LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 2/1 ts. 13-18
  • Setlhare sa Motlhware Se Se Ungwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Setlhare sa Motlhware Se Se Ungwang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgolagano ya ga Aberahame
  • Go Kgetholola Losika Iwa ga Aberahame
  • Lokwalo Lwa ga Paulo go Baroma
  • Setlhare sa Tshwantshetso sa Motlhware
  • Dikala Dingwe Tsa Kgaolwa, Tse Dingwe Tsa Lomelelwa
  • Setlhare sa Motlhware Se Se Ungwang ka Botlalo
  • ‘A Boteng Jwa Botlhale Jwa Modimo!’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Baungwi Ba Ba Utlwanang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • “Ke Mang Yo O Itsileng Mogopolo wa ga Jehofa?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Setshwantsho sa Setlhare sa Motlhware
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 2/1 ts. 13-18

Setlhare sa Motlhware Se Se Ungwang

“Yalo ba Iseraela botlhe ba tla bolokwa.”​—BAROMA 11:26

1. Go ka bolelwang ka ditlhare tsa motlhware?

DITLHARE tsa motlhware di itsiwe ka go tsaya makgolo a dingwaga di ntse di le teng. Le eleng fa di setse di tsofetse, gantsi thito e e letshwago, lefa ee swa kgabagare, dikutu tse disha di kukunya mo metsweng, di tlhagisa setlhare se le sengwe se sesha kana go feta tsa motlhware. Mme lefa go ka bo go ntse jalo, go na le setlhare sa motlhware se se neng sa jalwa mo e batlileng e nna dingwaga tse 4 000 tse di fetileng mme ebile se sa ntse se tshela le go tlhagisa maungo le gompieno!

2. Paulo o bua mabapi le tsholofetso efe ka setlhare sa motlhware, mme se tshwantshetsang?

2 Mo lokwalong lwa gagwe go Baroma, moaposetoloi Paulo o dirisa setlhare sa motlhware jaaka setshwantsho sa mokgwa o o gakgamatsang o Jehofa a diragatsang karolo ya tsholofetso e A neng a e dira le Aberahame makgolokgolo a dingwaga pele:

“Ka re, Mo go segōhatseñ ke tla gu segōhatsa, le mo go ntsihatseñ ke tla ntsihatsa losika loa gago yaka dinaledi tsa legodimo, le yaka moshawa o o mo dintshiñ tsa lewatlè: me losika loa gago lo tla rua kgōrō ea motse ea baba ba lōna. Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.”​—Genesise 22:16-18.

Kgolagano ya ga Aberahame

3, 4. (a) Aberahame o ne a sa tswa go supa tumelo ya gagwe jang? (b) Ke eng se se neng se tshwantshediwa ke tiragalo eno?

3 Aberahame o ne a sa tswa go supa gore o ne a ikemiseditse go ntsha Isake setlhabelo, morwawe yo o esi ka mosadi wa gagwe wa pele, Sara. (Bahebera 11:17-19; tswee-tswee bala Genesise 22:1-18.) Go tswa metlheng ya bogologolo tala thata Bakeresete ba ne ba bona mo tiragalong eno tshwantshetso ya ga Jehofa ya go ntsha Morwawe setlhabelo mme a bo a boa a mo amogela gape ka tsogo. Ee, “Modimo o ratile lehatshe [la setho] mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”​—Yohane 3:16.

4 Ka jalo mo setshwantshong seno sa boperofeti Aberahame o ne a tshwantshetsa Jehofa Modimo, mme Isake​—mokau yo o ka bong a ile a ikgophola mo go rraagwe wa dingwaga tse 125​—O ne a tshwantshetsa Jesu Keresete, yo ka go rata a neng a ntsha botshelo jwa gagwe jwa motho jaaka setlhabelo sa thekololo.​—Bahebera 7:27; 10:12.

5. Mabapi le losika lo lo solofeditsweng lwa ga Genesise 3:15, ke eng se se neng sa senolwa mo kgolaganong ya Modimo le Aberahame?

5 Ka ntlha ya tumelo e kgolo ya ga Aberahame, e ne ya re go le pele Jehofa a dira kgolagano le ene e e neng ya simolola go dira ka 1943 B.C.E. (Genesise 12:4, 7; Bagalatia 3:17) Dingwaga tse di ka nnang 50 moragonyana, morago ga go bona boleng jo bo lekilweng jwa tumelo ya ga Aberahame, le eleng mabapi le Isake, Jehofa o ne a boeletsa a ba a atolosa godimo ga kgolagano eno ya tsholofetso, jaaka e begilwe go Genesise kgaolo 22. Kgolagano eno ya ga Aberahame e e tlhalositsweng sentle ka botlalo e ne ya neelana ka botlalo ka go dira ga maikaelelo a a gakgamatsang a Modimo. E ne ya bontsha gore losika Iwa kgololo lo lo neng Iwa solofediwa kwa Edena lo ne lo tla bonala mo lefatsheng jaaka setlogolwana sa ga Aberahame, gore lo ne lo tla nna lontsi (palo e e leng yone ka nako eo e ne e sa senolwa), gore lo ne lo tla fenya baba ba lone mme, kgabagare, gore ka lone losika loo merafe yotlhe ya lefatshe e ne e tla iponela masego ka boyone.​—Genesise 3:15.

Go Kgetholola Losika Iwa ga Aberahame

6, 7. (a) Go ya kafa Dikwalong, ke mang wa Losika lwa konokono lwa ga Aberahame? (b) Re itse jang gore go ne go tla nna le losika lwa bobedi Iwa ga Aberahame? (c) Palo e e leng yone e ne ya senoIwa leng, mme e ne e le eng?

6 Ntlha nngwe le nngwe ya tsholofetso eo ke e e kgatlhisang go batho ba ba nang le tumelo e e jaaka ya ga Aberahame le bao ba batlang go segofadiwa ke Jehofa. (Baroma 4:16) Ke mang, yo totatota, e neng e le wa losika Iwa ga Aberahame, yo ka ene merafe yotlhe ya lefatshe e neng e tla re pheletsong e itshegofatse ka ene? Moaposetoloi Paulo o kgetholola Losika lono Iwa konokono e le Keresete.​—Bagalatia 3:16.

7 Gape, ereka Jehofa a ne a solofetsa Aberahame gore o ne a tla ntsifatsa losika Iwa gagwe, ke batho bafe ba ba neng ba tla dira karolo eno ya bobedi ya losika lwa ga Aberahame? Ke bomang ba ba neng ba tla nna “baruaboshwa kaha poleloñ ea choloheco,” “baruaboshwa mmōgō” le Losika Iwa konokono, Keresete? (Bagalatia 3:29; Baroma 8:17) Ka dingwaga tse di ka nnang 2 000 le eleng palo ya bao ba neng ba tla dira ‘losika lwa ga Aberahame’ lwa bobedi e ne ya nna e sa itsiwe ke batho, jaaka “dinaledi tsa legodimo” kana “moshawa o o mo dintshiñ tsa lewatlè.” Mme ya re he, boaphelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Johane a utlwa “palō ea bōnè ba ba chwailweñ, e le bothousanda ba le lekgolo, le ba mashomè a manè le ba le banè, e le ba locō loñwe le loñwe loa bana ba Iseraela.” ​—Genesise 22:17; Tshenolō 7:4.

8. Ke sebaka sefe se se kgethegileng se Bajuda ba ba rupisitsweng ba neng ba nna le sona?

8 Gape-gape, ke gareng ga bomang “bana ba Iseraela” bano ba ba 144 000 ba neng ba tla tlhophiwa le go tshwaiwa? Fa e ne e le gore Baiseraele ba ba lekaneng ba tlholego ba ne ba ile ba latela kgolagano ya Molao jaaka “mogōga banyana . . ., go re gogèla kwa go Keresete [Losika Iwa konokono lwa ga Aberahame],” ba ka bo ba ile ba neelana ka palo e e lekanetseng ya maloko a a 144 000 a losika Iwa bobedi lwa ga Aberahame mme ka gone ba nna “bogosi yoa baperisiti mo go nna, le morahe o o boitshèpō,” go nna tshegofatso mo merafeng yotlhe ya lefatshe. (Bagalatia 3:24; Ekesodo 19:5, 6) A mme bontsi bo itshupile go nna bana ba boammaaruri ba ga Aberahame, “rra botlhe ba ba dumèlañ”?​—Baroma 4:11.

9. Johane Mokolobetsi o ne a bontsha jang gore losika lwa semoya lwa ga Aberahame lo ne lo se ketla lo bopiwa fela ka Bajuda?

9 Le eleng pele ga fa Jesu a ne a ka simolola bodihedi jwa gagwe jwa selefatshe Johane Mokolobetsi o ne a setse a tlhagisitse baetapele ba bodumedi ba Bajuda: “Lo se ka loa gopola go ithaea, lo re, Re na le Aberahame, ke èna rra echo: ka gonne kea lo raea, Modimo o nonohile go cosetsa Aberahame bana ka mayè a. Me le yana hèla selèpè se tsepiIwe mo mecwiñ ea ditlhare; ke gōna, setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louño lo lo molemō, sea rèñwa, se latlhèlwa mo moleloñ.” (Mathaio 3:9, 10) Ka nako ya ga Paulo mokgwa o o botlhale o o gakgamatsang o ka one Jehofa a neng a tla tsosa palo e e tletseng ya losika lwa bobedi lwa ga Aberahame o ne o senotswe. (Baroma 16:25-27) Paulo o tlhalosa seno ka botlalo mo lokwalong lwa gagwe go Baroma.

Lokwalo Lwa ga Paulo go Baroma

10. Bajuda ba tlholego ka phosego ba ne ba dumela eng?

10 Bajuda ba ne ba ikgatlha fela thata ka go nna ga bone batho ba ba tlhophiIweng ba Modimo. Mabapi le lereo “batho ba ba itshenkecweñ,” The Concise Jewish Encyclopedia e tlhalosa ka gore: “Lereo leo le tlhalosang tumelo ya gore Bajuda ba na le kamano e e kgethegileng le Modimo. Kgopolo eno e theilwe mo kgolaganong ya ga Aberahame.” Ereka ba ne ba itlotlomaditse ka go nna ditlogolwana tsa ga Aberahame, Bajuda ba ne ba akanya gore e ne e le bone losika loo ka lone merahe yotlhe e mengwe e neng e tla itshegofatsa, le go re ba ne ba ka itshiamisa fa pele ga Modimo ka ditiro tse di neng di dirwa kafa tlase ga kgolagano ya Molao.​—Yohane 8:33, 39; Baroma 9:31, 32; 10:3, 4; 11:7.

11, 12. (a) Ka nako eo Paulo a neng a kwalela Baroma, boemo e ne e le bofe mo phuthegong ya Roma? (b) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba kwa Roma?

11 E ne e le kgatlhanong le kgopolo eno go bo moaposetoloi Paulo a neng a kwalela phuthego ya Bokeresete mo Roma. Bangwe ba Bajuda mo Roma ba ne ba nnile Bakeresete, mme bontsi-ntsi jwa bone bo ne jwa gana go bontsha tumelo mo go Jesu jaaka Mesia. Phuthego ya Bokeresete mo Roma e ne e dirilwe gape ka Bakeresete ba e neng e se Bajuda.

12 Ka mabaka a a farologaneng ka bobedi Bajuda le Baditšhaba ba ne ba na le maikutlo a bokwa-godimo​—Bajuda ka go bo ba ne ka tlholego ba tswa mo kutung ya ga Aberahame—​Baditšhaba ka ntlha ya gore ba ne ba amogetswe mo ditshiamelong tse di kgethegileng tsa kgolagano ya ga Aberahame ka ntlha ya tlhaelo ya tumelo mo letlhakoreng la Bajuda ba ba sa dumeleng. Paulo o ne a batla go tlhatswa pelo Bakeresete ba ka tlholego e neng e le Bajuda le ba e neng e se Bajuda gore ditlhopha tseo ka bobedi di ne di kolota boemo jwa bone jo bo tshiamo fa pele ga Modimo ka tumelo ya bone mo go Keresete eseng ka ditiro. (Baroma 3:21-27) Fa a ne a kwala lokwalo Iwa gagwe, maikaelelo a ga Paulo e ne e le kutlwano ya Bokeresete le go ungwa, kgalaletsong ya ga Jehofa ka mokgwa o o gakgamatsang oo ka one a gatelang pele mo go diragatseng ditsholofetso tsa gagwe tsa kgolagano ya ga Aberahame.

Setlhare sa Tshwantshetso sa Motlhware

13. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a bontsha kutlo botlhoko, mme ke eng se a neng a se bontsha ka setlhare sa motlhware o o tlhokomelwang?

13 Moaposetoloi Paulo o bontsha kutlo botlhoko gore “ga se go re, ba ba cwañ mo go Iseraela, ke Baiseraela botlhe,” mme a ba a tlhalosa ka gore: “Me le gōna, ga se gore, botlhe ke bana, ka go bo e le ba losika loa ga Aberahame [karolo ya losika lwa semoya lwa ga Aberahame].” Mme a bo a tswelela go tshwantsha kafa Jehofa a ‘tsosetsang Aberahame bana ka gone.’ (Baroma 9:1, 2, 6, 7) Go tlhalosa kafa kgolagano ya ga Aberahame e tlhagisang ka gone palo e e tletseng ya maloko a losika lwa semoya la tsholofetso, o dirisa setshwantsho sa setlhare sa motlhware se se tlhagoletsweng ka mo go kgethegileng.​—Tswee tswee bala Baroma 11:13-26.

14. Motswe wa setlhare sa tshwantshetso sa motlhware ke mang, mme ke dikwalo dlfe tse di bontshang seno?

14 Paulo o umaka motswe pele a ka bua ka setlhare ka bosone, mme o bolela gore ‘motswe o boitshepo’ (Baroma 11:16) Jehofa Modimo ke “Moitshepi.” (Hosea 11:12) O bidiwa gantsi-ntsi go twe “Moitshepi oa Iseraela,” segolo bogolo mo bukeng ya ga Isaia. (Isaia 10:20; 29:19; 60:9) Moaposetoloi Petere o gakolola Bakeresete ba ba tloditsweng ka gore: “Yaka eo o lo biditseñ a le boitshèpō, le lona lo nnè boitshèpō mo go tsheleñ goñwe le goñwe gotlhe ga lona.” (1 Petere 1:15, 16) Jehofa Modimo, Aberahame yo Mogolwane, ke motswe wa setlhare sa motlhware sa tshwantshetso.

15. (a) Ke ka dltsela dife Jehofa a leng motswe wa Iseraele wa semoya? (b) Ke mang yo e leng thito ya setlhare sa motlhware sa tshwantshetso? Ka ntlha yang?

15 Fela jaaka tlhogo ya lotso Aberahame a ne a le motswe wa morafe wa Iseraele, ka jalo Jehofa o neela Iseraela wa semoya botshelo. Jaaka ditso tse 12 tsa Iseraele di ne di kukunya go Aberahame ka morwawe Isake, ka Jakobe le ka ditlhogo tsa lotso tse 12, ditso tse 12 tsa Iseraele wa semoya tsa tshwantshetso di kukunya go tswa go Jehofa ka Isake yo Mogolwane, Keresete Jesu. Ene, jaaka yo mogolo wa Losika lwa ga Aberahame, o tshwantshediwa ke kutu, kana thito ya setlhare sa motlhware. (Bagalatia 3:16) Jehofa, motswe, o tlhagisa palo e e tletseng ya maloko a losika Iwa bobedi ka Morwawe, Keresete Jesu. (Bagalatia 3:29) Mme ke jang kana ke ka mokgwa ofe o Jehofa a tlhagisang palo e e tlhokegang ya dikala tsa tshwantshetso?

Dikala Dingwe Tsa Kgaolwa, Tse Dingwe Tsa Lomelelwa

16. “Bosaitsiweñ” jo bo umakiwang ke Paulo mo go Baroma 11:25 le Baefesia 3:3-6 ke eng?

16 Paulo o tswelela pele go tlhalosa ka thulaganyo eno e e gakgamatsang. O kwala ka gore: “Gonne ba ga echo, ga ke rate loa tlhōka go itse bosaitsiweñ yo, e se re kgotsa loa ikgopola ha lo le botlhale; ke go re, ka ntlha e ñwe, bokgwaralalō yoa pelo bo wetse Iseraela, go ba go tsamaea go tlalèdiwa ga Badichaba go tsèna pele: Me yalo [Segerika, kai houʹtosa] ba Iseraela botlhe ba tla bolokwa.” (Baroma 11:25, 26; bapisa Baefesia 3:3-6.) Jehofa o ne a tla “cosetsa Aberahame bana” ka go dumelela mo losikeng lwa bobedi lwa ga Aberahame palo e e batlegang, kana “go tlalèdiwa ga Badichaba [batho ba merafe].” Ka go bontsha “tumèlō ea ga Aberahame” palo eno e e lekanyeditsweng ya bao eseng Bajuda e tla itshupa go nna Bajuda ba semoya, karolo ya Iseraela wa semoya, “Iseraela oa Modimo.”​—Baroma 4:16; 2:28, 29; Bagalatia 6:15, 16.

17. (a) Ke tsela efe e e sa tlwaelegang e Paulo a e tlhalosang? (b) Ke bomang ba ba neng ba tshwantshediwa ke dikala tse di kgaotsweng le ke matlhogela a a lomeletsweng go tswa motlhwareng wa kwa nageng? (c) Ke go baya mpaananeng gofe mo go neng ga dirwa ke tshwantshetso eno go Bajuda ba ba boikgodiso le ba ba ikgogomosang?

17 Paulo o ne a tshwantshetsa go dira ga “bosaitsiweñ” jono ka tsela e e sa tlwaelegang ya go lengwa ga dijwalo. Tsela e e tlwaelegileng ke go lomelela matlhogela a a tswang mo setlhareng se se tlhokomelwang mo kutung ya sa kwa nageng, e le gore se tle se kgone go ungwa, fela jaaka Paulo a ne a itse sentle-ntle. O ne a bolelela Bakeresete ba Baditšhaba gore ba ne ba “lomèlèlwa kaha e señ tlhōlègō mo motlhwariñ o o molemō.” (Baroma 11:24) Ka gone o ne a tshwantsha bao e seng Bajuda bao ba neng ba tla amogelwa mo kgolaganong ya ga Aberahame le matshwabudu, kana matlhogela, go tswa mo motlhwareng wa naga ao a neng a tla lomelelwa mo thitong ya ‘motlhware o o molemo.’ Ba ne ba tla tseela dikala tsa tlholego tseo di neng tsa amololwa sebaka, tseno di emela Bajuda ba tlholego bao ba neng ba ganwa ka ntlha ya go tlhaela tumelo ga bone. (Baroma 11:17, 19, 20, 24) Setshwantsho seno se se sa tlwaelegang se ne sa direla jaaka go baya mpaananeng ka maatla Bajuda ba ba sa dumeleng ba ba boikgodiso le ba ba ikgogomosang, bao ba neng ba tsaya Baditshaba jaaka maje a a senang botshelo kana jaaka bao ba ka se kgoneng go tlhagisa maungo a a molemo jaaka dikala tsa motlhware wa kwa nageng. Se ne se tiisetsa gore Jehofa o “nonohile go cosetsa Aberahame bana,” le eleng fela jaaka Johane Mokolobetsi a ne a setse a tlhagisitse.​—Luke 3:8.

18. (a) Ke eng se se neng sa diragala ka 36 C.E., a mme go ne ga nna le dikala dipe tse di neng di kgaotswe tse di neng tsa lomelelwa gape mo setlhareng sa kgolagano sa ga Aberahame? (b) Paulo o ne a godisa kutlwano jang mo teng ga phuthego ya Bokeresete?

18 Lefa go le jalo, Bakeresete bao e seng Bajuda bao ba neng ba “lomèlèlwa kaha e señ tlholègō” mo setlhareng sa kgolagano sa ga Aberahame jaaka karolo ya losika lwa semoya ba ne ba sena lebaka la go ikutlwa ba le botoka go na le Bajuda. Paulo o ne a tlhalosa ka gore: “Me le bonè [Bajuda], ha ba sa nnele rure mo go tlhokeñ go dumèla ga bōnè, ba tla lomèlwa: gonne Modimo o nonohile go ba o ba lomèla gapè.” (Baroma 11:23) Masalela a se kae a Bajuda ba tlholego a ne a amogela Losika Iwa konokono mme ba nna dikala tsa senna foo mo setlhareng sa tshwantshetso. (Baroma 9:27; 11:5) Mme bontsi jwa Bajuda ba ne ba rojwa mo setlhareng sa kgolagano ya ga Aberahame ka 36 C.E., kwa bokhutlong jwa beke ya bo 70 ya dingwaga tse di neng di boleletswe pele ke Daniele. (Daniele 9:27)b Lefa go ntse jalo, morago ga foo, Bajuda bangwe ba ne ba lomelelwa gape “mo motlhwariñ o e leñ oa ga bōnè” ka go bontsha tumelo mo go Mesia, Jesu, Losika lwa konokono Iwa ga Aberahame. (Baroma 11:24; Ditihō 13:5, 42, 43; 14:1) Ka go supa dilo tseno Paulo o ne a godisa kutlwano gareng ga Bakeresete ba ba tloditsweng, ka go bo botlhe ba ne ba nna le ‘seabe mo mononong wa motswe wa motlhware’ ka “bopelonomi yoa Modimo.”​—Baroma 11:17, 22.

Setlhare sa Motlhware Se Se Ungwang ka Botlalo

19. Ke jang kgolagano ya ga Aberahame ka iketlo e neng ya tlhagisa losika lwa semoya, go ya polokong ya “ba Iseraela botlhe”?

19 Go kgabaganya makgolo a dingwaga, mme segolo bogolo mo karolong eno e e rategang ya nako ya bokhutlo, Bajuda ba bangwe le ba bangwe bao e seng Bajuda ba ne ba lomelelwa mo setlhareng sa motlhware sa tshwantshetso. Ka gone kgolagano ya ga Aberahame e tlhagisa ‘palo e e tletseng’ ya Bajuda le Baditshaba e e tlhokafalang go wetsa losika lwa semoya. “Yalo ba Iseraela botlhe ba tla bolokwa,” eseng Iseraele wa tlholego, mme bao e leng ‘Baiserale tota,’ maloko a a 144 000 a Iseraele wa semoya.​—Baroma 11:12, 25, 26; 9:6-8; Tshenolō 7:4.

20, 21. (a) Tiragatso ya karolo eno e e botlhokwatlhokwa ya kgolagano ya ga Aberahame e tshwanetse ya dira gore re arabele jang? (b) Ke eng se se tla tlhatlhobiwang mo setlhogong se se latelang?

20 Mokgwa o o gakgamatsang o ka one Jehofa a diragatsang karolo eno e e botlhokwa-tlhokwa ya kgolagano ya ga Aberahame, ka go tlhagisa thito le palo e e tletseng ya dikala tsa setlhare seno sa tshwantshetso o tshwanetse wa re tlatsa ka boitumelo. Fela jaaka Paulo, re goa ka gore: “A boteñ yao khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo! Dikatlholō tsa ōna ga di hopholesege yañ, le ditsela tsa ōna ga di tlhotlhomisege yañ! Gonne mañ eo o itsileñ mogopolō oa [ga Jehofa]? kgotsa mañ eo o kileñ a nna mogakolodi oa gagwè? Kgotsa mañ eo o simogileñ a mo naea pele, me o tla ba a go bosediwa gapè? Gonne dilō cotlhe di cwa mo go èna, di nntse ka èna, di nnetse èna. A kgalalèlō e nnè go èna ka metlha e e sa khutleñ. Amen.”​—Baroma 11:33-36.

21 Mme ke dithuto dife tse di mosola tse di ka ithutwang ka setshwantsho sa setlhare sa motlhware se se lomeletsweng, ka bobedi dikala tsa tshwantshetso (Bakeresete ba ba tloditsweng) le ba bangwe bao ga jaanong ba ka itshegofatsang ka losika lo lo tlhagisitsweng ka setlhare sa kgolagano sa ga Aberahame? Dintlha tseno di tla akarediwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “καὶ οὕτως = mme ka gone; eseng fela ka nako e e rileng.” [The Expositor’s Greek Testament) Bapisa Today’s English Version (“mme seno ke kafa”), Authorized Version, Revised Standard Version le New International Version (“mme jalo”). Bao ba dumelang mo tshokologong e e feletseng le poloko yotlhe ya tshaba ya Sejuda ba dira gore kai hou’tos le reye gore “mme ka nako eo,” se se supelang nako. (Bona Baroma 11:26, The Jerusalem Bible.) Batlhalosi ba bantsi ba La-Bodumedi ba Bibela ba neela tlhaloso eno, lemororo e fapaana le kgopolo yotlhe ya go akanya ga ga Paulo le kgatlhanong le mabaka a ditiragalo, maloba le jaanong.​—Bapisa Baroma 2:28, 29; 9:1-6, 27; 10:1, 21; 11:5, 7-10, 14; Ditihō 13:45, 46.

b Bona kgaolo 7 ya buka ya “Let Your Kingdom Come,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

A o tlhalogantse dintlha tseno tsa botlhokwa?

□ Ke ditsholofetso dife tse di akarelediwang mo kgolaganong ya ga Aberahame?

□ Losika lwa konokono le losika Iwa bobedi ke bomang?

□ Kgetholola dikarolo tse di latelang tsa setlhare sa tshwantshetso sa motlhware:

​—motswe

​—thito

​—dikala tsa tlholego tse di kgaotsweng

​—dlkala tsa tlholego tse ditlogetsweng mo setlhareng kana tsa lomelwa gape

​—dikala tsa motlhware wa kwa nageng tse di lometsweng

□ “Bosaitsiweñ” jo bo umakilweng ke Paulo mo go Baroma 11:25 ke eng?

□ Ke ka ntlha yang fa setlhare sa motlhware sa tshwantshetso se ungwa ka botlalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

SETLHARE SA MOTLHWARE SA TSHWANTSHETSO​—Bokao le Setshwani

DIKALA

Ditso tse 12 tsa Iseraele

BaIseraele ba semoya ba ba 144 000 (losika lwa bobedi)

THITO

Isake, Jakobe le ditlhogo tsa lotso tse 12

Mesia Jesu (losika lwa konokono)

MOTSWE

Aberahame

Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela