EKESODO—Go Tswa Bobeloethateng go ya Thulaganyong ya Bolegodimo
JEHOFA o ne a utlwa dilelo tsa bone jaaka ‘ba ne ba dihisiwa ka bopeloethata.’ E ne e le nako ya gore jaanong a tsee kgato, mme o ne a dira jalo jaaka Mogolodi yo o Mothatayotlhe wa bone. Ka bofefo fela moragonyana ga foo, Modimo o ne wa tlhoma batho ba gagwe ba ba itshenketsweng ka tsamaiso ya bolegodimo e e rulagantsweng sentle-ntle.
Seno tota ka bosone, ke tiragalo e e kgatlhisang e o tla e fitlhelang mo bukeng ya Bibela ya Ekesodo. E ne ya kwalwa ke moperofeti wa Mohebera ebong Moshe, e anela ka maitemogelo a Baiseraele go tloga 1657 go ya go 1512 B.C.E. Dikgakgamatso tse di jesang kgakge le melao e e kwa godimo-dimo di gareng ga dikarolo dingwe tsa buka eno tse di gapang tlhokomelo.
A mme Ekesodo e na le bokao jwa mmatota mo lekgolong la dingwaga la bo-20? Fela jaaka kakanyetso ya rona e khutshwanyane e tla bontsha, eleruri go ntse fela jalo.
Tshobokanyo ya Ekesodo
Jaaka banni mo Egepeto, ditlogolwana tsa ga Jakobe di ne tsa oketsega ka mo go boitshegang mo ka taolo e e tswang kwa kgosing ba neng ‘ba dihisiwa ka bopeloethata.’ Faro o ne a ba a ntsha le taolo ya gore masea otlhe a basimanyana a Baiseraele a bolawe. Ngwana yo o falolang tiragalo e e ntseng jalo ke yoo mmaagwe a mmayang mo lotshitshing lwa noka ya Nile mo serotong sa koma. Morwadia Faro o bona ngwana le go mo ikgodisetsa, a mo raya leina a re Moshe, le le rayang “yo o ntshitsweng mo metsing.” Lemororo a godisediwa mo lelapeng la segosi, fa a le dingwaga tse 40 Moshe o ema le batho ba gaabo ba ba gateletsweng, a bolaya Moegepeto. Ka a ne a patelesega go tshaba, o ya kwa Midiana, kwa o fetang a nyala gona le go dira tiro ya bodisa. Kgabagare Faro o a swa, mme Faro yo mongwe o busa ka bobeloethata mo godimo ga Baiseraele. Fa go ntse go ya Modimo o utlwa go lelela ga bone thuso.—Ekesodo 1:1–2:25
Ka letsatsi lengwe Moshe o bona setlhare se se tukang, mme ka dikgakgamatso se sa she. Jehofa o mo laolela ka moengele gore a boele Egepeto mme a etelele Baiseraele go tswa mo bokgobeng jo bo setlhogo. Modimo o tlhoma mogolowe Arone jaaka mmueledi wa gagwe.—Ekesodo 3:1–4:31.
Moshe le Arone ba iponatsa fa pele ga ga Faro, ba kopa gore Baiseraele ba letlelelwe go ya go direla Jehofa moletlo kwa nageng. Mmusi wa Egepeto o gana ka bogoma, mme Jehofa a tsaya kgato e e dirang gore leina la gagwe le itsiwe. Faro yo o boikgantsho le baloi ba gagwe eleruri ba ne ba sa lepa-lepane ka gope le Moshe, yo o Jehofa o mo dirisang go tlisa ditiragalo tse di nang le matswela a a tsitsibanyang. Lefa go ntse jalo, le eleng morago ga dipetso tse di robang bongwe, mmelo-e-thata wa Egepeto o ntse ga a rokgonyege!—Ekesodo 5:1–10:29.
Ka tebelelo ya petso ya bo-10 e e tshosang, Jehofa o laela gore Baiseraele ba dire “tlolaganyō.” Ka Nisane 10, ba tsaya kwanyana kana potsane ya lelapa lengwe le lengwe. Phologolo eno e bolawa ka Nisane a le 14 mme madi a yone a tshasiwa mo mejakong le mo mepakong ya matlo a bone. Baa e besa le go e ja go le maitseboa, ga mmogo le merogo e e galakang le senkgwe se se sa bedisiwang. Fa malapa a otlhe a ntse a le mo matlong, mo e ka nnang bosigo-gare moengele wa ga Jehofa o ralala lefatshe mme o tlolaganya legae la Moiseraele mongwe le mongwe. Petso e e tshosang ya bo-10 ea rutha. Batsalwa-pele botlhe ba Egepeto ba a swa, go akareletsa le motsalwa pele wa ga Faro. Ka nako eo fela o tlogela Baiseraele ba tsamaya.—Ekesodo 11:1–12:36.
Lefa go ntse jalo, moragonyana fela, mogateledi wa Egepeto le masole a gagwe ba tla ba jele magala ba ba lelekile. Mme Jehofa o baakanyetsa ka kgololo ka go bula phatlha mo Lewatleng je Lehibidu. Mme jaanong Baiseraele ba le ka ko ntlheng e nngwe ba babalesegile, Modimo o dira gore lewatle le hupetse Faro le ntwa ya gagwe, le ba bete botlhe hela. Abo e le tsela e ntle jang ne ya go itse Jehofa le maatla a gagwe a a boitshegang!—Ekesodo 12:37–15:21.
Go tloga foo go ya Thabeng ya Sinai mo Arabia Baiseraele gangwe le gape ba nna ba ithuta mo go oketsegileng ka ga Jehofa, jaaka a dira metsi a a botlhoko go nna monate, a ba goromeletsa makutikwe le go ba fa dijo tse di monate tse ba di bitsang mana. Mo kgweding ya bone ya boraro ba sena go gololwa mo bobeloethateng jwa Egepeto, ba thibelela mo mhapheng wa Thaba ya Sinai. Koo ba feta ba amogela melao ya Modimo, go akareletsa le “Ditaolo tse Some” (Melao e e Some), mme ba tsena mo kgolaganong le Jehofa, Mogolodi wa bone yo o Mothatayotlhe.—Ekesodo 15:22–24:18; Duteronome 4:13.
Moshe o fetsa malatsi a le 40 mo thabeng a amogela ditaelo tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri le go agiwa ga motlaagana wa ga Jehofa, tempele e e selekanyo sa go ka sikarwa. Gone foo, Baiseraele ba dira le go obamela namane ya gouda. Fa a fologa mo thabeng, Moshe o bona seno a bo a galefa fela thata le go phatlakanya matlapa a mabedi ao Ditaolo tse Some di neng di kwadilwe mo go one ka kgakgamatso. Morago ga kotlhao e e tshwanetseng e sena go dirwa mo baobameding ba medimo ya disetwa ba ba phoso, o tlhatlogela gape kwa thabeng mme ya re a le koo o amogela matlapa a mangwe gape. Moshe o bontshiwa kgalalelo ya Modimo le go utlwa Jehofa a ipolela fa A le kutlwelo botlhoko mme a se ketla a lesa ba ba tshwanelwang ke kotlhao ba sa otlhaiwa.—Ekesodo 25:1–34:7.
Fa Moshe jaanong a boa kwa thabeng lwa bobedi, kago ya motlaagana e a simolola, go latelwa motlhala o Jehofa a o baakanyeditseng. Boaphelong jwa ngwaga wa ntlha wa Baiseraele ba sena go gololesega, tante eno e ntle-ntle le dikarolo tsotlhe tsa yone e ne e feditswe. Motlaagana o tlhomilwe le go tsenngwa sengwe le sengwe, go tswa foo Jehofa o o tlatsa ka kgalalelo ya gagwe.—Ekesodo 34:8–40:38.
Kwantle le pelaelo, o tshwanetse wa bo o ile wa tlhotlheletsega sentle ka poeletso eno ya ditiragalo tse di kgatlhisang bogolo. Mme gongwe e ka re o ntse o ipalela Ekesodo wa tswa o na le dipotso tse di rileng, dingwe tsa tsone e le tse di tla arabiwang jaaka fa re akanyetsa dikarolo tse dikgolo tse tharo tsa buka ka sebopego sa dipotso le dikarabo.
‘Ba Dihisiwa Ka Bobeloethata’
● 3:1—Jetherwe mogwagadia Moshe, e ne e le moperisiti wa mofuta ofe?
Go bonala Jetherwe ka phepafalo e ne e le tlhogo ya lotso mo morafeng wa Bamidiana mme e ne e le ene a ba rutang le go ba goga mo dikgannyeng tsa botshelo jwa gale le mo bodumeding. Ereka Bamidiana e ne e le ditlogolwana tsa ga Aberahame ka Ketura, ba ne ba santse ba gakologelwa kobamelo ya ga Jehofa eo Aberahame a neng ka metlha a e gatelela mo lelapeng la gagwe. Re ka se tlhomamisege gore bodumedi jwa morafe oo bo ne bo itshekile go le kae mo motlheng wa ga Moshe. Mme Jetherwe o ne a bontsha kanaanelo e kgolwane ka Jehofa lemororo a ne a sa tlhongwa ka tlhamalalo ke Modimo.—Ekesodo 18:1-24.
● 4:11—A Jehofa ke ene a ikarabelelang mo dikgolafalong tse di tshwanang le bofofu?
Nnyaa, Jehofa ga se ene ka metlha a ikarabelang mo dikgolafalong tse di jaaka bofofu le bosusu. Tseno di ile tsa nna gone segolo bogolo ka go bo Jehofa a letleletse lotso lwa motho lo lo leofileng gore le nne gone, ka baleofi Adame le Efa ba ne ba latlha boitekanelo jwa bone mme, ka jalo, le kgono ya bone ya go ka tsala bana ba ba itekanetseng. (Yobe 14:4; Baroma 5:12) Jaaka ditlogolwana tsa bone di ne di nna le bana, bosaitekanelang jo bo oketsegileng, go akareletsa le bogole jwa mmele, di ne tsa itshupa. Ka go letlelela seemo seno go nna gone, Modimo o ne o ka bua ka boone o re o ‘dira’ dimumu, bosusu le difofu. Ke ka boikaelelo jo bo rileng fela, mme ebile e le fa gongwe fela, Jehofa a ileng a dira bofofu le bomumu jwa mmele. (Genesise 19:11; Luke 1:20-22, 62-64; Ditihō 13:8-11) Fa e le gore batho ba itlhophela go nna difofu le bosusu ba semoya, o ba dumelela go tswelela mo go sa dumeleng ga bone le mo go ganeng ga bone molaetsa wa gagwe, ka gone a ‘dira’ ka tlhaloganyo ya semoya difofu le bosusu. (Isaia 6:9, 10) Mme legale Jehofa o neetse ba ba batlang go mo itumedisa kutlo le pono tsa semoya. Gape, ka Bogosi jwa gagwe ka Jesu Keresete, Modimo o o lorato, Jehofa, o tla golola setho mo bofofung jwa mmele le bogole jo bongwe jotlhe fela.—Isaia 61:1, 2; 1 Yohane 4:8; Tshenolō 21:1-4.
● 4:24-26—Ke mang yo botshelo jwa gagwe bo neng bo le kotsing, mme go ne ga diragala eng?
Ka ntlha ya gore tema eno ga e a phepafala, re akantsha gore: Morwawe Moshe o ne a gomagomelwa ke loso ka go bo a ne a seka a nna tumalanong le kgolagano ya pele ya go rupa. (Genesise 17:9-14) Morago ga go rupisa ngwana, Sipora o ne a dira tshupo eno ya go dumalana le kgolagano ka go ama dinao tsa moengele yo o neng a iphetoletse go nna motho, ka gone a bontsha gore go ne go sa tlhole go na le lebaka lepe jaanong la gore morwawe a swe. Fa e le gore o ne a lebisitse go Jehofa ka moengele jaaka “monna oa me oa madi hèla,” go ne go ntse jaaka ekete o ne a amogetse boemo jwa mosadi jwa kgolagano ya thupiso, mme Modimo e le monna.
● 6:3—Ereka Aberahame, Isake le Jakobe ba ne ba dirisa leina Jehofa, ke ka tlhaloganyo efe Modimo o neng o sa le ba itsise?
Leina Jehofa tota-tota le raya “O Dira Gore Go Diragale,” seo se raya gore, go ya kafa boikaelelong jwa Modimo. Aberahame, Isake le Jakobe ba ne ba dirisa leina la bomodimo mme ba ne ba amogela ditsholofetso go tswa go Jehofa. Lefa go le jalo ba ne ba seka ba itse kana ba itemogela fa Jehofa e le Ene yo o dirang gore ditsholofetso tseno di diragadiwe gotlhelele. (Genesise 12:1, 2; 15:7, 13-16; 26:24; 28:10-15) Lefa go ntse jalo, leina la ga Jehofa le ne le tla re kgabagare le nne le bokao jo bogolwane mo ditlogolwaneng tsa bone, Baiseraele. Ba ne ba tla tla go itse bokao jwa lone jwa mmatota fa Jehofa a ne a diragatsa boikaelelo jwa gagwe tebang le Iseraele ka go mo golola mo bobeloethateng mme he a ba nee Lefatshe ja Tsholofetso e le tiragatsong ya kgolagano ya gagwe le borraabo mogolo.
● 7:22—Baperesiti ba Egepeto ba ne ba tsaya metsi a a iseng a fetoge madi kae?
Ba ka tswa ba ile ba dirisa metsi mangwe a Noka ya Nile pele ga tiragalo e, kana petso e. Lefa go ntse jalo, metsi a a sa kgotlegelang go lebega a ne a ka giwa ka go epa didiba mo mmung o o neng o le bongola tikologong ya Nile. (Ekesodo 7:24) Ka gongwe baperesiti ba ne ba dirisa metsi a a ntseng jalo go dira boferefere jwa bone.
● 12:29—A batho ba senna le ba sesadi ba ne ba tsewa ka go tshwana jaaka batsalwa pele?
Batsalwa pele ba ne ba akareletsa batho ba senna fela. Seno se phepafadiwa ke lebaka la gore moragonyana, fa go ne go dirwa kananyo ka go neela Jehofa Balefi, go ne ga balwa batho ba senna fela. (Dipalō 3:40-51) Faro ka boene e ne e le motsalwa pele, mme o ne a seka a bolawa ka go bo ka boene a ne a na le lelapa mme ebile e ne e se ditlhogo tsa malapa tse di neng tsa swa fa e se batsalwa pele mo bosigong jwa Tlolaganyo.—Ekesodo 12:12.
Ba Ne Ba Gololwa Ke Jehofa
● 15:8—Ereka metsi a Lewatle je Lehibidu a ne a ‘gatsetse,’ a e ne e le kapoko?
Lefoko la Sehebera fano le le ranoletsweng ka “gatsela” le raya go ipopa kana go lowa. Mo go Yobe 10:10 lereo le dirisiwa mabapi le go remisa madila. Ka jalo ga go ree gore dipota tsa metsi di ne di omeletse jaaka letlapa. Ereka go ne go sena sepe se se bonalang se se neng se tshegeditse metsi, a ne a tla nna le sebopego sa go gatsela, a le tshume kana a loile gore a tle a kgone go nna a ntse a eme jalo. Fa e le gore phefo e e neng ya umakiwa go le pele e ne e le tsididi-tsididi thata go ka remisa metsi, kwantle ga pelaelo go ka bo go ile ga nna le tshupiso e nngwe ya gore go ne go le tsididi fela thata.—Ekesodo 14:21.
Go Rulaganngwa ka Bolegodimo
● 20:5—A seno se raya gore ba ba ikanyegang ba ne ba tla otlhaiwa?
Nnyaa, ka go bo motho mongwe le mongwe, morago ga go fitlha dingwageng tsa boikarabelo, o atlholwa go ya kafa motheong wa boitshwaro le boikutlo jwa gagwe. (Bapisa Esekiele 18:20.) Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa morafe wa Iseraele morago o boela kwa kobamelong ya medimo ya disetwa, o ne wa boga matswela a seno makgolokgolo a dingwaga le eleng morago ga foo. Batho ba ba ikanyegang ba ne ba se ka ba otlhaelwa boleo jwa morafe, lemororo ba ne ba utlwa matswela mangwe a gone. Go ne go le bokete ka baboloka-bothokgami bano go ralala lekhubu la boganana jwa bodumedi, mme ka go dira jalo ba ne ba ipelela bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa.
● 23:20-23—Moengele yo o neng a umakwa fano e ne e le mang, mme go ka bolelwa jang gore leina la ga Jehofa le ne le le “mo go èna”?
Baengele bangwe kwantle go Jesu Keresete pele ga a nna motho ba ne ba e tle ba dirisiwe go isa molao wa Modimo go Moshe. (Yohane 1:1-3, 14; Bahebera 2:2, 3) Mme go a utlwala gore re feleletse ka gore moengele yoo Jehofa a neng a re “leina ya me le mo go èna” e ne e le Jesu pele ga go nna ga gagwe motho. O ne a dirisiwa go kaela Baiseraele go ya Lefatsheng la Tsholofetso. (1 Bakorintha 10:1-4) Jesu, yo leina la gagwe le rayang “Poloko ya ga Jehofa,” ke ene wa konokono mo go tshegetseng le go tlotlomatseng leina la ga Rraagwe.
● 32:25—Ke ka ntlha yang fa Arone a ne a seka a otlhaiwa ka ntlha ya go dira namane ya gouda?
Arone o ne a dira seno ka go patelediwa ke batho, eseng ka ntlha ya gore o ne a dumalana ka peloyotlhe le kobamelo ya medimo ya disetwa. Moragonyana, go bonala a ne a kopanela le Balefi mo go emeleng Jehofa ebile a le kgatlhanong le ba ba neng ba ithuhula mo go Moshe ka nako eo. Batho ba ba ka nnang 3 000 (go bonalang e ne e le botshoso-e-rweleng) ba ne ba bolawa, mme ba ba oketsegileng ba ne ba le molato ka go bo morago ga gore ba ba 3 000 ba swe Moshe o ne a gakolola batho gore ba ne ba dirile boleo jo bo maswe thata. Ka jalo batho ba ba oketsegileng kwantle go Arone fela ba ne ba bona kutlwelo botlhoko ya ga Jehofa ka nako eo.—Ekesodo 32:1-6, 26-35.
● 34:26—Mosola wa taolo eno ya gore go se tlhadiiwe potsane ka mashi a ga mmaayo e ne e le eng?
Go kabiesiwa kana go tlhadiiwa ga potsanyane, kana potsane, ka mashi a ga mmaayo go bolelwa fa e ne e le tlwaelo ya seheitane ya go tlisa pula. Ka jalo Baiseraele ba ka tswa ba ile ba fiwa molao o o ntseng jalo go ba thibela mo ditlwaelong tse di ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, taolo eno, ga mmogo le tse dingwe, di lebega di gatelela lebaka la gore sengwe le sengwe se na le thulaganyo e e siameng le e e tshwanelang mo dikgannyeng tsotlhe. Jehofa o baakanyeditse ka mashi a ga mmaayo go re e otle ngwana wa yone. Mme go tlhadia ngwana wa yone ka mashi go ne go tla felela ka kgobalo le loso, se se fapaaneng le boikaelelo jwa tota jwa mashi. Molao ono gape go bonala o ne o baakanyetsa thuto e e bontshang batho ba kgolagano ya Modimo gore ba ne ba tshwanetse go sa nne pelompe mme ba tshwanetse ba bontshe tlhomogopelo.
Bokao jwa Tota go ba ba Ikanyegang
Ekesodo ke tiragalo e e tlhotlheletsang ya bobeloethata jwa bokgoba, kgololo ya bomodimo le go rulaganngwa ga mokgatlho ka bolegodimo. Mme basupi ba ga Jehofa ba lekgolo la dingwaga la bo-20 ba ka ithutang mo bukeng eno?
Jehofa o tshegetsa batho ba gagwe. O ne a dira seno ka go ema nokeng le go segofatsa Baiseraele fa ba ne ba ‘dihisiwa ka bobeloethata.’ (Ekesodo 1:7, 14) Ka mo go tshwanang, Jehofa o tshegetsa basupi ba gagwe ba motlha wa segompieno, le eleng fa ba thulane le pogiso e e mahehe.
Jehofa ke Mogolodi yo o senang molekane. Abo seo se ile sa itshupa jang ne kwa Lewatleng je Lehibidu! Ka mo go tshwanetseng he, basupi ba motlha wa segompieno ba ka nna le tsholofelo ya gore bone, jaaka setlhopha, ba tla falola “sepitla se segolo” se se tlang tlaseng ga seatla se se maatla otlhe sa Mogolodi yono yo Mogolo.—Mathaio 24:20-22; Tshenolō 7:9, 14.
Jehofa ke Modimo wa phuthego ya bolegodimo. Melao ya gagwe, fa e ne e reediwa, e ne ya kgonisa Baiseraele go mo obamela ka tsela e e siameng sentle, e e bolokesegileng, mokgwa o o ipedisang o o neng o tlotla leina la gagwe. Ka go tshwana, Jehofa o rulagantse basupi ba gagwe ba gompieno jaaka bokaulengwe jo bo rulagantsweng sentle, jo bo bolokesegileng le jo bo itumetseng. He gore re bolokesege le go itumela, re tshwanetse ka boikanyego re direle Modimo jaaka karolo ya mokgatlho wa gagwe wa bolegodimo oo o galaletsang leina la gagwe le le boitshepo.—Pesalema 100:1-5; 1 Petere 2:17.
Eno ke mengwe ya melemo e e ka selwang mo bukeng ya Ekesodo. Ekete tumelo ya rona e ka nonotshiwa jaaka re akanyetsa polelo eno e e kgatlhisang ya kgololo ya bomodimo go tswa bobeloethateng go ya thulaganyong ya bolegodimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Kwa Thabeng ya Sinai Jehofa o ne a rulaganya Baiseraele ka tsamaiso ya bolegodimo