LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 2/15 ts. 9
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo e e “Lotobo”
  • ‘Dibetso tse di Gaketseng’
  • Poifo e Kakatletse Bana
  • Leroborobo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga
    Tsogang!—1997
  • A Ntwa Kgatlhanong le Bolwetsi le Loso e a Fenngwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Atlega le go Palelwa mo go Lweng le Malwetse
    Tsogang!—2004
  • Tumelo
    Tsogang!—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 2/15 ts. 9

Go Lemoga Dikgang

Tumelo e e “Lotobo”

“A mongwe le mongwe eleruri o itse gore ke ka ntlha yang a le Mokeresete?” go botsa jalo pampiri ya dikgang ya “Die Welt” ya Jeremane mo setlhogong sa malatsi a boitapoloso a Easter. Potso e ne ya tlhagisiwa ke lebaka la go re “go tlhagogile losika loo lo ka neng lo tsena kereke jaaka go tlwaelegile, lo duela makgetho a kereke le go ka itseela sebaka sa ditirelo tsa yone,” ga bolela jalo setlhogo, “mme lo sa itse lefa e le go le go nnye fela ka tumelo ya lone.” Tota, tumelo ya bone “e looto fela thata,” sa oketsa ka gore, “mo e leng gore sengwe le sengwe se maikutlo a motho a se ratang jaanong se ka tsewa e le Bokeresete.”

Ka mo go tshwanang, potsolotso e ntšha ya Gallup e e neng ya dirwa ka nako e e tshwanang ya malatsi a boitapoloso mme ya begwa go “The New York Times” e ne ya fitlhela gore “pono ya Amerika ka Jesu Keresete go ya bokgakaleng jo bo rileng e lotobo.” Kanoko eo e etse tlhoko “boineelo jo bo anameng go Jesu” mo letlhakoreng le lengwe “go ntsifala ga go tlhaela tumelo” kafa ntlheng e nngwe, go ya ka “Times.” E tshwantsha “kitso ya sebibela e e kwa tlase thata” gareng ga bao ba neng ba botsolotswa, e ne ya tlhalosa gore diphesente tse 43 di ne di ka se kgone le e leng go umaka leina le le lengwe la Diefangele tse nne mme diphesente tse di ba tlang di nna 60 di ne di sa itse gore Jesu o ne a ruta a le mo Thabeng.

Abo tumelo eno e e “looto” le e e “lotobo” e fapaane jang le tumelo ya boammaaruri ya Bokeresete! Mo go Bahebera 11:1 moaposetoloi Paulo o ne a e tlhalosa ka mantswe a: “Me yana tumèlō ke go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ, ke tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ.” Go na le gore e nne “sengwe le sengwe se maikutlo a motho a se ratang,” Paulo o ne a tlhalosa ka go re: “Yalo tumèlō e cwa mo go utlweñ, me go utlwa go tle ka lehoko ya ga Keresete.” (Baroma 10:17) Fa ka tlhoafalo re bapala kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo, Bibela, re ka nna le mofuta wa tumelo e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.​—Yohane 17:3.

‘Dibetso tse di Gaketseng’

“Morago ga phenyo ya bolwetse jwa dikodu, sekgwaripana le polio,” go bolela “The Washington Post,” batho ka kakaretso ba ne ba “dumela gore kalafi ya tsa segompieno e fentse malwetsi a a tshelanwang. Ditwantshi tse di oketsegileng tsa bolwetsi le meento di ne di ntse di goroga, mme ebile go gopotswe fa katlego e e oketsegileng e tloga e nna gone.”

A tumelo eno e ne ya itshupa e le boammaaruri? Setlhogo seo se tswelela ka gore: “Gompieno, dibetso tse dintšha di gaketse, ke ntswa ke tsene, ya malwetsi ao bontsi jwa batho bo sa a itseng le ka maina. Ngwaga le ngwaga, ba Centers for Disease Control mo Atlanta, Georgia [CDC], ba tlhotlhomisa ditlhagogo tse dintšha tsa malwetsi a a fetang 1 000 a a jaaka Acquired Immune Deficiency Syndrome (AIDS), bolwetsi jwa Legionnaires le toxic shock syndrome.”

Bontsi jwa ano ke a a itiretsweng ke motho, go bolela jalo setlhogo. “Dikgatelopele tsa boranyane tse di tlhabolotsweng jaaka go fetlha phefo le dikgare tse di thibelang go tshologa ga madi di ile tsa tlhagisa mafelo a a siametseng go elangwa ga megare e e saleng e ntse e le teng ka dikete tsa dingwaga. Ditsa-mosepele tsa segompieno di ile tsa fetisetsa megare e e sa tlwaelegang mo bathong ba sele.” Ditsela tsa go tshela tsa boitsholo jo bo sa siamang di ile tsa anamisa le go befisa malwetsi a a jaaka AIDS.

Go ‘gakala ga dibetso’ mo go jesang kgakge ga gompieno ntswa go na le dikgatelo pele tsa kalafi ke selo sa mofuta wa sone fela. Seno, mmogo le dintwa, mauba le koketsego ya boikepo, se tlatseletsa go bosupi jo bo ka se ganediweng jo jaanong bo diragatsang boperofeti jo bogolo jwa ga Jesu Keresete ka ga “bokhutlō yoa lehatshe.” Jaaka karolo ya bosupi joo, o ne ka papamalo a bolela go re go tla nna dikgogodi tsa bolwetsi “mo maheloñ mañwe le mañwe.”​—Mathaio 24:3; Luke 21:10, 11.

Poifo e Kakatletse Bana

“Le mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, . . . Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” Seo e ne e le karolo e nngwe ya “seshupō” se se neng sa neelwa ke Jesu Keresete mo boperofeting jwa gagwe ka ga “bokhutlō yoa lehatshe.”​—Luke 21:25, 26; Mathaio 24:3.

Gompieno poifo e e ntseng jalo ga e ame fela bagodi mme le bana gape. Dr. Ruth Formanek, moithutatlhaloganyo tsa bana le moporofesa wa thuto kwa Univesithing ya Hofstra mo kgaolong ya New York, o tlhalosa ka fa poifo e kakatletseng bananyana ba segompieno. E ne ya re e bega diphitlhelelo tsa gagwe, “Liverpool Daily Post” ya bolela go re: “Mo patlisisong ya bana ba ba 400 e e neng ya dirwa ka 1935 dipoifo tseo gantsi di neng di boleIwa thata e ne e le diphologolo, dikamore tse di lefifi, mafelo a a kwa godimo, baeng.” Jaanong, Dr. Formanek o bolela go re, “bana ba sa ntse ba na le dipoifo tseno mme di ile tsa okediwa fela thata.” Ba tshwenyegile ka ga batsadi ba bone gore ba tla tloga ba tlhalana, borrabo ba tla tloga ba tsenwa ke kankere, bommaabo ba tla tloga ba tshwakgolwa ke diokobatsi le kgonego ya ntwa ya nuclear. He a oketsa ka go re: “Ke gakgamadiwa thata ke kafa bana ba ka hutsafalang ka teng. Ba na le matshwenyego a le mantsi fela thata gompieno.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela