LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 1/15 ts. 18
  • Bagalefi Ba Ipakela Malwetse a Pelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bagalefi Ba Ipakela Malwetse a Pelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 1/15 ts. 18

Bagalefi Ba Ipakela Malwetse a Pelo

“Bogale jo re bo bontshang mo go ba bangwe go lebega bo thankgolegela kwa go rona mme bo re itee mo mosifeng wa pelo,” go boletse jalo kgang ya bosheng ya American Health. “Mo matshelong a rona a gale bogale jo re bo senyang mo dilong tse di seng botlhokwa, mo popelelong ya dikoloi le mo ditseleng tsa dithekethe, le ‘thotloetso ya go bolaya e e anamang mo go kalo e bile e le e e sa tlhokafaleng, go bonala di tla dira go bao re sa ikaelelang bobotlana go di lebisa go bone​—rona.” Go ya ka ngaka ya pelo ya San Francisco, Ray H. Rosenman, MD, phelelo eno ya bogale jo bo sa laolweng le letlhoo e e boelang mo mothong e bonwa e le yone motswedi o o gogelang mo bolwetseng jwa pelo. Ene le babatlisisi ba bangwe ba bararo ba bone gore bogale ke jone thito e e tshwaraganyang dilo tsotlhe tse di bolayang tse di amanang le malwetse a pelo.

Gape, setlhogo se tlhalosa gore go laola maikutlo a motho go ka nna botlhokwa go ka thibela malwetse a pelo jaaka go itshedila mmele le go ja ka selekanyo. Ka gone, bontsi-ntsi jwa bosupi mo go ba tsa kalafi bo ntse bo koegela go ema nokeng polelo ya seane e e reng: “Botshelo jwa nama ke pelo e e thethebetseng.”​—Diane 14:30, Jerusalem Bible.

Gotweng ka mogopolo wa gore go bulela bogale go lere boitekanelo? Setlhogo se ne sa tlhalosa, “ga go na lebaka la go bolela gore go bulela bogale go fokotsa matswela a jone a a maswe go na le go iphaka gore go bo boloka go a bo nolofatsa.” Mo godimo ga moo, ‘bogale, komano le kgakalo,’ tse di tlhaolang bagalefi, ga di a siamela eseng fela botsogo jwa motho, mme, se se botlhokwa bogolo, ga di na bonno mo gareng ga Bakeresete ba boammaaruri.​—Baefesia 4:31.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela