LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 1/15 ts. 25-31
  • “Iseraela oa Modimo” le Bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Iseraela oa Modimo” le Bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgato e e Kutlo ya “Iseraela oa Modimo”
  • Ke Mang Yo O Ka Lemogang “Seshupō” Sentle
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Kganetsano ya Bogosi e Tsholeditswe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Itumeleng—Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia Bo A Busa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Iseraele le “Metlha ea Badichaba”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 1/15 ts. 25-31

“Iseraela oa Modimo” le Bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba

1, 2. (a) Ke boemo bofe moteng ga Jerusalema yo o thekeleditsweng ka dithako wa gompieno jo bo bontshang gore Jehofa ga aa boela mo go tseyeng bookamedi jwa lefatshe ka motse oo? (b) Mme ke motse ofe o mongwe wa leina leo o ga jaanong o tshwanetseng wa akanyediwa?

MORULE wa ngwaga wa bogare jwa ntwa wa 1917 o ne a tshwaya go tsewa ga Jerusalema wa selefatshe mo go ba ga Muhammad ba Turkey ke masole a Britani a ga General Allenby. Go ralala lefatshe lotlhe Bajuda ba tlholego ba ne ba opela tiragalo eno legofi. Mme go tla nako kgolo ke eno go nna gone mo go ntseng go tsweletse le jaana ga helo ga boitshepo ga ba ga Muhammad mo Thabeng ya Moria moteng ga Jerusalema yo o thekeleditsweng ka dithako go santse go ntse go thibela go ka agiwa gope ga tempele ya kobamelo ya Sejuda mo setsheng seo pele go neng go le tempele ya ga Kgosi Solomone. Ka mo go utlwalang, Modimo, ene yo tempele e neng e agetswe ene ke morwa wa segosi wa ga Dafide ga a buse lefatshe lotlhe ka Bogosi jwa gagwe jwa Bomesia ka Jerusalema wa selefatshe, ereka jaanong “metlha ea Badichaba” e khutlile. Mme go tweng ka Jerusalema yo mongwe? Jerusalema ofe? Ene yo go builweng ka ene mo lekwalong je le tlhotlheleditsweng la barutwa ba ga Mesia Jesu mo kgaolong ya Roma ya Galatia, dingwaga dingwe morago ga fa a sena go bolelelapele ka tshenyego ya motse o o agilweng sesha wa Jerusalema, e e neng ya diragala ka 70 C.E. Koo mo go Bagalatia kgaolo 4, ditemana 25, 26, re bala ka go re:

2 “Me yana Hagare eo, ke thaba ea Sinai mo lehatshiñ ya Arabia, me o mo chwanoñ ea Yerusalema oa gompiyeno: gonne o mo kgolegoñ le bana ba gagwè [baagi ba gagwe le babusiwa ba gagwe]. Me Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla [jaaka mosadi yo o gololesegileng wa ga Aberahame, ebong Sara].”

3, 4. (a) Ke mang yo Paulo, ga mmogo le Bakeresete ba Bagalatia, a neng a dumalana fa e le ene ‘mmaagwe’ wa semoya? (b) Ke ka tsela efe morafe wa Iseraele o nnileng bontlhanngwe jwa phuthego ya Modimo ya lobopo lotlhe?

3 Mokwadi wa mafoko ao e ne e le Mojuda yo o neng a sokolotswe ebong Saulo wa Tareso yo o neng a nna moaposetoloi yo o itshenketsweng wa ga Mesia Jesu. “Yerusalema oa gompiyeno” yoo a neng a kwala ka ene o ne a lelekwa mo phuthegong ya Modimo, fela jaaka le ene Hagare a ne a lelekwa mo ntlong ya ga Aberahame, mme o ne wa senngwa ka 70 C.E. Paulo jaanong o ne a sa tlhole a tsaya Jerusalema yoo wa selefatshe jaaka mmaagwe wa semoya. O ne a dumalana gore “Yerusalema o o kwa godimo,” ke gore, Jerusalema wa kwa legodimong, e ne e le mmaagwe wa semoya. Ga mmogo le Bakeresete bao ba Bagalatia, Paulo e ne e le mongwe wa “bana ba gagwè.”

4 Fa e ne ya re kwa Thabeng ya Sinai, Modimo wa lere batho ba Iseraele mo kamanong le ene ka kgolagano ya Molao e e neng e tsereganngwa ke Moshe, morafe oo wa Iseraele o ne wa nna karolo e e bonalang ya phuthego ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa. O ne o le wa phuthego eo fela jaaka mosetsana wa lelata Hagare e ne e le wa ga Sara, mosadi tota wa ga Aberahame. Sara o ne a tshwantshetsa “Yerusalema o o kwa godimo” o o gololesegileng. O tlhagisa lotsalo lo lo solofeditsweng.

5. Jalo Jehofa o tla diragatsa bookamedi jwa lefatshe jotlhe kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditshaba mo lefelong lefe, mme ke potso efe eo e tla bong e le nako ya gagwe gore a e arabe ka tsela efe?

5 Ponong ya seo, e tla bo e le kamanong le “Yerusalema o o kwa godimo” yono e tla reng ka ene Jehofa Modimo a tseye bookamedi jwa lefatshe lotlhe kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditshaba mo ngwageng o o kgautlhantsweng ka ntwa wa 1914. He ga tla nako ya gore a arabe ka go tsaya kgato potso eo e neng ya tsosiwa ke mokwadi yo o tlhotlheleditsweng ebong Kgosi Dafide, mo go Pesalema 2:1-6:

“Ana merahe e shakgaletseñ, le dichaba di tlhatlhanyetsañ selō sa boithamakō? Dikgosi tsa lehatshe dia ikemisa, le balaodi ba logisanya maanō, kaga Yehofa, le kaga Motlodiwa oa gagwè [Mesia wa gagwe], ba re, A re kgaoleñ dithapō tsa bōnè, le megala ea bōnè re e latlhè mo go rona. Ena eo o dutseñ mo magodimoñ o tla tshèga: Yehofa o tla ba shotla. Ke gōna hoñ o tla buañ nabō ka bogale yoa gagwè yo bogolo, o tla ba rèma marapō ka bogale yoa gagwè yo bo tukañ: Leha go ntse yalo ke tlhomile kgosi ea me mo thabaneñ ea me e e boitshèpō ea Siona.”​—Bona gape Ditihō 4:24-26.

6. (a) Ke ka ntlha yang fa go tlhongwa ga Kgosi ya Bomesia kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditshaba go ne ga seka ga bonwa ke babusi ba selefatshe? (b) Go sa kgathalege tlhokomediso e e neng ya nna gone ka masome-some a dingwaga kwa pele, babusi ba lefatshe ba ne ba nnela go ipaakanyetsa go dirang mo nakong e e masisi eo?

6 Ee, kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditshaba ka 1914 go ne go tshwanela ka Jehofa go diragatsa mafoko ano a boperofeti ao a neng a kwadiwa ke Kgosi Dafide mo go Pesalema 110:1, 2: “Yehofa o raea morèna oa me, a re, Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō. Yehofa o tla ōtlōlōla lore loa thata ea gago go cwa Siona: a go busè wèna mo gare ga baba ba gago.” Go tlhongwa ga Kgosi ya Bomesia go ne ga nna godimo ga Thaba ya Siona ya selegodimo mme, ka gone, go ne ga se ka ga bonwa ke Sikgosi le balaodi ba ba kwa godimo ba mebuso ya lefatshe. Lemororo bokhutlo jwa Metlha ya Baditshaba bo ne bo ile jwa itsisiwe mo dikgatisong tsa Watch Tower Society ka masome-some a dingwaga gore bo ne bo tla nna ka 1914, babusi bao ba selefatshe ba ne ba ikemiseditse gore ba tla ganela le Mesia wa selegodimo go ka tsaya bookamedi jwa lefatshe lotlhe. Ba ne ba nnela go dira maipaakanyetso a a tlhabolotsweng thata a ntwa ya merafe yotlhe. Lefa go le jalo, ka kwantle, 1914 o ne a simologa a le monamagadi fela. Mme, ya re ka July 28 merafe ya thabuela mo ntweng.

7. Go tlhongwa ga ga Mesia jaaka Kgosi kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditshaba ka 1914 go ne ga tshwaya tshimologo ya kamano efe mo letlhakoreng ja gagwe le lefatshe, mme jang jalo?

7 Go tlhongwa ga ga Mesia jaaka Kgosi kafa letsogong je legolo la ga Jehofa mo go one ngwaga oo go ne ga tshwaya tshimologo ya go nna gone ga gagwe mo go sa bonaleng malebana le lefatshe la rona. Ka ntlha yang? Ka go bo jaaka Kgosi eō e neng e sa tswa go tlhongwa bosheng mo lefatsheng go ne go le matshwanedi ka ene gore a lebise tlhokomelo ya gagwe sebakeng sa gagwe sa puso mo lefatsheng, seo ka nako eo se neng se le diatleng tsa baba ba gagwe, bao go bone e neng e le semphete ke go hete gore ke mang yo o neng a tla nna mmusi-mogolo wa lefatshe lotlhe. ‘Lore Iwa thata ya gagwe’ lo ne Iwa tswa mo go “Yerusalema o o kwa godimo,” go tla mo lefatsheng la rona. Ka taolo ya ga Jehofa o ne a simolola ‘go busa mo gare ga baba ba gagwe’ kwa tlase mo lefatsheng. E ne ya fela e ntse e le gone mo lefatsheng moo a neng a latlhela Diabolo le badimona ba gagwe gona go tswa kwa legodimong.​—Tshenolō 12:7-17.

8. Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba mmotsa “seshupō” sa eng, mme, go ya ka Pesalema 2:1, merafe he e ne e tla bo e le mo boemong bofe?

8 “Seshupō” seo Mesia Jesu a neng a se tlhalosa jaaka bosupi jwa “go nna gone” ga gagwe mo go sa bonaleng se ne sa bonala kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditshaba ka 1914. Ka bokhutshwanyane fela pele ga loso lwa gagwe Iwa boswela-tumelo baaposetoloi ba ne ba botsa Jesu ba re: “Re bolelele gore dilo tse di tla dihala leng,​—le gore sesupo sa go nna gone ga gago le sa bofelo jwa motlha se tla nna sefe.” (Mathaio 24:3, The Emphasised Bible, ka J. Rotherham; The Emphatic Diaglott, ka Benjamin Wilson; Literal Translation ya ga Young; New World Translation) Go ya ka Pesalema 2:1, merafe e ne e tla shakgala ka nako eo ka yone Modimo a neng a tla tlhoma Mesia Jesu jaaka Kgosi mo Jerusalema wa kwa legodimong, kana Siona.

9. (a) Mo lekgolong la dingwaga la ntlha, a baaposetoloi bao ba neng ba tlhagisa potso ba ne ba iponela ka matlho sepitla se segolo fela thata seo se neng se se kitla se nna le selekane? (b) Jalo go iponela ga bone dilo tseo di neng tsa umakiwa ke Jesu mo go Mathaio 24:7-15 go ne ga direla jaaka mofuta o o ntseng jang wa tiragatso?

9 A e ka ne Jesu fa a ne a araba o ne a akantse ka Pesalema 2:1, le Pesalema 110:1-4, ga re itse. Lefa go ntse jalo, karabo ya gagwe e nyalana le dipolelelo-pele tseo di neng tsa buiwa ke Kgosi Dafide, ka mo go kgatlhisang tota fa e sale ka 1914 go na le mo dingwageng tse 37 go tloga fa baaposetoloi ba ne ba mmotsa potso eo le tshenyego ya Jerusalema ka mephato ya Roma ka 70 C.E. Ruri masetlapelo a a boitshegang ao a Sejuda a ne a seka a nna fela a sena dilekane. Ka sekai, a ne a sa sisimose go feta polao e e neng ya begwa ya Bajuda ba le 6 000 000 tlaseng ga puso ya ga Hitler ya bo Nazi pele le mo Ntweng ya Lefatshe II. Tshenyego ya Jerusalema e ne e se “sepitla se segolo, . . . se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakofi eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Mathaio 24:21) Seo baaposetoloi bao ba neng ba botsisisa ba neng ba se iponela go ya fela kwa bokhutlong jwa lekgolo la dingwaga la ntlha C.E. e ne e le tiragatso e potlanyana fela ya boperofeti jwa ga Jesu, fa re bua ka ditlala, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa bolwetsi, dintwa le dipogiso, ga mmogo le go nyelediwa ga “Yerusalema oa gompiyeno.” Ba ne ba seka ba tlhoka go bokolela ka ntlha ya seno, ka go bo Jerusalema yo o kwa legodimong o ne a nna a ntse a eme.

10. Tiragatso-kgolo ya boperofeti jwa ga Jesu e re gogela mo phetsong efe?

10 Dilo tseo di neng tsa diragala morago ka nako eo di ne tsa seka tsa bopa “seshupō” se se tlhakanetsweng seo se neng se tla tshwaya “go nna gone” ga gagwe le “bofelo jwa motlha.” Jalo e le gore boammaaruri jwa boperofeti jwa ga Jesu bo tshegediwe, go ne ga tshwanela gore go nne le tiragatso e kgolwane thata ya mafoko a gagwe moragonyana, mo metlheng ya dipalo tse di setseng tsa maloko a “lecomanyane” la gagwe la baruaboswa ba Bogosi. (Luke 12:32) Seo e ne e tla nna go tloga kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditshaba go ya pele go tla go fitlha jaanong. Fa re ntse re lebile ditiragalong tsa lefatshe fa e sale go tloga letsatsing leo, go ya kafa boperofeting jwa Bibela, ga go na ka gope, fa e se go tlhatswega pelo gore re tshela mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo.’ (Mathaio 24:3; Mareko 13:4, NW) Tlhatswego-pelo eno e supelwa ke tirafatso ya Tshenolō 6:3-17, eo e neng ya kwalwa go feta kwatara ya lekgolo la dingwaga morago ga tshenyego ya Jerusalema le go bolela kaga bapalami ba dipitse ba bane ba Tshenolō.

11. Ke eng seo maloko a a setseng a ‘phuthego ya batsalwa pele’ a ka se gakologelwang kaga metlha ya Ntwa ya Lefatshe I, mme ke jang ditiragatso tsa boperofeti jwa ga Jesu mo lekgolong la dingwaga la ntlha di bapisegang ka gone le ditiragalo tseno tsa moragonyana?

11 Mangwe a masalela a ‘phuthego ya batsalwa pele ba ba kwadilweng kwa legodimong’ a santse a tshela le gompieno, a bile a santse a ntse a gakologelwa sentle flu ya kwa Spain. (Bahebera 12:23) Sebetso se se boitshegang seno se ne sa apesa lefatshe kobo ka letshoba boaphelong jwa Ntwa ya Lefatshe I, jaaka nngwe ya dikgogodi tsa bolwetsi tse di boleletsweng pele, mme sa bolaya dimilione tse di oketsegileng tsa batho go feta bao ba neng ba gatlampolwa mo lobakeng Iwa dingwaga tse di fetang bone tsa Ntwa ya Lefatshe I. Maloko a masalela a a santseng a tshela a gakologelwa gape le pogiso ya diithuti tsa Bibela tsa Bakeresete bao ba neng ba leka go ikgolola mo molatong wa madi wa lefatshe. Ba gakologelwa kafa pogiso eno e neng ya felela ka go latlhelwa kgolegelong ga mookamedi (wa dingwaga tse 48), mokwaledi (wa dingwaga tse 54), le maloko a mangwe a le marataro a badiredi ba kwa ntlo-kgolong ya Watch Tower Bible and Tract Society, ka ditatofatso tseo di neng tsa seka tsa amogelwa mo lekgotlatshekelong ka 1919. Ka jalo dibuka tsa Mokgatlho le tsone di ne tsa thibelwa mo Canada le mo United States of America, le go gololwa fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe, seo se neng sa diragala mo metlheng ya baaposetoloi mo lekgolong la dingwaga la ntlha e le tiragatsong ya boperofeti jwa ga Jesu di fela e se tsa sepe fa di bapisiwa le ditiragalo tse di tshwanang mo selekanyong sa lefatshe ka bophara ka 1914-1918 C.E.

Kgato e e Kutlo ya “Iseraela oa Modimo”

12. (a) Faane a araba potso mabapi le “seshupō” sa go nna gone ga gagwe, o ne a umaka go bogisiwa ga bomang, mme ba ntlha go bano e ne e le ba lotso lofe? (b) Ke eng seo se tseetseng “Iseraela kaha nameñ” sebaka?

12 Fa a ne a araba potso malebana le “seshupō” sa “go nna gone” ga gagwe mo go sa bonweng, Jesu o ne a seka a umaka sepe ka pogiso go “Iseraela kaha namen.” (1 Bakorintha 10:18) O ne a bolelelapele ka pogiso ya barutwa ba gagwe, bao ba ntlha go bone, e nnileng Bajuda ba tlholego, ba ba rupileng le basokologela-sejudeng. Mme ka tiragatso ya boperofeti jwa ga Yoele 2:28, 29 go tswa letsatsing la Pentekoste la 33 C.E. go ya pele, barutwa ba gagwe ba ne ba nna Iseraele yo mosha, Iseraele wa semoya. (Ditihō 1:6–2:42) Mo e ka nnang bogare jwa lekgolo la dingwaga la ntlha, Mojuda yo o sokolotsweng, ebong moaposetoloi Paulo, o ne a kwalela Bakeresete kwa Galatia mme a tswelela ka go ba raya a re: “Me Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla.” (Bagalatia 4:26) Mme gautshwane le tigelo ya lekwalo la gagwe o ne a tlhalosa ka go re: “Gonne, go le bogwèra ga se sepè, go le bokgola ga se sepè, ha e se sebopiwa se sesha hèla. Me botlhe ba ba tla sepelañ kaha molaoñ o, a kagishō e nnè mo go bōnè, le boutlwèlō botlhoko, le mo go Iseraela oa Modimo.”​—Bagalatia 6:15, 16.

13. Ke mo sebopegong sefe se se tlhomologileng sa “seshupō” sa “bofelo jwa tsamaiso ya dilo” masalela le balekane ba bone ba neng ba senka go nna le karolo ka sebele, mme ka matswela afe go tla nakong eno?

13 Ereka jaanong masalela a “Iseraela oa Modimo” a bona go phuthologa ga “seshupō” sa “bofelo jwa tsamaiso ya dilo,” ke kgato efe eo ka kutlo ba tshwanetseng go e tsaya? Tsela eo ka yone ba tla nnang le seabe mo tiragatsong ya sebopego se se tlhomologileng seo sa “seshupō” seo Jesu a neng a se bolelela-pele, ka go re: “Me eo o ichokèlañ [pogisoj bokhutloñ, [Segerika: telos] èna eouō o tla bolokwa. Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ [goyim] eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō [telos] bo tla tlañ.” (Mathaio 24:13, 14; Mareko 13:9, 10) Mo ngwageng o o neng wa latela morago ga go fela ga Ntwa ya Lefatshe I, masalela a a neng a falotse a “Iseraela oa Modimo” a ne ka kutlo a simolola go diragatsa taolo eo ya seperofeti. Ka jalo, gompieno mo mafatsheng a le 205 ka dipuo di ka nna 190, “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” a rerwa ke masalela a Baiseraele ba semoya le balekane ba bone ba basupi ba ga Jehofa. Ba dira gotlhe mono go sa kgathalege pogiso le Ntwa ya Lefatshe II.

14. Ka go neela bosupi jono ba itsise fa e le “metlha” efe e e feletseng merafe, mme seno se nnile jalo jang eleruri?

14 Ka bosupi jono jo bo sa kganelweng ke sepe kaga Bogosi jo bo tlhomilweng, Baditshaba, goima, ‘merafe,’ e dirwa gore e tlhaloganye gore “metlha” ya yone, “metlha e shupa” ya yone, go gataka Jerusalema e ne ya khutla mo letlhabuleng la 1914. (Luke 21:24) Jerusalema yo o kopanyelediwang fano, ga se Jerusalema wa selefatshe kwa Botlhaba Gare, mme e leng Jerusalema wa kwa legodimong, ka jaana koo, mo legodimong, ke gone kwa Jehofa Modimo a neng a tlhoma Mesia wa gagwe mo setilong sa bogosi, Morwawe yo o tloditsweng Jesu, fa Metlha ya Baditshaba e ne e fela ka 1914. Ka mo go tshwanang, “motse o o boitshèpō” o merafe, Baditshaba, ba neng ba tshwanetse go o gataka “ka dinao ka dikgwedi di le mashomè manè le bobedi,” go ya ka Tshenolō 11:1, 2, e ne e se “Yerusalema oa selegodimo” oo go one Jesu Mesia a nnileng a busa mo go one fa e sale ka 1914. (Bahebera 12:22) Go na le moo, go gatakiwa go ne ga nna mo masaleleng a “Iseraela oa Modimo” ka dikgwedi tse di tlwaelegileng di le 42, kana dingwaga tse di tlwaelegileng di le tharo le sephatlo, ka pogiso mo Ntweng ya Lefatshe I. Mme mo nakong ya kopano ya bobedi ya diithuti tsa Bibela kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., mo selemong sa 1922, ba ne ba setse ba tokafetse fela thata mo semoyeng. Jalo pogiso ya masalela ka Ntwa ya Lefatshe I e ne e le bontlhanngwe jwa “seshupō” seo se neng se tla tshwaya lebaka la gore Jesu o ne a le gone mo Bogosing jwa gagwe go tloga ka 1914 go ya pele mo Jerusalema o o kwa godimo, o o gololesegileng mo katakong lefa e ka nna efe.​—Mathaio 24:3, 9-13.

15. Jaanong he e ne ya nna eng seo masalela le balekane ba bone ba neng ba simolola go se dira go feta lefa e le leng pele, mme mo kgannyeng eno a bone ka bobone ba ile ba dumelela gore ba gatakiwe?

15 Heya nna gone fa masalela a “Iseraela oa Modimo” a neng a gotela go feta lefa e le leng pele go “itsise Kgosi le Bogosi.” Fa re bua ka tsela ya semoya, ga baa namalala fela gore ba tlhole ba ntse ba gatakiwa ke Baditshaba gope.​—Tshenolō 11:7-15.

16. Fa e sale ka 1914, ke kgosi efe e e ntseng e palame le go busa gareng ga baba, mme ke ka tsela efe eo ka bokhutshwanyane jaana dilo di tla ikgatang motlhala gape mo kgannyeng ya go gatakiwa?

16 Fa dilo jaanong di ikgata motlhala ka mo go kgatlhisang, fa e sale kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditshaba ka 1914 Kgosi Jesu Keresete yo o beiIweng mo setilong sa bogosi o nnile a busa mo Jerusalema wa legodimo, mme o tsweletse ka go laola gareng ga baba ba gagwe ba selefatshe. Ka bokhutshwanyane fela, morago ga go sena go neelwa bosupi jwa Bogosi mo merafeng yotlhe, “bofelo jwa tsamaiso ya dilo” bo tla tla. Baditshaba bao ba baba, kana ‘merafe,’ ba tla rengwa fela jaaka mofine o o tletseng dikungwa. Go tswa foo o tla ba latlhela mo “segatisecoñ se segolo sa bogale yoa Modimo,” me moo a ba gatake fela kafa go ba tshwanetseng, a tsholola madi a bone a botshelo. (Tshenolō 14:18-20) “O tla di busa [merafe] ka tsamma ea tshipi: me o gata segatisecō sa boyalwa sa bogale yoa chakgalō ea Modimo Mothataeotlhe.”​—Tshenolō 19:15.

17. Setshwantsho sa bofelo mo boperofeting jwa ga Jesu jwa “seshupō” ke sefe, mme ke jang “bonnake” ba semoya ba mmusi ba direlwang molemo?

17 Tiragatso ya setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi e ne e tshwanetse go nna bontlhanngwe jwa “seshupō” seo se neng se emela “go nna gone” ga gagwe mo go sa bonaleng le “bofelo jwa tsamaiso ya dilo.” (Mathaio 24:3; 25:31-46) Ka go dumalana le polelelo-pele, dimilione ga jaanong di ile tsa amogela bosupi jwa Bogosi joo bo neng jwa neelwa ke masalela a “Iseraela oa Modimo.” Di ile tsa itshwara ka mo go tshwanetseng, ka kanaanelo. “Dinku” tseno tsa tshwantshetso di dira molemo le e leng go ba babotlana ba “bonnake” ba semoya ba ga Kgosi Jesu Keresete yo o busang. Ka tirisano-mmogo le “bonnake” bano ba gagwe, “dinku” di dira karolo e kgolo ya go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” mo lefatsheng ka bophara go neela bosupi jwa bofelo-felo.

18. Ke “bogosi” bofe joo dinku tsa tshwantshetso di batlang go bo rua, mme ke jang di tla neelwang taletso ya go dira jalo?

18 “Dinku” tseno tsa tshwantshetso di batla go rua “bogosi yo [di] bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.” (Mathaio 25:34) Taletso ya go dira seno ba tla e amogela go “Morwa Motho” yo o busang jaaka fa ba tsena mo ‘sepitleng se segolo’ ka tebelelo ya go se falola tlaseng ga tshireletso ya bomodimo. Seno se tla bo se le tiragatsong ya mafoko a a digelang a ga Jesu mo setshwantshong: “Me bauō [dipodi tsa tshwantshetso tseo di palelwang ke go direla “bonnake” ba ga Jesu molemo] ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ [mo losong]: me basiami [dinku tsa tshwantshetso] ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.” (Mathaio 25:46) Ba tla nna “motho” yo o tla bolokwang go ralala ‘sepitla se segolo se se iseng se ke se nne, e sa le ka tshimologo ya lefatshe go tla nakong eno; nnya, le gona go se ketla go tlhola go nna jalo gope.’ Ka ntlha ya “baitshenkedwi” ba Modimo (masalela a “Iseraela oa Modimo”) metlha ya sepitla seo se segolo thata se se fetang dipitla tsotlhe tsa selefatshe e tla khutshwahadiwa.​—Mathaio 24:21, 22.

19. “Boidiidi yo bogolo” bo tla tswa mo go eng, mme ke eng seo ba tla se dirang mo sebakeng sa “Bogosi” seo ba tla tsenngwang mo go sone?

19 Ka gone “boidiidi yo bogolo” jwa baseka-dinku bo tla ‘tswa mo pitlaganong e kgolo’ go tsena mo sebakeng sa selefatshe se se phepafaditsweng se se okametsweng ke Kgosi Jesu Keresete. (Tshenolō 7:9-14) Go tswa fela kwa tshimologong ya tsamaiso e ntsha ya dilo ba tla nna le seabe mo go fetoleleng sebaka seno sa Bogosi go nneng Paradaise ya selefatshe mo lefatsheng ka bophara eo Mmopi a neng a e ikaeletse fa a ne a ntshetsa batsadi ba lefatshe lotlhe la setho ebong Adame le Efa, taolo ya gagwe ya bomodimo.​—Genesise 1:27-31; 2:5-9.

20. Ga jaanong, ke eng seo baseka-dinku bao ba se dirang ga mmogo le masalela, mme ke bokao bofe jwa “seshupō” joo ba tshwarelelang mo go jone, go ya fela kwa ‘bokhutlong’?

20 Ga jaanong, go fitlhela fela ba utlwa taletso ya “Morwa Motho” yo o busang mo kgalalelong ya selegodimo e e reng: “Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe,” basiami bano ba seka-dinku ba tswelela ka go dira mmogo ka tshwaragano le masalela a “Iseraela oa Modimo.” (Mathaio 25:34) Jaaka Baiseraele bano ba semoya ga ba latlhegelwe ke tumelo ya seo se boleIwang ke bokhutlo jwa Metlha ya Baditshaba ka 1914. Jalo, ka go sa ipudulaletse matlho mo ‘sesupong’ se se phatsimang sa “go nna gone” ga ga Jesu Mesia jaaka Kgosi, ba galaletsa bodihedi jwa bone jaaka babusiwa ba gagwe ba selefatshe mme ka boitumelo ba gatelapele, ba rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” mo lefatsheng ka bophara fa ba ntse ba lebane le “bokhutlō” jo bo ntseng bo atamela ka potlako.​—Mathaio 24:14.

A O Ka Araba?

◻ Ke eng seo tiragatso ya díbopego tsotlhe tsa “seshupō” se se boleletsweng pele e se supang?

◻ Ke tirong efe eo “Iseraela oa Modimo” le balekane ba bone ba abalanang mo go yone?

◻ “Motse o o boitshèpō” o o neng wa gatakiwa ka “dinaō ka dikgwedi di le mashomè manè le bobedi” ke eng, me ke “Yerusalema” ofe yo o neng a seka a gatakiwa?

◻ Fa go kgaoganngwa ga dínku tsa tshwantshetso le dipodi go sena go wediwa, ke eng seo se tla diragalelang setlhopha sengwe ie sengwe?

[Setshwantsho mo tsebe 28]

Ke tshupo efe e e bonalang eo Jesu a neng a e bolelela-pele ele gore balatedi ba gagwe ba tle ba itse gore Metlha ya Baditšhaba e ne e khutlile?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela