Batho Ba Ba Tshelang ba Tumelo Ba Ba Se Ketlang Baa Swa
1, 2. Barati ba ba dimilione ba Morena Modimo, Jehofa, ga ba kgatlhegele go ya kae go ipelela botshelo jo bo sa khutleng teng, mme ke mafoko afe a ga Jesu Keresete kaga go tshela fela ba sa swe a ba a gakologelwang?
GO NA LE dikete-kete tsa dimilione tsa batho ba ba tshelang mo lefatsheng gompieno. Dimilione tsa bano jaanong ba ithuta ka sebaka se se gakgamatsang sa go tswelela ba tshela kwantle go go swa gotlhelele mo go lone. Bontsi jwa bano ba ka tswa ba gakologelwa sefela sa bodumedi sa bogologolo, “O tshwanetse go nna morati wa Morena, e seng jalo o ka se ye legodimong fa o swa.” Mme go na le dimilione tse di tshelang tsa barati ba Morena Modimo, Jehofa Modimo, bao ba sa batleng go ya kwa legodimong gotlhelele. Tsholofelo ya bone e ba e neilweng ke Modimo ke ya go tsosolosiwa ga Paradaise mo lefatsheng leno le go atolosiwa ga yone go khurumetsa kgolokwe yotlhe. Koo ke gone koo ba batlang go tshelela ruri teng, mo boitekanelong jwa setho, tlase ga goromente wa tshiamo wa selegodimo. (Luke 23:43) Ba gakologelwa mafoko a ga Jesu Keresete a a gakgamatsang, ao a neng a lebisiwa go Maratha, yoo a neng a le gautshwane le go tsosa mogolowe e leng Lasaro mo baswing. Mafoko ano ke a a tlhokang kakanyetso e e masisi ya mongwe le mongwe yo o tshelang gompieno. Mafoko ao ke ano:
2 “Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.”—Yohane 11:26.
3. Ke polelo efe e e neng ya neelwa ka Tlhakole 24, 1918 mabapi le botshelo jwa setho jo bo se ketlang bo kgaupediwa, mme ke ditiragalo dife tse dingwe mo ngwageng oo tse di neng tsa kgaupetsa go neelwa gape ga polelo eo?
3 Banna le basadi ba lekgolo leno la dingwaga la bo-20 ba ne ba tsitsibosediwa tsholofelong eno e e gakgamatsang ka Sontaga, Tlhakole 24, 1918, mo Los Angeles, mo California, kwa U.S.A. E ne ya re koo lekgetlo la ntlha mookamedi wa nako eo wa Watch Tower Bible and Tract Society a neela puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Lefatshe le Ile Bokhutlong . . . Didikadike Tse ga Jaanong di Tshelang ga di Ketla di Swa.”a Seno e ne e le ka nako eo Ntwa ya Lefatshe I, eo e neng e gapile le United States of America, e neng e le gaufi le go fela ga yone. Go neelwa gape ga thuto eo ya Bibela e e sa lebalesegeng go ne ga kgaupediwa, segolo bogolo fa e ne ya re ka bofefo fela moragonyana ga foo, ka Motsheganong 8, 1918, mookamedi wa Watch Tower Society le bangwe-ka-ene ba supa kwa ntlong-kgolo kwa Brooklyn, mo New York, ba neng ba tshwarwa. Pelenyana, ka Tlhakole 12, 1918, goromente wa Canada o ne a thibetse buka ya Mokgatlho ya bosheng ya The Finished Mystery, ga mmogo le dipampitshana tsa mahala tsa Mokgatlho tsa setlhogo se se reng Bible Students Monthly. Ka Mopitlo 14 goromente wa United States o ne a dira se se tshwanang mme a thibela The Finished Mystery le tokololo e e amanang le yone ya Bible Students Monthly, dikgatiso tseno di ne di saennwe ke mookamedi wa Mokgatlho. Ka jalo ka Seetebosigo 21, morago ga dibeke ba ntse ba sekisiwa, kgotla ya ditsheko ya United States e ne ya atlholela kgolegelo ka lobaka lo lo leele mo Federal Penitentiary kwa Atlanta, Georgia, mookamedi wa Mokgatlho, mokwaledi ebile e le ramatlotlo wa teng, bakwadi ba babedi ba The Finished Mystery, maloko a mangwe a mararo a babereki ba kwa ntlong-kgolo ya Brooklyn le moranodi wa Mokgatlho wa Montadiana. Ka Phukwi 4, 1918, botlhe ka boroba bobedi jwa bone ba ne ba fudusiwa mo Brooklyn, New York, go ya kwa Federal Penitentiary mo Atlanta, Georgia, fa Ntwa ya Lefatshe I e ntse e gaketse.
4. Fa re bua ka tsela ya semoya, ke jang masalela a batho ba ga Jehofa mo lefatsheng a neng a nna jaaka a a suleng, mme go ne ga diragalang ka tsholofelo ya bone ya selegodimo?
4 Pele ga mariga a a latelang Mokgatlho o ne wa tlamega go fuduga go tswa Brooklyn, mo New York, go boela kwa Pittsburgh, mo Pennsylvania, go ya ka Kitsiso ya Phuduso e e neng ya gatisiwa mo tokololong ya makasine wa Tora ya Tebelo wa October 1, 1918 mo tsebeng ya 290. Go kgabaganya lefatshe maloko a manana a diphuthego tsa International Bible Students ba ne ba kabelwa mo dikampeng tsa sesole, kana le eleng mo dikgolegelong. Fa re bua kafa semoeng, batho ba ga Jehofa ba ba ineetseng le go kolobediwa, ba ne ba nna jaaka ekete ba sule, segolo bogolo fa re tla mo goreng ba rere Efangele ka bopelokgale, kana mafoko a a molemo. Ba ne ba ikutlwa jaaka ekete ba ne ba tsile bokhutlong jwa tiro ya bone ya selefatshe, mme le gore ba tla tloga ba bona kgalaletso ya bone ya selegodimo. Mme go ne go se jalo, ka go bo mo kgweding ya Mosetlha go ne ga saenelwa peo-marumofatshe ke merafe e e neng e tseneletse ntwa ya lefatshe, kagiso e ne ya nna gone, mme bonang! masalela a baobamedi ba ga Jehofa e ne e le bano ba sa ntse ba ntse ba tshela mo lefatsheng le le golafaditsweng ke ntwa.
5. Go tsidifala ga bone semoyeng go ne go tshwana le ga bomang ka nako ya botshwarwa jo bo leele, mme Lefoko la Modimo le ne le boleletse pele eng mabapi le bone?
5 Go tweng he jaanong? Mme kana, Lefoko la ga Jehofa la boperofeti le ne le boleleletse pele gore basupi ba gagwe ba go neng go lebega ekete ba sule ba ne ba tla tsosolosediwa tirong ya botshelo jo bo ntšhafaditsweng mo tirelong ya gagwe ya segosi mo lefatsheng. E ne ya re ka nako ya thulano ya lefatshe ya ntlha boemo jwa bone jwa semoya jwa nna jaaka joo bo neng jwa itemogelwa ke Baiseraele morago ga gore motse-mogolo wa bone wa morafe, Jerusalema, o senngwe ke masole a ntwa a Babelona ka 607 B.C.E. le go isiwa botshwarwa kwa kgakala kwa Babelona, go ya go nna koo ba tsidifetse semoeng dingwaga tse 70.
6. Moperofeti Esekiele o ne a dirisiwa jang go bolela setshwantsho sa boperofeti sa go tsosolosiwa ga morafe wa Juda le go tsosolosediwa ga one kobamelong mo lefatsheng la one?
6 Boemo joo jwa dikgang jwa Iseraele wa bogologolo ka 607-537 B.C.E. bo ne jwa lebisiwa ke moperofeti wa ga Jehofa Esekiele, yo ka boene a neng a le kwa botshwarweng kwa Babelona. Mo go e nngwe ya diponatshegelo tsa gagwe o ne a bona naga e e sekaka e tletse marapo a a omeletseng. O ne a bolelelwa gore one marapo ano a a gasagasameng a ne a tshwantshetsa ntlo yotlhe ya Iseraele mo boemong jwa gagwe a le kwa botshwarweng. E ne ya re fa ka go utlwa taolo ya Modimo, Esekiele a perofesa kaga marapo ao a a gasameng, a iphutha go nna marapo a mebele ya batho, mme marapo a a mebele ya batho a apesiwa ka nama. Kgabagare, mohemo wa tsena mo go one, mme mebele eo ya ema ka dinao e tlhamaletse. (Esekiele, kgaolo 37) Mo tiragatsong e e tshwanang ya boperofeti jono, seno se ne se tshwantshetsa kafa Baiseraele ba neng ba tla gololwa ka gone kwa Babelona fa a sena go wa, mme ba ne ba tla boa ba tshela gape jaaka morafe, ba obamela Modimo wa bone o o boutlwelo botlhoko gape gape mo tempeleng e e agilweng sesha mo motseng mogolo wa bone wa morafe o o tsosolositsweng gape, Jerusalema.
7. Ke eng se se tshwanang le go tsosiwa moo ga morafe se se neng sa bolelelwa-pele mo go Tshenolō 11:3-13?
7 Makgolo a dingwaga morago ga go tsosiwa moo ga bomorafe, sengwe se se tshwanang le seo se ne sa bolelelwa pele ka puo ya tshwantshetso, mo go Tshenolō 11:3-13:
“Me ke tla naea bashupi ba me ba babedi taolō, me ba tla bolèla ka malatsi a le thousanda a le moñwe, le makgolo mabedi, le mashomè marataro, ba apere letsela ya kgetse. . . . Me e tla re ba sena go wetsa chupō ea bōnè, sebatana se se tlhatlogañ mo moletiñ o o senañ bolekeleco, se tla ba tlhasèla, se ba henya, se ba bolaea. Me ditoto tsa bōnè di tla namalala mo mmileñ oa motse o mogolo, . . . Me moragō ga malatsi a mararo a a nañ le ntlha e ñwe ea letsatsi, mōea oa botshelō o o cwañ Modimoñ oa tsèna mo go bōnè, me ba èma ka dinaō; me poihō e kgolo ea wèla ba ba ba bōnañ. Me ba utlwa lencwe ye legolo ye le cwañ legodimoñ le ba raea, le re, Tlhatlogèlañ kwano. Me ba tlhatlogèla kwa legodimoñ ba le mo leruñ; me baba ba bōnè ba ba bōna. Me ea re mo nakoñ euō ga nna thoromō e kgolo ea lehatshe.”
8, 9. (a) Ke leng mo metlheng ya segompieno, pitso e e tshwanang ya go tsena mo tirong e neng ya tla mo bathong ba Modimo ba ba neng ba sule semoeng? (b) Piletso ya boperofeti ya go tsena mo tirong e ne ya buiwa ka puo efe ya tshwantshetso mo go Isaia 26:19?
8 Se se tshwanang le seo, piletso ya tiro ya morago ga ntwa e ne e tshwanetse go tla go masalela a a suleng semoeng a batho ba ba ineetseng ba ga Jehofa, go direla jaaka basupi ba gagwe ba ba bonwang ke baagi botlhe ba lefatshe. Mo ngwageng ya ntlha ya morago ga ntwa ya 1919 pitso e e ntseng jalo e ne ya tla go bone, morago ga gore ba lemoge gore Jehofa o ne a ba tlogela mo lefatsheng ba ntse ba tshela mo nameng ka ntlha ya boikaelelo jo bo botlhokwa fela thata. Ba ne ba tlhaloganya ka botlalo gore kwantle go thuso ya gagwe ba ne ba ka se fitlhelele sepe ka nako ya fa ba ne ba santse ba tla nama ba le mo lefatsheng le le letlhoo. (Isaia 26:18) E ne ya re fa nako e ntse e ya ba bona tlhomamisetso le taolo e e tswang go Modimo Mothatayotlhe jaaka e boleletswe pele go Isaia 26:19, koo mafoko a boperofeti ao a neng a boloketswe go ba solegela molemo a reng:
9 “Bashwi ba gago ba tla tshela: ditoto tsa me di tla coga. Cogañ lo èmè, lo ōpèlè, lona ba lo agileñ mo loroleñ: gonne monyō oa gago o nntse yaka monyō oa merōgō, me lehatshe le tla tlhatsa bashwi ba yeōna.”
10. Ka mafoko a a ntseng jalo Jehofa o dirisa puo e e tshwanelang paka efe, mme ke ka ntlha yang fa puo e ne e tshwanela?
10 Ka mafoko a a ntseng jalo Jehofa o adima kana o dirisa puo e e tshwanelang nako ya tsogo ya mmatota ya setho se se suleng se se rekolotsweng tlase ga Bogosi jwa selegodimo mo diatleng tsa Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng mo setulong sa bogosi, Jesu Keresete, Morekolodi. Fela jaaka Baiseraele ba bogologolo bao ba neng ba kobiwa mo lefatsheng la bone la go tshela jaaka morafe mme, fa re bua kafa moeng, ba ne ba fitlhilwe dingwaga tse 70 mo Babelona, ka jalo masalela a segompieno a Baiseraele ba semoya ba ne ba gomagomediwa ka go nyelelediwa ruri ka dingwaga tsa 1914-1918. Bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe I ka 1918 bo ne jwa ba tlogela jaaka “ditoto” mo diatleng tsa ga Jehofa, fa re bua ka semoya.
11. (a) Ke mang fela yo o neng a kgona go dira botsalo jwa semoya gape, mme go ya tšhafalong e e tshwanang le sejalo sa mofuta ofe? (b) E ne e le nako ya pitso efe go ya go batho ba ga Jehofa?
11 Jaaka Monei Botshelo yo Mogolo, Jehofa o ne a tla tlhomamisega gore “bashwi” bao ba ne ba tla tshela gape jaaka basupi ba gagwe ba ba tloditsweng. O ne a ka ba tsosa. Ereka jaana dipaka tsa morago ga motlha wa ntwa di ne di bulegile, e ne e sa tlhole e le nako ya bone ya gore ba hutsafale mme ba tshwane le batho ba ba suleng, jaaka ba “lo agileñ mo loroleñ.” E ne e le nako ya ga Jehofa e e ka se tlosolosweng ya go ba tsosetsa botshelong jwa semoya le go opela ka boipelo ka go bo ba tshela ba bile ba le tirelong ya gagwe. (Pesalema 126) Mo boemong jwa gore ba omelele jaaka ditoto tse di suleng, jaaka ba ba agileng mo loroleng, ba ne ba tshwanetse go nna le monyo wa botshelo, jaaka ekete ba ne ba tlhapisiwa ka letlotlo la monyo wa merogo. Kurose yo Mogolwane, Jesu Keresete, o ne jaanong a busa go tswa magodimong, mme e bile e ne e le nako e e tshwanetseng ya ga Jehofa ya go ba golola go tswa botshwarong jwa loso jwa lefatshe la Babelona. Boemo jwa bone jwa botshwaro, jaaka lefatshe la Babelona leo go lone Baiseraele ba bogologolo ba neng ba le botshwarong teng, le ne le sa tshwanela go ba kganelela mo go sa tshikinyegeng jaaka ba ba suleng; e ne e le nako ya gore ba gololelwe botsalo jwa semoya gape, ka bopelokgale le kgono ya go tswa mo Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Mokgosi o o neng o lebagane sentle le nako wa Modimo e ne e le, “Cwañ mo go èna, lona batho ba me.” (Tshenolō 18:4) Ka go bontsha kutlo ka bofefo ba ne ba tila go sa tlhole ba latofadiwa ke Jehofa ka go ineela go Babelona o Mogolo le ditsala tsa gagwe tsa lefatshe.
12. (a) Batho ba ga Jehofa ba ne ba tla iphitlhela katlholo ya bomodimo jang, mme ka lobaka lo lo kae? (b) Ke go bewa pepeneneng gofe ga Babelona o Mogolo he mo go neng go tla nna teng, mme ka tshekelo efe?
12 Isaia 26:20, 21 e tswelela ka gore: “Ntlo, wèna chaba ea me, u tsènè mo matlunyaneñ a gago, u icwalèlè meyakō u le kwa teñ; u iphitlhè ka lobaka lo lonyenyane, go tsamaee kgakalō e hete. Gonne, bōnañ, Yehofa o cwa mo heloñ ga gagwè, a cwèla go beletsa banni ba lehatshe boikèpō yoa bōnè; lehatshe le yeōna le tla senola madi a yeōna, me ga le ketla le tlhōla le bipa babolaiwa ba yeōna.” Ga go ne go tsaya nako e telele, ekete ka “lobaka lo lonyenyane,” pele ga Jehofa a ka ntshetsa Babelona o Mogolo katlholo ya gagwe ka go dira gore ditsala tsa gagwe tsa lefatshe di mo nyeletse pele ga tsone ka botsone di ka nyelediwa kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa lefelong la botlhabanelo la Hara-Magedona. (Tshenolō 16:14, 16) Ka jalo tshololo ya madi eo Babelona o Mogolo a neng a tla bo a le molato wa yone e tla senolwa mme a e busediwe. Dibopiwa tsa batho tseo di ileng tsa bolawa ke ene e ka nna ka tlhamalalo kana ka boipotetso ga ba ne ba tlhola ba bipetswe ruri le go tlhokomologiwa. Dikgetsi di tla sekwa ka go bolaya mmolai. Go na le Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi bao ba ileng ba bolawa ke Babelona o Mogolo!
Balekane Ba Ba Tshelang ba Bao ba Subilweng Mo Katlholong ya Bomodimo
13. (a) Ke masego afe a tsosoloso a a neng a galaletsa ngwaga wa morago ga ntwa wa 1919? (b) Go ya ka Isaia kgaolo 35, ba ne ba boela ka tsela efe go ya boemong jwa boipelo jo bo sa feleng?
13 Ngwaga wa 1919 o ne wa galalediwa ka bomolemo jwa bomodimo. Ka Mopitlo 21, pele ga kopo ya morafe otlhe ka International Bible Students e ne e ka bo ya wediwa, baemedi ba ba robang bobedi ba Mokgatlho ba ne ba dumelelwa go ntshetsa tsheko peelelo ya madi, mme ya re ka Mopitlo 25 ba gololwa mo Kgolegelong ya Atlanta, ba bile ba se ketla ba tlhola ba boela koo. Ka ntlha yang? Ka go bo e ne ya re moragonyana ba tlhokwa phoso le go sa bonwe molato ope wa bokebekwa kgatlhanong le United States. Boaphelong jwa ngwaga oo ntlo-kgolo ya diofisi tsa Mokgatlho e ne ya fudusediwa gape kwa Brooklyn, mo New York, kwa atereseng ya yone ya kwa tshimologong. Ka gone he masalela a Baiseraele ba semoya a ne a gololwa mo bokgobeng jwa Babelona o Mogolo mme a boela kwa lefelong la one le le tshwanetseng la semoya mo ponong ya Modimo yoo ba neng ba mo obamela. Jaaka go ne go boleletswe pele go Isaia 35:8-10, ba ne ba boela botshelong jwa semoya le tirong ya tirelo ya ga Jehofa—mo tseleng ya mheru ya tshwantshetso: “Me go tla bidiwa Tsela ea Boitshèpō.” Boperofeti joo bo tswelela pele ka gore: “Me ba Yehofa o ba lehetseñ ba tla boea, ba tla tla ka kōpèlō mo Siona; boitumèlō yoa bosakhutleñ bo tla nna mo ditlhogoñ tsa bōnè; ba tla bōna boipelō le boitumèlō: me bohutsana bo tla hohèla koo, le diphègèlō.”
14. (a) Go ne ga tshwarwa kopano efe ka Lwetse ka 1919, mme ke kgatiso efe e e neng e akantswe e e neng ya itsisiwe? (b) Aterese ya bagatisi e ne ya boela kwa lefelong lefe, mme go ne ga simololwa tiro efe ya kgatiso?
14 Ka Lwetse 1-8 wa ngwaga one oo o o umakilweng wa morago ga ntwa wa 1919, kopano e e di akaretsang e ne ya tshwarelwa kwa Cedar Point, mo Ohio, mme ya re gone koo karolo e ntšha ya tiro ya bone ya morago ga ntwa ya itsisiwe go bone, ebong. kgatiso ya ditsebe tse 32, makasine o o tswang morago ga beke tse pedi o o neng o bidiwa The Golden Age, jaaka mothusi wa makasine wa Tora ya Tebelo, Ka Phalane 1, 1919, tokololo ya ntlha ya makasine oo o mosha (o jaanong o bidiwang Awake!) e ne ya bonala mme ya tswelela go direla boikaelelo jo bo mo nakong eseng fela go tlhagisa ba ba sekametseng go Modimo wa Dingwaga tse di Sekete tse di galalelang tseo di neng di atamela mme le gape ka go baya Babelona o Mogolo pepeneneng jaaka yo o lebanweng ke tshenyego ka bofefo. Moragonyana ga foo, ka tokololo ya Morule 15, 1919, makasine wa Tora ya Tebelo gape gape o ne wa itsise aterese ya bagatisi ba one jaaka 124 Columbia Heights, Brooklyn, New York. Fa e le ka ga The Golden Age, mo tokololong ya yone ya bo-15, ya letsatsi la April 14, 1920, e ne ya itsise gore jaanong e ne e gatisiwa kwa 35 Myrtle Avenue, mo kgaolong ya Brooklyn New York, lefelo la ntlha la magatisetso a Mokgatlho wa Watch Tower. Gompieno Mokgatlho le makala a one o na le madirelo a magatisetso go dikologa kgolokwe.
15. Tiro eo yotlhe ya tsosoloso e ne e le tiragatsong ya eng se se neng se boleletswe pele ke baperofeti ba Modimo, mme e ne e le karolo ya “seshupō” se se neng se boleletswe pele ke Jesu go tshwaya eng?
15 Tiro eo yotlhe ya tsosoloso, mo selekanyong se se botlana kwa tshimologong, e ne e le tshimololo ya morago ga ntwa ya “metlha ea cosholoshō ea dilō cotlhe, e Modimo o buileñ kaga eōna ka molomo oa baperofeti ba ōna ba ba boitshèpō, ba ba saleñ ba leeō le kwa tshimologoñ ea lehatshe,” go tshwaya go boa mo go sa bonaleng le go nna gone ga ga Jesu Keresete yo o galaleditsweng. (Ditihō 3:21) Kgololo e e pataganeng le go phuthwa gape ga batho ba ba ineetseng ba ga Jehofa go Babelona wa tshwantshetso e ne e le karolo ya “seshupō . . . sa bokhutlō yoa lehatshe” seo Jesu a se boleletseng pele mo boperofeting jwa gagwe jo bo begilweng go Mathaio 24, 25; Mareko kgaolo 13, le Luke kgaolo 21.
16. Jaaka mo go tsamaelanang le seemo sa mo motlheng wa segompieno, ke bomang ba ba neng ba boela le Baiseraele kwa Lefatsheng la Juda ka 537 B.C.E.?
16 Seo sotlhe se ne sa siamisetsa go tlhomiwa ga sengwe se sele sa botlhokwa jo bogolo gore se diragale. Eng? Ebu, re tshwanetse go gakologelwa gore fa Baiseraele ba ne ba tlogela Babelona ka 537 B.C.E. ka taolo ya mofenyi wa Babelona, Kurose yo Mogolo, palo e kgolo ya ba eseng Baiseraele e ne ya boela le bone kwa lefatsheng la Juda. Bano ba ne ba akareletsa Banethinima, malata a banna le basadi le baopedi ba seeng.—Esere 2:43, 58, 64, 65, 70; 3:1; 6:21, 22; 1 Ditihalō 9:1, 2.
17. Balekane ba e neng e se Baiseraele bao ba ne ba tshwantshetsa bomang gompieno, mme ba ne ba bile gape ba tshwanakana le bomang?
17 Balekane ba ba ntseng jalo bao e neng e se Baiseraele ba tshwantshetsa bao gompieno ba utlwang molaetsa wa Bogosi jwa Modimo mo diatleng tsa ga Kurose yo Mogolwane wa gagwe, Jesu Keresete, mme ba ile ba ikopanya le masalela a Baiseraele ba semoya fa e sale go gololwa ga bone mo taolong ya Babelona o Mogolo wa segompieno le ditsala tsa gagwe tsa lefatshe mo ngwageng wa morago ga ntwa wa 1919. Ba tshwantshetsa gape ba e neng e se Baiseraele, “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ,” bao ba neng ba pata Baiseraele fa bano ba ne ba tlogela Egepeto tlase ga boetapele jwa ga Moshe ka 1513 B.C.E.—Ekesodo 12:37, 38; bapisa Tshenolō 7:9-17.
18. Ke leng batho ba seka-dinku bao ba neng ba itsisiwe ka tshiamelo ya bone ya go ka “itomololela,” mme e ne e le morago ga go kgethololwa gofe mo gongwe ga bano kwa Washington, D.C., makgolo a bone a neng a supa go “itomolola” ga bone?
18 Ba bile gape ba tshwanakana le “dinku di sele” tseo Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete, a neng a bolela gore o ne a santse a tla di lere, go di tlhakanya labofelo go nna “lecomane le le leñwe hèla” le dinku tseo tsa semoya mo “lesakeñ ye” leo le tshotseng baruaboswa ba Bogosi jwa selegodimo. (Yohane 10:16)b Mo tokololong ya June 6, 1934, ya The Golden Age, tsebe 574, tlaseng ga setlhogwana se se neng se re “Setlhopha sa ga Jonadabe,” “dinku di sele” tseo tsa tshwantshetso di ne tsa itsisiwe ka tshiamelo ya tsone ya go “itomololela” Jehofa Modimo ka Keresete le go neela bosupi jwa phatlalatsa jwa seno ka go kolobediwa mo metsing. Ka Motsheganong 31, 1935, mookamedi wa Mokgatlho o ne a bua kwa Kopanong ya Washington mme a kgetholola “dinku di sele” le “boidiidi yo bogolo” jo bo bonwang mo go Tshenolō 7:9-17. Mo letsatsing le le latelang la kopano ba le 840 ba ne ba kolobediwa mo metsing, bontsi jwa bano ba na le tsholofelo ya go tshela botshelo jwa selefatshe tlase ga Bogosi jwa Modimo.
19. (a) Mo go Yohane 11:26, Jesu o ne a reng kaga go sa tlhole go swiwa? (b) Ke kgato efe e e tsewang ke merafe e e ba bofaganyang, mme e le pele ga boitemogelo bofe jwa yone kwa Hara-Magedona?
19 Fano ke gone jaanōng o ka akanyetsang mafoko a ga Jesu Keresete mo go Yohane 11:25, 26: “Eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela; Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.” Go ya ka bosupi jotlhe jwa fa e sale ngwaga oo o o neng wa gagolakwa ke ntwa wa 1914, re iphitlhela re tshela mo “motlheñ oa bokhutlō,” ee, mo “bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.” (Daniele 12:1-4; Mathaio 24:1-3, NW) Lefa Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bolela “mahoko a a molemō a, a bogosi” lefatshe ka bophara fa e sale ka 1919, merafe, le eleng ya La-Bodumedi, e ile ya gana go ikobela Bogosi jwa Bomesia jo bo tlhomilweng kwa magodimong fa e sale ka 1914. Merafe e kopanngwa ke go ganetsa Bogosi jwa Modimo jo bo tshwanetseng le bareri ba jone, mme he ka gone e ntse e phuthelwa kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona. ‘Ntwa’ eo ya kgolokwe e tla raya tshenyego e e feletseng ya merafe eo e e senang tumelo. Seno se tla supa bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo.—Tshenolō 16:14-16; Mathaio 24:14.
20. (a) Ke boitemogelo bofe jo bo kgatlhisang jo ba seka-dinku ba tla nnang le jone ka nako eo? (b) Ba tla batla gore maina a bone a kwadiwe mo bukeng efe, mme seno se tla ba tlhomamisetsang?
20 Ka jalo ke fela batho ba seka-dinku ba tumelo, bao eleng ba “lecomane le le leñwe hèla” la Modisa yo o Molemo, ba tla falolang loso. Seno se akareletsa “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele.” Mo go Tshenolō 7:9-17 bano ba ne ba bonwa ba tswa mo “pitlaganoñ e kgolo” mme ba tsena mo tsamaisong ya dilo ya Dingwaga tse di Sekete mo lefatsheng. (Mathaio 24:21, 22) Ke ka ntlha yang fa bano ba se ketla ba tlhoka go swa mo lefatsheng? Tlase ga puso ya ga Keresete ba tla fiwa sebaka sa go bona botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng le le tsosoloseditsweng go nna Paradaise. (Tshenolō 20:1-6) Gore ke ba le kae ba basupi bano ba ba ineetseng ba ba fetang 2 000 000, ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa gompieno ba ba santseng ba tshela bao ba tla bolokwang ba sa tshedile go kgabaganya “sepitla se segolo” se se tla akaretsang kgolokwe yotlhe seo se leng gaufi fela thata jaana, go santse go tla bonwa. Mme e tla nna “boldiidi yo bogolo” jo bo senang palo go tswa mo merafeng e le mentsi le mo dipuong. Mo bathong ba ba ntseng jalo ba tumelo go tla bo go kgatlhisa eleruri go tsena mo tsamaisong ya dilo ya morago ga Hara-Magedona go na le jaaka go ne go ntse ka Noa le lelapa la gagwe fa ba ne ba tswa mo arakeng go tsena mo lefatsheng le le phepafaditsweng morago ga Morwalela wa kgolokwe. Mo kgannyeng ya batho bao ba segompieno ba tumelo, mafoko a ga Jesu a tla nna boammaaruri ka tsela ya sebele: “Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.” (Yohane 11:26) Bafalodi bao ba Hara-Magedona ba tla batla gore maina a bone ‘a kwadiwe mo bukeng ya botshelo’ eo Modimo o o nayang botshelo o tla e bolokang. (Tshenolō 20:7-15) Go kwalwa mono ga maina a bone go tla ba tlhomamisetsa go tshelela ruri ga bone mo lefatsheng la Paradaise.
21. Bafalodi bano ba Hara-Magedona ga ba ne ba tlhoka go itemogela eng ka nako ya Dingwaga tse di Sekete, mme he ka nako eo ba tla supa go bomang go bo ba ile ba nna basupi ba ba bolokang bothokgami ba ga Jehofa ga jaanong?
21 Kwantle le pelaelo, ereka re le kwa morago-ragong mo “motlheñ [ono] oa bokhutlō” fa e sale bofelo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914, go na le banna le basadi ba bantsi ba ba tshelang ba tumelo le ba bothokgami bao ba se ketlang ba a swa mo lefatsheng, ebong sebeo sa dinao sa Modimo. Abo ba na le sebaka se se sa tlwaelegang jang ne mo pele ga bone! Ka ntlha ya go bo ba se ketla ba swa le go fitlhwa, ga ba ne ba tlhoka tsogo epe ya baswi ka nako ya puso ya lobaka lwa dingwaga tse di sekete ya ga Jesu Keresete. Tota, ba tla falola gore ba tle ba amogele bao ba robetseng mo loroleng lwa lefatshe bao Kgosi Jesu Keresete a neng a ba beela botshelo jwa gagwe jwa botho jo bo itekanetseng jaaka setlhabelo sa thekololo. Go dibilione tseo tsa batho ba ba tsositsweng bafalodi ba Hara-Magedona ba tla nna le tshiamelo ya go neela bosupi jwa sotlhe se Jehofa Modimo a se dirileng ka Jesu Keresete mo ‘bokhutlong jono jwa tsamaiso ya dilo.’ Ka jalo he, go ralala nako eno e e botlhokwa jo bo kalo go feta dinako tsotlhe a bano ba ba ratwang fela thata ba itshupe ka bobone go nna basupi ba ba bolokang bothokgami ba ga Jehofa Modimo tlotlomalong ya bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona The Watch Tower tokololo ya March 1, 1918, tsebe 80, kwa tlase, tlase ga “Conventions to Be Addressed by Brother J. F. Rutherford”; gape, le Jehovah’s Witnesses in the Divine Purpose, tsebe 76, serapa sa bofelo; gape le The Watch Tower tokololo ya September 15, 1924, tsebe 280, kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Why Millions Will Never Die.”
b Bona tsebe 345, dirapa 577, 578, tsa buka The Harp of God, e e gatisitsweng ka 1921; gape le tokololo ya The Watch Tower ya October 15, 1923, tsebe 310, serapa 33, sa setlhogo se se neng se re “The Parable of the Sheep and the Goats.”
A O A Gakologelwa?
◻ Masalela a a tloditsweng a ne a nna jaaka a a suleng jang?
◻ Jehofa o ne a tsosetsa basupi ba gagwe ba ba tloditsweng dipakeng dife tsa morago ga ntwa?
◻ Tsosoloso eno e ne e le tiragatsong ya boperofeti bofe?
◻ Bafalodi ba lefatshe ba Hara-Magedona ga ba ne ba tlhoka go itemogelang ka nako ya Dingwaga tse di Sekete?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa le balekane ba bone ba sekadinku ka pelo yotlhe ba tshwaraganela go phatlalatsa molaetsa wa Bogosi