LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 12/15 ts. 13-19
  • Fa Batho Ba Ba Suleng Ba Tla Bo Ba Tshela Gape!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Batho Ba Ba Suleng Ba Tla Bo Ba Tshela Gape!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba ba Suleng Go Kopana Gape mo Lefatsheng
  • Bogosi le Tsholofelo ya Tsogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Selo se le Sosi Se se Ka Dirololang Loso!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Tsholofelo ya Tsogo e Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Tshegetsang “Mahoko a a Molemō”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 12/15 ts. 13-19

Fa Batho Ba Ba Suleng Ba Tla Bo Ba Tshela Gape!

“Yesu a mo raea, a re, Ke nna cogō le botshelō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela; Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.”—YOHANE 11:25, 26.

1. (a) Gore ope fela mo lefatsheng a iphake fa a le “cogō le botshelō” go tla tlhokafalang? (b) Ke mo motheong ofe moiphaki a ka kgonang go direla jalo?

ELERURI go tla tlhoka bopelokgale jo bogolo gore motho ope a bolele gore, “Ke nna cogō le botshelō.” Mme seo ke sone tota seo monna wa ditiragalo, Jesu Keresete, a neng a se bua ka ga gagwe go feta makgolo a dingwaga a 19 a a fetileng. Mongwe wa baaposetoloi ba gagwe, yo o neng a bidiwa Johane, o ne a mo utlwa a bua se mme a kwala ka seno molemong wa rona gompieno. (Yohane 11:25) Jesu o ne a raya gore o ne a ntse jalo mo boemong jwa setho se se neng se sule ebile se e swa le se se neng se setse se fitlhilwe. Tota, le ene ka boene o ne a swa loso lo lo setlhogo mo thupeng ya tlhokofatso ka kwantle ga dithako tsa Jerusalema, mme ka jalo Rraagwe, Jehofa Modimo, o ne a tshwanelwa ke go nna “cogō le botshelō” go ene he jaanong. Mo letsatsing la boraro lwa loso lwa ga Jesu, Modimo Mothatayotlhe o ne a mo tsosa mo baswing mme a mo apesa ka botshelo jwa bosasweng kwa lefatsheng la moya. E ne ya re ka go ikapesa ka dikgakgamatso ka mmele wa senama jaaka oo a neng a o apere fa a ne a a swa, Jesu o ne a iponatsa go barutwa ba gagwe ba ba neng ba hutsafetse, mo lobakeng longwe go fitlha go ba le 500. (1 Bakorintha, kgaolo 15) Ka gone o ne a ka nna eleruri tsogo le botshelo go setho seo a neng a se swetse.

2. Ke ka ntlha yang fa gompieno go sena ope yo o ka nyatsang tsogo ya ga Jesu Keresete jaaka tlhamane fela ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.?

2 Ga go motho ope yo o tshelang gompieno yo o ka tshegang le go nyatsa go tsosediwa mono mo botshelong ga boammaaruri ga ga Jesu Keresete yo o neng a bapotswe jaaka tlhamane, eo e neng ya fetisiwa ka go tuma mo go golo go batho ba bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng. Kwantle fela go ngaka ya tsa kalafi Luke, yo o neng a kwala dibuka tsa Bibela Luke le Ditihō tsa Baaposetoloi, bakwadi botlhe ba bangwe ba dibuka tse dingwe tse 25 tse go tweng ke tsa Testamente e Ntšha ba ne ba bona ka matlho Morwa Modimo yo o tsositsweng. Mongwe wa baboni ba tiragalo eo ka matlho yo o neng a tlhomologile e ne e le mmogisi wa pele wa Bakeresete, Saulo wa motse wa Tareso, yo o neng a nna moaposetoloi Paulo wa Mokeresete, ebile a ile a kwala dibuka tse 14 tsa “Testamente e Ntšha” ka Segerika se se neng se tlwaelegile ka nako eo.

3, 4. Moaposetoloi Paulo o ne a raya Baathena kwa Mars’ Hill a reng kaga letsatsi la katlholo la Modimo le la tsogo?

3 Nako nngwe, fa a ne a le mo motseng o o tlhabologileng thata, o o nang le botlhalefi thata wa Athena, motse o o itsegeng thata wa Gerika, Paulo o ne a isiwa fa pele ga baatlhodi ba Kgotla Kgolo ya Ditsheko e e neng ya kopanela kwa Mars’ Hill, kana kwa Areopago.

4 Ka tlotlo e kgolo Paulo o ne a itebaganya le batlhalefi ba ba neng ba phuthegile kwa Mars’ Hill bao. E ne e se gore Paulo o ne a tlhapatsa thutego e e kwa godimo ya bareetsi ba gagwe ba ba nang le botlhale jwa selefatshe, go bo a ile a bua jaana, fa a ne a ntsha bosupi jwa gagwe jwa bofelo-felo le boiphemelo:

“Ke gōna, metlha ea botlhōka kicō, Modimo o no oa e tlhokomologa; me gompiyeno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaeè ka ntlha cotlhe; Ka o tlhomile letsatsi ye o tla atlholañ lehatshe ka yeōna ka tshiamō, ka monna eo o mo laotseñ; me mo, o go tlhōmamiseditse batho botlhe ka o mo cositse mo bashwiñ.”—Ditihō 17:30, 31.

5. Bareetsi bao ba Athena ba ne ba itshwara jang, mme ke mabapi le bomang go tsogang potso?

5 Thuto eo ya motheo e e gakgamatsang ya go tsoga ga baswi e ne ya ama jang badumedi bao ba Segerika ba ba neng ba re moya wa motho ga o swe? “Me yana ea re ba utlwa kaga go coga ga bashwi, bañwe ba shotla; me ba bañwe ba re, Re tla ba re gu utlwa gapè kaga mouō.” Ba ne ba sa ntse ba ntse ba ikutlwa gore ke “mmoledi oa medimo e sele.” Lefa go ntse jalo, Dionisio, moatlhodi wa Moareopago, o ne a kgona go tlhaloganya se Paulo a neng a se bolela kaga letsatsi je le tlang la katlholo la setho sotlhe, mme a tsenya kgang mo pelong. Mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Damarise le ene a dira jalo. (Ditihō 17:18, 32-34) Mme go tweng ka rona gompieno mo motlheng ono o o tlhabologileng fela thata mo go tsa boitseanape? Eno ga se kgang e e tshegisang!

6. A tsogo ya ga Jesu e ne e le yone ya ntlha mo go tsosiweng ga batho ba ba suleng, mme kgonego e tla nna efe ya bao Jesu a santseng a tla ba tsosetsa gape mo botshelong?

6 Legale, tsogo ya ga Jesu Keresete e ne e se yone ya ntlha moo batho ba ba suleng ba neng ba busediwa botshelong gape. Dipego tsa Bibela di gone ka dikgang tsa pele tse di ntseng jalo, go akareletsa le Lasaro, yo o Jesu ka boene a neng a mo tsosetsa botshelong mo letsatsing la bone la loso lwa gagwe le lwa go fitlhwa ga gagwe. (Yohane 11:1-44) Mme kgang ya tsogo ya ga Jesu e ne e le e e botlhokwa fela thata mo sethong sotlhe. Ga e a ka ya re morago a swa gape, jaaka ba bangwe ba ne ba dira; mme jaanong, mo boemong jwa gagwe jaaka a tsositswe, a sa swe, o ka nna “cogō le botshelō” go batho go bona botshelo jo bo sa khutleng mo boitekanelong jo bo sa kgaotseng, ba gololesegile mo go atlholelweng loso ebile ba le tlase ga bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa Modimo.

7, 8. (a) Ke jang boleele jwa dingwaga tsa ga Adame le Methusela bo supelang go kgonego ya setho se se itekanedisitsweng go ka tshelela ruri? (b) Botshelo jwa ga Melekisedeke bo akanyediwa go nna lobaka lo lo kae, mme seno se emela jang botshelo jwa yo o neng a mo tshwantshetsa?

7 Kgonego ya botshelo jo bo sa feleng jwa setho mo lefatsheng fa setho se se utlwang se tla bo se tokafetse mo kgobalong ya boleo le loso (ka monna wa ntlha Adame) e supelwa ke lebaka la gore Adame, le eleng fa a sena go leofela Modimo, o ne a tshela dingwaga tse 930, bontsi jwa nako eo e le ka kwa ntle ga tshimo e e itekanetseng ya Edena. Mongwe wa ditlogolwana tsa gagwe, Methusela, o ne a tshela dingwaga tse 969. (Genesise 5:5, 27) Methusela o ne a swa ka ngwaga wa 2370 B.C.E., ebile e ne e le ka one ngwaga oo fa Morwalela wa kgolokwe wa motlha wa ga Noa o ne wa nyeletsa botshelo jotlhe jwa batho le diphologolo tse di neng di le ka kwa ntle ga araka eo go yone Noa le lelapa la gagwe ba neng ba tshabetse mo teng. Makgolo a dingwaga moragonyana, boaphelong jwa 1933 B.C.E., boperisiti bo ne jwa bonala mo sebakeng sa lefatshe, jwa ga Melekisedeke, yo o neng a segofatsa tlhogo ya lotso Aberahame ebile a ne a amogelwa ke Modimo. Malatsi a botsalo le a loso lwa gagwe ga a a tlhalosiwa.

8 Ka jalo boperisito jwa gagwe kwa Salema, koo a neng a le kgosi ebile a le moperesiti teng, go bonala bo ne bo sa fele. (Genesise 14:18-20) Go kgona go tshela ga ga Jesu Keresete yo o tsositsweng go tshwantshiwa le ga ga Kgosi le Moperesiti Melekisedeke, ka go bo Bahebera 7:15-17 e re bolelela gore Jesu Keresete yo o galaleditsweng o na jaanong le “[nonoho] ea botshelō yo bo senañ bokhutlō: Gonne go shupilwe kaga gagwè, ga twe, U moperisiti ka bosakhutleñ, kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke.” (Bona gape Pesalema 110:1-4.) Ka jalo ka nako e yotlhe fa e sale a galalediwa kwa legodimong ka 33 C.E., Jesu Keresete yo o sa sweng o ne a dira jaaka Moperesiti yo Mogolo tebang le maloko a lelapa la setho, bao a neng a intshetsa bone jaaka setlhabelo se se itekanetseng sa motho. Ka jalo, o ka dira jaaka Adame wa bobedi go lelapa la setho le le gatakilweng ke loso. Fa ka nako e e leng yone a tla bo a busetsa batho ba ba suleng botshelong jwa selefatshe, e tla bo e le sebaka sa bone sa go bona botshelo jo bo sa khutleng mo boitekanelong jwa setho mo Paradaiseng e e tla bong e atoloseditswe lefatsheng ka bophara. Go sa tshwane le Adame wa ntlha, Jesu Keresete yo o intshang setlhabelo ga a ketla a palelwa mo boikarabelong jwa gagwe tebang le lelapa la setho leo a neng a le tshololela madi a botshelo jwa gagwe a a itekanetseng.—1 Bakorintha 15:22-45.

Batho ba ba Suleng Go Kopana Gape mo Lefatsheng

9. Mo boemong jwa tsogo ya ditlogolwana tse di suleng tsa ga Adame le Efa, Modimo o ne wa lekalekanya dikgetsi jang, go ya ka 1 Bakorintha 15:21 le Baroma 5:12?

9 Go bontsi jwa setho se se kileng sa gata lefatshe, tshiamelo ya go shafatsa botshelo mo lefatsheng tlase ga Bogosi jo bo solofeditsweng jwa Modimo ka Keresete e tla ikaega ka tsogo ya baswi. E rile a supela go kgono ya Modimo ya go lekalekanya dilo ka tolamo le ka tekano, moaposetoloi Paulo, jaaka mosupi wa go tsoga ga ga Jesu Keresete, o ne a kwala ka gore: “Gonne ereka losho lo tsile ka motho, go coga ga bashwi le gōna go tsile ka motho.” (1 Bakorintha 15:21) Tumalanong le lokwalo lwa gagwe go Bakeresete ba kwa Korintha, Paulo o ne a kwala jaana mo lokwalong lwa gagwe go Bakeresete kwa Roma: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Ponong ya seo, Jehofa Modimo o ne a ka rulaganyetsa ditlogolwana tsa ga Adame le Efa gore ba rekololwe ka monna a le mongwe yo o neng a itshupa a sa angwe gotlhe-gotlhe ke molao o o tlhomilweng mo go Baroma 5:12.

10. E ne e le mo motheong ofe go bo Jesu Keresete a neng a ka ntsha botshelo Jwa gagwe jwa botho go ema mo boemong le go nna Rara wa Bosakhutleng wa ditlogolwana tsa ga Adame?

10 Monna yo o sa angweng yoo e ne e le Jesu, yoo Modimo o neng wa dira go re a tsalwe ka dikgakgamatso ke kgarebana ya Mojuda Maria, morwadia Heli wa lotso lwa segosi lwa Juda. (Luke 3:23-38) Jaaka setlhabelo, botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho bo ne bo ka emisetsa botshelo jo bo itekanetseng jwa motho jo Adame a neng a bo latlhela ditlogolwana tsotlhe tsa gagwe tsa tlholego ka go leofela Mmopi wa gagwe ka bomo kwa tshimong ya Edena. Ka go tshwana, Jesu Keresete yo o tsositsweng o ne a ka direla jaaka “Rara oa Bosakhutleñ” tebang le bao botlhe Adame a neng a itira rre wa bone wa moleofi. Seno se tlogelela Morwa Modimo go nna Rara wa Bosakhutleng wa bone.—Isaia 9:6.

11. Fa e le gore Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe, fa ba ne ba sa ntse ba le mo lefatsheng, ba ne ba ka tsosa baswi, go tweng ka kgono ya ga Jesu mo ntlheng eno fa e sale tsogo ya gagwe?

11 Fa Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tsosa batho mo baswing, seno se ne sa se ka sa ba golola mo diphelelong tsa go atlholelwa loso moo ba go ruileng go tswa go Adame wa ntlha. Ka jalo, le eleng tsala e e rategang thata ya ga Jesu Lasaro o ne a boa a swa gape ebile o ne a tlhoka gore a tsosiwe labofelo tlase ga Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo. Mme legale seo ga se ketla se tsosa bothata bope. Fa e le gore Jesu, fa a ne a le motho yo o itekanetseng mo lefatsheng, o ne a fiwa natla ya go tsosa batho ba ba suleng e le gore ba tle ba shafatse le go lelefatsa botshelo jwa bone jwa selefatshe, bobotlana ka lobakanyana fa ba sa ntse ba le tlase ga tsamaiso ya jaanong ya dilo, a a ka se kgone go feta jaanong go tsosa baswi ka nako e e leng ya Modimo, ereka jaanong a boetse gape a le Morwa wa semoya wa Modimo? Ee, ammaaruri, ebile e le ka ntlha ya taolo yotlhe e a neng a e neelwa kwa legodimong le mo lefatsheng fa e sale tsogo ya gagwe le go tlhatlogela ga gagwe kwa go Rraagwe kwa magodimong.

12. A kamano ya ga Jesu Keresete le lelapa la setho e ne ya kgaolwa ka ntlha ya tsela eo a neng a tsosiwa ka yone, mme o tla feleletsa jang boikaelelo jwa setlhabelo sa gagwe sa botho?

12 E ne ya re fa mongwe wa barutwa ba ga Keresete, moaposetoloi Paulo, a ne a bua ka tsogo mo lokwalong lwa gagwe go Bakeresete ba kwa Korintha, Paulo a re: “Le gōna go kwadilwe yalo, ga twe, Motho oa pele, eboñ Adame, a dihwa motho eo o tshedileñ. Adame oa moragō a dihwa mōea o o tshedisañ.” (1 Bakorintha 15:45) Lebaka la go bo go buiwa ka ene jaaka Adame wa bofelo le supa gore o sa ntse a ntse a na le kamano nngwe ya lelapa le lotso lwa motho. Lebaka la go bo jaanong a le motho wa moya yo o fetang motho kgakala ga le ree sepe. (Pesalema 8:4, 5; Bahebera 2:5-9) Ka nako e e tlang ya letsatsi la katlholo la dingwaga tse di sekete, o tla feleletsa boikaelelo jwa setlhabelo sa gagwe se se itekanetseng sa botho ka go tsosa baswi go tla ba nna le sebaka sa go tsholelediwa boitekanelong mo lefatsheng la Paradaise le gore a kgone go nna Rara wa Bosakhutleng wa bone le Kgosana ya Kagiso. Ka jalo o tla dirolola se Adame a neng a se ba diretse.

13. Pele Jesu a ka tsosa Lasaro mo baswing, O ne a raya Maratha a reng kaga badumedi ba ba suleng le ba ba tshelang mo go Ene?

13 Pele Jesu a ne a ka tsosa tsala ya gagwe e e rategang Lasaro wa Bethania mo baswing, o ne a raya Maratha, kgaitsadia Lasaro a re: “Kgantsadio o tla ba a coga.” Maratha o ne a gopola gore Jesu o ne a lebisitse kgakala kwa isagweng mme a arabela ka gore: “Kea itse ha a tla ba a coga mo go cogeñ ka letsatsi ya bohèlō.” E ne ya nna gone he Jesu a neng a tsaya sebaka seno go dira polelo eno e e gakgamatsang: “Ke nna cogō le botshelō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela; Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè.”—Yohane 11:23-26.

14. (a) Gore motho a bontshe tumelo mo go Jesu, seno lwantlha se tlhokang mo go ene? (b) Fa e le gore Modimo o ka tlhophela motho yo o ntseng jalo go ya go rua botshelo jwa selegodimo, ke eng seo e tla reng kgabagare se diragale lefa gone a tshwanetse go swa?

14 Go bontsha tumelo mo go Jesu Keresete, motho o tshwanetse a bo a tshela le go utlwa kana go kgona go ithuta ka ga gagwe. Motho ka gone he o ka ineela botshelo jwa gagwe go Modimo ka Keresete mme a bontsha kgato ya makgaolakgang ka go kolobediwa mo metsing. Fa e le gore Rre wa selegodimo wa ga Jesu Keresete o ne a tlhopha go biletsa morutwa yono, yo o ineetseng le go kolobediwa wa ga Morwawe go ya go rua botshelo jwa selegodimo le ene, o tla itshenkela yo o ntseng jalo ka moya wa gagwe. Seno se tla raya gore morutwa yo o itshenketsweng ka moya yono o tla tshwanelwa ke gore labofelo a swe jaaka motho. Mme legale Jesu o ne a re: “Leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela.” Mo ntlheng ya gagwe e tla bo e le botshelong jwa go nna jaaka sebopiwa se se tsositsweng sa moya mo sebakeng sa selegodimo le Jesu.

15. Fa e ka re gongwe yo o neng a bontsha tumelo e e tshwanetseng mme lefa go le jalo a sa itshenkelwa ka moya wa Modimo a ka swa, boemo jwa yo o ntseng jalo e tla nna eng mo go tsogeng ga gagwe?

15 Fa e le gore gompieno morutwa yo o ineetseng le go kolobediwa, yo o neng a sa itshenkelwa ke Jehofa Modimo go ya go rua botshelo jwa selegodimo le Keresete, o ka swa, jaaka ba bantsi ba ne ba dira fa e sale go phuthiwa ga “dinku di sele” tsa ga Keresete go ne go simolola, go tweng he? (Yohane 10:16) Ka ntlha ya go bo a ne a bontsha tumelo mo go Ene yo e leng “cogō le botshelō,” o tla bo a le mo boemong jo bo molemo-lemo mabapi le tsamaiso e ntšha ya dilo gone fela fa a tsogela mo lefatsheng go ya pele, gongwe ebile go tswa tshimologong ya yone. (Bahebera 11:35) Ka gone he o tla bo a le gone fa dilo di re ka simologa go ka amogela ditshiamelo tse di kgethegileng tsa tirelo tlase ga Bogosi jwa selegodimo. Ka tsela eno tsholofelo ya tsogo eo a neng a swa ka yone e tla itemogelwa, kgalaletsong ya Modimo!

16, 17. (a) Mabapi le tsogo, go tweng ka bao ba pele ga metlha ya Bokeresete ba neng ba lebelela fela kwa kgorogong ya “losika” lwa “mosadi” wa Modimo? (b) Jesu o ne a re tlhomamisetsa tsogo ya bone ka mantswe afe?

16 Ga se gore ke fela bao ba neng ba bontsha tumelo mo go Jesu Keresete fa e sale go tla ga gagwe ga ntlha ba nang le seabe mo dithulaganyong tsa tsogo mme le eleng bao ba metlha ya pele ga Bokeresete, bao ka tumelo mo go Jehofa Modimo, ba neng ba lebelela pele kgorogong ya “losika” lwa “mosadi” wa gagwe wa tshwantshetso, lo lo neng lwa bolelelwa pele ke ene go Genesise 3:15. “Losika” loo lo ne lwa itshupa le tshwana le leo go neng ga twe ke ‘losika lwa ga Aberahame.’ (Genesise 12:1-3; Bagalatia 3:16) Ba ba ntseng jalo ba ba neng ba lebelela pele kgorogong ya “losika” lwa ga Aberahame yo Mogolo, Jehofa Modimo, ba ne ba akareletsa, ebu, tlhogo ya lotso Aberahame le morwawe Isake le ngwana-ngwana wa gagwe Jakobe, kana Iseraele. E rile fa a ne a tlhomamisa boammaaruri jwa tsogo ya bone, Jesu Keresete, Losika lwa ga Aberahame, o ne a re:

17 “Me kaga go coga ga bashwi, a ga lo e se lo bale se se kileñ sa buiwa le lona ke Modimo, oa re, Ke nna Modimo oa ga Aberahame, le Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe? Modimo ga se Modimo oa bashwi, ha e se oa batshedi hèla.” (Mathaio 22:31, 32) “Me kaga bashwi, ha ba cosiwa; a ga loa bala mo lokwaloñ loa ga Moshe, ha go bolelwañ kaga Setlhare gōna, kaha Modimo o buileñ naè ka gōna, oa re, Ke nna Modimo oa ga Aberahame, le oa ga Isake, le oa ga Yakobe? Ōna, ga se Modimo oa bashwi, me e le oa batshedi.” (Mareko 12:26, 27) “Gonne botlhe ba tshelèla ōna.” (Luke 20:37, 38) Ka tsela eo e e sa tlhamalalang Jehofa Modimo o ne a re tlhomamisetsa tsogo ya setho se se suleng.

18. Ponong ya sebopego sa losika lo lo solofeditsweng, tsala ya Modimo Aberahame o ne a tshwantshetsa mang?

18 Tsholofetso ya Modimo sebele go tsala ya gagwe Aberahame e ne ya nna gore ditshika tsotlhe tsa lefatshe di ne di tla “segōhala” ka “losika” lwa gagwe. (Yakobe 2:23; Genesise 12:1-3; 22:15-18) Ereka “losika” loo lo ile lwa nna lwa semoya, Aberahame sebele o ne a tshwantshetsa Jehofa Modimo, ka go bo ke Yono fela a le esi a neng a ka nna Rre wa “losika” lwa semoya, leo jaanong e leng Jesu Keresete yo o galaleditsweng kwa magodimong.

19. Mo go Tshenolō 20:11-14, re kaelwa eng ka tsela ya boperofeti?

19 Re kaelwa ka tsela ya boperofeti tsogo e e tlang ya malapa ao a suleng a lefatshe. Tshenolō 20:11-14 e tlhalosa ka ditshwantsho dingwe, e re: “Me ka bōna [nna moaposetoloi Johane] setulō se segolo se sesweu sa bogosi, le èna eo o dutseñ mo go shōna, eo lehatshe le tshabileñ sehatlhōgō sa gagwè, le legodimo; me ga se ka ga hitlhèlwa ha a ka nnañ gōna. Me ka bōna bashwi, bagolo le bannye, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi; me dikwalō diñwe tsa menololwa, me lokwalō lo loñwe loa menololwa lo e leñ lokwalō loa botshelō: me bashwi ba atlholwa ka dilō tse di kwadilweñ mo dikwaloñ, kaha ditihoñ tsa bōnè. Me lewatlè ya ntsha bashwi ba ba mo go yeōna; le losho loa ntsha bashwi ba ba mo go lōna, le Bobipō yalo: me ba atlholwa botlhe kaha ditihoñ tsa bōnè. Me losho loa latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō, le Bobipō yalo. Lo ke lōna losho loa bobedi, eboñ bodiba yoa molelō.”

20. Kwa bokhutlong jwa letsatsi la katlholo lwa dingwaga tse di sekete, go tla diragalang ka batho bao maina a bone a kwadiwang mo bukeng ya botshelo le bao maina a bone a sa kwalweng?

20 Ka nako ya “letsatsi” le le boleele jwa dingwaga tse di sekete, leo Modimo o le ‘tlhomileng’ ebile e le leo o ikaelelang go “[atlhola] lehatshe ka yeōna ka tshiamō, ka monna eo o mo laotseñ,” baswi ba ba tsositsweng ba tla tshwanelwa ke go itirisetsa dipaakanyetso tsotlhe tsa bomodimo tseo di diretsweng poloko ya bone ya bosakhutleng. (Ditihō 17:31) Ke gona ba tla kgonang go “segōhala” ka tlhaloganyo eo. Ka go fenya teko ya bone ya bofelo ya bothokgami jwa bone ka boitekanelo, ba tla bona tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng ya kgolokwe. Go sa nneng jalo eng he jaanong? “Losho loa bobedi,” leo go lone go tla bong go sena tsogo. (Tshenolō 20:14) Fela jaaka go kwadilwe mo go Tshenolō 20:15: “Me ha moñwe a na a hitlhèlwa a sa kwalwa mo lokwaloñ loa botshelō, a latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō.”

A O Ka Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlha yang fa ope gompieno a ka se nyatse tsogo ya ga Jesu Keresete jaaka tlhamane?

◻ Jesu o ne a ka nna Rara wa Bosakhutleng go ditlogolwana tsa ga Adame mo motheong ofe?

◻ Fa e le gore motho yo o ikanyegang mme a sa itshenkelwa ka moya wa Modimo a ka swa, boemo jwa gagwe e tla nna eng fa a tsosiwa?

◻ Tshenolō 20:11-14 e re kaela eng ka tsela ya boperofeti?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Boipelo bo tla penologa fa bao jaanong ba suleng ba tla bo ba tshela gape

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela