Mogote o o Tsitsibosang, Botsididi jo bo Lapolosang
BOPELOETHATA, tlhoka-kamego, botlhokomologi. Go bonala ekete, batho bangwe ba ka se tlhotlhelediwe ke sepe. Phuthego ya pele ya Laodikea ya Bokeresete ne e tlhasetswe ke bothata jo bo ntseng jalo, se se neng sa tlhotlheletsa gore Jesu Keresete yo o galaleditsweng a bue mafoko ano a kgalemo: “Kea di itse ditihō tsa gago, yaka u se tsididi, u bile u se molelō: ke rata ua ba u le tsididi kgotsa molelō. Me ereka u le motlha hèla, u se molelō, u bile u se tsididi, ke tla gu tlhatsa mo ganoñ ya me.” (Tshenolō 3:15, 16) Ke ka ntlha yang fa phuthego e ne e le mo seemong seno se se hutsafatsang sa semoya?
Motsemogolo wa Firigia wa Laodikea o ne o le kafa gare ga Efeso mo Asia Minor. Tsela e e botlhokwa ya papadi e ne e feta ka Laodikea mme e be e harakana. Tselana e nngwe e ne e ya kwa Efeso; e nngwe e ne e kgabaganya dithaba e ya kwa Filadelefia, Saredisa, Thiatira mme e nngwe ya bofelo, Peregamo. Ereka Laodikea a ne a humile o ne a tla go itsege ka dipapadi tsa gagwe tsa madi. Dilwana tsa gagwe tsa thekiso di ne di akareletsa boboa jo bo tshwaana, jo bo ntle, jo bo boleta jo bo neng bo tsewa mo dinkung tsa naga eo. Go ne ga tlhongwa sekolo sa tsa kalafi gautshwane, le molemo wa matlho wa Firigia, o go neng go bolelwa gore o fodisa tota, o ne o dirwa mo lefelong leo. Laodikea o ne a tla go itsege thata ka ntlha ya ditapeiti tsa Firigia. Tiro ya diatla ya go kgabisa go akanngwa fa e simologile koo, mme lefoko la Selatine la “mokgabisi” (phrygio) go lebega le tshegetsa pono e. Laodikea gape o ne a nna lefelo legolo la mmino le botswerere jwa diatla se se supiwang ke matshwao a dipalo—diswastika, “meanders” le “lozenges.”
Ka ntlha ya tlhogonolofalo ya Laodikea, a e ka nna ya nna gore bangwe ba Bakeresete koo ba ne ba itetlelela go kopanyelediwa mo ditirong tsa kgwebo go ya bokgakaleng jwa gore ba tlhaele le nako ya go abalana mafoko a a molemo le ba bangwe? A bangwe ba bone ba ne ba simolotse go ipeela mokgele wa selefatshe kwa pele mo botshelong ka go bo ba ne ba batla ‘sengwe se se kgatlhisang bogolo’ go na le melao-metheo ya Bokeresete e e utlwalang?
Ga go na pelaelo ya gore maikutlo a a ntseng jalo a ka ne a ile a baka go tsidifala ga lorato lwa Balaodikea go Jehofa, Morena Jesu Keresete le baagelani ba bone. (Mathaio 24:12; 22:37-39) Ka mo go tshwanang, fa le rona gompieno re letlelela dilo tse di bonalang go tsenelela mo nakong ya rona le go lelekisa mokgele mongwe wa selefatshe pele mo matshelong a rona, re mo kotsing ya go nna “motlha” mo boineelong jwa rona, re gogwa fela ke maikutlo jaaka sebopego sa “boitshireletso jwa kamoso,” ‘e le fela gore fa “sepitla se segolo” se ka tshogana se tlile re sa tshela.’—Tshenolō 7:14.
Abo go ka bo go le molemo-lemo jang ne go nna mogote o o tsitsibosang tebang le go bao ba ikutlwang gore lefatshe ke lefelo le le “tsididi” ka ntlha ya gore ba bangwe ba palelwa ke go bontsha kgatlhego ya mmatota mo mathateng a bone! Abo go le botoka jang ne go bonala re le botsididi jo bo lapolosang tebang le bao ba ‘lelahalediwang’ dilo ke ditshiamololo!
Bakeresete-ka-rona, le bone gape, ba ka tsisibosiwa ke sekao se se tlhaga ka go baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele. (Mathaio 6:33) Ba ka tsidifadiwa kana ba lapolosiwa ke mafoko a kgomotso le ditiro tse di lorato fa ba lwala kana ba lebana le maemo a a lekang. Bogolo segolo Bakeresete ba basha ba tla bo ba dira sentle go tlhatlhanya ka go dirisa nako ya bone le maikatlapelo a bone ka tsela e e molemo.
Kafa Re ka Tilang Go Nna Motlha
Ke ka ntlha yang fa Jesu yo o tsositsweng a ile a dirisa mafoko ao a ileng aa dirisa fa a ne a bua le phuthego ya Laodikea? O ka ne a ile a umaka jalo ka ntlha ya metsi a a neng a nosa motse oo. Go sa tshwane le Hiriapolisa yo o fa gaufi le Kolosa, Laodikea e ne e sena motswedi wa yone wa metsi. Hiriapolisa o ne a itsiwe ka metlhodi ya gagwe ya metsi a a molelo, a a tsitsibosang tota mo motsamaing yo o lapileng wa mariga. Kolosa o ne a na le metsi a a tsididi, a a neng a lapolosa fela thata mo mogoteng wa selemo. Mme metsi a Laodikea one a ne a tshwanelwa ke go tlisiwa a tswa kgakala le motse, lwantlha mo moseleng o o atlhameng mme morago mo matlapeng a a gabilweng a a kgolokwane ao a ileng a tshwaraganngwa ka samente. Go bonala eleruri fa metsi a ne a le motlha fa a ne a fitlha mo baaging ba motse.
Jesu Keresete o ne a lebisa gape go dilo tse dingwe tse di neng di ka bo di ne di tlwaelegile thata go Bakeresete ba Laodikea. (Tshenolō 3:17, 18) Mo boemong jwa diaparo tse di boleta, tse di maphatsiphatsi, tse dintsho tsa boboa tse di neng di le tlhotlhwa kgolo fela thata mo kgaolong eo, Balaodikea ba ne ba tlhoka go bona diaparo tse ditshweu tsa go itshupa jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba ba Bakeresete. (Tshenolō 16:15) Mo boemong jwa “gouda” ya papadi ya madi ya Laodikea, ba ne ba tlhagisiwa go bontsha dinonofo tse di jaaka tumelo le boitshoko tseo di neng di ka nonotshiwa ke go lekwa di bile di ne di le botlhokwa jo bogolo mme di tsaya nako e telele go na le mahumo ape a dilo tse di bonalang. (1 Bakorintha 3:10-15; 1 Petere 1:6, 7) “Molemō oa matlhō” wa semoya o ne o tla itshupa o dira ka mo go oketsegileng fela thata go na le molemo wa matlho wa Firigia. Balaodikea ba ne ba tlhoka go lemoga tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mme ba rulaganyetse matshelo a bone ka go gakologelwa seno.—Baroma 12:12; 1 Timotheo 4:7; Bafilipi 3:13, 14.
Go na le thuto e e molemo fano go Bakeresete gompieno. Go na le gore a kgotsofatse dikeletso tsa gagwe ka mefuta ya morago jaana mo diaparong le dijo tse di botoka thata, legae le dipalangwa, ka botlhale o batla go ‘reka’ mo go Jesu “diaparō,” “gouda” le “molemō oa matlhō” tsa semoya. Ee, ba di “rèkè,” go boletse jalo Jesu. Go tla lopa sengwe—nako ya go kopanela le batho ba Modimo; nako ya go ithuta Lefoko la Modimo le dithuso tsa go ithuta Bibela; nako ya go tlhatlhanya ka seo re se ithutang le go nyalanya dintlha tse disha le seo re setseng re se itse, go dira dipaakanyo mo go akanyeng ga rona; nako le boiteko jwa go abalana seo re se ithutang le ba bangwe. Se se ka nna sa raya go dirisa dilo tse di bonalang di se kae go senya nako e e oketsegileng mo go ithuteng Dikwalo le go thusa ba bangwe semoyeng. Tsela e e ntseng e tlhomamisega go boloka tsholofelo ya Mokeresete e tshela.
Dirai tsa Boitloso-bodutu le Boitsholo jo bo sa Siamang
Dirai tse dingwe di ne tsa tlhasela Bakeresete kwa Laodikea mme gongwe di ka ne di tlatseleditse go nneng ga bone “motlha.” Diphatololo tsa bafatolodi di senotse marope a lebala la metshameko, dikago tsa botshamekelo le dipatlelo tsa botshamekelo. A Bakeresete bangwe ba ka ne ba ne ba leseletsa lorato lwa menate go kukunela mo matshelong a bone? Batlhanka ba Modimo gompieno ba tshwanetse go itisa kgatlhanong le mofuta o o sa siamang wa boitlosobodutu kana jo bo sa lekanyediweng. Bakeresete ba basha segolo bogolo ba ka ikutlwa ekete go na le bothata bongwe ka bone fa e le gore ga ba ye go bona dibaesekopo kana motshameko, kana go nna le phathi beke nngwe le nngwe, bogolo jang Matlhatso mo bosigong fa ba bangwe go lebega ba a ja menate-nate. Bakeresete bano ba basha ba ka ikutlwa ba swabile fa e le gore ba ka se tlotle boitloso-bodutu jwa lefatshe le balekane ba bone ba sekolo kana babereki-ka-bone mo mosong wa Mantaga o o latelang. Mme ke ka ntlha yang o sa rulaganyetse boitloso-bodutu le basha ba bangwe ba ba nonofileng semoyeng le bagolo ba bangwe? Abo go le botoka jang ne go itemogela tapologo ka go “nna le ba ba bitsañ Morèna ka pelo e e itshekileñ”!—2 Timotheo 2:22.
Boitsholo jo bo sa siamang le botlhapelwa bo ne bo le matshosetsi a mangwe molemong wa semoya wa Bakeresete ba Laodikea. Banni ba gone ba ne ba obamela Dionisio, modimo wa Segerika wa beine. Baobamedi ba gagwe go lebega ba ne ba tshwaediwa ke ene thata ka ntlha ya mmino wa sehologolo. Ditshwantsho tsa mapele di ne di tumile mo meletlong ya gagwe.
Gompieno re dikanyeditswe ke lefatshe le le ntseng le wela fela thata kwa tlase mo maemong a boitsholo. Boitsholo jo bo sa siamang ke selo sa tlwaelo mo mafelong a mantsi. Go bina mo go atileng ga segompieno ga “disco” go tshwana fela le maitlhapediso a “bobatana” fa go ne go tlotlwa Dionisio kana Bakaia. Batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go ganana le kgatelelo ya go tlhakanela mo dilong tse di ntseng jalo fa e le gore ba tla tila go ‘tlhatsiwa mo molomong wa ga Jesu.’ Go botlhokwa eleruri go tshwara fela matshelo a rona tumalanong le boitshepo kana bophepa jwa ga Jehofa.—1 Petere 1:16.
Go Nna “Molelo” kana “Tsididi” Gompieno
Jesu Keresete o ne a gakolola Balaodikea gore kgalemelo le kotlhao tsa gagwe e ne e le tshupo ya lorato lwa gagwe go bone. (Tshenolō 3:19) O ne a ba kgothaletsa go tswelela ba bona nonofo ya semoya. Jaaka ba ne ba tla bo ba akanyetsa tsela eo ka yone Jesu a neng a ba ikitsise jaaka “Amen,” “eo e leñ moshupi eo o boikañō le boamarure, tshimologō ea lobopō loa Modimo,” Bakeresete ba pele ba ne ba ka tlhomamisega go ikanyega ga Morwa Modimo le boikanngo jwa seo a neng a se ba solofeditse. (Tshenolō 3:14) Fela jaaka Jesu e le “tshimologō” ya lobopo lo lo botlhale, ka jalo ke “tshimologō” ya popo ya “magodimo a masha le lehatshe ye lesha,” ao Bakeresete ba neng ba a emetse. (2 Petere 3:13) Go bona ga bone tuelo e ne e le selo fela sa nako mo go bone.
Ka mo go tshwanang gompieno, ke selo fela sa nako, mme bosupi jotlhe bo supela go ntlha ya gore lobaka lo setse lo le lo khutshwane. (Tshenolō 12:12) Ka gone, tila go letlelela tlhotlheletso ya lefatshe go go dira gore o nne “motlha.” Ikele tlhoko ka go lelekisa dilo tse di bonalang. Akanya ka kelotlhoko thata ka ga botlhale jwa go gara botshelo jwa gago tikologong ya mokgele wa lefatshe. Elatlhoko thata selekanyo le mofuta wa boitloso-bodutu o o tshwaregang go one, ga mmogo le ba o itsalanyang nabo. Ipoloke ka bowena o nonofile semoyeng le go nna o tsogile ka go dirisa nako ya gago ka botlhale mo thutong ya Bibela, mo go kopaneleng le batho ba ga Jehofa le mo tirelong ya gago e e tlhagafetseng go Modimo wa gago.—1 Bakorintha 15:58.
Jesu Keresete o ne a na le botho le maitseo tseo ka bobedi di neng di le mogote o o tsitsibosang mo matlhong a bao ba ratang Jehofa le botsididi jo bo lapolosang, jo bo thobang, go bao ba neng ba lapisiwa le go imelwa ke sebe le go imelwa ke botshelo. (Mathaio 11:28, 29; Yohane 2:17) Bakeresete gompieno ba ka latela sekao sa ga Keresete ka go dira tumalanong le molaetsa wa gagwe o o maatla go phuthego ya Laodikea.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Mosele wa Roma o ne o isa metsi kwa Laodikea