LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 12/1 ts. 5-8
  • Go Sa Utlwe Batsadi—A Ke Sesupo sa Metlha ya Bofelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Sa Utlwe Batsadi—A Ke Sesupo sa Metlha ya Bofelo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe La Rona Le Le Fetogang
  • Dikgobalo tsa Losika lwa “Nna”
  • Matswela a Thelebishene
  • Tlhoka-kutlo—E Mpepeneneng ebile e Subegile
  • O Ka Dirang
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ba Lebana le Dikgwetlho Dife?
    Tsogang!—2009
  • A Go na Le Seganana mo Lelapeng?
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • ‘Dipaka tsa Rona tse di Tlhokofatsang’—Lelapa la Gago le Amega Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 12/1 ts. 5-8

Go Sa Utlwe Batsadi—A Ke Sesupo sa Metlha ya Bofelo?

“GO NA le losika loa batho ba ba rogañ borrabō, me ba sa segōhatse bommabō.” (Diane 30:11) Seno se tlhalosa sentle losika lwa fa e sale 1914. A mme basha fa e sale ba ile ba nna batho ba mofuta wa bone fela eleruri mo ntlheng eno? Fa e le gore go ntse jalo, ka ntlha yang?

Lefatshe La Rona Le Le Fetogang

Mo dinakong tse di fetileng, lelapa e ne e le lefelo la lorato le tshegetso. Go ne go sena pelaelo epe kaga maikarabelo le ditiro tsa maloko a lelapa. Banna e ne e le bone ba ba berekang. Bontsi jwa basadi ba ne ba nna kwa lapeng mme ba tlhokomela bana le ditiro tsa ntlo. Ba le mmogo ba ne ba ruta bana ba bone ditiro tse di mosola le melao-metheo. Bana gantsi ba ne ba nna ba tshwaregile ka ditiro tsa ntlo mo ba neng ba sena nako ya go dira bosenyi jo bo masisi.

Ditiragalo fa e sale go tlhagoga ga Ntwa ya Lefatshe I ka 1914 di ile tsa phatlakanya maemo ano a a molemo-lemo. Fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele, lekgolo la rona la dingwaga le ile la nna le dintwa tse di setlhogo, boikepo le tlhaelo ya dijo. (Mathaio 24:4-14) Matswela? Phetogo e kgolo ya tsela ya rona ya botshelo. Motlha ono wa go sasanka o beile dikgala tse dikgolo magareng ga maloko a lelapa bao ba itsamaelang maeto a bone ba le bosi. E reka ba golotswe ke dikgatelo pele tsa boranyane mo bogolong jwa go kgomarela tiro mo lapeng, basadi ba bantsi ba ananya go bereka mo lapeng ka tiro mo madirelong a papadi. Baruta-bana le batlhokomedi ba bana motshegare ba ile ba tsaya boemo jwa batsadi. Bana ba bolawa ke bodutu ka ntlha ya gore tiro ya ntlo e tserwe ke didirisiwa tsa motlakase.

Ditiragalo tseno tsa bosheng di okeditse dikgotlhang tsa lelapa fela thata. Dipalo tsa tlhalo di kwa mankaleng-kaleng. Jalo he malapa a batsadi bangwe fela le one a tlhagogile. Motsadi-mongwefela mongwe o ne a bolela jaana ka bothata jwa go godisa ngwana a le mongwe ka boene: “Ka nako eo ke gorogang kwa lapeng ka yone ke tswa kwa tirong, banake ba a bo ba sa le ba dule kwa sekolong dioura tse tharo. Ga go ka tsela epe ke ka batlisisang gore ba ntse ba dirang. Ke tlhomamisega gore morwadiake wa dingwaga tse 16 o tshwanetse a bo a robalana le mosimane mongwe wa tlelase ya bone, mme morwaake wa dingwaga tse 13 o diega ka metlha morago ga sekolo kwa holong ya metshameko ya lefelo leo.”

Dikgobalo tsa Losika lwa “Nna”

Gongwe ga go na losika lope lo lo kileng lwa tlhakana-tlhogo mo go kana ke go lwela “ditshwanelo” tsa botho. Ka ntlha ya gona moo, go ya ka motlhalefela-tlhaloganyo mongwe yo o itsegeng thata, batsadi “ka iketlo ba simolotse go letlelela bana ba bone go ngangisana le bone, go ntsha maikutlo a bone le megopolo, le eleng go sa utlwe go se kae fela.” A seno se tshwanetse?

Mokwadi wa bagapa-dikgele ba ngwaga le ngwaga ba dibuka ebong Robert Coles o ne a re: “Batsadi ba bantsi ba tshaba go godisa bana ba bone ba le bosi—ka go tlhatswega pelo ga bone le boitsholo jwa bone jwa tumelo. Ba tshositswe ke batlhalefi botlhe bano ba ba kwalang dibuka kaga go godisa bana le go ba bolelela gore ba tshwanetse ba direng.” Jaaka ba ba tlhasetsweng ke megopolo ya go godisa bana ka kgololesego, batsadi ba iphitlhela ba kgotsofatsa keletso ya megopolo ya bana ba bone—e le fela gore kgabagare ba bo ba thulana le boammaaruri jwa polelo ya Bibela: “Eo o sa leñ a godisa motlhanka oa gagwè mo bonyaneñ yoa gagwè ka tlekeeco, o tla mmōna a bile a le morwawè mo boheloñ.”—Diane 29:21.

Matswela a Thelebishene

Bosheng fela jaana ba National Institute for Mental Health ba ne ba ntsha pego ya ditlhatlhobiso e e atlabetseng ya setlhogo se se reng “Thelebishene le Maitseo.” Pego e ne ya bontsha gore TV, kwantle go go tlhaselakaka megopolo ka thubakanyo e e maswe le boitsholo jo bo maswe, e na le matswela a mangwe a a tshwenyang mo botshelong jwa lelapa. Ka sekai, “mo makgetlong a le mantsi ka mo go gakgamatsang,” phetso ya gore ke eng se se tshwanetsweng sa lebelelwa e tlogelelwa bana, bao “gantsi ba ileng ba tlhaga jaaka baatlhodi ba gore lelapa le tshwanetse la lebelelang; ba ile ba nna badira-diphetso ba lelapa.”

Buka ya Generation of Narcissus e iphaka gore go na le matswela a mangwe a a tlhakoreng a a sa eletsegeng a TV. E bolela gore ka ntlha ya thelebishene “bana ba itemogela mo go tweng ke lone lefatshe la mmatota ka pono e e leng ya mofuta wa yone e le yosi. Go lebega e le lefatshe leo le tlhagang mo mebeleng ya bone go tswela kwa ntle.” Ee, e ka nna ya nna gore ngwana yo o tshwakgotsweng ke thelebishene o simolola go bontsha pono ya botshelo ya go iteba a le nosi fela.

Mabaka ano a otlhe a ile a senya tlhago e e lekalekaneng ya botshelo jwa lelapa. A mme basha eleruri baa ikgophola ka go tsuologela taolo ya botsadi?

Tlhoka-kutlo—E Mpepeneneng ebile e Subegile

‘Koketsego ya boikepo’ gareng ga basha ke nngwe ya ditshupo tse di bonalang sentle tsa gore basha bangwe ba dipela taolo ya botsadi. (Mathaio 24:12) Ka sekai, go begwa gore “kwatara ya bokebekwa jotlhe jo bo masisi mo Greater London [Ennyelane] bo dirwa ke bana ba dikolo.” Mo United States “go tshwarwa ga thaka-tshesane ka ntlha ya bokebekwa jo bo thubakanyang . . . go oketsegile ka diphesente tse 293 magareng a 1960 le 1975; mme kgolo yotlhe ya go tshwarwa ga thaka-tshesane e gola ka diphesente tse 10 ngwaga le ngwaga—gabedi go feta kgolo ya bagodi.” Dipego tse di tswang China di bolela ka thaka-tshesane “e e bolayang, e e tsietsang, e e utswang, e e thubetsang, go rekisa diokobatsi ka bonokwane le papadi ya boferefere.”

E nngwe ya thubakanyo eno ya kgakgafalo e lebisitswe le eleng go batsadi. Moithuta tsa leago Richard J. Gelles o ne a thusa go dira kanoko eo e neng ya senola gore “makawana le makgarejwana ba ba fetang dimilione tse 2-1/2 [mo United States] go ne ga bolelwa fa ba kile ba itaya motsadi bobotlana gangwe. Batsadi ba makawana le makgarejwana ba ba batlileng ba nna 900 000 . . . ba ka tswa ba ile ba kubediwa, ba betswa, ba ragakiwa, ba tikwa ka sengwe se se thata, ba setlakwa, ba tshosediwa kana ba tlhabiwa ka thipa le go supiwa ka tlhobolo.” Ditiro tse di ntseng jalo tse di boitshegang di otlelela polelelo pele ya Bibela gore ka nako ya metlha ya bofelo batho ba tla bo ba “sena lorato loa tlhōlègō.” (2 Timotheo 3:3) Se se gamarisang eleruri, e ne e le phetso ya gore “dilekanyo le dipalo tsa kgopolelo di fopholetsa kwa tlase selekanyo sa mmannete sa thubakanyo ya makawana le makgarejwana mo batsading.” (Mokwalo o o sekameng wa rona.)—The Urban & Social Change Review, Volume 15, Number 1, 1982.

Boitsholo jo bo repileng jwa kafa dikobong ke tsela e nngwe eo ka yone basha ba gananang le dikeletso tsa batsadi ba bone. Mo kanokong e nngwe ya basha ba Amerika ba le 160 000, diphesente tse 31 tsa ba ba magareng ga dingwaga tse 13 le 15 ba ile ba dumela gore ba ne ba setse ba kile ba tlhakanela dikobo le ba bangwe. Magareng ga dingwaga tsa bo-16 le 18, ke ba le diphesente tse 58. Ka go tshwana Japane e bega ka gore “go robalana mo go sa tshwanelang mo go boitshegang go ne ga gola thata mo dingwageng tse supa tse di fetileng.”

Basha ba bangwe ka bokukuntshwane ba dirisa dino tsa tagi kana diokobatsi tse di tshwakgolang. Ba ba ka nnang diphesente tse 43 ba ne ba dumela fa ba ile ba goga matekwane. Babatlisisi ba ne ba feleletsa ka gore go gogwa ga matekwane “ke selo sa ka metlha sa go itlosa bodutu mo basheng ba bantsi.” Halofo e ne ya dumela gore ba ka aketsa batsadi ba bone fa ba ne ba ka bodiwa ka gore a ba goga matekwane.

Basha ba bangwe, ba ba tlaletsweng ka ntlha ya go bo batsadi ba bone ba ba batla gore ba atlege ntswa ba ba fa tshegetso e potlana, ka tidimalo ba tsuologela batsadi ba bone ka go ipaledisa ditlhaka ka bomo kwa sekolong. Ba bangwe le gone gape ba gana go utlwaa ka go gana go tlhotlhelediwa go latela maemo a batsadi ba bone a boitsholo kana bodumedi. Ke diphesente tse 53 fela tsa basha ba ba neng ba tlhotlhomisiwa ba ba neng ba bolela gore ba ne ba tla latela tumelo ya batsadi ba bone. Ba bangwe ba ne ba bolela gore ba ne ba se ketla kana gore ga ba bone. Abo seno se swabisa batsadi jang! Diphesentenyana tse 17 tsa bone di ne tsa bolela fa di ka kopa kgakololo ya batsadi mo go tsa dikobo; ke ba se kaenyana fela gape ba ba neng ba tla kopa kgakololo ya batsadi ba bone ka ga diokobatsi. Dipono tse di ntseng jalo tse di thulanang di fetola magae mafelo a botlhabanelo.

O Ka Dirang

Ka jalo go ka bolelwa ka papamalo gore losika lwa rona ke la mofuta wa lone fela, leo le godisitsweng tlase ga maemo a e leng a mofuta wa one fela. Kganelelo ya lefatshe ka bophara mabapi le go tlhoka kutlo, fa e kopana le bosupi jo bongwe, di re gogela kwa phetsong e e senang matilelo ya gore re tshela mo metlheng ya bofelo.

Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba fitlhela gore thuto ya Bibela—eseng megopolo ya gompieno e e thulanang ya go godisa ngwana—e ba tlhomelela gore ba dirisane ka botlalo le mathata a gompieno. Ba fitlhela taolo e e mo go Baefesia 6:1-4 e tlhomame ebile e utlwala: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo Moreneñ: gonne mo, go siame. . . . Le lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea [ga Jehofa].” Ka gone, Basupi ba tla itumelela go go thusa go simolola thuto ya ka metlha ya Bibela.

Le eleng fa o se motsadi, thuto ya Bibela eleruri e tla go solegela molemo thata. Gape go hatakutsa mo Lefokong la Modimo go tla go thusa go tlwaelana le Modimo le maikaelelo a gagwe. Eno ke tsela e e botlhale, ka go bo Bibela e kgothaletsa ka gore: “Batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”—Sefania 2:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lefoko la Segerika la “tlhoko-kutlo” tota-tota le raya “boemo jwa go sa rotloetsege.”

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]

‘Batsadi ba ba batlileng ba tshwara 900 000 ba makawana le makgarejwana ba ka tswa ba kubeditswe, ba beditswe, ba ragakilwe, ba setlakilwe, kana ba tshoseditswe kana ba tlhabilwe ka thipa le go supiwa ka tlhobolo’

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 7]

Motsadi-mongwefela mongwe o ne a re: “Ka nako eo ke gorogang ke tswa kwa tirong, banake ba a bo ba sa le ba dule kwa sekolong dioura tse tharo. Ga go ka tsela epe ke ka batlisisang gore ba ntse ba dirang”

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Batsadi bao ba ileng ba ineela mo megopolong ya go godisa bana ka kgololesego gantsi ba felela ka ngwana yoo e leng ntwa-dumela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela