Go Lemoga Dikgang
Bo-Bishopo Ba Kgatlhanong le Dibetsa tsa Nuclear
Bo-Bishopo ba Roma Katoliki mo U.S. ga ba je di welang ka molao wa morago jaana mo go tsa bosole jwa U.S. jwa nuclear. Mo lokwalong lwa bone Iwa bosheng jaana Iwa boruti Iwa ditsebe tse 150, “Kgwetlho ya Kagiso: Tsholofetso ya Modimo le Karabelo ya Rona,” bo-bishopo ba le 239 kwa ntle ga ba le 8, ba kgala ntwa ya nuclear kwa ntle go tika-tiko epe ebile ba goeletsa gore go emisiwe ka ponyo ya leitlho ditsamaiso tsa bosheng tsa dibetsa tsa nuclear. Makatoliki a a pelo-e-phepa ba bona fa seno e le go tsaya phekelo e sele ka go kgomoga. Mo nakong e e fetileng, goromente wa U.S. o ne a ka ikanya bo-bishopo ba Katoliki go segofatsa tlhakanelo ya bone mo ntweng. Seno se ne sa supiwa ka nako ya tlhabano ya Vietnam ke mafoko a moswi Cardinal Spellman: “Lefatshe la me, le siame kana ga le a siama. Lefatshe la me.”
Mme jaanong sengwe se fetogile. “U.S.News & World Report” e tsopola Cardinal Bernardin wa Chicago, modulasetllo wa komiti ya thulaganyetso ya kwalo-lokwalo, a bolela gore “tlhaselo [epe] e e tlhamaletseng e e ikaeletsweng mo mafelong a batho fela e lejwa ka tlhamaialo e le polao mo thutong ya boruti ya Katoliki ya boitsholo. Ga se e e senang molato, le eleng fa go ipusolosetswa tlhaselo mo ditoropong tsa rona, ebile ga go amogelwe dimpampetso dipe mo molaong motheo ono.” Archbishop Quinn wa San Francisco, mookamedi wa pele wa lekgotla la bo-bishopo, o ne a latlhela tlhware legonyana. O ne a bolela gore Makotoliki a a mo bosoleng a tshwanetse go gana taolo epe ya go kgotla bomo ya nuclear, le eleng fa taolo e ne e tswa go tautona, go bega jalo “U.S. News & World Report.”
Ka gone, bo-bishopo go bonala ba ile ba ntshetsa Makatoiiki a Ma-Amerika a a dimilione tse 50 molaetsa wa boitsholo wa gore ba tshwanetse ba itshwara jang mo kgannyeng e kgolo ya dibetsa tsa nuclear. Lokwalo Iwa boruti, lefa le sa tlame, lefa go le jalo le fudua digakolodi tsa Makatoliki a Ma-Amerika ba ba mo bosoleng, mo diofising tsa puso le mo madirelong a tsa dibetsa. Lefa go ntse jalo, seo lokwalo lo se hakang ga se tshwanele molao-motheo o o tlhalosltsweng mo go Isaia 2:4, leo le biletsang ‘go thulwa ga ditshaka magale a megoma le go sa tlhole go ithutwa tlhabano gope’—mofuta ope fela wa ntwa gotlhelele.
Leuba Le Le Botlhoko mo Afrika
Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore “go tla nna meshwèlè”. . . mo maheloñ mañwe le mañwe” jaaka karolo ya sesupo se se tlhakantseng se se tshwayang “bokhutlõ yoa lehatshe.” (Mathaio 24:3, 7) Kgaolo ya Afrika e baakanyetsa ka bosupi bongwe jwa seno. Mafatshe a le lesome le botlhano a Afrika a tlhaelelwa ke dijo mo go botlhoko ka ntlha ya leuba, go ya ka ba Food and Agriculture Organization ya UN. Swazing go bolelwa e tlhasetswe ke leuba le le maswe thata fa e sale mo dingwageng tse 30, Afrika Borwa le Mozambique le le maswe fa e sale mo dingwageng tse 50, ebile Zimbabwe e bolela gore la yone ke le le maswe fa e sale mo lekgolong leno la dingwaga, se se felela ka tatlhegelo ya dijalo tsa mmidi (mmopo) le ya motlhape wa loruo lo lo akanyediwang go 1 1/2 million. Jaaka paka ya komelelo e simolola, dikgaolo tse dintsi di ne tsa bolelwa fa di le maswe fela thata-thata. Isagwe ya tsone go lebega e ntshofetse go tswa ponong ya motho, mme legale Bibela e bontsha gore ka bofefo puso ya ga Keresete e tla tlhomamisa gore go nne le “letlotlo ya mabèlè mo lehatshiñ.”—Pesalema 72:16.
“Bakèla Bogale”
“Bakèla bogale, u lesè kgakalõ: u se ka ua ichwenya, ka go ichwenya go tlo go ise kwa boshuleñ,” go gakolola jalo Bibela. (Pesalema 37:8) Ka dingwaga, botlhale jo bo tlwaelegileng jwa setho bo ne bo sa dumalane le seo. “Bo thibogele,” e ne e le yone tlhaloso. “Go molemo go phantsha bogale,” ga bolela jalo dingaka tse dintsi tsa tlhaloganyo. Mme jaanong patlisiso ya boitseanape e tlotlomatsa botlhale jwa go laola bogale. Ka sekai, ra-maboko wa moithuta tsa matshelo a batho Carol Tavris o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe e ntšha ya “Anger: The Misunderstood Emotion”: “Go thibogela bogale go go dira gore o gakale go fetisa, go gatelela boikutlo jwa kgakalo, mme go tlhoma mokgwa wa go galefa ka metlha.” Ka gone, o gakolola ka gore: “Fa o itidimalela ka dikgopego tsa nakwana mme o bo o go itimetsa ka tiro e e mosola go fitlhelela kgakalo e kokobela, lebaka ke gore o tla ikutlwa o le botoka, mme o ikutlwa o tokafala ka pele, go na le fa o itelesetsa go goagoana le batho.”
Duke University Medical Center, morago ga kanoko ya dingwaga tse supa, e ne ya feleletsa ka gore batho ba ba gakalang ka bofefo ba ka nna ba a swa ka pele go na le bao ba sa díreng jalo. Go beha mo go fetileng selekanyo go nyalanngwa le go senyega ga pelo fela jaaka go goga le madi a magolo di sa kgaogane, dikanoko tsa bone di akantsha jalo. Ka gone, ereka dipalo di bontsha bosupi jo bo botlana gore go phomesegela ka bogale jaaka go thunya ga khantlele ya Roma gore go lere boitekanelo, a ga go ne go nna botlhale go tsaya-tsia seo Diane 14:29 e se bolelang: “Éna eo o bonya go galeha o na le tlhaloganyō e kgolo: me eo o mōea o o potlakañ o godisa bosilo.”