositse phediso e e tlang ya kgolokwe yotlhe jang? (b) Boikutlo jwa kakaretso maloka le phediso e e ntseng jalo ya kgolokwe yotlhe ka Modimo ke bofe metlheng eno?

10 Morutwa wa ga Jesu, eleng moaposetoloi Petere, ka boperofeti o ne a amanya bokhutlo jwa lefatshe mo motlheng wa ga Noa le bokhutlo jwa tsamaiso ya gompieno ya dilo kwa setlhoeng sa ‘motlha ono wa bokhutlo.’ (Dan. 12:4) Mo phapaanong le diphororo tsa metsi mo motlheng wa ga Noa, Petere o boleletse-pele “molelō” o o tla bipang eseng fela lefatshe la tshwantshetso mme gape le magodimo a tshwantshetso. (2 Pet. 3:5-12) Mo papisong ya gagwe Petere gaa ka a umaka go senngwa ga Jerusalema ke Baroma, moo go diragetseng ka bonako fela morago ga loso lwa gagwe jaaka moswela-tumelo.

11 Morago koo mo motlheng wa ga Petere, Bakeresete ba ne ba dumela mo go seo ka kakaretso go tweng ke “bokhutlō yoa lehatshe.” (Math. 24:3) Mme go tweng gompieno, makgolo a dingwaga a le 19 moragonyana, segolo-bogolo gareng ga bao ba iphakang e le Bakeresete kana bao eleng maloko a dikereke tsa La-Bodumedi? A ba dumela selo se se ntseng jalo? Le go leka! Re ka lebelela fela ka moo ba lelekisang dilo tse di bonalang tsa lefatshe le le hutsitsweng leno ka teng.

12. (a) Batho ba ba nang le boikarabelo ba boifa kudumedi efe ya lefatshe gompieno? (b) Batho ba akanya go thibela kudumedi ya lefatshe jang?

12 Lefa go ntse jalo, gompieno go na le batho ba ba thwadi bao ba sa thaeng dipolelelo-pele tsa bone mo Bibeleng gotlhelele, mme ba bolelela-pele seo se lekanang le “bokhutlō yoa lehatshe.” Ba re tlhagisa kaga gore se ka diragala. Go nnile jalo fa esale dibomo tse pedi tsa atomiki di thunya kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe II ka 1945. Gompieno go na le dibomo tsa nuklea mo diatleng tsa merafe e e bidiwang “babusi ba nuklea,” ebile ka bontsi jo eleng gore ba ka bolaya botshelo jotlhe jwa dibopiwa mo lefatsheng ka go ipoeletsa, fa ba ne ba ka kgona go dira jalo. Le eleng dibomo tsa marang di setse di umakelwa mo sephiring. Tseno di ne di tla bolaya batho botlhe mme di tlogela dithoto tsa bone tse di senang botshelo di ntse di eme. Mme dikago tse di emeng fela di ka nna le mosola ofe fa go sena batshedi ba ba ka agang mo go tsone? Di ne di tla dira fela “motse wa matlotla” kana “lefatshe la matlotla.” Mme ke mang yo o itumedisiwang ke selo se se ntseng jalo? Kotsi ke ya sebele tota. Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, leo jaanong le nang le maloko a le 153, le ikantswe gore le thibele tshenyo e e ntseng jalo. Mme lekgotla la Merafe e e Kopaneng, leo le akaretsang le Babusi botlhe ba Nuklea, ke tsholofelo ya boithamako ya go faposa go itshenya ga lotso lwa batho ka ditsalone.

13. (a) Go tshwanetse ga arabiwa potso efe ya botshelo le loso? (b) Ke ka ntlhayang fa batho ba e seng ba bodumedi ba sena karabo e e kgotsofatsang, mme a yone e teng?

13 Ke mang yo tota a ka bolokang setho mo go iphediseng, mo go ipolayeng? Batho ba e seng ba bodumedi ka gope jaanong ba patelesegile go akanyetsa potso eo mo go masisi. Ereka ba sa dumele mo Bibeleng ga ba tlise karabo e e kgotsofatsang. Ga ba kgone go re bontsha mmoloki ope. A mo go kaya gore ga go ope? Ka boitumelo, Nnya!

MOTSWEDI OSI WA TSHOLOFELO YA BOAMMAARURI

14. Ke ka ntlhayang fa go utlwala go dumela gore Mmopi o ne a ikaeletse sengwe ka lefatshe leno?

14 Baitseanape ga ba kgone go supa gore lefatshe la rona le setho se se mo go lone di itirile. Mmopi o ne a tshwanetse go nna teng. Ka jalo go tweng kaga gagwe? Bogologolo mo lekgolong la dingwaga la bo-16 Pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng o ne a tlhotlheletsa monna yo o ikanyegang go twe Jobe go bolela bonnete jwa boitseanape jwa gore O lepeleditse lefatshe la rona kwa go seng sepe, mme ka jalo a O le lepeleleditse lefela? (Yobe 26:7) A ke kotsi fela gore re iphitlhele re le dikete-kete mo godimo ga lone? A o dirile phoso kana o ne a sa ikaelela sepe? Ga jaanong o letleletse lefatshe leno go tlala sentle ka dibopiwa tse di tshelang. A o ne a ikaeletse gore dikete-kete tsotlhe tsa gompieno tsa dibopiwa tsa batho di ipolaye mme di tlogele lefatshe la rona le dikokologa mo lefaufaung jaaka naletsana e e suleng? Ka ntlha ya seo a se re bolelelang, ga re ne re mo phara ka boeleele jo bo ntseng jalo.

15. (a) Boikaelelo jwa Modimo kaga lefatshe ke bofe? (b) Ka jalo ke eng se re ka solofelang gore Modimo o tla se dira mo bogautshwaneng?

15 O tlhotlheleditse monna yo o botlhale Solomone, eleng morwa wa ga Kgosi Dafide, go kwala jaana mo Bibeleng: “Kokomana e ñwe [ya batho] e hetèla koñ, me go tle e ñwe; me lehatshe le nnetse rure ka bosakhutleñ.” (Mor. 1:4) O tlhotlheleditse gape le moperofeti Isaia gore a kwale a re: “Go bua yana Yehofa . . . Ke èna Modimo [wa boammaaruri]; o o bopileñ lehatshe oa le diha; . . .” o no o se ka oa le tlhōlela lehèla, oa le bopèla go uñwa [kana go agiwa]: a re, Ke nna Yehofa; me ga go opè o sele.” (Isa. 45:18) Ka gone, o solofetsa gore le ka motlha ope ga a ne a tlogela lefatshe le sa agiwa ke motho. Ka jalo selo seo a tla se phimolang gotlhelele mo boalong jwa lefatshe ke tsamaiso eno ya dilo eo batho ba ba thubakang ba e tlhomileng mo thotong ya Modimo. Go tlhomamisa seno re ka tsaya mafoko a malebogo a a kwadilweng mo bukeng ya bofelo ya Bibela: “Re gu ntshetsa malebogō [Jehofa], Mothataeotlhe, . . . ka e le ha u itsetse thata ea gago e kgolo, me ua busa. Me dichaba tsa tlala bogale, me bogale yoa gago yoa tla, le lobaka . . . loa go senya ba ba senyañ lehatshe.”​—Tshen. 11:17, 18.

16. (a) Merafe e na le ditogamaano dife tse di tokafaditsweng thata, mme, mo ntlheng eno, go utlwatswa ditlhagiso dife? (b) Lefa go ntse jalo, ka botlhale rotlhe re tla reetsa tlhagiso efe?

16 Ka ntlha ya kgaisano ya bosole merafe e na le ditogamaano tse di setseng di tokafaditswe thata go ka ‘senya lefatshe’ go ya bokgakaleng jo bogolo tota ebile ka tsela e e maswe-maswe. Dibomo tsa megare, tsa metswako, gammogo le dibomo tse di boitshegang di emisitswe sentle go ka dirisiwa ka bonako fela kgatlhanong le mmaba ope fela ka tsela e e rulagantsweng tota. Ga e sa tlhole e le sephiri. Foo le foo go utlwatswa ditlhagiso tse di bokoa kaga se se bopèlang bogone jwa batho. Lemororo ditlhagiso tse di ntseng jalo di le mo nakong ebile di siame, ga di tshegediwe ke Mmopi wa lefatshe, Jehofa Modimo. Tlhagiso ya gagwe e e kwadilweng mo Bibeleng e mabapi le kgato e e leng ya gagwe ya “go senya ba ba senyañ lehatshe,” eleng popo ya gagwe. Kgato ya gagwe e tla laolwa sentle. E tla tlogela bafalodi ba ba amogelwang. Barati ba botshelo, segolo botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng, ba batla go nna ba ba ntseng jalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela