LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 11/1 ts. 3-4
  • DITHOROMO TSA LEFATSHE—A di Dirwa ke Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • DITHOROMO TSA LEFATSHE—A di Dirwa ke Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithoromo tsa Lefatshe mo Metlheng ya Bibela
  • DITHOROMO TSA LEFATSHE—A Ke Sesupo sa Bokhutlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Dithoromo Tsa Lefatshe, Boporofeti Jwa Baebele le Wena
    Tsogang!—2002
  • Dithoromo tsa Lefatshe—Masetlapelo a a Boitshegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Polelelopele 1. Dithoromo Tsa Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 11/1 ts. 3-4

DITHOROMO TSA LEFATSHE—A di Dirwa ke Modimo?

“Mmu o o omeletseng o nna borekereke fela mo tlase ga dinao tsa gago. O tsaya dikgato tse tharo kana nne go kwa pele mme o bo o relelela kwa morago jaaka ekete o pagame motatarai mo tapeiting. O wela fa fatshe o bo o fitlhela go le bokete go ema ka jaana o thetheekelela kwa le kwa. Ditlhare di a khumoga, dikala tsa tsone di kgoma mo fatshe—pele ka letlhakore je lengwe, go bo gore je lengwe—tse dingwe di phatlogana ka bogare. O leka go tshaba ka tsela; e lelemela jaaka noga e e nyokomang mo pele ga gago. Mo mmung—gongwe le gongwe—o bona lefatshe le atlhamologa le bo le tswalega gape. O tsenwa ke tsebe-tsebe. Ga go na lefelo la pabalesego. O fela o akanya gore: ‘Ke bokhutlo jwa lefatshe!’”—Sarah Burn Plunkett, mofalodi wa thoromo ya lefatshe ya Alaska ka 1964.

A O KILE wa itemogela go tletlerebagana ga thoromo ya lefatshe? Lefa gongwe o ise, dithoromo tsa lefatshe di ama botshelo jwa gago. Jang? Bobotlana ka ditsela di le pedi. Sa ntlha, di supa gore, go sa kgathalege gore o nna kae, mmu o o mo tlase ga gago o ntse o suta ka metlha yotlhe. Sa bobedi, mme, se le botlhokwa bogolo, dithoromo tsa lefatshe tsa segompieno ke dikai tsa “bokhutlō” jwa “lehatshe” jeno jwa kgolokwe yotlhe. Mo ntlheng eno boperofeti jo bo tumileng bo tlhalosa ka gore: “Me go tla nna dithoromō tse di kgolo tsa lehatshe.” (Luke 21:9-11; Mathaio 24:3-8) Bibela e boleletse pele gore dithoromo tsa lefatshe tsa mmatota e ne e tla nna karolo ya “seshupō” se se supelang nako eo fa Bogosi jwa selegodimo bo tla fedisang boikepo le go tlhoma lefatshe le le kagiso la Paradaise. (Pesalema 37:10, 11; Mathaio 6:10) Seno se ka nna sa tlhotlheletsa ba bangwe go re ba botse: “A Modimo ke one o dirang dithoromo tsa lefatshe?”

Dithoromo tsa Lefatshe mo Metlheng ya Bibela

A dithoromo tsa lefatshe tsotlhe di dirwa ke Modimo? Ka bokhutshwane—Nnyaa! Dithoromo tsa lefatshe ke tiragalo ya tlholego ya lefatshe, fela jaaka phefo kana marothodi a pula. Go kitimetsega go sale go ntse go itaya lefatshe fa e sale dibilione tsa dingwaga tse di fetileng. Mo palogareng, lefatshe le itemogela kitimetsego e le nngwe mo metsotswaneng e mengwe le e mengwe e 30.

Mo mabakeng a se kae a a tlhomameng dithoromo tsa lefatshe di ne tsa simololwa ke Jehofa Modimo. Ka ntlha yang? Dithoromo tseno tsa lefatshe di ne di direla boikaelelo jo bo popota mme mo tshenyong ya tsone di ne di tlhopha—ga di ise di ke di gogobe fela. Akanyetsa dikao tseno:

Makgolo a dingwaga a a masome mabedi le bone a a fetileng, ka nako ya tshimolodiso ya nngwe ya dikgolagano tsa Modimo, batho ba Iseraele ba ne ba phuthaganela mo mhapheng wa Thaba ya Sinai mme ‘thaba yotlhe ya bo e roroma fela thata.’ Jaaka tshupo e nngwe ya maatla a gagwe a a sa gaisegeng, Jehofa ka gone o ne a dirisa thoromo ya lefatshe go otlelela bomasisi jwa kgolagano. Go roroma ga thaba le gone gape go ne ga direla jaaka thuso ya kgopotso go Baiseraele. Ba ne ba se ketla ga motlhofo ba lebala maikano a bone, ka go bo Jehofa o ne a tshwaraganya tumalano eno e e botlhokwa le ditiragalo tse dikgolo tse di boitshegang tseo di neng di akareletsa thoromo ya lefatshe.—Ekesodo 19:7-19.

Thoromo e nngwe ya lefatshe e ne ya diragala moragonyana fela ka bokhutshwane. Go tsuologela moetapele yo o tlhophilweng wa ga Jehofa go ne ga gola gareng ga magae a ga Dathane, Aberame le Kora. Morago ga kgakololo e e tletseng e sena go neelwa le go tlhokomologiwa, Jehofa o ne a dirisa thoromo ya lefatshe go tlosa gareng ga batho ba gagwe batsuolodi bano. “Lehatshe ya phatloga ha tlhatse ga bōnè. Me lehatshe ya atlhamologa molomo, ya ba kometsa, le ba matlo a bōnè, le batho botlhe hèla ba ga Kora, le dithoto tsa bōnè cotlhe hèla.”—Dipalō 16:31, 32.

Lefa go ntse jalo, Modimo ga se one o dirang dithoromo tsa lefatshe tsa metlha ya segompieno. Ka ntlha yang, he, Bibela e di akareletsa jaaka karolo ya seshupo sa “bokhutlō”? A mme eleruri re tshela mo “bokhutlo[ng] yoa lehatshe”?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela