Basha ba ba Ikanyegang Ba ba Bolaetsweng Bogosi jwa Modimo
ENE E batlile e nna 8:30 mo mosong mongwe wa Phalane. Elmer le Alex, basha ba dingwaga tse 16 le 14, ba ne ba ntse ba itshamekela mo pele ga jarata ya legae la bone mo San Salvador, motsemogolo wa El Salvador e e tlhasetsweng ke mathata. Ka tshoganetso go ne ga tlhaga koloi e tshweu e e neng e palangwe ke banna ba le batlhano ba ba tlhomeletseng ka dibetsa. Banna ba le babedi ba ne ba fologa mme ba laela basimane gore ba palame koloi. Ba ne ba gogoulwa jalo kwantle go kitso ya ba-lelapa la bone.
Fa batsadi ba bone ba tla go lemoga se se diragetseng, ba ne ba itsise bagolwane ba phuthego ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa, mme patlo e kgolo e ne ya simololwa. Thubakanyo e e tlhotlheleditsweng ke polotiki e ile ya nna selo sa letsatsi le letsatsi mo El Salvador ka lobaka lo lo leele. Batsadi ba bone ebong Napoleón le Orbe, ba ne ba itshogetse mo go botlhoko thata-thata. Go ne ga itsisewe bagolwane ba puso mme le bone ba kopanela mo patlong eo gape.
Letsatsi le le latelang banna bangwe, ba tla ba kgweetsa koloi e e isang ditopo ya mong wa mmotšhara wa lefelo leo, ba ne ba lemotsha mongwe wa bagolwane gore ba ne ba bona ditopo tsa basimane ba le babedi di na le ditopo tse dingwe mo lebitleng la ba ba bolailweng mo thubakanyong. Ee, Elmer le Alex ba ne ba bonwa, mebele ya bone e gagotswe ka marumo. Go ne go na la dikai tsa gore ba ne ba bogisiwa pele ba ne ba ka bolawa labofelo. Go dumelwa gore sengwe sa ditlhopha tsa digogela-thoko se ne sa leka go ba rotloeletsa go kopanela le bone mo setlhopheng sa bone sa go tlhabantsha puso e e busang. Lefa go ntse jalo, basimane ba, ka e ne e le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba se ketla ba roba bothokgami jwa bone jwa Bokeresete ka go kopanela le setlhopha se se ntseng jalo. Go bonala ba bolailwe ka ntlha ya lone lebaka leno. Ba ne ba le baswela-tumelo ba babedi ba ba oketsegileng mo lenaneong le leleele la Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba swetseng go gana go kopanyelediwa mo dipolotiking tsa lefatshe. Ba ne ba utlwa Modimo bogolo go batho.—Yohane 17:16; 18:36; Ditihō 5:29.
Ka gone, ka letsatsi le le lengwe fela, lelapa loo-ra-López le ne la fokodiwa go tloga malokong a le matlhano go fitlha go a mararo. E ne e le tatlhegelo e e botlhoko fela thata mo batsading. Ka nako eo ba neng ba tlhoka tota ba ne ba amogela kgomotso le thuso go tswa bakaulengweng ba bone ba Bakeresete kwa ofising ya lekala ya El Salvador ya Watch Tower Society le mo phuthegong ya bone. Bosheng fela jaana ba ne ba kwala lokwalo lwa kanaanelo lo re eletsang go lo abalana le babadi ba rona.
Matswela a a Gomotsang a Ditsholofetso tsa Modimo
“Tswee-tswee amogelang go mosadi wa me, Orbe, le morwadiake, Reyna Noemí, le go nna ditebogo le kanaanelo ka kgothatso le kgomotso e re e filweng ka nako eo fa tseno re ne re di tlhoka eleruri. Re leboga Rraarona fela thata, Jehofa Modimo, yoo ka Dikwalo a neng a baakanyetsa ka kgothatso ya mogopolo eo re neng re e tlhoka—ee, ka ntlha ya kotsi e e neng ya re wela godimo ka Phalane 27. Fela jaaka re ka se lebale barwa ba rona ba ba rategang Elmer le Alex, le gone gape re ka se lebale lorato lwa lona ka nako eo.
“Go boammaaruri gore re sa ntse re na le bohutsana jo bogolo ka ntlha ya tatlhegelo ya barwa ba rona. Mme jaanong re bona kafa tota re tlhokang Thulaganyo e Ntšha ka gone, mme ereka re bona seo tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e se dirang go ka oketsa temogo ya rona fela ka tlhokafalo ya Bogosi jwa Modimo.
“Bakaulengwe, re simolotse jaanong go anaanela botlhokwa jo bogolo jwa dilo tseno tota, mme re ntshetsa Jehofa malebogo ka go bo re na le tsholofelo e e tlhomamisegang—ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela mme ke puso ya mmatota e e bonalang.
“Mokaulengwe mongwe o ne a re go nna ka lorato: ‘O ka se lebale Elmer le Alex, mme go na le pheko e le nngwe ya bohutsana jwa gago—go bua le ba bangwe ka tsholofelo ya gago. Ee, bua o bo o nne o bue ka Bogosi nako le nako fa o na le sebaka sa go dira jalo.’ Abo se se nnile boammaaruri jang ne! Mo maitseboaneng re buile le baagelani ba rona, mme seno se re tliseditse kgomotso. Mosadi wa me, Orbe, o ile a kgona go neela bosupi go batho ba ba ‘botlhokwa’ bao ba ileng ba leka go batlisisa ka tumelo ya rona. E ne ya re letsatsi lengwe ngaka nngwe ya mo raya ya re: ‘A o na le tumelo?’ O ne a araba ka gore, ‘Ee.’ ‘Mpontshe seo e leng sone,’ ya nna phetolo ya ngaka. Tota, o ne a reetsa ka sebaka sa oura, a bontsha kgatlhego e kgolo thata lefa a ne a na le balwetsi ba ba neng ba mo letetse kwa ntle. A mo neela buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, mme a e amogela kwantle go ketsaetsego epe.
“Letsatsi lengwe mookamedi mogolo wa feketiri ya kwa ke neng ke bereka teng o ne a mpitsa mme a re: ‘Napoleón, ke batla go bua le wena mme ke tla go botsa potso. A o dumela gore lefatshe le tloga le khutla?’ Monna yo e ne e ntse e le moruti wa Katoliki mme jaanong o ne a itatotse boruti. Fa ke ne ke tlhalosa gore Bibela e neela bosupi jo bo tletseng jwa gore re mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, o ne a bolela gore o ne a na le dipelaelo tsa gagwe ka Bibela. Jaaka fa ke ne ke ntse ke bua ka phuthego ya Basupi ba ga Jehofa, o ne a gakgamala thata fa ke mmolelela gore ga re karolo ya ditlhopha tsa boefangele. Ke ne ka mmolelela gore ga re dumele mo dithutong tse di lolea. O ne a batla gore ke mo fe sekai. ‘Ka motlhala,’ ke ne ka re, ‘gore Maria ke mmaagwe Modimo.’ ‘Wa reng, ga le dumele fa Jesu e le Modimo mme ka gone he Maria e le mmaagwe Modimo!’ ‘Nnyaa,’ ka bolela, ‘Bibela ga e tshegetse thuto e e ntse jalo e e lolea.’ Ka go gakgamala thata, o ne a ema mme a nthaya are: ‘Le tshwarela dipokano tsa lona kae? Nneela aterese, ka jaana ke batla go nna teng.’ ‘Ka ntlha yang?’ ka botsa. O ne a araba ka gore fa a ne a le mo thutong ya boruti ga a ise a ke a dumele thuto e e ntseng jalo gotlhelele mme o ne a fetsa ka gore ditumelo tsotlhe di ne di dumela mo go yone. A kgakgamatso e kgolo! Moruti yo o neng a sa dumele mo go Tharo-nngwe!
“Eleruri, bakaulengwe, gompieno go feta ka metlha yotlhe re rapela Jehofa gore ‘Bogosi [jwa gagwe] bo tle’ mme bo fedise boikepo jotlhe. Go boammaaruri, bakaulengwe, gore ga re ise re tokafale gotlhelele. Jaaka letsatsi le lengwe le le lengwe le tlhaga, kgakologelo ya barwa ba rona e mo pele fela ga rona, mme go lebega jaaka ekete ke toro e e botlhoko go di feta tsotlhe gotlhelele. Mme abo re itumetse jang ne go bo Jehofa a re thusa! Ee, re itemogela bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato mo phuthegong. Abo re itumela jang ne gore ka tsholofetso ya ga Jehofa gore ka Keresete gore bao ba robetseng mo losong BA TLA TSHELA! (Ditihō 24:15) Mme abo e tla bo e le lesego jang ne, fa barwa ba rona ba tla bo ba tsoga, go ba bolelela kafa go re ‘tlogela’ ga bone go neng ga re fa sebaka sa go bua ka Bogosi go batho bao gongwe re ka bong re seka ra kgona go ba atamela ka tsela nngwe epe e sele!
“Lefa gone ka dinako tse dingwe re ikutlwa re fekeediwa ke bohutsana, mme go tlhokafala ga basimane ba rona go re hutsafatsa, lefa go le jalo letsatsi le letsatsi re leboga Jehofa ka ntlha ya go itse boammaaruri ga rona, ka ntlha ya letsogo la gagwe le le bonolo le ka bakaulengwe le ditsala tse di jaaka lona tse di re thusitseng ka nako eo ya tlalelo e e mahehe.
“Re lo leboga fela thata-thata,
Napoleón le Orbelina López”
Basha botlhe ba Basupi—ithatafatseng jaaka go dirile Elmer le Alex ka go ithuta ga lona Lefoko la Modimo, gore ‘lo tle lo kgone go ema ka tlhomamo’ go sa kgathalege diteko tse di ka le tlelang.—Baefesia 6:11; 1 Petere 5:8-10