LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 2/1 ts. 19-25
  • Baungwi Ba Ba Utlwanang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baungwi Ba Ba Utlwanang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditlhare Tse Di Sa Ungweng Di Ne Di Rengwa
  • “Ha U Cwèlèla Pele mo Bopelonomiñ Yoa Ōna”
  • “Ha Ba Sa Nnele Rure Mo Go Tlhokeñ” Tumelo
  • “Ha Lo Uñwa Segolo”
  • “Merahe Eotlhe Ea Lehatshe” E Setse E Itshegofatsa
  • Setlhare sa Motlhware Se Se Ungwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • ‘A Boteng Jwa Botlhale Jwa Modimo!’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • “Ke Mang Yo O Itsileng Mogopolo wa ga Jehofa?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Setlhare sa Motlhware se se Tala mo Ntlong ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 2/1 ts. 19-25

Baungwi Ba Ba Utlwanang

‘Ungwang segolo; mme jalo lo tla nna barutwa ba me.’​—YOHANE 15:8.

1. Bibela e bontsha jang gore Jehofa o leba ditlhare tsa maungo di le botlhokwatlhokwa?

“YEHOFA MODIMO a medisa mo mbuñ setlhare señwe le señwe se se kgatlhañ mo matlhoñ, le se se molemō go yewa.” (Genesise 2:9) Mo Iseraele ditlhare tsa maungo tse di leng gone di jalwang di ne di letlelelwa dingwaga tse tharo di ntse di gola kwantle ga gore mong wa tsone a dirisetse maungo a tsone sepe. Le eleng loungo lo lo neng lo ka bonala mo ngwageng ya bone lo ne lo tshwanetse go “nna boitshèpō, loa go baka Yehofa.” Ka ngwaga wa botlhano, mong wa lone o ne a ka dirisa loungo jaaka a rata, morago ga gore a neele Jehofa mabutswa pele. (Lefitiko 19:23-25; Duteronome 26:1-10; Nehemia 10:35-37) Ka nako ya ntwa, ditlhare tsa maungo di ne di sirelediwa ka mo go kgethegileng kafa tlase ga Molao wa ga Moshe.​—Duteronome 20:19, 20.

Ditlhare Tse Di Sa Ungweng Di Ne Di Rengwa

2, 3. Jesu o ne a tlhalosang mo setshwantshong sa setlhare sa mofeige se se sa ungweng?

2 Mo setlhogong se se fetileng re ne ra bona kafa dikala tsa tlholego tsa setlhare sa motlhware sa tshwantshetso (Baroma, kgaolo 11) di neng tsa rojwa ka teng mme tsa emisediwa ka dikala tsa motlhware wa naga. Mo setshwantshong seo dikala tse di neng tsa kgaolwa di ne di emela Bajuda ba ba neng ba sena tumelo ba ba neng ba gana go lemoga thito ya motlhware kana Losika lwa konokono, Mesia, Jesu. Mo setshwantshong se se farologaneng Jesu o ne a tshwantsha morafe wa Juda le setlhare se se feletseng​—eseng setlhare sa motlhware mme sa mofeige.

3 Ka letlhabula la 32 C.E. Jesu o ne a tlhalosa ka gore: “Monna moñwe o na a na le setlhare sa mofeige se tlhomilwe mo tshimoñ ea gagwè ea mafine; me a tla go batla louñō mo go shōna, me a se ka a hitlhèla sepè. Me a raea mmaakanyi oa mafine, a re, Bōna, dinyaga tse tharo tse, ke nntse ke tla go batla louñō mo setlhariñ se, sa mofeige, me ke sa hitlhele sepè: a se rèñwe; se bile se emeletseñ lehèla mo mbuñ? Me èna a mo hetola, a re, Morèna, a u ko u se lesè, le ka ñwaga ono, ke tlè ke se lemèlè, ke se tsenyè mochutèlō. Me e tla re ha se uñwa, go tla nna molemō; me ha go sa nna yalo, hoñ u tla itse go se rèma.”​—Luke 13:6-9.

4. Jesu o ne a itshupa jang fa a le “mmaakanyi oa mafine” yo o ikanyegang?

4 Ka nako eo Jesu a neng a bua ka setlhare seno sa mofeige ene jaaka “mmaakanyi oa mafine,” o ne a senya dingwaga tse tharo a leka go tlhagolela tumelo gareng ga Bajuda. Lefa go le jalo go sa kgathalege ditshiamelo tse dintsi tse ba neng ba na le tsone tlaseng ga dikgolagano tsa ga Aberahame le Molao, e ne ya nna masalela fela a se kae a morafe wa Bajuda o o neng wa amogela Mesia. (Baroma 9:4, 5, 27) Mo ngwageng wa bone wa bodihedi jwa gagwe Jesu o ne a tlhagafatsa maiteko a gagwe gareng ga Bajuda, ka tshwantshetso a epela le go tsenya motshotelo go dikologa ‘setlhare sa mofeige’ sa Bajuda ka go rera le go ruta ka tlhoafalo e kgolo, mo Judea, Perea mme labofelo mo Jerusalema le mo tikologong.​—Luke, dikgaolo 10 go ya go 19.

5. Ke jang ebile ke ka ntlha yang fa “setlhare sa mofeige” sa Bajuda se neng sa rengwa, mme se ne sa “latlhèlwa mo moleloñ” leng?

5 Lefa go ntse jalo, bogareng jwa ngwaga oo wa bone, malatsi a se makae pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a lelela Jerusalema mme a bolelela motse-mogolo wa morafe wa Bajuda gore ntlo ya one e tlogetswe e ropefetse. (Mathaio 23:37-39) Jehofa, yo e leng ene mong wa ‘setlhare sa mofeige’ sa Bajuda, o ne a se lekola gape gape mo pakeng eno ya bone se ntse se tlhokometswe fela thata. E rile a se bona se sa ungwe jaaka morafe, o ne a laela gore se rengwe tumalanong le molao-motheo o Jesu a neng a o tlhalosa mo go Mathaio 7:19. Ka gone Bogosi jwa Modimo bo ne jwa tsewa mo morafeng wa Bajuda mme jwa neelwa morafe, Iseraele wa semoya, o o ntshang maungo a jone. (Mathaio 21:43) Phetisetso eno e ne ya diragala ka Pentekosete ya ngwaga yone eo e e tshwanang, 33 C.E. Dingwaga tse di masome mararo le bosupa moragonyana, ka 70 C.E., ‘setlhare sa mofeige’ se se remilweng se ne sa “latlhèlwa mo moleloñ” fa Jerusalema le morafe wa Juda di ne di senngwa.​—Mathaio 3:9, 10; Luke 19:41-44.

“Ha U Cwèlèla Pele mo Bopelonomiñ Yoa Ōna”

6. Ke jang ditshwantsho tsa setlhare se se sa ungweng sa mofeige le setlhare sa motlhware se se lomeletsweng di tlotlomatsang bopelonomi le bopeloetata jwa Modimo?

6 Fela jaaka setshwantsho sa setlhare sa mofeige se se sa ungweng se bontsha gore go na le ditekanyetso tsa bopelotelele jwa ga Jehofa, setshwantsho sa ga Paulo sa setlhare sa motlhware, lefa se tlotlomatsa bopelonomi jwa ga Jehofa, se ntse gape se bontsha bopeloethata jwa gagwe. Ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe Jehofa o ne a romela Johane Mokolobetsi go “dikala tse e leñ tsa tlholègō” tsa Juda go ba bolelela gore ba tlhagise “louñō lo lo chwanetseñ boikwatlhaō” le go dumela mo go Jesu. (Mathaio 3:8; Ditihō 19:4) Ka ntlha ya go tlhaela ga tumelo ya bone ba ne ba ‘amololwa. Go fokotsega mono ga palo ya BaJuda ba e leng “dikala tse e len tsa tlhōlègō ” go ne go raya “khumishō ea Badichaba,” fela jaaka e le gore ‘dikala tsa motlhware wa naga’ e leng Baditshaba di ne tsa lomelelwa mo setlhareng sa kgolagano sa ga Aberahame go nna karolo ya losika lwa semoya Iwa ga Aberahame.​—Baroma 11:12, 17, 20, 21.

7. Paulo o ne a oketsa ka tlhagiso efe?

7 Mme legale Paulo o oketsa ka tlhagiso. E ne ya re fa a itebagantse le Bakeresete ba ba tloditsweng ba eseng Bajuda, a re: “Gonne ha Modimo o se ka oa rèkègèla dikala tse e leñ tsa tlhōlègō, le wèna ga o ketla o gu rèkègèla. A u ko u bōnè bopelonomi le bopeloethata yoa Modimo: mo go [Bajuda] ba ba oleñ, ke bopeloethata; me mo go [Baditšhaba] wèna, ke bopelonomi yoa Modimo, ha u cwèlèla pele mo bopelonomiñ yoa ōna: me ha go sa nna yalo, le wèna u tla amololwa.” (Baroma 11:21, 22) Go tswelela pele mo bopelonoming jwa ga Jehofa, Bakeresete ba Baditšhaba ba ba lomeletsweng mo setlhareng sa kgolagano ya ga Aberahame ba ne ba tshwanelwa ke go bontsha tumelo e e tiileng mo Losikeng lwa konokono lwa ga Aberahame. Ba ne ba “eme ka tumèlō,” tumelo eo ba neng ba tshwanetse go e supa ka loungo lwa Bokeresete, ‘ka go ntsha mebele ya bone setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, se se lebosegang mo Modimong, tirelo e e boitshepo.​—Baroma 11:20; 12:1.

8. Ke thuto efe e nngwe e Paulo a neng a e supa ka setshwantsho sa gagwe sa setlhare sa motlhware?

8 Paulo o ne a ntsha thuto e nngwe e e dirang go tswa mokgweng o o gakgamatsang oo ka one Jehofa a kgonisang setlhare sa kgolagano ya ga Aberahame go tlhagisa palo e e tletseng ya “dikala” tsa Bajuda le Baditšhaba ba ba 144 000. O tswelela pele go bolela jaana mefuteng e mebedi ya “dikala”: “Ke raea moñwe le moñwe mo go lona, ka tshegōhaco e ke e neilweñ, ka re, A se ka a ikgopola bogolo go chwanèlō ea gagwè ea go ikgopola; me a a ikgopolè ka tekanō, kaha Modimo o abetseñ moñwe le moñwe selekanyō sa tumèlō ka gōna. Gonne yaka re na le ditokololō di le dintsi mo mmediñ o le moñwe hèla, me ditokololō cotlhe di se tihō ñwe hèla: Yalo le rona ba re leñ bantsi, re mmele moñwe hèla mo go Keresete.” (Baroma 12:3-5) Ka bobedi Bakeresete ba Bajuda le ba eseng Bajuda ba ne ba amogetswe mo losikeng lwa semoya Iwa ga Aberahame ka “bopelonomi yoa Modimo.” Paulo o ne a ba gakolola ka gore: “Aitse ga se wèna u rweleñ mocwe [Jehofa], me mocwe o rwele wèna.” (Baroma 11:18) Go tila go ‘amololwa’ ba ne ba tshwanelwa ke go tswelela pele mo bopelonoming jwa Modimo ka go boloka kutlwano ya bone jaaka “mmele moñwe hèla mo go Keresete.”​—Baroma 11:22.

9. Seno se tsholetse “dinku di sele” thuto efe, mme ba tshwanetse go nna kelotlhoko ya go dira eng?

9 A tlhagiso eno go Bakeresete ba ba tloditsweng e tsholetse Bakeresete bao gompieno eseng Baiseraele ba semoya thuto nngwe? Ammaaruri go ntse fela jalo. Lemororo ba se karolo ya losika lwa semoya lo lo tlhagisiwang ke kgolagano ya ga Aberahame mme ka gone e se ba “saka ye,” “dinku di sele” tseno ka mmaanete ke karolo ya “merahe eotlhe ea lehatshe” bao ba ka itshegofatsang ka losika lono. (Yohane 10:16a; Genesise 22:18) Go tshwanela sentle gore ba nne le tumelo e e jaaka ya ga Aberahame, yoo ditebelelo tsa gagwe tsa botshelo le tsone gape e leng tsa selefatshe, le go “sepela mo motlhalefi oa tumèlō” eo. (Baroma 4:11, 12, 16) Ba tshwanetse ba bontsha kutlo ya bone go Modisa yo o Molemo, Keresete, ene wa Losika lwa konokono lwa ga Aberahame. Ba tshwanetse ba tshwaragana gape le masalela a losika lwa bobedi lwa ga Aberahame, ba nne le bone “lecomane le le lešwe hèla” tlaseng ga “modisa a le moñwe hèla.” (Yohane 10:14, 16b) Fa e le gore Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba sa nneleng ruri mo bopelonoming jwa Modimo ba ka nna kotsing ya go ‘amoloIwa’ mo setlhareng sa kgolagano ya ga Aberahame, a “dinku di sele” ga di a tshwanela go itlhokomela fela thata le bone gore ba se dire sepe seo se ka dirang gore ba latlhegelwe ke bomolemo jwa ga Jehofa?​—Baroma 11:22.

“Ha Ba Sa Nnele Rure Mo Go Tlhokeñ” Tumelo

10. Go ne go ka diragalang fa e le gore Mojuda o ne a ka se nnele rure mo go tlhaeleng tumelo, mme seno se ne se ka rayang go ene?

10 Setshwantsho sa setlhare sa motlhware se tshotse gape-gape thuto e e akaretsang e e ka dirang ka bobedi go Bakeresete ba ba tloditsweng le “dinku di sele.” Re e bona mo go Baroma 11:23, eo e balegang ka gore: “Me le bōnè [Bajuda ba ba senang tumelo], ha ba sa nnele rure mo go tlhokeñ go dumèla ga bōnè, ba tla lomèlwa: gonne Modimo o nonohile go ba o ba lomèla gapè.” Re bona fano gape ntlha e nngwe ya bopelonomi Jwa Modimo. Fa Paulo a ne a kwala lokwalo lono (mo e ka nnang ka 56 C.E.), morafe wa Bajuda o ne o sale o rengwa jaaka ‘setlhare sa mofeige’ se se sa ungweng. Kana, fa re boela mo setshwantshong sa setlhare sa motlhware, bontsi jwa “dikala tse e leñ tsa tlhōlègo” ba ne ba “amolocwe” ka ntlha ya go tlhaela ga bone tumelo mo go Jesu, Mesia. Lefa go le jalo fa Mojuda ope fela ka bonosi a ne a ka se nnele rure mo go tlhokeng go dumela, Jehofa Modimo o ne a ikemiseditse go mo lomelela gape mo setlhareng sa motlhware sa tshwantshetso mme a mo dire leloko la losika lwa semoya lwa ga Aberahame. Mo Mojudeng yo o ntseng jalo yo o ikwatlhayang, go mo amogela ga ga Jehofa go ne go tla raya “go tshela ga bashwi hèla.”​—Baroma 11:14, 15.

11. Go diragetseng ka bangwe ba “dinku di sele,” me ke eng se ba tshwanetseng go se dira?

11 Gompieno, bangwe ba “dinku di sele” ba ile ba kgotsofala ka bobone mme, ka tlhaelo ya tumelo, ba khutlela go direla Jehofa. Ba ne ba ikgaola mo go tlhagafaleleng go kopanela le batho ba gagwe. Bangwe ba bone ba ile ba tsena mo pitlaganong, mme ditlhagiso tse di tshotsweng ke Lefoko la Modimo tsa ‘ba wela.’ A ba tshwanetse ba ikutlwa ba latlhegile gotlhelele? Lefoko la Modimo le tlhalosa ka gore: “Me e tla re lo le gōna [ka kwa ntle ga “lehatshe” la batho ba Modimo] ha lo ka batla Yehofa Modimo oa gago, u tla mmōna, ha u mo senka ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago. E tla re u le mo pitlaganoñ, me dilō tse cotlhe [mafoko a tlhagiso] di gu wetse, ha e tla re mo metlheñ ea bohèlō u boèla mo go Yehofa Modimo oa gago, me u reetsa lencwe ya gagwè: Ka Yehofa Modimo oa gago e le Modimo o o boutlwèlō botlhoko.”​—Duteronome 4:29-31.

12. (a) Ke jang ‘motlhanka yo o boikanngo’ a bontshitseng kamego ka “dinku di sele” tse di ntseng jalo tse di timetseng? (b) Ke dikai dife tse o ka di anelang go bontsha gore bangwe ka boitumelo ba ne ba boela mo lesakeng?

12 Jaaka setlhopha se se utlwanang sa dikala tse di ungwang mo teng ga setlhare sa kgolagano ya ga Aberahame, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” ba ba setseng ba bonnake ba ba tloditsweng ba ga Keresete mo lefatsheng, o tshwenyegile fela thata ka tlhokafalo ya bangwe ba “dinku di sele” go tsoga mo boikgotsofalelong le gore ba boe gape ba nne Bakeresete ba ba ungwang. (Mathaio 24:45-47) Ka ntlha ya gona moo, “motlhanka” o rulaganyetsa go gatisiwa ga ditlhogo tse di jaaka ‘Boelang go Modisa wa Meya ya Lona,’ e e bonalang go Tora ya Tebelo ya March 1, 1983. Go simolola ka January 1982, Tirelo ya Rona ya Bogosi e ne ya gatisa ditlhogo tse di tlhomaganang ka setlhogo sone seo se se tshwanang. A ketelelo pele eno e e tlhamaletseng ya “motlhanka” wa Morena e ne ya nna le maungo a a nang le matswela a a ungwang? A bangwe ba ile ba boela go Jehofa Modimo wa bone? Bontsi bo dirile jalo. Elatlhoko dikai tse di tshwaegang mo tsebeng ya 22.

“Ha Lo Uñwa Segolo”

13. Ke eng seo ope fela yo o ikgotsofalelang ka boene a tshwanetseng jaanong a se dira, jaaka go bontshitswe ke mafoko afe a ga Jesu?

13 Ee, Bakeresete bape ba ba tloditsweng kana balekane ba bone ba “dinku di sele” bao ba ileng ba ikgotsofalela ka bobone mme ba seka ba ungwa ba tshwanetse ba tsaya-tsia tlhagiso, ba arabele bopelonoming jwa ga Jehofa le go amogela thuso e le gore ba tle ba nne Bakeresete ba ba ungwang gape-gape. Mo setshwantshong se se farologanang ka dintlha di le mmalwa le seo sa setlhare sa motlhware le setlhare sa mofeige se se sa ungweng, Jesu o ne a itshwantsha le kutu ya mofine, kana thito ya mofine, mme barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng le dikala tsa mofine. O ne a tlhalosa ka gore: “Ke nna mofine oa amarure, me Rrè ke èna Mmaakanyi oa tshimo. Kala ñwe le ñwe e e mo go nna, e e sa uñweñ, oa e tlosa: me kala ñwe le ñwe e e uñwañ, oa e ntlahatsa, gore e uñwè bogolo”. Rrè o galalediwa ke mo. ke go re, ha lo uñwa segolo; me yalo lo tla nna barutwa ba me.”​—Yohane 15:1-8.

14. (a) Ke ka ditsela dife tse pedi tseo Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go “uñwa segolo”? (b) Ke patlafalo efe e nngwe ya Bakeresete ba ba tloditsweng e e bontshiwang mo setshwantshong sa “mofine oa amarure”?

14 Lefa “dinku di sele” e se dikala tsa “motlhware’ kana “mofine oa amarure” wa kgolagano ya ga Aberahame, Keresete Jesu, ba tshwanetse ba itshupa e le barutwa ba ga Keresete. Fela jaaka “dikala” tsotlhe tsa Bakeresete ba ba tloditsweng, ba tshwanetse ba “uñwa segolo.” Ba dira seno ka go tlhagisa dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Keresete tsa botho jo bosha, go akareletsa le “lounō loa Mōea.” (Bagalatia 5:22, 23; Mathaio 28:19, 20; Bakolosa 3:5-14) Mme go ungwa tota ba ntsha tshupo e e tlhaga ya dinonofo tse di ntseng jalo ka go abalana mo tirong ya go rera “mahoko a a molemō.” (Mathaio 24:14) Fela jaaka “dikala” tsa “mofine oa amarure” tse di tloditsweng di tshwanetse go tswelela pele di le kutlwanong le Keresete, “dinku di sele” di tshwanetse tsa atamalana thata-thata le “motlhanka eo o boikaño le eo o botlhale,” “bonnake” ba semoya ba ba tloditsweng ba ga Keresetè. Ke ka gone fela ba ka solofelang fela ‘go rua Bogosi jo ba saleng ba bo baakanyeditswe e sale ka tshimologo ya lefatshe.’​—Mathaio 25:31-40.

“Merahe Eotlhe Ea Lehatshe” E Setse E Itshegofatsa

15. Ereka kgolagano ya ga Aberahame e fetsa go tlhagisa “losika” lo lo solofeditsweng, ke tlhaloso efe e e oketsegileng e e mo go Baroma 11:12?

15 Fela jaaka setlhare sa motlhware sa kgolagano ya ga Aberahame, ka “monōnō oa motlhware” o o boitshepo (Jehofa) le thito ya one e e tiileng (Keresete), ba wetsa go ntsha palo e e lekanetseng ya “dikala” tsa Bajuda le Baditšhaba, masego a a humileng a setse a tlela “Badichaba” bao eseng Baiseraele ba semoya. Paulo o ne a bonela pele seno mme a kwala ka gore: “Me yana ha go wa ga [Bajuda ba tlholego] bōnè e le khumishō ea lehatshe, le tatlhègèlō ea bōnè e le khumishō ea Badichaba; bogolo yañ letlōtlō ya bōnè [Bakeresete ba ba tloditsweng ba Bajuda] le tla ba humisa!”​—Baroma 11:12.

16. (a) Ke Jang “go wa” ga Bajuda go neng go raya “khumishō ea Badichaba”? (b) Tiro ya go lomelelwa e bokgakala bo kae?

16 Re setse re bone gore “go wa” ga morafe wa Juda ka kakaretso go ne go raya khumiso e kgolo ya semoya go Baditshaba. Mme dikala tseno tsa motlhware wa naga go nna maloko a losika Iwa semoya Iwa ga Aberahame ga go a ka ga tlogela ntle dikala tsa tlholego tsa setlhare sa motlhware sa tshwantshetso​—Bakeresete ba ba ikanyegang ba Bajuda—​bao ka gongwe ba neng ba tlogetswe mo setlhareng kana ba ‘lomeleIwa gape’ morago ga 36 C.E. Ka jalo dlkala tse 144 000 di ne di akareletsa ‘palo e e tletseng’ ya Bajuda le ‘palo e e tletseng’ ya bao eseng Bajuda. (Baroma 11:12, 25) Mabaka a supela gore go lomelelwa mono go ne ga tswelela jalo go fitlhelelela bogareng jwa bo-1930. Gompieno, mo nakong eno ya bofelo-felo, go na le lebaka le le molemo la go dumela gore ‘palo e e tletseng’ ya dikala tsa Bajuda le Baditšhaba ka bobedi e setse e lomeletswe. Dikala dipe tse di neng tsa lomelelwa fa e sale 1935 go bonala sentle fa e tla bo e le kemisetso tsa dikala tsa Bajuda kana ba e seng Bajuda ba ba neng ba amololwa ka ntlha ya go sa ungwe.

17. Ke ka tsela efe e nngwe go wediwa ga boloko Jwa losika go rayang khumiso e nngwe go “Badichaba”?

17 Jaanong, Paulo o bolela gore go wediwa mono ga boloko jwa losika lwa ga Aberahame go raya “khumishō ea Badichaba.” Mme abo seno se ntse jalo jang ka ntlha ya go re dikhumo le masego a a ntseng jalo a semoya ga a ame fela masome a se kaenyana fela a dikete tsa Bakeresete ba ba tloditsweng bao eseng Bajuda fela (jaaka mo tiragatsong ya karolo ya ntlha ya Baroma 11:12) mme tota-tota dimilione tsa “Badichaba” bao eseng ba lesaka ja kgolagano ya ga Aberahame.

18. Go ka bolelwang ka ditsholofetso tsa kgolagano ya ga Aberahame, ka Jalo ke karolo efe ya yone e e tshwanetseng ya bo e setse e simolotse go diragadiwa?

18 Seno se re busetsa gape kwa kgolaganong ya ga Aberahame. Losika lwa konokono, Keresete Jesu, jaanong o tlhomilwe mo setulong sa bogosi kwa magodimong. O setse a phuthetse maloko a losika lwa bobedi mo lesakeng la kgolagano ya ga Aberahame. O gaufi le go “rua kgōrō ea motse ea baba ba [gagwe],” ka go senya mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, Babelona o Mogolo, le gape phuthego yotlhe e e setseng e e bonalang ya ga Satane. (Genesise 22:17, 18) Ga go gakgamatse he, ka gone, gore karolo e e wetsang ya tsholofetso ya ga Aberahame e setse jaanong e simolola go diragadiwa: “Merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago.”

19. (a) Ke jang batho ba “merahe eotlhe ea lehatshe” ba simolotseng go itshegofatsa ka bobone? (b) Tsholofelo ya bone ke eng?

19 Ee, “boidiidi yo bogolo yoa batho, . . . e le morahe moñwe le moñwe,” go akareletsa eseng fela Bajuda ba tlholego ba se kae, bo setse bo itshegofatsa. Ka tumelo e e feletseng go Aberahame yo Mogolwane, Jehofa Modimo, ba ile ba ikopanya le masalela a Iseraele wa semoya, mme “ba o dihèla motshegare le bosigo mo tempeleñ ea ōna,” ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. (Tshenolō 7:4, 9-17) Ekete ba ka tswelela pele ka go itshegofatsa ka losika, go ya fela mo tsamaisong e ntšha ya dilo.

A o a tlhaloganya?

□ Setlhare sa mofeige se se sa ungweng se ne se tshwantshetsang, se ne sa rengwa leng, mme sa fisiwa leng?

□ Ke jang fela Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba ba neng ba ka tila go kgaolwa mo “motlhwariñ,” mme ke thuto efe e re ka e ikamogelelang mo go seno?

□ Ke ka ntlha yang fa go lomelelwa gape ga Bajuda ba ba ikwatlhaileng go ka nnang motswedi wa kgomotso go bape fela ba ba neng ba timela?

□ Bakeresete botlhe ba tshwanetse ba tswelela ba ntse ba ungwa ka ditsela dife?

□ “Merahe eotlhe ea lehatshe” ka bontsi e setse e itshegofatsa jang?

[Lebokoso/​Setshwantsho mo go tsebe 22]

Bano Ba ile Ba ‘Boela Go Modise le Mookami wa Meya Ya Bone’​—1 Petere 2:25

Mosadi mongwe mo Normandy, mo Fora, o kwala ka gore: “Morago ga dingwaga tse di lesome ke ntse ke tsidifetse le maiteko a le mmalwa a lefela a gore ke boele mo phuthegong ya [Basupi ba ga Jehofa], ke ne ka nna ka okaoka go ka tsaya kgato epe. Ka ntlha ya boitshwaro jwa me jo eseng jwa dikwalo fa e sale ke tlogela phuthego, ke ne ka boifa kotlhao ya ga Jehofa le go nteba ka leitlho le le maswe ga bagolwane le phuthego yotlhe. Fa ke ne ke le mo malatsing a boitapoloso le bo-matsale ke ne ka bona sekaelo sa “Tora ya Tebelo” mme ka bala setlhogo se se neng se bontsha ka kgang ya mokaulengwe yo o neng a tsidifetse yo boemo jwa gagwe bo neng bo tshwana fela le jwa me tota. Fa ke ne ke bala kafa Jehofa a neng a le pelonolo ka teng mo go ene, kafa bagolwane ba neng ba mo neela thuso e e lorato, le kafa maloko a phuthego a neng a mo amogela ka teng, ke ne ka bona nonofo ya go boela gape mo phuthegong ya ga Jehofa.”

Suzanne, Mosupi mongwe mo phuthegong ya bokone botlhaba jwa Fora o kwala ka gore: “Ke leboga Jehofa eleruri, Morwawe Jesu Keresete le ‘motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale’ ka thuso e e neelwang ba ba tsidifetseng. Nna ka bonna ke ne ke tsidifetse fa bagolwane ba ne ba nketela le go nthulaganyetsa thuto ya Bibela. Ke ne ka amogela mpho ya bone mme ke itumetse tota jaanong ka ntlha ya go bo ke ya dipokanong gape mme ebile ka metlha ke na le seabe mo tirong ya go rera. Ke kgona jaanong go bontsha lorato Iwa bokgaitsadi go bao e leng gore ba tlhoka kgothatso.”

Yolande, Mosupi yo mongwe wa Mofora, o ne a seka a nna gone kwa dipokanong ka dingwaga-ngwaga mme a khutlela go rapela ka go bo a ne a ikutlwa gore o molato ka ntlha ya go tlhokomologa dijo tsa ga Jehofa. Ereka jaanong a thusitswe gape go nna tlhaga mo tirong ya Bokeresete, o kwala jaana: “Ke leboga Jehofa go tswa botennye jwa pelo ya me ka ntlha ya go bo a nthusitse mme a mphile sebaka se sengwe gape. Ka pelo yotlhe ya me ke kgothatsa botlhe bao ba ileng ba boa ka morago ka ntlha ya lebaka lengwe gore ba boele kwa go Jehofa.”

[Setshwantsho]

Ka kgothatso e e lorato, ba bantsi ba bao ba neng ba tsidifetse ba boetse gape ba nna ‘baungwi’

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Setshwantsho sa ga Paulo sa setlhare sa motlhware se supa kafa kgolagano ya ga Aberahame e tlhagisang “losika” lwa semoya lo lo feletseng

KGOLAGANO YA GA ABERAHAME (Genesise 22:16-18)

LOSIKA LWA KONOKONO LOSIKA LWA BOBEDI

KERESETE (Bagalatia 3:16) (Bagalatia 3:27-29)

‘Palo entletseng’ ya ‘Palo e tletseng’

‘dikala tsa tlholego’ ya dikala tsa

(Maselela a Bajuda le “motlhware oa naga”

Bajuda ba ba ikwatlhaileng (Bakeresete

moragonyana ba ba tloditsweng

—Baroma 11:5,12, ba e seng Bajuda

Rom 11: 21, 23) ​—Baroma 11:25)

“Ba Iseraela botlhe,”

Baiseraele ba semoya

ba ba 144 000

(Baroma 11:26, Tshenolō 7:4)

Maloko a a 144 001 a “losika”

lwa semoya lwa ga Aberahame, go segofatsa

“merahe eotlhe ya lehatshe”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela