LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 11/15 ts. 3-8
  • Go Oketsega ga Boikepo—A Ke Sesupo sa Bokhutlo jwa Lefatshe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Oketsega ga Boikepo—A Ke Sesupo sa Bokhutlo jwa Lefatshe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maloba—Go Ne Go le Maswe go le Kae?
  • Tlhabologo ya Tsa Madirelo
  • Go Runya ga Ditoropo-Dikgolo
  • Ntwa e Kgolo
  • Kanamo ya Bosheng Jaana ya Boikepo
  • Phediso ya Lefatshe e e Boleletsweng Pele E Tla Tla Leng?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Metlha ya Bofelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Go Oketsega ga Tlolomolao mo Lefatsheng—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Keresete O Ne A Ila Boikepo—A Wena wa Bo Ila?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 11/15 ts. 3-8

Go Oketsega ga Boikepo—A Ke Sesupo sa Bokhutlo jwa Lefatshe?

“SESHUPŌ e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sas bokhutlō yoa lehatshe?”

Mo karabelong Jesu Keresete o ne a senola gore lobaka longwe mo ditiragalong lo no lo tla tshwaiwa ke dintwa tsa merafe-rafe, ditlhaelo tsa dijo, le dithoromo tsa lefatshe, mme o ne a oketsa ka gore: “Me e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala. Me eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.”—Mathaio 24:3, 7-13.

Go oketsega ga boikepo—tiragalo e e le ruri e tshosang ereka lefoko la Segerika lwa tlholego le akantsha lonyatso lwa melao e e itsiweng ya Modimo. Bogolo jwa lefoko bo raya gore mongwe o a ipega, mme eseng Modimo, kwa godimo fela thata mo botshelong jwa gagwe. Jesu ga a ka a re go tla nna le ‘tshimologo’ ya boikepo, mme eleng ‘ntsifalo,’ koketsego le kanamo ya jone. Karolo eno e tla nna tiragalo e e garaswanyang fela thata mo eleng gore bontsi, “bontsi bogolo,” jwa ba ba ipolelang go nna Bakeresete ba tla amiwa. Lorato lwa bone go Modimo, melao ya gagwe le lwa moagelani lo no lo tla tsidifala, fela jaaka seno se se mogote se ne se ka tsidifadiwa ka kgapetlana ya kapoko!

Go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore lekgolo la rona la dingwaga la bo-20 le ne la thibogela, segolo bogolo ka Ntwa ya Lefatshe I, koketsego ya boikepo mo selekanyong se segolo thata go na le sepe fa e sa le Jesu a sena go bua mafoko ano. Fa go ntse jalo, seno se raya gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō”—mo karolong ya bofelo ya “bokhutlō yoa lehatshe.” (2 Timotheo 3:1; Mathaio 24:3) A ga o eletse go bona bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo e e tladitseng lefatshe la rona ka thubakanyo, boitsholo jo bo maswe le tshiamololo, le go bona e emisediwa ka mokgatlho wa batho ba ba lorato, “lehatshe ye lesha” leo go tla agang tshiamo mo go lone?—2 Petere 3:13.

Baithuti bangwe ba ditiragalo ba re, ‘mme a ke o eme pele.’ ‘A lekgolo la dingwaga la bo-20 ga se lone le le tlhabolotsweng segolo go a feta otlhe mo ditiragalong? A thubakanyo e e ferosang sebete le boitsholo jo bo maswe jwa makgolo a dingwaga a a fetileng di ne di se maswe fela thata?’

Maloba—Go Ne Go le Maswe go le Kae?

“Go ne go se ope yo o neng a ka ikutlwa ka boene a sa boife ka kotsi epe e e neng e ka mo tlhagela kana thoto fa a ne a tsamaya mo mmileng ka lotlatlana, le eleng gore motho ope o ne a ka itsholofetsa pabalesego mo bolaong jwa gagwe,” ga khutsa jalo mosimegi mogolwane wa Lontone ka 1785. Ba bangwe ka nako eo le bone ba ne ba bontsha fa ba boifa bokebekwa thata.

Mme tota ditiro tsa bokebekwa di ne di le bogolo bo kae mo metlheng ya maloba? Ga go ope yo o ka bolelang ka tlhomamo, segolo bogolo ka ntlha ya phoso mo dipegong tsa katlholo. Mme le ka ntlha ya tlhaelo ya tlhomamo kana boikitsiso jo bo tlhamaletseng jwa palo ya batho mo malobeng, ga go na tsela e e popota ya go bapisa bokebekwa le palo nngwe le nngwe ya batho jaaka jwa rona gompieno. Ditshupo dingwe di supa gore makgolo a pele a dingwaga go bonala a ne a na le selekanyo se se rileng sa kagiso. “Ga go ka nako epe mo ditiragalong tsa Massachusetts,” ga bolela jalo ra-melao-mogolo wa puso ka 1859, “mo botshelo, kgololesego, le thoto di neng di bolokesegile go na le jaaka go ntse gompieno.”

Mme ka nako ya dingwaga tse 150 pele ga 1914 ditiragalo tse di tlhomaganeng—tse eleng tsa mofuta wa tsone fela mo ditiragalong—di ne tsa lere boikepo jo bo iseng bo ko bo bonwe gope mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20.

Tlhabologo ya Tsa Madirelo

“Phetogo e e anameng fela thata mo ditiragalong tsotlhe tsa setho.” Ke kafa batlhalefedi ba tsa hisitori M. Klein le H. A. Kantor, mo bukeng ya bone ya Prisoners of Progress, ba tlhalosang matswela a Tlhabologo ya tsa Madirelo mo United States of America magareng a 1850 le 1920. Tiriso e kgolo ya bomatšhine ba ba sa tswang go tlhabololwa ba madirelo, jaaka enjene ya molelo, le maranyane a a tlhagisang dilwana ka selekanyo se segolo di ne tsa simolola mo Ennyelane. Jaaka dintelo tsa metsi e ne ya anama go kgabaganya Yuropa le United States, e phatlakanya tsela ya go tshela ya pele.

E rile ba bolela ka lobaka lwa pele ga Tlhabologo ya tsa Madirelo, Klein le Kantor ba ne ba tswelela: “Fa e bapisiwa le motlha wa rona, botshelo bo ne bo lebega bo ritibetse sentle thata le go iketla. Batho ba ne ba sa ntse ba tsaya bodumedi e le selo sa botlhokwa jo bogolo mme ba ne ba rulaganyetsa ditiro tse di botlhokwa tsa bone le ditsela tsa bone tsa go tshela go dikologa ditumelo tsa bone.”

Bontsi jwa batho ka nako eo bo ne bo ipereka mme ebile ba natefelwa ke tiro ya bone—madi e ne e se one tshoso-e-rweleng mo papading. Lefa go ne go na le magodu le babolai, ditumelo tse di neng di rena tsa bodumedi di ne di tswakane le maselamose le tumela-botlhodi, mme mo e neng e ka nna motho mongwe le mongwe mo merafeng e gotweng ke ya Bokeresete gantsi o ne a tlotla melao ya Modimo.

Magareng ga 1880 le 1913 madirelo a tsa papadi a lefatshe a ne a oketsega go menagane ga gararo go feta kgakala palo ya lefatshe—kgolo e le ka motlha ope e iseng e ke e lekane le epe pele kana fa e sale. Ka ntlha ya gona moo, babereki ba ba oketsegileng ba ne ba nna le madi a magolo go a dirisetsa mo dithotong tseno tse disha tsa kgwebo. Mme bontsi, go ya le mebolelo e e neng e re “phiri go ja e naiwang,” ba obamela katlego ya botshelo jaaka modimogadi wa bone.

“Ba ba eletsañ go huma,” go tlhagisa jalo Bibela, “ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, . . . ke mo e rileñ banwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō.” (1 Timotheo 6:9, 10) Matshwititshwiti a ne a diragalelwa ke seno. Banna ba ne ba dira mmereko botshelo jwa bone. Botshelo jwa lelapa bo ne jwa boga ka ntlha ya gore bo ne bo dikologa thulaganyo ya tiro mo e ka nnang dioura tse 60 ka beke. Fa basadi ba bantsi ba ne ba itlhakanya le setlhopha sa babereki, bana gantsi ba ne ba nna ba sena kaelo mme ba nna diganana. Boineelo jwa go itirela botshelo bo ne jwa dira gore bontsi bo beele bodumedi kwa motsheo.

Motlhalefi wa Mojeremane yo o itsegeng thata Nietzsche o ne a kgothatsa ka gore, ‘Itharabologelweng!’ Bogagapa le bogagaru di ne tsa gogela kwa dikgarurung tsa kwa tirong—mekubuku le ngalo-ditiro mo United States ka nako ya dikgwedi di le thataro fela tsa ntlha ka 1916 di ne tsa fitlha go 2 093! Dipapadi tsa kgobokgobo e a ikgobokanyetsa di ne di tlwaelegile. Bantsi ba ne ba etsa morekisi yo o tlhalosiwang mo lokwalo-nyaneng longwe lwa 1905: “Ke mmampodi tota, mme ke semphete ke go fete mo kgwebong ya rona.” Eleruri, lorato lwa moagelani lo no lwa simolola go tsidifala gotlhe fela.

Go Runya ga Ditoropo-Dikgolo

Ba le mo patlong ya thutego, tumo, tekeletso, boitloso-bodutu, kgololesego e kgolwane ya botho—mme segolo bogolo madi—diketekete di ne tsa thelesegela kwa ditoropong tse dikgolo. Ka 1815 ba ba kwa tlase go diphesente tse 2 tsa Mayuropa otlhe a ne a nna mo ditoropong tse dikgolo ka batho ba ba fetang 100 000; mme ka 1910 e ne e le diphesente tse 15—go feta makgetlo a supa go menagane, fa palo ya batho yone e ne ya menagana fela. Mo United States palo ya batho ba ba neng ba nna mo ditoropong-dikgolo tsa batho ba ba 8 000 kana go feta e ne ya tlhatloga go tswa go 131 000 ka 1790 go feta dimilione tse 18 ka 1890—go tloga go diphesente tse 3 go fitlha go tse 29 tsa palo yotlhe ya batho!

Ditoropo-dikgolo mo mafatsheng a a nang le madirelo di ne tsa gola ka lobelo lo lo hupetsang. “Tota, metse ya setoropo, e ne ya golela pele fela thata mme ya fitlha kwa godimo thata-thata ka nako ya lekgolo la dingwaga le sephatlo le le fetileng go feta ka nako epe fela e e fetileng mo ditiragalong tsa lefatshe,” go kwadile jalo Kingsley Davis, mokwadi wa kgolo ya tsa setoropo.—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Bontsi jwa bao ba tsileng ditoropong ba tswa kwa masimong e ne e le banana le ba ba sa nyalang (nyalwang). Ba le mo lootong lwa toropo-kgolo, koo go neng go na le moya wa boitaodi, ba ne ba sa tlhole ba laolwa ke dikamano tsa loago tsa motse wa bone wa selegae. “Go ka nna bokete go bona lekawana kana kgarebane, yo o fetang dingwaga tse di lesome le bosupa, yo a iseng a itse monna kana mosadi,” ga kwala jalo moela-dilotlhoko yo o nang le temogo mabapi le setlhopha se se berekelang mo toropongkgolo nngwe. Monna yono, yo o neng a tshela kwa tshimologong ya lekgolo la dingwaga la bo-20, o ne a oketsa ka gore: “Go robalana, moo gantsi go tsalwang ke diholo tseno tse go binelwang mo go tsone, go gapile bontsi-ntsi jwa thakatshesane ya gompieno. Go setse go tsewa ga motlhofo fela e le selo sa tlholego le se se tlwaelegileng.”

Ee, bantsi ba ile ba supa lonyatso lwa melao ya Modimo ya boitsholo. Bibela e laela ka gore: “Lo ithibè mo boakeñ, . . . eo o ganañ, ga a gane motho, ha e se Modimo.” (1 Bathesalonia 4:3, 8) Lefa go ntse jalo, makawana mangwe mo Yuropa, go supa gore ke banna tota, ba ne ba ikgantsha ka go robala diaka—le eleng go ikutlwa ba le motlotlo fa ba ka ba tshelwa bolwetsi jwa dikobo! Go ya ka kanoko nngwe ya naga nngwe ya Yuropa e e neng ya gatisiwa ka 1914, monna a le mongwe mo go ba le batlhano koo o ne a nna le thosola.

“Ditoropo-dikgolo di tshwanetse tsa bo di nyeula boitsholo jo bo maswe,” ga kwala jalo raditiragalo Adna Weber ka 1899. O ne a bontsha gore kgolo ya bana ba dikgora mo ditoropong-dikgolo tsa Yuropa ka bontsi, bobotlana e ne e menagane gabedi go na le mo dikgaolong. Mo Ennyelane ka nako eo ditoropo-dikgolo di ne di na le bokebekwa jo bo menaganeng sebedi, kana le eleng makgetlo a le mane, go feta bogolo jwa bokebekwa jo magae a dikgaolo a neng a na le jone.

Mme ga se fela gore Tlhabologo ya tsa Madirelo le go gola ga ditoropo-dikgolo di ne tsa bula tsela gore boikepo bo oketsege mo lekgolong la rona la dingwaga la bo-20; tiragalo e nngwe—e le yone e leng ya mofuta wa yone fela mo motlheng wa rona—e ne e tla e nna le matswela a a tsitsibanyang.

Ntwa e Kgolo

Fa e ne e runya ka 1914, ntwa eno e ne ya bidiwa “thulano e e tletseng ka tshologo ya madi le e e sentseng thata mo ditiragalong tsa setho” go feta epe go tla nakong eo. Batlhakanedi bagolo mo kgatong eno e e seng ya tlholego ya boikepo e ne e le merafe ya “Bakeresete”! E ne ya re e lebisitse go matlhotlha-pelo a ntwa, lokwalo longwe lwa koranta ya 1914 lo no lwa ikuela ka mo go sa tlwaelegang le re: “Merafe e tshwanetse e lwe jaaka Bakeresete, kana bobotlana, jaaka batho ba ba itlotlang.”

Ka ntlha ya ntwa eo, dikgoka le thubakanyo di ne tsa tla mo go reng di amogelesege fela. “Fa melao ya batho ba ba tlhabologileng e beelwa kwa thoko, fa go bolaya e nna papadi le sesupo sa boganka le bommampudi,” ga kwala moruti Charles Parsons ka 1917, “he go bonala go sa thuse sepe go bolela fa go na le bokebekwa bongwe jo bo rileng.” Ga go gakgamatse go bo babatlisisi D. Archer le R. Gartner ba ile ba fitlhela gore bontsi jwa merafe e ba neng ba e tlhatlhobisa e e neng ya kopanyelediwa mo Ntweng ya Lefatshe I e ne ya “nna le koketsego ya morago ga ntwa” mo kgolong ya dipolao—Italy e ne ya nna le koketsego ya diphesente tse 52 mme Jeremane ya nna le koketsego ya diphesente tse 98 go feta pele ga ntwa! Mme ntwa e ne ya tlisa mofuta o mongwe o o farologaneng wa boikepo.

Jehofa Modimo, yo o ‘ilang tlhalo,’ o tsaya go tlhala molekane mo eseng ga dikwalo le go nyala gape e le boleo jo bo masisi. (Malaki 2:16) Ka ntlha ya Ntwa ya Lefatshe I go ne ga nna le kgolo e e boifisang e e senang selekanyo mo tlhalong. Ka motlhala, mo Ennyelane le Wales ka nako ya dingwaga tse 50 pele ga 1911, palo ya ditlhalo e ne e tsamaya mo go 516 ngwaga mongwe le mongwe. Ka 1919, ngwaga wa ntlha wa morago ga ntwa, di ne tsa feta di le 5 184—go feta makgetlo a 10 a ngwaga nngwe le nngwe ya dingwaga tsa pele tse 50!

Ntwa e ne ya phutha banna ba le 65 000 000, bantsi e ba kgaoganya le malapa a bone ka dingwaga. “Dithibelo tsa botsenwa le dikgaogano tsa patelelo tsa Ntwa ya 1914-1918,” go ya ka bora-ditiragalo G. Rowntree le N. H. Carrier, ga di a oketsa fela kgolo ya tlhalo mme gape ka bonokwane “di ne tsa nolofatsa go sa e amogele ga batho ka kakaretso. . . . Boikutlo jwa kgololesego e kgolo jo bo neng jwa tlhongwa ka ntlha ya matswela a ntwa, go bonala bo ne jwa atologa.” Boikutlo jo bo atlabetseng jo bo neng jwa simolola ka nako eo bo ne jwa atologela go tlo go fitlheng gompieno!

Ka jalo ka khudugo e kgolo mo merafeng ya “Bakeresete” go ya ditoropong tse dikgolo tse di tlhabologileng, di pataganye le thuto ya thubakanyo e e neng ya rutwa ke Ntwa ya Lefatshe I, motheo o ne o setse o le gone gore boikepo bo oketsege mo selekanyong se segolo se se iseng se ke se bonwe gope. Matswela e ile ya nna eng fa e sale 1914? A lorato lwa bontsi jo bogolo jo bo ipolelang go nna Bakeresete eleruri lo no lwa tsidlfala?

Kanamo ya Bosheng Jaana ya Boikepo

Morago koo ka 1945 bontsi jwa batho mo United States bo ne jwa gakgamadiwa ke gore palo e e begilweng kwa mapodising ya bokebekwa e ne ya tlhatlogela kwa go 1 566 000. Mme dingwaga tse 35 moragonyana ga foo palo kakaretso e ne ya tlhatlogela go 13 295 000—mme e sa ntse e ntse e tlhatloga! Seno ke koketsego ya diphesente tse 750, fa palo ya batho yone e ne ya gola ka diphesente tse 60! Petelelo e ne ya oketsega go feta diphesente tse 600! Bokebekwa jo bo thubakanyang ka kakaretso, mo e batlileng e nna diphesente tse 900! Akanya fela tlhe, ka 1981 lelapa le le lengwe mo go mangwe le mangwe a mararo le ne la tlhaselwa ke bokebekwa jwa mofuta mongwe! Mme kganelelo eno ga e mo United States fela. “Selo se le sengwe se se go fatlhang fa o leba bokebekwa mo selekanyong se segolo sa lefatshe,” ga kwala jalo motlhalefela bokebekwa yo mogolo, Sir Leon Radzinowicz, mo bukeng ya gagwe ya The Growth of Crime, “ke koketsego e e sa siamang le e e ganelelang e e gongwe le gongwe. Dipharologano tse di gone di ema di le nosi ka phepafalo, mme ebile di ka nna ka bofefo fela tsa hupediwa ke lekhubu le le golang.”

A dikoketsego tseno tsotlhe ke go bo go begwa bokebekwa sentle kwa mapodising? Go bona karabo, setlhopha se se neng se gogwa kwa tlhogong ke Dr. Herbert Jacob sa Center for Urban Affairs Policy Research kwa Univesithing ya Northwestern se ne sa kanoka dipalo tsa bokebekwa, ditshenyegelo le ditiriso tsa mapodisi, dipalo tsa ba ba tshwarwang, le boikitsiso jo bongwe jo bontsi thata go tswa mo ditoropong-dikgolo di le 396 mo United States mo lobakeng lwa magareng a 1948 le 1978. Mo potsolotsong le moemedi wa makasine ono, Dr. Jacob o tlhalositse ka gore: “Dilekanyo tsa bokebekwa jo bo begilweng di ne tsa tlhatloga gongwe le gongwe mo U.S. Karolo ya seno kwantle le pelaelo ke ka ntlha ya go nna le mapodisi a a botoka le go bo batho ba begela mapodisi bokebekwa. “Mme seno ga se sonefela se se tlatseletsang koketsegong yotlhe.”

“Se se gakgamatsang,” Dr. Jacob a tswelela, “ke gore mo toropong e kgolo ya mofuta mongwe le mongwe—kwa bokone kana borwa, e wa kana e gola, ka palo e kgolo ya batho kana e potlana—bokebekwa bo ne jwa goletsega mo e ka nnang ka selekanyo se se tshwanang sa kgolo. E ne e le tshekamelo ya lefatshe ka bophara.” A mapodisi a ka emisa tshekamelo eno e e neng e bonala e tla ka makatla-namane? “Sekwatla sa mapodisi ka kakaretso ga se ise se ke se kgone ka ntlha ya mabaka a le mmalwa a loago a ba ka se a kgoneng,” ga araba jalo Dr. Jacob.

Legale, bokebekwa ga se jone fela tshupo ya koketsego ya boikepo. A ke o lebe fela kafa go tlhokomologiwang ka teng melao ya Modimo. Kgolo ya bana ba dikgora mo United States ya 7.1 mo basading bangwe le bangwe ba ba sa nyalwang ba ba 1 000 ka 1940 e ne ya pagamela go palo ya 27.8 ka 1979. Ditlhalano tse 83 000 ka 1910 di ne tsa oketsega ka mo go tsitsibanyang ka 1980 go fitlha go 1 182 000, koketsego ya diphesente tse 1 300! Jaanong, mo boemong jwa tlhalo e le nngwe mo manyalong mangwe le mangwe a a 11 ka ngwaga, jaaka go ne go ntse ka 1910, United States e na le le lengwe mo manyalong a 2! Ditshekamelo tse di tshwanang di begwa gongwe le gongwe mo lefatsheng ka bophara.

Akanyetsa gape matlhotlhapelo a a dirwang mo lekgolong la rona la dingwaga la bo-20. Ke eng se se kileng sa nna teng mo ditiragalong tsa setho go se bapisa le kgatlampolo e e rulaganyeditsweng ka bomo ya Bajuda ba ba dimilione tse 6 mo dikampeng tsa kgolegelo tsa Nazi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II? kana palokgolo ya dintsho ka ntlha ya ntwa eo—ya ba le 55 000 000? Bosheng fela jaana, akanyetsa dipego tsa 1979 ka go bolawa ga Ma-Cambodia a a ka neng a ka feta dimilione tse 2. Ke losika lofe lo lo kileng lwa dira le go dirisa sebetsa seo mo go thunyeng ga sone go le gongwe kgabagareng se neng sa bolaya gongwe batho ba ba ka nnang 140 000, jaaka bomo ya atomiki e e neng ya latlhelwa mo Hiroshima, mo Japane?

Re tlhoka sebaka sa go tlhatlhamisa ka botlalo lonyatso lo lo tswelang pele lwa tlhokomologo ya melao ya Modimo, mme seo se ileng sa baakanyediwa ka phepafalo se bontsha gore fa e sale 1914 go na le koketsego ya boikepo jo bo senang selekanyo go feta lobaka lope lwa ditiragalo! Ee, gareng ga palo e kgolo ya ba ba ipolelang go nna balatedi ba ga Jesu, lorato lwa Modimo le lwa moagelani lo ne lwa tsidifala, fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele.

Lefa go ntse jalo, se letlelele kgolo e e ntseng jalo ya boikepo go ama pelo ya gago. Boloka lorato lwa Modimo le melao ya gagwe di le tlhaga, gongwe e ka nna boipelo jwa gago go bolokelwa mo ‘lefatsheng je lesha’ je le solofeditsweng, koo leka motlha go se ketlang go nna le sebetso sa boikepo.—2 Petere 3:13; Mathaio 24:12, 13.

[Kerafa mo go tsebe 6]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Palo-kakaretso ya bokebekwa jo bo maswe thata jo bo neng jwa begwa mo United States e ne ya oketsega go feta diphesente tse 1 000 go tloga ka 1935 go ya go 1980, fa palo ya batho e oketsegile fela ka mo e ka nnang diphesente tse 78 mo lobakeng loo lo lo tshwanang!

1935 1 138 000

1950 2 220 000

1965 2 780 000

1980 13 295 000

[Motswedi wa Setshwantsho]

Motswedi: Uniform Crime Reports ya FBI ya dipalo-kakaretso tsa dipolao, dipelelelo, go kgothotsha, ditlhaselo tsa metlha yotlhe, go thujwa ga matlo, go utswela ba bangwe dithoto le bogodu jo bo itirelwang fela tse di boleletsweng mapodisi. Ka ntlha ya tlhaelo ya dipego dipalo tsa le 1935 le 1950 di ne tsa dirwa go emela palo ya batho

[Dishwantsho mo go tsebe 5]

TLHABOLOGO YA TSA MADIRELO

NTWA YA LEFATSHE I

GO RUNYA GA DITOROPO-DIKGOLO

Ditiragalo tseno, tse eleng tsa mofuta wa tsone fela mo motlheng wa rona wa segompieno, di ile tsa tlatseletsa mo koketsegong ya boikepo e e iseng e ke e nne mo ditiragalong dipe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela