LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 10/15 ts. 17-22
  • Kgololesego ya Boammaaruri Tlase ga Puso ya Bogosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgololesego ya Boammaaruri Tlase ga Puso ya Bogosi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Puso e le Nngwe
  • Kagiso ya Boammaaruri le Letlhogonolo
  • Tiro e e Ungwang, e e Ipedisang
  • Ga Go Ketla go Tlhola go le Bolwetsi le Loso
  • Go Amogela Boammaaruri
  • Lefatshe Le Lesha Leo Le Senang Pogo
    Tsogang!—1990
  • Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Bogosi Jwa Modimo—Puso e Ntšha ya Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Lefatshe Le Lesha Le Le Molemolemo Le Le Dirilweng Ke Modimo
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 10/15 ts. 17-22

Kgololesego ya Boammaaruri Tlase ga Puso ya Bogosi

“Lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhakeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.”—BAROMA 8:21.

1. Ke mang fela yo o ka baakanyetsang ka dikgololesego tse di tlhokwang ke setho mo go kalo, mme ka ntlha yang?

SETHO eleruri se tlhoka go gololwa mo maemong a le mantsi a a hutsafatsang ao a ileng a itshetlela ka lobaka lo lo leele. Mme, jaaka hisitori e bontshitse, go padile ka motho go ka tlisa kgololesego e e ntseng jalo. “Go na le ditoga maanō di dintsi mo peduñ ea monna; me kgakololō ea ga Yehofa eōna, e tla èma.” (Diane 19:21) “Kgakololō” eo ya ga Jehofa e solofetsa gore “o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.” (Tshenolō 21:4) A tebelelo e e kgatlhisang ruri! Abo e tshwanela jang ne tlhaloso ya kgololesego ya boammaaruri e Bibela e bolelang gore e tla tswa go Jehofa: “Lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhakeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo”!—Baroma 8:21.

2. Ke boemedi bofe jo Jehofa a bo dirisang go tlisa dikgololesego tse di ntseng jalo?

2 Boemedi jo bo tla tlisang dikgololesego tse di ntseng jalo tse di gakgamatsang ke puso e e tswang go Jehofa go busa lefatshe lotlhe, Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo. Ka jone thato ya Modimo e tla dirwa “mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) E ntse e le jone Bogosi joo jo e tla reng gautshwane “bo thubagany[e] bo nyèlètsa magosi auo aotlhe [a a teng gompieno], me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.

3. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tsiediwa ke dithulaganyo tsa batho tsa go rarabolola mathata a lefatshe le?

3 Nnyaa, Modimo ga o ne o leka go baakanya lefatshe le le bodileng leno. Le kgakala le go ka tokafala. Ka jalo fa e le gore mongwe o ka bolela gore fa thulaganyo nngwe e e rileng ya batho e ne e ka latelwa, he lefatshe le ne le tla rarabolola mathata a lone, o seka wa mo dumela. Go na le moo, Lefoko la Modimo le bontsha ka boammaaruri gore, tekeletso e e swabisang ya dingwaga tse di ka nnang 6 000 tsa puso ya motho a ipusa ka bogagagwe kwantle go Modimo jaanong e kwa teng teng ga ‘metlha ya bofelo’ ya yone.—2 Timotheo 3:1-5.

Puso e le Nngwe

4. Ke eng seo puso e le nngwe ya Bogosi e tla se rayang go setho?

4 Go busa ga Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo go tla raya go nna le puso e le nngwe ya lefatshe lotlhe. Motsamaise mogolo wa yone e tla bo e le Jesu Keresete, mme go tla nna le palo e potlana le ene ya setlhopha se se botlana sa batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba tsewang mo lefatsheng go direla jaaka babusi-nae. Akanya kaga seo puso e le nngwe, e e busiwang ka melao ya Modimo le melao-metheo, e tla se rayang mo lefatsheng! Melelwane yotlhe e ga jaanong e kgaoganyang merafe ka makoko a a tlhoanyeng e tla wa. Batho ba tla bo ba le mo kutlwanong jaaka lelapa le le lengwe le le rategang, ba gololesegile go ya gongwe le gongwe mo lefatsheng lotlhe kwantle go sethibedi sepe. Go sa tlhole go na le dipasa, makwalo a mosepele kana badisa ba melelwane.—Bafilipi 2:9, 10; Tshenolō 14:4; 20:6.

5. Tlhokafalo ya puso e le nngwe fela fela ya lefatshe lotlhe e ile ya lemogwa jang?

5 Bangwe kgale ba lemogile tlhokafalo ya puso e le nngwe. Mo kgatisong ya Philippines, Bulletin Today, mokwaladikgang Gwynne Dyer o ne a anela jaana: “A. J. P. Taylor, mongwe wa bora-ditiragalo ba ba itsegang ba motlha wa rona, o ne a mpolelela malobanyana jaana gore o dumela gore tsholofelo e le yosi fela ya go tila matlhotlhapelo a ntwa ya lefatshe eo e tla khutlisang tlhabologo ke gore go nne le mongwe yo o tla bopang bobusi jwa lefatshe lotlhe. . . . Ka tsela nngwe kana e sele re tshwanetse ra tswa mo boemong jwa rona jwa jaanong jwa go tshela mo mafatsheng a a farologaneng a a ipusang [a a ka fetang 150]—otlhe a tlhomeletswe mo go diphatsa, e bile otlhe a ka welwa ke tshenyego ka go tshwana—go ya taolong e le nngwe ya lefatshe. . . . Mme e bile re tshwanetse ra dira jalo ka pele. Seemo sa Merafe e e Kopaneng se bokoa jo bo tlhomolang pelo le kgaogano e e senang botwe sepe ke tekanyetso ya gore re santse re tshwanetse ra ya bokgakaleng jo bo kae. . . . Kgoeletso ya bogologolo ya bo-1950 e sa ntse e ntse e tshwanela: lefatshe le le lengwe, kana go se nne sepe.”

6. Bogosi bo tla nna le tsamaiso ya mofuta ofe?

6 E tla nna lefatshe le le lengwe, tlase ga puso e le nngwe ya Modimo. Abo e tla bo e le lesego jang ne go nna le tsamaiso e e tla dirisanang ka bonolo le mongwe le mongwe, tshiamiso le botlhoka-bomang-mang! E re e bua ka Kgosi ya selegodimo, Jesu Keresete, Bibela ka boperofeti e ne ya re ka ga gagwe: “O tla atlholèla bahumanegi ka tshiamō, a kgalemèlèle bakgōbaladi ba lehatshe ka tekatekanyō.” (Isaia 11:3, 4) Ee, Keresete o tla dira se se siameng. O ne a supa seo fa a ne a le mo lefatsheng, ka go bo a ne a bua boammaaruri le go baya boitimokanyi mo nyanyeng. O ne a goletsa boemo jwa ba ba lebelwang kwa tlase mme a se ka a tlhokomela fela bahumi le ba ba maatla, lefa gone a se ka a ba kgetholola. Ka Motsamaisi yo o ntseng jalo yo o itshupileng, yo o kgonang a dira tlase ga kaelo ya ga Jehofa, “boamarure bo [tla] cwecwena mo lehatshiñ; tshiamō le eōna e okame e le kwa legodimoñ.”—Pesalema 85:11, 12.

Kagiso ya Boammaaruri le Letlhogonolo

7. Bao ba tla bolokwang ba tshela go kgabaganyetsa mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo ba tla bo ba setse ba dirileng?

7 Abo e tla bo e le boipelo jang ne go sa tlhole re tshela tlase ga puso ya motho e e kgaoganeng e e tshwaregileng fela thata mo masoleng a a tlhomeletsweng le dintwa tsa ka metlha! Go sa tlhole go na le tshenyo ya meamuso ya lefatshe go lere tshenyego. Go na le moo, meamuso eo e tla dirisediwa maikaelelo a a kagiso, a a mosola. Tota, bao Modimo o tla ba bolokang ba tshela go kgabaganya bokhutlo jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo ba tla bo ba setse ba diragaditse polelelo pele ya ga Mika 4:3: “Ba tla thula dichaka tsa bōnè megoma, le marumō a bonè dithipa tse di segañ mabèlè: morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè.” Ke bomang, gompieno, gareng ga batho botlhe ba lefatshe ba ba setseng ba diragaditse polelelo pele eo? Pego ya ditiragalo tsa bosheng e bontsha gore ke Basupi ba ga Jehofa. Ke bosupi jo bo tshelang jwa lebaka la gore kagiso ya lefatshe ka bophara tlase ga puso ya Modimo e tla nna ya mmatota ka go bo jaanong kagiso eo ya lefatshe ka bophara e setse e le ya mmatota gareng ga bone jaanong!

8, 9. Kagiso le letlhogonolo di tla ya bokgakaleng jo bo kae tlase ga puso ya Bogosi?

8 Mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo ya kagiso e tla atolosediwa karolong nngwe le nngwe ya lefatshe. Isaia 32:17, 18 e bua ka gore go tla nna “lodule le boikanyō ka bosakhutleñ,” e be e oketsa ka gore: “Batho ba me ba tla nna mo boagoñ yoa thagamō, le mo dikagoñ tse di tlhōmameñ, le mo maheloñ a tapologō le a lodule.” Akanya fela ka polokesego e e ntseng jalo mo o se ketlang o lotlela dipati tsa gago, mme e bile o tla kgona go tsamaya gongwe le gongwe ka nako nngwe le nngwe motshegare kana bosigo kwantle ga go boifa bathukhuthi kana dithubetsi. Ke ka lebaka le le molemo go bo Bibela e re: “Ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:11.

9 Letlhogonolo le tla pata kagiso eo, go na le gore dimilione di swe ngwaga le ngwaga ka ntlha ya tlhaelo-dikotla jaaka go ntse gompieno. Ereka Jesu a ne a na le maatla a go jesa dikete-kete ka go oketsa ka kgakgamatso dinkgwe di se kae fela le ditlhapi di se kae, tlase ga tsamaiso ya gagwe ya Bogosi o tla kgona go goga setho ka tiragatso ya ga Pesalema 72:16: “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba.” Mme ereka Bogosi jwa Modimo bo tla tlosa melelwane yotlhe ya sepolotiki, ga mmogo le papadi e e pelotshetlha le kgaisano e e senyang, letlotlo la lefatshe le tla elela ka kgololesego go solegela setho sotlhe molemo, eseng ba le kae fela. Ka gone, pono e e boifisang ya bana bao mabogo le maoto e leng marapo fela le dimpa tse di tumogileng ka ntlha ya tlala e tla bo e tsamaetse ruri-ruri.

Tiro e e Ungwang, e e Ipedisang

10. Ke jang tiro mo Thulaganyong e Ntšha e tla farologanang le ya gompieno?

10 Gompieno batho ba le bantsi ba itumololwa ke mofuta wa tiro o ba tshwanetseng go o bereka gore ba itshedise. Dimilione tse dintsi ga di na tiro gotlhegotlhe, ba tlhoka mmereko. Mme legale mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo batho ba tla bona boipelo mo tirong. Mme ba tla bo ba se mo kotsing epe ya go bona maiteko a bone a nna lefela ka ntlha ya maemo a a maswe a itsholelo, kudumedi nngwe kana ntwa. “Ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a aōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele, . . . me baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo lolele. Ga ba ketla ba kgokgolèla lehèla.”—Isaia 65:21-23.

11. Babusiwa ba Bogosi jwa Modimo ba tla fitlhelelang tebang le lefatshe le le botshelo mo go lone?

11 Ka maemo a a ntseng jalo a a kgotsofatsang a tiro, mme e bile batho ba na le lorato lwa boagelani, babusiwa ba Bogosi ba tla fitlhelela, paakanyong ya lefatshe le botshelo jo bo mo go lone, dilo tse di molemo-lemo ka mo go oketsegileng ga makgetlo a le dikete-kete go na le sengwe le sengwe seo lefatshe leno le kileng la se bona. Ke ka gone Jesu a neng a ka supela go Paradaise e e neng e tla a tla. (Luke 23:43) Jaaka Isaia a boleletse pele: “Sekaka se tla opela le go goeletsa ka boipelo; se tla nna sentle jaaka Dithaba tsa Lebanona le go nona jaaka naga ya Karamela le Sharona. . . . Gonne dinoka tsa metse di tla phunyega mo sekakeng; le mmu o o loupa o tla nna molatswana, mme naga e e omeletseng e tla tlala ka metswedi. . . . Di tla itumela ka bosakhutleng, di tla gololesega ka bo sa eng kae mo bohutsaneng le kutlo-botlhokong.”—Isaia 25:2, 6, 7, 10, Today’s English Version.

Ga Go Ketla go Tlhola go le Bolwetsi le Loso

12. Jesu o ne a bontsha jang thulaganyo e e molemo-lemo ya go fodisa e a tla e dirisang fa a le mo thateng ya Bogosi?

12 Lefa go le jalo, go tla bo go hutsafatsa go nna le gotlhe moo mme he o bo o latlhegelwa ke gone ka ntlha ya go lwala, go tsofala le go swa. Mme seo dingaka le baitseanape ba sa kgoneng go se dira jaanong, Modimo o tla se dira tlase ga puso ya Bogosi. Modimo o dirile mmele wa motho, tlhaloganyo le maikutlo. O itse se se tla mo tokafatsang, go mo itekanedisa. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a bontsha maatla a go fodisa a a neng a a filwe ke Modimo mme a tla a dirisa mo Thulaganyong e Ntšha: “Ga tla kwa go èna machutichuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsañ, le dihohu, le dimumu, le digōlè, le ba bañwe ba le bantsi, ba ba baea ha hatshe ha dinaoñ tsa gagwè, me a ba hodisa: Bontsi yoa batho yoa ba yoa tla yoa gakgamala, ka ba bōna dimumu di bua, le digōlè di golohologile, le batlhotsi ba tsamaea, le dihohu di bōna.” (Mathaio 15:30, 31) Mo godimo ga moo, ka setho se tsosediwa boitekanelong jwa botho tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo, ‘loso lo tla bo lo komeditswe ka bosakhutleng.’ (Isaia 25:8) Lorato lwa ga Jehofa gape, lo tla atolosediwa le eleng go bao ba saleng ba sule, ka go bo ba tla fiwa sebaka sa go tshela mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo ka go busediwa botshelong gape ka tsogo. Boipelo ka nako eo bo tla boaboelediwa ka mo go senang palo, go gopotsa fa Jesu a ne a tsosa morweetsana mme baboni ba tiragalo “ba gakgamala ka kgakgamalō e kgolo.”—Mareko 5:41, 42; Yohane 5:28, 29.

13. Ke dilo dife tse batho ba ka di itlhophelang go di dira mo Thulaganyong e Ntšha?

13 Akanya fela ka se o ka se dirang mo Thulaganyong e Ntšha ya tshiamo ya kagiso le letlhogonolo ka tlhaloganyo le mmele o o itekanetseng—mme o ka se tlhole o swa! Abo o batlile go dira dilo di le dintsi jang ne, mme o ne wa di tlhokela nako sentle kana o se ka wa kgona! Akanya ka go hukutsa le go ipelela dithaba tse di boitshegang, dikgwa tse di lapolosang, mafelo le masingwana a a kgabisitsweng ka dithunya, botshelo jo bo ipedisang jwa diphologolo, melatswana le matšha a a tsabakelang tse di sa kgotlelwang, dijo tse di monate tsa batho ba ba farologaneng. Akanyetsa dimpho tsa tlholego tse banna le basadi ba tla di godisang mo botswerereng jwa diatla, thulaganyetso-kago, go kgabisa naga, go kgabisa magae, go taka le mmino. Kwantle ga pelaelo, setho se tla tlhotlhelediwa go tlhagiseng dinonofo tse dintšha le bontle. Akanya gape, ka go tlwaelana ga botoka le Ene yo o tla dirang gore sone seo se kgonagale, Jehofa Modimo. Go oketsega ga kitso ya lobopo lwa gagwe lo lo jesang kgakge ka losagaripana la lone lwa dinaledi le ya dipolanete le yone e tla itshupa e kgatlhisa thata. Ee, eleruri, “lobopō le lōna lo tla gololwa mo botlhakeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.”—Baroma 8:21.

Go Amogela Boammaaruri

14. Ke ka ntlha yang re ka nna le tsholofelo e e tletseng mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa tsotlhe?

14 A eleruri o ka dumela ditsholofetso tseno tsotlhe tsa Modimo? Ee, o ka di dumela. O ka ikutlwa fela jaaka Joshue yo o neng a boifa Modimo fa a ne a re: “[Ga go na] sepè se se tlhaetseñ sa dilō cotlhe tse di molemō, tse Yehofa Modimo oa lona o di buileñ kaga lona; di lo dihahaletse cotlhe, ga goa tlhaèla sepè sa cōna.” (Yoshue 23:14) Eleruri, o ka baya botshelo jwa gago mo ditsholofetsong tsa Modimo ka go bo seo a se bolelang se boammaaruri mme e bile se tla diragala kwantle go go palelwa.—Isaia 46:9-11.

15. Batlhanka ba Modimo ba gana boikutlo bofe jwa lefatshe le?

15 Bibela ka phepafalo e bontsha gore go na le boammaaruri, gore ke eng, gore bo kae le gore ke mang yo o nang le jone. Potso e e lebanang le mongwe le mongwe wa rona ke: A ruri-ruri o batla boammaaruri? Bangwe ba ka nna ba re, ‘Mme gone, a batho ka bontsi ga ba batle boammaaruri?’ Nnyaa, ka go bo Jesu o ne a bolela gore tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng e tshesane le gore e bonwa ke ba le kae fela. (Mathaio 7:13, 14) Bontsi-ntsi jwa batho gompieno ba ikutlwa fela ka tsela e e tlhalosiwang mo Bibeleng mo go Yobe 21:14-16: “Ba reile Modimo, ba re, Tloga mo go rona; gonne ga re eletse kicō ea ditsela tsa gago. Mothataeotlhe ea bo e le eñ ha e bo e ne ne re ka mo dihèla? me re tla bo re bōna molemō oañ, ha re mo rapèla?” Mme Jobe o bolela gore, “Kgakololō ea baikepi ke kgakala naeō.” Tsela ya bone ya go akanya ga e a theiwa mo boammaaruring mme e theilwe mo maakeng a ga Satane a gore setho se tla siamelwa fela kwantle go Modimo.

16. Ke ka ntlha yang re ka tlhomamisega gore ope fela yo ka mmannete a batlang boammaaruri o tla bo bona?

16 Motho ope fela yo ka bopelo-e-phepa a batlang boammaaruri, mme a kopa thuso mo Modimong go bo bona, eleruri o tla gogelwa kwa go jone. Ga go kgathalege gore o nna kae kana o tlase ga maemo a a ntseng jang. Goreng go se jalo? Ka go bo le fa Jehofa a dirisa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang mo lefatsheng go rera mafoko a a molemo a Bogosi pele bokhutlo bo tla, tiro ya go batla barati ba boammaaruri ga se fela tiro ya motho. Kgosi ya selegodimo Jesu Keresete le matshwititshwiti a masomosomo a a maatla a selegodimo ba etleetsa molaetsa o o tswetseng pele go kgabaganya lefatshe ka maatla a a ntseng a oketsegela pele-pele.—Mathaio 25:31, 32; Tshenolō 14:6, 7.

17. Fa motho eleruri a batla boammaaruri, o tshwanetse go dirang?

17 Tsamaiso ya dilo yotlhe e gaufi le go tla bokhutlong jwa yone. Fa e le gore eleruri o batla boammaaruri le go tswelela o tshela, o tshwanetse wa supa seno go Modimo le go batho. Bapala kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo. Kopanela le batho ba gagwe. “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshaimō ea gagwè.”—Mathaio 6:33; Yohane 17:3; Bahebera 10:24, 25.

18. Ke melemo efe e e bonwang le eleng jaanong ke bao ba tshelelang boammaaruri?

18 Jaaka o tla bo o dira jalo, o tla roba melemo e mentsi le eleng jaanong. Bao ba ithutang boammaaruri le go tshela ka jone ba bona kgololesego e kgolo ya mogopolo le boikutlo, ereka ba itse gore ke ka ntlha yang fa metlha e le bosula mo go kalo le gore isagwe e tshotse eng. Ba gololesegile gape mo bosenang tlhomamong jwa tsela ya botshelo ya batho ba lefatshe le bao ba lelekisitseng dilo tse di bonalang fela, mme e le bao di tla ba latlhegelang fa tsamaiso eno yotlhe e fela. (1 Yohane 2:15-17) Go na le kgololo e kgolo thata gape, ya go gololwa mo phosegong ya bodumedi.

19. O tla dirang fa e le gore o rata boammaaruri?

19 A eleruri o rata boammaaruri? He o tla rata Modimo wa boammaaruri. O tla rata boammaaruri jo bo gakgamatsang jwa gagwe jo o bo senolang kaga puso ya gagwe ya Bogosi. O tla rata phuthego ya gagwe e e bonalang mo lefatsheng, e e dirilweng ka batho bao ga jaanong a ba phuthang mmogo go falola. (Isaia 2:2-4) Ga o ketla o lesa sepe mo legodimong kana mo lefatsheng go go emisa go direla Modimo wa boammaaruri ka boikanyego yo o tla go gololang ka boammaaruri jwa gagwe.—Yohane 8:31, 32.

A o ka araba dipotso tseno?

◻ Jehofa o tla tlisetsa setho kgololesego ya boammaaruri jang?

◻ Ke eng seo puso e le nngwe ya lefatshe e tla se rayang mo bathong?

◻ Ke bosupi bofe jo bo tshelang jwa gore kagiso ya boammaaruri e tla nna selo sa mmatota tlase ga puso ya Bogosi?

◻ Ke pharologano efe e e tla bong e le gone magareng ga tiro e e dirwang mo tsamaisong eno le eo ya Thulaganyo e Ntšha?

◻ Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore babatli ba pelo-e-phepa ba boammaruri ba tla gogelwa go yone?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bao ba falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno ba tla bo ba setse ‘ba thutse ditšhaka tsa bone megoma’

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo, batho ba tla iponela boipelo jo bogolo mo maemong a tiro e e jesang monate

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela