Kafa Ke Fenyang Lehuma Ka Gone
A O motlholagadi? Mme le nna. Gongwe fela jaaka nna, o ne wa tlogelwa le masiela go a tlhokomela mme kwantle go thuso epe ya madi. Monna wa me o ne a swa ka 1973, a ntlogela le bana ba le bararo ba basimane, ba dingwaga tse 20, 16 le 14. Loso lwa gagwe lo ne lwa tla ka khutsahalo e kgolo le boitlhobogo mo botshelong jwa me. Go tswa foo, moragonyana ga loso lwa gagwe fela, go ne ga nna le lerumo le lengwe gape—bomorwaake ba le babedi, yo motona le yo monnye, ba ne ba tlogela legae. Ka ntlha yang? Ereng ke tlhalose.
Nna le monna wa me re ne re le Ma-Hindu, mme le bana ba rona re ne ra ba godisetsa go nna baobamedi ba Ma-Hindu le bone. Lefa go ntse jalo, dingwaga di ka nna 10 pele ga loso lwa monna wa me, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopana le nna mo tirong ya bone ya ka metlha ya go rera. Molaetsa wa bone wa Bibela wa poloko ka Bogosi jwa Modimo o ne wa ikuela mo go nna. Morago ga dikgwedi di se kae tsa dipuisano tse di tlhoafetseng le thuto ya Bibela, ke ne ke tlhatswegile pelo gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le gore Jesu Keresete e ne e le Mmoloki yo o neng a tlhomilwe ke Modimo go boloka batho. (Pesalema 83:18; Ditihō 4:12) Ka jalo, e le kgatlhanong fela thata le dikeletso tsa lelapa la me le go sa itumeleng ga monna wa me gotlhelele, ke ne ka nna mosupi wa Mokeresete wa ga Jehofa mme ka kolobediwa.
Mo motseng wa Ma-Hindu Bokeresete bo nna molato o o sa itshwarelweng, o monna wa me a neng a ka se o itshokele. O ne a ganetsa kobamelo ya me ya Bokeresete go fitlhelela letsatsi la gagwe la go swa. Bomorwaake boo-babedi yo motona le yo monnye ba ne ba latela thato ya rraabone le go sala tsela ya botshelo ya Se-Hindu morago. Ba ne ba ipata ka loso lwa rraabo jaaka sebaka sa go tlogela legae mme ka gone ba itlosa molato wa go nna le mmaabone wa Mokeresete. Lefa go ntse jalo, ke ne ke kgonne go tlhatswa morwaake wa bobedi pelo, ebong Jayasimman, kaga boammaaruri le go utlwala ga Bibela le diteng tsa yone tse di nayang poloko. Ka jalo ke ne ka sala fela le Jayasimman re le nosi. Re ne re tla fenya jang lehuma le re neng ra iphitlhela re le mo go lone?
Go Dirisa Kelelelo le go Somarela
Morago ga go tokafala mo dipakeng tsa ntlha tsa khutsahalo e e maswe le go lemoga gore ene yo o neng a ntlamela ga a sa tlhole a le teng jaanong, ke ne ka tshwanelwa ke go nna fatshe le go ja tlhogo ka boemo jwa me. Go ne go sena dikabelo dipe tsa puso kana dipaakanyetso tsa ga goromente tsa go thusa batlhoki tse ke neng ke di bona. Ke ne ka tlogelwa ke le nosi go itšheba-tšhebela. Tota, go fitlha moragonyaneng fela jaana motlholagadi mo motseng wa ga rona one a tsewa e le ene wa bofelo fa go thusiwa batlhoki. Boemo jwa gagwe bo ne bo le maswe mo e neng ya re ka dinako tse dingwe a bone go le botoka go itatlhela mo molelong wa phuphu ya monna wa gagwe ka nako ya phitlho gore a swe.
Mme legale re na le legae le lentle la dikamore tse tharo mono mo Madras, mo India. Ka jalo bobotlana re na le fa re sokunyetsang tlhogo teng. Ke ne ka bona go le molemo go rentisa kamore e nngwe ya dikamore tse tharo mme ka bofefo fela ra bona matsananyana a kgwedi le kgwedi a 60 rupees (mo e ka nnang $7, U.S.). Ke na gape le motšhine o o rokang ka leoto; ka jalo, ka simolola go roka diaparo tsa basadi, segolo bogolo dionoroko tse di aparwang ke basadi ka koteng ga di “sari” tsa bone. Kgabagare ka bona bareki ba se kae ba ka metlha mme se sa oketsa madinyana a me a kgwedi le kgwedi go fitlha go 144 rupees (mo e ka nnang $16, U.S.).
Lefa go le jalo, re tshwanelwa ke go tshela ga motlhofo fela. Legae la me le na le motlakase le metsi, lefa go le jalo ga re na dilwana tse di kae kae tsa ntlo. Mme legale seo ga se mathata; go bo dimilione tsa batho ba gaetsho ga ba na dilwana tsa ntlo. Re tlwaetse go robala mo materaseng yo mosesane fela a thapolotswe fa fatshe. Fa fela bodilo bo le phepa, re go bona go lapolosa go nna re ipharile mo bodilong re ja dijo tsa rona. Ke apaya ka setofo sa parafini, mme seo le sone ga se mathata ka jaana se le botoka go na le go gotsa molelo ka dikgong mo leisong. Re ja eng?
Jayasimman le nna re na le dijo tse di siameng sentle. Mo sefitlholong dijo tsa rona tse di rategang ke seo re se bitsang idli. Seno ke kuku e e dirilweng ka boupi jwa raese bo tlhakane le boupi jwa dinawa, e apeilwe ka mogote wa metsi e bo e tsholwa le “chutney,” eleng tlhakanyo ya kokonata, merogo le dinatetsha-dijo. Mono India, di “idlis” di le pedi kana tharo, panana le kopi ya kofi e tsewa e le sefitlholo se se lekanetseng sentle.
Dijo tsa rona tsa motshegare le tsa maitseboa ke raese le kheri, dijo tse dikgolo tsa rona. Ka ntlha ya itsholelo gantsi ke dira merogo e e natetshitsweng ka kheri, ke dira tse di farologaneng ka go dirisa merogo e e farologaneng letsatsi le letsatsi.
E ne ya re ka nako nngwe, go fenya mathata a tsa madi, ke ne ka dira nngwe ya dikamore tsa legae la rona go nna ntlwana ya bojelo. Ke tsoga mo mosong mongwe le mongwe ka 4 a.m., ke dira di “idlis,” “chutney” le kofi, mme ka baakanyetsa bareki ba ka metlha sefitlholo. Ka ntlha ya go roka le go apaya dijonyana tse di rekisiwang le ka matsana a re a bonang mo go yo o hirileng kamore, re ne ra kgona go bona se se lekaneng letsatsi le letsatsi sa dipatlafalo tsa rona. Lefa go ntse jalo, sengwe se se thusang thata mo go diriseng kelelelo le go somarela se ile sa nna thuso e kgolo mo go nna mo go fenyeng lehuma.
Motswedi O Mogolo wa Thuso
Ke thuso e ke e amogetseng go tswa Lefokong la Modimo, Bibela. Bibela e kgonne go nthusa jang go fenya lehuma? Mme kana, ka ntlha e nngwe, go na le sekao se se molemo sa banna le basadi ba ba ikanyegang ba metlha ya Bibela, ba ba jaaka tlhogo ya lotso Jobe yoo, ka nakwana, a neng a boga botshelo jwa bohumanegi jwa nta ya tlhogo ga mmogo le nyenyehatso le go kgadiepediwa. Go akanyetsa dikao tse di ntseng jalo go ile ga nthusa go ntshegetsa mo ditekong tsa me.—Yobe 1:13-19; 2:7-9; 21:7.
Mme gape, tumelo e ke e boneng mo Bibeleng e nkgothaditse eleruri. Lemororo ke tshela botshelo jwa lehuma, ga ke a itumologa kana go sulafalelwa. Boammaaruri jwa Bibela bo ntladitse ka pono e e tlhamaletseng. Ke ithutile gore fa ke baya dikgatlhego tsa Bogosi jwa Modimo kwa pele mo botshelong jwa me ebile ke iketleeleditse go dira le go bona madi ka tsela e e ikanyegang, Jehofa Modimo o tla mpaakanyetsa ka ditlhokafalo tsa botshelo, le eleng fela jaaka Jesu Keresete a ne a tlhomamisa ka gore: “Ke gōna se itlhobaeleleñ, loa re, Re tla ya eñ? kgotsa, Re tla nwa eñ? kgotsa, Re tla apara eñ? Gonne Badichaba ba batla cōna dilō cotlhe tseuō; gonne Rra eno oa legodimo oa itse ha lo tlhōka dilō tse cotlhe. Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:31-33) Abo ke leboga jang ne ka gobo se se ile sa nna boitemogelo jwa me jwa botho!
Tumelo ya me mo ditsholofetsong tsa Bibela e nthusitse go ritibala ka se ke nang le sone mo botshelong, ebile gantsi ke a tle ke akanyetse lokwalo lo lo mo go 1 Timotheo 6:8, lo lo reng: “Me e re ha re na le diyō le diaparō, re tla ritibatsa pelo mo go cōna.”
Boammaaruri jwa Bibela bo nthusitse ka ditsela tse dingwe gape. Fa ke ne ke le Mo-Hindu ke tshela mo bathong ba Ma-Hindu, ke ne ke tlwaetse botshelo jo bo nang le tshireletso e e rileng le fa ke itshubang gone mo monneng wa me. Ka gone ke ne ke sa buise batho le go nna le boikutlo jwa go tshaba go nna tikologong ya batho ba bangwe ba le bantsi. Lefa go ntse jalo, jaanong, seo ke se ithutileng mo Bibeleng se ntlhotlheleditse go etela le go kopana le batho ba bangwe mo magaeng a bone mme ke ba bolelela ka maikaelelo a Modimo, go akareletsa le tsholofetso ya gagwe ya go tlhoma Thulaganyo e Ntšha ya tshiamo eo lehuma e tla nnang selo sa nako e e fetileng. (Pesalema 72:12-14) Ke lebisa phetogo eno e e gakgamatsang mo boikutlong jwa me mo botlhaleng jwa bomodimo jo bo fitlhelwang mo Bibeleng. Jaaka Pesalema 19:7 e re: “Molaō oa ga Yehofa o itekanetse, o rudisa mōea: chupō ea ga Yehofa e tlhōmamō, e tlhalehisa ba ba sa tlhalehañ.”
Ka kanaanelo, ke fetotse botshelo jwa me fela thata gore jaanong ke bo ke le moreri wa nako e e tletseng wa molaetsa wa Bogosi jwa Modimo. Se se raya gore ga ke sa tlhole ke na le nako ya go dirisa ntlonyana ya me ya bojelo. Mme jaanong ke rentisitse dikamore di le pedi tse di mphang madinyana a 120 rupees (mo e ka nnang $13, U.S.) ka kgwedi, mme ke tswelela ka go roka jaaka nako e dumelela. Jayasimman le ene gape o bona matsananyana kgwedi le kgwedi mo meberekong e e farologaneng e mennye, mme o ikemiseditse go tlatseletsa ka diperesente tse 75 tsa se a se amogelang mo ditshenyegelong tsa go tshela. Re kopanyeletsa ditlhokafalo le ditiro tse dingwe tsa botshelo mo palong-kakaretso ya madi a rona a kgwedi yotlhe. Seno se ntumelela go senya nako letsatsi le letsatsi ke etela batho mo magaeng a bone, ke gomotsa ba ba lelang fela jaaka le nna ke ne ka gomodiwa ka Lefoko la Modimo, Bibela.—Mathaio 5:4; 2 Bakorintha 1:3, 4.
Ijoo, go nnile le dinako tse dingwe tse ke neng ka thulana le mathata a tsa madi—ditshenyegelo tsa tshoganetso le tse di sa solofelweng—mme ke ne ka ipotsa gore ke ile go kgona jang fela tota. Lefa go le jalo ke lemogile fela ka tsela nngwe gore Jehofa o ne a baakanyetsa ka thuso. Ka metlha go ne go aga go nna le tiragalo e e neng ya nthusa go fenya. Gongwe madi a ne a goroga mo posong go tswa go mongwe wa bomorwaake, bao ba sa ntebalang gotlhelele. Kana e re ke sa lebelela ke bone mongwe a re ke mo segele seaparo sengwe sa basadi. Ka jalo, lemororo mo dingwageng tse di fetileng ka dinako tse dingwe ke ne ka iphitlhela ke tlhoka, ka boikemisetso jwa me jwa go bereka ka natla le go nna botlhale mo go diriseng sengwe le sengwe sa ditsompelo tse ke neng ke na le tsone, ga ke ise ke ke ke tlogelwe mo heleng.—E anatswe.