LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 2/1 ts. 10-11
  • Etsa Hana, O Bo O Etse Le Morwawe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Etsa Hana, O Bo O Etse Le Morwawe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Hana a Neng a Bona Kagiso ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Mosimanyana o Direla Modimo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Hana o Rapelela go Nna le Ngwana wa Mosimane
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O ne A Rapela Modimo go Tswa Pelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 2/1 ts. 10-11

Lefoko la Modimo Le Tshedile

Etsa Hana, O Bo O Etse Le Morwawe

FA E LE gore o mmabana yo o sa leng mmotlana, bana ba gago gongwe ba nna kwa gae le wena. Mme a ke o lebe Hana le mosimanyana wa gagwe Samuele. Hana o mo tlisa kwa motlaaganeng wa ga Jehofa mo Shilo. Kwano ke gone ko baperesiti ba nnang teng le go direla Modimo. Ke ka ntlha yang fa a tlisa morwawe go tla go nna fano? A ga a rate mosimanyana wa gagwe?

Ee, Hana o rata Samuele. Mme fa a ne a sa tshole o ne a rapela Jehofa gore a bone morwa, mme mo thapelong ya gagwe o ne a solofetsa ka gore: “Ke tla mo naea Yehofa ka malatsi aotlhe a botshelō yoa gagwè.” (1 Samuele 1:10, 11) Ka jalo seo ke se Hana a se dirang. O rebola Samuele gore a direle kwa motlaaganeng wa ga Jehofa ka botshelo jotlhe jwa gagwe.

Hana o tla tlhoafalela Samuele fela thata. Lefa go le jalo o ikemiseditse go mo lesa a tsamaya ka ntlha ya gore o rata Jehofa Modimo ebile o itse gore morwawe o ka dirisiwa fano mo tirelong ya ga Jehofa. Fa e le gore o motsadi, a o ikemiseditse go lesa bana ba gago go dirisiwa mo tirelong ya ga Jehofa?

Jaaka Samuele a ne a ntse a gola o tlhoka diaparo tse dikgolwanyane go di apara. O ka bona fano Hana a mo tlisetsa hempe e ntšha e e senang matsogo e a mo e diretseng. Mme fa a mo etela ngwaga le ngwaga o ka tlhomamisega gore o kgothaletsa Samuele go nna a ikanyega mo tirelong ya gagwe mo motlaaganeng wa ga Jehofa. (1 Samuele 2:18, 19) A sekao sa ga Hana sa go kgothatsa le go thusa morwawe gore a nnele rure mo tirelong ya nako e e tletseng ke se se molemo go ka ediwa ke batsadi ba gompieno?

Mme legale sekao sa ga Samuele ke se se molemo go mongwe le mongwe wa rona go se etsa. O ne a ikemiseditse gore a dirisiwe mo tirelong ya Modimo. Le eleng fa lemororo a ka ne a ne a tswa a tlhoafaletse gae ka dinako tse dingwe ebile a ne a eletsa gore ekete o ne a ka bo a ne a le kwa gae a na le mmaagwe le rraagwe, o ne a ngaparela ka thata mo tirelong ya gagwe ya mo motlaaganeng. Samuele gape o ne a lebana le diteko tse dingwe tsa tumelo ya gagwe, tse di bokete.

A ke o bone tlhe! barwa ba moperesiti yo mogolo Eli ba tsaya makgarejwana ao a direlang kwa kgorong ya motlaagana mme ba ya go robala le bone ba bo ba dira boaka! Jaaka Samuele a ne a gola dilo tse di ntseng jalo tse di maswe di ne di dirwa, mme Samuele o ne a dira se se siameng. (1 Samuele 2:22-26) Eleruri re tla bo re le botlhale fa re etsa sekao sa gagwe le go sa gogelwe ka nko mo tseleng e e phoso ya ba ba re dikologileng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela