LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 11/15 ts. 16-22
  • Boloka Lenyalo la Gago le Tlotlega

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boloka Lenyalo la Gago le Tlotlega
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhaelo ya Puisanyo ya Botho
  • Go Tlhagolela Puisano ya Botho
  • Buisanang ka Mathata a a Batlang Neneketso
  • Molao wa Bopelonomi mo Lolemeng
  • Fa Dipharologano le go sa Itekanelang Sebaka
  • Nonotsha Lenyalo la Gago ka Puisano e e Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Ditsela Tsa go Buisana le Molekane wa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Dira Lenyalo la Gago Tshwaragano ya Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 11/15 ts. 16-22

Boloka Lenyalo la Gago le Tlotlega

“A nyalō e tlotlwè mo go botlhe.”—BAHEBERA 13:4.

1. Ke potso efe eo mokwadi mongwe wa koranta a neng a e botsa, mme ke jang monna mongwe a neng a e araba?

“FA O NE o ka ipoeletsa gape, a o ne o ka nyala motho yo ga jaanong o nyalaneng le ene?” ga botsa jalo mokwadi mongwe wa koranta yo o tumileng thata. Ba ba ka fetang sephatlo sa ba ba 50 000 bao ba neng ba arabela potsolotsong eno ba ne ba araba ka go re “Ee.” Wena o ka bo o ile wa arabela jang? Monna mongwe wa Mokeresete, yo o neng a na le dingwaga tse 33 a ntse a nyetse, o ne a bodiwa ke mosadi wa gagwe seno. “Ruri ke ne ke ka dira jalo!” a phantsha. “Fa ke gadima kwa morago, ke a itse gore go ne go a tle go nne le dinako tseo go neng go se motlhofo—re ne re na le mathata a rona. Mme lenyalo la rona ruri le ne le tshwanela boiteko jwa rona. Re na le sengwe seo se tlhokegang fela thata!”

2. Go Bahebera 13:4, go ‘tlotla’ go rayang?

2 Ereka jaana Modimo e le ene Mosimolodi wa lone, lenyalo le ka kgona go baakanyetsa ka kgotsofalo ya mmannete le boipelo. Lefa go le jalo manyalo a le mantsi—le eleng mangwe gareng ga a Bakeresete ba ba ineetseng—a na le selekanyo se se rileng sa bothata. Ka gone moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa ka go re, “A nyalō e tlotlwè [“e tshwarwe jaaka selo se se tlhwatlhwa-kgolo, se se tlhokegang thata . . . se se turang”a] mo go botlhe.” (Bahebera 13:4) Ereka lenyalo le tlisa “pitlaganō mo nameñ,” kgwetlho e mo go bolokeng lenyalo la gago le tlotlega. (1 Bakorintha 7:28) Mme o ka dira seno jang? Sa ntlha, o tshwanetse go lemoga bongwe jwa mathata a magolo.

Tlhaelo ya Puisanyo ya Botho

3, 4. (a) Bongwe jwa mathata a magolo mo lenyalong ke bofe? (b) Ke eng seo se kopanyelediwang mo goreng banyalani ba nne “nama e le ñwe hèla”?

3 Banyalani bangwe ba Bakeresete ba ne ba setse ba feditse mo e ka nnang dingwaga tse 20 ba ntse ba nyalane. Ka tshoganetso fela, lenyalo la bone le ne la thubaganngwa ke kgokahalo. Seno se ne se ka diragala jang? “Fa ke ne ke tlhotlhomisa seo se neng sa diragala mo dingwageng tse di fetileng,” ga bua jalo mosadi, “ke ne ka lemoga gore re ne re bua fela kaga dilo tsa ntlo, le eleng tirelo ya rona go Modimo. Mme fa go ne go tla mo goreng re buisanye ka tsa botho tsa rona—re ne re sena dipe.” Tlhaelo eno ya go sa atamalane ka maikutlo e ne ya nna ka bonya ka bonya ya tlatseletsa mo go koafatseng boineelo jwa mo lenyalong le mo go reng monna wa gagwe a dire kgokahalo. Go kgaoga mo go ntseng jalo ga puisano e e nang le mosola go kaiwa mo dithutong tsa patlisiso gore ke nngwe ya dilo tse dikgolo tseo di lereng tlhalo kana “manyalo a a senang lorato.”

4 Mme gone Jehofa o ne a re: “Monna o tla [tlogela] rragwè le mmagwè, me o tla ñaparèla mosadi oa gagwè: me ba tla nna nama e le ñwe hèla.” (Genesise 2:24) Lenyalo ka gone le tshwanetse go nna kamano ya batho e e atamalaneng go di feta tsotlhe. Le kopanya botho jo bobedi jo bo farologaneng—ruri ke tiro e e batlang maatlametlo! Gore bokopano jo bo ntseng jalo bo dire, mongwe le mongwe o tshwanetse a bua ka boikanyegi le yo mongwe le go ntshetsa kwantle maikutlo a gagwe.

5. (a) Ke eng seo se kgoreletsang puisano ya botho? (b) Ke jang ba bangwe ba ka tlotlang lenyalo?

5 Ke eng seo se kgoreletsang puisanyo e e ntseng jalo ya botho? Ka dinako tse dingwe, mokgwa wa lefatshe le le rileng e nna go ikgaphela kwa thoko. Bangwe ba nna dimumu fela, ba nna ditlhong kaga go itlhalosa. Mme go na le ba bangwe gape bao ba gapiwang ke lefatshe la rona la borata-boitloso-bodutu le la dilo tse di bonalang. Ba nna le kgatlhego ka mo go oketsegileng mo dilong go na le mo lenyalong la bone. Motho go tsenya batho ba le bantsi mo lenyalong la gagwe, kana go ingaparela thata-thata mo batsading ba gagwe le gone go ka itlhakanya le katamalano ya lona. E le ruri, ba bangwe ba tshwanetse ba tlotle tlhokafalo ya banyalani ya go e tla ba nna le sephiri mmogo mme ba sa itshunye nko ka mo go sa tlhokafaleng kana go batla tlhokomelo eo e ka bong ka tshwanelo e ya kwa molekaneng.—Diane 25:17.

6. (a) Ke jang molekane wa lenyalo a ka nnang jaaka “motse o o thata’’ le “dikgañ” jaaka mephakalego ya kago e e dithako di thata? (b) Ke dipotso dife mo lebokosong le le fa godimo tseo di thusang go senola sebopego sa puisano ya lona?

6 Mme gongwe mo e leng lebaka le le tlwaelegileng la go sa buisanye ga batho mmogo ke le le akantshiwang go Diane 18:19: “Ñwana oa rra motho ha a kgopilwe o ba a le thata go heñwa bogolo go motse o o thata: me dikgañ tse di nntseñ yalo di nntse yaka mephakalègo ea kagō e e dithakō di thata.” Ka sekai, mosadi o ka nna a ipobola mo molekaneng wa gagwe. Lefa go le jalo, go tweng fa maikutlo a gagwe a tlhokomologiwa kana a nyadiwa, gongwe le e leng gore a dirisiwe kgatlhanong le ene ka paka nngwe? O ka nna a ipusolosetsa ka go ikagela lorako lo lo thata lwa go ipaya mo bothokong go tila botlhoko jo bongwe gape jwa maikutlo, jaaka go ka tualo, a nna jaaka “motse o o thata.” Go ka tsoga tlhabano ya go ikgodisetsana, mongwe le mongwe a gana go ikobela yo mongwe. Dikgotlhang tse di ntseng jalo tse di sa tlhokafaleng di ka tswalela puisano ya botho le go ka letlana gope fela jaaka ekete banyalani ba ne ba kgaogantswe ka mephakalego ya kago e e dithako di thata! Mme ke eng seo o ka se dirang go tokafatsa puisano?

Go Tlhagolela Puisano ya Botho

7. Ke jang Bafllipi 2:4 e bontshang seo se tlhokafalang e le gore go tlhagolelwe puisano ya botho?

7 O tshwanetse wa boloka “kgatlhego ya botho” mo dilong tseo di amang molekane wa gago. (Bafilipi 2:4, NW) Seno se tlhoka go ipha nako ya go bua kaga dikgang tsa botho mmogo. Ka motlhala, banyalani bangwe ba Bakeresete ba beela nako kwa thoko fa monna a sa tswa fela kwa tirong go nwa kopi ya tee mmogo le go bua mmogo. Mo e ka nnang bobotlana metsotso e le 15 ba ipelela megopolo ya bone mmogo le maitemogelo pele ga ba ka simolola ditiro tsa maitsiboa. Ba ile ba dira seno ka metlha yotlhe mo e ka nnang dingwaga tse 27!

8. Ke ka ntlha yang fa go reetsa ka tlhokomelo go le botlhokwa-tlhokwa?

8 Mme go na le mo go oketsegileng mo go tlhokwang go na le go bua fela. Fa a ne a bodiwa gore o ne a rata eng fela thata thata mo monneng wa gagwe, mosadi wa Mokeresete o ne a araba ka go re: “O a ntheetsa. Ke tsala ya me e e di fetang tsotlhe.” Go reetsa ka kelotlhoko, go na le go utlwa fela, go raya molekane wa gago go re: ‘O motho yo o botlhokwa thata go nna. Ke batla go itse megopolo ya gago le maikutlo, go abalana le wena maitemogelo a gago—le eleng a a sa itumediseng.’ Go nna moreetsi yo o molemo ke botswerere jwa pelo. Go tlhoka seo Petere a se biditseng “pelotlhomogi” (moo tota tota go rayang, “go utlwela botlhoko”) ga mmogo le “pelonamagadi” le “boikokobeco.” (1 Petere 3:8) Jalo ipolelelaneng mo sephiring. Abalanang le e leng dilo tse e seng tsa sepe. Fetolelang maikutlo a lona mo mafokong.

9, 10. Ke jang banyalani ba ka etsang tsela eo ka yone Isake, mosadi wa ga Manoa le Elekana ba neng ba tshwara balekane ba bone ka yone?

9 Ako o akanyetse katamalano magareng a ga Isake le Rebeka. Fa a sena go tshwenyega o ne a kgona go bulela monna wa gagwe pelo ya gagwe. “Ke lapisicwe ke botshelō yoa me,” a lela jalo mo pakeng nngwe. A Isake o ne a dira gore a ikutlwe a tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya maikutlo ano? Nnya, o ne a reetsa ka tlhomogelo-pelo le go tsaya dikgato tsa gore a ritibatse dipoifo tsa gagwe. (Genesise 27:46–28:5) Mosadi wa ga Manoa o ne a elatlhoko tlhobaelo ya monna wa gagwe mme a mo fa mafoko a a gomotsang.—Baatlhodi 13:22, 23.

10 Elekana o ne a tsitsibogetse maikutlo a mosadi wa gagwe. Morago ga gore a eletlhoko khutsahalo ya mosadi wa gagwe o ne a lekela gore a ‘ge’ maikaelelo a pelo ya gagwe ka dipotso tse di bonolo, a re: “Hana, u lelèlañ? Me ga u yeleñ? Le pelo ea gago e hutsahaletseñ? (1 Samuele 1:8) Gotweng ka wena? A o nna bofefo go kanoka maikutlo a molekane wa gago? A o dira gore molekane wa gago a ikutlwe a gololesegile go ka itlhalosa maikutlo a gagwe kwantle ga go mo dira gore a bonale a le molato? Ka dinako tse dingwe go a tle go tlhokafale theetso fela go na le go ntsha dikgakololo tse dintsintsi.—Diane 20:5; 21:13.

Buisanang ka Mathata a a Batlang Neneketso

11-13. (a) Ke leng puisano ya botho e leng thata segolo bogolo? (b) Ke ka ntlha yang fa Sara a ne a kgopegile thata thata? (c) O ka bo a ile a dirang, mme gone ke eng seo a neng a se dira?

11 Gotweng fa e le gore molekane wa gago o ka dira sengwe kana a letlelela sengwe seo se go tlhokofatsang ebile e le seo se ka senyang lenyalo la lona? Lo ka buisanya jang mo dinakong tse di ntseng jalo? Tiragalo e e kileng ya diragala mo botshelong jwa ga Aberahame le Sara e baakanyetsa ka temogo e e thusang.

12 Mo letsatsing leo morwawe ebong Isake a neng a kgwisiwa letsele ka lone, Sara a tlhokomela gore Ishemaele, ebong morwa Aberahame ka lelata Hagare, o ne a “shotla” Isake.b Kwantle ga pelaelo, Ishemaele wa dingwaga tsa bo-Iesome o ne a kgobotla monnawe-ka-rre yo o neng a le dingwaga tse tlhano, yo o neng a lebagane le gore a tle a mo tseele sebaka Jaaka morua-boswa wa ga Aberahame yo o neng a tlhophilwe ke Modimo. Sara o ne a tshwenngwa thata ke puo eno e e matshosetsi. Gotweng fa e le gore monna wa gagwe o ne a ka swa ka tshoganetso? A gongwe Hagare o ne a ka tlhatswa ba bangwe pelo gore morwawe, mme eseng Isake, e tshwanetse ya nna ene mojaboswa wa tsholofetso?—Genesise 17:19; 21:8, 9.

13 Sara o ne a ka nna a bo a ile a boifa go sa itumeleng ga ga Aberahame mme a nna maikutlo a gagwe ka marago, ka jaana a ne a itse gore o ne a rata Ishemaele fela thata. O ne a ka nna a bo a ile a seka a tsosa diletseng kaga mabaka a mangwe, a dumelela gore lorato lwa gagwe lo bipe fela. O ne a itsege jaaka mosadi yo o neng a “utlwa Aberahame, a mmitsa morèna.” (1 Petere 3:6) Mme seno e ne e le seemo se se masisi. Ee gone, o ne a ka nna a bo a ile a “itidimalela fela” mo go Aberahame, a solofela gore o ne a tla iponela ka boene gore ke eng seo se neng se mo tshwentse. Mme nnya, Sara o ne a bua! O ne a re: “Lèlèka mosadi oa lelata le morwawè, gonne morwa mosadi eo, oa lelata, ga a ketla a nna moya boshwa le morwaake, ebon Isake.”—Genesise 21:10.

14. Ke kgato efe eo Aberahame a neng a e tsaya, mme ka ntlha yang?

14 Aberahame o ne a fitlhela fa topo eno e sa itumedise le eseng; bobotlana gone ka nakwana a dumelela gore go rata Ishemaele ga gagwe go apese go akanya ga gagwe. A mme Aberahame o ne a iphemela a re: ‘O go bonye jang gore o ka bua le nna jalo! Tlhogo ya lelapa leno ke mang?’ Nnya. Tota, Modimo o bile a ba a mo raya a re: “A go se nnè botlhoko mo matlhoñ a gago ka ntlha ea mosimane, le ka ntlha ea mosadi oa gago oa lelata: u nnè u reetsè lencwe ya ga Sara mo go cotlhe tse o di gu raeañ.” Mo letsatsing je le latelang Aberahame a dira fela jalo. Seno se ne sa boloka kagiso mme le boikaelelo jwa Modimo bo ne jwa tsweledisiwa—lefa go ne ga tlhokofatsa Aberahame fela thata.—Genesise 21:11-14.

15, 16. (a) Umaka mangwe a mathata ao a ka lereng tlhokofalo mo manyalong. (b) Ke jang banyalani ba ka etsang Aberahame le Sara, mme ka diphelelo dife? Fa sekai.

15 Mathata a le mantsi gompieno a ka tlhokofatsa lenyalo la gago. Ka motlhala, o ka nna wa ikutlwa gore molekane wa gago o neela tlhokomelo e e sa tshwanelang mo mothong o sele. Dithuto tsa patlisiso, gammogo le maitemogelo a mantsintsi a mmatota, a ile a bontsha gore fa monna kana mosadi a neela tlhokomelo e ntsi tsaleng ya gagwe ya botho, segolo bogolo ya bong jo bo fapaaneng, seo se lere selekanyo se se rileng sa botlhoko. Kana gongwe molekane wa gago o rata mmereko wa gagwe thata, tiro ya go itlosa bodutu kana sebopego sengwe sa boitlosobodutu mme di na le phelelo e e bodiphatsa mo lenyalong la gago. Gongwe e ka ne e le gore molekane wa gago ga a sa tlhole a amega ka gope ka maikutlo a gago. A wena, jaaka Sara, o buisana ka dikgang tse di batlang neneketso tse di ntseng jalo mme gongwe o kganele tshenyego e e oketsegileng? Mme fa e le gore molekane wa gago o ne a tlhagisa sengwe seo se ileng sa tlhokofatsa pelo ya gago, a o ne o tla arabela jaaka Aberahame, o akanyetsa kaelo ya Modimo ga masisi? A karabelo e e ntseng jalo e ne e se kitla e kgothaletsa puisano e e bulegileng?—Diane 27:5.

16 Legale, “loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.” (1 Petere 4:8) Jalo o seka wa tsosa kgang ka diphapaang tsotlhe le diphoso tsa setho. Mme bangwe ka go tshaba ba ile ba ikgogona mo go buisaneng ka mathata a a masisi; kana fa e le gore ba ile ba buisana ka one, molekane wa bone a ile a ba nyenyehatsa. Ka kutlobotlhoko, mekgwa ya boitshwaro e nna gone eo gantsi e gogelang tshenyegong ya lenyalo. Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a kgopisiwa thata ka selekanyo se se rileng sa nako ka ntlha ya go tlhaela ga monna wa gagwe go akanyetsa sebopego sa maikutlo a gagwe fa ba tlhakanetse dikobo. O ne a ikutlwa gore o ne a “dirisiwa” fela go ikgotsofatsa. O ne a akanyetsa go mo tlogela. Mme gone a ile a seka a go buisanya ka gope le monna wa gagwe, a tshaba gore o ne a se kitla a mo utlwisisa. Ka go latela kgakololo ya Mokeresete yo o godileng, kgabagare a ntsha maikutlo a gagwe a a ntseng a ipobile ka one. Monna o ne a ntse a sa lemoge kafa ditiro tsa gagwe di neng di mo ama ka teng! O ne a dira diphetogo tse di tlhokafalang mme jaanong bothata joo ga bo sa tlhole bo kgoreletsa boitumelo jwa gagwe. Boloka tlotlego ya lenyalo la gago ka go tlhagolela puisano ya botho.

Molao wa Bopelonomi mo Lolemeng

17. Ke “molaō” ofe o o tshwanetseng wa nna mo lolemeng lwa banyalani? Tshwantshetsa seno.

17 A mme go bo puisano ya botho e tlhokafala go fa motho tetla ya go bua sengwe le sengwe fela ka kgakgabuelo? “Go na le go bua ka kgakgabuèlō yaka ditlhabō tsa putlèla: me loleme loa motho eo o botlhale ke phodishō.” (Diane 12:18) Ee, lefa gone o bua sentle ebile o na le maikaelelo a a molemo-lemo, kakgelo nngwe fela ya kgakgabuelo e ka ‘tlhaba.’ Ke ka lebaka je le molemo go bo mosadi yo o molemo a tlhalosiwang jaaka yo o nang le “molaō oa bopelonomi” mo lolemeng lwa gagwe. (Diane 31:26) Puo ya gagwe ya bopelonomi ke e e tlhomameng mo e bileng e bidiwa molao. Fa monna a tlhaela mo boitekong bongwe, abo a ka anaanela jang molao o o ntseng jalo mo lolemeng lwa mosadi wa gagwe! Monna mongwe wa Mokeresete o ne a kgobega marapo ka ntlha ya go wa ga kgwebo ya gagwe. “Gone mme o itekile,” ga bua jalo mosadi wa gagwe yo o kakanyetso. “Go tla nna botoka nako e e tlang.” Abo a ile a tia moko jang!

18. Ke jang mosadi mongwe a neng a dirisa “molaō” ono ka mo go oketsegileng?

18 Puo e e bopelonomi e tlhokafala segolo ka nako ya fa go na le kgang. Puo e e letlhoo ya mosadi yo o tatalalang di ka leleka monna tsa bo tsa mo dira gore bogolo a innele mo lefatsheng je le sa nnweng ke ope. (Diane 19:13; 21:19) Ka ntlha ya tatalalo mo lenyalong la gagwe mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a fetsa ka gore a dirise molao ono ka botlalo mo go oketsegileng. Jang? “Fa go na le sengwe se se ntshwenyang ga ke sa tlhole ke se phantsha fela jaaka ke ne ke a tle ke dire,” a tlhalosa. “Ke leka go letela nako e e molemo-lemo ya fa re le nosi. Ke leka le eleng go laola ponalo ya me ya sefatlhogo mme ebile ga ke tlontlolole monna wa me fa pele ga bana. Ruri go ile ga dira pharologano!” Go ne legale, monna le mosadi ka bobedi ba tshwanetse go akanyetsa kafa mafoko a bone a ka nnang kgobatso ka gone mo boitlotlong jwa motho yo mongwe.—Diane 25:11; Bagalatia 5:15.

19, 20. (a) Go nna le “temogo” go kopanyeletsang? (b) Ke jang temogo e neng ya ngotla bogale jwa monna mongwe, mme ka matswela afe? (c) Dingwe tsa dipotso tse di senolang ke dife?

19 Mme ke eng seo se tlhokafalang fa maikutlo a gotela? Temogo! “Pelo ea eo o tlhalehileñ e ruta molomo oa gagwè [temogo], e be e okeletse dipounama tsa gagwê kicō” (Diane 16:23) Temogo e kopanyeletsa go leba ka kwa ga se se tlwaelegileng fela. Mo go Nehemia 8:8 lefoko la Sehebera le bewa ka go re “thanolō.” Ke jang temogo e fedisang kgang? Monna mongwe o ne a re a tsena mo kamoreng a fitlhela mosadi wa gagwe a ntse a gasagasa dintshwana tse di jang mo go yone a galefile. “Ga o na sepe le nna!” a mo kgomogela a itshekile dikeledi. “Fa o tla mo gae o ya go senya nako ya gago fela mo tshingwaneng. Ke tlhoka thuso!” Mme seo tota se neng se tshwentse mosadi e ne le tlalelo ya mmele le ya boikutlo. O ne a sa tswa go tshola ngwana mme jaanong a lebeletse yo mongwe. O ne a ikutlwa a kaeletswe mo lapeng. Monna wa gagwe o ne a nna le temogo. Ka go tlodisa matlho kgakalo ya gagwe e e seng ya Bokeresete, o ne a tlhaloganya ka tlalelo ya gagwe. O ne a araba jang? “Moratiwa, intshwarele. Ke ka bo ke ile ka tla go go thusa.” Ka bonakonyana fela a wela dibete. “Go mo tlotla ga me go ne ga tlhatloga gape sesha,” a senola jalo moragonyana.

20 Abo mafoko a Diane 19:11 a le boammaaruri jang: “Pharologanyō [temogo] ea motho e mo diha gore a nnè bonya go galeha; le gōna ke kgalalèlō ea gagwè go tlhokomologa tlolō”! A o bontsha temogo e e ntseng jalo? A o leba kafa morago ga mafoko? A o kgona go tlhokomologa tlolo e e ntseng jalo ya botho? Temogo gape e ka oketsa tlhotlheletso mo topong lefa e ka nna efe e o e lopang mo go yo mongwe. Ee, molekane yo o botlhale, yo o nang le temogo, ke mpho e e tswang kwa go Jehofa mme o tlatseletsa lenyalong je le tlhokegang thata.—Diane 19:14.

Fa Dipharologano le go sa Itekanelang Sebaka

21. Ke jang go amogela dipharologano go ka bolokang lenyalo la gago e le je le tlhokegang thata?

21 Go sa kgathalege maiteko a a molemo mo go kana kang, ga go na banyalani bape ba ba ka dumalanang mo go sengwe le sengwe. Dipharologano di tla nna gone. Molebedi mongwe yo o etang wa Mokeresete, yo o neng a na le dingwaga tse 25 a ntse a nyetse, o ne a tlhokomela seno: “Banyalani bangwe ba re, ‘Re farologanye thata thata!’ Go tswa foo ba bo ba tsenya mogopolo mo dipharologanong tseno mme ka bonakonyana ba bo ba sa kgone go ka itshokela go nna mmogo. Ruri, nna le mosadi wa me re na le dilo tse re sa di rateng ka go tshwana, mme go na le mo gontsi mo re go kopanetseng. Ka go isa matlho mo go seo re se kopanetseng, lenyalo la rona le nna le ntse le oketsega botlhokwa letsatsi le letsatsi.” A o ikemiseditse go bonela phatlha le go dumelela dipharologano tse di mo lenyalong la gago?

22. (a) Ke eng seo se ka thusang balekane go bona kgotsofalo mo lenyalong? (b) Tlhotlheletso e e nonofileng thata ya go boloka lenyalo la gago le tlotlega ke efe?

22 Ga go na molekane ope yo o itekanetseng. Kgotsofalo e ka bonwa ka go ithuta go amogela dipharologano le go itshokela makoa a e seng a sepe. (Bakolosa 3:13) Lebaka ke gore, kamano ya rona le Modimo, go mmatla gore a nne Tsala ya rona, ke tlhotlheletso e e nonofileng thata ya go boloka lenyalo la rona le tlotlega. Ruri se se ka akgolwang ke tsela ya Bakeresete bao ka ntlha ya go tlhokomela kamano ya bone le Jehofa ba ileng ba leka ka thata go atlegisa manyalo a bone.

23. Ke jang re ka bolokang lenyalo la rona e le je le tlhokegang thata?

23 Lenyalo lefe le lefe leo le tlhokomologiwang le a tswapoga. Mme gone o ka tsosolosa kgatlhiso ya lone ka go dira boiteko jwa mmannete go (1) tlhagolela puisano ya botho, (2) boloka molao wa bopelonomi mo lolemeng lwa gago le go (3) dumelela dipharologano le go sa itekanelang. Seno, gammogo le lesego la Modimo, se tla boloka lenyalo la gago e le je le tlhokegang e seng fela go wena mme e leng go Mosimolodi yo Mogolo wa lone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a A Greek-English Lexicon of the New Testament, ka J. H. Thayer. Go dirisiwa lefoko je le tshwanang go tlhalosa “madi a a tlhōkègañ”‏ a ga Keresete.—1 Petere 1:19.

b Bibela e senola gore seno e ne e se go itshamekela fela ga bana. E ne e le ‘pogiso.’—Bagalatia 4:29, 30.

A O Ka Gakologelwa?

□ Ke ka ntlha yang fa puisano ya botho e le botlhokwa mo go kana-kana?

□ Ke jang go latela sekao sa ga Aberahame le Sara go ka tokafatsang puisano?

□ Ke jang motho a ka bontshang gore “molaō oa bopelonomi” o mo lolemeng lwa gagwe?

□ Ke jang temogo e tlatseletsang lenyalong je le tlotlegang?

[Lebokoso mo go tsebe 17]

Puisano ya lona e ntse jang?

(1) Lo senya nako e e kana kang mmogo lo bua fela?

(2) Ke metlotlo e le kae ya lona e e leng ka tsa tiro fela ka mo go feletseng (tse di amang ntlo, bana, dithoto, jalo jalo), go na le go abalana megopolo fela le maikutlo?

(3) A go na le dikgang dingwe kana maikutlo tseo o nang le tsone, mme o sa ikutlwe o gololesegile go di buisana le molekane wa gago ka phuthologo?

(4) Lo na le lobaka lo lo kae fa e sale yo mongwe wa lona a a fa yo mongwe mpho e le fela go mmontsha lorato?

(5) Lo a tle lo nne lo tshwarane ka diatla ga kae kana go amana fela, kwantle ga fa lo a bong lo tlhakanetse dikobo?

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Mosadi yo o nang le “molaō oa bopelonomi” mo lolemeng lwa gagwe o anaanelwa thata, segolo mo dinakong tsa pelo e e botlhoko

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela