Go Ka Tswa Go Diragetseng ka ‘Tlotla Batsadi ba Gago’?
RRE mongwe o ne a re mabapi le barwa ba gagwe ba babedi: “Nako le nako fa ke ntsha maikutlo a me, ba itshwara fela jaaka ekete ba tla itheng ka ke rraabo. Go ka tswa go diragetseng ka ‘Tlotla Batsadi ba Gago’?” Ka mo go tshwanang, mogolwane wa lephatana la tirelo ya lelapa o etse tlhoko ka gore: “Malatsi ano, basha ga ba iphetolele fela batsadi ba bone, ka metlha ba tlhokomologa taolo ya bone.”
Lefa o ka tswa o le mosha kana mogodi, kwantle le pelaelo o lemogile gore basha ba bantsi gompieno ga ba utlwe le go tlotla batsadi ba bone. Eno ke kgang e e tshwanetseng go go tshwenya, lefa o ka tswa o le mosha kana motsadi. Ka ntlha yang?
Ka go bo dithulano tsa batsadi le bana tseo o di bonang ke karolo ya motlhala wa ditiragalo tse di tlhomaganang, tseo di tshwayang metlha eno jaaka metlha ya bofelo. Go ya ka Bibela, lobaka lo lo bidiwang ‘metlha ya bofelo’ lo tla pele ga tshenyo ya bofelo ya tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya dilo. (2 Timotheo 3:1) Lefa go le jalo, go tla nna le bafalodi bao ba tla ipelelang botshelo tlase ga goromente wa mmatota wa selegodimo.—Daniele 2:44; Tshenolō 21:1-4.
Mme ke jang go sa utlwe batsadi go tsamaelanang le seo Bibela e se bolelang kaga jaanong le isagwe? Mo ditokololong tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo re ile ra tlhatlhoba boperofeti jwa ga Jesu mo go Mathaio 24, Luke 21 le Mareko 13. Jesu o ne a ikepetse mo ditiragalong tsa lefatshe tseo di neng di tla tshwaya “bokhutlō yoa lehatshe”: dintwa, dithoromo tsa lefatshe le boikepo, go umaka di se kae fela. Lefa go ntse jalo, jaanong, re kgonosela mo tlhalosong e e tshwanang ya boperofeti ya lobaka lono lwa nako, e e fitlhelwang go 2 Timotheo 3:1-5. Mo boemong jwa go bua fela ka dilo tsa ka kwa ntle tse di amang batho, Bibela fano e tlotlomatsa maikutlo a batho ba ba itemogelang ditiragalo tseno tse di tshosang. E re:
“Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, . . . le bōnè bauō u kgaoganè nabō.”
Elatlhoko gore mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo ke kakgelo ya kafa metlha ya bofelo e tla amang batho ka teng. Tlhokomela gore, gape ‘go sa utlwe batsadi’ go tla bonala thata ka nako ya lobaka lo lo tlhokofatsang lo lo bidiwang metlha ya bofelo.
A A Diragadiwa mo Motlheng wa Rona?
‘Re itse jang gore Paulo o ne a sa bue ka maemo a motlha wa gagwe fela?’ bangwe ba ka botsa. Ereka moaposetoloi a ne a latedisa boperofeti jwa gagwe ka kgakololo go Mokeresete yo o neng a bidiwa Timotheo, bangwe ba ipotsa fa e le gore a ruri Paulo o ne a kwala kaga motlha wa rona. (2 Timotheo 3:5, 14, 15) Lefa go ntse jalo, tlhokomela gore Paulo o bolela gore “mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ.” O tshwanetse a bo a ne a lebisitse go tiragalo ya mo isagweng. Timotheo o ne a bolelelwa gore “u kgaoganè” le batho ba ba bontshang maikutlo a a sa eletsegeng, ereka ba bangwe mo phuthegong ba ne ba setse ba dira jalo. Mme mafoko a ga Paulo a bontsha gore mo metlheng ya bofelo mo isagweng seemo e ne e tla nna se se tlhokofatsang ka mo go oketsegileng.—Bapisa 2 Bathesalonia 2:6-12; 3:6-14.
Legale, o ka tswa o ile wa utlwa, gore babatlisisi bangwe ba re bontsi jwa basha gompieno gone tota ba dirisana sentle le batsadi ba bone. Ponong ya 2 Timotheo 3:1-5, o tshwanetse wa akanyang ka maiphako a a ntseng jalo? Pele ga o ka fitlha phetsong, a re tlhatlhobeng boperofeti jwa ga Paulo go ya ka lesedi la ditiragalo tsa Bibela.
“Tlotla Rrago le Mmago”
Go ne ga bolela jalo wa botlhano go Melao e e Some. (Ekesodo 20:12) Mafoko ano a ne a gatiseletswa mo megopolong ya basha ba Bajuda. (Duteronome 5:16; 6:6, 7) Go sa utlwe batsadi ba motho e ne e le selo se se sa utlwalelweng—mo makgetlong a mangwe e le molato o o bolaelwang! (Duteronome 21:18-21) Tsela ya botshelo ya bogologolo e ne ya thusa batsadi go boloka taolo eno e e lorato mme e gagametse. Setheo sa lelapa e ne e le sa tlhogo ya lotso. Maikarabelo a batsadi a ne a tlhalositswe fela sentle. Bana ba ne ba lejwa jaaka letlhogonolo, lesego, mme ditiro tsa temo le leruo mo mokgatlhong wa batho di ne di ba fa sebaka sa go nna le mo go ntsi go go dira.—Bapisa Pesalema 127:3.
Lefa go ntse jalo, jaaka tšhaba e ithuhola mo ditseleng tsa ga Jehofa, botshelo jwa lelapa bo ne jwa senyegela pele. Dingwaga di ka nna 800 morago ga gore Melao e e Some e neelwe, moperofeti Mika o ne a ela tlhoko jaana: “Ñwana oa mosimane o tlotlolola rragwè, ñwana oa mosetsana o cogologèla mmagwè, . . . me baba ba monna e be e le batho ba ntlo ea gagwè.” (Mika 7:6) Ka go tshwana, Esekiele o ne a re ka motse wa Jerusalema: “Di nntse di sa re sepè ka borra le bomma.” (Esekiele 22:7) Tlontlololo e e sisimosang e e ntseng jalo eo ya batsadi e ne e le dikai tse di anameng tsa go bola ga boitsholo. Ka gone, Modimo o ne wa tsaya kgato e e masisi ya kotlhao kgatlhanong le morafe otlhe.—Yeremia 1:15, 16.
Fa re e lebelela ka pono e e ntseng jalo; kwantle le pelaelo o dumela gore bogolo jwa boitshwaro jwa basha ba lekgolo la dingwaga la bo-20 bo ne bo ka lebega bo gamarisa go Paulo morago koo mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Dipono tse di gone gompieno tsa kgololesego ya go godisa bana go ne go se ke go utlwalelwa sepe ka tsone morago koo. Ka jalo, re tlhoka go gakologelwa gore dipatlisiso tseo di kgabisang botshelo jwa lelapa jwa segompieno di tlodisa matlho ditekanyetso tsa Modimo ka bana. (Baefesia 6:1-3) Fa maikutlo le boitshwaro jo bo tlwaelegileng gareng ga basha ba gompieno di bapisiwa le ditekanyetso tsa Modimo, re ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Bibela e bitsa losika lwa gompieno e re ke lo lo “sa utlweñ.” Ga se gore ke bana botlhe bao ba tsuologang. Mme tlhoka-kutlo go bonala sentle gore e aname ebile e befile—e lemotshega tota.
Lefa go le jalo a go ‘sa utlwe batsadi’ eleruri ke ga lefatshe lotlhe? A go na le bosupi jo bo tletseng jwa gore thulano ya batsadi le bana e supa gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō”?—2 Timotheo 3:1, 2.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 4]
‘Ga se bana botlhe ba ba tsuololang. Mme tlhoka-kutlo go bonala sentle gore e aname ebile e befile’