A Modimo O Amega ka Balwala-Tlhaloganyo?
FLORENCE e ne e le lekgarejwana la maratwa-go-lejwa. O ne a sa tswa go simolola tsela e e kgatlhisang ya botshelo jaaka mmapatsa-moaparo fa ka tshoganetso a ne a tlhaselwa ke bolwetse jwa tlhaloganyo. O ne a hutsafala fela thatathata mme a itswalelela mo legaeng la batsadi ba gagwe. Ereka a ne a latlhegetswe ke boipelo mo botshelong jwa gagwe, o ne a leseletsa tebego ya gagwe gotlhelele. Kwa bofelong, o ne a rulaganyetsa go ipolaya.
Florence ga a nosi. Matlhotlhapelo a a tshwanang a ama batho mo godimo ga lefatshe lotlhe. Tota, go sa itekanelang ga tlhaloganyo ke bongwe jwa matlhoko a a tlwaelegileng thata gompieno. Modimo o ikutlwa jang ka balwala-tlhaloganyo? A eleruri o amega ka bone?
Bangwe ba itlhaganelela go dumela gore Modimo o dirisana fela le batho bao ba tsewang ba itekanetse mo tlhaloganyong. Bangwe ba akanya le eleng gore bolwetse jwa tlhaloganyo ke kotlhao eo ka tlhamalalo e tswang Modimong. A mme Modimo o tshwanetse go pegwa molato? Seo tota se tsalang bolwetse jwa tlhaloganyo ke eng?
Motswedi wa Tota
Mo nakong e e fetileng go ne go tlwaelegile go dumela gore mo e ka nnang go sa tsogeng sentle gotlhe ga tlhaloganyo go ne go tswa maatleng a a kwa godimo, ebile bangwe ba ikutlwa gore eno ke pono ya Bibela ka go sa itekaneleng ga tlhaloganyo kana botsenwa. Go boammaaruri gore, Bibela e re bolelela ka ditiragalo dingwe tsa batho ba ba neng ba tsenwe ke mewa e e boikepo e e sa bonaleng, mme seno legale ga se ree gore e nyalanya mefuta yotlhe ya go sa itekaneleng sentle ga tlhaloganyo jaaka mo go tswang bodimoneng.
Legale, go tshwanetse ga gakologelwa gore, Bibela ga se buka ya bongaka e e tlhalosang gore matlhoko otlhe a tsalwa ke eng. Lefa go le jalo e tlhalosa gore ke eng se se tsalang malwetse a setho otlhe, a tlhaloganyo le a mmele. E bontsha gore re tlhaselwa ke bosaitekanelang jo bo felelang ka loso lo lo neng lwa fetisediwa mo lotsong lwa setho ke rraarona mogolo yo o leofileng ebong Adame. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa: “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Seno se raya gore setlogolwana sengwe le sengwe sa ga Adame ga se a itekanela mme he ka selekanyo se se rileng ba na le bogole bongwe mo tlhaloganyong le mo mmeleng. Ka gone, go sa tseyeng sentle ga tlhaloganyo ke fela dibopego tse di feteletseng tsa bokoa jo re bo ruileng jo rotlhe re nang le jone.a
Dipaakanyetso tsa Modimo ka Balwala-tlhaloganyo
Gore Modimo o amega ka bao ba lwalang tlhaloganyo go bonwa mo dipaakanyetsong tse a di dirileng. Sa ntlha, o baya boikarabelo jwa go ba tlhokomela godimo ga ba-losika ba ba atamelaneng le bone. Re bala jaana mo go 1 Timotheo 5:8: “Me ha moñwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.” Go ntse fela jalo le ka maloko a lelapa a a lwalang.
Seno se raya gore banyalani ba na le maikarabelo a a ntseng jalo mongwe go yo mongwe. Mosadi wa Mokeresete yo o neng a ikemisetsa go tlhokomela monna wa gagwe kwa lapeng fa a sena go tlhaselwa ke bolwetse jo bo maswe jwa tlhaloganyo o ne a akgela ka gore: “O nyaletse monate le bosula, a ga go jalo?” O ne a mo tlhokomela ka lorato ka dingwaga go fitlhelela aa swa.
Ka mo go tshwanang, Modimo o tlhoma boikarabelo godimo ga batsadi go tlhokomela bana ba bone ba ba lwalang. Batsadi ba ka tswa ba ile ba fetisetsa bogole jwa dibopa-popego mo go bone. Banyalani ba Sweden bao ngwana wa bone wa dingwaga tse tharo o neng a tsalwa ka bogole jo bo sa alafesegeng jwa dilaola-bong jo bo neng jwa dira gore a se gole ba ne ba re: “Ke ngwana wa rona. Re mo tsisitse mo lefatsheng. Re ka se akanye ka go mo neela mongwe o sele. Re mo rata fela thata. Re batla go mo thusa gore a itirele sengwe se se botoka thata thata mo botshelong jwa gagwe. Ke namane e tona ya tiro, mme eleruri o dira tswelelo pele, mme seo se a re itumedisa.”
Se se tshwanang se boammaaruri fa batsadi ba mongwe ba tlhoka thuso. Lefoko la Modimo le bontsha gore bana ba ba godileng le bone ba na le boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi ba bone ba ba godileng ebile ba golafetse, go akareletsa le bao ba sa tlholeng ba itekanetse sentle-ntle mo tlhaloganyong.—1 Timotheo 5:4.
Legale, go ka nna ga nna le maemo ao a go dirang go re go se nne botlhale go tlhokomelela motho yo o lwalang tlhaloganyo mo lapeng. O ka nna a nna a bo a le bodiphatsa go ene ka boene kana go ba bangwe, o ka tswa a tlhoka kalafi e e kgethegileng kana tlhokomelo ya ka metlha ya tsa botlhalefi, kana o ka tswa gotlhelele a sa ikemisetsa go nna mo lapeng. Go mo tlhokomelela mo lapeng le gone gongwe go ka nna morwalo o motona fela thata mo malokong a mangwe a lelapa, go ama fela thata botsogo jwa bone le molemo. Mme fa e le gore maemo a a ntseng jalo ga a gone, lefelo le le molemolemo go mo tlhokomelela teng e ka nna mo lapeng, koo thulaganyo ya lelapa eo e tlhomilweng ke Modimo ka lorato e ka nnang ya tlatseletsa fela sentle mo go reng motho a nne botoka mo a ka felelang a fodile.
Kafa Lefoko la Modimo Le Thusang
Paakanyetso ya Modimo e e ka dirisiwang fa go tlhokomelwa batho ba ba tshwenyegileng mo tlhaloganyong ke go ba thusa go bona kitso e e tswang mo Bibeleng. Dikai di bontsha gore batho ba ba tshwenyegileng mo tlhaloganyong ba ile ba gololwa mo tlalelong le khikhia-nong e ntsi, mme ebile ka dinako tse dingwe ba ile ba bo fodisiwa, ka gore go akanya ga bone go fetolwe ka kitso ya Lefoko la Modimo. Goreng go le jalo? Segolo bogolo ka go bo Bibela e le buka e e baakanyetsang ka kaelo ya semoya le go tsenya tsholofelo mo mothong. (Baroma 15:4, 13) Tsholofelo e botlhokwa fela thata segolo bogolo mo bathong ba ba hutsafetseng. Mme moya wa Modimo, ga mmogo le tsholofelo e e tiileng, di ka thusa motho yo o tlhakanyeng tlhogo go retolola megopolo ya gagwe le go simolola ditsela tse di phepa.
Ka gone, thuto ya ka metlha ya Bibela gantsi e e itshupile e le mosola. Mogopolo o o fapogang tsela e e tlwaelegileng ya tlholego ya go akanya o tlhoka go retololwa, fela jaaka go ntse ka sesupa-nako se se nnang se tsamaya ka bonya kana se taboga thata. Sesupa-nako seo se ka nna sa tswelela se ntse se le mosola fa fela se ka nna ka metlha se bewa mo nakong ka sesupa-nako se sengwe se se siameng. Ka go dirisa Bibela Jehofa Modimo o baakanyeditse setho ka “sesupa-nako se se siameng,” tekanyetso ya go akanya ka tshwanelo. Fa motho yo o tshwenyegileng mo tlhaloganyong a thusiwa ka metlha go dirisa paakanyetso eno e e molemo, go tlisa kgomotso, tumelo le tsholofelo mo tlhaloganyong e e dubegileng ya motho yoo.
Seo ke sone se se neng sa diragalela Florence, lekgarejwana le le neng la umakiwa kwa tshimologong ya setlhogo seno. Mosadi mongwe go tswa mo phuthegong ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa o ne a etela batsadi ba gagwe mme a rulaganyetsa go tshwara thuto ya beke le beke ya Bibela le ene. Mosupi a re: “Kwa tshimologong o ne a le ditlhong le go garoga-garoga pelo fela mme o ne a tle a ragogele kwa ntle mme a lele. Mme ka iketlo, jaaka a ne a ntse a bapala kitso ya Bibela, o ne a nna le kakanyetso-dilo. Kgabagare, ka mo tlwaetsa batho ba bangwe bao ke neng ka ba laleletsa go nna gone thutong le nna, mme kwa bofelong, e le lekgetlo la ntlha mo dingwageng tse dintsi, o ne a ka tswa mo lapeng a tsamaya le nna kwa pokanong. Florence jaanong o tshela botshelo jwa gale fela. O nyetswe, o na le bananyana ba babedi ebile ka boene o tsamaisa dithuto tsa Bibela le ba bangwe. O ne a akgela jaana ka boene: ‘Ke ka bo ke se ka ka kgona kwantle go boammaaruri le tsholofelo e e tswang mo Bibeleng.’”
Maatla a Thapelo
Go rapela ka metlha le motho yo o tshwenyegileng mo tlhaloganyong ka go tshwana go ka nna ga thusa go ritibatsa mogopolo o o tlhakatlhakanyeng. Paakanyetso eno ya Modimo e ka direla jaaka kgoro e e babalesegileng eo ka yone go ka ntshiwang dikakanyo tse di tlaletsweng. Moaposetoloi Petere o ne a kopanya go nna “maikutlō a a itekanetseñ” le go nna re “ineèla mo thapeloñ.” (1 Petere 4:7) Modimo o ka fitlhelelwa nako nngwe le nngwe ka thapelo, motshegare kana bosigo. Ebile o re laleletsa go mo lopa “[dilo] cotlhe,” seo gape se akareletsang mathata a tlhaloganyo.—Bafilipi 4:6.
Maatla a matswela a thapelo a ka bonwa mo sekaing se se latelang: Monna mongwe yo o nyetseng mo Belgium o ne a tlhaselwa ke matshwenyego a tlhaloganyo a a botlhoko fa e sale go tswa bonyaneng jwa gagwe. O ne a amogela thuto ya Bibela ka Basupi ba ga Jehofa mme o kwadile ka gore:
“Fa fela ke sena go utlwisisa gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri, ke ne ka mo rapela, ke mo kopa gore a nthuse go fetoga ka go bo ke ne ka lemoga gore boitshwaro jwa me e ne e le jwa tlholego fela. Go tla go fitlheng nako eo go ne go se kalafi epe ya dingaka tsa balwala tlhaloganyo e e neng ya thusa, go sa kgathalege go bo ke ne ka nna kafa tlase ga tlhokomelo ya dingaka mo sepateleng makgetlo a le mararo ebile ke ne ka tlhatlhobiwa tlhaloganyo ka mefuta yotlhe ya ditekeletso. Ke ne ka akanya gore ke gane kalafi, ka ke ne ke lemoga go tlhoka go bereka ga yone, mme ke eng se se neng se tla e tseela sebaka?
“Ka bofefo fela ke sena go tlogela go nwa diokobatsi, kgagamalo ya ditshika tsa me e ne ya nna maswe mo e leng gore ke ne ka palelwa le eleng ke go tšhotlha dijo. Ke ne ka kokotlelela Jehofa makgetlo a le mantsi letsatsi le letsatsi mme nako nngwe le nngwe ke ne ke utlwa ke tlelwa ke kagiso. Megopolo ya Bibela e e neng ya tla mo tlhaloganyong ya me le yone gape e ne ya nthusa fela thata. Lwantlha, seno se ne se tsaya lobaka lo lo khutshwane, mme ke ne ka itshoka. Ke ne ka lemoga gore moya wa Modimo o ne o mpaakanyetsa kgoro ya botso. Ka iketlo ka iketlo, jaaka dibeke, le dikgwedi le dingwaga di ne di feta, dikhikhiano di ne tsa fela ka bogolo le mahehe a tsone. Tlhabano e ne ya fenngwa! Ke ka tlhomamisa gore gompieno ke tshela botshelo fela jo bo itekanetseng, ke kgona go sikara maikarabelo a me le go tlhagolela botho jwa Bokeresete. Se se molemo se ke ka se dirang ke gore ke kgothatse botlhe bao ba nang le mathata a a tshwanang go retologela go Modimo wa rona, Jehofa, go ikamogelela thuso.”
Tlhokomelo e e Neelwang ke Phuthego ya Bokeresete
Go sa ntse go na le tsela e nngwe eo ka yone Jehofa Modimo a bontshang tlhokomelo ya gagwe ka balwala-tlhaloganyo, mme seo o se dira ka phuthego ya Bokeresete. Modimo fano o rulagantse mo go yone gore bagolwane ba etelele pele. Ba lekela go latela kgakololo e e reng: “Nametsañ ba ba lapañ pelo, pepetletsañ ba ba bokōa, lo nnè pelotelele mo go botlhe.” (1 Bathesalonia 5:14) Go ithuta ga bone Lefoko la Modimo ka dingwaga le boitemogelo jwa mmatota mo go dirisaneng le mathata di dirile bagolwane ba Bakeresete gore ba tshwanelegele go thusa batho ba mefuta yotlhe bao ba tlang kwa go bone. Ba bontsha kgatlhego ya sebele, ba reetsa ka pelotelele sotlhe se motho yo o tshwenyegileng a nang le go se bua. Bagolwane ba Bakeresete ba lemoga botlhokwa jwa go leka go tlhaloganya go na le go nna bofefo go atlhola motho kana go nyatsa botlhokwa jwa maikutlo a gagwe. Go sa kgathalege ditlhaelo le makoa a bone, bagolwane ba leka ka bojotlhe go gomotsa le go thusa. Monna yole wa Belgium o ne a bolela jaana a sena go tokafala: “Ke tshwanetse ka gatelela lorato lo lo neng lwa bontshiwa ke bagolwane bao, lefa ba ne ba sa tlhaloganye boemo, ba ne ba le teng ka metlha go ntshegetsa ga mmogo le lelapa la me.”
Bagolwane gape ba batla go thusa batho ba ba tshwenyegileng go nna gone dipokanong tsa phuthego ya Bokeresete. Ereka di tshwarelwa tlase ga maemo a a kagiso le moya o o ritibetseng, dipokano tse di ntseng jalo di baakanyetsa ka bokopano jwa mmatota le boemo jo bo nolofatsang go botlhe bao ba ba ikemiseditseng go solegelwa molemo ke tsone.
Go Tweng Ka A A sa Foleng
Go phepafetse gore, ga se bolwetse bongwe le bongwe jwa tlhaloganyo jo bo ka fodisiwang ka dipaakanyetso tseno tse di umakilweng fa. Lefa go le jalo, boitemogelo bo bontshitse gore batho ba bantsi ba ba tshwenyegileng mo tlhaloganyong kana mo boikutlong ba ile ba tokafala kana bobotlana ba ile ba bona kgololo e e rileng ka ntlha ya tsone. Legale, go na le ao a leng maswe fela thata mo eleng gore motho yo o kopanyelediwang a ka se tlhaloganye kitso ya Bibela le dilo tsa semoya. Mme le e leng tlaseng ga maemo a a ntseng jalo, go ile ga nna le kgololo e e rileng ka ntlha ya go letlelela motho gore a nne mo boemong jwa lorato le tshireletsego.
Maemo a mangwe a ka lebega a tlhobosegile ebile a le thata go itshokelwa. Seno ga se ree gore Modimo ga o na sepe. Mabapi le puso ya Bogosi jwa Kgosi ya Bomesia, go ne ga bolelwa jaana ka boperofeti: “O tla golola motlhoki mogañ o lelañ; le mohumanegi eo o senañ mothusi. O tla tlhomogèla bahumanegi le batlhoki pelo; me meōea ea batlhoki o tla e boloka.”—Pesalema 72:1, 12, 13.
Ereka re lebeletse kgololo ya go ya go ile, Modimo o dumeletse boemo jono jo bo sa itekanelang jwa setho go nna gone ka lobaka lo lo rileng lwa nako. Mme eseng ka bosenang bokhutlo! Dikwalo di re tlhomamisetsa gore maemo otlhe a a sa jeseng monate a karolo ya botshelo jwa motho a tla nyelelela ruri fa puso ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo e tla bo e tseela puso ya ga Satane sebaka ka puso ya bomodimo ya selefatshe.—Daniele 2:34, 44; Tshenolō 21:4.
Ee, gautshwane jaana Jehofa Modimo o tla tlosa mabaka a a tsalang go tshwenyega gotlhe ga setho, ka bobedi mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Eleruri o a amega.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona puisano e e tletseng, tswee-tswee bona Awake! ya April 22, 1975.