LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 12/1 ts. 16-22
  • Lo Se Ka Lwa ‘Boela kwa Ditlhakeng tsa Bokoa le tsa Lehumanyana’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lo Se Ka Lwa ‘Boela kwa Ditlhakeng tsa Bokoa le tsa Lehumanyana’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga Se Botlhe ba ba Nnelang Ruri mo Leseding
  • Dilo tse di Bokoa le tsa Lehumanyana Gompieno
  • Batla Mahumo a Semoya
  • O Batla go Amogelwa ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • ‘Ratanang’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Lesedi la Modimo le Leleka Lefifi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Kafa o ka Tlhophang Boitlosobodutu jo bo Siameng ka Gone
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 12/1 ts. 16-22

Lo Se Ka Lwa ‘Boela kwa Ditlhakeng tsa Bokoa le tsa Lehumanyana’

“Yanoñ, ka lo setse lo itse Modimo, . . . lo bile lo boèla yañ kwa ditlhakeñ tsa bokōa le tsa lehumanyana?”—BAGALATIA 4:9.

1, 2. (a) Tladi ya tlapana e e neng ya ratha e ne ya nna le matswela afe mo monneng wa sefofu? (b) Ke phetogo e kgolo efe e e nang le mosola e e diragetseng mo botshelong jwa gago? (Ditihō 26:18)

DIKORANTA-TSA-DIKGANG ka Seetebosigo 1980 di ne tsa bolela ka tiragalo nngwe e e jesang kgakge e e neng e kopanyeletsa Edwin Robinson, wa dingwaga tse 62, yo dingwaga tse di robang bongwe tse di fetileng a neng a foufala mo kotsing ya koloi. Dikoranta di ne tsa tlhalosa gore e ne ya re nako nngwe go le matsubutsubu a tshabela ka fa tlase ga setlhare. Tladi ya tlapana e ne ya ratha setlhare seo, mme ya mo tlogela a idibetse. Fa a rulwa o ne a kgona go bona. Akanya fela kafa a ikutlwileng ka teng morago ga dingwaga tse di kalo tsa bofofu! Eleruri o ne a sa batle go ka tlhola a boela kwa lefifing gape.

2 Fa o le mosupi wa boammaaruri wa ga Jehofa, go diragetse phetogo e e gakgamatsang ka wena. Moaposetoloi Petere o ne a kwala ka gore “losika lo lo itshenkecweñ” lwa Bakeresete lo ile lwa ‘bidiwa go tswa lefifing go tla mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’ (1 Petere 1:1; 2:9) Gore o nne Mosupi wa ga Jehofa o ka tswa o ne wa tlogela mekgwa e e seng phepa le e e sa amogelegeng eo e nyalanngwang le lefifi. (Baroma 13:12, 13; Yobe 24:14-16) Ka ntlha yang? Ka go bo o ne wa batla go tshela mo leseding la boammaaruri le gore o amogelwe ke Modimo.

3. Go nna ga gago mosupi wa ga Jehofa go ne ga tlisa phetogo efe mo boikaelelong jwa gago mo botshelong? (Baefesia 2:12)

3 Pele ga o nna Mokeresete wa boammaaruri, a o ne o na le boikaelelo bope jo bo mosola mo botshelong jwa gago? (1 Petere 4:15, 16) Fa e le gore mongwe o ne a ka go botsa gore maikaelelo a gago e ne e le eng, a karabo ya gago e ne e tla nna go itirela botshelo, go nna le lelapa, go batla boitloso-bodutu bongwe kana go baakanyetsa “bokoa” jwa botsofe? Eleruri dilo tseo ga di phoso. Lefa go le jalo botshelo jo bo ntseng jalo bo ne bo tla farologana jang le jwa setlhora, mogale kana phologolo e nngwe e e tsalwang, e gola, e be e ja, e robale, e tsale mme kgabagare e be e swa? (Moreri 3:18-20; Yakobe 4:14; Yude 10) Lefa go ntse jalo, morago ga gore o nne Mokeresete wa boammaaruri, botshelo jwa gago bo nna le bokao; mekgele ya gago e itsetsepetse mo go direleng Mmopi.—Moreri 12:13.

4. Kitso ya Bibela e ne ya nna le phelelo efe mo go wena? (Pesalema 36:9; Diane 6:23)

4 Pharologanyo ya go bo o le mo leseding le go bo pele o ne o le mo lefifing e bonala segolo bogolo mo kitsong le kutlwisisong ya gago. Pele o ne o sa itse gore ke ka ntlha yang fa boikepo bo le gone, ke ka ntlha yang dilo di senyegela pele go re dikologa, boemo jwa baswi ke eng kana gore isagwe e e fa gaufi e tshotseng. Jaanong o na le kutlwisiso e e itshetlegileng mo Bibeleng ka dikgang tseo. Abo mafoko a ga moaposetoloi Paulo a le boammaaruri jang: “[Jehofa ke ena a] phatsimileñ mo dipeduñ tsa rona, go re naea lesedi ya kicō ea kgalalèlō ea Modimo”!—2 Bakorintha 4:6.

Ga Se Botlhe ba ba Nnelang Ruri mo Leseding

5. Go na le bosupi bofe jwa gore ga se botlhe ba ba felang ba le mo leseding?

5 Ga se botlhe bao e neng e le baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ba ba ileng ba nna ba ntse jalo. Sebopiwa sa mowa se se maatla se ne sa ithuhula mme sa nna Satane. Adame le Efa ba ne ba tlogela lesedi. Ka ntlha ya ditiro tse di ntseng jalo tsa dibopiwa tse di itekanetseng, ga go gakgamatse gore batho bangwe ba ba sa itekanelang, fela jaaka re ntse, le bone ba ile ba boela morago. Baiseraele ba ne ba tswa mo bokgobeng jwa Egepeto, lefa go le jalo pele ba ka fitlha mo Lefatsheng la Tsholofetso ba ne ba simolola go ngongola ka keletso ya gore, ‘Abo re gakologelwa ditlhapi tse re neng re di ja kwa Egepeto, makatane, le magapu, le boleke, le booie, le gareleke!’ (Dipalō 11:5) Lemororo ba ne ba ipelela lesedi le kgololesego, ba ne ba eletsa lefifi la Egepeto le gareleke.

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshwenyega ka batho ba ba tlogelang lesedi?

6 Bakeresete le bone, ba lebane le kotsi ya go tlogela lesedi. Paulo o ne a tlhagisa gore go ne go tla tsoga batho mo phuthegong mme ba bo ba itshadisa barutwa morago. (Ditihō 20:29, 30) Seno se ne sa diragala le eleng fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng. (Bafilipi 3:18; 2 Timotheo 2:16-18) Go opa kgomo lonaka, a o itse bangwe mo motlheng wa rona bao, ka tsela efe fela ba ileng ba boela morago? A ka gongwe seo se ka re diragalela?

7. Paulo o ne a neela Bagalatia kgakololo efe mabapi le seno?

7 Ke Bakeresete ba se kae fela gompieno bao ka bomo ba ka itlhophelang lefifi go na le lesedi. Ka jalo ke dilo dingwe dife tseo di ka gogelang mokaulengwe kana kgaitsadi (kana ofe fela wa rona) go boela morago? Paulo o re lemotsha sengwe ka seo a se kwadileng mo go Bagalatia 4:9 fa a ne a re: “Yanoñ, ka lo setse lo itse Modimo, bogolo loa itsiwe ke Modimo, lo bile lo boèla yañ kwa ditlhakeñ tsa bokōa le tsa lehumanyana, tse lo eletsañ go ba lo nna mo kgolegoñ ea cōna gapè?”

8. Ke ka ntlha yang fa kgakololo eo e ne e tlhokwa, mme e ne e dira jang mo Molaong?

8 Ka phepafalo Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba bolela gore ba ne ba tshwanetse go boela gape kwa go bolokeng Molao wa ga Moshe, gongwe bobotlana dikarolo dingwe tsa one. Lefa go le jalo, Paulo o kwadile ka go re baobamedi ba boammaaruri ba ne ba golotswe mo Molaong. (Bagalatia 5:1-6) Ereka Molao o ne o ka se tlise tshiamo, ka tsela nngwe o ne o le bokoa, o tlhoka go emisediwa ka “cholohèlō e e gaisañ” kana thulaganyo. (Bahebera 7:18, 19) Ka gone go ka bolelwa jalo gore ba ba neng ba boela kwa go bolokeng Molao ba ne ba ‘boela kwa selong se se bokoa’ ba bile ‘ba nna mo kgolegong ya sone gape.’

9, 10. Ke jang tlhagiso kaga ‘ditlhaka tsa lehumanyana’ e neng e dira go (a) dithuto tsa Segerika? (b) Molao wa ga Moshe?

9 Go ne go tshwanela gape go tlhagisa kgatlhanong le go boela gape kwa “ditlhakeñ tsa . . . lehumanyana.” Lereo la Segerika le le kopanyelediwang fano le ne le na le kgopolo ya tlhomagano ya ditlhaka di beilwe ka tatelelano, ka jalo le tshwana fela le A, B, C. Eleruri dithuto tsa boheitane tse di neng di le teng ka nako eo e ne e le ‘ditlhaka tsa lehumanyana.’ Lemororo Bagerika ba ne ba ikgantsha ka matlhajana a bone, ano a ne a ikaegile ka megopolo ya batho, ditsia-badimo le ditlhamane. Mme le eleng go boela kwa Molaong wa ga Moshe e ne e tla bo e le go ‘boela kwa ditlhakeng tsa bokoa le tsa lehumanyana.’ Jang jalo?

10 Lemororo tlhago ya Molao e ne e le ya bomodimo, bontsi jwa one bo ne bo dirisana le dilo tse e leng tsa sebaka sa motho, tse di jaaka motlaagana le “melaōana ea senama hèla” e e nyalanang le tseo. Lefa go ntse jalo, kobamelo ya Bokeresete e ne e itsetsepetse mo dilong tsa semoya tse di neng di tshwantshediwa ke “malebèla a dilō” tse di bonwang. (Bahebera 9:6-10, 23) Ka jalo ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go boela kwa dilong tseo tsa lehumanyana, tse di sa butswang? Fa e le gore o ne o ithutile dipalo mo eleng gore o ne o saletswe ke go nna radipalo kana o tlhakanya ka tlhogo fela, a o ne o tla boela gape kwa go baleng ka menwana ya gago ya diatla le ya maoto?—Bapisa 2 Petere 2:20-22.

Dilo tse di Bokoa le tsa Lehumanyana Gompieno

11. Bagalatia 4:9 e ka dirisetswa kotsing efe e e leng gone gompieno?

11 Gongwe e ka nna ba sekaenyana fela go rona bao ba ikutlwang ba le kotsing ya go boela morago “kwa ditlhakeñ tsa bokōa le tsa lehumanyana” tsa botlhale jwa Segerika kana tsa Molao. Lefa go le jalo kgakololo eo e ne ya bewa mo Bibeleng gore e re sologele molemo le rona. Ka sekai, go na le kgonego ya go ka boela morago mo go seo 1 Yohane 2:16 e se bitsang “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō.”

12. Tshwantsha kafa Bakeresete bangwe ba ka ineelang mo kotsing e e kopanyelediwang go 1 Yohane 2:16.

12 Bangwe ba akanya gore “mabela a botshelō” a raya go ikgantsha ka diaparo tsa leina lengwe le le tumileng la mosegi kana majana a mokgabo a a feteletseng, jaaka go rwala direng tse nne kana tse tlhano ka nako e le nngwe. (Yakobe 2:2, 3) Mme ebile go ka nna ga nna jalo, ka go bo Bibela e tlhagisa kgatlhanong le go tlhoma matlho fela mo mekgabong e e jaaka “mekgabō ea gouda.” (1 Petere 3:3) Mme “mabela a botshelō” a ka dirwa ka ditsela tse dingwe. Mokeresete o ka nna a tswela pelo mokgwa wa go tshela wa batho bao ba senang tsholofelo bao ba tshelelang dilo tse di bonalang. Mo mafatsheng mangwe batho ba gakalela go bapala le go itshupa ka seo se tsewang e le mantlo-ntlo mo lefelong leo, jaaka thelebishene ya mmala kana kolotsana e ntlenyane. Mo dintlheng tse dingwe batho ba itlotlomatsa kana go leka go komela ba bangwe ka theipi e ntšha ya thelebishene kana koloi ya maratwa-go-lejwa. A Mokeresete yo o ‘tlogetseng tsotlhe mme a sala’ Keresete morago, a ka tlhagolela kgatlhego ya go itshupa ka dilo tse di ntseng jalo? Re ka nna ra ipotsa ka borona: A dithoto tse di bonalang di ja bontsi jwa nako ya me le megopolo go na le fa ke ne ke ‘utlwa lefoko, me ka le tshola ka boitumelo’ mme ka le dirisa mo botshelong jwa me?—Mathaio 19:16-27; 13:20-22.

13. (a) Ke jang kgakololo ya ga Paulo e ka dirang le e leng mo kgannyeng ya matlo? (b) Ke eng seo Mokeresete a tshwanetseng go ikela tlhoko ka sone fa a fudugela mo ntlong e kgolwane? (Bala Luke 12:16-21.)

13 Kana Mokeresete o ka boela morago kwa ditlhakeng tsa lehumanyana fela ka dilo tsa ntlo. Mo dikgaolong tse dingwe matlo a tura fela thata. Ka jalo, batho ba bantsi ba lefatshe ba tla reka ntlo fela ka ntlha ya seriti sa yone, le eleng fa seo se raya morwalo o o boifisang mo go bone kafa mading. Kana batho ba ba ratang dilo tse di bonalang ba ba senang lelapa le le golang go le agela ba ka nna ba fuduga mo ntlong e e lekanetseng sentle go ya kwa go e kgolwane, mme e re moragonyana ba nne ba fetele kwa go e kgolo go feta ebile e le ntle go gaisa. (Bona Luke 17:28.) Ka gone, fa Mokeresete a ne a ka akanya kaga go reka ntlo kana go fudugela kwa go e kgolwane o tshwanetse a tlhatlhobe maikutlo a gagwe sebele le matswela a a ka nnang gone mo bomoyeng jwa gagwe e le gore a tle a seka a ‘boela morago kwa ditlhakeng tsa lehumanyana’ ka boikutlo jo bo phoso. Eleruri re tshwanetse go tlhabantsha thaelo ya go eletsa go nna le mantlo-ntlo ao re tla itshupang “mabela a botshelō” mo go ba bangwe ka one. (1 Yohane 2:16) Kwantle ga go atlhola ba bangwe mo dikgannyeng tse di ntseng jalo, a rona motho-ka-bongwe re nneng re beyeng kwa pele tirelo ya Modimo mo matshelong a rona. Abo re ka itumela jang ne go bona Bakeresete ba bantsi ba ba godileng ka kitso, bao maemo a bone a ba letlelelang ka tsela efe fela, ba fokotsa dioura tsa bone tsa mmereko gore ba iiphe sebaka sa go ka bula tsela ka nako e e tletseng, eleruri kgang eo ga se e e bokoa kana lehumanyana!—Mathaio 6:31-34; 7:1-3; 9:36-38.

14. Ke jang mongwe a ka ‘boelang morago’ mabapi le go itsege?

14 Go itsege mo tsamaisong eno ke selo se sengwe seo Mokeresete a ka ‘boelang morago’ go sone. Gone go boammaaruri, gore go siame go batla ba bangwe ba re leba sentle; bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse “go bolèlwa ka molemō ke ba ba kwa ntlè.” (1 Timotheo 3:7) Lefa go le jalo, Lefoko la Modimo le gakolola gore ‘re se ikgopole ka mo go fetileng selekanyo se re tshwanetseng go ikgopola ka sone.’ (Baroma 12:3) Kgatelelo ya lefatshe ya go nna mokete e ka go ketefatsa go ba le kae go tswelela ba batla boikobo jwa Bokeresete le boemo jo bo molemo le Modimo.

15. Ke leng seno se ka nnang bothata mo basheng kana mo batsading?

15 Basha gantsi ba thulana le seno, ka go bo matitšhara le baithuti ba ba kgothaletsa go tuma mo metshamekong, mo go bo-goromente ba baithuti kana ditlelabo. Ba ka nna ba thulana gape le kgatelelo ya go ya kholetšheng e le gore ba tle ba bone tiro e e manobo-nobo. Batsadi bangwe ba ile ba okeletsa kgatelelo eo ka ntlha ya keletso ya bone ya maemo ka dikgono tsa ngwana wa bone. O ka tswa o ile wa utlwa batsadi bangwe ba bua dilo tse di jaaka, ‘Ga ke batle morwaake a gola fela go nna motlhanka botshelo jotlhe jwa gagwe.’—Bapisa Mareko 6:3.

16. Ke ka ntlha yang fa go itsege e ka nna kotsi mo banneng ba Bakeresete? Tshwantsha.

16 Banna ba bantsi ba ile ba raelesega go batla go itsege mo tirong. Fa go ne go ka tlhatlhobisiwa thata maikutlo a moteng, monna o ka nna a fitlhela e le gore o batla go nna foromane fela ka ntlha ya gore o tla tsholetsega. A e ka tswa e le gore Bakeresete bangwe, bao ba nang le pabalesego ya tsa madi ebile ba ka fokotsa dioura tsa bone tsa tiro (kana ba tlogela tiro) mme ba bule tsela, ba ile ba raelesega go tswelela le ditiro tsa bone koo ba tumileng kana ba nang le tlhotlheletso mo khamphaneng? Abo Paulo a ile a re tlhomela sekao se se molemo jang ne! O ne a na le maemo le tlhotlheletso e kgolo mo tsamaisong ya Sejuda, a bile a siame sentle kafa mading. Mme o ile a latlhegelwa ke tsotlhe ka ntlha fela ya gore “ke tlè ke bōnè Keresete, Le gore ke hitlhèlwè ke le mo go èna.” Erile a lemoga fa seno e le tsela ya go bona kamogelo ya mosola o o nnelang ruri, Paulo le ka motlha ga a ise a ke a boele morago kwa ditlhakeng tse di bokoa le tsa lehumanyana.—Bafilipi 3:4-11.

17. Ke kotsi efe kaga go ‘boela morago’ e e tlisiwang ke boitloso-bodutu?

17 Ke ba le kae fela bao ba tla ganelang gore boitloso-bodutu jo bontsi jwa gompieno bo ‘bokoa ebile ke lehumanyana fela.’ Tlhopho e tshwanetswe go dirwa. Lefa go le jalo le eleng ka boitloso-bodutu joo tota bo sa tlontlololeng melao-metheo ya bomodimo, boitiso bo a tlhokafala ka ntlha ya nako le ditsompelo tse di kopanyelediwang. Metshameko e mentsi, ya motlakase le e mengwe, e ka ja bogolo jwa nako le madi ka mo go boitshegang. Motho-ka-mongwe, kana jaaka lelapa, nnang fa fatshe mme le lekanyetse ka tlhomamo gore lo dirisa nako e e kae le madi mo boitlosong bodutu mo bekeng e nngwe le e nngwe kana kgwedi. Fa le dira jalo, akareletsang nako ya thelebishene mo teng. Seo ke bothata jo bo tswelelang jaaka barulaganyetsi ba neelana ka dithulaganyo tse di oketsegileng—le eleng tsa dikakgelo, ditshwantsho tsa ditiragalo le dipoeletso tsa metshameko—e le gore molebeledi o ka nna a busetswa morago kgafetsa-kgafetsa. Go phepafetse, gore Bakeresete ba tshwanetse go leka go laola kafa ba dirisang nako ya bone e e seng kae-kae le ditsompelo tsa bone e le gore ba tle ba se ka ba boela kwa ditlhakeng tse di bokoa le tsa lehumanyana.—Baefesia 2:2, 3.

18. Bakeresete ba bantsi ba ile ba latela tsela efe e e eletsegang?

18 Seno ga se go akantsha gore bontsi jwa batho ba Modimo ba boela morago kwa dilong tse di ntseng jalo. Go na le dikete, makgolo a dikete, ee dimilione tsa basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng bao ba ngaparelang kobamelo ya boammaaruri, ebile bontsi bo dirile jalo ka dingwaga. O ka tswa gongwe o itse bontsi jwa bone—Bakeresete bao ba ka tlhalosiwang ka mantswe a ga Paulo a a reng: “Re ntshetsa Modimo malebogō ka metlha eotlhe kaga lona lotlhe, re nntse re lo umaka mo merapeloñ ea rona; . . . Lo tlogile loa nna baetsi ba rona, le ba Morèna, ka lo amogetse lehoko mo pogishoñ e kgolo, mmōgō le boitumèlō yoa Mōea o o Boitshèpō; Loa ba loa cwa sekaō sa botlhe ba ba dumèlañ.” (1 Bathesalonia 1:2, 6, 7) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go nna jalo le go itlhomana go sa ‘boele morago gape kwa ditlhakeng tse di bokoa le tsa lehumanyana.’ Ebile ga go a tshwanela gore go nne le lebaka la gore ke ka ntlha yang re ka boela morago.

Batla Mahumo a Semoya

19, 20. Ke dilo dife tse di maatla le tse di humileng tse Bokeresete jwa mmatota bo di go tliseditseng?

19 Bokeresete jwa mmatota bo re baakanyetsa ka dilo tse dintsi tse di maatla le tse di humileng. Seo se leng botlhokwa bogolo mo go amogeleng masego ke go nna le kitso ya Dikwalo. Le eleng baithuti ba lefatshe ba supela gore Bibela e tshotse dikwalo tsa mofuta o o kwa godimo thata. Lefa go le jalo re itse gore Bibela e feta kgakala seo; ke ‘lefoko la Modimo, leo le dirang mo badumeding.’ (1 Bathesalonia 2:13) Ee, re itse gore e na le maatla a go fetola matshelo, go fetisetsa tsholofelo e e nang le mosola le go re bontsha gore isagwe e tshotseng. Ka go e bala re ka amogela melaetsa e e baakanyeditsweng ke Mmopi ebile re ka ithuta gore tota Morwawe o ne a reng le go dirang.—Yohane 21:24, 25.

20 Ka thuso ya batho ba Modimo, o ile wa ithuta mo Bibeleng kaga Jehofa mme o ka dumelana ka gore: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo! dikatlholō tsa ōna ga di hopholesege yañ, le ditsela tsa ōna ga di tlhomamisege yañ!” (Baroma 11:33) Go pota kitso ka kwa, o na le “sekaō sa mahoko a a tshedileñ.” (2 Timotheo 1:13) Batho ba bantsi ba ile ba bala Bibela dingwaga tse dintsi mme ba ntse ga ba e tlhaloganye. Lefa go le jalo, wena, o tlhaloganya bobotlana gore e raya eng. O ka bua ka kutlwisiso le tlhomamisego e e jesang kgakge le eleng bone baruti.—Ditihō 4:13.

21, 22. Ke dilo dingwe dife tse di humileng tse o ileng wa di ikamogelela ka ntlha ya go nna mosupi wa ga Jehofa?

21 O bile gape o na le bokopano jwa mofuta o o molemo-lemo. Gone ee, bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba ka tswa ba sa itekanela le go go kgopisa nako le nako. Lefa go le jalo, mo go tseo tsotlhe, ke lesego eleruri go nna gareng ga batho ba ba ratang Modimo, bao ba gakalelang go dirisa melao-metheo ya Bibela le go leka ‘go direla botlhe molemo, bogolo segolo bao ba amanang le bone mo tumelong,’ go akareletsa le wena. (Bagalatia 6:10) Bosheng jaana motlhalefela malwetse a bana mo Sepateleng sa Mt. Sinai kwa New York City o ne a akgela ka boitemogelo jwa gagwe jwa botho. O ne a bolelela modihedi yo o etileng wa Basupi ba ga Jehofa: ‘Lefa e ka nna eng se o se dirang, tswela pele ka go se dira. Lo tlhagisa batho ba mofuta o o gakgamatsang. Bao rotlhe re kileng ra kopana le bone re etse tlhoko kafa ba farologaneng ka teng, ka moo ba ritibetseng le go wela dibete. Ka jalo, tsweetswee, lefa e ka nna eng se o se dirang, tswela pele ka go se dira.’ Oo ke mofuta wa bokopano jo o nang le jone.

22 Selo se sengwe se se humileng, se se maatla seo o ka se ipelelang go bo o na le sone ke tsholofelo ya gago e e theilweng mo Bibeleng, e ka tswa e le bosasweng kwa magodimong kana botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise. Ke motho ofe yo o itekanetseng sentle mo tlhaloganyong yo o ka ganang seo? Kwa bofelong, se tlodise matlho tiro e jaanong o e abetsweng ke Jehofa ebile e le eo a e go tlhomeleletseng ka maatla a a kalo. (2 Bakorintha 10:4; Bafilipi 4:13) Go dira barutwa go tlhoka boiteko, ee, mme gape go tlisa kgotsofalo e e tiileng le boipelo, ka go bo e thusa ba bangwe go tsena mo tseleng ya botshelo. Tiro eno e ka kgorisa mogopolo le pelo ya gago.

23. Mabapi le Bagalatia 4:9, o tshwanetse wa fetsa mogopolo gore o tla dira eng?

23 Go phepafetse sentle he, gore Bokeresete jwa mmatota bo re baakanyetsa ka dilo di le dintsi tse di maatla le tse di humileng. A re akanyetseng re bo re anaaneleng seo re nang le sone mme re ikemisetseng gore le ka motlha re se ‘boeleng kwa ditlhakeng tse di bokoa le tsa lehumanyana ka kakaretso ya tsone, lefa e le gone go boela re nna mo kgolegong ya tsone gape.’

A O A Gakologelwa?

◻ Bagalatia ba ne ba le mo kotsing jang ya go ka ‘boela kwa ditlhakeng tsa bokoa le tsa lehumanyana’?

◻ Re ka ‘boela morago’ jang mabapi le

Dilo tse di bonalang?

Legae?

Go itsege?

Boitloso-bodutu?

◻ Ke jang Bokeresete bo go baakanyeditseng dilo tse di maatla le tse di humileng?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Banyalani ba bantsi, ka go tila ‘mabela a botshelo jwa bone,’ ba ile ba thusiwa go oketsa ditirelo tsa Bokeresete

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Wena ka sebele o senya nako e e kana kang le madi mo boitloso-bodutung?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela