A O Anaanela Se Modimo A Se Go Diretseng?
MOSADI mongwe o ne a leka go abalana mafoko a a molemo go tswa Bibeleng le moagelani wa gagwe, mma-lapa wa bana ba babedi wa Mochina. Mme maiteko a a ntseng jalo a ne a thulana le kakgelo eno: “Le ka motlha ke ka se nne Mokeresete jaaka wena!”
Lefa go ntse jalo, gona le go re a kgojwe marapo ke karabelo eno, mosadi wa Mokeresete o ne a tswelela go bontsha bopelonolo go moagelani wa gagwe, gangwe le gape a mo tswa thuso fa a ne a tlhoka thuso. Ka iketlo, moagelani o ne a tlhotlhelediwa ke bopelonolo jono mme kgabagare a amogela thuto ya Bibela e le gore a tle a ithute mo gontsi kaga Modimo o baobamedi ba one ba bontshang lorato lo lo seng bogagapa lo lo ntseng jalo. Ka nako e e leng yone mosadi wa Mochina ka boene a nna moobamedi wa ga Jehofa, Modimo wa Bibela, mme seno a se dira go sa kgathalege kganetso e e mahehe ya monna wa gagwe.
Boitemogelo jono bo supela gore motho mongwe le mongwe yo o itekanetseng o anaanela go tsholwa ka bopelonolo le ka kakanyetso. Mme ke ga tlholego fela ebile mo go tshwanetseng go re re bontshe kanaanelo ya rona go motho yo o re bontshang bopelonolo jo bo ntseng jalo. Go sa kgathalege gore eng ke eng, a re re tsala ya gago e go laleleditse dijo tse di monate-nate tse go sentsweng nako e ntsi, boiteko le madi go tsone. Morago ga go ipelela modiro o o ntseng jalo, a o ka lora go tlogela tafole kwantle go go bolela lefa e le lefoko le le lengwe go bontsha kanaanelo ya gago ka go phomisetswa ke mophumisetsi wa gago? Mme he jaanong, go tweng ka Mmopi? A o anaanela seo a se re diretseng rotlhe?