DITHOROMO TSA LEFATSHE—A Ke Sesupo sa Bokhutlo?
BA LE bosi fela le Jesu mo thoteng e e godileng, ba dikanyeditswe ke ditlhare tsa motlhware tse di korobetseng kwa tlase go le motse wa Jerusalema, go ne go le banna ba le bane ba ba gakgametseng. E ne e rile go le pele mo letsatsing leo ba bo ba ne ba utlwa Moetapele wa bone, Jesu Keresete, a bolelela pele gore Jerusalema le tempele ya yone di ne di tla senngwa go se ‘lejwe lepe le le tla tlogelwang le tlhatlagane le le lengwe.’ Ka ba ne ba gakgametse, ba ne ba botsa ka gore: “Dilō tse di tla dihala leñ?” Karabo ya ga Jesu e ne ya ba kgatlhisa fela thata. Mme karabo eno e tshwanetse ya nna e e kgatlhisang gompieno segolo bogolo.—Mathaio 24:1-3.
Seo baaposetoloi ba neng ba amegile ka sone gone fela foo bogolo e ne e le tshenyego e e neng e atametse ya Jerusalema. Lefa go le jalo go batla go itse ga bone ga go a ka ga felela ka potso eo e le nngwe, ka go bo ba ne ba batla gape go itse ka go nna gone ga ga Jesu mo isagweng a le mo kgalalelong ya Bogosi le gore ke leng ba ka solofelang bofelo jwa thulaganyo e e boikepo. Ba ne ba botsa: “Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” Karabo e Jesu a neng a e neela e ne ya kgotsofatsa balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Karabo ya gagwe mabapi le “seshupō” e ka kgotsofatsa gape balatedi ba gagwe ba segompieno bao ba eletsang go bona boikepo bo fela, ka go bo tiragatso ya sesupo e mo motlheng wa rona.
Sesupo se Jesu o se neetseng se na le dikarolo tse di bonalang, tseo di bonwang ga motlhofo fela gongwe le gongwe. Tseno ga di looto fela kana go gopolelwa fela. Elatlhoko bontlhanngwe jwa karabo ya ga Jesu mo go Mathaio 24:7: “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe.” Fa go tsoga dintwa, merafe e a lemoga. Fa batho ba tshwerwe ke tlala—ba le mo leubeng—baa go lemoga. Mme fa thoromo ya lefatshe e tshikinya mmu o o mo tlase ga dinao tsa gago, o a lemoga, ka go bo thoromo ya lefatshe e le nngwe ya ditiragalo tsa tlholego tse di boitshegang tse di ka itemogelwang. Tseno le dikarolo tse dingwe tse di mo lebaleng fela, tsotlhe e le tse di tlhasetseng setho mo losikeng lo le longwe, di bopa “seshupō.” (Mathaio 24:3, 34) A re tlhatlhobeng karolo e le nngwefela ya “seshupō” se—dithoromo tsa lefatshe.
Dithoromo tsa Lefatshe—Jesu O Ne A Rayang?
Jesu e ne e se moitseanape wa go roroma ga lefatshe. E ne e le moreri le morutisi, mme gape le moperofeti. E ne ya re a “tletse Mōea o o Boitshèpō” ebile a le tlase ga kaelo ya maatla ano a a dirang a a sa bonaleng a ga Jehofa, Jesu a bolelela pele mabapi le dithoromo tsa lefatshe le dikarolo tse dingwe tsa “seshupō.”—Luke 4:1; Yohane 8:28.
A go ne ga nna le tiragatso ya mafoko a ga Jesu mo lekgolong la ntlha la dingwaga? Ee. Hisitori ya Bibela le ya batho di bega ka dithoromo tsa lefatshe di le mmalwa magareng a ngwaga wa gagwe wa boperofeti, ka 33 C.E., le tshwafatso ya Jerusalema ka 70 C.E. Dithoromo di le pedi tsa lefatshe di ne tsa tshikinya Jerusalema mo metlheng ya boperofeti jwa ga Jesu. (Mathaio 27:51; 28:2) Dingwaga tse di lesome le bosupa moragonyana go ne ga diragala thoromo ya lefatshe mo motseng wa Filipi, jaaka go kwadile jalo mokwadi wa Bibela Luke. (Ditihō 16:26) Gape, bora-ditiragalo ba eseng ba Bibela ba supela bobotlana go dithoromo tse dingwe tse dikgolo tse thataro mo karolong eo ya lefatshe ka nako yone eo. (Bona Tšhate I.)
Ke eng seo se neng se dira gore dithoromo tsa lefatshe di kgethege mo lekgolong la ntlha la dingwaga? A pego ya thoromo ya lefatshe e ne e le dikgang tse di sa tlwaelegang go Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga? Go araba dipotso tseo go ka re thusa go tlhaloganya botlhokwa jwa dithoromo tsa lefatshe mo motlheng wa rona.
Ereka jaana logogo lwa lefatshe go dikologa Mediterranean, go akareletsa le Jerusalema, le ikadile mo kgaolong eo go nang le dithoromo tsa lefatshe tse di seng maatla thata, mme ka gone mmu o ne o tla nnela go reketla, dithoromo tsa lefatshe di ne di se ketla di nna selo se se sa tlwaelegang go banni ba lekgolo la ntlha la dingwaga mo kgaolong eo. Ka sekai, Mokgatšha o Mogolo wa Noka ya Joredane le Lewatle je le Suleng le dithotana tseo di dirang Thota ya Esedaraalone (Jesereile) magareng ga Galalia le Samaria di ne di tlwaetse dithoromo tsa lefatshe le eleng pele ga lekgolo la ntlha la dingwaga.—Amose 1:1; Sekaria 14:5.
Dithoromo tsa lefatshe ka botsone di ne di se ketla di neela bokao bope jo bo kgethegileng go “seshupō” sa boperofeti sa ga Jesu ka bokhutlo jo bo atamelang jwa Jerusalema, fela jaaka febara e ka se neele tshupo ya bolwetsi jo bo rileng e le yosi fela kwantle ga gore dikai tse dingwe di nne gone. Ka gone, seo se neng sa tlatseletsa bokao jo bo kgethegileng go polelelo pele ya ga Jesu ka dithoromo tsa lefatshe e ne e le gore di ne di diragalela magongwe le dikarolo tse dingwe tsotlhe tsa “seshupō.” Mme e ne e le “seshupō” se se tlhakaneng seno se se boleletsweng pele sa ditiragalo seo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba se bona mme ba se arabela.
Dithoromo tsa Lefatshe tsa Motlha wa Segompieno
A polelelo pele ya ga Jesu ya dithoromo tsa lefatshe e bona tiragatso mo lekgolong la dingwaga la bo-20? Ka mantswe a mangwe, a go ile ga nna le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe tse di supileng gore re tshela kwa ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo’? Mabaka a supa gore lekgolo leno la dingwaga le tlhasetswe ke dithoromo tsa lefatshe. Lefatshe le itemogela di ka feta 1 000 000 ka ngwaga, ka tse 1 000 tsa tsone e le tse di tshosang bogolo.
Baitseanape bangwe ba go roroma ga lefatshe ba dumela gore lefatshe jaanong le mo nakong e e tlhagafetseng ya thoromo ya lefatshe. Ka sekai, Professor Keiiti Aki wa Lephata la Lefatshe le Boitseanape jwa Dipolanete wa Massachusetts Institute of Technology o bua ka “ponalo ya kgogomogo e kgolo thata le ntsifalo ya dithoromo tsa lefatshe tse di kgolo mo dingwageng tse di lekgolo tse di fetileng,” lefa a bolela gore lobaka lwa go tloga go 1500 go fitlha go 1700 lo no lo tlhagafetse.
Mo kgatisong ya Italy ya II Piccolo, ya Phalane 8, 1978, Geo Malagoli o bolela gore:
“Losika lwa rona lo tshela mo lobakeng lo lo diphatsa lwa go kgaphasela ga lefatshe mo go golo, jaaka dipalo di supa. Tota, mo lobakeng lwa dingwaga tse 1 059 (go tloga ka 856 go fitlha go 1914) metswedi e e ikanyegang e tlhatlhamisa dithoromo tsa lefatshe tse di kgolo di le 24 fela tse di bakileng dintsho tse 1 973 000. Lefa go ntse jalo, [mo] dikudumeding tsa morago jaana, re bona gore batho ba le 1 600 000 ba ne ba swa mo dingwageng tse 63 fela, ka ntlha ya dithoromo tsa lefatshe tse 43 tse di diragetseng go tloga ka 1915 go fitlha ka 1978. Koketsego eno e e sa tlwaelegang e tswelela go otlelela lebaka le lengwe le le amogelegang—losika lwa rona ke lo lo seng sego ka ditsela di le dintsi.”
Jesu o boleleletse pele gore “bokhutlō yoa lehatshe” bo ne bo tla tshwaiwa ke “dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe,” mme go ya ka pego ya ga Luke “dithoromō tse dikgolo tsa lehatshe.” (Mathaio 24:3, 7; Luke 21:11) A losika lo lo neng lo tshela ka 1914, mme ebile e le loo go sa ntseng go na le ba le bantsi ba lone ba ba setseng, lo ile lwa bona dilo tseno? Mabaka a araba ka gore, Ee! (Bona Tšhate II.) Mme dithoromo tsa lefatshe di sa ntse di ntse di itemogelwa eseng ke ba ba setseng ba losika loo mme ke bontsi jo bogolo jwa palo ya batho ba ba teng. (Mathaio 24:34) Setho le sone jaanong se bona tiro ya kgolokwe ya dithoromo tsa lefatshe le matswela a tsone go feta batho bape ba ba neng ba le teng mo lekgolong lepe la dingwaga le le fetileng.
Ke eng seo se neng se tla dira gore thoromo ya lefatshe e nne “kgolo”? Maatla a yone, kana bogolo, fa e lekanyediwa ka selekanyetso sa Mercalli kana Richter? Kana, go na le moo, a e ne e se ketla e nna go itsege ga yone le bogolo jwa tshenyo jo e bo dirileng? Jaaka Tšhate III e bontsha, tatlhegelo ya botshelo jwa batho ka ntlha ya dithoromo tsa lefatshe e ne ya runya fa e sale 1914. Mme tse dingwe tsa tsone ka botona jo bo boitshegang di ne tsa diragalela kwa teng-teng mo mawatleng, di itsiwe ke ba le kae fela, di sa ame dithoto tsa batho mo go kalo kalo kana botshelo. Mo go tlhomamiseng tiragatso ya segompieno ya boperofeti jwa ga Jesu, re tshwanetse ra tlhoma matlho a rona eseng fela mo bogolong jwa dithoromo go ya ka selekanyetso sa Richter kana selekanyetsong sengwe se se ntseng jalo mme e leng mo tshenyong e kgolo mo dithotong le mo go latlhegeng ga matshelo a batho.
Eleruri ke Karolo ya “Seshupō”
Makasine wa Europe wa Phukwi-Phatwe 1980 o tlhalosa ka gore: “Mo lekgolong leno la dingwaga, dithoromo tsa lefatshe di lopile matshelo a batho ba ba ka tshwarang 1 600 000, ka ba le 120 000 ba ne ba swa mo Yuropa fela.” Ka jalo fa re leba seemo sa lefatshe le go se bapisa le mafoko a ga Jesu re ka dumela gore “dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe” mme le eleng “dithoromō tse di kgolo tsa lehatshe” di nntse di diragala. A losika longwe lo le longwefela lo kile lwa itemogela tshenyo e mpe-mpe e ntseng jalo ka dithoromo tsa lefatshe jaaka tseo di tlhasetseng setho fa e sale 1914? Dipalo ga di supe lope.
Lefa go ntse jalo, bangwe ba tla re: “Seo ke ka ntlha ya gore re na le batho ba bantsi mo lefatsheng.” Go boammaaruri, setho se ntsifetse, mme seno ga se fedise boperofeti jwa ga Jesu. Go na le moo, go bo tiisa moko thata, le gore neela lebaka le le oketsegileng la go tsayatsia mafoko a gagwe. Ka ntlha yang? Ka go bo batho ba le 2 000 000 000, mo e ka nnang halofo ya banni ba lefatshe, ba nna mo dikgaolong tseo di tshosetswang ke dithoromo tsa lefatshe. Gape, tlhaeletsanyo e e bofefo thata le dilepa-thoromo ya lefatshe tse di tlhabolotsweng thata di ile tsa baya batho mo leseding kaga dithoromo tsa lefatshe go feta pele, le eleng bao ba iseng ba ke ba itemogele maatla a thoromo ka bobone. Ka jalo, dithoromo tsa lefatshe di ama batho ba ba oketsegileng ebile di lemogwa ke batho ba ba oketsegileng gompieno go feta le e leng pele. Mme jaaka ba bona dikarolo tse dingwe tsa “seshupō” di diragadiwa mo losikeng lo le longwe, seno se tshwanetse go ba tlhotlheletsa go tsaya kgato. Ka tsela eno, ke mang yo o ka bonang seipato sa go palelwa ke go tsaya-tsia ‘sesupo sa go nna gone ga ga Jesu le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo’?
A o lemogile gore dithoromo tsa lefatshe di nnile le maatla a magolo mo matshelong a batho fa e sale 1914? Mme ka tshobakanyo e e ntseng jalo, a o etse tlhoko dikarolo tse dingwe tsa “seshupō,” tse di jaaka ntwa, leuba le koketsego ya tlolo-molao? Fa go ntse jalo, kwantle le pelaelo o eletsa go bona mo go oketsegileng ka seo Jesu a se boleletseng pele ka isagwe e e fa gaufi. Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go go thusa go tlhatlhobisa dintlha tseno tse di botlhokwa.
[Tšhate mo go tsebe 6]
Tšhate I
Dingwe tsa dithoromo tsa lefatshe Magareng ga 33-70 C.E.
NGWAGA LEFELO
33 Jerusalema
33 Jerusalema
c. 46. Kereta
c. 50 Filipi
51 Roma
53 Apam æa
60 Laodikea
63 Pompeii
c. 67 Jerusalema
[Tšhate mo go tsebe 7]
Tšhate II
Dingwe tsa Dithoromo tsa Lefatshe tse Dikgolo Magareng ga 1914 le 1982
(Lenaneo ga lea felela)
NGWAGA LEFELO DINTSHO
1915 Avezzano, Italy 29 970
1920 Kansu, China 200 000
1923 Kanto, Japan 142 800
1932 Kansu, China 70 000
1934 Bihar-Nepal, India 10 700
1935 Quetta, Pakistan 60 000
1939 Chillán, Chile 30 000
1939 Erzincan, Turkey 30 000
1950 Assam, India 20 000
1960 Agadir, Morocco 12 000
1962 Northwestern Iran 12 230
1968 Northeastern Iran 11 500
1970 Northern Peru 66 700
1972 Managua, Nicaragua 10 000
1976 Guatemala City, Guatemala 23 000
1976 Tangshan, China 800 000
1978 Northeastern Iran 25 000
Dithoromo tse dingwe tse dikgolo di ne tsa begwa mo mafelong mangwe a le 33
[Tšhate mo go tsebe 7]
Tšhate III
Dintsho tsa Dithoromo tsa Lefatshe
(Phoraetso e theilwe mo dingwageng tse 1 122)
Go fitlha 1914—1 800 ka ngwaga
Fa e sale 1914—25 300 ka ngwaga
[Mmapa mo go tsebe 5]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Mafelo ao go leng dithoromo tsa lefatshe
AFRICA
EUROPE
ASIA
NORTH AMERICA
SOUTH AMERICA
AUSTRALIA