LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 10/15 ts. 10-16
  • Boammaaruri jo bo Ka Re Gololang Bo Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boammaaruri jo bo Ka Re Gololang Bo Kae?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsholofetso tse di sa Thaelwang mo Boammaaruring
  • Go Tlhatlhoba “Boammaaruri” jwa Bodumedi
  • Go Ikanya Modimo wa Boammaaruri
  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A “Tsamaiso E Ntšha ya Lefatshe” ya Motho E Gaufi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Lo Se Ka lwa Dirisa Kgololesego E Lo E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Phoso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Letla Jehofa a go Kaele Kwa Kgololesegong ya Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 10/15 ts. 10-16

Boammaaruri jo bo Ka Re Gololang Bo Kae?

“Me Yesu a [re] . . . Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golala.”—YOHANE 8:31, 32.

1. Dingwe tsa dikgololesego tse batho ba lefatshe le ba ileng ba di eletsa ke dife?

KGOLOLESEGO! Lefoko leo le huduile megopolo le dipelo tsa batho makgolokgolo a dingwaga! Dintwa di lwetse kgololesego. Didikadike tsa batho di e swetse. Bantsi ba ikutlwile jaaka go dirile mongwe wa baetapele ba Amerika Patrick Henry go feta dingwaga tse 200 tse di fetileng fa a ne a re: “Nneela kgololesego kana o nneele loso.” Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Tautona Franklin D. Roosevelt o ne a ikuela mo “dikgololesegong tse nne”: kgololesego ya puo, kgololesego ya kobamelo, kgololesego mo lehumeng le kgololesego mo poifong.

2, 3. Kgololesego ya boammaaruri e tshwanetse ya akareletsang?

2 Lefa go le jalo, ka tlhaloganyo e e tebileng, kgololesego ya boammaaruri e tshwanetse ya akaretsa se se fetang seo. Ka sekai, a epe ya dikgololesego tseo e ka re tlisetsa kgololesego mo bosaitekanelang jwa setho? A di ka re tlisetsa kgololesego mo bolwetsing? Gape, go sa kgathalege gore motho o ka ipelela selekanyo se se kae sa botsogo, o ntse a lebane le lebaka le le botlhoko la gore leng kana leng fela batho ba a tsofala le go swa. Motho o ka ipelelang mo lebitleng? Bibela e a araba: “Baswi ga ba itse sepè.” Ke ka gone e bolelang gape e re: “Gonne nca e e tshedileñ e molemō bogolo go tau e e shuleñ.”—Moreri 9:4, 5.

3 Gore re kgone go gololesega go ya fela kafa lefoko le kayang ka teng, re tshwanetse ra tlosiwa bokgobeng jwa bosaitekanelang, bolwetsi le loso. Ee, mme ga mmogo le seo re tlhoka go tlosiwa lehumeng, kgatelelong, bokebekweng le ntweng, dilo tse di maswe tseo ditiragalo di tladitsweng ka tsone. Mme ke mang yo o ka re fang dikgololesego tse di ntseng jalo? A go na le ngaka nngwe e e ka re tiisetsang gore kankere e tla alafiwa, bolwetsi jwa pelo le malwetsi otlhe a mangwe? A go na le moitseanape mongwe yo o ka re kganelang go tsofala le go swa kana a re busetsa botshelong morago ga go swa? A go na le moetapele mongwe wa bopolotiki yo o ka re tiisetsang gore go tla nna kagiso mo lefatsheng le kgololesego mo ntweng go ya go ile? A go na le ratoropo mongwe kana ra-mapodisi mongwe mo toropong epe e kgolo ya lefatshe yo o ka tlisang kgololesego e e feletseng mo bokebekweng? Ke tsamaiso efe ya itshololelo e e ka tlisang kgololesego mo lehumeng, go tlhokeng mmereko kana tlhatlogo-ditlhotlhwa, mme a leretse mongwe le mongwe letlotlo la mmatota—go ya go ile?

4. Kgololesego ya mmatota e tshwanetse ya thaelwa mo go eng?

4 Fa e le gore go na le tsholofelo epe ya gore maemo a mantsi a a bosula a a herehereng setho a tla tlosiwa, karabo e tshwanetse ya ikaega ka boammaaruri. Kgololesego ya boammaaruri e ka se thaelwe mo ditsietsong kana maakeng. Ka gone, fa mongwe ope fela, ekane e le moetapele wa lefatshe, moitseanape, ra-itsholelo, kana moruti, a ntsha maikutlo ka ga se se tla tlisang dikgololesego tse di saleng di eleditswe ke setho, potso e tshwanetse ya bodiwa: A o bua boammaaruri? Mme setho se nnile le lobaka lo lo leele, lo lo leele fela thata go bona fa e le gore a maikutlo, ditsholofetso le maiteko a batho di dumalana le boammaaruri.

Ditsholofetso tse di sa Thaelwang mo Boammaaruring

5. Tsholofelo ya kgololesego mo bolwetsing e ile ya itemogelwa go ya bokgakaleng jo bo kae?

5 Ka motlhala, masome a dingwaga mangwe a a fetileng batho ba ba ntsi ba ne ba ikutlwa gore tshedimosetso ya tsa kalafi e tla leretse setho kgololesego mo bolwetsing. Lefa go ile ga nna le dikgatelopele mo go tsa kalafi, a tseno di tlisitse kgololesego mo bolwetsing? Nnyaa, ka go bo matlhoko a a jaaka kankere le bolwetsi jwa pelo a fitlheletse seemong se se kwa godimo sa kanamo. Ka nako nngwe gape go ne go akanngwa gore bolwetsi jwa dikobo bo ne bo tla fedisiwa ka diokobatsi tse di gakgamatsang tse disha. Lefa go le jalo kgatiso e e tlotlegang ya Britani ya kalafi The Lancet e bega jaana: “Ba World Health Organisation ba feleletsa ka gore go kgabaganya lefatshe go na le malwetse a masha a rasephephe a ka nna dimilione tse 250 le malwetse a masha a thosola a a ka nnang dimilione tse 50 ngwaga le ngwaga. Malwetsi a mangwe a a tshelanwang a dikobo a ka nna a bo a le mantsi thata.”—Bapisa Diane 7:10, 21-23.

6. Ke ka ntlha yang go ka bolelwa gore boitseanape le madirelo di ile tsa swabisa?

6 Go tweng gape ka ditsholofelo tse dikgolo tse di neng tsa kgoberwa ke boitseanape le madirelo mo lekgolong kana a mabedi a dingwaga a a fetileng? Jaaka ka sekai fela, sejanaga se ne sa galalediwa go twe ke kgatelo pele e kgolo, mme gone ka ditsela tse dingwe go ne go ntse jalo. Mme e ntse e le sone se ile sa oketsa petagano, modumo le kgotlelo mo ditoropong tse dikgolo. Go kgabaganya lefatshe batho ba ka feta dimilione tse 200 000 ba bolawa ke dikotsi tsa dikoloi, mme le didikadike tse dingwe di gobadiwa ngwaga le ngwaga! Matswela a a swabisang a boranyane a ne a elwa tlhoko ke Orville Wright, mongwe wa bathai ba sefofane. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II o ne a kwalela Henry Ford jaana: “Nna le Wilbur re ne re akantse gore sefofane se tla akohisa kagiso ya lefatshe. Jaanong go lebega se dirile se se fapaaneng. Ke solofela gore fa o ne o simolodisa madirelo a magolo—nngwe ya diphitlhelelo tse dikgolo-kgolo tsa metlha eno—o ne o sa akanya le eseng gore a a tla dirisiwa . . . go aga dikoloi tsa ntwa go senya lefatshe. Go bonala ekete selo se se molemo ga se ka ke sa simolodisiwa kwantle ga mongwe go iponela tiriso e e bosula ya sone.”

7. A ditsamaiso dipe tsa lefatshe leno tsa itsholelo di ka tlisetsa botlhe letlhogonolo?

7 A makgolo-kgolo ano a dingwaga a tekeletso ka ditsela tse di farologaneng tsa itsholelo a tlisitse nngwe e e sa reketleng le go tlisetsa botlhe letlhogonolo la go ya go ile? Nnyaa, ka go bo go reketla ga itsholelo ke selo sa letsatsi le letsatsi. Jaaka Jack Weldon, moporofesa wa tsa itsholelo wa Yunivesithi ya McGiII ya Montreal, o ne a re: “Ra-itsholelo mongwe le mongwe yo o nonofileng le go ikanyega o tla dumela gore tota ga re itse kafa re ka dirisanang le mathata a magolo ao ga jaanong a thulaneng le merafe e megolo e e tlhabologileng.” Seemo mo merafeng e e sa tlhabologang se maswe go feta. Mo nageng nngwe e e ntseng jalo, go bega makasine wa Time, “go na le bana ba feta dimilione tse 2 ba ba latlhilweng ke batsadi ba bone ba ba humanegileng le ba bangwe ba le dimilione tse 14 ba ba tshelang mo lehumeng le le ntseng jalo mo eleng gore go ba latlha go lebega go le molemo bogolo.” Mo karolong e nngwe ya lefatshe, Philippine Daily Express e ne ya tlhalosa jaana: “Go batla e nna halofo ya bilione [500 million] ya Ma-Asia go hopholediwa ba le mo boemong jwa ‘bodidi jwa matlhomola pelo’ mme palo ya bone go solofetswe gore e tla oketsegela pele.”

8. Ke go ya bokgakaleng jo bo kae puso ya batho ka batho e tliseditseng banni pabalesego ya botho?

8 Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I go ne ga bolelwa gore ntwa e e neng e lowa e ne e lwelwa “go bolokela lefatshe puso ya batho ka batho.” Gompieno, ke dinaga di se kae fela tsa puso ya batho ka batho. Le eleng koo go tweng e teng, banni ba teng ba babalesegile go le kae? Mo United States lelapa le le lengwe mo go a mararo le tlhaselwa ke bokebekwa jwa mofuta mongwe o o rileng. Moatlhodi Mogolo wa Kgotla Kgolo ya Ditsheko Warren Burger o ne a bolela ka gore: “Re atamela boemo jwa mokgatlho wa batho o o senang thuso gotlhelele—mokgatlho wa batho o kgono ya one ya go boloka pabalesego e potlana ya mo mebileng, mo dikolong, le mo magaeng a batho ba rona e belaetsang.” O ne a oketsa ka gore: “Mo dingwageng tse di 10 tse di fetileng, bontsi jwa baetapele ba merafe ya rona le bao ba dinaga tse dingwe ba ne ba bua ka borukhutlhi jwa merafe-rafe. Mme go ya ka ditiragalo tsa malatsi otlhe, borukhutlhi jwa letsatsi le letsatsi ekane mo toropong kgolo nngwe le nngwe ya United States bo feta dintsho le dikgobalo tsa ‘dirukhutlhi tsa merafe-rafe tse di begiwang lefa e ka nna mo ngwageng ofe fela.”—Bapisa Moreri 8:11.

9. Mo lekgolong leno la dingwaga, diphoraetso tsa gore ntwa e tla fela di feletse kae?

9 Ntwa ya Lefatshe I e ne gape ya tlhalosiwa jaaka “ntwa ya go fedisa di ntwa.” Encyclopedia Americana e etse tlhoko jaana: “Ka nako ya ntwa mapolotiki le batlhalefedi ba dilo ba ne ba bua ka malatsi a a botlhokwa a a kwa pele, fa go tla bo go sena dintwa, go sa tlhole go na le dibetsa, go sa tlhole go na le dithulano magareng a merafe.” Mme boammaaruri bo itshupile bo farologane le seo. Kgatiso ya Afrika Borwa, The Natal Mercury, e ne ya bolela moragonyana gore: “Tautona Woodrow Wilson o ne a tlhalosa Ntwa ya Lefatshe I jaaka ‘ntwa ya go fedisa dintwa.’ Polelo pele ya gagwe e ka bo e nnile boammaaruri fela thata fa a ka bo [a e biditse] ‘ntwa ya go fedisa kagiso.’” Kgatiso eo e ne ya oketsa ka gore: “Fa e sale 1914 lefatshe le ka ne le bone thubakanyo le kgoberego go feta le leng pele fa e sale go simololwa go kwala hisitori.” Ditshenyegelo tsa lefatshe mo go tsa bosole di feta jaanong kgakala $500 bilione ngwaga le ngwaga. Gompieno merafe e na le dibetsa tse di lekaneng tsa “nuclear” go nyeletsa ditoropo dikgolo tse di fetang milione, ditoropo tse dikgolo tse di oketsegileng go feta tse di leng teng.

10. Boammaaruri ke bofe mabapi le kgatelo pele epe e e dirilweng mo dintlheng tse di farologaneng tsa maiteko a motho?

10 Nnyaa, boammaaruri ke gore lefa go ka ne go dirilwe kgatelo pele e fe mo dintlheng tse di farologaneng, ga e a ka ya golola setho mo bokgokgontshing, pogong, lehumeng, bokebekweng, ntweng, poifong, bolwetsing le losong. Ka gone, maiphako, ditsholofetso le megopolo ya baeta pele ba lefatshe leno ga e ise e ke e ikaege ka boammaaruri, jaaka bosupi jwa makgolo a dingwaga bo bontsha ka phepafalo. Go ntse fela jaaka Bibela e bolela go 2 Petere 2:19: “Ba re, ba tla ba naea kgololèsègō, me bōnè ka bosi e le batlhanka ba sebodu.”

Go Tlhatlhoba “Boammaaruri” jwa Bodumedi

11. Ke tlhatlhobo efe e e ka dirwang mo maiphakong a boammaaruri jwa bodumedi?

11 Ga re tlhoke fela kgololesego mo maemong a a hutsafatsang a a tlwaelegileng gompieno mme re tlhoka go gololwa mo bokgobeng jwa tlhaloganyo jo bo tlang ka dithuto tsa maaka tsa bodumedi. Lefa go le jalo ditumelo tsa La-Bodumedi le karolo yotlhe ya lefatshe leno di ganeletse mo goreng ditumelo tsa bone di na le boammaaruri. Seo se motlhofo go iphakwa, mme mabaka a bontsha eng? Gakologelwa, gore Lefoko la Modimo le tlhalosa ka gore: “Tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.” (Yakobe 2:26) Gape, Jesu o ne a re: “Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku, me mo teñ e be e le diphiri tse di garolakañ. Lo tla ba itse ka mauño a bōnè.” Ee, ditsamaiso tsa bodumedi di ka lemogiwa fa di le boammaaruri kana maaka eseng fela ka seo di se iphakang mme ka seo di se tlhagisang. Mabapi le jwa maaka, Jesu o ne a tlhagisa ka gore: “Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea reñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ.”—Mathaio 7:15-20.

12. Seemo sa ditumelo tsa lefatshe leno se senolang?

12 Fa bodumedi bo emela boammaaruri, eleruri bobotlana loungo lo bo tshwanetseng go lo ntsha ke leo la go nna le maatla a go kitlanya bao ba bo salang morago. Jesu o ne a bolela gore bao ba nang le boammaaruri ba tshwanetse ba nna “bañwe hèla.” (Yohane 17:21) Lefoko la Modimo le lone gape le re: “Lo nnè puō ñwe hèla lotlhe.” “Le gore go se nne dikgaoganō mo go lona.” “Me lo ko lo itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.” (1 Bakorintha 1:10) Go tshwanetse ga nna jaana ka bao eleruri ba emelang Modimo, ka go bo “Modimo ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” (1 Bakorintha 14:33) Lefa go le jalo ditumelo tsa lefatshe le di kgaogane ka dikete-kete tsa makoko le ditumelonyana, ka dithuto tse di thulanang le mekgwa e e dirwang eseng fela magareng ga ditumelo tse di farologaneng mme fa gongwe moteng ga bodumedi jo bo tshwanang. Tlhakatlhakano e e ntseng jalo le phosego ga di ka ke tsa nna tsa Modimo. Makasine wa kereke wa Leaders’ Vision, mo Australia, o ne wa dumalana ka gore: “Go tshelela mo seemong sa tlhoka-kutlwano ke go tshelela mo sebeng sa sebibela. Re bopa boitatolo jo bo bonalang jwa tiro ya Moya o o Boitshepo.’

13. (a) Tlhoka-kutlwano ya tumelo ya maaka e feletse ka eng? (b) Ke kae he, koo bodumedi jo bo ntseng jalo jwa maaka bo tswang gone?

13 Bosupi jo bongwe jwa gore ditumelo tse di ntseng jalo ga di ka ke tsa emela boammaaruri, le gore ga di ka ke tsa bo e le tsa Modimo, bo bonala ka ntlha ya tlhoka-kutlwano ya tsone. Fa e le gore bodumedi bo ruta boammaaruri, go bonala fela kwa tshimologong gore maloko a jone bobotlana ba tshwanetse go se bolaane. Go sa nneng jalo, e tla bo e le boammaaruri jwa mofuta ofe, e tla bo e le bokaulengwe jwa mofuta mang joo? Lefa go le jalo ditiragalo di bontsha gore batho ba ditumelo tse di tshwanang tsa lefatshe le ba nnile ka metlha ba gatlampolana ka nako ya ntwa, ka didikadike, fela ka go bo ba tshela mo dinageng tse di farologaneng. Ka dinako tse dingwe, batho ba bodumedi jo bo tshwanang ba a gatlampolana moteng ga naga e e tshwanang, mo ditsogologelanong kana mekubukubung ya selegae. Bibela e bolela jaana, mo go 1 Yohane 3:10-12, gore bao ke “bana ba diabolo” bao ba gatlampolang ‘barwaraabone.’ (Bapisa Genesise 4:8.) Bana ba Modimo ga ba dire jalo, mme go na le moo, ba na le lorato lo lo sa kgaogeng go ba bangwe. Jesu o ne a re ka tlhamalalo: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:35.

14. Fa go dirisiwa taolo ya ga Jesu ya “mauñō a bōnè,” boammaaruri ke bofe ka ga ditumelo tsa lefatshe?

14 Ka gone, ka loungo Iwa bone lo lo bosula, tlhoka-kutlwano ya bone, go tlhabantshana ga bone, ga mmogo le boitsholo jo bo sa siamang jo bo tletsetletseng le boitimokanyi jo bo kana-kana mo ditumelong tsa lefatshe, di ema mo nyanyeng gore ga di emele boammaaruri—ga di emele Modimo. Eleruri ke ditlhare tse di bosula, tse di ungwang dijalo tse di bodileng, di emetse go “rèñwa, me [di] latlhèlwe mo moleloñ.”

Go Ikanya Modimo wa Boammaaruri

15. Re tshwanetse go baya ikanyo ya rona mo go mang, mme ka ntlha yang?

15 Go sa kgone ga batho go tlisa kgololesego ya boammaaruri mo dilong tsa botlhokwa tsa botshelo go otlelela botlhokwa jwa seo se builweng ke Bibela mo go Yeremia 10:23: “Kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” Nnyaa, Modimo ga o a ka wa tlhola motho ka kgono kana tshwanelo ya go sa laolwe ke kaelo ya Gagwe mme gone a atlege. Le ke lebaka leo ka lone Modimo o letleletseng dikete-kete tsa dingwaga tse di kalo-kalo tsa puso ya motho ya go sa busiwe ke ene, go bontshetsa ruri-ruri fela gore puso e e ntseng jalo ga e ka ke ya tlisa kgololesego ya boammaaruri le boitumelo. Ka jalo, Pesalema 146:3 e gakolola ka botlhale ka gore: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.” He jaanong re ka ikanya mang? Bibela e a araba: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.

16. Re ka nna le tsholofelo e e kae mo go Jehofa?

16 Ke ka ntlha yang re ka baya ikanyo e e ntseng jalo e e feletseng mo go Jehofa? Ka go bo, jaaka Pesalema 31:5 e bolela, ‘Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.’ Fa e le gore eleruri re batla boammaaruri kaga dikgang tsotlhe tse di botlhokwa tsa botshelo le dikarabong tsa dipotso tseo di akabaditseng le eleng baetapele ba lefatshe, Modimo o na le tsone. Ereka jaana “go [retetse] mo Modimoñ go aka,” seo a se bolelang e tla nna sone. “Yehofa oa mashomōshomō o ikanne, a re, Rure yaka ke gopotse, go tla dihala yalo; le yaka ke ikaeletse go tla èma hèla yalo.”—Bahebera 6:18; Isaia 14:24.

17. Jehofa o baakanyeditse jang barati ba boammaaruri ba ba pelo-e-phepa motswedi wa boammaaruri?

17 Modimo eleruri o tla dira gore boammaaruri jwa gagwe bo itsiwe ke babatli ba ba pelo-e-phepa ba boammaaruri, ka go bo mo go Yohane 8:32, Jesu o ne a re: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” Fa a ne a rapela Modimo o ne a re gape: “Lehoko ya gago ke boamarure.” (Yohane 17:17) “Lehoko” la Modimo, boammaaruri jwa gagwe, di kae? Moaposetoloi Paulo o araba ka gore: “Lokwalo loñwe le loñwe lo [kwadilwe] ka tlhotlheleco ea Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Mmopi yo o maatla otlhe wa lobopo lotlhe ka gone o ikaya e le ena mokwadi wa Bibela. Ka maatla a gagwe a a dirang a a nonofileng, kana moya o o boitshepo, o ne a tlhotlheletsa banna ba ba ikanyegang go kwala megopolo ya gagwe. Ka jalo fa re bala Dikwalo, go ntse jaaka ekete Modimo o bua le rona.—1 Bathesalonia 2:13; 2 Petere 1:20, 21.

18. Ke ka ntlha yang go sa utlwale go akanya gore Modimo ga o a kwala Bibela?

18 Bangwe ba iphaka gore Modimo ga o a ka wa kwala Bibela. Lefa go le jalo batho ba ile ba kwala dibuka, mme Modimo ke one o bopileng batho. A Mmopi yo mogolo thata wa batho o ka palelwa ke go dira seo batho ba ba kwa tlase ba ka se dirang? Baitseanape, ka tiriso ya didirisiwa tsa boranyane, ba romela ditaelo kwa disetelaeteng kwa lefaufaung, ba di kaela mo mosepeleng wa tsone. Moanamisi wa seromanowa o buela go “microphone,” mme molaetsa wa gagwe o utlwala dikete-kete tsa dimaele kgakala thata. Le eleng go tswa ngweding, ditshwantsho tsa thelebishene tsa ditiragalo tsa koo di ile tsa romelwa magaeng a rona. Mme Jehofa ke ene a dirileng tsebe, leitlho, motlakase le modumo. A o ka se kgone gore ka “bogolo yoa nonoho” ya gagwe a fetisetse megopolo ya gagwe mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang mo lefatsheng? Eleruri, Mmopi wa lobopo lono lo lo gakgamatsang o ka dira buka!—Isaia 40:26.

19. Ke ka ntlha yang fa Modimo o kwadile Bibela ka dikarolo dingwe tse di thata go tlhaloganngwa?

19 Ba bangwe ba re, ‘mme Bibela e thata go tlhaloganngwa.’ Ee, karolo e nngwe ya yone e ntse jalo. (2 Petere 3:16) Ke ka ntlha yang fa Modimo o kwadile Bibela ka tsela e e ntseng jalo? Ka go bo ke Ene a tlhomamisang gore ke mang yo o amogelang boammaaruri. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana kaga boammaaruri jwa Modimo: “Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa.” (1 Bakorintha 3:6) Paulo o ne a bolela gape jaana ka botlhale le bosaitsiweng jwa Modimo: “Modimo o di senoletse rona ka Mōea.” (1 Bakorintha 2:10) Ka gone Modimo o ipolokela tshwanelo ya go senolela boammaaruri jwa gagwe bao fela ba bo batlang mme ba ikemiseditse go tshela ka jone le go mo direla ka boikanyegi: “Morèna Modimo o tla bo a sa dihe sepè, ha e se ka go senolèla batlhanka ba gagwè.”—Amose 3:7; Daniele 2:28, 47.

20. Boammaaruri jo bo ka re gololang bo kae?

20 Ee, go na le Modimo wa boammaaruri. Boammaaruri jwa gagwe bo fitlhelwa mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng, Bibela e e Boitshepo. O senolela batlhanka ba gagwe ba ba ikokobeditseng, ba ba kutlwano, kutlwisiso ya Dikwalo tse di boitshepo. Jaanong he, ke boammaaruri bofe jo bo botlhokwa bogolo jo bo mo Lefokong la gagwe jo Modimo a bo senolelang babatli ba boammaaruri, segolo bogolo mo motlheng wa rona? Setlhogo se se latelang se tla tlhatlhobisa jo bongwe jwa jone.

A o gakologelwa dintlha tseno?

◻ Setho se tlhoka kgololesego efe eleruri?

◻ Ditsholofetso tsa lefatshe leno di itshupile jang gore di a swabisa? Ka ntlha yang?

◻ Re ka farologanya bodumedi jwa boammaruri jang mo go jwa maaka?

◻ Ke mabaka afe a a leng gone a go ikanya Jehofa ka botlalo?

◻ Jehofa o senolela bomang boammaruri jwa gagwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Setho se tlhoka eleruri go gololwa mo maemong a a hutsafatsang a le mantsi

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Jesu o ne a tlhagisa jaana mabapi le bodumedi jwa maaka: “Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela