LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 8/1 ts. 8-12
  • O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise—Mme Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise—Mme Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipatlafalo tse Nne
  • Thuso e e Tswelelang Ya go Ruta
  • E Tlhotlheletsa Go Utlwa Boammaaruri
  • E Kaela Ba Basha Phuthegong
  • E Otlelela Thero ya Bogosi
  • E Dirise Go Thusa Ba Bangwe
  • O ka Kgona go Tshela mo Lefatsheng le Lesha la Modimo la Kagiso
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Modimo ke Mang?
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Paradaise
    Tsogang!—2013
  • Tshwara Dithuto Tsa Bibela ka Buka ya Tshelela Ruri
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 8/1 ts. 8-12

O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise—Mme Jang?

‘GO TSHELELA ruri mo lefatsheng ke toro fela. Ga go ka tsela epe ope o ka go dirang.’

O ka ne o ile wa utlwa batho ba bua seo. Lefa go le jalo o ka ne o itse gore mo tshimologong boikaelelo jwa Modimo jwa batho ba ba utlwang e ne e le go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. Mme Modimo ga o ke o palelwa ke go fitlhelela se o se ikaeletseng! (Genesise 1:28; Isaia 55:11) Lefoko la gagwe ka papamalo le solofetsa ka gore: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Pesalema 37:29.

Oo ke molaetsa o o kgatlhisang thata o Basupi ba ga Jehofa ba o tlisang mo bathong fa ba ba etetse mo magaeng a bone. Bogosi, ka Jesu Keresete e le Mmusi, bo tla tlhomamisa gore boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa Modimo bo a fitlhelelwa. Tlase ga tsamaiso ya Bogosi ya tshiamo lefatshe leno le tla tlhagolelwa go nna Paradaise e ntle. Lefa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o tla letlelelwang go tshela mo lefatsheng la Paradaise. Dipatlafalo di tshwanetse di fitlhelelwe. Seo se a utlwala.—Mathaio 6:10.

Akanyetsa seno: Fa o ne o le mong wa legae le lentle le le dikanyeditsweng ke ditshingwana tse di tlhokometsweng sentle, a o ne o tla letlelela mongwe le mongwe go nna koo? Nnyaa, o ne a tla tshwanelwa ke go fitlhelela kamogelo ya gago, a fitlhelele dipatlafalo tsa gago. Modimo o batla eng ka bao ba tla nnelang ruri mo lefatsheng la Paradaise? A re tlhatlhobeng dipatlafalo tsa motheo tse nne.

Dipatlafalo tse Nne

Jesu Keresete o ne a supa patlafalo ya ntlha fa a ne a re mo thapelong go Rraagwe: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Kitso ya Modimo le ya ga Jesu Keresete e akareletsa kitso ya maikaelelo a Modimo mabapi le lefatshe le boikarabelo jwa ga Keresete jaaka Kgosi e ntšha ya lefatshe. A o tla ikamogelela kitso e e ntseng jalo ka go ithuta Bibela?

Bantsi ba ile ba fitlhela patlafalo ya bobedi e le boketenyana. Ke go utlwa melao ya Modimo, ee, go dumalanya botshelo jwa mongwe le dipatlafalo tsa boitsholo tse di tlhomilweng mo Bibeleng. Seno se akareletsa go ithiba mo tseleng e e bofafalele ya boitsholo jo bo maswe.—1 Bakorintha 6:9, 10; 1 Petere 4:3, 4.

Patlafalo ya boraro ke gore re tshwanetse go kopanela le mosele wa Modimo, phuthego ya gagwe. Modimo ka metlha o nnile a dirisa phuthego. Ka sekai, ke bao fela ba neng ba le mo arakeng mo motlheng wa ga Noa ba neng ba falola Morwalela, ebile ke bao fela ba neng ba kopanela le phuthego ya Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba neng ba bona kamogelo ya Modimo. (Ditihō 4:12) Ka mo go tshwanang, Jehofa o dirisa phuthego e le nngwe fela gompieno go fitlhelela thato ya gagwe. Go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng ya selefatshe re tshwanetse go itse phuthego eo le go direla Modimo jaaka karolo ya yone.

Patlafalo ya bone e amana le boikanyegi. Modimo o batla gore ba ba lebeletseng go nna babusiwa ba Bogosi jwa gagwe ba eme nokeng puso ya gagwe ka boikanyegi ba bolelela ba bangwe puso ya gagwe ya Bogosi. Jesu Keresete o ne a tlhalosa jaana: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe.”(Mathaio 24:14) A o tla fitlhelela patlafalo eno ka go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo?

Gongwe o tlwaelane thata le dipatlafalo tseno. Mme lefa go ntse jalo bontsi ga ba na kitso epe ka maikaelelo a Modimo le seo a se batlang. Jaanong re na le sedirisiwa se se ntle-ntle go thusa ba ba ntseng jalo. Ke buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. A o e dirisitse go thusa ba bangwe go ithuta ka seo Modimo a se batlang ka bone?

Thuso e e Tswelelang Ya go Ruta

Buka e ntšha ya Tshelela Ruri e tshotse kitso e e gogelang botshelong jo bo sa khutleng. E tlotla boammaaruri jo bo botlhokwa jwa Bibela jo batho ba tlhokang go bo tlhaloganya ele gore ba neele matshelo a bone go Jehofa Modimo le go mo direla ka mo go amogelesegang. Erile Mosupi mongwe a bontsha kanaanelo ya thuso e ntšha eno ya go ithuta Bibela go tswa kwa Ohio, kwa U.S.A., o ne a kwala jaana:

“Ka Seetebosigo ke ne ke sena dithuto tsa Bibela. Jaaka ke bua jaana, ke na le dithuto tse tharo tsa Bibela mme ke tla simolola e nngwe mo bogaufing. Dithuto tsotlhe tse tharo ke di tsamaisa ka kgatiso eno e ntsha. Ka boraro jwa tsone ke tsa ka metlha ebile di a kgatlhisa. Buka e araba dipotso tsa moithuti ka tsela e e tlhamaletseng le e e tlhaloganyesegang. . . . Ke ka seke ‘ke le leboge’ ka mo go lekanetseng go dira dithuto tsa Bibela go nna motlhofo go tsamaisiwa, ga mmogo le go akaretsa ntlha nngwe le nngwe e e tlhokafalang e e tlhokwang ke seithuti go amogela kanaanelo ya go ya go ile le e e omosang pelo ya ga Jehofa le phuthego ya gagwe.”

Gape se se supelang go tswelela pele ga buka eno ke lokwalo lo lo latelang: “Ke ne ka kgona go simolola dithuto tsa Bibela di le tharo mo bukeng eno mme seo ke se lemogileng ke gore buka eno e molemo thata mo bathong ba dingwaga tsotlhe. Ke na le thuto le mosadi wa dingwaga tse 83, gape le basetsana ba le babedi ba ba leng dingwaga tse 11 le mosadi yo mongwe gape wa dingwaga tse 50. Ke tshiamelo e kgolo go kopanela le phuthego e itseng seo tota se tlhokwang go thusa bontsi jwa batho go ithuta ka ga Jehofa le maikaelelo a gagwe ka ga lefatshe le setho sotlhe.”

E Tlhotlheletsa Go Utlwa Boammaaruri

Kwantle go go bona kitso e e nayang botshelo, motho o tshwanetse go letlanya botshelo jwa gagwe le dipatlafalo tsa boitsholo tsa Modimo fa e le gore o tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Buka ya Tshelela Ruri e thusa batho go dira seno. Ga se fela gore go neelwa ka kgakololo e e tlhamaletseng mabapi le diphoso tse di tshwanetseng go tilwa le gore ke jang di ka tilwang mme kgothatso gape e ya neelwa go dira se siameng. Ka tsela e e tlhamaletseng buka eno e rarolola ditsela tsa boferefere tsa ga Satane. Gape e tlhamalatsa ka mo go utlwalang ntwa e Mokeresete a tshwanetseng go e lwa go dira tshiamo.

Ka sekai, morongwa wa Basupi ba ga Jehofa mo Panama o kwala kaga lekawana le le neng le ntse le ithuta Bibela: “E ne ya re ka beke ya bofelo ya Phukwi a bona buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Mmaagwe o ne a mo e tseetse kwa Kopanong ya Kgaolo ya ‘Boammaaruri jwa Bogosi’ kwa Hawaii. Kwa Pokanong ya Tirelo ka Labone, Phukwi 29, o ne a mpolela gore o tlogetse go goga ka ntlha ya se a se boneng mo bukeng.

“E ne ya re ka Labotlhano kwa thutong ya gagwe ya legae ya Bibela ka mo kopa gore a mpontshe se se mo kgatlhileng thata. Setshwantsho se se mo tsebeng ya 131, seo se bontshang ditiro tse di kgalwang ke Modimo tse di tshwanetseng go tilwa ke babusiwa ba puso ya Modimo, se ne sa supiwa. O ne a re, ‘Bona, ditshwantsho tse pedi ka sekerete e le nngwe!’ Go tswa foo setshwantsho se se mo tsebeng ya 227 le boikitsiso jo bo mo tsebeng ya 226 mabapi le go bona thuso ka thapelo fa o raelesega go goga se ne sa tla mogopolong wa me. ‘Go ne ga nna fela jalo! Ke ne ka bolelela Sunshine [ngwananyana wa gagwe wa mosetsana] go re a latlhe disekerete tseo gone fela foo kwa ntle le tiego epe! Ka gone ka khutlisa go goga morago ga dingwaga tse 17! Bosigo jone joo fela re ne ra simolola thuto mo bukeng le ene. Buka e e maatla mo go kalo ga e a tshwanelwa go tlogelwa fela e le mo shelofong.”

Mo lokwalong lo longwe lwa kanaanelo motho mongwe o ne a kwala ka gore: “Ke ne ke batla go le lebogela fela buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Go bala kgatiso eo go ne ga nthibela go dira phoso e kgolo.

“Mongwe wa babereki-ka-nna o ne a nkatamela a nkopa gore ke tle kwa go ene go ya go itlosa bodutu nae. Ke ne ka itse tota gore motho yo o ne a gopotse eng mme ka ke ne ke tsietsegile le go ikutlwa ke raelesega, ga ke aka ka mo araba. Ka jalo motho yono o ne a go tlogela mo go nna mme a nthaya a re, ‘Kopana le nna fano ka 4 p.m. fa e le gore o batla go tsamaya.’

“Ka 3 p.m. ke ne ke ise ke be ke itse gore ke ne ke ya go dira eng. Ke ne ka itse gore seno se ne se tla ama jang kamano ya me le Jehofa, mme sengwe se ne sa tswelela go mpolelela gore ga go ke go diragale sepe. Ke ne ka itse gore ka go akanya ka gone go na le gore ke go tlose mo mogopolong wa me ke ne ka ikoafatsa go ya ntlheng ya go batla go ineela—mme ga se ka ga nna jalo ruri.

“E ne ya re bosigo jo re neng re bo tsoga, ka bo ke ne ke bala buka Tshelela Ruri mme ke ne ke kgatlhiwe thata ke kgaolo e e reng ‘Ntwa ya Go Dira Tshiamo’ le kgaolo e e buang ka ‘Thapelo.’ Mme kana, mo bukeng e go bolelwa gore nako ya go rapela Jehofa go bona nonofo ga se morago ga go dira sengwe se se phoso, mme ke ka nako e motho a ikutlwang a raelesega. Ka ke ne ke itse fa tota ke sena nonofo epe go ganana le go kopana le motho yono ka 4 p.m., ke ne ka ikuela go Jehofa go bona nonofo ya go gana. Ke ne ka mmolelela gore tota ke ikutlwa jang. Thapelo ya me e e tlhoafetseng ka boyone e ne ya nnonotsha. . . . Fa kwa bofelong ke ne ke kopana le modiri-ka-nna yono gape ke ne ke nonofile sentle go tsaya kgato ya Bokeresete e e tshwanetseng le eleng go mo neela bosupi. Ke lebogela gape kgakololo eo e e tlhamaletseng.”

E Kaela Ba Basha Phuthegong

Lefa go le jalo karolo e nngwe e e botlhokwa-tlhokwa e e akarediwang ke buka ke tlhokafalo ya go itse le go kopanela le phuthego e e bonalang ya Modimo. Modihedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa o ne a akgela mo go seno ka go re: “Go feta dingwaga tse 25 re ne re ntse re laiwa go ruta diithuti tsa Bibela tsa rona kaga phuthego, re iipha nako mo thutong nngwe le nngwe go ba tlwaelanya le karolo nngwe ya yone. Ke itumela thata go bo re na le karolo e e ntseng jalo e e tsenyeleditsweng mo thusong ya go ithuta; baboledi le diithuti ka go tshwana ga ba ka ke ba latlhegelwa ke yone jaanong!”

Ee, kgaolo 23, “Phuthego e e Bonalang ya Modimo,” e na le neelano e ntle e e bontshang gore fa e sale bogologolo Jehofa o nnile a dirisana le phuthego ka metlha. Mme buka ya Tshelela Ruri e tlhalosa tsamaiso ya phuthego e e bonalang ya segompieno ya Modimo, e kaela ba basha go ya lefelong leo la pabalesego. Ga go buisanngwe ka bokhutshwanyane fela ka nngwe le nngwe ya dipokano tse tlhano tsa beke le beke tsa Basupi ba ga Jehofa mme diithuti tsa Bibela di tlwaelanngwa le dithulaganyo tsa phuthego tsa dikopano tsa potologo le dikopano tse dikgolo.

E Otlelela Thero ya Bogosi

Motho o ka tswa a itse boammaaruri jo bo isang Paradaiseng ya selefatshe; a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo molemo; a kopanela le phuthego ya Modimo; lefa go le jalo o ka ne a se mo tseleng ya go amogela botshelo jaaka monni wa tsamaiso e ntšha ya tshiamo ya Modimo. Go tlhaela eng? Motho o tshwanetse gape a nna motshegetsi wa boammaaruri. O tshwanetse go nna moreri wa Bogosi! Buka ya Tshelela Ruri e tlhalosa ntlha eno ka tsela e e utlwalang sentle, e e nang le thuso. Ka sekai, mo tshimologong fela mo kgaolong ya bo-15, tlase ga setlhogwana “Go Ikanyega mo Pusong ya Modimo,” e re:

“Go bo Jehofa a tla tlhoka babusiwa ba gagwe go tshegetsa puso ya gagwe ya Bogosi ka boikanyegi ga go a tshwanela go gakgamatsa. Dipuso tsa batho le tsone le di tlhoka selo seo mo baaging ba tsone. Mme Modimo o lebeletse gore tshegetso e e ikanyegang e neelwe ka tsela efe e e kgethegileng? Ka gore babusiwa ba ona ba tseye dibolao ba tlhabanele bogosi jwa ona? Nnya. Go na le moo, jaaka Jesu Keresete le balatedi ba gagwe ba pele, ba tshwanetse ba nna babueledi kana baboledi ba ba ikanyegang ba bogosi jwa Modimo. (Mathaio 4:17; 10:5-7; 24:14) Ke thato ya ga Jehofa gore mongwe le mongwe a itse gore bogosi jwa gagwe ke eng le kafa bo tla rarabololang mathata a batho ka teng. A se o se ithutileng mo Lefokong la Modimo o se abetse ba-losika, ditsala le ba bangwe? Ke thato ya Modimo gore o dire jalo.”

E Dirise Go Thusa Ba Bangwe

Fela jaaka dikgatiso tse dingwe tsa Watch Tower tse di tlileng pele ga yone, buka eno e baakanyetsa ka boammaaruri jwa Bibela jo bo isang Paradaiseng ya lefatshe. O kgothalediwa go e bala le go e ithuta ka kelotlhoko. He e dirise go thusa ba bangwe go fitlhelela dipatlafalo tsa go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.

Ke ka ntlha yang o sa neele buka eno go bao o kopanang le bone mo tirong ya gago ya letsatsi le letsatsi, jaaka babaakanyi ba dilo kana baagelani ba gago ba ba tlang mo legaeng la gago? Kwa dikopanong tsa kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa selemo se se fetileng, babereki ba diotele, ga mmogo le batho ba bangwe ba ne ba bona buka mme ba botsa Basupi gore ba ka bona sekaelo jang. Ee, batho ba bone modiro le setlhogo se se utlwalang O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise mme ba bo ba batla buka. Ka jalo nna le dikaelo tse di oketsegileng go di tsamaisetsa batho jaaka sebaka se go bulegela. Se lebale ba-losika la gago. Ke ka ntlha yang o sa dire gore botlhe ba amogele sekaelo se le sengwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise eleruri e molemo mo go tsamaiseng dithuto tsa Baebele tse di ntšha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela