Go Nna le Pono ya Modimo mo go Tsa Dikobo
RRAARONA yo o lorato wa selegodimo o ne a bopa batsadi ba rona ba ntlha ka mpho e e molemo-lemo ya go tlhakanela dikobo. O ne a tsenya mo go bone keletso e e nonofileng thata ya lenyalo le tseo di amanang le lone mo e leng gore go tswelela pele ga lelapa la motho go ne go tlhomamisega. Ruri, fa re akanya kaga thulaganyo eno le kgono e kgolo eo e nang le yone mo go lereng monate le boitumelo mo bathong, re tlhotlhelediwa go baka Modimo wa rona o Mogolo ka ntlha ya go akanya ka tsela e e ntseng jalo e e gakgamatsang ya go tlatsa lefatshe ka batho.—Genesise 1:27, 28.
Ga go gakgamatse go bo fa Satane Diabolo a ne a tsuologela Modimo, a neng a ikemisetsa go senya thulaganyo eno e ntle ya go dira gore lotso lotlhe lwa motho lo nne gone. Ka go dirisana le megopolo ya batho bao ga jaanong ba tsaletsweng mo bosaitekanelang, o ne a kgona go sokamisa maikutlo a bone tebang le tiriso e e tshwanetseng ya dinonofo tsa bone tsa bonna le bosadi tseo ba di filweng ke Modimo. Bibela e bontsha gore ka nako ya Morwalela, ‘go akanya ga pelo ya motho go ne go le bosula ka metlha yotlhe.’ (Genesise 6:5, 6; 8:21) E ne ya re fa lelapa la motho le ntse le tsenelela kwa teng mo tseleng ya bosula kafa boitsholong, baengele kwa legodimong ba bo ba ntse ba ba lebeletse.
Go Kopanyelediwa ga Baengele
Modimo o ne a sa bopa baengele ka keletso ya go tlhakanela dikobo le batho. Lefa go le jalo Satane ka phepafalo o ne a kgona go dira gore bangwe ba bone ba akanye ka mo go sa tshwanelang kaga dikgang tse di ntseng jalo. Ka gone ya re mo baengeleng bangwe ga gola keletso ya sengwe seo Modimo a neng a se baakanyeditse gore se ipelelwe ke batho fela moteng ga melelwane e e tshwanetseng ya lenyalo. “Bomorwa Modimo” bano ba baengele ba ne ba dira selo sa boikepo, ka go tlogela maemo a bone mo legodimong go tla mo lefatsheng go nyala basadi. (Genesise 6:2) Kgato e e ntseng jalo e ne ya tlhotlhelediwa ke keletso eo e neng e tlhagoletswe ka mo go sa siamang, e se keletso ya tlholego eo Modimo a neng a e tsentse mo go bone. Ereka jaana baengele ba ka godisa keletso e e ntseng jalo e e seng ya tlholego ya kafa dikobong, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke gore le batho ba ka dira jalo le bone. Fa a ne a kwala tlaseng ga tlhotlheletso, morutwa Jude o ne a bapisa batho bangwe bao ba ileng ba gotelela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone le baengele bao ba neng ba eletsa bomorwadia batho. O ne a kwala a re:
“Baengele ba ba se kañ ba tshegetsa boèmō yoa bōnè, me ba tlogèla yo e len bonnō yoa bōnè, o ba letisitse letsatsi ye legolo ya tshèkō, ba le mo dikgolegoñ tse di sa hunololweñ ka bosakhutleñ, ba le kwa tlhatse ga lehihi. Hèla yaka metse ea Sodoma le Gomora, le metse e e neñ e le mo tikologoñ ea eōna, ka e ile ea etsa bōnè bauō, ea ineèla mo kgokahaloñ, ea latèla mokgwa oa nama e sele, e beilwe sekaō, ka go bediwa ka molelō o o sa khutleñ.”—Yude 6, 7.
Ditshokamo tsa kafa Dikobong—Maloba le Jaanong
Jaaka diithuti tsa Bibela, re itse seo se neng sa diragalela Sodoma wa bogologolo—kafa banna le basimanyana ba motse ba ba neng ba tlhakantswe tlhogo ke morobalo ba neng ba batla go robalana le bao ba neng ba ba leba fela jaaka baeng ba banna ba ga Lote. (Genesise 19:4-11) Tiragalo eno e ne ya diragala fela mo e ka nnang dingwaga tse 450 morago ga Morwalela. Mo metlheng eo ya pele go ne go bile go tlwaelegile ka batho go robalana le diphologolo. Ka gone, dingwaga dingwe tse di ka nnang 400 moragonyana, mo mafelong a le mane a a farologaneng, Molao wa Modimo mo morafeng wa Iseraele o ne wa nyatsa tlwaelo eno, ka katlholelo ya loso go ba ba tlodileng. (Ekesodo 22:19; Lefitiko 18:23; 20:15, 16; Duteronome 27:21) Mme gape, Molao wa Modimo go Iseraele o ne wa dira gore go robalana mmogo ga batho ba bong jo bo tshwanang e nne molato o o boitshegang—batlodi ba atlholelwa loso.—Lefitiko 18:22; 20:13.
Lefa go le jalo, mo makgolong a dingwaga ao a neng a latela, batho bao ba neng ba tshela ditikologong tsa Baiseraele ba ne ba tseneletse kwa teng mo ditlwaelong tsa bosodoma mo Baiseraele ka bobone mo dinakong tse dingwe ba neng ba kopanyelediwa mo bosodomeng. (1 Dikgosi 14:24; 15:12; 22:46) Mo lobakeng longwe Molefi mongwe o ne a etetse mo motseng wa Benjamine wa Gibea, mme banna ba motse ba dikanyetsa ntlo ba ntse ba tlhaeletsa ba re: “Ntsha monna eo o tsileñ mo tluñ ea gago, gore re tlè re mo itse.” (Baatlhodi 19:22) Mo re ka reng lotso lotlhe lwa Benjamine lo ne lwa nyelediwa go ya kafa Jehofa a neng a laotse ka teng ka ntlha ya kgang eno.
‘Mme ke eng go gakololwa ka tiragalo e e ntseng jalo ya Bibela e e sa itumediseng,’ bangwe ba ka nna ba bo ba akanya jalo. Ka jaana gompieno re tshela gareng ga batho bao ba tseneletseng kwa teng mo boitsholong jo bo sa siamang, mme ebile batho ba motlha wa segompieno ba Modimo le bone ba mo kotsing. Akanyetsa ka bokhutshwane bokgakala joo bosodoma bo leng ka jone le tlhotlheletso ya jone:
“Mo e ka nnang 30% ya baagi ba [San Francisco] ke basodoma,” go tlhalosa jalo Medical Tribune ya September 23, 1981.
“Kgang-kgolo ya bo-80 ke nonofo e e golang ya tsela ya botshelo ya basodoma mo godimo ga botshelo jwa bokopano jwa bong jo bo sa tshwaneng mme ebile—sa botlhokwa-tlhokwa—maitsholo a ba bong jo bo sa tshwaneng. . . . Kamogelo e e tlwaelegileng ya tsela ya botshelo ya basodoma ke sesupo sa gore ditumelo tsa rona tsa motheo di ntse di fetoga,” ga bega jalo makasine wa Maclean wa February 18, 1980.
“Go bonala thata ga basodoma mo dikgannyeng tsa boitlosobodutu le mo dikgannyeng go dira gore maitsholo le maikutlo a fetoge,” ga elatlhoko moporofesa wa Yunivesithi ya Sydney mo Australia.
Maikutlo a batho eleruri a bopelwa mo go amogeleng bosodoma jaaka e le jo bo tlwaelegileng, le eleng jo bo tshwanetseng. Go ya ka The Toronto Star ya August 24, 1980, “Maloko a mabotlana a United Church . . . a amogela mogopolo wa gore go nne le baruti ba basodoma.” Daily Mail ya Lontone ya June 5, 1980, e re: “Bosodoma ga bo a tshwanela go nna thibedi ya go ka nna le maemo mo Kerekeng ya Methodist, go hakile jalo pego e e boeletsweng.” Mme e ne ya re fa mosadi mongwe a kwala ka gore o ne a kgaolwa pelo ke go utlwa fa ngwana wa ngwana wa gagwe wa dingwaga tse 23 wa mosimane e le mosodoma, mokwadi wa koranta ya dikgang o a araba ka go re: “Modimo ga a a ka a kwala Bibela. Bosodoma bo tswa kgakala le motho . . . Se o tshwanetseng go se dira jaanong ke go ithuta go mo amogela fela kafa a ntseng ka teng. O santse a ntse a le lekawana je le molemo.”
Pono ya Bibela ya Ditshokamo tsa kafa Dikobong
Ka ntlha ya maretshwa a selefatshe le eleng bangwe gareng ga batho ba Modimo ba ile ba tlhotlhelediwa go leba bosodoma le ditshokamo tse di tshwanang tsa kafa dikobong jaaka tseo ‘di seng maswe maswe.’ Lefa go ntse jalo, Molao wa Modimo go Iseraele e ne e le gore basodoma ba bolawe! Mme mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete, 1 Bakorintha 6:9, 10 e re, go ya ka New International Version: “Lo se ka lwa tsietsega: Go le ba boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong . . . kana bagokahadi kana diaka tsa banna kana batlodi ba basodoma . . . ga ba kitla ba rua bogosi jwa Modimo.” Mme, go ya ka thanolo e e tshwanang eno ya Bibela, Baroma 1:26, 27 e re: “Le eleng basadi ba bone ba ne ba fetola dikamano tsa tlholego go nna tse e seng tsa tlholego. Ka mo go tshwanang banna le bone ba latlha dikamano tsa tlholego le basadi mme ba gakalelana ka kgotelo. Banna ba dirisana ditiro tse di botlhaswa le banna.” Ro 1 Temana 32 e e tswelela: “Ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba tshwanelwa ke loso.”
Ka mo go gakgamatsang, bangwe ba bao ba ileng ba kopanyelediwa mo boitshwarong jo bo sa siamang jwa boitsholo, jaaka go robalana le dibatana, ba ne ba se ka ba ikutlwa gore seo ba neng ba se dira e le ruri se ne se le bosula. Mme gone go robalana le sebatana go phoso. Ke mabaka a gore motho o ka kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete. Ka mo go tshwanang, bangwe ba ile ba tlhalosa fa ba sena kitso mabapi le gore ditlwaelo tsa bosodoma ke dife. Bosodoma he, ke eng?
Bosodoma ke Eng?
Go thusa go phepafatsa seno, akanyetsa ditlhaloso tsa bukamantswe kaga bosodoma:
Webster’s Third New International Dictionary of the English Language: “Ditirisano tsa lorato lwa dikobo le mongwe wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe.”
The American Heritage Dictionary: “1. Keletso ya go tlhakanela dikobo le ba bangwe ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe. 2. Go tlhakanela dikobo le yo mongwe wa bong jo bo tshwanang.”
The Random House Dictionary of the English Language: “Keletso ya kafa dikobong kana boitshwaro joo bo lebagantsweng le motho kana batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gago.”
Go a kgatlhisa gore, go ya ka ditlhaloso tsa bukamantswe, bosodoma bo akareletsa KELETSO ya kafa dikobong ya ba bangwe ba bong jwa motho sebele. Mme gone Bibela e dira pharologano magareng a tlwaelo ya se se bosula le dikeletso tsa boleo kana ditshekamelo. Dikeletso tseno di ka nna gone go sa kgathalege maiteko a a tlhomamisitsweng go di tlosa mo mogopolong le mo mmeleng. Ka ntlha ya maemo a pele a botshelo jwa bone, mme gongwe le mabaka a mangwe, re ka nna ra bo re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete bao nako le nako ba nnang le tlhotlheletso ya go nna le dikamano tsa bonna le bosadi le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Mme ba lwantsha keletso eo e e seng ya tlholego, e e tlhotlheleditsweng ke Satane—mme ga ba ineele mo go yone. Jalo ga baa itlwaetsa bosodoma. Ba laola go akanya ga bone, ba itse gore keletso e e phoso eo e lesiwang e gola e bo e ungwa e tla felela ka gore e itlhalose ka ditiro tse di phoso.—Yakobe 1:14, 15; Bakolosa 3:5-10.
Seo se nyadiwang mo Bibeleng ke Modimo, mme ebile e le molato o o kgaolelwang, ke “ditiro tsa lorato lwa dikobo,” kana ‘boitshwaro jwa kafa dikobong,’ joo bo lebagantsweng le motho wa bong jo bo tshwanang le jwa yo mongwe. Tiro eno, kana boitshwaro, ga go reye thata thata gore e bo e le matanyole e le gore bo tle bo kaege e le bosodoma. Tiro lefa e ka nna efe eo e kopanyeletsang bobotlana mapele a mongwe wa batho bano, jaaka go suna, go tshwaratshwara, motho go gotlha mapele a gagwe mo go yo mongwe, kana boitshwaro jo bongwe jo bo ntseng jalo joo bo diretsweng go bona nateho ya kafa dikobong le motho yo mongwe wa bong jo bo tshwanang le jwa gagwe, ke bosodoma. Mme e re ntswa batho ka bontsi ba akanya gore basodoma go tewa batho ba senna fela, lereo le lebisitse gape ka go lekana le bathong ba sesadi bao ba dirang ditlwaelo tse di tshwanang, lefa gantsi ba bidiwa basodoma ba basadi.
Go Tila Boitshwaro jo bo Phoso jwa Kafa Dikobong
Batho bao ba ka neng ba na le dikeletso tsa bosodoma ba tlhoka gore ba tlhabane fela thata kgatlhanong le tsone. Ka nako e e tshwanang, re tshwanetse ra itlhokomela gore re se ka ra welwa ke kotsi e e tlang ka motho yoo dikeletso tsa gagwe tse di phoso di mo hekeeditseng. Ka dinako tse dingwe ditiro tsa bosodoma di ile tsa tlhotlhelediwa ke dilo tseo ka botsone di seng phoso, jaaka go sidila kana go amogela go gobiwa mo mokwatleng mo shawareng ya go tlhapela. Kana ka dinako tse dingwe batho bangwe ba ka ne ba sukasukana ba itshamekela fela mme kgotelo ya bone ya bonna le bosadi e tsoge. Boitiso bo a tlhokafala. Tlhokomela gore tiro e e ntseng jalo e ka gogela, kana jaaka e setse e bile e dirile, ditirong tsa bosodoma, le e leng gareng ga Bakeresete.
Ke ka ntlhayang fa e le gore bangwe ba kopanyelediwa mo melatong ya kafa dikobong—mo bosodomeng, go robalaneng le dibatana, Kokomelong ya ba ba sa Aparang, jalo le jalo? Go ile ga fitlhelwa gore megopolo ya batlodi bao ya bokgakaleng jo bogolo e le mo go tsa dikobo. Fa gongwe e ne e le gore ke babadi ba ba tlhoafetseng ba mekwalo e e buang ka tsa dikobo. Mo le gone go bonalang go ka se tlogelwe, e ne e le baiphaphamisi ba dirwe tsa bonna le bosadi ba ba go itlwaeditseng thata. Ereka jaana kgang eno ya phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi e nnile gangwe le gape ya tlhagisiwa malebana le ditshokamo tsa kafa dikobong, a re tlhatlhobeng tlwaelo eno mo leseding la Lefoko la Modimo. Bibela e reng kaga go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi?
Pono ya Bibela ka go Phaphamisa Dirwe tsa Bonna le Bosadi
Go na le bao ba ileng ba re Bibela e tlhalosa go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi mo go Genesise kgaolo 38, le gore Onane o ne a bolaelwa molato ono. Mme seno ga se boammaaruri. Bibela e bolela gore Onane “o ne a robala le mogatsa mogolowe mme o ne a thololela morotwana wa gagwe ha hatshe.” (Genesise 38:9, NW) Jalo go bonala fa Onane a ne a kgaupetsa dikamano tsa gagwe le Tamare, a bo a thololela morotwana wa gagwe ha hatshe go na le gore a o fe Tamare. O ne a dira seno ka jaana a ne a sa batle go tsholela mogolowe yo o neng a tlhokafetsa bana. Onane o ne a bolaelwa gone moo ebong go palelwa ke go diragatsa “lenyalo la seantlo.”
Go ile ga buisanngwa ka ditema tse dingwe di le pedi mo Dikwalong tsa Sehebera mo dibukeng tseo di dirisanang le pono ya Bibela ka go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi. Ya ntlha, ebong Duteronome 23:10, 11, e bolela ka tiragalo ya fa Baiseraele ba ne ba le mo bothibelelong jwa ntwa. Go ya ka Today’s English Version, e re: “Fa monna mongwe a ile a seka a nna montle ka ntlha ya go lora toro e e kolobileng bosigo, a a tswele kwantle ga bothibelelo mme a nne koo. Fa go tsena maitsiboa, a a tlhape, mme e tla re letsatsi ha le phirima a a boele mo bothibelelong.” Mme se se umakiwang fano ga se go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi. Go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi go tlhalosiwa jaaka: “Go tsosa monate wa lorato mo mapeleng moo gantsi go felelang ka kgotsofalo ya kafa dikobong mme go dirwa ka seatla kana ka go gotlha mmele ka tsela nngwe.” (Webster’s New Collegiate Dictionary, 1981) Jehofa Modimo o ile a bopa batho ba senna ka tsela ya gore, fa ba sa tlhakanela dikobo le ope, ka dipaka tse dingwe morotwana o ithologele fela fa ba ntse ba robetse. Thologo e e ntseng jalo gantsi e tsamaelana le toro ya tsa lorato, ke mo tlhaloso e reng ke “toro e e kolobileng.” Ereka jaana thologo gantsi e diragala fa go le bosigo, e ka nna gape ya bidiwa “thologo ya bosigo.”
Temana e nngwe eo e buisanang ka kgang eno ke Lefitiko 15:16, 17, eo e reng: “Me ha monna moñwe peo ea gagwè e cwa mo go èna, hoñ a a itlhapisè mmele otlhe, me a itshekologè go ea maitsiboeeñ. Le seaparō señwe le señwe, le letlalō leñwe le leñwe, ye peo ea monna e mo go yeōna, a di tlhacwiwè ka metse, me di itshekologè go ea maitsiboeeñ.” Go bonala sentle gore temana eno e ka ne e sa lebisa go phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi. Ka phepafalo e lebisitse go ‘‘toro e e kolobileng” eo e umakilweng go le pele. Le mororo Bibela e umaka ‘boitshekologo’ ga mmogo le thologo ya morotwana, jono ke boitshekologo jwa kafa mokgweng fela mme e seng jwa boitsholo. Seno se phepafadiwa ke fa re tlhokomela mo temaneng e e latelang gore e ne e re fa monna wa Moiseraele le mosadi wa gagwe ba ne ba tshwaregile mo dikamanong tsa lenyalo tseo ba neng ba di neetswe ke Modimo ba ne ba bona boitshekologo fela jo bo tshwanang.
A mme he, go na le seo Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di se bolelang kaga go iphaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi? Nnya, ga di buisane ka kgang eno. Le tsone ditoro tse di kolobileng ga di umakiwe. A mme seo se raya gore Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete ga di kaele sepe kaga go nna le boikutlo jo bo tshwanetseng tebang le phaphamiso ya dirwe tsa bonna le bosadi? Nnya, ga go a nna jalo. Akanyetsa Bakolosa 3:5, eo e balegang ka gore: “Ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le dithato [keletso ya dikobo, NW], le keleco e e boshula, le pelotshètlha.” Mme 1 Bathesalonia 4:4, 5 e re: “Moñwe le moñwe oa lona a itse go ikgapa mmele, gore o nnè mo boitshepishoñ le mo tlotloñ, E señ mo dithatoñ tse di mashwè [tsa bonna le bosadi tsa bopelotshetlha, NW], hèla yaka Badichaba ba ba sa itseñ Modimo.” Kgakololo e e ntseng jalo e dira go Bakeresete ba ba nyetseng ga mmogo le go bao ba sa nyalang, mme ebile boikgapo jo bo oketsegileng bo tlhoka go bontshiwa ke batho ba ba sa nyalang ka jaana go bona kgololo fela mo kgotelong ka dikamano tsa bonna le bosadi e lekanyeditswe fela mo go ba ba nyetseng.
A o bona gore go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi ke tlwaelo eo e tlolang taolo ya go bolaya ‘dithato tse di maswe |tsa bonna le bosadi tsa bopelotshetlha, NW]’? Ke boammaaruri, Jehofa o ne bopa batho ka thato, kana keletso, ya morobalo, le eleng fela jaaka a re bopile ka thato ya go ja dijo le go nwa. Jalo Bibela ga e re go nna le thato ya dikobo go phoso, fela jaaka e sa nyatse thato ya tlholego, e e tshwanetseng ya dijo le dino. Lefa go le jalo re itse gore boemo jwa rona jwa go sa itekanelang, dithato di ka fetelela. Motho o ka nna a nna le keletso e e sa lekanyediweng ya dijo kana dino tsa tagi mme a nne sehatlha kana letagwa. Ka mo go tshwanang, dikobo di ka nna namane e tona ya selo kana karolo e kgolo mo botshelong jwa motho, mme ka gone o ka nna jaaka batho ba baditšhaba bao ba nang le ‘dithato tse di maswe tsa bonna le bosadi tsa bopelotshetlha, NW.ʼ
Motho yo o phaphamisang dirwe tsa bonna le bosadi o tsenya mogopolo thata mo go tsa dikobo ka mo go sa tshwanelang. O otla le go tsosa keletso ya gagwe ya dikobo ka tsela e e seng yone. Lefa go le jalo ga se banna ba le bosi ba ba kopanyelediwang; go nnile le koketsego ya go iphaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi mo basading. Lefa go ntse jalo, Modimo, o ne a baakanyetsa batho neo ya dikobo mo go reng e dirisiwe fela mo thulaganyong ya lenyalo. Mme yo o phaphamisang dirwe tsa bonna le bosadi o dirisa bokopano jwa dikobo ka kwantle ga thulaganyo ya lenyalo gore a ikgotsofatse sebele sa gagwe. Motho yo o ntseng jalo o tlhoka go bolaya thato ya gagwe ya dikobo e le gore a tle a itumedise Modimo. O tlhoka go tlhagolela boikgapo joo bo tlhokafalelang go fokotsa go baya thata mo go tsa dikobo mo botshelong jwa gagwe le gore a tlogele dirwe tsa gagwe tsa bonna le bosadi di ipaakanyetse kgatelelo lefa e ka nna efe ka tsela e e tlwaelegileng.
Jesu o ne a ruta ka gore: “Moñwe le moñwe eo o lebañ mosadi hèla ka go mo eletsa, o setse a dihile boaka naè mo peduñ.” (Mathaio 5:28) Motho yo o phaphamisang dirwe tsa bonna le bosadi gantsi o a bo a na le megopolo e e ntseng jalo ya kgotelo, a ijesa dijo tsa ditoro kaga go tlhakanela dikobo. Motho yo o ntseng jalo eleruri oa bo a sa tshele tumalanong le thuto ya ga Keresete. Ga go na pelaelo epe e e ka nnang gone ya gore bao ba otlang thato ya bone ya dikobo ka go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi ba a bo ba tlola ditaolo tsa Modimo tsa gore ba BOLAYE thato ya bone ya tsa dikobo.
Mme motho o ka bolaya jang thato ya gagwe ya kafa dikobong mme a se ka a phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi? Ke boammaaruri, mo bathong bao ba ileng ba dirisa mofuta ono wa boikgobololo, e ka nna namane e tona ya ntwa go o khutlisa. Mme motho ga aa tshwanela go lesa go tlhabana! Ka thuso ya ga Jehofa, motho o ka atlega. O tshwanetse lantlha a godisa letlhoo mo tlwaelong eo. (Pesalema 97:10) He go nna botlhokwatlhokwa gore a ikemisetse ka mo go tiileng mo mogopolong wa gagwe le mo pelong gore o tla khutlisa go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi. O tshwanetse a go dira kgang e e sa kgaotseng ya dithapelo tsa gagwe; mme he o tlhoka go direla seo a se rapelelang. O ka se ke, a gakatse mogote wa kgotelo, jaaka go ka buiwa, ka go bala kana go leba dilong tseo di tla kgoberang thato ya gagwe ya kafa dikobong. Lefa e le gore a ka bua ka dikgang tseo di tlhotlheletsang tshekamelo ya gore o ka phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi. Go na le moo, o tshwanetse a nna a tshwaregile mo ditelekisong tsa bolegodimo, mo go nneng gone dipokanong, tirelong ya tshimo, go direng maeto a a boelang, go tshwareng dithuto tsa Bibela, go thuseng ba bangwe semoyeng, mme o tla amogela nonofo ya go ka laola thato ya gagwe ya kafa dikobong. Fa bothata bo ganelela, ga a a tshwanela go okaoka go senka thuso le tshegetso go mogolwane mo phuthegong ya ga bone. Kgaitsadi yo o nang le bothata o ka nna a senka thuso le tshegetso ya kgaitsadi yo mogolwane mo phuthegong.
Ga go na pelaelo epe ka gone—go boloka bothokgami go Jehofa go batla ntwa e e nonofileng. Mme go a busetsa! Fa re tlhabana gone jaanong kgatlhanong le nama ya rona e e sekametseng mo boleong, he Jehofa o tla re fa phenyo e e feletseng mo Thulaganyong e Ntšha ya gagwe ya tshiamo, e e phepa. Ako o akanye tlhe ka gone! He re tla bona boikaelelo jo bo galalelang jwa ga Jehofa bo diragadiwa—lefatshe leo le tladitsweng ka batho ba tshelang mo Paradaiseng—botlhe ba nnile gone ka ntlha ya neo e e molemo-lemo ya kafa dikobong eo Modimo a re bopileng ka yone.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 10]
Molao wa Modimo o ne o iletsa go robalana gope fela ga batho le diphologolo
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 12]
Ke ka ntlhayang fa batho bangwe ba kopanyelediwa mo melatong ya kafa dikobong?
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Bosodoma—A ke jwa Tlholego?
Baesekopo ya bosheng mo Amerika ya setlhogo se se reng Pontshanyo Lorato ke sekai se se molemo sa maretshwa a a botlhale, a a akanyeditsweng sentle ke ba maphata a tsa boitlosobodutu go siamisetsa batho go nna le mogopolo wa gore bosodoma ke jwa tlholego.
“Basodoma ba ba mo baesekopong ba e ka nna ya bo e le ngaka ya gago, morwarrago kana mosimane mongwe wa moagelani wa gago,” ga kwala jalo mokwadi mongwe go Sunday News Magazine ya New York. Ponalo eno ya go nna ekete ke tlholego ga se kotsi fela. “Tsholofelo ya me mo baesekopong,” ga bua jalo mokwaledi wa yone, “ke gore ka tsela nngwe e fetole dikakanyo tsa batho kaga bosodoma. Gore ba tle ba nne le mogopolo wa gore go ratana ga banna ga go dire monnana seramatla kana setlhobogwa.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
A baesekopo e ‘fetola dikakanyo tsa batho ka bosodoma’? E bonala e nnile le phelelo e e ntseng jalo go mongwe wa dithakga, ebong motshameki wa mosadi Kate Jackson. “Banna [mo baesekopong] ba tshwanakana ka mogopolo wa senama mme ebile ga go gakgamatse,” a bolelela mmotsolotsi. “Fa ke bona e ntse e kgaolwa-kgaolwa, ke ne ka itse seo se neng se tla mme ka nna ka ya le dikarolo tse dingwe tse tharo. Ke ne ke gakgametse mme go tswa foo ka fitlhela gore ke ne ke re, ao, gone ke a utlwisisa seo, go tswa foo ka ya karolong e e latelang eo, a haa, ke a e amogela.”
Go sa kgathalege gore maretshwa a a ntseng jalo a fetola ‘dikakanyo tsa batho kaga bosodoma’ go le kana kang, bo ntse bo bifelesega fela thata go Mmopi wa mmele wa motho fela jaaka go ne go ntse pele. Molao wa Modimo o ne o tlhoka gore basodoma mo Iseraela wa bogologolo ba “bolawè rure.” (Lefitiko 20:13) Mme molao wa Modimo mo Bakereseteng o bontsha gore mogopolo wa gagwe mo kgannyeng ga o a fetoga. Bibela e bolela ka phepafalo gore “ba ba sokametseng bosodomeng” be bewa setlhopheng se le sengwe le ba bangwe bao “be se kitlang ba bona Bogosi jwa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10, Today’s English Version.