Babulatsela ba Lekgolo la Bo-20
LEFOKO “mmulatsela” le itsege go dikologa lefatshe. Gantsi le lebisa go motho wa ntlha go nna mo kgaolong e e rileng, a baakanyetsa ba bangwe ba ba tla tlang morago tsela. Maiteko a babulatsela ba pele mo go simololeng dikgaolo tse disha a ile a nna a tiro e e mosola thata mo masikeng a a neng a tla tla.
A go sa ntse go na le dikgaolo tse dingwe tse di kwa pele tse disha tse di tshwanetseng go fitlhelelwa? Ee. Eseng mo lefaufaung, mme e leng gone mono mo lefatsheng. Re tlhoka babulatsela ba ba ka re beelang motlhala wa gore re tswe mo nthagarageng ya boitsholo, itsholelo le ya sepolotiki e setho se itsentseng mo go yone. Setlhopha se se botlana sa batho ba ba ineetseng se ntse se supa kgoro ya botso go feta dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng. Bano ke babulatsela ba boammaaruri ba lekgolo la bo-20 la dingwaga.
Basupi ba ga Jehofa ba dirisa Bibela jaaka mokaela-tsela wa bone. (Pesalema 119:105) Lefoko la Modimo le le kwadilweng le ba gogela Bogosing jwa gagwe jaaka tsela e le yosi fela ya go rarabolola mathata a a kokometseng a a nwetsang babusi ba batho. Ga se gore fela tlalelo ya segompieno e tla tlosiwa mme ditsholofetso tsa ga Jehofa di fetela kwa pele. Isagwe e tla bona lefatshe la Paradaise. (Tshenolō 21:1-4) Ke ka goromente wa selegodimo wa Modimo, ka Keresete Jesu jaaka Kgosi, go bo seno se tla bona tiragatso ya sone. Isaia 9:7 e bolela jaana: “Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosiñ yoa gagwè go bo tlhōmamisa, le go bo tshegetsa ka katlholō le ka tshiamō, go tloga gompiyeno go ea bosakhutleñ. Tlhōahalō ea ga Yehofa oa mashomōshomō e tla dihatsa selō se.”
Fela jaaka babulatsela ba pele, bao gareng ga bone banna, basadi le basha botlhe ba neng ba arola mo go ageng mo nageng e ntšha, Basupi ba ga Jehofa ba dingwaga tse di farologaneng le ba bong jotlhe ba arola mo go anamiseng mafoko a a molemo go tswa mo Bibeleng. Lefa go ntse jalo, gareng ga bano, go na le bao ba ithaopelang go etelela, ba senya dioura tse 60 go ya go tse 140 kgwedi le kgwedi mo tirong ya boefangele. Ka mo go tshwanelang he, bareri bano ba nako e e tletseng ba bidiwa babulatsela.a
A mofuta ono wa bobulatsela e tla nna o o tla go siamelang thata? Kana o tla itlhophela mofuta o mongwe gape wa go bulatsela wa lekgolo la dingwaga la bo-20?
Ga Se Bobulatsela Jotlhe jo bo Gogelang Kgotsofalong
Batho-ka-bongwe ba ba sinosang tsela ya mofuta o mosha wa boranyane kana tsela e ntšha ya mogopolo ke babulatsela le bone. Lefa go ntse jalo, go bulatsela mo karolong ya boitshediso go a tle go gogele kwa tlalelong le tšararegong. Re na le dikai dingwe tse di itsegeng fela thata tseno.
Mmulatsela wa madirelo a tshipi, Andrew Carnegie, batho ba bantsi ba ntse ba mo tlotla thata. E ne e le mongwe wa bahumi ba ba kileng ba tshela mo motlheng wa gagwe. Jaaka morata-batho o ne a ntsha dimilione tsa madi go fa batho. A mme o ne a itumela? Nako nngwe fa mmega-dikgang a ne a bolelela Rre Carnegie kafa a neng a mo tswelapelo ka teng, mmega-dikgang a gakgamadiwa ke karabo eno: “Ga ke a tshwanelwa go tswelwapelo. Letlotlo la me le ka nthusa jang? Ke masome a marataro a dingwaga, mme ga ke kgone go ja dijo tsa me sentle. Ke ne ke ka ntsha dimilione tsotlhe tsa me tsa madi fa ke ne ke ka nna mosha le go tsoga sentle.” Mme he, ka lentswe la pelo e e botlhoka a tswelela jaana, “Ke ne ke ka rekisa sengwe le sengwe ka boitumelo go busetsa botshelo jwa me gape.”
Mme ramatlotlo-tlotlo yo mongwe, J. Paul Getty, mo go tsa diole, o ne a latlhela mogopolo ono ka gore: “Madi ga a amane ka gope le boitumelo. Gongwe le boitumologo.”
Gotweng ka tsela ya botshelo ya go bula tsela mo temeng ya boitseanape? Reetsa gore mongwe wa baitseanape ba ba tlotlegang le mmulatsela wa maranyane a “nuclear’’ o ne a reng, ebong Albert Einstein, nako nngwe fa a ne a bua ka boitseanape jwa segompieno: “Mo ntweng ke gore fela re golafatsane le go bolaana. Mo kagisong bo dirile gore matshelo a rona e nne a a potlakileng le a a sa tlhomamang. . . . E dirile gore batho e nne makgoba a metšhine bao gantsi ba wetsang tiro ya bone e e lapisang pelo ya letsatsi lotlhe ba tenegile.” Gape, mo lokwalong lo a lo kwaletseng tsala, Einstein o ne a bontsha tšararego ya gagwe ka go bona kitso ya gagwe ka atomo e dirisetswa go dira bomo ya atomiki.
A tsela ya botshelo ya bopolotiki e ka busetsa go le go golwane? Le eleng fa re ne re ka ipusetsa morago kwa nakong ya fa mokgatlho wa batho o ne o se matswakabele thata, go bula tsela mo karolong ya bopolotiki go ne go se ketla go tlhomamisetsa kgotsofalo. Ka sekai, Abraham Lincoln ke mongwe wa mapolotiki a a neng a ratega fela thata. O ne a direla jaaka tautona mo motseng mogolo wa morafe. Lefa go le jalo, morago ga go bolawa ga gagwe, morwawe sebele, Tad, o ne a re ka ga gagwe: “Ga se leka motlha a kileng a itumela morago ga gore a tle fa. Lefelo leno le ne le sa mo siamela.”
Go le letlotlo, thutego ya lefatshe kana tumo ga di ka ke tsa tlhomamisetsa kgotsofalo. Bantsi ba lora ba thuthumoditse tsela e ntšha mo kgwebong, metshameko, boitloso-bodutu, tsela ya botshelo ya sepolotiki kana boitseanape. Ba lelekisa toro ya bone mme, fa e ka fitlhelelwa, ba feleletsa ba bolela jaana ka maswabi: ‘A ke gone gotlhe fela mo?’
Bobulatsela jo bo Kgotsofatsang
Bangwe ba ile ba feleletsa ka go latela mofuta o o farologaneng mo tseleng ya bone ya botshelo—tiro ya go rera ka nako e e tletseng. Go tlhotlheletsa eleruri go bona seo babulatsela bano ba se fitlheletseng le go bona kafa ba ikutlwang ka teng ka tiro ya bone.
Ka 1923 monna mongwe, mosadi wa gagwe le ngwana wa bone ba ne ba kopiwa go tlogela legae la bone mo Trinidad go ya Sierra Leone. Lebaka e le eng? Go di goga kwa pele mo tirong ya go rera mo Afrika Bophirima. W. R. Brown le lelapa la gagwe ba ne ba dumela. Ka bofefo fela fa ba sena go goroga go ne ga hirisiwa holo go neela puo ya Bibela. E ne e tletse tota; makgolo a busetswa morago. Sontaga se se latelang puo e nngwe ya neelwa, “Go ya le go Boa kwa Diheleng—Ke Bomang ba ba Leng Koo?” Gape, bareetsi ba bangwe ba bantsi thata—batho ba ne ba bolaetswe tlala ke boammaaruri jwa Bibela. Mme boora-Brown ba ne ba le teng go ba otla semoeng, ba bula tsela gore barutisi ba bangwe ba Bibela ba tle ba latele.
Mme ya re ka 1930, boora-Brown ba ya kwa Nigeria go rulaganyetsa tiro ya go rera mo lefatsheng leo. Mo dingwageng tse 27 tse di latelang ba ne ba bona phuthego e gola go tswa go lefela go fitlha go 165 mo Nigeria. Ba ne ba senya nako gape ba etela le go neela dipolelo tsa Bibela mo dinageng tse dingwe tse di jaaka Ghana, Liberia le Gambia. Go kgabaganya Afrika Bophirima yotlhe o ne a tla go itsiwe jaaka Bible Brown. Gompieno mo karolong eno ya Afrika go na le Basupi ba ba fetang 131 000.
Lefa go le jalo, se se botlhokwa go feta dipalo, ke matswela ao thuto eno ya Bibela, e buletswe tsela ke W. R. Brown le mosadi wa gagwe, e nnileng le one mo matshelong a batho. Dr. Azikiwe, molaodi-mogolwane wa Nigeria ka 1960, o ne a re: “Ke sale ke itsile Rre le Mme Brown mo e ka nnang dingwaga tse di masome mararo, mme ba ne ba dira mo go golo mo go bopeng matshelo a semoya a batho ba rona mo Nigeria . . . Fa e ne e le gore makgotlanyana a bodumedi otlhe a ne a tshwana le Basupi ba ga Jehofa, re ne re se ketla re nna le babolai, go thujwa ga matlo, diganana, magolegwa le dibomo tsa atomiki. Mabati a ne a se ketla a lotlelwa motshegare le bosigo.”
W. R. “Bible” Brown o ne a ikutlwa jang morago ga dingwaga tse 53 jaaka modihedi wa mmulatsela? O ne a re: “Abo e le boipelo jang ne go bona banna le basadi ba nna kutlo mo mafokong a a molemo a Bogosi jwa Modimo! . . . Ke rata bobulatsela. Ke nngwe ya ditshiamelo tse dikgolo fela thata tse di ka neelwang sebopiwa sa motho, go nna moemedi wa ga Jehofa!” A le wena o ikutlwa o na le lorato lwa tirelo ya bobulatsela?
Kathe B. Palm o ne a simolola tsela ya gagwe ya botshelo ya thero ya nako e e tletseng ka 1931. Dingwaga tse di masome mane le borataro tsa tse o ne a di senya kwa Chile, Amerika Borwa, a neela bosupi go tswa ntlheng e nngwe ya lefatshe go ya go e nngwe. Fa a lebisa tseleng ya botshelo ya gagwe ya go bula tsela, o bolela jaana: “Ke ka bo ke seka ka bona tiro e e ka bong e ntliseditse thethebalo e e kalo kana e e ka bong e e ile ya duela semoeng mo go kana . . . Ke nna le boikutlo jo bo bothito, le jo bo kgotsofatsang jaaka ke bona batho ba bantsi bao ke ileng ka ithuta Bibela le bona ba anamisa mafoko a a molemo, ba thusa ba bangwe go tla metsing a botshelo. Ke ne ka ba laleletsa go nwa metsi a boammaaruri, mme jaanong ba laletsa ba bangwe.” Fa a ne a simolola ka 1936, go ne go na le Basupi ba ba tlhaga ba le 50 mo Chile yotlhe. Jaanong ba feta 18 000. A o ile wa lekeletsa thethebalo le tuelo ya semoya ya go bula tsela?
Ka 1967 Malinda Z. Keefer o ne a re: “Boitumelo jwa me jo bogolo bo tswa mo go reng e ne ya re dingwaga tse di fetang masome a matlhano tse di fetileng ke ne ka intsha setlhabelo mo tirong ya nako e e tletseng jaaka moithaopi yo o ratang.” Gompieno jaana o sentse dingwaga tse di fetang 75 jaaka mmulatsela! Morago-rago koo ka Seetebosigo wa 1907, ka go sa kgotsofadiwe fela ke bosupi jwa Sontaga mo mosong, o ne a bolelela Mokaulengwe Russell, mookamedi wa Watch Tower Society, ka keletso ya gagwe ya go tsenelela tirelo ya nako e e tletseng. Lefa go le jalo, o ne a belaela, gore a tota o ne a na le kitso e e lekanetseng. Mokaulengwe Russell o ne a mo raya ka gore: “Fa e le gore o batla go letela go fitlhelela ka nako eo o tla bong o na le kitso yotlhe ka yone ga o ketla o simolola, mme o tla ithuta jaaka o ntse o tsweletse.” Kgwedi e e latelang o ne a simolola tsela ya botshelo ya gagwe ya go bula tsela eo e neng ya mo isa mo dikgaolong di le 15 tsa United States. Jaaka Malinda a fitlha mo dingwageng tsa gagwe tsa bo-100 tsa botshelo, o sa ntse a ntse a bonwa a tlhagafetse mo tirong ya gagwe ya bodihedi jwa bobulatsela.
Botlolaganyetso jo bo molemo mo tseleng ya botshelo ya go bula tsela ke tirelo ya bobulatsela jo bo thusang. Go senya dioura tse 60 fela ka kgwedi o rera e ka nna boitemogelo jo bo itumedisang go wena. Jehofa o re laleletsa gore ‘re leke le go bona’ gore a kobamelo ya gagwe e molemo. (Pesalema 34:8) Sebopego seno sa bobulatsela se tla go fa motlhala wa go ‘lekeletsa’ go re go rera le go ruta ka nako e e tletseng go ntse jang. Fa e le gore ga o ise o ke o lekeletse tiro ya bobulatsela ka mokgwa ono, ga o ise o tle go lemoga gore boefangele jwa nako e e tletseng bo ka tlisa maipelo le kgotsofalo e e kana kang go wena.
A o ile wa akanyetsa ka tlhoafalo tsela ya botshelo ya gago ya isagwe? A le wena o ka amogela boswa jono jo bo gakgamatsang jwa tiro ya bobulatsela? A o tla inaakanya le ditlhopha tse di ntsifalang tsa bareri ba nako e e tletseng le go nna mmulatsela wa lekgolo la dingwaga la bo-20?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Webster’s Third New International Dictionary, tsebe 1721.