Banna, Bontshang Lorato lwa go Intsha Setlhabelo
“Banna, ratañ basadi ba lona, hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, me a intshetsa eōna.”—BAEFESIA 5:25.
1. Ke ka ntlha yang fa botlhogo jwa Bokeresete bo tlhoka gore o ipotse o bo o ikarabe bo bile bo duela?
“LENYALO! Ga go sepe se se batlang gore monna a ipotse a bo a ikarabe jaaka lone!” Ka gone go ne ga kwala jalo mmoki wa Norway Ibsen. Ka ntlha ya lebaka la molao-motheo wa botlhogo wa Bibela, o ka nna wa dumalana ka pelo-yotlhe. Lefa go le jalo, fa bo dirisiwa ka tshwanelo, botlhogo jwa Bokeresete bo ka bopa botshelo jwa legae jo e leng felo ga lorato lo lo kutlwano le tlotlo koo pelo ya gago e leng kwa goo-mothakga. Lefa go ntse jalo, boemo jwa gago jo bo tlhomilweng jwa bomodimo jaaka tlhogo bo tlisa gape boikarabelo jo bogolo thata fa pele ga Modimo.—Luke 12:48.
2. A boitumelo mo lelapeng bo itshetlegile fela mo godimo ga maiteko a monna?
2 A seno se raya gore wena jaaka monna ke wena fela o ikarabelang mo boitumelong jwa lelapa la gago? Nnyaa, loobabedi wena le mosadi wa gago le tshwanetse la leka go tokafatsa boemo jo bo leng teng koo. (Diane 14:1) Lebaka la go bo se se latelang se dira mo banneng ga le reye gore basadi ba botoka. Mme se baakanyeditswe go thusa banna go tshela tumalanong le dipatlafalo tsa botlhogo jwa Bokeresete. Tota gone botlhogo bo tshwanetse jwa dirisiwa jang? Eno ke kgang eo Bakeresete botlhe—le eleng ba ba sa nyalang—ba tlhokang go e utlwisisa.
Ba Rateng Fela Jaaka Keresete a Ratile Phuthego
3. Baefesia 5:25 e tlhalosa jang botlhogo jo bo tshwanetseng, mme seno se rayang?
3 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “Banna, ratañ basadi ba lona, hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, me a intshetsa eōna.” (Baefesia 5:25) Ereka banna ba na le tshwanelo ya Dikwalo ya go dira diphetso tsa bofelo mo lelapeng, go tla nna motlhofo ka lona go letlelela bogagapa go kukunela moteng. Go bua boammaaruri, diphetso tse dintsi tsa malapa ke dikgang tseo go tsone dithato tsa botho di leng kwa pele fela thata. A se o se ratang e nna sone mmang-mang fa go se molao-motheo ope wa Bibela o o kopanyelediwang? Elatlhoko gore monna o tshwanetse a etsa lorato lwa go intsha setlhabelo lwa ga Jesu. O ne a intshetsa barutwa ba gagwe ka boene. “Keresete le èna ga a ka a ikgatlha.” (Baroma 15:3) Go intsha setlhabelo go raya go latlha monate mongwe kana go ralala bothata bongwe kana bokete ka ntlha ya molemo wa yo mongwe.
4. Ke ka tsela efe Jesu a bontshitseng kamego ka barutwa ba gagwe?
4 Kgatlhego e kgolo ya ga Jesu e ne e le go thusa barutwa ba gagwe semoeng. Lefa gone a ne a tietse tshiamo, ga se leka motlha a kileng a nna bogale fa barutwa ba gagwe ba ne ba bontsha dipono tse di phoso, kana fa ba ne ba ikgogomosa, ba le bogale kana ba le magatlapa. (Mathaio 18:1-3; Luke 22:24-26, 47-51, 59-62) ‘Ka ntlha ya Lefoko la Modimo,’ le ka sekao sa gagwe, o ne a thusa barutwa ba gagwe mo go fenyeng makoa a a masisi gore le bone, jaaka setlhopha, ba nne “boitshèpō le botlhōka bogōlè.”—Baefesia 5:26, 27.
5, 6. Monna o ka etsa jang lorato lwa go intsha setlhabelo lwa ga Jesu, mme seno se boima bogolo leng?
5 A o bontsha lorato lo lo ntseng jalo lwa go intsha setlhabelo? Banna ba bangwe ba ikutlwa gore go baakanyetsa ka ditlhokafalo tsa basadi ba bone ka dilo tse di bonalang ke setlhabelo se se lekanetseng. Go boammaaruri gore, tiro e e ntseng jalo e bokete ebile e tshwanetswe go anaanelwa fela thata. Lefa go le jalo kwa botennye jwa sekao sa ga Jesu e ne e le boiteko jwa gagwe jwa go sa iponeng tsapa mo go tlhokomeleng ditlhokafalo tsa semoya le tsa maikutlo tsa barutwa ba gagwe mo godimo ga ditlhokafalo tsa bone tsa nama. Morago ga ditlhobaelo tsotlhe tsa lefatshe fa ba ntse ba bapalela ba malapa a bone botshelo, banna ba bantsi go a utlwala gore ba ka nna ba se batle gore ba tshwenngwe mo tlhaloganyong gape kwa gae. Lefa boikutlo jono bo tlwaelegile mo malapeng ao a sa lekeng go latela Bibela, ka maswabi le eleng mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a ipobola ka gore: “Monna wa me ga a ise a ke a nkaele gotlhelele. Go ne go na le dinako tse dingwe tseo ke neng ke tle ke mmolelele gotlhe ga pelo ya me mo dikgannyeng dingwe tse di rileng ke batla kaelo, mme kgopolo ya gagwe e ne e le go sele fela.”
6 Lorato lwa go intsha setlhabelo ke lone karabo. Fa mosadi wa gago a na le bothata jo bo mo opisang tlhogo, go na le gore o mo lelekele koo ka lefoko kana tebego ya sefatlhogo lorato lono lo tla go tlhotlheletsa go akantshana le ene dikgang ka bopelotelele. O tla tshwenyega fela thata ka bomoya jwa gagwe, o ithuta Bibela le go arola mo tirelong e e boitshepo le ene. O tla tila go mo tlogela a sikara diphetso tse di bokete tse tota ka tshwanelo e leng boikarabelo jwa gago. O tla tlhomamisega gape gore o na le sebaka sa go ikhutsa le go lapologa go se go ne ne. (Mareko 6:31) Boiteko jo bo ntseng jalo bo neela mosadi boitlotlo le tshireletsego ya mmatota.
Pelo e e Boingotlo
7. Go bontsha botlhogo jo bo lekalekaneng, ke nonofo efe e e tlhokafalang?
7 Gantsi, banna ba tshwaragana le bothata go lekalekanya botlhogo. Ka dinako tse dingwe ba bangwe ba tle ba ikutlwe ba bopelwa le eleng fela fa mosadi a ka ntsha kakantsho kana ka tsela nngwe a sa dumalane. Jesu, yo eleng sekao sa ditlhogo tsa Bokeresete, o ne a re: “Ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ.” (Mathaio 11:29) Boikokobetso jwa gagwe e ne e se jwa letlalo fela, e le fela gore bo nyelele fa mongwe a ne a sa dumalane le ene.
8, 9. (a) Sara o ne a tshwaya Aberahame phoso ka eng, mme ka ntlha yang? (b) Ke ka ntlha yang fa Aberahame a seka a mo nyatsa kana a mo araba ka bogale?
8 Aberahame gape e ne e le sekao sa boikokobetso. Mosadi wa gagwe, Sara, o ne a tlhokelwa maitseo ke mosetsana wa lelata la gagwe Hagare. E ka nna ya nna gore Aberahame o ne a se ka a lemoga kgato eno ya boikgantsho kana a ne a palelwa ke go tsaya kgato ka bofefo. “Thumolègō ea me, e nnè mo go wèna,” ga bolela jalo Sara. “Ka isa lelata ya me mo sehubeñ sa gago: me o rile a ipōna a ithwele, ka nyatsèga mo matlhoñ a gagwè; a Yehofa a atlholè ha gare ga me le wèna.”—Genesise 16:5.
9 Abo mafoko ao a tshwanetse go bo a ile a tlhaba jang ne! Ka go bo Aberahame eleruri o ne a rata Sara mme o ne a se ketla a batla a utlwa botlhoko. Lefa Sara a ka ne a ile a nna le lebaka la go tshwaya Aberahame phoso ka ntlha ya boemo jwa gagwe jo bo lekang, o ka tswa a ile a feteletsa, ka go bo a ile a ikuela go Modimo jaaka ekete Aberahame o ne a se ketla a nna tshiamo. Jaanong he, a Aberahame o ne a tla korologa gore a femele botlhogo jwa gagwe? A o ile a mo tsaya a le nkane? O ne a itse gore Sara o ne a tlogetse legae le le manobonobo kwa Ura mme ebile o ne a setse a feditse dingwaga tse 10 a ntse a nna mo ditanteng ka go arabela ga ga Aberahame kaelong ya Modimo. Seo e ne e le kutlo! Go mo ikobela ga gagwe, le tshegetso ya gagwe e e seng bogagapa e ne ya dira gore a mo rate tota. (1 Petere 3:5, 6) “Bōna, lelata ya gago le mo seatleñ sa gago,” ya nna phetolo ya gagwe e e bonolo. “Mo dihè se se molemō mo matlhoñ a gago.” (Genesise 16:6) Aberahame o ne a le boingotlo mo pedung. A monna wa banna!
10. (a) Monna o ka etsa Aberahame jang? (b) A o tla atlega ka metlha?
10 Fa mosadi wa gago a ka go tshwaya phoso ka bothata bongwe, leka go arabela jaaka go ne ga dira Aberahame. Ga go ke go nna motlhofo ka metlha. Go tla nna le dinako tse dingwe tse o tla palelwang. Mme reetsa, leka go utlwisisa le go seka-seka seo a se buang. Ka dinako tse dingwe ka go phamoga fela ka ntlha ya maikutlo mosadi o ka nna a seka a bua mafoko a a tshwanetseng. O ka nna a fetelela fela jaaka Sara. Leka go bona gore le ka dirisana naso jang mmogo.
11. Ke ka ntlha yang fa monna a sa tshwanela go leba mosadi wa gagwe jaaka “molala”?
11 Go boammaaruri, monna a ka tlhoma melao e e farologaneng go bantlo ya gagwe. (Baroma 7:2) Lefa go le jalo mosadi wa gago ga se ngwana kana “molala.” Jehofa o ne a re, “Ke tla mo dihèla thushō [monna] e e mo lebanyeñ [jaaka motlatsi wa gagwe, mo tota go rayang “yo o tshwanang nae”].” (Genesise 2:18) Efa o ne a tshwanetse go nna mo selekanyong sa ga Adame ka botlhale, molekane wa gagwe, yo tota a neng a tla mo thusa mo go sikareng kabelo ya gagwe ya bomodimo.
12. (a) Ke eng seo se neng sa fitlhelelwa fa monna mongwe a ne a tlhagolela boikobo jwa pelo? (b) Boikobo bo dira jang gore lenyalo le nne le itumetse?
12 Mosadi yo o kgonang yo o tlhalosiwang mo go Diane 31 o ne a ikanngwa ke monna wa gagwe. O ne a reka dithoto; le eleng go lema tshimo ya mofine “ka papadi ea diatla tsa gagwè”—ga se tiro ya matshamekwane! A monna o ne a ja magala, a ikutlwa gore botlhogo jwa gagwe bo a bopelwa? Nnyaa, o ne a mo galaletsa! (Ditemana 10, 11, 16, 28) Boikutlo jo bo tshwanang bo ka go thusa go tila dikomang tse di sa tlhokafaleng. Ka motlhala, monna mongwe le mosadi wa gagwe ba ne ba omanetse ruri. Go bua boammaaruri o ne a dirisa botlhogo jwa “kgatelelo.” Morago ga go itlhatlhobisa ka thapelo o ne a kgaola serota seno sa boikgantsho. O ne a simolola go seka-seka dikakantsho tsa gagwe. Kgabagare a felela a dumelela mosadi go tlhokomela dikgang dingwe tsa madi. Jaanong monna a re: “O dira namane e tona ya tiro!” Mosadi ene a oketsa ka gore: “Ke ne ke batla fela go ikanngwa. Go a itumedisa mo pelong go bo o itse gore monna wa gago o a go ikanya.” Ka gone Diane 13:10 e tlhagisa ka gore: “Go tla kōmanō hèla ka boikgodishō: mo go eo o amogetseñ kgakololō sentlè go na le botlhale.” Monna yo o boikobo, a lemoga ditekanyetso tsa gagwe, o ipelela dikgono tsa mosadi wa gagwe, ka gone he a itshupa a le boikobo mo pelong.—Diane 11:2.
Bontsha “Seyana se se Señ Thata” Tlotlo
13. (a) Petere wa Ntlha 3:7 e bontsha gore monna o tshwanetse go dirang? (b) Ke tlhokafalo efe ya boikutlo e e dirang gore mosadi a nne “seyana se se señ thata”?
13 “Le lona banna,” go kwadile moaposetoloi Petere, “lo agè le basadi ba lona kaha kicoñ, ka go naea mosadi tlotlō, yaka e le seyana se se señ thata.” (1 Petere 3:7) O tshwanetse wa nna le kitso ya modiro wa maikutlo a mosadi wa gago, mo e leng gone tota go dirang gore go twe ke sejana se se seng thata. Mosadi o tshwanetse a lemoge gore o a ratiwa le go ngomaelwa ke monna wa gagwe. Kwantle go motswako ono o le mongwe—go sa kgathalege gore o na le dithoto tse di bonalang di le kae—o tla ikutlwa a ntse a tlhaela. O tshwanetse go tlhatswega pelo gore monna wa gagwe o ikutlwa fela jaaka go ne ga dira monna wa bogologolo yo o neng a re go mosadi wa gagwe: “Bana bantsi ba basetsana ba dihile sentlè, me wèna u ba gaisitse botlhe hèla.”—Diane 31:28, 29.
14. Ke eng seo se neelang mosadi tshireletsego ya boikutlo?
14 ‘Mosadi wa me o tshwanetse a itse gore ke a mo rata. Ke mo nyetse, ga ke re?’ e ka nna kakanyo ya banna bangwe. Lefa go ntse jalo, basadi ba rata lorato lo lo bolelwang ka ditiro. Monna yo o ikanyegang Isake o ne a le podi-matseba ka tlhokafalo eno. Morago ga dingwaga tse 35 a nntse a nyetse o ne a bonwa a bontsha mosadi wa gagwe lorato. (Genesise 26:8) Dira ka mo go tshwanang. Ka tlhokomelo e o e neelang, dira gore a itse gore pelo ya gago e na le ene, gore mo go wena ‘o gaisa basadi botlhe.’
15. Gore ba neele basadi ba bone tlhokomelo, banna ba tshwanetse go disang, mme ke ka lebaka lang fa seno se le botlhokwa mo go kalo?
15 Go nna le tlhokomelo ka tsela e e ntseng jalo go tlhoka nako le mogopolo. Banna ba bangwe ba go bona go le motlhofo go nna le tlhokomelo go mongwe yo go bonalang a le mosha le go kgatlhisa. Seno se ne sa diragala kwa Iseraeleng ka nako ya ga Malaki. Jehofa o ne a raya banna bao ba ba itebileng ba le bosi bao ba ba neng ba dirisana le basadi ba bone ka bonokwane: “Ke gōna lo itisè mo moeeñ.” (Malaki 2:13-16) Ee, bano ba ne ba tlhoka go itisa, ba tlhokomele maikutlo a bone. Ka go bo jaana re ka nna ra bo re berekela kana re nna gautshwane le basadi ba bangwe, re tshwanetse ra dira se se tshwanang. Go tlhoka boiteko jwa segakolodi le go itaya go thibela boikgodiso, go lapisega kana keletso ya go fetola moya wa gago, maikutlo a a moteng, tebang le mosadi wa gago.—Mathaio 5:27-30.
“Chwanèlō” ya Mosadi
16. Ke karolo efe ya lenyalo e e nang le mathata a le mantsi, mme tlhoko-bogagapa e bontshitswe jang mo go 1 Bakorintha 7:3, 4?
16 Go intsha setlhabelo ga gago go tlhokafala segolo bogolo ka “chwanèlō” ya lenyalo. “A monna a neèlè mosadi chwanèlō ea gagwè: mosadi le èna a a dihèlè monna yalo. Mosadi ga a na taolō mo mmediñ oa gagwè, ha e se monna hèla: go nntse yalo monna ga a na taolō mo mmediñ oa gagwè, ha e se mosadi hèla.” (1 Bakorintha 7:3, 4) Go na le mathata a mantsi thata mo kamanong eno e e batlang go nenekediwa. Dipatlisiso dingwe tsa thuto di bontshitse fa halofo e le nngwe ya banyalani botlhe ba tla itemogela bothata jwa kafa dikobong ka nako nngwe mo lenyalong la bone.
17. (a) Ke eng seo se tshwanetseng go akarelediwa mo go neeleng mosadi tshwanelo ya gagwe ya lenyalo? (b) Mmatlisisi mongwe o tlhalosa ditlhokafalo tsa mosadi jang?
17 Banna ba bantsi gantsi ba leka-lekanya ditlhokafalo tsa basadi ba bone kana “chwanèlō” ya kafa dikobong le ya bone. Mo kgannyeng eo gotlhelele e sa tshwaneng Paulo o ne a bontsha gore “chwanèlō” ga di tshwane. Mo go Baroma 13:7 bagolwane bangwe ba puso ba tshwanelwa ke lekgetho, bangwe sehuba, fa ba bangwe bone e le tlotlo. Tshwanelo e e tlhokwang e ikaegile ka tlhokafala e e rileng kana kopo ya motho yoo. Fa e le ka tshwanelo ya lenyalo ya mosadi wa gago, se se fetang kopano ya mmele se a tlhokafala. Go The Family, Society, and the Individual, motlhotlhomisi William M. Kephart o tlhalosa ka gore: “Boleng jwa kafa dikobong mo mosading he, bo ka tlhalosiwa ka mantswe a lorato le pelothere. . . . Ka nako ya fa ba tlhakanetse dikobo bontsi jwa basadi bo ka ne bo amegile thata ka boitshwaro jwa lorato lwa kafa dikobong—go tshwarwa-tshwarwa, go phorwa-phorwa, go sunwa . . . go bonala e le selo sa tlholego ka mosadi go akanya tlhakanelo-dikobo ka mogopolo wa tlekeetso le lorato, go na le gore ba robalane fela.”
18. Ke eng seo se ka tsalang go iteba o le nosi?
18 Modiro wa maikutlo a mosadi wa gago jaaka “seyana se se señ thata” o tlhoka gore o intshe setlhabelo mme eseng go amega fela ka boikgotsofatso jwa gago o le nosi. Gape, go tloswa bodutu ke dikgang tse di bapatsang tsa kafa dikobong go ka bopa “keleco e e boshula [ya kafa dikobong]” mme sa gogela go itebeng o le nosi fela, go dira se se neng se tshwanetse go tlotlega go tswapoga le go nna matladika. Tila boikitsiso jo bo ntseng jalo fela jaaka o ka dira ka sebetso! (Bakolosa 3:5) Mme ka bopelotelele, ka ditheto tsa lorato lo lo tlekeetsang, neela mosadi wa gago tshwanelo ya gagwe e e tletseng.—1 Bakorintha 10:24.
Go Intsha Setlhabelo Go Ama Pelo
19. Fa e le gore monna o intsha setlhabelo, a mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go itshegela mogodu ka ntlha ya moo?
19 Ka kgatelelo e e kalo mo go intsheng setlhabelo ga banna o ka nna wa ikutlwa gore, ‘A basadi ga ba ketla ba itshegela mogodu—ka metlha ba ganeletse mo go reng ba tsee tsela ya bone?’ Seo ga se a tshwanela go nna jalo! Basadi ba Bakeresete ba tshwanetse ba arabela fela jaaka go ne ga dira phuthego ka lorato lwa go intsha setlhabelo lwa ga Jesu. Paulo o ne a kwala ka gore: “Loratō loa ga Keresete loa re patèlèla . . . o shwèla botlhe, gore ba ba tshelañ ba se tlhole ba itshèlèla.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Ka jalo, gape, mosadi wa gago o tshwanetse go arabela ka botlhoka-bogagapa. Fela jaaka mosadi mongwe wa Mokeresete yo o itumetseng a ne a re: “Ke ka dira bojotlhe jwa me mo monneng wa me gore re tle re kgone go ka tswelela re direla mo kabelong e e thata ya bolegodimo, ka go bo ke itse gore o amega ka nna.”
20. (a) Ke jang go akanyetsa Genesise 3:16 go supang gore boobabedi banna le basadi ba ka tlhoka tekatekano? (b) Ke ka ntlha yang fa basadi ba sa tshwanela go nna bofefo go tshwaya banna ba bone diphoso?
20 Ee, basadi, go a tlhokafala ka lona gore lo se nne bogagapa. Fela jaaka monna a ka se dirise sentle botlhogo jwa gagwe fa ka bogagapa a rena mo mosading wa gagwe, le mosadi le ene a ka nna le keletso e e feteletseng ya gore monna wa gagwe a mo neele tlhokomelo. (Genesise 3:16) Tekatekano ga e motlhofo. Ka maikarabelo otlhe a a mo monneng wa gago, go akareletsa le ditiro tse di bokete tsa phuthego, gone go tla nna le dinako tseo ka tsone a tla se keng a kgotsofatse ditlhokafalo tsotlhe tsa gago. “Yehofa, ha u ka bo u nu u lotolotsa maikèpō, go ka bo go èma mañ, Yehofa?” ga bolela jalo mopesalema. Ga go na ope wa rona yo o neng a ka ema! (Pesalema 130:3) Fela jaaka monna wa gago a tla ikarabelela go Jehofa, fela jalo le wena. Mme ga jaana mafoko a gago a kanaanelo ka molemo o a go direlang one ga mmogo le kutlwelo botlhoko di tla gapa eseng fela leitlho la monna wa gago mme le pelo ya gagwe tota.
Thuso e e Tswang Godimo
21. Modimo o thusa jang? Neela setshwantsho.
21 Gone ee, maikarabelo ano otlhe a ka nna a bonala ekete a a hekeetsa. Mme Modimo o tla go thusa “a lo neè go thatahadiwa ka nonohō mo mothuñ eo o kwa teñ, ka Mōea oa gagwè.” Ke nonofo eno e e moteng e e ka go kgonisang go sikara morwalo mongwe le mongwe, ka go bo Jehofa, ka maatla a gagwe, o ka “diha segolo thata bogolo go cotlhe tse re di lōpañ le tse re di gopolañ.” (Baefesia 3:16, 20) Banyalani bangwe ba Bakeresete ba ne ba kgaogana ka ntlha ya mathata. Morago ga lobakanyana ba ne ba nna mmogo go buisana ka tetlanyo e e ka kgonagalang. Kgoakgoano e ne ya simolola gape. Ka jalo monna a akantsha gore ba rapele mmogo. Ba ne ba kokobela. “Seo se ne se bonala e le jone bothata mo lenyalong la rona tota,” monna a ipobola jalo. “Ka metlha re lekile go rarabolola mathata a rona ka borona go na le gore re tlise Jehofa mo go one. Mme ga go sepe se se kileng sa bereka.” Morago ga gore ba bofagane gape dingwaga tse di fetang botlhano, mosadi o ne a re: “Go ntse go tokafalela pele. Fa re dirisa boammaaruri jwa Bibela go le go golwanyane, re itumela segolo bogolo. Jaanong re leka go akareletsa Jehofa mo karolong nngwe le nngwe ya lenyalo la rona. Re ipelela fela thata go dira mmogo mo tirong ya go rera.”
22, 23. (a) Lenyalo la Mokeresete le tshwanetse go itsetsepela go dikologang? (b) Ke ka ntlha yang fa basadi ba bantsi ba tshwanetse go akgolwa fela thata?
22 Ee, lenyalo la Mokeresete le tshwanetse la ikepela go dikologa kamano ya gagwe le Modimo, eseng fela mo go reng a itumedise molekane wa gagwe. Ke fela jaaka Paulo a ne a kwala ka gore: “Go le ba ba nañ le basadi ba nnè yaka ha ba ka bo ba sena nabō.” (1 Bakorintha 7:29) Legale, Paulo o ne a sa bolelele banna go tlhokomologa basadi ba bone. Go tshwanela sentle fela gore monna fa a nyetse a tlhagafalele “kaha o ka kgatlhañ mosadi oa gagwè ka gōna.” (1 Bakorintha 7:33) Mme fela jaaka monna a gola semoeng le go supa dinonofo tsa monna yo o molemo kwantle le pelaelo o tla tlhomelwa ditshiamelo tsa tirelo mo phuthegong. Seno se tla tsaya karolo nngwe ya nako e e neng pele e abalanwa le mosadi wa gagwe, lefa go sa ree jaanong gore a tlhoke tekatekano. Mme legale ka dinako tse dingwe mosadi o ka nna a dira kwantle go tlhokomelo ya monna e e tletseng.
23 Bontsi jwa lona basadi lo ile kwantle go bogagapa lwa emela sebaka sa lona ka bopelotelele mo makgetlong a le mantsi fa monna wa gago a ne a tshwanelwa ke go tlhokomela ditiro tsa phuthego. Eleruri lo tshwanetse lwa akgolwa fela thata ka seo! Tshegetso ya lona ya bopelotelele e anaanelwa fela thata ke monna wa gago le Jehofa. O seo tota Bibela e se buang—“serwalō” sa monna wa gago ebile o ene yo o tlisang “botsalanō mo go Yehofa”!—Diane 12:4; 18:22.
24. Ke eng seo monna le mosadi motho-ka-bongwe ba tshwanetseng go se dira?
24 Ka jalo, banna, tswelelang go bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo. Basadi, tswelelang go arabela ka tshegetso e e senang bogagapa. Agang lenyalo la lona go dikologa kamano ya lona le Modimo. Mme ekete Rraalona yo o kutlwelo botlhoko a ka segofatsa fela thata maiteko a lona!
A o a Gakologelwa?
◻ Monna o ka ‘rata mosadi wa gagwe jaaka Keresete a ratile phuthego’ jang?
◻ Monna o ka etsa boingotlo jwa pelo jwa ga Aberahame jang?
◻ Monna o ka bontsha jang mosadi wa gagwe tlotlo jaaka sejana se se seng thata?
◻ Karabelo ya basadi e tshwanetse ya nna efe mo go intsheng setlhabelo mo go ntseng jalo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
MONNA O TSHWANETSE GO ETELELA
Mo bodiheding jwa tshimo
Mo boitapolosong
Mo go tsamaiseng dikgang tsa lelapa