LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 2/15 ts. 4-8
  • Ke Eng Fa O Tshwanetse Go Leboga Mmopi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Fa O Tshwanetse Go Leboga Mmopi?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dimpho tse di Gakgamatsang tsa Mmopi
  • Go Tlhagolela Kanaanelo ya Mmopi
  • Go Tlwaelana Botoka Le Mmopi Wa Rona
  • Go Bontsha Modimo Kanaanelo Ya Rona
  • Mmopi wa Gago—Itse Kafa a Leng ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Nonotsha Tumelo ya Gago mo Mmoping
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Mmopi a ka Dira Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Ithuta Tsela e e Gaisang ya Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 2/15 ts. 4-8

Ke Eng Fa O Tshwanetse Go Leboga Mmopi?

MONGWE le mongwe yo o palelwang ke go bontsha kanaanelo go bopelonomi jo a bo bontshitsweng gantsi o lejwa jaaka yo o senang kamego kana yo o sa tsalegang sentle. Ka tlholego, mo bathong botlhe ba ba tshwanelwang ke tebogo ya rona ka ntlha ya go re bontsha bopelonolo, batsadi ba rona ke bangwe ba bao ba leng kwa pele. Go lemogiwa gongwe le gongwe gore bana ba tshwanetse ba lebogela batsadi ba bone gobo ba ba tlisitse mo lefatsheng le go ba baakanyetsa ka dijo, diaparo, borobalo, thuto, le tse dingwe.

Lefa go le jalo, le fa re kolota batsadi ba rona, go kolota Mmopi wa rona gone ke mo go golo golo fela thata. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore re amogetse melemo e mentsi-ntsi go tswa go ene.

Go go tshwantsha: Re lebogela batsadi ba rona go bo ba re tlisitse mo lefatsheng. Mme selo sa ntlha botshelo jwa rona tota ga bo tswe mo go bone. Ba ne ba fetisetsa botshelo go rona fela, ka go bo motswedi wa botshelo tota ke Mmopi. (Pesalema 36:9) Re anaanela gape go bo batsadi ba rona ba ile ba re baakanyetsa ka ditlhokafalo tsa botshelo. Lefa go le jalo, le fa ditlhokego tse di ntseng jalo di ka ne di ile tsa bonwa ka madi a e leng a bone kana ka go bereka ga bone, ga baa ka ba bopa dilo tse di tlhokwang tse di ntseng jalo. Ka jalo, re na le lebaka le legolo thata go ikutlwa re kolota Mmopi wa rona.

Fa e ne e se ka Ene yo o bopileng lefatshe le go dira dipaakanyetso tsotlhe tsa lone go tshegetsa botshelo jwa motho, go ne go ka se nne le selekanyo sepe sa madi kana bogolo jwa tiro tseo di neng di ka re tsweledisa re tshela. Jaaka moaposetoloi wa Mokeresete Paulo a ile a tlhalosetsa Bagerika mo Athena wa bogologolo a re: “Ōna [Mmopi] ka osi o naea botlhe botshelō, le mōea, le dilō cotlhe; Gonne mo go ōna rea tshela, mo go ōna rea tshikinyèga, re leeō ka ōna.”​—Ditihō 17:25, 28.

Go sa kgathalege sotlhe se Mmopi a se diretseng ebile a se direlang setho, dimilione gompieno gotlhelele di a mo tlhokomologa mme eleruri ga di mo leboge ka ntlha ya melemo e mentsi e ba e amogetseng. Ba bangwe, le fa ka go ngongola ba dumalana gore go tshwanetse ga bo go na le Mmopi, ba dira boiteko jo e seng jwa sepe go ithuta mo gontsi ka ga gagwe kana thato ya gagwe. Ba bangwe, ba ba ka nnang dimilione, ba latola le eleng gore go na le Mmopi, ba iphaka gore dilo tsotlhe di ne tsa itlela fela ka botsone. A go tlhoka tebogo mo go tsitsibanyang mmele! Tlhaelo e e ntseng jalo ya kanaanelo ke e nngwe ya ditshupo tse dintsi tsa gore re mo “metlheñ ea bohèlō.” (2 Timotheo 3:1-5) Lefa go le jalo, rona motho ka bongwe re ka leboga Mmopi wa rona mme ebile re tshwanetse.

Dimpho tse di Gakgamatsang tsa Mmopi

Fa re ntse re tlwaelana le Ene yo o dirileng dilo tsotlhe ga botoka, ke gone he re tla lemogang gore ke Monei wa “nèō ñwe le ñwe e e molemō” ka mo go oketsegileng. (Yakobe 1:17; Tshenolō 4:11) Jaaka go ntse, bontsi jwa bao ba sa bontsheng tebogo go Mmopi ba leka go itshiamisetsa tsela ya bone ka go bolela gore ereka go sena motho ope yo o kileng A mmona, re ka se tlhomamisege gore O teng. Go boammaaruri, Mmopi yo mogolo ga a bonale go rona ka go bo ke Moya, mme matlho a rona a ka se bone batho kana dilo tse di mo sebakeng sa moya. (Yohane 4:24) Mme go sa kgone ga motho go bona Mmopi eleruri ga se lebaka le le popota la go tsaya dipaakanyetso tsa Gagwe tsa bopelotshweu ga motlhofo fela le go gana go lemoga fa re Mo kolota.

A re re e ne ya re ka letsatsi lengwe wa tla gae mme wa fitlhela mongwe a go tlogeletse kgetsi e tona ya maungo a a monate. Letsatsi le le latelang wa fitlhela go tlogetswe seroto sa merogo e e siameng sentle ya tshingwana, mme letsatsi le le latelang morago ga foo wa fiwa nama e e kgaoletsweng sentle. Seno sa tswelela beke yotlhe, mme ga se ka ga tlogelwa kitsiso ya gore mofi ke mang. A o ne o tla feleletsa ka go re dimpho tseno tsotlhe di itletse ka “tlholego” fela ka go bo o seka wa bona ope yo o tlogetseng dijo? Go na le moo, a o ne o se ketla o batlisisa ka tlhoafalo gareng ga ditsala le ba-losika, o leka go bona mofi yo o pelontle yoo e le gore o tle o mmontshe kanaanelo ya mmatota?

Go tshwana fela le ka Mmopi wa rona. Lemororo a sa bonale mo matlhong a batho, lorato lwa gagwe, bopelonolo le bopelotshweu tebang le batho di supega sentle ka popo ya gagwe e e gakgamatsang e e kgotsofatsang ditlhokafalo tsa rona ka ditsela tsotlhe. Jaaka moaposetoloi Paulo a ile a supela go baagi ba Lusetera wa bogologolo ka gore: “Leha go nntse yalo [Modimo] oa se ka oa nna hèla o sena seshupō, ka o no o nntse o diha molemō, me oa lo nesetsa dipula tse di cwañ mo legodimoñ, oa lo naea metlha ea mauñō, oa tlatsa pelo tsa lona ka diyō le boitumèlō.” (Ditihō 14:17) Ka jalo go tshwanela fela ka rona gore re lemoge gore re kolota Mmopi le go ikaega ka ene mo dipaakanyetsong tsa gagwe tsa botshelo. Gape, a ga re a tshwanela go batlisisa ka ga gagwe le e leng ka tlhoafalo e kgolwane go na le jaaka re ne re ka dira ka monei wa dimpho yo o sa itsiweng mo setshwantshong sa rona?​—Ditihō 17:26, 27.

Go Tlhagolela Kanaanelo ya Mmopi

Ke fela fa re ile ra itse Mmopi ebile ka boammaaruri re ka kgona go lemoga seo a se re diretseng re tla tlhotlhelediwang go mo rata le go mo utlwa. Lefa dimilione gompieno di iphaka go dumela mo Modimong, go phepafetse go tswa tseleng e bontsi bo tshelang ka yone gore ga se bontsi jo bo nang le kanaanelo ya mmatota, e e tswang mo pelong ka Modiri wa bone. Mme ga re a tshwanela gore re bontshe go tlhoka tebogo mo go tshwanang. Ka jalo potso e e tshwanetseng go re kgatlhisa ke, Re ka tlhagolela kanaanelo e e boteng ya Mmopi yo Mogolo wa rona jang?

Selo sa ntlha, go tla re tswela molemo go akanyetsa melemo e mentsi e re e amogetseng go tswa go Mmopi. O ile a re neela botshelo jwa rona, lemororo ga jaanong botshelo jwa motho bo le lobaka lo lo khutshwane. (Pesalema 90:10) Kanaanelo ya rona e tla oketsega gape, fa re akanyetsa ka lebaka la go re Jehofa Modimo o dirile gape dipaakanyetso ka bopelotshweu go tshegetsa batho le dibopego tse dingwe tsa botshelo mo lefatsheng. Jaaka mopesalema ka kanaanelo a ile a bolela ka gore: “Lehatshe le kgore louñō loa ditihō tsa [Modimo]. O tlhogisetse dikgomo boyañ, le eōna merōgō go nna thushō ea batho; gore a tlè a ntshè diyō mo mbuñ. . . . Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla: lehatshe le tletse dikhumō tsa gago.”​—Pesalema 104:10-24.

Setho se na le eleng lebaka le legolwane la go lebogela Modimo, ka go bo batho ba ile ba neelwa mo go golo thata go na le diphologolo. Mo dibopiweng tsotlhe tsa lefatshe, setho ke sone fela se nang le kgono ya go akanya, go itumelela bontle le melemo ya semoya, mme godimo ga tsotlhe, go itse le go obamela Mmopi. Seno se ntse jalo ka go bo ke motho fela yo o neng a dirwa mo setshwanong sa Modimo mme a ile a humisiwa ka dinonofo tseo di supelang tseo tsa ga Jehofa Modimo. (Genesise 1:27) Ka jalo, re ka kgona go itemogela e seng fela boitumelo jwa mmele mme gape boitumelo jo bo boteng jwa tlhaloganyo ebile bo nnela ruri. Ke motho fela a le nosi yo o ka itumelelang mmino o o monate, dibuka, maboko, go taka le dibopego tse dingwe tsa tiro ya diatla tse dintsi. Ke motho fela a itseng boipelo jwa motlotlo o o itumedisang le o o agelelang, le phitlhelelo ya tsela e e kgotsofatsang fa mongwe a dirile sengwe se tota se nang le mosola.

Se e leng sone fela gape mo mothong ke go hohomela botshelo jo bo sa khutleng. Eno ke keletso e e neng ya jalwa mo pelong ya motho ke Mmopi yo o lorato. (Moreri 3:11) Mme seno ga se tsholofelo nngwe fela e e lolea e e ka sekeng ya diragadiwa. Go na le moo, ka ntlha ya lorato lo lo golo Iwa Mmopi go setho, o setse a dirile dithulaganyetso tsotlhe tse di tlhokafalang tsa batho go ipelela botshelo jo bo sa khutleng ba dikanyeditswe ke maemo a a itumedisang a paradaise. Ee, Modimo ka lorato o go dirile gore go kgonege ka setlhabelo sa thekololo sa Morwawe, Jesu Keresete.​—Baroma 5:12; 6:23; 1 Yohane 2:1, 2.

Lefa boitumelo jo bogolo bo bonwa fa ditlhokafalo tsa rona tsa mmele, tlhaloganyo le boikutlo di kgotsofadiwa, lesego le legolo thata le nna gone fa re kgorisiwa mo moyeng. (Mathaio 5:3) Ka tlholego re batla go itse tlhago ya rona, koo re yang teng le seo boikaelelo jwa Mmopi e leng sone ka lefatshe le batho. Mo godimo ga moo, re eletsa go itse Modiri wa rona le go ipelela kamano e e molemo le ene. Ka mo go itumedisang, bao ba etseng tlhoko tlhokafalo ya bone ya semoya le go dira gore ba e kgotsofatse ka tsela e e leng yone ba kgona go itemogela boipelo jo bo boteng le jo bo nnetseng ruri jo bo sa itsiweng ke batho ba megopolo ya bone e kgonosetseng mo nameng.​—1 Bakorintha 2:6-16.

Fa tlhokafalo ya rona ya semoya e kgotsofaditswe seno se re neela kagiso ya boammaaruri ya pelo le mogopolo le selekanyo se segolo sa boitumelo, le e leng fa re tshela mo lefatsheng la matshwenyego a a senang bolekane. Se se botlhokwa bogolo segolo, go tlhologeleIwa tlhokafalo ya rona ya semoya go ka felela ka lesego le le golo le le ka ipeleIwang ke batho​—botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong e ntšha ya dilo ya tshiamo ya Modimo.​—Yohane 3:16; Bafilipi 4:6, 7; 2 Petere 3:13.

Go Tlwaelana Botoka Le Mmopi Wa Rona

Fa re tlhatswegile pelo gore Mmopi yo o lorato le yo o pelotshweu o gone, a ga go utlwale he gore re eletse go mo itse botoka le go bontsha kanaanelo ya rona ka bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato ka go dira dilo tse di mo itumedisang? Ka go tlhokomela popo e e gakgamatsang ya Modimo, re ka kgona go lemoga dingwe tsa dinonofo tsa gagwe tse di siameng, tse di jaaka lorato, bobelotshweu, kakanyetso, botlhale le maatla. (Baroma 1:20) Lefa go le jalo, pego e e kwadiIweng go tswa go Modimo e a tlhokafala fa e le gore re tla ithuta megopolo le maikaelelo a gagwe tebang le batho. Kwantle go moo, pego e e ntseng jalo e tshwanetse ya re bolelela kaga dilo tse Modimo o neng wa di dira mo nakong e e fetileng le tseo o sa ntseng o tla di dira go segofatsa setho.

Ka mo go itumedisang, re na le pego e e ntseng jalo mo bukeng e e phatlaladitsweng go feta fela thata mo ditiragalong tsa setho​—Lefoko la Modimo, Bibela. Ke thato ya Mmopi gore dibopiwa tsa gagwe di kgone go bapala kitso ya boammaaruri ka ga gagwe le go tlhagolela lorato lo lo boteng go ene ka go ithuta Lefoko la gagwe le go tlhatlhanya ka lone. Ka gone ba ka kgona go ithuta ka ditiro tse di gakgamatsang tse dintsi tsa Modimo le go kgona go anaanela dikarolo tse di farologaneng tsa botho jwa gagwe jo bogolo thata.​—Yoshue 1:8.

Go Bontsha Modimo Kanaanelo Ya Rona

Go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo go a tlhokafala fa re batla go tlhagolela kanaanelo e e tlhaga ya Mmopi. Bogolo jo re ithutang ka ga Jehofa le dinonofo tsa gagwe tse dintsi tse di siameng, ke gone he re tla gogelwang go ene mo go golo thata. Re ka se thibele ka gope go tladiwa ka lorato le kanaanelo ya Modimo o o ntseng jalo o o pelonolo, o o lorato le o mogolo. Gape, re ka tlhotlhelediwa go bontsha maikutlo a rona jaaka go ne ga dira mopesalema, yo o neng a re: “Ke tla nna ke umaka ditihō tsa ga Yehofa; gonne ke tla gakologèlwa dikgakgamacō tsa bogologolo. Le gōna ke tla akanya tihō ea gago eotlhe, ke kanka kaga tse u di dihañ. Tsela ea gago, Modimo, e mo heloñ ga boitshèpō; emañ eo e leñ Modimo o mogolo yaka wèna Modimo? Wèna, u Modimo o o dihañ dikgakgamaco.”​—Pesalema 77:11-14.

Ka jalo he, re ka bontsha jang kanaanelo e e tswang mo pelong go Mmopi yo Mogolo? Lorato Iwa rona go ene le tebogo ya bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato di tshwanetse tsa re tlhotlheletsa go mo direla ka boithatelo. Re tshwanetse ra leba seno e seng fela jaaka tiro mme jaaka selo sa go ipedisa. Tirelo e e ntseng jalo, e e ipedisang le ya boithatelo, e elediwa ke Jehofa, ka go bo mopesalema o ne a tlhotlhelediwa gore: “Dihèlañ Yehofa ka boipelō: tlañ ha pele ga sehatlhōgō sa gagwè ka go ōpèla.”​—Pesalema 100:2.

A ga se motswedi o mogolo wa boipelo go direla mongwe yo tota re mo ratang? Eleruri go ntse jalo. Mme seo eleruri se boammaaruri tota, ka tirelo ya rona go Jehofa, Mmopi yo Mogolo.

Tota, go direla Jehofa go kopanyeletsa mo go ntsi go na le go tshela botshelo jo bo phepa fela le go sa dire dilo tse di bosula mo matlhong a gagwe. Boitshwaro jwa bomodimo bo a tlhokafala, mme tirelo ya rona go Mmopi gape e akareletsa go mo galaletsa ka tlhagafalo le ka boipelo. Go raya go bolelela ba bangwe ka ga ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa le maikaelelo a gagwe a a gakgamatsang, jaaka a senotswe mo Dikwalong tse di Boitshepo.

Ka jalo botlhe ba ba nang le kanaanelo ya boammaaruri ka Mmopi wa rona yo o gakgamatsang ba tla itumela fela thata go arabela go taletso eno e e itumedisang ya mopesalema: “Ōpèlèlañ Yehofa, bakañ leina ya gagwè; bolèlèlañ poloka ea gagwè pele ka go tlhomaganya malatsi. Kakanyañ kgalalèlō ea gagwè mo gare ga merahe, ditihō tsa gagwè tse di gakgamatsañ mo gare ga dichaba cotlhe. Gonne Yehofa o mogolo, me o na le go bakwa segolo.” (Pesalema 96:2-4) Ka tirelo e e ntseng jalo e e itumetseng wena, fela jaaka ba bangwe ba bantsi ba dira, o ka bontsha ka go tlhatswega pelo gore ele ruri o anaanela seo Mmopi a se go diretseng.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Bontsha gore o anaanela dipaakanyetso tsa ga Jehofa

Lefoko la Modimo

tirelo e e boitshepo

menate e e tshwanetseng

dijo tse di itekanetseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela