Ditekanyetso tsa ga Jehofa Dia Re Thusa
“A a gu neè keleco ea pelo ea gago, me a dihahatsè kgakololō eotlhe ea gago.”—PESALEMA 20:4.
1. Ke ditekanyetso tsa mofuta ofe tse di tlwaelegileng? (Duteronome 25:15)
KA 1266 Kgosi Henry III wa Ennyelane o ne a ntsha taolo ya gore peni e tshwanetse ya nna bokete jwa ditlhaka tsa korong di le 32. Ka gone o ne a tlhoma tekanyetso. Dilo tse di senang palo go re dikologa ka go tshwana di kopanyeletsa ditekanyetso. Re bulela radio kana thelebishene ya rona mo lotshwaong lo lo tlhomilweng lwa kanamiso mo tekanyetsong ya lotshwao. Ditekanyetso tse dingwe di bontsha botswerere; kgono ya go bala ya moithuti e ka lekanyediwa ka tlhatlhobo e e lekanyeditsweng.
2. Ke ditekanyetso tsa mofuta ofe tse dingwe tse di sa tlwaelegang, mme ka ntlha yang?
2 Lefa go ntse jalo, se se leng botlhokwa bogolo, ke ditekanyetso tseo di amang melemo ya boitsholo le boitshwaro. Kwantle go tseno, ditekanyetso tsa mofuta wa pele di ka tlhoka mosola. Ka sekai, khansele ya thuto e kgolwane e ne ya fitlhela gore mo baithuting ba le 25 000 mo e ka nnang diphesente tse 50 tsa bone ba ne ba bolela gore balekane ba bone ba ne ba bona matshwao a go pasa ditlhatlhobo tsa bone eseng ka go bo ba ne ba ithuta mme ka boikanyologi. Go tweng ka ditekanyetso tsa batho mo diofising tsa setšhaba? A basha ba gompieno ba ka ithuta ditekanyetso tsa melemo ya boitsholo mo bontsing jwa baetapele? Raditiragalo Barbara Tuchman o ne a akgela ka gore: “Boitsholo bo latlhilwe mo boeteledipeleng fa re bua ka go sa ikemisetse go inaakanya le ditekanyetso tsa setšhaba mo go tlwaelegileng.”
3. Ke ka ntlha yang fa re ka lebelela Jehofa go nna le ditekanyetso tsa boitsholo?
3 Lefa go le jalo, go tweng he, ka Jehofa Modimo? O na le ditekanyetso, le eleng fela jaaka rre wa motho a ka nna le melemo le dipatlafalo mabapi le maitseo mo lapeng le go dirisana le ba bangwe. Jehofa, Moatlhodi wa lobopo lotlhe, Motlhoma-Molao le Kgosi, o baakanyetsa ka melao mo Bibeleng, ditaelo kana ka papamalo melao-metheo eo e bontshang ditekanyetso tsa gagwe tsa boitsholo le seo a se solofelang mo bathong—ditshupa-tsela tsa kafa re ka tsamayang ka teng.—Pesalema 25:4, 5; 86:10, 11; Isaia 33:22.
4. Ke ka ntlha yang re tshwanetse go kgatlhegela mabaka a go amogela ditekanyetso tsa Modimo?
4 Ke mang gareng ga rona yo o ka latolang bomosola jwa ditekanyetso tsa ga Jehofa? Lefa go le jalo re ka nna ra di kgophela fa thoko fa di thulana le keletso e nngwe ya botho. Re ka nna ra tlhofofatsa kana ra se amogele ditekanyetso tsa gagwe, re ikutlwa gore boemo jwa rona ke jo bo ka se tweng sepe kana bo tlhoka gore melao e sokamisiwe. Ka gone, a re tlhatlhobeng mabaka mangwe a gore ke eng re tshwanetse go amogela ditekanyetso tsa boitsholo tsa Modimo le gore re ka solegelwa molemo jang ke tsone.
Ditekanyetso tsa Modimo fa Di Bapisiwa le Tsa Motho
5, 6. Re ka ithuta eng go tswa diphitlhelelong tsa ga Jehofa mo malatsing a ntlha a marataro a popo?
5 Morago ga malatsi a marataro a popo, Modimo o ne wa bolela fa tiro ya gagwe e “le molemō thata.” (Genesise 1:31) Sengwe le sengwe se ne sa bopiwa ka thulaganyo e e tlhamaletseng, go se sepe se se bogole. Dimela le diphologolo di ne di tlatsa mefuta ya tsone, di tsala fela go ya kafa losikeng lwa tsone, di sa tlhoke gore di iphetolele mo mefuteng e mesha. (Genesise 1:25) Ipotse, Ke mang kana ke eng seo Jehofa a neng a tlhoka go se rerisa go bona dikaelo mo tirong eno ya popo? Ka phepafalo o ne a na le kitso e e mo go ene ka boene le botlhale jwa go dira sengwe le sengwe. Eseng fela go dira mme eleng go dira ka botlalo, ka tsela eo a neng a tlhoma ditekanyetso tse di bonalang. (Isaia 40:12-14) Ka ntlha ya ditekanyetso tsa Modimo re ka bapisa le go lemoga mefuta e mentsintsi ya dimela, ditlhapi, dinonyane le diphologolo tsa naga.
6 Jehofa ka nako nngwe o ne a botsa dipotso tseo gongwe di ka re thusang go bapisa kitso ya gagwe, dikgono le ditekanyetso le tseo tsa motho. Modimo o ne wa botsa Jobe jaana: “E rile ke thaea methèō ea lehatshe ua bo u le ha kae? Kakanya, ha u na le tlhaloganyō.” Baitseanape ba ka neela diphoraetso fela ka dingwaga tsa lobopo. Ka phepafalo, batho ba ne ba se teng go itse gore Modimo o bopile lefatshe leng kana jang. Modimo o ne wa botsisisa, “A e sa le ka malatsi a gago a simologa a u kile ua laola moshō, ua itsise mahubè helō ga aōna?” Baitseanape ba ithuta tikologo ya lefatshe, ba leka go etsa mokgwa o ka one letsatsi le ntshang maatla a a tshegetsang botshelo, le go tshwara phage ka mangana ka matswakabele a botlhalefi go tlhalosa tlholego ya selo se se tlwaelegileng fela jaaka lesedi. Diphitlhelelo tsa bone di bapisega jang le tsa Modimo? Jehofa o ne a tswelela: “A u itse melaō ea magodimo? a u ka tlhōma pushō ea eōna mo lehatshiñ? A u ka choleletsa lencwe ya gago kwa maruñ, gore letlōtlō ya metse le gu khurumetsè? A u ka roma dikgadima?” Kwa bofelong Jobe o ne a ineela a re: “Bōna, ga ke sepè; ke tla gu hetola ke reñ?” “Kea itse ha u ka diha dilō cotlhe, le go re, ga go na boikaèlèlō bopè yoa gago yo bo ka kganèlwañ.” A le wena o ikutlwa ka tsela e e tshwanang?—Yobe 38:4, 12, 33-35; 40:4; 42:2.
7, 8. Wena jaaka sebopiwa se go tweng motho o neela bosupi jang ka diphitlhelelo tsa Modimo?
7 Sekgantshwane se segolo sa popo ya selefatshe ya Modimo e ne ya nna motho. Khamera ya segompieno e e botoka go di feta tsotlhe ke malebela a e seng a sepe a tekanyetso e e kwa godimo-dimo, leitlho la gago. Tsela ya gago ya go sila dijo le diphetogo tsa dikhemikhale di gaisa kgakala sepe fela seo baenjenere ba dikhemikhale le baithuta-mmele wa motho ba kileng ba se dira. Lemororo re bona dipharologano gareng ga rona, mebele ya rona e e gakgamatsang e neela bosupi jwa ditekanyetso tse di botlhokwa-tlhokwa. Fa e le gore ngaka e ne e tlhoka go go ara lelana, a o ne o tla tshoga gore gongwe o ne a tla fitlhela mo mpeng ya gago dikodu kana boboko? Nnyaa, tekanyetso (mo popong ya Modimo) e kgonisa gore ngaka e ithute ka mmele wa motho e le gore a tle a kgone go dira loaro lo lo tshwanetseng.
8 Mo logateng lwa gago, eseng mo mpeng ya gago, o na le khomputara ya boemo jo bo kwa godimo mo go iphetophetoleng le mo bogolong go feta khomputara ya motlakase e e tlhabolotsweng thata. Boboko jwa gago bo go letlelela go akanya le go gakgamalela popo ya Modimo, go akareletsa le dibilione tsa matsatsi mo dimilione-milioneng tsa losagaripana lo logolo lwa magodimo. Modimo o ne wa tlhoma melao ya motsamao o o tlhomameng, o o tlhamaletseng wa dipopo tsa selegodimo e le gore re tle re kgone go e dirisa jaaka ditekanyetso tsa go bala nako ya rona, motshegare le bosigo, dipaka le dingwaga.—Genesise 1:14; Pesalema 8:3, 4.
9. Ka go bapisa ditekanyetso le diphitlhelelo tsa Modimo le tsa motho, re ka feleletsa ka goreng?
9 Bapisa diphitlhelelo tsa Modimo le seo motho a se dirileng. Go sa kgathalege gore bogoromente ba ne ba tlhoma ditekanyetso tse di laolang tsa mefuta yotlhe, batho ba ile ba kgotlela metsi le phefo, ba gatlampola dipalo tse dintsi tsa mefuta ya diphologolo tsa naga, ba kgaoganya batho ka sepolotiki, ka sedumedi le setso, mme ba tlogela setho se tshwentswe ke gore a ntwa, kgotlelo kana go swa ke tlala go tla re gongwe go nyeletse botshelo jwa motho gotlhelele mo lefatsheng. Ka phepafalo, Modimo o ne a sa feteletse fa o ne wa re ka motho: “Yaka magodimo a le kwa godimo bogolo go lehatshe, yalo mekgwa ea me e kwa godimo bogolo go mekgwa ea lona, le megopolō ea me bogolo go megopolō ea lona.” (Isaia 55:9) A he ga go tshwanele, gore; go na le go ikaega ka dipono tsa batho le gore ke ditekanyetso dife tse di tshwanetseng go fitlhelelwa, re tshwanetse ra kgatlhegela dikaelo kana ditekanyetso tsa ga Jehofa?—Diane 16:25; Isaia 30:21.
10. Popo e e bonalang e supang kaga go leba go Modimo ka ditekanyetso tsa boitsholo?
10 Popo e e bonalang e tlhomamisa gore Modimo “tihō ea gagwè e itekanetse [yotlhe].” Lefa go le jalo Duteronome 32:4 e tswelela pele go umaka dinonofo tsa boitsholo tsa ga Jehofa. Ka ntlha ya diphitlhelelo le ditekanyetso tsa gagwe mo sebakeng se se bonalang—go tswa dinaleding go ya dikarolonyaneng tsa atomo, go tswa ditshidinyaneng tse di sa bonaleng go ya mebeleng ya rona sebele—a ga re a tshwanela go leba go ene ka tsholofelo ka ditekanyetso tsa gagwe tsa boitsholo? Lebaka ke gore o baakanyeditse ka ditekanyetso tsa boitsholo tse di gaisang bogolo tseo ka tsone re ka kaelang dikamano tsa rona le ene le tsa batho ka rona.—Mika 6:6-8.
11. Ke mo dintlheng dife ditekanyetso tsa Modimo di ka go solegelang molemo?
11 Jehofa ga a lekanyetse kgakololo ya gagwe fela go karolo e tshesane ya botshelo jwa rona, jaaka ditumelo dingwe tse di rileng tsa dithuto tsa motheo kana ditiro tsa kafa mokgweng. Ditekanyetso tsa gagwe tsa boitsholo di akaretsa dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa rona, go akareletsa dikgang tsa lelapa, ditirisano tsa papadi, pono le boitshwaro mabapi le batho ba bong jo bo sa tshwaneng, boikutlo tebang le Bakeresete ka rona le go tsaya karolo mo kobamelong. (Isaia 48:17; Yakobe 1:25) Mo go Isaia 55:11 Jehofa o boletse gore ‘lefoko le le tswang mo molomong wa gagwe le tla nna le katlego.’ Fela jaaka fa ka tlhomamo, e ka re fa re gakaletse go dirisa ditekanyetso tsa gagwe ka tlhoafalo re nne le katlego e e oketsegileng, re fitlhelele molemo o o oketsegileng le go bona boitumelo jo bo oketsegileng.
Thuso Go Tswa Dikaelong tse di Babalelang le tse di Boikanngo tsa Modimo
12, 13. Tiragalo ya bosheng jaana ya botsogo e supela jang mo ditekanyetsong tsa Modimo tsa boitsholo jwa kafa dikobong?
12 Re ka bona thuso e e tswang mo ditekanyetsong tsa Modimo ka ditsela di le dintsi tse di tlhamaletseng tse di bonalang. Ka sekai, The New York Times Magazine (Tlhakole 6, 1983) e ne ya bega ka bolwetse bongwe jo bosha joo ‘batlhalefi ba tsa kalafi ba bo bitsang sebetso se se kotsi thata-thata sa lekgolo la dingwaga.’ Bolwetse jo ke Acquired Immune Deficiency Syndrome (khutshwahatso: AIDS). Bolwetse jo bo koafatsa tsamaiso ya mmele wa motho ya go tlhabantsha tlhaselo ya malwetse, bo mo tlogela a le kotsing ya go ka tlhaselwa ke dibopego tse di sa tlwaelegang tsa kankere, (Kaposi’s sarcoma), botlhoko jwa lohuba le malwetse a mangwe a a boitshegang. AIDS e bodiphatsa go le kana kang? Selekanyo sa loso lwa jone mo dingwageng tse pedi go bolelwa se feta diphesente tse 65.
13 Baitseanape ba dumela gore AIDS e anamisiwa ke metsana a mmele (segolo bogolo morotwana) le madi. Ga jaana basodoma bogolo jang ba ile ba bo sela ka boitsholo jo bo sa siamang jwa bone jwa matlhabisa ditlhong, lemororo bo ile jwa anamela kwa balekaneng ba ba sa tshwaneng ka bong. “Ra-matanyole” mongwe o ne a ipobola ka gore “Go tshwana jaaka ekete ke mo ntweng. Ga re itse gore bomo e tla wa leng. Ke ile ka swelwa ke ditsala di le 18 mo ngwageng le sephatlo tse di fetileng ba bolawa ke AIDS. Ba bangwe ba le 12 jaanong ba lwala fela thata.” Setlhogo seo se ne sa re: “Jaaka ba ntse ba tlhotlhorega, bontsi jwa balwetse ba AIDS ba simolola go gopola ka matshelo a bone, ka dinako tse dingwe ba ikutlwa gore ba otlhaelwa ditsela tsa bone tse di botlhaswa, le tsa boitlhapediso.” Kwantle le pelaelo, ditekanyetso tsa boitsholo tsa Modimo, jaaka tseo di umakiwang mo go 1 Bakorintha 6:9, 10, di a re thusa. Di a re sireletsa!
14. Bothata jwa AIDS bo otlelela ditekanyetso tsa Modimo ka ditsela dife tse dingwe? (Duteronome 12:23-25)
14 Go sa na le mo gontsi go feta seo. AIDS e ile ya bonwa mo bathong ba bantsi kwa Caribbean. Dr. Sheldon Landesman o ne a tlhalosa ka gore: ‘Re itse gore balwetse ba rona gantsi ba kopanyelediwa mo bongakeng jwa Setswana le tirisa-badimo.’ Go bonala jaanong o ka re AIDS e anamisiwa mo meketeng ya bone. Bolwetse jo gape bo nyalanngwa le ditshelo tsa madi le dilo tse di dirisanang le madi. “AIDS e setse e le sebetso sa bobedi mo go bakeng loso—bo latela go dutla ga madi mo go sa kganelweng—mo go ba ba nang le bolwetsi jwa mokola, mme mo bosheng jaana, balwetse ba bantsi ba ba neng ba amogela ditshelo tsa madi mo dingakeng ba tshetswe AIDS, seno se tsosa dipoifo gareng ga baela-dilo-tlhoko bangwe ka go ntsha madi ga setšhaba.” Lobaka lwa go elangwa ga jone lo bonala lo tloga go kgwedi tse thataro go ya go dingwaga tse pedi. Ka jalo ka nako e bangwe ba lemogang ka yone gore ba na le AIDS ba “ka tswa kwantle go go go lemoga ba bo ba bo tshetse makgolo-kgolo a mantsi a batho ba bangwe—ka go tlhakanela dikobo le bone, ka dimpho tsa madi, kana ka ditsela dingwe tse ba sa di gopolang.” Ditekanyetso tsa Modimo mabapi le boitsholo jwa dikobo, go tila tirisa-badimo le ‘go ithiba mo mading’ di re thusa go nna re gololesegile mo go seno le malwetseng a mangwe.—Duteronome 18:10-12; Diane 5:18-23; Ditihō 15:29; 21:25.
15. Tekanyetso ya ga Jehofa mabapi le tagi e e itshupa e thusa jang?
15 Jaaka tshupo e nngwe ya thuso ya ditekanyetso tsa ga Jehofa tse di thusang, gakologelwa gore o kgala botagwa. Ga a dumelele le eleng ‘mongwe go lemalela bojalwa.’ (1 Timotheo 3:3, 8; Baroma 13:13) Bantsi ba ba tlhokomologang tekanyetso ya Modimo ba nna le malwetse a a tsalwang kana a a befisiwang ke go nwa bobe. Ka go tlhokomoga kgakololo ya ga Paulo go dirisa fela “boyalwanyana yoa mofine,” Bakeresete bangwe ba ile ba retologela go nweng bobe ba re go ba thusa go ‘intsha letsapa.’ (1 Timotheo 5:23) Ka iketlo tlwaelo e e sa siamang ya botlhapelwa (ka diphelelo tsa yone tsa mmele, boikutlo le boitsholo) e ka tsoga. Mathata a a tlhagang a mantsi, go akareletsa le go latlhegelwa ke boitlotlo, dikgagamalo tsa lelapa (fa ele gore le ka se thubege), madi a a senngwang le go tshologelwa ke morogo. A ditekanyetso tsa Modimo mabapi le tiriso ya tagi ga se tshireletso mo ntlheng eno?
16. Ditekanyetso tsa Modimo di baakanyeditse ka thuso efe ya itsholelo go Basupi ba ga Jehofa?
16 Le gape, mo dikgannyeng tsa itsholelo, ditekanyetso tsa Modimo di itshupile di dira. O kgothaletsa Bakeresete go ikanyega le go dira ka natla. (Baefesia 4:28; Bakolosa 3:23; bapisa Luke 16:10-12.) Dipego go dikologa lefatshe di supa gore bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwarelela mo ditirong tsa bone fa ba bangwe ba ne ba lelekwa, kana ba ile ba tsholediwa maemo ka ntlha ya go ikanyega le go nna tlhaga. A o itse dikao dingwe tsa tseno? Ee gone, fa motho a hirilwe o nna le mathata a mabotlana ka dinako tsa mathata. Dipoelo tsa madi di nna gone gape fa motho a tila mekgwa e e seng ya kafa dikwalong le ditshwakgofo. Boikitsiso jo bo oketsegileng mo go seno bo fitlhelwa mo kgaolong e e reng “Money Problems—What Help?” ya buka ya Happiness—How to Find It.a Kwantle le pelaelo o ka akanyetsa ka dikai tse dingwe tsa go dira ga ditekanyetso tsa Modimo mo go tsa itsholelo.
17. Ke kaelo efe e Modimo o e neelang ka go kgaola, mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhale?
17 Ditekanyetso tsa ga Jehofa mabapi le phuthego ya Bokeresete gape di itshupa di le botlhale le go thusa. Ka motlhala, Modimo o kaela gore Mokeresete yo o dirang boleo ebile a se ketla a ikwatlhaya o tshwanetse go lelekwa mo phuthegong. Ba bangwe ba tshwanetse gore “e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; . . . lo se ka loa tlwaèlana naè.” Lemororo go ya ka ditekanyetso tsa batho bangwe seno se ka bonala e le botlhoka-lorato, Modimo o itse botoka. Ka lorato se se sireletsa phuthego e e phepa, ka go bo “sebedishō se le sennye se tle se bedise boupe yotlhe.” (1 Bakorintha 5:11, 6) Kakgelo ka Dr. A. L. McGinnis, mokwadi wa The Friendship Factor, e bontsha botlhale jwa seo Modimo o se bolelang kaga go sa je le batho ba ba kgaotsweng:
“Nngwe ya ditsela tse di botoka tseo ka tsone o ka nonotshang botsala ke ka go ja mmogo. Go na le sengwe seo go lebegang se le golaganya ka ga go kgaogana sejo le yo mongwe. Ka motlhala, a o setse o go etse tlhoko, gore go bokete jang go ja dijo tsa motshegare le mmaba mme le fele le ntse le le baba?”
18. Tekanyetso ya Modimo e ka itshupa e le molemo jang mabapi le batenegi?
18 Go ngaparela ditekanyetsong tsa Modimo gape go thusa go thibela go anama ga dithuto le dipono tsa maaka. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Humenaio le Fileto ba ne ba fetoga batenegi mme ba leka go ribegetsa tumelo ya ba bangwe. Tekanyetso ya Modimo e ne e le gore: ‘Bifela dipalabalo tse di bosula tse di ntseng jalo tseo di senyang se se boitshepo.’ (2 Timotheo 2:16-19) Bakeresete ba ba neng ba tshwareletse mo tekanyetsong e e ntseng jalo ba ne ba se ketla ba kgatlhegela go reetsa batenegi, le fa e le gone go tsaya dipe tsa dikwalo tsa bone tse di tšhefi tseo bano ba neng ba tla di aba “gore ba tlè ba bonè khumō.” Ke ka ntlha yang o ntshetsa boikepo jwa bone madi ka go reka dibuka tsa bone? (Tito 1:11) Jaaka Bakeresete ba ba boikanyegi a re tshwareleleng ditekanyetsong tsa Modimo, re otle megopolo ya rona ka se se boammaaruri le se se siameng, mme re tshwarelele ka kanaanelo le ka boikanyegi go mosele oo re ithutileng boammaaruri jwa Bibela lwantlha ka one.—Bapisa 1 Timotheo 4:16.
19. Ke mo ntlheng efe e nngwe e ditekanyetso tsa ga Jehofa di ka baakanyetsang ka thuso?
19 Ditekanyetso tsa Modimo di thusa Basupi ba ga Jehofa ka ditsela tse dingwe tse dintsi-ntsi. Mo lenyalong di kgothaletsa lorato, tlotlo le kutlwano ka nako eo go yone boitsholo jo bo repileng le dikgoeletso tsa kgololesego di gogelang kwa dikgolong tse dintsi tsa tlhalo. Ditekanyetso tsa ga Jehofa di thusa bana ba Bakeresete go re ba amogele kaelo ya botsadi, ba sa nne bofefo go tsuologa jaaka go ntse ka balekane ba bantsi ba bone ba sekolo. Go na le gore ba bontshe boitumologo mo taolong ya botsadi le go tlogela legae ba sale babotlana, basha ba ba anaanelang ditekanyetso tsa Modimo ba itumelela go solegelwa molemo ke kgakololo e e theilweng mo Bibeleng le thuso eo batsadi ba Bakeresete ba ka e baakanyetsang.—Bakolosa 3:18-21.
Amogela Ditekanyetso tsa ga Jehofa ka Kutlo
20-22. Ke eng se o tlhokang go se gakologelwa mabapi le ditekanyetso tsa Modimo?
20 Re ne re ka buisana ka ditsela di le dintsi tseo ka tsone ditekanyetso tsa Modimo di ka re thusang ka gone. O ka tswa o na le dintlha dingwe tse di tlhamaletseng tsa gore ke jang di go thusitseng wena ka bowena. Wa utlwa he! Dilo tseo ke tse di molemo le tse di kgothatsang go di akareletsa mo motlotlong wa gago le Bakeresete ba bangwe.
21 Lefa go le jalo, rotlhe re tshwanetse ra gakologelwa gore go motlhofo fela thata go gogelwa kgakala le ditekanyetso tsa Modimo. Mme gakologelwa gore Jehofa o ne a bolelela Baiseraele jaana kwa Thabeng ya Sinai: “Ha rure lo ka reetsa lencwe ya me, loa tshegetsa kgōlaganō ea me, hoñ lo tla nna boshwa bo chwerwe yoa me, go heta dichaba cotlhe: gonne lehatshe yeotlhe ke ya me.” Ba ne ka tlhagafalo ba arabela ka gore: “Gotlhe mo Yehofa o go buileñ re tla go diha.” Lefa go le jalo abo tsela ya bone e ba neng ba e tsaya mo dingwageng tse di latelang e ne e farologanye le seo jang ne!—Ekesodo 19:5, 8; Dipalo 14:1-4, 10.
22 Ka gone he a re amogeleng le go tshwarelela ditekanyetsong tsa ga Jehofa! Ka go bo eleruri tsela ya botlhale le ya boitumelo ke go ngaparela ka tlhoafalo mo ditekanyetsong tsa ga Jehofa tse di sa gaisegeng tseo a di baakanyeditseng go re thusa go kaela matshelo a rona.—Pesalema 19:7-11.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
A O A Gakologelwa?
◻ Popo e e bonalang e baakanyetsa bosupi bofe jwa go nna ga ga Jehofa motswedi wa ditekanyetso?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba go Jehofa ka ditekanyetso tsa boitsholo?
◻ O ka neela dikai dife go tshwantsha kafa ditekanyetso tsa ga Jehofa di ka go thusang ka teng?
◻ O ikutlwa jang kaga go dirisa ditekanyetso tsa Modimo?
[Lebokoso mo go tsebe 13]
AIDS—Sebetso sa bo-1980
“Mo e ka nnang boraro mo boneng jwa batho bao lwantlha ba neng ba tlhaselwa ke bolwetsi jo ba sule. Babatlisisi bangwe ba dumela gore ga go na yo o bo falolang.” Bolwetsi jo ke Acquired Immune Deficiency Syndrome, kana AIDS.—Science 83, March.
Ngaka nngwe e etse tlhoko jaana: “Bo tshwana le motšhine. Fa o setse o simolotse, o itse gore ga go na sepe se se tla o emisang. O ka lebelela tsamaiso ya go tlhabantsha tlhaselo ya malwetsi e senyegela pele. Fa bolwetsi bongwe bo re bo a simologa, o bona go tlhagoga jo bongwe. Molwetsi o tla nna le lohuba lo lo botlhoko, morago thurugo ya mapele, go tswa foo boboko bo bo bo koba, kgabagare bo nne le mogare o o tlhaselang ngati.” Mongwe wa balwetsi ba gagwe e ne e le ramabole le motshameki wa tenese yo gape a neng a tsholetsa ditshipi. Monna yo o “ne a na le nyatsi e e seng matlho mantsi mme o ne a ile a dira bosodoma fela dikgwedi tse thataro pele bo mo tlhasela.” Go ne ga diragala eng ka ene? “Monna yoo o na a swa dibeke tse thataro fela morago ga bolwetsi joo go sena go twe bo a alafiwa, ka mala a a marobaroba, a le dingwaga tse 30.”
Go dirwang go ithuta ka gore AIDS e tlhasela bomang, ke eng, e tlhasela leng ebile kae? Ba Centers for Disease Control (CDC) ba direla mo Atlanta, mo Georgia. Ka Tlhakole 13, 1983, koranta ya dikgang e e tumileng thata ya Atlanta e ne ya bega ka gore: “Ga go ise go ke go diragale gore ba CDC ba phatlalatse babereki jaana—go tla jaanong ba le 100—ka lobaka lo lo boleele jo bo kana mo bothateng jwa botsogo jwa batho. Tiro ya setlhopha ke nngwe ya tse di tshegeditsweng fela thata, maiteko a magolo a maitseanape a tsa kalafi mo hisitoring . . . Ka mogopolo wa gore ba batla mogare—mme seo le sone se sa tlhomamisege—baitseanape ba CDC ba leka go atisa mogare mo diphologolong kana mabotlejaneng.” Mme ereka AIDS e ka nna le lobaka lwa dikgwedi tse thataro go ya go ngwaga tse pedi bo ntse bo elangwe, ditekeletso tse di dirwang jaanong di ka nna tsa se senole sepe pele ga 1985. Gone jaana baithuta-megare le baithuta-ditshidinyana “ba ikutlwa gore ba sale kgakala le go bona motswedi [o o dirang AIDS] go na le jaaka ba ne ba simolola patlisiso ya bone mo ngwageng o ka nna mongwe o o fetileng.”
Ka January ba CDC ba ne ba tshwara phuthego go buisana ka AIDS. Jaaka go begilwe go Journal of the American Medical Association, Dr. D. Armstrong wa Memorial Sloan-Kettering Cancer Center o ne a bolelela phuthego eo gore: “Ga ke na pelaelo epe gotlhelele gore AIDS e tshelwa ba bangwe ka go tlhakanela dikobo le dilo tse di amanang le madi a mmele.” Science 83 e ne ya bolela pono ya botlhe: “Baitseanape ba akanya gore bo fetisediwa ka ‘kgomano ya mmele’—ka sekai, bonnale ba ba amoganwang ba diokobatsi, kana go robalana. Seo se supelang go sengwe seo se tsamaisiwang ke ditshika tsa madi. Mo go dirang gore bagolwane ba tsa botsogo ba tshwenyege ka didikadike tsa batho ba ba fang le go tshelwa madi.”
Gone jaana ga go na ditekeletso tsa go lemoga batho ba ba nang le AIDS, ka jalo dibanka tsa madi a mmele ga di ka ke tsa lemoga gore ke bantshi bafe ba madi ba ba nang le bolwetsi joo. Go ile ga akantshiwa gore go se amogelwe dimpho tsa madi a mmele go ditlhopha tse di ka nnang kotsi fela thata, segolo bogolo basodoma. Mme “bora-matanyole” ba ile ba arabela ka dilelo tsa gore ba a kgethololwa le ditshwanelo tsa bone di a tlontlololwa. (Gone ke mang yo o tshwenyegang ka ditshwanelo tsa batho ba ba fiwang madi a a ntseng jalo?) Gape, moemedi wa ba National Gay Task Force o ne a bolelela ba CDC jaana mo phuthegong ya bone: “Bora-matanyole ba le bantsi ga ba itshupe ba ntse jalo ebile ga ba ketla ba arabela dipotso.” Dikganano tse di tshwanang di ne tsa utlwiwa mo Afrika Borwa fa tlhotlhomiso e ne ya akantshiwa morago ga loso lwa maloko a mabedi a banna a batsamaisi ba Difofane tsa Afrika Borwa.
Bosupi jwa bosheng jaana ke gore basadi ba ba neng ba tlhakanele dikobo le banna ba ba nang le AIDS ba ka tshelwa bolwetsi joo. Setlhopha se sengwe se sesha sa batlhaselwa ke bana. Masea a mangwe kwantle le pelaelo ba ne ba tlhaselwa morago ga gore ba amogele ditshelo tsa madi le metswako e ba e neelwang go alafa bothata jwa go gonoga morago go botsalo. Masea a mangwe a ka ne a bo tsere mo popelong kana ba bo setse ka kgomano ya mmele le motsadi yo o nang le AIDS kana mongwe yo bo mo tlhasetseng.
Ereka jaana palo ya malwetsi a a begiwang e ntse e menagana sebedi dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro, re tlhomamisa gore ammaaruri re tla utlwa mo go oketsegileng ka sebetso seno se se tsitsibanyang sa bo-1980.—Bagalatia 6:7, 8.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Popo, go tswa fela go e potlana go ya go e kgolo thata, e supela go kgono ya ga Jehofa ya go baakanyetsa ka ditekanyetso