Iseraele le “Metlha ea Badichaba”
“Yerusalema o tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba [Goima], e dihalè.”—LUKE 21:24.
1. Ke jang mafoko a ga Jesu mabapi le Jerusalema a neng a diragadiwa, mme ke potso efe e e santseng e tshwanetse go ka arajwa?
DINGWAGA tse di masome a mararo le bosupa morago ga fa Jesu Keresete a sena go bua mafoko a a fa godimo, motse wa Jerusalema o ne wa senngwa ke mephato ya Roma ya ga General Titus, ka 70 C.E. Mme gotweng ka kakaretso ya boperofeti jwa gagwe, mabapi le lobaka loo ka lone Jerusalema a neng a tla katakwa ke Baditshaba, Goima, jaaka fa Bajuda ba ba bitsa gompieno?
2. (a) A mafoko a ga Jesu a ne a raya gore motse o ne o se ketla o agiwa sesha le go nniwa gape? (b) Go sa kgathalege go nna mo motseng o o boitshepo ka nakwana ke ba-Crusaders, ke jang Jerusalema a neng a tswelela ka go gatakiwa ke Baditshaba go fitlhela “metlha” ya Baditshaba e wela?
2 Mafoko ao a ne a sa reye gore Jerusalema o ne a se ketla a tla agiwa gape le go nniwa go fitlhela “metlha ea Badichaba [Goyima] e dihalè.” Mo lekgolong la dingwaga je le latelang motse o ne wa agiwa gape sesha, mme bao go neng gotwe ke ba-Crusaders ba ne ba tlhabanela go o gapa ka di-Middle Ages. Bone bao ba Crusaders bao ba neng ba tletse tshololo ya madi ba La-Bodumedi ba ne ba itshupa e le bone Baditshaba, kana Goima, fela jaaka bao motse o neng o le diatleng tsa bone pele le bao e neng ya re morago ba o tsaya ka kgang mo go ba Crusaders. Go ya go fitlha fela kwa ntweng ya lefatshe ya ntlha ka 1914-1918 ba Goima bao (“baheitane,” jaaka La-Bodumedi a ne a tle a ba bitse) ba ne ba nnela go gataka motse o o boitshepo thata mo Bajudeng.
3. Jaaka go gapiwa ga Jerusalema ke masole a Britani go atamela ka Morule wa 1917, ke eng seo Lord Rothschild a neng a se bolelelwa ke Tona ya Mafatshe a Sele wa Britani Balfour, mme ke taodiso efe e e neng ya neelwa ka Palesetina morago ga ntwa?
3 Ka Morule 9, 1917, masole a Brltani a ga General Allenby a ne a gapa Jerusalema mo go ba Turkey, bao ba neng ba le botsalano le Kaiser Wilhelm wa Mmuso-mogolo wa Jeremane. Jaaka kgapo eo e atamela, Tona ya tsa Mafatshe a Sele wa Britani Arthur Balfour wa Great Britain o ne a romela molaetsa wa gagwe wa November 2, 1917, kwa go Lord Rothschild wa losika Iwa Sejuda lo lo neng lo itsege loo-ra Rothschild, a tlhalosa gore goromente wa ga Kgosi-kgolo o ne o leba fa go le matshwanedi gore Bajuda ba tlhomelwe naga-gae mo Palesetina. Lefa go ntse jalo, morago ga Ntwa ya Lefatshe I e sena go fela, Kgolagano ya Merafe (Goyim) eo e neng ya tlhongwa ka 1920 e ne ya neela Great Britain thata mo Palesetina (go akareletsa le Jerusalema), go mo tshegetsa go fitlhela ka ngwaga wa 1948. Go ne ga se ka ga tlhalosiwa gore ke mang yo o neng a tla tsaya Jerusalema morago ga go fela ga Thata eo.
4. Morago ga Thata ya Britani mo Palesetina e sena go fela ka 1948, ke eng seo se neng sa diragala koo mo makgamung a a neng a batla seabe?
4 Fa Thata ya Britani e sena go felelwa ke nako ka 1948, makgamu ao a neng a batla seabe a seka a tlhola a re kamoso. Ba ga Muhammad ba okamela bogolo jwa karolo ya botlhabatsatsi jwa naga eo, go akareletsa le motse o o thekeleditsweng ka dithako wa Jerusalema le helo ga gone ga boitshepo ga kobamelo ya ga Allah. Bajuda ba ne ba gapa karolo ya bophirimatsatsi jwa Palesetina mme ba nnisa gone morafe wa segompieno wa Iseraele. Mme e ne ya nna fela go fitlhela ka tlhabano ya Six-Day War ya 1967 motse o o thekeleditsweng ka dithako wa Jerusalema o neng wa swatolwa go Maarabia, go akareletsa le “the Wailing Wall,” leo kwa godimo ga lone go neng go eme tempele ya Bajuda ya kobamelo go tswa bogologolong. Ka phenyo Bajuda ba ne ba feta ba tsaya taolo ya dintshi tsa bophirimatsatsi jwa Noka ya Joredane le banni ba gone ba ga Muhammad.
5. (a) Ka ntlha ya tlhabano ya Six-Day War ya 1967, ke jang Jerusalema wa gompieno a neng a khutlela go gatakiwa ke Baditshaba? (b) Go sa kgathalege go bo Jerusalema a nnile maemong a kgololesego fa e sale ka 1967, ke ka ntlha yang fa re fitlhela go na le sengwe se se tlhaelang?
5 Jalo Jerusalema wa selefatshe o ne a tswelela ka go gatakiwa ke Baditshaba go fitlhela ka 1967. Mme fa e sa le, fa o leba dilo kafa ntle, Jerusalema o ne a khutlela go tlhola a gatakwa ke Baditshaba. Lefa go ntse jalo, re ikutlwa re patelesega gore re re, “Eng he jaanong?” A go emisa ga Iseraele gore Jerusalema a se ka a tlhola a gatakwa ke Baditshaba ka ngwaga ole wa 1967 go ne ga leretse setho tshegofatso? Go na le gore e mo amogele jaaka tshegofatso, merafe e le mentsi e ganana le go nna gone ga Iseraele. Eleruri go tlholwa ga morafe wa segompieno wa Iseraele ga go a gogela mo go tlhomiweng ga Bogosi jwa Mesia wa Sejuda. Ka mo go phepafetseng, Iseraele ga aa leba go Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe, ebong, Jehofa, go bona thuso le poloka. Goromente wa gagwe ga se bogosi joo bo nang le setlogolwana sa mmatota sa moralo wa segosi wa ga Kgosi Dafide wa bogologolo yo o ntseng mo setilong sa bogosi kwa Jerusalema.
6. Re tshwanetse ra dumela ka go reng mabapi le seabe sa Jerusalema wa selefatshe fa e sale ka 1967 le boperofeti jwa ga Isaia 2:1-4?
6 Jalo, mo kgannyeng ya Jerusalema wa selefatshe fa e sale ka 1967, ga re bone tiragatso epe ka botlalo ya boperofeti jwa Isaia 2:2-4:
“Mme go tla dihala gore mo metlheng ya morago, thaba ya ntlo ya MORENA e tla tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhujana; me merafe [goyim] yotlhe e tla oologela kwa go yone. Mme batho ba le bantsi ba tla re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya MORENA. kwa tlung ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tla re ruta ditsela tsa Gagwe, mme re tla sepela mo ditselaneng tsa Gagwe.” Gonne mo Siona go tla tswa molao, le lehoko ja MORENA le tla tswa Jerusalema. Mme o tla atlhola ha gare ga merafe [goyim], a kgalemele batho ba le bantsi; mme ba tla thula ditšhaka tsa bone megoma, le marumo a bone dithipa tsa mabele; morafe [goy] ga o ketla o ekela morafe [goy] tšhaka, le gona ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.”—JP.
7. Ka go fapaana thata thata le boperofeti jwa Isaia 2:1-4, ke eng seo re se bonang gompieno, mme go tweng kaga boperofeti jwa Sekaria 8:23?
7 Go na le gore e thule dibetsa tsa yone go nna didirisiwa tsa kagiso, merafe ya Baditshaba e itlhomeletse fela thata go ka Iwa go feta lefa e le leng pele, fela jaaka le yone Repaboliki ya Iseraele ka boyone. Gape, ga re bone ka gope tiragatso ya boperofeti jwa Sekaria 8:23 bo diragala gompieno, ebong:
“MORENA wa masomosomo o bua jaana a re: Mo metlheng eo go tla dihala gore batho ba le some ba tla tshwara, ba dipuo tsotlhe tsa merafe, ba tla tshwara lokoje Iwa yo e leng Mojuda, ba re: Re tla ya le lona, gonne re utlwile ha Modimo o ntse le lona.”—JP. Tlhokomela gape le Douay Version le JB.
8. Tsotlhe tse di boletsweng di lere pelaelo efe kaga motlha wa 1967?
8 Tsotlhe tse di kailweng di lere pelaelo mo go reng a jaana ngwaga wa 1967, ebong ngwaga wa Six-Day War, o ne wa tshwaya motlha oo ka one boperofeti bo neng jwa diragadiwa: “Yerusalema o tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè.” (Luke 21:24) Tota gōne “metlha ea Badichaba” e ne e ile ya khutla go le pelenyana. A re tlhatlhobeng tshupo ya gore seno ruri se ntse jalo.
9. (a) Fa Jesu a ne a re, “Yerusalema o tla katakwa,” o ne a lebisitse go “Yerusalema” ofe, mme ke eng seo se neng sa emelwa ke “Yerusalema” yoo? (b) Ke eng, ka mo go tsamaelanang, se tla diragalang fa go gatakiwa ga Jerusalema go sena go digelwa?
9 Fa a ne a lebisa go go gatakiwa ga ‘Jerusalema’ ke Baditshaba, Jesu o ne a akantse kafa Jerusalema wa pele wa selefatshe a neng a ntse ka gone pele ga go gatakiwa ga gagwe ke Baditshaba go simologa. Ene ka boene e ne e kile ya re go le pelenyana a re: “Se ikaneñ ka gopè; leha e le ka legodimo, ka e le setulō sa Modimo sa bogosi; . . . leha e le ka Yerusalema, ka e le motse oa Kgosi e kgolo.” (Mathaio 5:34, 35) Jalo, e ne ya re fa Baditshaba ba simolola go gataka Jerusalema ka go okamela lefatshe lotlhe ga bone, ba ne ba gataka Bogosi jwa Modimo jaaka fa bo ne bo emelwa ke motse wa segosi wa Jerusalema. Ka go tsamaelana he, kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditshaba fa go gatakwa ga seo Jerusalema a neng a se emela go sena go wediwa, Bogosi jwa Modimo bo ne jwa tlhomiwa sesha mo diatleng tsa setlogolwana sa segosi sa ga Kgosi Dafide, ebong Mesia.
10. (a) Ke mafoko afe go Esekiele a a neng a lebisiwa go kgosi ya bofelo ya gaa-bo Dafide? (b) Ke mang yo o neng a itshupa a na le “tshiamèlō” ya go busa, mme ke eng seo Modimo a neng a se mo direla?
10 Malebana le seno boperofeti jwa Esekiele 21:25-27, joo bo neng bo lebisitswe go kgosi ya bofelo ya gaa-bo Dafide, bo re: “Le wèna moikepi eo u tlhabilweñ loa go shwa, kgōsana ea Iseraela, eo lobaka loa gago lo tsileñ, mo motlheñ oa boikèpō yoa bokhutlō; Morèna Modimo o bua yana: a re, Tlosañ tlhoro, lo rolè serwalō: ga go ketla go tlhōla go nna yalo: goletsañ se se kwa tlhatse, kokobetsañ se se godileñ. Ke tla ribegetsa, ke ribegetsa, ke go ribegetsa: le gōna go mo ga go ketla go tlhōla go nna, go tsamaea go tla èna eo tshiamèlō ea gōna e leñ ea gagwè: me ke tla go mo naea.” Ene yoo “tshiamèlō” e leng ya gagwe go busa e ne ya itshupa fa e ne e se ope o sele fa e se Jesu Keresete, Setlogolwana sa ga Kgosi Dafide. Morago koo ka 33 C.E. go ne ga nna le Bajuda ba ba ka fetang 500 bao ba neng ba iponela ka matlho lebaka la gore Ene yo o ne a tsositswe ke Modimo mo letsatsing la gagwe la boraro Iwa boswela-tumelo.—1 Bakorintha 15:3-20.
Mesia o Ineela mo Metlheng ya Baditshaba
11. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a seka a leka go itira kgosi mo Jerusalema ka boene, mme kajalo o ne a raya molaodi Ponto Pilatwe a reng?
11 Lefa e le leng pele kana morago ga tsogo ya gagwe mo baswing Jesu Mesia a kileng a leka go itlhoma jaaka Kgosi mo Jerusalema wa selefatshe. O ne a seka a dira boiteko bope jwa go thankgola Ponto Pilatwe, yo ka nako eo e neng e le molaodi wa Juda le Jerusalema. Lengwe la mabaka a seno e ne e le gore “metlha ea Badichaba,” eo a neng a ile a bua ka yone go Luke 21:24, e ne e setse e ntse e tsweletse. Jalo o ne a ineela mo thulaganyong eo ya bomodimo. Ka go dumalana le seno, o ne a raya Pilatwe a re: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.”—Yohane 18:36.
12. Jaaka moithuti wa Dikwalo tsa Sehebera, Jesu o ne a itse gore Metlha ya Baditshaba e ne e ile ya simologa leng mme ka tiragalo efe, mme jaanong ke potso efe eo e tsogang malebana le “metlha” eo?
12 Jaaka moithuti wa Dikwalo tsa Sehebera tse di tlhotlheleditsweng, Jesu Mesia o ne a itse gore Metlha ya Baditshaba e ne e ile ya simologa pele ga Baroma ba thibelela mo Jerusalema le go tlhoma balaodi moo. O ne a itse gore e ne e ile ya simologa fa Jerusalema a ne a ruputlelediwa fa fatshe e le Iwantlha ka ngwaga wa 607 pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. Modimo o ne a ile a dirisa Kgosi Nebukadenesare wa Moditshaba wa Babelona, yo o neng a mmitsa “motlhanka oa me,” go thankgola Jerusalema le Juda. (Yeremia 43:10) Go okamela lefatshe ga Baditshaba go ne ga tswelela go ya go fitlha fela mo motlheng wa ga Jesu Mesia le go ya fela kwa nakong e e beilweng ya gore Metlha ya Baditshaba e wele. Go ya fela koo Bogosi jwa ga Mesia, Bogosi joo bo neng bo tshwanetse go sa nneng “yoa lehatshe yeno,” bo ne jwa tshwanelwa ke go letela. Jalo, fa go balwa go tloga ka 607 B.C.E., puso ya Baditshaba e ne e tla tsaya “metlha” e le kae?
13. Modimo o ne a supa ka eng go kgosi ya Babelona gore “metlha” eo e ne e tla nna kae, mme ka phelelo efe mo kgosing eo?
13 Jehofa Modimo o ne a kaya gore e ne e tla nna kae mo torong eo a neng a e romelela Nebukadenesare, yoo a neng a ile a mo dirisa jaaka “motlhanka” wa Gagwe. Lefa a ne a ile a dirisiwa go senya “motse oa Kgosi e kgolo,” ebong Jerusalema, mme gone, ka ntlha ya tirafatso ya toro mo go ene, Nebukadenesare o ne a tlamega go dumalana fa Jehofa e le “Mogodimodimo” le “Kgosi ea legodimo.” (Mathaio 5:35; Daniele 4:34, 37) Ka “motlhanka” yono wa gagwe, Modimo Mogodimodimo le Kgosi ya legodimo o ne a simolodisa “metlha ea Badichaba” ka 607 B.C.E.
14. Ponong ya ditiragalo tsa ntwa kwa Botlhaba Gare ka 1917, ke ditlhaloso dife tseo baruti ba ba herang bobedi ba neng ba di dira mo Maitlamong a bone a a neng a ntshiwa kwa Lontone?
14 Ka mo go kgatlhisang, boaphelong jwa 1917, ngwaga oo ka one Jerusalema wa segompieno yo o agilweng sesha a neng a gapiwa ke masole a Britani mo Ntweng ya Lefatshe I, baruti ba ba tlotlegang thata ba Ennyelane ba hera bobedi ba ne ba kopanela mmogo mo Lontone, mo Ennyelane, mme ba ntsha Maitlamo ao a neng a na le mafoko a supa a a tlhamaletseng, go akarediwa a a latelang:
“SA NTLHA. Gore dipharagobe tsa jaanong di supela bokhutlong iwa metlha ya Baditshaba. . . .
“SA BONE. Gore Iseraele o tla tsosolosediwa lefatsheng la gagwe kwantle ga tumelo, mme e re morago a sokololwe ke go nna gone ga ga Keresete kafa go ene.
“SA BOTLHANO. Gore maano otlhe a batho a tlhabololo e nne a a thusang go tla ga bobedi ga ga Morena wa rona, ka jaana merafe yotlhe e tla nna tlase ga puso ya gagwe.
“SA BOSUPA. Gore boammaaruri jo bo akareditsweng mo mafokong ano bo tla nna le tsholegelo-molemo e e senang pelaelo mo go tlhomamiseng sebopego sá Bokeresete le tiro go itebagantswe le mathata a a gatelelang a motlha oo.”
15. (a) Mo torong ya ga Nebukadenesare, ke eng seo se neng sa emelwa ke setlhare se se namileng? (b) Mo nakong ya fa Nebukadenesare a ntse a tsenwa, go ne go ntse jang ka bookamedi jwa lefatshe ka Mmuso-mogolo wa Babelona? (c) Bookamedi jwa lefatshe bo ne jwa tsweledisiwa jang morago ga gore Babelona a se tlhole a le mmuso-mogolo wa lefatshe?
15 Mo torong eo Jehofa Modimo a neng a e romelela “motlhanka” wa gagwe, ebong Kgosi Nebukadenesare, go ne ga nna le “metlha e shupa” eo e neng ya laolwa go tswa kwa legodimong. Eno e golagana jang le “metlha ea Badichaba” kana e tsamaelana jang le go baa e tshwana le yone? Ka tsela e e latelang: Mo torong ya boperofeti setlhare se se leeleleele se se neng se aname se tshwantshetsa bookamedi jwa lefatshe ka go sa lebaganye. Ka jaana ka nako ya toro Nebukadenesare, “motlhanka” wa ga Jehofa Modimo, o ne a na le thata e kgolo mo bookameding jwa lefatshe, setlhare se kopanngwa le ene ka sebele, mo go ka bolelwang gore setlhare se tshwantshetsa ene. A mme bookamedi jwa gagwe jwa lefatshe bo ne jwa rengwa fa a sena go tlelwa ke botsenwa le go sa nneng mo setilong sa bogosi sa mmusomogolo? A bookamedi jwa lefatshe ka Mmuso-mogolo wa Babelona bo ne jwa khutla? Nnya, mme bo ne jwa nna jwa dira go fltlhela a busediwa gape le ka go busa ga batlhatlhami ba gagwe, EfilaMerodake, Nabonidase le Beleshasare. Morago ga moo, bookamedi jwa lefatshe ka Baditshaba bo ne jwa tswelela ka go tlhomagana ga magosi a lefatshe, Mmuso-mogolo wa Peresia, Mmuso-mogolo wa Gerika, Mmuso-mogolo wa Roma, ga mmogo le letlhogela la one ebong maatla a Britani le Amerika.
16. Ke bookamedi jwa ga mang jwa lefatshe joo tota tota bo neng jwa rengwa mo tlhomaganong eno yotlhe ya magosi a lefatshe, mme ke “metlha” e le kae eo e neng e tshwanetse go feta sesipi sa setlhare seo sa tshwantshetso?
16 Mo lobakeng lono lotlhe lo loleele, ke bookamedi jwa ga mang jwa lefatshe, segolo jaaka joo bo emetsweng ke Jerusalema “motse oa Kgosi e kgolo,” jo tota tota bo neng jwa rengwa le go namalala foo? E ne e le jwa yoo Nebukadenesare a neng a mmitsa “Mogodimodimo” le “Kgosi ea legodimo,” Jehofa. Sesipi sa setlhare, seo se neng se bohilwe ka mohiri wa tshipi le kgotlho, se ne se emela bookamedi jwa gagwe jwa lefatshe jaaka fa bo ne bo kgaupeditswe ka nakwana. “Metlha e shupa” e ne e laotswe ke Jehofa Modimo gore e fete sesipi seo sa tshwantshetso.
17. (a) Mo boemong jwa “metlha e shupa,” ke jang palo e e rileng ya baranodi e kwalang ka gone tlhaloso ya Sehebera? (b) Go ka nna jang gore, le e leng morago ga fa Jerusalema a sena go agiwa sesha, o ne a nna a tswelela ka go gatakiwa ke Baditshaba?
17 Mo boemong jwa gore “metlha e shupa,” The Living Bible, Moffatt, Today’s English Version, le An American Translation, di dirisa tlhaloso “dingwaga tse supa.” Botsenwa jwa ga Nebukadenesare, gongwe e le boemo joo bo itseweng jaaka phapogo-tlhaloganyo, bo ne jwa mo tsaya dingwaga di supa. Fa a sena go tokafala o ne a dumela fa a fodisitswe ke Modimo, mme o ne a seka a busetsa batho ba Modimo kwa naga-gaeng ya bone. Jehofa Modimo o ne a laotse gore Jerusalema le lefatshe la Juda di fetse dingwaga tse 70 di ntse di swahetse. Jalo go gatakiwa ga Jerusalema ke Baditshaba go ne ga nna ga tswelela, le e leng morago ga fa Jerusalema a sena go agiwa sesha ke Bajuda ba ba buseditsweng ga bone go simologeng ka 537 B.C.E. Jang? Ka go bo ba ne ba tswelela ba ntse ba le taolong ya Baditshaba, go se setlogolwana sepe sa moralo wa segosi sa ga Dafide seo se neng se dutse mo setilong sa bogosi kwa Jerusalema jaaka kgosi e e ikemetseng. Jalo he go phepafetse gore mo kgannyeng ya ga Jehofa Modimo, “metlha e shupa” ke ya tshwantshetso, mme ka gone, e feta dingwaga tse supa ka boleele fa go balwa go tloga go 607 B.C.E.—Daniele 4:16, 23, 25, 32.
18. “Metlha e shupa” eo e ne ya lekana le bokae, ka tsela ya tshwantshetso, mme he e ne ya khutla leng?
18 Go bala nako ga Bibela ga seporofeti ke go re, ngwaga o o tletseng o balololwa jaaka o o lekanang le malatsi a le 360. Jalo ngwaga wa tshwantshetso, kana ‘motlha,’ o ne o tla lekana le dingwaga tse di tlwaelegileng tse 360. “Metlha” e supa ya tshwantshetso, kana “dingwaga,” ka gone he e tla nna 7 x 360, kana dingwaga tse 2 520. Fa go balwa go tloga go ngwaga wa 607 B.C.E., fa Jerusalema, “motse oa Kgosi e kgolo,” a ne a senngwa ke “motlhanka” wa ga Jehofa, ebong Nebukadenesare, mme ka gone go simologa go gatakiwa ga Jerusalema ke Baditshaba, dingwaga tse 2 520 tseo di ne di tla khutla mo letlhabuleng la ngwaga wa 1914 wa Motlha o o Tlwaelegileng wa rona.
19. (a) Ke jang ngwaga wa 1914 o neng wa tshwaiwa ka gone mo lefatsheng? (b) Ke eng seo “Kgosi ea legodimo” e neng e tshwanetse go se dira mo ngwageng eo mo lefelong la bonno jwa gagwe?
19 Mo lefatsheng, ngwaga oo o ne wa tshwaiwa ke go tlhagoga ga Ntwa ya Lefatshe I mo kganetsanong ya bookamedi jwa lefatshe. Lefa go ntse jalo, kwa bonnong jwa “Kgosi ea legodimo,” e ne e le nako ya gagwe ya go bontsha gore “Mogodimodimo o busa mo bogosing jwa batho, le go bo naya mongwe le mongwe yo o Mo ratang.” (Daniele 4:22, 29, JP) Jaanong e ne e le nako ya gagwe ya “go tla ga ene yo o nang le tshwanelo ya gone” le ya Mogodimodimo go “go mo naea.” (Esekiele 21:30-32, JP; Esk 21:25-27, Bibela e e Boitshëpō) Ene yoo e ne e le Mesia yo o galaleditsweng, ene yo Kgosi ya legodimo a neng a mo itshenkela go nna Morwawe wa semoya, ebong, Jesu Keresete, yo o neng a tsoseditswe botshelong kwa legodimong. (Pesalema 2:1-7) Eo e ne e le nako ya gore Kgosi ya legodimo e mo reye e re: “A go busè wèna mo gare ga baba ba gago.” (Pesalema 110:1, 2) Seno ruri se ne se raya gore “metlha ea Badichaba” ruri e ne e fedile.
[Mokwalo o ko tlase]
a Elatlhoko, mo go Genesise 14:1, lereo le le reng “Tidale kgosi ya Goima.” [The Holy Scriptures [1952], The Jewish Publication Society of America) Authorized Version e e kwala ka go re: “Tidale kgosi ya merafe.” Ka tiriso ya lefoko Goima, bona gape le Genesise 14:9; Yoshue 12:23. Tlhokomela gape le The Jerusalem Bible.
A O KaAraba?
□ Ke eng seo se neng sa bonala ekete se khutlile jaanong fa Bajuda ba ne ba tsaya Jerusalema wa selefatshe ka 1967, a mme seno se ne sa fedisa go ‘katakiwa’ ga “Yerusalema” ke Baditšhaba?
□ “Metlha ea Badichaba” e ne ya simologa leng, mme ka tiragalo efe?
□ Go kgonwa go bonwa jang gore Mettha ya Baditšhaba e tla tsaya dingwaga tse 2 520, kana go fltlhela ka 1914 C.E.?
□ Ke eng seo se emelwang ke setlhare sa boperofeti jwa ga Danieie se se namlleng, mme botlhokwa jwa go bo se remilwe mme se bo se gola gape ke bofe?