Goreng Ditumelo Di Le Kanakana Mme Tsotlhe Di Re Ke Tsa Bokeresete?
MO E KA nnang kwatara e le nngwe ya palo ya batho ba lefatshe e iphaka go nna Bokeresete. Botlhe ba ipolela fa ba latetse Jesu Keresete, lefa go le jalo ba kgaogane eleruri. Ba ba ka nnang 580 000 000 go bolelwa e le ba Roma Katoliki. Mme fa esale go nna le Vatican II go ile ga nna le kgaogano magareng ga Makatoliki a a batlang diphetogo le bao ba ganeletseng gore ditirelo di dirwe ka Selatini. Maloko a a akanyediwang go 74 000 000 a tumelo ya Eastern Orthodox a kgaogantswe ka dikereke tse di farologaneng tsa bosetšhaba, ka meletlo ya kobamelo e e farologaneng. Fa e le ka ga ba ba fetang 343 000 000 ba Maporosetanta, ba kgaogantswe ka dikereke tse dintsintsi tsa Episkopale, Lutere, Calvinist (Presbyterian, Reformed), Baptist, Methodist le tse dingwe.
Dikereke tseno tsotlhe di itsaya e le ditumelo tse di “tlhomameng,” “tsa motheo,” “tse di tlotlegang.” Go ka okediwa tseno ka makgolo a se go tweng ke makoko ao a nyadiwang fela thata ke tse dikgolo tsa Katoliki, Orthodox le Boporosetanta.
“Tsa Motheo” kana “Boikeodi”?
Tota, fa di tlhatlhobisiwa go ya ka mefuta ya ditiragalo e e sa tlhaoleng, ga go epe ya dikereke tsa setso tsa “Bokeresete” e e ka iphakang go nna bodumedi jwa kwa tshimologong jwa Bokeresete. Tsotlhe di ne tsa simolola jaaka matlhogela—makoko—ee, le eleng yone e e iphakang go nna ya bogologolo go di feta tsotlhe, Kereke ya Roma Katoliki!
Go ya ka ditiragalo, metse e megolo e le mmalwa e ka ipolela fa e nnile dikgaolo tsa pele tsa Bokeresete pele ga Roma. Fa Bokeresete bo ne bo simololwa ka Pentekosete 33 C.E., go ne go se molatedi wa ga Keresete lefa a le mongwe mo Roma. Ntlo-kgolo ya ntlha ya phuthego ya Bokeresete kwantle ga pelaelo e ne e le Jerusalema. Go boammaaruri gore, Bajuda le basokologela Sejudeng go tswa kwa Roma ba ne ba le teng mo Jerusalema ka nako ya Pentekosete, mme bangwe ba bone kwantle go pelaelo ba ne ba nna Bakeresete mme ba boela kwa Roma, ya re koo ba simolola phuthego ya Bokeresete. Mme seno se ne se le boammaaruri gape le ka mafelo a mangwe a mantsi a a umakiwang mo Bibeleng. Tota, baeti ba ba neng ba tswa kwa Roma ba umakiwa kwa tlasetlase ga lenaneo, ba le ba boraro go tswa kwa tlase, pele fela ga Bakereta le Baarabia.—Ditihō 2:5-11.
Mo malatsing ao a pele, Roma e ne e se lefelo la ntlo-kgolo la konokono la go rulaganyetsa ditiro tsa Bokeresete. E ne e se kwa Roma mme mo Antioka ya Siria koo barutwa ba ga Jesu ba neng lwantlha ba bidiwa Bakeresete. (Ditihō 11:26) Ebile e ne e le go tswa kwa Antioka, e seng Roma, koo moaposetoloi Paulo a neng a simolola maeto a gagwe a borongwa a mararo. (Ditihō 13:1-4; 14:26; 15:35, 36; 18:22, 23) Go boammaauri, Paulo go bonala tota a ile a bolaelwa mo Roma. Mme e ne e se mongwe wa baaposetoloi ba ba 12 ba ga Jesu, ereka Judase Isekariota a ne a emisediwa ka Mathaiase. (Ditihō 1:23-26) Tota, ga gona tshupo epe gotlhelele ya Bibela gore ope wa baaposetoloi ba ba 12 o ne a ya kwa Roma kana a swela koo. Wa bofelo go swa mo baaposetoloing e ne e le Yohane, ka gongwe mo Efeso kana gaufi le foo. Loso lwa bone lo ne lwa bulela botenegi phatlha ya go gola.—l Yohane 2:18, 19; 2 Bathesalonia 2:3, 4.
Fa nako e ntse e ya, metse e mengwe e ne ya tuma jaaka mafelo a Bokeresete jwa botenegi. Gareng ga eno e ne e le Alexandria le Carthage, mo Afrika Bokone, le Byzantium (e moragonyana e neng ya nna Constantinople), mo molelwaneng wa Asia le Yuropa. Mo Bophirima, kereke e e humileng le e e maatla e ne ya gola mo Roma, motse mogolo wa Mmuso-mogolo.
Fa botenegi jo bo neng bo boleletswe pele ke baaposetoloi bo sena go tsoga, setlhopha sa baruti se ne sa ungwa. Banna ba ba thwadi ba ne ba ikgodisetsa letsomane mme ba nna bao go tweng ke bo-bishopo. Bano ba ne ba suka-sukanela bolaodi mme ba nna ditlhogo tsa ditlhopha tse di tsuololang kana makoko a Bokeresete jwa botenegi. Mo metlheng ya pele go ne go se motse ope kana bishopo yo tota a neng a rena mo go ba bangwe. Mme go Iwela maatla go ne ga gola gore ke lekoko lefe kana letlhogela la botenegi la Bokeresete jwa tshimologo jwa Bibela leo le neng le tla itlhoma jaaka “la motheo,” mme le dira a mangwe go nna “a boikeodi.”
Kwa Tshimologong Tsotlhe E Ne E le Makoko
Mongwe wa mekwalo ya bosheng fela jaana e e neng ya anamisiwa mo kgannyeng eno o re: “Bokeresete jo bo ikeotseng e ne e le eng? Mme gone tota, Kereke e ne e le eng? . . . Bokeresete jwa [Botenegi] bo ne jwa simolola bo tlhakatlhakane, dikgogakgogano le ditomologano mme jwa tswelela jalo. Kereke ya konokono ya motheo, ka setheo sa phuthego se se amogelegang, e ne ya tlhagoga ka iketlo ka iketlo. . . . Mme, jaaka go ne ga nna ka dipetapetano tse di ntseng jalo, tota e ne e sa agelele semoyeng. . . . Bogare le botlhaba jwa Mediterranean mo makgolong a ntlha le a bobedi AD di ne di tutumotsega ka megopolo ya bodumedi e mentsi-ntsi e e sa feleng, e betabetanela go ikatisa. . . . Go tswa kwa tshimologong, he, go ne gona le Bokeresete jo bontsi jo bo farologaneng jo bo neng bo sa tshwane ka gope. . . . Pele ga halofo ya bofelo ya lekgolo la boraro la dingwaga ga go boammaaruri go bua ka Bokeresete jo bo gagametseng jo bo renang. Ka jalo he go ya kafa re ka bonang ka teng, go ya bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, mme le mo e ka nnang la bobedi lotlhe, bontsi jwa Bakeresete bo ne bo dumela mo dithutong tsa poloko tse di farologaneng tsa Bokeresete, kana e ne e le jwa makoko a a batlang diphetogo a a ageletsweng go dikologa mo dinonofong tsa moya. . . . Bomotheo (Orthodoxy) e ne e le fela sebopego se sengwe sa tse dintsinyana tsa Bokeresete mo lekgolong la boraro la dingwaga, mme bo ka nna jwa bo bo seka jwa rena go fitlhelela motlheng wa ga Eusebius [kwa tshimologong ya lekgolo la bo 4 la dingwaga].”—A History of Christianity, ka Paul Johnson.
Phetogo e e ntseng jalo ya ditiragalo e ne ya bolelelwa pele ke moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala ka gore: “Gonne motlha o tla tla o ba se ketlañ ba iteseletsa go utlwa thutō e e itekanetseñ ka ōna; me ereka ba le ditsèbè tse di babanyègañ, ba tla ikgobokanyetsa baruti ba ba kaha dikgatlhegoñ tsa bōnè; Me ba tla icubula mo boamarureñ, ba hapogèla kwa mainaneñ.”—2 Timotheo 4:3, 4.
Bangwe ba baruti bano ba batenegi ba ne ba nna seo dikereke tsa La-Bodumedi di se bitsang borara ba kereke. Gantsi ba kgaogantswe ka borara ba pele ga Nicene le ba morago ga Nicene, phetogo e kgolo e nnile ka seo se biditsweng First Ecumenical Council of Nicaea, e e neng ya tshwarelwa mo Asia Minor ke Mmusi Mogolo wa Roma wa boheitane Constantine ka 325 C.E.
Maiteko a go Tlhoma Bogolo jwa Roma
Go lemotshega sentle gore palo e ntsi ya “borara” ba lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga ba ne ba sa tlhongwa kwa Roma, mme ba ne ba kwala ka Segerika, eseng Selatini. Erile e tlhomamisa seno, Encyclopaedia Britannica ya re: “Go fitlhelela mo e ka nnang ka 250 bontsi jwa baetapele ba Bokeresete ba Bophirima e ne e le babui ba Segerika, eseng Selatini, (j.k., Irenaeus le Hippolytus). Thuto e kgolo ya Selatini ya thuto-bomodimo e ne ya tswa e seng kwa Roma mme mo Afrika Bokone (j.k., Tertullian le Cyprian).”
Mo makgolong ao a ntlha a dingwaga a botenegi, ke metse efe e e neng e le mafelo a magolo a o go neng go twe ke a thuto-bomodimo ya Bokeresete? Eseng Roma, mme e leng Antioka, Alexandria, Carthage, Kaisarea, Jerusalema le metse e mengwe e e farologaneng mo Asia Minor. The Catholic Encyclopedia e dumela ka gore: “Lefa Roma e ne e le maatla ebile e ne e sisimogwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga, . . . go sa dire ga dibuka tsa gagwe ke mo go feletseng. Dibuka tsa Selatini ka gone . . . tota di dipotlana ka makgolo a mabedi a dingwaga le sephatlo [mo go tsa Segerika]. Tertullian o ikemela a le nosi, mme o ne a nna moikeodi. Go fitlhelela bogareng jwa lekgolo la bone la dingwaga go ne ga nna le Rara a le mongwe wa Selatini [Cyprian, wa Carthage, Afrika Bokone]. . . . Go tswa go Cyprian (yo o neng a swa ka 258) go ya go Hilary [yo o neng a swa mo e ka nnang ka 367] . . . go ne go sena thuto-bomodimo epe gotlhelele.”
Go tsile jang he, gore kereke mo Roma e atlege mo go tlhomeng boetapele jwa yone godimo ga dikereke tse dingwe mo metseng e mengwe e pele e neng e le thwadi thata mo go tlhagiseng “borara ba dikereke”? Kwantle ga pelaelo, lebaka le lengwe e ne e le bokokobolo jwa go bo e ne e le mo iefelong la motse mogolo wa Mmuso-mogolo. E ne e le kereke e e humileng e e neng e romela madi go thusa dikereke tse di humanegileng mo metseng e mengwe, mme seno se ne sa a fa bishopo wa yone maatla a a rileng. O ne a simolola go bolela fa a na le tshwanelo ya go reetsa boikuelo kgatlhanong le diphetso tse di dirwang ke bobishopo ba mafelo a a rileng mo dikgannyeng tsa tao ya kereke.
Mo godimo ga moo, le eleng fela jaaka Mmusi Mogolo wa Roma wa boheitane Constantine a ile a lemoga gore o ne a ka dirisa Bokeresete jwa botenegi go kitlanya Mmuso-mogolo o o neng o wa, ka jalo bishopo wa Roma o ne a bona gore boheitane bo ne bo ka ikuela mo go botlhe mo Bokereseteng jwa gagwe jo bo farologaneng jwa botenegi. Kereke ya Roma e ne ya tsaya Sontaga sa boheitane go nna letsatsi la go keteka Easter, lemororo dikereke mo metseng ya Botlhaba di ne di le keteka mo letsatsing lefe fela la beke leo Nisane 14 wa khalendara ya Sejuda a neng a wela go lone. Gape, lemororo dikereke di le mmalwa tsa Botlhaba di ne di ganeletse mo go lateleng Arius, yo o neng a ganetsa thuto ya motheo ya Tharo-nngwe, Roma ka bofefo e ne ya tsaya mogopolo ono wa boheitane wa modimo o o tlhogo ditharo.
Mo dikgannyeng tseno tsoo pedi, Mmusi Mogolo Constantine o ne a ema Roma nokeng. Seno o ne a se dira ka go ntsha molao wa go keteka Sontaga ka 321 C.E. le go betelela Tharo-nngwe mo Khanseleng ya Nicaea ka 325 C.E. O ne a kopanya Bokeresete jwa botenegi le mekgwa ya seheitane ya Roma mme a dira sebopego seno sa kobamelo ya “botlhe” kana “katoliki” go nna bodumedi jwa setšhaba.
He, ka 382 C.E., Mmusi Mogolo Gratian a ntsha motheo wa tsamaiso o o neng o neela Damasus, bishopo wa Roma, tshwanelo ya go reetsa boikuelo jwa bo-bishopo ba bangwe, le eleng bao ba leng “mo dikgaolong tse di kgakala thata tsa Mmuso-mogolo. Lefa phetso eno e ne ya ganediwa ke bo-bishopo ba Botlhaba, mme le eleng ke bangwe mo Bophirima, kwantle ga pelaelo e ne ya tlotlomatsa bishopo wa Roma. Bishopo Damasus o ne a amogela tlotla ya Pontifex Maximus, sereto le boemo jwa boheitane jo Mmusi Mogolo Gratian e ne ya re kgabagare a di kgala, a bona fa di sa tshwanele Mokeresete! Damasus o ne a sena dikakanyo tse di ntseng jalo. Go ya ka The Catholic Encyclopedia, Pontifex Maximus e santse e tsewa jaaka e nngwe ya “direto tse di botlhokwa jo bogolo” tse di sikarwang ke mopapa. Ka Sefora mopapa o santse a bidiwa le souverain pontife, mopapa yo mogologadi.
Ditomologano, Boingaodi le Bofetogi
Jaaka tlwaelo, bogolo jono jo bo iphakwang jwa bishopo wa Roma ga bo a ka jwa ya fela bo sa ganediwe. Baetapele ba Bokeresete jwa botenegi mo metseng ya botlhaba e e jaaka Alexandria, Jerusalema, Antioka mme segolo bogolo mo Constantinople, ba ne ba gwetlha boipagololelo-mogodu jono. Lefa go ntse jalo, lefa baetapele ba bodumedi mo metseng eno ba ne ba le seoposengwe mo go tlhabantsheng kokamelo ya Roma, ba ne ba sa tseisanye molelo mo dikgannyeng tsa dithuto tsa motheo. Go ne go na le dikganetsano tsa mogopolo tse di farologaneng mo metseng eno le e mengwe, seno se tsosa makoko a a farologaneng, otlhe a iphaka go nna a Bokeresete.
Ka maiteko a go thiba phatlha e e golang magareng ga makoko a Bokeresete jwa botenegi a a gadikanang ao ntlokgolo ya ona e neng e le mo Roma le Constantinople le go kaya baruti ba Bokeresete jwa botenegi mo metseng e mengwe jaaka baikeodi, “Dikhansele tsa Kereke tsa Ecumenical (Universal)” tse di farologaneng di ne tsa rulaganngwa mo makgolong a dingwaga. Ya ntlha e ne ya tshwarelwa kwa Nicaea, ka 325 C.E., e le go leka go nyatsa “boikeodi’ jwa Arian jo bo kgatlhanong le Tharonngwe. Tse dingwe di ne tsa tshwarelwa kwa Constantinople (makgetlo a mane), Efeso, Chalcedon (bolebang le Constantinople go kgabaganya Bosporus), le gape mo Nicaea. Dikhansele tseno tse supa tsa ntlha di ne di amogelwa ke Dikereke tsa Roma Katoliki le Orthodox ka go tshwana. Setlhopha sa dithuto tsa motheo tse di neng tsa tlhangwa mo dikhanseleng tseno di ne di kopanyeletsa Tharo-nngwe, tumelo ya gore Maria ke “mmaagwe Modimo” le dithuto tse dingwe tse di lolea tseo di neng di sa amane ka gope le Bokeresete jwa Bibela. Dikhansele tseno tsa dikereke di ne tsa nyatsa gape “maikeolo” a a farologaneng, ka gone di tlatseletsa mo go bopiweng ga makgaoganyane a mangwe gape (makoko) a Bokeresete jwa botenegi.
Se se kgatlhisang, ga go epe ya dikhansele tseno tsa kereke tsa “botlhe” e e neng ya tshwarelwa mo Roma, motse o o neng o iphaka go nna ntlo-kgolo ya botlhe ya Bokeresete. E ne ya nna fela go fitlhelela 1123 C.E. fa se go tweng ke Khansele ya Ecumenical ya ntlha e neng ya tshwarelwa mo Roma. Mme ka nako eo “kgaogano e kgolo” e ne e setse e diragetse magareng ga Roma le dikereke tsa Botlhaba, thubagano ya ntlha e ne ya diragala ka 867 C.E., mme kgaogano ya bofelo ka 1054. Ka jalo, fa go iwa ka ditiragalo tota-tota, ka boammaaruri ga gona khansele ya ecumenical kana ya botlhe e e kileng ya tshwarelwa mo Roma.
Mefuta e e farologaneng ya Bokeresete jwa botenegi ya Botlhaba e e neng ya ikgaola mo Roma e ne ya seka ya nna seoposengwe kafa tlase ga bishopo mongwe yo o neng a iphaka go nna moemedi wa ga Keresete mono lefatsheng. Kereke ya Constantinople (eo gape e neng e bidiwa New Rome) le yone e ne e ratile e ka bo e nnile “Roma” wa tumelo ya Botlhaba ya Orthodox. Mme ga e ya ka ya atlega. Fa nako e ntse e ya, Dithuto tsa Motheo tsa Botlhaba di ne tsa kgaogana ka dikereke tsa bosetšhaba tse di itaolang ka botsone di le 15 tseo di neng di neela tlhogo ya tsone mo Constantinople, se eleng Istanbul gompieno, tlotlo ya boetapele ka molomo fela. Gape gape, go na le dikereke di le mmalwa tse di ikemetseng ka nosi tsa botlhaba tseo di senang sepe le Roma kana Constantinople. Re fetsa ka gore, “Bokeresete” jwa Botlhaba ke ntlo e e kgaoganeng.
Morago ga kgaogano le Botlhaba, Kereke ya Roma, e re e ne e santse e solofetse go boa e gapa dikereke tsa Botlhaba gape, gone legale e ne ya ikgomotsa ka gore e ne e santse e le mmampodi mo ga yone, ebong—Bophirima. Mme matshwenyego a yone a ne a ise a fele. Baingaodi ba ne ba simolola go iponatsa. Seno se ne se sena bompampedio, mme dikgato tse di botlhoko di ne tsa tsewa kgatlhanong le “baikeodi” bano. Lekgotla la semolao la tlhotlhomiso le ne la simolodisiwa, mme boingaodi bo ne jwa tswelela. Mo lekgolong la bo-16 la dingwaga botsuolodi jo bo akaretsang bo ne jwa ungwa, lantlha mo sebakeng sa bodumedi mme moragonyana mo sebakeng sa bopolotiki.
Botsuolodi jono, jo bo neng bo bidiwa Tlhabololo, bo ne jwa tlhagisa setlhopha sa boraro sa ditumelo tse le tsone di neng di re ke tsa Bokeresete. Mme go na le gore bo tsosolose kutlwano le dithuto tsa motheo tsa boammaaruri jwa Bokeresete jwa Bibela tsa tshimologo, Boporosetanta bo ne jwa tlhagisa lesomo la dikereke tse di kgaoganeng le makoko.
Ke Eng Di le Dintsi mo go Kana?
Fa e le gore o wa kereke kana wa lekoko le le iphakang go nna Bokeresete, kwantle ga pelaelo o ile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang go na le ditumelo di le dintsi mo go kana tse di iphakang go latela Keresete le Bibela. Ka gongwe o ile wa tenwa fela thata ke dikgaogano tse di ntseng jalo, segolo bogolo fa di gogela mo dipogisong tsa bodumedi le dintweng tsa sedumedi, jaaka di ile tsa nna go kgabaganya makgolo a dingwaga mme di santse di tsweletse le jaana. Ka ntlha ya mabaka ano le a mangwe o ka tswa o ile wa khutlela go tlhola o ile kerekeng, o ikgotsofatsa ka kutlwisiso ya gago ka Bokeresete. Lefa go le jalo mo pelong ya gago o itse gore go tshwanetse ga nna le mo go oketsegileng mo Bokereseteng go na le moo. O itse go tswa mo Bibeleng gore Bakeresete ba ntlha e ne e le lelapa le le itumetseng le le tshwaraganeng semoyeng.—Yohane 13:34, 35; Baefesia 4:1-6.
Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba dira lelapa la Bokeresete le le itumetseng le le ntseng jalo. Ga se lekoko, fela jaaka ebile e se barutwa ba moruti mongwe wa motho kana moetapele kana le eleng letlhogela la kereke nngwe kana lekoko. Basupi ba tswa dikarolong tse di farologaneng tsa botshelo. Ga ba sale motho ope morago mme go na le moo Modimo le Morwawe Jesu Keresete. Mo go arabeng potso ya gago e e reng “Goreng ditumelo di le kanakana mme tsotlhe di re ke tsa Bokeresete?” ba arabela ka gore: “Ka ntlha ya go bo ditlhopha tsa bodumedi tse di ntseng jalo di ile tsa latela batho, eseng Bibela.” Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go bona Bokeresete jwa boammaaruri jwa Bibela. Ka jalo tswee-tswee buisana le motho yo o neng a go neela makasine ono kana o kwalele bagatisi ba one.
[Mmapa mo go tsebe 7]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Mafelo a magolo a Bokeresete jwa botenegi
Carthage
Roma
Byzantium (Constantinople)
Nicaia
Efeso
Antioka
Jerusalema
Alexandaria
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Dikereke tsa La-Bodumedi—di kgaogane mo go senang botwe-sepe!