LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 11/1 ts. 15-17
  • A O Ne O Le Teng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Ne O Le Teng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ne Ga Tlhoka Boiketleeletso
  • ‘Di Ne Tsa Fitlhelela Pelo’
  • Mme Gompieno ke . . . “Kutlwano ya Bogosi”!
  • Dikopano Tse Dikgolo Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Dikopano Tsa Kgaolo—Dipaka Tse di Itumedisang Tse di Tlhomamisang Bokaulengwe Jwa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Dikopano Tsa Rona Tsa Kgaolo—Bosupi jo bo Maatla Jwa Boammaaruri
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikopano Tsa Kgaolo Tsa 1999 Tsa “Lefoko la Modimo la Boporofeti”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 11/1 ts. 15-17

A O Ne O Le Teng?

ESENG kgakala le naga ya Jonestown eo e neng ya tuma thata ka bontsintsi jo bo neng jwa ipolaya mo Guyana go na le lefelo le le bidiwang Matthew’s Ridge. Ngogola setlhopha sa Bakeresete ba supa koo se ne sa rulaganyetsa go nna teng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Boammaaruri jwa Bogosi” ya Basupi ba ga Jehofa mo motseng mogolo wa kgaolo eo, Georgetown. Matthew’s Ridge ke metsotso e 45 fela ka sefofane go tloga mo Georgetown, mme setlhopha se ne se ka se kgone madi a sefofane. Ka jalo ba ne ba tsamaya ka mokoro. Mosepele o ne wa ba tsaya malatsi a supa.

A o ne o le ko go e nngwe ya makgolo-kgololo a Dikopano tsa Kgaolo tsa “Boammaaruri jwa Bogosi” tse di neng di tshwerwe ngogola go dikologa lefatshe? Fa go le jalo, o ne o le mongwe wa ba ba neng ba feta dimilione tse 4, bao bontsi jwa bone bo neng jwa ralala mathata a le mantsi go nna teng koo.

Go Ne Ga Tlhoka Boiketleeletso

Mo go ba bangwe go ne go tlhoka boiketleeletso go nna teng koo. Seo ke se Al, go tswa Maceió mo Brazil a neng a se dira. AI o sule ditokololo, mme o ne a seka a kgona go palama ka setilonyana sa gagwe sa maotwana mo baseng go ya ka sone kwa kopanong. Ka jalo o ne a tshwanela go gopa fela fa fatshe, mme kwa kopanong o ne a tshwanelwa ke gore a ikgoge go itshwarelela ka dikota go ya kwa mannong a gagwe. Mme legale o ne a iketleeleditse go sa latlhegelwe ke sepe.

Mo go ba bangwe go ne ga tlhoka gore ba dire ba le setlhopha. Mosupi mongwe mo Japane o ne a ntse a rulaganyetsa go ya kopanong fa setsuatsue se tlhotlhora dipere tsotlhe mo ditlhareng tsa maungo tsa mo lapeng. Basupi ba ba mo phuthegong ya gagabo le bana ba bone ba ne ba thusa go phutha dipere ba bo ba di rekisa. Gotlhe ga fela ka nako e e leng yone, mo monna wa gagwe yo o sa dumeleng a neng a itumelela go mo rebola gore a tsamaye.

Mme mo go ba bangwe go ne ga tlhoka kanaanelo ya mmatota. Monna mongwe wa Mokeresete wa Brazil o ne a swelwa ke mosadi wa gagwe malatsi a le matlhano fela pele ga kopano. Go sa kgathalege tatlhegelo e e botlhoko, o ne a nna gone le bana ba gagwe ba bararo ba babotlana. Bokopano le kgakololo tse di neng tsa ipelelwa koo di ne tsa mo thusa le lelapa la gagwe go falola pelo e e phatlogileng.

Ke ka ntlha yang fa bano, le dimilione tse dingwe, ba ne ba iketleeleditse gore ba se letle sepe go ba ema fa pele go ya Kopanong ya Kgaolo ya “Boammaaruri jwa Bogosi” ngogola? Fa e le gore o kile wa nna gone go e nngwe ya dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa, o setse o itse sentle. Selo se le sengwe, di baakanyetsa ka sebaka se eleng sa mofuta wa sone fela wa selekanyo se segolo sa bokopano jwa Bokeresete. (Pesalema 133:1) Morongwa yo o neng a le kwa kopanong mo New Caledonia, mo South Seas, o ne a akgela jaana, “Kutlwano ya batho ba Modimo e ne ya bolelelwa pele mo Bibeleng, mme o ka e lemoga segolo bogolo ka nako ya dikopano.” Gape, thulaganyo ea bo e tletse ka dilo tse eleruri di leng molemo go ka reediwa.

‘Di Ne Tsa Fitlhelela Pelo’

Go tswa kamogelong ya modulasetilo mo letsatsing la ntlha go fitlha polelong e e feleletsang ka Sontaga, thulaganyo e ne e tletse maitemogelo a a omosang pelo, dipuisano tse di nonotshang tumelo le kgakololo e e dirang.

Ka Labotlhano mo mosong batla-kopanong ba ne ba ipelela go itsisiwe bangwe ba bagologolo ba tumelo. Batla-kopanong kwa Sidney, mo Australia, ba ne ba ikutlwela mo go Geordie Gibb wa dingwaga tse 85, yo o neng a kolobediwa ka 1927 mme a sale a diretse le badiri ba Australia kwa ntlong-kgolo ya bone ka 1929. Go na le batho ba ba jaaka Geordie go dikologa lefatshe lotlhe, bao ka nako e telele ba diretseng ka boikanyego mo tirelong. Dikopano tsa kgaolo tsa 1982 di ne tsa baakanyetsa ka sebaka se se molemo sa go kopana le bangwe ba bone.

Go ne ga ipelelwa dipolelo fela thata, segolo bogolo tseo di neng tsa upolola dirai dingwe tse di iphitlhileng. Morago ga go reetsa puisano e e reng “Itise mo Mminong o o Senyang Maitsholo,” Ana, go tswa Brazil, o ne a re: “Ke ne ke na le direkoto di le mmalwa tse di neng di na le mafokonyana a a sa ageleleng le eseng. Mme re ne ra di ipolokela ka jaana re ne re rata mmino wa tsone. Morago ga gore re reetse polelo eo re ne ra fetsa ka gore re di latlhe tsotlhe fela.”

Barbara, motla-kopanong mo Hawaii, o ne a dumelana ka botlalo thata le ditlhagiso tse a neng a di utlwa mo polelong e e reng “Ditsela tsa go Senola Maano a a Boferefere a ga Diabolo.” Gareng ga dilo tse dingwe, polelo e ne ya tlhagisa kgatlhanong le mefuta mengwe ya dithulaganyo tsa thelebishene. Barbara o ne pele a tshwakgotswe ke “soap-opera” mme a fitlhela gore dithulaganyo tseno di ne di bodisa temogo ya gagwe ya molemo le bosula. “Le eleng ‘mathaka a a molemo’ a ne a aka le go dira boitsholo jo bo maswe,” a bolela, “mme ka simolola go tsaya tsela ya bone ya go leba dilo mo botshelong.” (1 Bakorintha 15:33) Lelapa lengwe mo Korea le ne le ntse le boloka madi gore le tle le reke thelebishene ya mmala. Morago ga go utlwa tseno le dipolelo tse dingwe kwa kopanong, ba ne ba akanya ka go sele. Ba ne ba sa tlhole ba batla go senya madi a bone mo sengweng seo e tla reng kgabagare se letlelele ditlhotlheletso tsa ga Satane mo legaeng ja bone.

Se se neng sa tsholeletsa godimo dikopano tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa e ne e le metshameko, koo maemo a bogologolo kana a gompieno a sutšwang ao a nang le bokao jwa tota go Bakeresete gompieno. Batla-kopanong ba ne ba utlwela Jeremia botlhoko, mo motshamekong o o neng o re “Mmoledi yo o Pelokgale wa Molaetsa o o sa Rategeng.” Mme dipelo tsa bantsi di ne tsa amiwa ke o o neng o re “Ba Ka Utlwa Yañ ha Ba Sena Morèredi?” Eno e ne e le polelo, e e neng e theilwe mo maitemogelong a le mmalwa a botshelo jwa boammaaruri jwa ga Lekoba. Mo motshamekong o, Lekoba o ne a le kgatlhanong le go rera ga ga morwawe mafoko a a molemo mme a mo koba mo lapeng la gagwe. Go tswa foo, dingwaganyana morago, o ne a thusega go fetola pelo ya gagwe fa bana ba bana ba gagwe ba ba botlana ba ne ba mo tlhokomedisa leina la Modimo, Jehofa, mo go Pesalema 83:18 mo Bibeleng ya gagwe ya King James.

“Go na le Lekoba mo lelapeng la rona,” ga bolela Lois go tswa Bahamas, jaaka ka boitumelo a ne a tlhalosa diphetogo tsa boikutlo jwa monna wa gagwe. Motshameko ono o ne o kgothatsa segolo bogolo mo Korea, koo basadi ba Bakeresete ba le mmalwa ba nang le banna ba le bantsi ba ba ganetsang.

Se sengwe se se tlotlomatsang dikopano tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa ke kolobetso. Kwa dikopanong tsa “Boammaaruri jwa Bogosi,” masome a a dikete-kete a batho a ne a supa boineelo jwa bone go Jehofa Modimo ka go nwediwa mo metsing phatlalatsa. Go ba bantsi, kgato e e ne ya tlhoka namane e tona ya tiro. Ka sekai, mo Japane go ne ga kolobediwa mosadi wa dingwaga tse 23 yo, ka nako nngwe a neng a ima ntswa a ne a sa nyalwa, mme ebile a goga disekerete tse 40 go ya go tse 50 ka letsatsi. O ne a tshwanela go dira diphetogo tse dikgolo thata pele a ka kolobediwa, mme ka thuso ya ga Jehofa a di dira mme jaanong o tshela botshelo jo bo phepa, jo bo tlhamaletseng jwa lenyalo le rraagwe bana ba gagwe.

Go ne go na le tse dingwe tse di neng tsa tlotlomatsa gape. A o gakologelwa go gololwa mo go neng ga itumedisa bogolo ga buka e ntšha ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, bukana ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng kana pampitshana e e gogelang kgatlhego ya A Hara-Magedona e a Atamela?

Gongwe o ne o le mongwe wa batla-kopanong ba ba neng ba tswa Labotlhano mo maitseboaneng mme wa abalana dikaelo tsa pampitshana le beng-gae ba motse o kopanong e neng e tshwaretswe go one. Bontsi jwa beng-gae ba ne ba arabela jaaka lekawana la Kalgoorlie, mo Western Australia, yo o neng a tseega maikutlo ke puisano e a neng a nna le yone le batla-kopanong ba le babedi mo o neng a feleletsa ka go tla kopanong ka boene.

Mo mafatsheng a mangwe batla-kopanong ba ne ba nna le masego a a oketsegileng fa dikgatiso di ne di gololwa go direla ditlhokafalo tsa bone tse di kgethegileng. Ma-Japane a ne a itumedisiwa thata ke go amogela New World Translation of the Holy Scriptures e feletse ka loleme lwa bone. “Ke ne ka palelwa ke go robala mo bosigong, jotlhe,” ga rialo mongwe wa batla-kopanong yo ka boitumelo a neng a ikamogelela sekaelo sa gagwe.

“Dipolelo eleruri kwa kopanong e di ne tsa fitlhelela pelo,” ga bolela jalo motla-kopanong mongwe wa Hawaii. Le eleng ba eseng Basupi ba ne ba dumela. “Se e ne e le lwantlha mo botshelong jwa me go bo ke ile ka utlwa dipolelo tse tota-tota di neng di na le sengwe se se utlwalang,” ga akgela jalo leloko lengwe la setlhopha sa bopolotiki se se neng sa nna teng kwa kopanong ya Brazil.

Mme Gompieno ke . . . “Kutlwano ya Bogosi”!

Ee, dikopano tsa “Boammaaruri jwa Bogosi” di ne tsa nna le katlego e kgolo thata-thata. Matshelo a dimilione a ne a thusiwa ke tsone. Fa o ne o le teng koo, kwantle go pelaelo o ne wa solegelwa molemo fela thata. Mme go tweng fa e le gore o ne wa seka wa nna teng? Tota, ga go a latlhega gotlhe. Monongwaga Basupi ba ga Jehofa ba tla nna le dikopano tse di latelanang lefatsheng lotlhe, ka setlhogo se se reng “Kutlwano ya Bogosi.”

Monongwaga le gone, go tla nna le metshameko, dipolelo tse di agang tumelo le dipontsho, kgakololo e e mo nakong mme, kwantle le pelaelo, le dikgakgamatso tse dingwe di se kae gape! Tseno di tla akareletsa karolo e e leng ya mofuta wa yone fela e e tla dirang gore dikopano tsa kgaolo tsa monongwaga di tlhomologe. Fa e le gore o ne o le teng mo kopanong ya 1982, re ikutlwa re tlhomamisega gore o tla batla go nna teng gape mo malatsing otlhe a mane. Fa o ne o se teng, iketleeletse go nna teng monongwaga. E ka nna ya itshupa e le selo se se golo mo ngwageng go wena.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela