‘Mafoko a Semoya’ go ba ba Tshwenyegileng Tlhaloganyo
MATHATA a tlhaloganyo a tlhasela le eleng batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo. Mme lefa ka nako nngwe go ka nna ga tlhokega ebile go tshwanela gore ba ba tshwenyegileng ba bone thuso ya baitseanape ba ka nna ba solegelwa molemo ke thuso le kgothatso ya phuthego ya Bokeresete. Ka sekai, fa Mokeresete yo o ikanyegang Epaforodito a ne a hutsafetse thata, badumedi-ka-ene kwa Filipi ba ne ba kgothalediwa gore ba seka ba tlodisa matlho go tshwenyega ga gagwe mme ba mo ‘amogele mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; mme ba tshware banna ba ba ntseng jalo ka tlotlo.’—Bafilipi 2:25-29.
Basupi ba ga Jehofa gompieno le bone ba tshwanetse go dira se se tshwanang ‘go gomotsana’ le go ‘pepetletsa ba ba bokoa.’ (1 Bathesalonia 5:11, 14) Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go etelela pele mo go seno.—Isaia 32:2.
Legale, gantsi bagolwane ga ba tshwanelegele go ka direla jaaka dingaka kana go dirisa dikakanyo kana go bua jaaka dingaka tsa tlhaloganyo. Go dira jalo go tla bo go se botlhale mme ebile ka gongwe go le kotsi. (Diane 11:2) Fela jaaka moaposetoloi Paulo, ba tshwanetse go “bua, eseñ ka puō e re e rutwañ ke botlhale yoa motho, [mme] e le e re e rutwañ ke Mōea, re chwantsha dilō tsa semōea ka [“mafoko a semoya,” NW].” (1 Bakorintha 2:13) ‘Mafoko ana a semoya’ a akareletsa megopolo le melao-metheo e e fitlhelwang mo Bibeleng. Fa di dirisiwa sentle, di ka gomotsa thata le go agelela bat ho ba ba tshwenyegileng.—2 Timotheo 3:16.
‘Go nna Bonako go Utlwa’
Lefa go le jalo, santlha, bagolwane ba tshwanetse gore ba “nnè bonakō go utlwa, le bonya go bua.” (Yakobe 1:19) ‘Go araba kgang pele o e utlwa’ go ka felela motlhofo fela ka go neela kgakololo e e phoso. (Diane 18:13) Ka go palelwa ke go lemoga mofuta wa go tshwenyega tlhaloganyo ga mokaulengwe mongwe, setlhopha sengwe sa bagolwane se ne sa mo kaya jaaka yo o bokoa mo semoyeng. “Rapela thata,” ba ne ba mmolelela jalo—kgakololo e a neng a e fitlhela e le thata go e dirisa ka ntlha ya go tshwenyega ga gagwe mo tlhaloganyong.
Jalo, pele ga ba neelana ka kgakololo, bagolwane ba tshwanetse go utlwa sotlhe se motho yo o lwalang a batlang go se bua. Ka gongwe, o tlhoka fela moreetsi yo o molemo. Ka bopelotelele le temogo, Igelela’ se se mo pelong ys. gs.gwe. (Diane 20:5) Fa motho yo o tshwenyegileng a na le bothata jwa go tlhalosa tsela eo a ikutlwang ka yone, gakologelwa kafa Elekana a neng a botsa mosadi wa gagwe dipotso tse di bonolo le tse di tlhamaletseng ka ntlha ya go hutsafala ga gagwe. “Hana,” o ne a botsa, “u lelèlañ? Me ga u yeleñ? Le pelo ea gaga e hutsahaletseñ?” (1 Samuele 1:8) Dipotso tse di botlhale, fa di bodiwa ka bopelonamagadi, gantsi di ka thusa mokaulengwe yo o tshwenyegileng go bona se se bakang “boimèlèsègō” jwa gagwe. (Diane 12:25) Ka sekai, mo kgannyeng nngwe go tshwenyega ga mokaulengwe go ne go bakiwa ke mathata a lenyalo.
Go Thusa “o sa Kgobe”
Gantsi batho ba ba tshwenyegileng ga ba na ditlhaloso tse di utlwalang tsa tsela eo ba ikutlwang ka yone. Mongwe yo o neng a na le bolwetse jwa tlhaloganyo o ne a kwala jaana: “Fa ke ne ke simololwa ke bolwetse, ke ne ke sa bo tlhaloganye ebile ka dinako tse dingwe ke ne ke pega Jehofa molato.” Ka jalo batho ba ba tshwenyegileng ba ka nna ba nna le dingongorego tsa gore ba ile ba seka ba tshwarwa sentle kana phuthego ga e ba batle. Bagolwane ba tshwanetse go itshwara jang?
Jehofa o re beetse sekao sa ‘go naya botlhe ka bogolo mme a sa kgobe.’ (Yakobe 1:5) Balwetse ga ba a tshwanelwa go dirwa gore ba ikutlwe gore ke dieleele kana ke dimatla ka tsela e ba ikutlwang ka yone. Maikutlo a bone—a a ka lebegang a sena tlhaloganyo—ke a mmatota fela thata mo go bone. Ba tlhoka “pelotlhomogi,” eseng go tshwaiwa phoso. (1 Petere 3:8) Bagolwane le bone ba tshwanetse go tlhokomela gore ba seka ba okeletsa molwetse mokgweleo mo boikutlong ka go mo latofatsa ka gore o dirile phoso nngwe. Monna yo o siameng Jobe o ne a tshwenyegile mo a neng a lela are: “Mōea oa me o tennwe ke botshelō yoa me.” (Yobe 10:1) Mme ditsala tsa gagwe tse tharo ga di a ka tsa mo gomotsa. Mongwe wa bone o ne a bua le eleng jaana: “Boikèpō yoa gago a ga bo bogolo? me le gōna ga go na bokhutlō yoa ditshiamololō tsa gago.”—Yobe 22:5.
Lefa go ntse jalo, ka dinako dingwe, boitsholo jo bo sa siamang ke jone jo bo bakang go kgoberega maikutlo kana go go gakatsa. “E rile ke didimetse [ka molato wa me], marapō a me a ōnala ka go bōkōlèla ga me ka letsatsi yeotlhe,” ga bua ja10 mopesalema Datide. (Pesalema 32:3) Ka mo go tshwanang, mokaulengwe o ne a tlhobaela fela thata mo e leng gore o ne a sa tlhole a kgona go bereka. Go tshwenyega ga gagwe go ne go bakilwe ke eng? E ne e le ka ntlha ya go loba tiro e a e dirileng ya go akafala. Jalo fa go na le lebaka la go belaela gore boleo bo a kopanyelediwa, bagolwane ba ka batlisisa gore a go ka ne go ntse jalo. Mme ba tshwanetse go dira seo ka bopelonomi, eseng ka go kgoba ba latofatsa motho ka boleo.
Go Fodisa ka Loleme lo lo Botlhale
Morago ga gore bagolwane ba dire sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go batlisisa mofuta wa bothata jwa motho, ba tshwanetse go dira tumalanong le Diane 12:18, e e reng: “Loleme loa motho eo o botlhale ke phodishō.” Nnyaa, bagolwane ba ka se fodise bolwetse. Mme ka go dirisa mafoko a a tlhophilweng sentle, ba ka nna ba kgona go imolola batho ba ba tshwenyegileng tlhaloganyo mo go tlhobaeleng le go tshwenyegeng ga bone go go sa tlhokegeng. Bagolwane ba ka nna ba simolola ka go dirisa ditlhogo tse di tlhophilweng tsa Tora ya Tebelo le Awake! tseo di buang ka mathata a tlhaloganyo le a boikutlo. Tseno di ka tlotliwa le bao ba tshwenyegileng tlhaloganyo go ba thusa go tlhaloganya boemo jwa bone botoka. Gantsi go itse fela gore bothata jwa bone ke ka ntlha ya bosaitekanelang jwa mmele, eseng go latlhegelwa ke kamogelo ya ga Jehofa go a ba thusa.
Ga go belaesege gore ga go motlhofo go dirisana le batho ba ba tshwenyegileng, bangwe ba a galefa. Lefa go le jalo, mogolwane yo o botlhale o gakologelwa gore “phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.” (Diane 15:1) Fa a tlhomamisa gore ka metlha yotlhe dipolelo tsa gagwe ke tsa bopelonomi seo se tla mo thibela go senyetsa boemo kwa pele ka mo go sa tlhokafaleng. (Bakolosa 4:6) Ka sekai, mokaulengwe yo o lwalang tlhaloganyo a ka nna a ganelela gore o utlwa mantswe.a Dr. E. Fuller Torrey o tlhalosa jaana: ‘Ga go thuse sepe go leka go ganetsana le motho yo o lwalang tlhaloganyo ka dilo tse a di dumelang tse e seng tsone. Go leka go dira jalo go felela gantsi ka go sa tlhaloganyaneng le bogale. Go na le go tatalala, mmolelele fela gore ga o dumalane le ene.’ Ka mafoko a mangwe, bagolwane ba ka mo tlhalosetsa ka bopelotelele gore lefa mantswe ao a lebega ekete ke a mmatota, e ka tswa e le tlhaloganyo ya gagwe fela e mo tsietsang.
Go dirisa Bibela ka tsela e e mosola go ka nna le matswela a a molemo. (Bahebera 4:12) Ka sekai, fa motho yo o lwalang a bontsha poifo e e sa tlhokafaleng ya gore Jehofa o mo tlogetse, mo tlhomogele pelo mo poifong eo ya gagwe. Lefa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang, mo gakolole ka bopelotelele ka maatla a thekololo, o dirisa ditemana tse di jaaka Pesalema 103:8-14 le 1 Yohane 2:1, 2. Petere wa ntlha 5:6,7 le Baroma 8:26, 27 di ka mo thusa go lemoga gore Modimo ‘o a mmabalela’ mme o utlwa dithapelo tsa gagwe, le eleng fa a sa kgone go tlhalosa maikutlo a gagwe ka mafoko. Ka go latela molao-motheo o o mo go Yakobe 5:14, bagolwane ba ka rapela le motho yo o tshwenyegileng yoo.
Go tweng fa molwetse a simolola go tshwenyega ka dilo tse eseng tsa sepe? O ka nna a gopodiwa kgakololo ya Bibela ya gore motho a seka a “nna tshiamō ea mo go heteletseñ.” (Moreri 7:16) Yo mongwe o ka nna a solegelwa molemo ke kgakololo e e mo go Bafilipi 4:8 ya go lwa le dikakanyo tse di sa siamang. Lefa go le jalo, mongwe a ka nna a seka a dumela gore o bokoa mme a ka nna a kgobega marapo go bo bolwetse jwa gagwe bo kgoreletsa bodihedi jwa gagwe jwa Bokeresete. Ditemana tse di jaaka Mathaio 13:23 le Luke 21:1-4 di ka nna tsa dirisiwa go mo thusa go lemoga gore lefa maemo a rona a ka nna a re thibela go dira se re kgonang go se dira, Jehofa o anaanela maiteko a rona fela thata.
Ee, ka loleme lo lo katisitsweng ka Bibela, bagolwane ba ka dira go le gontsi go thusa le go gomotsa badumedi-ka-bone ba ba tshwenyegileng. Kgaitsadi mongwe yo o neng a tlhaselwa ke mathata a tlhaloganyo o ne a bua jaana: “Ke anaanela thata se Isaia 32:2 e se buang ka bagolwane mo phuthegong. Ba ne ba nkema nokeng ka metlha ka kgakololo e e molemo fa ke ne ke ba tlhoka.”
Dipokano le Tirelo ya Tshimo
Motho yo o tshwenyegileng tlhaloganyo o sant se a na le ditlhokafalo tsa semoya. (Mathaio 5:3) Eleruri, go nna o nonofile mo semoyeng go ile ga dira pharologano ya botshelo le loso mo go ba bangwe. Irene, yo a neng a fetsa dingwaga tse 30 a na le bokoa jwa tlhaloganyo o gakologelwa jaana: “Ka dinako dingwe, ke ne ke tlhakatlhakana tota. Mme boammaaruri bo ne ka metlha bo le mo tlhaloganyong ya me—bo nonofile fela thata. Bo ne jwa nthusa gore ke seka ka ipolaya!”
Ka jalo, fa go kgonega, motho yo o lwalang o tshwanetse go kgothalediwa go tsaya karolo mo tirong ya go rera le go ya dipokanong, a seka ‘a itomolola.’ (Diane 18:1) Ka ntlha ya bolwetse jwa tlhaloganyo, kgaitsadi mongwe o ne a ikutlwa jaana: ‘Ke ne ke tlhatswegile pelo gore ke diretse Modimo wa me, Jehofa, boleo bongwe jo bo sa itshwarelweng. Ka jalo, ke ne ke sokamisa sengwe le sengwe se ke neng ke se utlwile kwa dipokanong. Sengwe le sengwe se se neng se kgalwa, ke ne ke re se raya nna.’ Mme o ne a nna a tswelela go ya dipokanong mme kgabagare a utlwa polelo e e neng ya mo thusa gore a tswe mo seemong sa go akanya gore Jehofa o mo latlhile.
Lefa go le jalo, go tweng he, fa motho yo o lwalang thata a galefa mme a kgoreletsa dipokano tsa phuthego kana tirelo ya tshimo? Tota-tota, ga se gore molwetsi o dira bosula mme ke ka go bo a utlwile botlhoko ka ntlha ya go akanya go go tlhakatlhakaneng. Lefa go le jalo, sena se ka direla botlhe ba ba amegang bothata. Fa kgoreletso eo e le potlana kana e le ya sewelo fela, phuthego e ka bontsha bopelotelele. (Bakolosa 3:12, 13) Kwantle ga moo, go ka nna ga tlhokafala kakantsho ya gore molwetse a nne foo go kgoreletsa ga gagwe go ka sekang ga tshwenya thata. Go ka nna ga dirwa dithulaganyo tse di lorato tsa gore motho yo o ntseng jalo a nne a ntse a tlhagafetse mo tirong ya go rera, gongwe le eleng go bona gore ka dinako tsotlhe o na le mmoledi yo o godileng yo o tlhaloganyang, kana a tsamaye le mongwe kwa dithutong tsa Bibela tseo di itseng kaga boemo jwa gagwe ebile di sa tshwenyege ka jone.
Lefa go le jalo, ka dinako dingwe, boitshwaro jwa motho bo ka tlhabisa ditlhong, jwa lere kgobo kana bo le kotsi thata go ka laolesega. Motho a ka tswa a tlogetse kalafi e a e neetsweng mme a tlhoka kgothatso e e nonofileng gore a boele a dirise melemo ya gagwe gape. Mme fa e le gore motho yo o ntseng jalo ga a arabele kana go kgoreletsa ga gagwe go tswelela, go ka nna ga Hhokafala gore a thibelwe mo dipokanong le mo tirelong ya tshimo e le go boloka. dilo di tsamaya sentle. (1 Bakorintha 14:40) Ka tsela e e bonolo, bagolwane ba tshwanetse go bolelela motho yo o lwalang gore ga a atlholwe jaaka yo o sa ikanyegeng mme gore bolwetse jwa gagwe ke jone jo bo mo thibelang go kgona seo a ka se dirang. ‘Modimo ga o tshiamololo go lebala tiro ya gagwe,’ mme o tlhaloganya bokoa jwa gagwe. (Bahebera 6:10) Maeto a ka metlha a bodisa a ka thusa motho go tshegetsa bomoya jwa gagwe go fitlha a nna botoka.
Go Thusa Malapa a Bone
Bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka tsosa mathata a mantsi mo malapeng. “Go kgobera eleruri,” ga bua jalo mokaulengwe yo morwa wa gagwe yo mogolo a lwalang thata mo tlhaloganyong. “Ga go na boikhutso bope lefa e le ka letsatsi lepe,” ga oketsa jalo mosadi wa gagwe. “Seno se amile lenyalo la rona, jaaka ka dinako dingwe re iphitlhela re omana.” A o ko o akanye gape ka botlhoko jwa go bona molekane wa lenyalo a tlhaselwa ke bolwetse jwa tlhaloganyo. Mokaulengwe mongwe o bua jaana: “Mosadi wa me o tsewa jaaka ‘molwetse wa tlhaloganyo e e bokoa.’ O utlwa mantswe mme o gana melemo ka go bo a akanya gore e tla mo tsenya ‘botlhole.’ Ga a dumele gore ke monna wa gagwe mme o gana go ya tirelong kana kwa dipokanong.” Re ka thusa jang malapa a batho ba ba mo botlhokong bao?
Paulo o ne are: “Nametsañ ba ba lapañ pelo.” (1 Bathesalonia 5:14) E tla bo e le bosetlhogo go itlhokomolosa kana go tlodisa matlho Bakeresete-ka-rona ba ba tshwaraganeng le go tlhokomela leloko le le tshwenyegileng mo tlhaloganyong la lelapa. “Cholanañ,” go buile jalo Paulo. (Baroma 15:7) Dipokano tsa Bokeresete di re neela sebaka sa go dira jalo le go bontsha lorato le kanaanelo go bao ba ‘dirisang poifomodimo mo malapeng a bane.’—1 Timotheo 5:4.
Fa bagolwane ba dira maeto a bodisa, ba ka nna ba kgothaletsa batho ba ba ntseng jalo go nna le thuto ya lelapa, go tla dipokanong, le go tlhagafala jaaka bareri ba Bogosi ba ka metlha. Lefa go le jalo, fa go tla mo ditlhokafalong tsa dilo tse di banalang le tse dingwe, phuthego e tshwanetse go dira mo go fetang fela go bua ba re, “lo thutahalè, lo kgorè.” (Yakobe 2:16) Ka gongwe lelapa le tlhoka thuso ya go ya kwa dipokanong. Batho bangwe ba ka kgona go ba thusa ka go ba duelela dikoloto tsa melemo tse di tlhatlaganang. (1 Yohane 3:17, 18) Abo kamego e e ntseng jalo e e lorato e anaanelwa jang ne! Monna wa kgaitsadi mongwe yo o lwalang tlhaloganyo o bua jaana: “Phuthego e itse ka bothata jwa rona, mme ka lorato ba re bontsha gore ba a amega.”
Go Boloka Bothokgami
Paulo o ne a bua jaana, “rea itse ha lobopō lotlhe lo nntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pèlègō, le gompiyeno.” (Baroma 8:22) Mme go tshwenyega tlhaloganyo ke nngwe fela ya matlhoko a a ruilweng a bosaitekanelang. Dingaka di ka nna tsa thusa ka tsela nngwe. Mme ba le bantsi ba ba ileng ba batla thuso ya bone ba ne ba nna le boitemogelo jo bo tshwanang fela le jwa mosadi mongwe mo metlheng ya ga Jesu yo ‘a bogileng dilo di le dintsi ka dingaka di le dintsi a bile a feletswe ke dithoto tsa gagwe mme a sa bona thuso epe, go na le moo, botlhoko bo goletse pele.’—Mareko 5:26.
Ba le bantsi, he, ba tshwanetse go ithuta go dirisana le mathata a bone ba lebeletse go fodisiwa mo lefatsheng je lesha la Modimo. (Tshenolō 21:3, 4) ‘Baka Jehofa, . . . yo o fodisang matlhoko a gago otlhe,’ go buile jalo mopesalema. (Pesalema 103:2, 3) Pele nako eno e tla, tlhokomelo ya rona yotlhe e tshwanetse go nna, eseng go go itekanela ka botlalo mo tlhaloganyong kana mo mmeleng, mme eleng mo go supeng bothokgami jwa rona. (Pesalema 26:11; bapisa 1 Bakorintha 7:29-31.) Go tshwarwa ke bolwetse jwa tlhaloganyo go ka dira sena bokete. Mme batlhanka ba bantsi ba Modimo, jaaka Paulo, ba ile ba mo direla ka boikanyegi ba ntse ba na le “mutlwa mo nameñ.” (2 Bakorintha 12:7) “Ke ile ka lemoga gore ga go ngaka epe le eleng bakaulengwe ba me, yo o ka mphodisang,” ga bua jalo molwetse mongwe wa tlhaloganyo. “Mme ke ile ka ithuta go ikaega ka Jehofa.” Batho ba ba tshwenyegileng tlhaloganyo ba ka nna ba ikaega gape ka lorato lwa bakaulengwe ba bone le bokgaitsadi bao ka bopelotelele ba buang ‘mafoko a semoya’ go ba gomotsa le go ba tshegetsa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Setlhogo “Go Tshwenyega Tlhaloganyo—Fa go Tlhasela Mokeresete” go Tora ya Tebelo ya October 15, 1988, se ile sa fa dikakantsho tsa go dirisana le maemo ao mo go one go belaelwang gore tlhotlheletso ya badimona e gone.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
‘Mafoko a semoya’ a bagolwane ba ba lorato a ka thusa batho ba ba tshwenyegileng thata