LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 8/1 ts. 13-19
  • Jaaka Masetlapelo a Lefatshe a Atamela—‘Akanyaka Jesu’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jaaka Masetlapelo a Lefatshe a Atamela—‘Akanyaka Jesu’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Akanya ka Jesu’
  • Tsholofelo mo Moperisiting wa Rona yo Mogolo
  • Mowetsi wa Tumelo ya Rona
  • Buka ya Bibela ya bo 58—Bahebera
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ntshang Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Kafa Jesu Keresete A ka Re Thusang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 8/1 ts. 13-19

Jaaka Masetlapelo a Lefatshe a Atamela—‘Akanyaka Jesu’

“Ba ga echo ba ba itshepileñ, . . . akanyañ Moaposetoloi le Moperisiti eo mogolo oa tumèlō ea rona, eboñ Yesu.”—BAHEBERA 3:1.

1, 2. Re ka solegelwa-molemo jang ke masetlapelo a bogologolo a a dirilweng segopotso mo Roma?

O KA bona mo Roma bosupi jo bo kwadilweng kaga masetlapelo—masetlapelo ao a tshwanetseng go nna le bokao jo bogolo mo botshelong jwa gago. Mo Patlelong ya Roma wa bogologolo go eme Kago e e Gogoropo ya ga Tito, e le segopotso sa go gapa le go senya Jerusalema ga ga General Titus ka 70 C.E. Setshwantsho se se mo kagong ya gogoropo se bontsha Bajuda ba ba leng ditshwarwa le masole a Baroma a a sikereng dithoto tse di thopilweng mo motseng wa bone.

2 Rona jaaka Bakeresete re ka solegelwa-molemo mo masetlapelong ao ka go tlhatlhoba kgakololo e e mo nakong ya Bibela e ka phepafalo e neng ya kwalwa dingwaga tse di ka neng di fera bongwe pele ga tshenyego eo. E mo bukeng ya Bahebera, eo moaposetoloi Paulo o neng a e kwalela Bakeresete ba Bahebera mo Jerusalema le Judea.

3. Ke eng se se dirileng boemo jwa Bakeresete ba Bahebera kwa Jerusalema go nna bokete?

3 Bakaulengwe ba rona morago koo ba ne ba le mo boemong jo bo bokete thata. Lefa Judea go ne go lebega e le kafa tlase ga taolo e e thata ya Roma, bontsi jwa Bajuda ba ne ba tsuolola. (Ditihō 5:36, 37) Akanya ka kgatelelo e e botlhoko e Bajuda ba ba ntseng jalo ba neng ba tla e baya mo balateding ba ga Jesu bao, ka go sa nneng “ba lehatshe,” ba ba neng ba se ketla ba ema Bajuda nokeng kgatlhanong le Roma. (Yohane 17:16) Se sengwe se se lerileng pogiso kgatlhanong le Bakeresete ba Bahebera e ne e le boikutlo jwa Bahebera jwa boikgodiso ka go bo ba ne ba tlhophilwe ke Modimo, ba tsentswe mo kgolaganong ya Molao le go fiwa tsela ya kobamelo e neng e kopanyeletsa baperisiti ba Balefi le ditlhabelo.

4. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka twe Jesu o ne a bonala kwa “bokhutloñ yoa metlha”? (b) Jesu o ne a bolelela pele eng mabapi le bokhutlo joo?

4 Lefa go ntse jalo, motlha wa Sejuda—ka ditsamaiso tsa one tsa ditlhabelo tsa tempele, baperisiti, meletlo, le Bosabata—o ne wa khutla e le lwantlha morago ga loso lwa setlhabelo lwa ga Mesia. (Bagalatia 3:24, 25; Bakolosa 2:13-17) Ka gone Paulo o ne a ka kwala gore Morwa Modimo o ne a bonadiwa jaaka motho “gañwe hèla mo bokhutloñ yoa metlha.” (Bahebera 9:26; 1:2) Bokhutlo joo bo ne bo tla akofa bo bonala kwantle le pelaelo, ka tshenyego ya tempele. Fa Jesu a ne a bolelela pele tshenyego eo, barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa, “Dilō tse di tla dihala leñ?” (Mathaio 23:37–24:3) Jesu o ne a fetola ka gore go ne go tla nna le dintwa, tlhaelo ya dijo, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa bolwetsi le tiro ya go rera ka Bogosi e e atologileng pele ga bokhutlo bo tla. (Mathaio 24:4-14; Luke 21:10, 11) Mafoko ao a ne a diragala mo losikeng lo lo neng lo le bogareng jwa boperofeti jo bo nnetsweng ke Jesu le Paulo go kwala Bahebera. Keresete o ne a bolelela pele gape ka Jerusalema ‘sepitla se segolo se se iseng se ke se nne e sale ka tshimologo ya lefatshe.’ (Mathaio 24:21) Pitlagano eo e e swafatsang e e neng ya tla mo Jerusalema ka 70 C.E. e ne e ka se lekanngwe le sepe mme ebile e ka se boelediwe mo motseng oo. Lefa go le jalo e ne e le tiragatso e potlanyana fela. Ka ntlha yang? Ka go bo “sepitla se segolo” se se akaretsang lefatshe la setho lotlhe se ne se tshwanetse go diragala mo isagweng e e kgakajana.

5. Ke jang go sa ntseng go tla nna le “sepitla se segolo” ka selekanyo se segolwane?

5 Mabaka a supela gore mafoko a boperofeti a ga Jesu a na le tiragatso e kgolo thata, e tona-tona, mo nakong ya “go tla [ga gagwej, le [ga] bokhutlō yoa lehatshe.” (Mathaio 24:3) Tshenolō kgaolo 6, e e kwadilweng masome a dingwaga morago ga sepitla sa Jerusalema, le yone gape e boleletse pele ka ntwa, leuba le bolwetsi. Seno se tla kopanyeletsa se se fetang Judea kgakala, ka go bo Tshenolō e boletse gore ntwa e ne e tla ‘tlosa kagiso mo lefatsheng.’ (Tshenolō 6:4) Ditiragalo tsa kgolokwe fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe I ka 1914 go fitlha go 1918 di bontsha gore re tshela mo bokhutlong jwa tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo, eo e tla fitlhelelang tlhora ya yone ka “sepitla se segolo.” Sepitla seno se tla tlosa boikepo mo lefatsheng, se baakanyetsa Paradaise tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo.

6. Ke eng se se supang gore buka ya Bahebera e ne ya kwalwa go akantswe ka motlha wa rona?

6 Buka ya Bahebera e supela go motlha wa rona. Mo go yone Paulo o kwadile ka gore Keresete ka nako eo o ne a le mo legodimong “go nna a lebèlèla go tsamaea baba ba gagwè ba dihwa sebeèō sa dinaō tsa gagwè.” (Bahebera 10:13) Buka eno e bua gape ka nako ya fa “[Modimo] gape, . . . o tlisa motsalwa pele oa ōna mo lehatshiñ.” (Bahebera 1:6) Seo ke jaanong! Bosupi bo bontsha gore Keresete o amogetse bogosi mme o ne a tsaya kgato kgatlhanong le baba ba Modimo kwa legodimong. (Tshenolō 12:7-12) Keresete o lebisitse tlhokomelo ya gagwe go banni ba lefatshe, a le gone ka go sa bonale. Ka jalo, jaaka Jesu a boleletse pele, e tla re gautshwane re lebane le go tlosiwa ga bofelo-felo ga baba ba Modimo mo kgolokweng ya rona. Ke kgakololo efe he, e Bahebera e re tsholetseng yone?

‘Akanya ka Jesu’

7, 8. Ke ka ntlha yang fa Bahebera ka tshwanelo e tlhomile mogopolo mo go Jesu?

7 Paulo o ne a tlhoma mogopolo bogolo thata mo go Jesu. O ne a kwala ka gore: “Me yana mo diloñ tse re di buañ, chobokanyō ea cōna ke e, go re, Re na le moperisiti eo mogolo eo o nntseñ yalo, eo o dutseñ kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa bogosi sa Borèna kwa magodimoñ.” (Bahebera 8:1) Ke ka ntlha yang fa kgakololo eo e ne e tshwanela bogolo go Bakeresete ba ba tshelang mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo?

8 Dipono tse di fapogileng kaga Jesu di sa le di nna teng bogologolo. Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ikgantsha ka gore ba ne ba tswa mo go Aberahame, ba ne ba na le bodumedi jo ba bo filweng ka Moshe, ebile ba na le baperisiti ba lotso lwa ga Arone. Ka jalo ba ka ne ba ile ba akanya jaana: ‘Jesu yono wa Nasaretha ke morwa mmetli wa Galalea fela.’ Ba ne ba kgala le eleng Morwa Modimo ba re ke Mosamaria yo o nang le diabolo. (Yohane 7:52; 8:39-41, 48; 9:24, 28, 29) Ka jalo, Modimo ka botlhale o ne wa kgothaletsa Bakeresete ba Bahebera go ‘akanya ka Jesu,’ ka go bo pono e e siameng, e e lekalekanang le kamano le Morwa Modimo di ne di tla thusa Bakeresete bao go ikanyega.

9. Ke eng seo se dirang kgakololo ‘akanya ka Jesu’ e tshwanela gompieno, mme ke kgatlhanong le kotsi efe re tlhokang go nna podimatseba?

9 Kgakololo ya bomodimo mo go Bahebera gape e na le thuso mo go rona ka go bo dipono tsa maaka kana tse di fapogileng kaga Keresete di sa ntse di ntse di le dintsi. Batho ba bantsi gompieno, go na le go nyatsa Jesu jaaka baganetsi ba Bajuda ba dirile, ba mmolela ka mo go feteletseng. Dikereke tsa bone di bolela gore Jesu ke karolo ya Modimo wa ditlhogo tse tharo le gore Rara, Morwa le Moya o o Boitshepo ba a lekana. Lefa go le jalo, ke mang yo ba tlhomang mogopolo wa bone thata mo go ene? Jesu. O kgaramelediwa kwa pele pele, mme Rara o kgophelwa kwa thoko-thoko. Seno se tsosa kgwetlho go Bakeresete ba boammaaruri. Mo go Yohane 14:28 Jesu o ne a re Rraagwe o ne a le mogolo, mme Pesalema 83:18 e bolela gore “wèna wesi eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.” Mme ga re a tshwanela go gogomoga ka ntlha ya dipono tse di fapogileng kaga Jesu mme ka go sa ikele tlhoko ra nyatsa boemo jwa gagwe jwa boammaaruri. Fela jaaka Bakeresete ba Bahebera, tekanyetso e e lekalekaneng le e e tlhomameng ya ga Jesu di tla nna le mosola o mogolo thata jaaka re lebana le isagwe.

10. Bahebera e bontsha eng kaga boemo jwa ga Jesu?

10 Buka ya Bahebera e simolola ka go tlhoma mogopolo mo boemong jo bo kwa godimo jwa ga Keresete. Jaanong ke moya o o galaleditsweng, “le sechwanō sebele sa bomodimo yoa ōna.” Seno ga se akantshe gore Rara le Morwa ke motho a le mongwe kana modimo o le mongwe, ka go bo Bahebera 1:3 e oketsa ka gore Jesu o ne a “dula kaha lecogoñ ye legolo ya Borèna [jwa Modimo Today’s English Version] kwa godimodimo.” Ditemana tse di jaaka Bahebera 2:10 le Heb 5:5, 8 le tsone gape di supa gore Jehofa o mogolo go na le Morwa. Gape, Keresete jaanong o na le “leina [boemo kana tlotlego] ye le gaisañ ya bōnè [baengele].”—Bahebera 1:4.

11. (a) Baengele ba Modimo ba tshwara Jesu Keresete jang? (b) Bahebera 1:6 e tshwanetswe go tlhalogangwa jang?

11 Fela jaaka baengele ba ba ikanyegang ba dira, le rona gape re tlhoka go lemoga boemo jo bo goleditsweng jwa ga Keresete. E tsopola go Pesalema 97:7 (Greek Septuagint Version), Bahebera 1:6 e re: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo ōbamèlè.” Jaaka dithanolo tse dingwe di tlhalosa seno, baengele “ba wela fa pele,” “ba khubama fa pele” kana “ba wa ka difatlhogo fa pele” ga Morwa.a Mokwalo o akantsha gore seno se raya gore le e leng baengele ba wa ka difatlhogo fa pele ga ga Jesu jaaka moemedi mogolo wa Modimo le Morwa yo o goleditsweng. Ba lemoga gore o “rwesicwe kgalalèlō le tlotlō ” ebile o filwe taolo godimo ga banni ba lefatshe ba ba tla tlang.—Bahebera 2:5, 9.

12. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa ka rona go tsaya-tsia mafoko a ga Jesu?

12 Seno se tshwanetse go re ama jang? Morago ga go bontsha bogolo jwa ga Keresete godimo ga baengele, Paulo o re: “Ke gōna, re chwanetseñ go tlhōkōmèla segolo thata dilō tse di utlwilweñ, e se re kgotsa ra di katogèlèla koñ.” (Bahebera 2:1) Jaaka Bakeresete ba Bahebera ba itsile, Bajuda ba ne ba tswa kgakala ka go boloka Lefoko la Modimo, kana Molao, o o neetsweng ka Moshe. Mme go botlhokwa bogolo jang jalo ka rona gore re tsee-tsia kaelo ya bomodimo e e baakanyeditsweng ka Jesu.

13. Bakeresete ba ka solegelwa-molemo jang ke go tlhokomela Jesu? Tshwantsha.

13 Go supela seno, gopola seo Jesu Keresete a neng a se bua kaga go tshaba fa Jerusalema a ne a dikanyediwa ke masole. (Luke 19:43, 44; 21:20-24) Baroma ba ne ba dikaganyetsa Jerusalema yo o tsuololang ka 66 C.E. mme ka kgakgamatso ba boa ka morago, ya re gone foo he Bakeresete ba simolola go tshaba mo motseng. Go tsaya-tsia ga bone Jesu go ile ga boloka matshelo a bone fa Baroma ba ne ba boa gape go tlisa masetlapelo ka 70 C.E. A re ithuteng thuto ka seno: Ka masetlapelo a lefatshe a a fa pele fela fa, ipotse: ‘A ke tsaya-tsia mafoko a ga Jesu ka tlhagafalo? Ka sekai, a nako e ke e senyang mo boitlosong bodutu, boikutlo jwa me tebang le tiro ya me kana kgwebo, kana pono ya me ka thutego ya lefatshe e supa gore ke tsere tsia mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 12:16-31?’

14. (a) Ke ka tsela efe Jesu eleng ‘Mosimolodi yo Mogolo wa poloko’? (b) Jesu o ne a ‘dirwa boitekanelo’ ka tlhaloganyo efe?

14 Bahebera 2:10 e bitsa Jesu ‘Mosimolodi Mogolo wa poloko.’ Seo se dira lwantlha mo kgannyeng ya Bakeresete ba ba tloditsweng bao eleng “bonnake” ba gagwe. (Bahebera 2:11-17) Mme botlhe bao ba solofelang botshelo mo lefatsheng la Paradaise le bone gape ba ikaegile mo go ene go bona poloko. Paulo o kwadile ka gore: “Leha a le Ñwana, leha go nntse yalo, a ithuta kutlō ka dilō tse o di bogileñ; Me e rile a sena go dihwa boitekanèlō, a cwa mosimolodi oa poloka e e sa khutleñ mo go botlhe ba ba mo utlwañ; A rèwa ke Modimo leina, go twe, Moperisiti eo mogolo.” (Bahebera 5:8-10) Legale, Jesu o ne a ntse a le moya o o itekanetseng, mme mo lefatsheng o ne a itekanetse mo mmeleng. Gape, ponong ya boikarabelo jwa gagwe jaaka moperisiti wa rona, Jesu o ne a tshwanelwa ke go itekanedisiwa ka tsela nngwe. Mo lefatsheng o ne a amogela thutuntsho—thuto, kotlhao le teko ya kutlo ya gagwe le eleng go ya losong—go mo dira boitekanelo jaaka moperisiti yo mogolo yo o kutlwelo botlhoko le yo o pelotlhomogi.

Tsholofelo mo Moperisiting wa Rona yo Mogolo

15. Ke ka ntlha yang fa re fitlhela go bolelwa mo gontsi thata ka baperisiti mo bukeng ya Bahebera?

15 Fa o bala Bahebera o ka bona gore e na le mo gontsi go go bolela ka baperisiti. Se ke go aga kutlwisiso ya rona le kanaanelo ya rona ka “Moperisiti eo mogolo oa tumèlō ea rona, eboñ Yesu.” (Bahebera 3:1) Paulo o tlhalosa gore: “Moperisiti eo mogolo moñwe le moñwe, ka a tseèwa mo bathuñ, o beèlwa batho mo diloñ tse e leñ tsa Modimo, gore a isetsè dibe dinèō le ditlhabèlō.” (Bahebera 5:1; 8:3) Bogolo jwa kgolagano ya Molao bo ne bo ikgarile mo ntlheng ya gore batho ke baleofi. Ke ka gone baperisiti ba neng ba ba isetsa ditlhabelo, bao le bone ba neng ba intshetsa ditshupelo go bipa dibe tsa bone. Lefa go le jalo, ditlhabelo tsa diphologolo tseo di neng di boaboelediwa nako le nako ga di a ka tsa fenya sebe kana tsa dira gore batho bape ba itekanele. (Bahebera 7:11, 19, 27; 10:1-4, 11) Se se supa gore kgolagano e ntšha e ne e tlhokafala, ga mmogo le setlhabelo se sesha le moperisiti yo mogolo yo mosha.—Yeremia 31:31-34.

16. Ke jang Jesu jaaka moperisiti a gaisang thata baperisiti ba Iseraele?

16 Keresete ke yo o ntseng jalo. A tshwantsheditswe ke Melekisedeke, yo losika lwa gagwe lo sa umakiweng mo Bibeleng, Jesu ga a ka a nna moperisiti ka go nna wa lotso lwa tlholego lwa ga Lefi kana Arone. Modimo o ne wa mo tlhoma ka tlhamalalo. (Bahebera 7:1-3, 15-17; 5:5, 6) Ka gone fa e le gore Modimo o amogela Jesu jaaka moperisiti yo mogolo, a re ka se ke re nne le tsholofelo e e tletseng mo go ene? Mo godimo ga moo, ga a ne a a swa mo bogaufing mme a tlhoke go emisediwa, jaaka go ne go ntse ka baperisiti tlase ga Molao. O ne a kgona go ntsha setlhabelo sa bofelo, mmele wa gagwe; o ne o itekanetse, mme setlhabelo se se kitla se nna le go boelediwa gape. Keresete moperisiti wa rona yo mogolo o ne a isa molemo wa madi a botshelo jwa gagwe kwa legodimong mme a o isa fa pele ga Modimo. O sa ntse a ntse a a le koo, a direla jaaka moperisiti wa rona.—Bahebera 9:24-28; 10:12-18.

17. Ke ka ditsela dife re thusiwang ka go nna le Jesu jaaka moperisiti yo mogolo?

17 Re ka nna le tsholofelo mo moperesiting wa rona yo mogolo jaaka re lebana le masetlapelo a a tlang a lefatshe. Ka go sa tshwane le ditlhabelo tsa Molao, setlhabelo se se itekanetseng sa ga Keresete se ka bipa dibe tsa rona ka botlalo. Go feta moo, se ka “tlhapisa segakolodi sa [rona] sa tlosa ditihō tse di shuleñ [tsa ditelekiso tse di boikepo tsa nako e e fetileng le maiteko ape fela a botho a go intlafatsa fa pele ga Modimo] gore [re] dihèlè Modimo o o tshedileñ.” (Bahebera 9:14; 10:1-4) Re tshwanetse go dumela gore, fa re le mo boemong jo bo bokete le tlase ga kgatelelo, segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo ke sa mosola o mogolo thata. (Bahebera 10:19-22) Ka ditsela tse dingwe gape, re ka itumelela go nna le Jesu jaaka moperisiti yo mogolo yo o nnetseng ruri mo legodimong.

18. Ke ka ntlha yang fa go ne go le molemo, ebile go le molemo, go itse gore moperisiti yo mogolo wa rona o pelotlhomogi?

18 Buka ya Bahebera e re tlhomamisetsa gore Keresete ke moperisiti yo o pelotlhomogi. O ka akanya fela ka diphetso le mathata tseo Bakeresete ba Bahebera ba neng ba lebane le tsone mo tikologong ya borata-naga ya Jerusalema jaaka ba ne ba ipaakanyetsa go tshaba, go tlogela magae a bone, ba-losika le mebereko. Lefa go le jalo ba ne ba se nosi. Paulo o ne a kwala: “Gonne moperisiti eo mogolo eo re nañ naè, ga se eo o sa kakeñ a añwa ke go utlwana le rona makōa a rona; me ke eo o kileñ a raèlwa mo diloñ cotlhe yaka rona, leha go nntse yalo a sena boleo. Ke gōna rona, a re atameleñ setuloñ sa bogosi sa tshegōhaco ka botlhōkapoihō, gore re tlè re amogèlè butlwèlō botlhoko, re bōnè tshegōhaco e e tla re thusañ mo motlheñ o go tlhōkwañ ka ōna.” (Bahebera 4:15, 16) Go sa kgathalege gore go tsoga teko ya mofuta ofe, “o nonohile go thusa ba ba raèlwañ.”—Bahebera 2:17, 18.

Mowetsi wa Tumelo ya Rona

19, 20. Jesu ke “mowetsi oa tumèlō ea rona” jang?

19 Tumelo ya rona e kopanyelediwa bogolo jaaka re ‘akanya ka Jesu.’ Morago ga go umaka “boleo yo bo bohehō go re rareètsa”—tlhaelo ya tumelo—Paulo o bua ka go leba ga rona ‘ka tlhomamo e kgolo go Mosimolodi yo Mogolo le Mowetsi wa tumelo ya rona, Jesu.’ (Bahebera 12:1, 2) Ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa-tlhokwa ka nako ya bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya jaanong?

20 Go tswa boperofeting jwa yone jwa ntlha mo go Genesise 3:15 Bibela e supela go Keresete. Ke ene kgang kgolo ya bogolo jwa se se boleletsweng pele le se se tshwantsheditsweng mo Bibeleng. Bontsi jwa dikarolo tsa Molao wa ga Moshe tse di umakiwang mo bukeng ya Bahebera e ne e le “moruti hèla oa dilō tse di molemō tse di ne di tla.” (Bahebera 9:23; 10:1) “Me mmele ke oa ga Keresete.” (Bakolosa 2:17) Ee, botsalo jwa ga Jesu, bodihedi jwa gagwe mo lefatshing, loso lwa setlhabelo, tsogo le tirelo ya boperisiti mo legodimong di tlisa botlalong, kana boitekanelong, dipolelelopele, mekgwa le metlhala mabapi le dilo tseno.

21. Ke ka tlhaloganyo efe e nngwe gape Jesu a leng “mowetsi oa tumèlo ea rona” gompieno?

21 Lefa Paulo a ne a ka lemoga Keresete jaaka “mowetsi wa tumèlō ea rona,” re na le lebaka le le oketsegileng la go dira jalo gompieno. Re bona tiragatso e kgolo ya mafoko a ga Jesu kaga ‘sesupo sa go tla ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.’ (Mathaio 24:3) Ka jalo tumelo ya rona e na le motheo o o nitameng bogolo. Poloko ‘mo lobopong lo lo tlang’ le yone gape e atametse go feta mo motlheng wa ga Paulo. Ka jalo he, a re tsweleleng go akanya ka Jesu, Mowetsi wa tumelo ya rona, re na le tsholofelo ya gore Modimo “e bile [ke] ona moduedi oa ba ba o batlañ” ka tumelo. (Bahebera 2:5; 11:6) Jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha, buka ya Bahebera e ka re thusa go nna le tumelo e e tlhokafalang le pono ya Bokeresete go nna mo boemong jwa go amogela tuelo e e hakgamatsang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Paulo o ne a dirisa lefoko la Segerika proskynéo, leo The Greek-English Lexicon of the New Testament (Bauer, Arndt, Gingrich) e reng le ne la “dirisiwa go supa mokgwa wa go wela fa pele ga mongwe ka mangole le go mosuna maoto, lokoja lwa seaparo, le mmu.” (1 Samuele 24:8; 2 Dikgosi 2:15) Go ka nna gape ga supa “kobamelo,” e le gone kafa Dibibela tse dingwe di balegang ka gone mo go Bahebera 1:6. Fa e le gore e ke yone tlhaloso e e e tshwanetseng, go le bega ka phepafalo e raya kobamelo e e lekanyeditsweng, kobamelo ya ga Jehofa Modimo e ya go ene ka Morwawe yo o galaleditsweng.—Bapisa Tshenolō 14:7; The Watchtower ya November 15, 1970, ditsebe 702-704.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Boemo jwa rona bo tshwana jang le jwa Bakeresete bao ba kwaletsweng lokwalo lwa Bahebera?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tlhoka go nna le pono e e lekalekaneng ya ga Jesu le go tsaya-tsia mafoko a gagwe?

◻ Ke ka ntlha yang fa Bahebera e na le mo gontsi go go bolela ka ditlhabelo le baperisiti?

◻ O ikutlwa jang ka Jesu jaaka Moperesiti yo Mogolo le Mowetsi wa tumelo?

[Lebokoso tsebe 15]

BOIKOBELO kana KOBAMELO

Mo go Bahebera 1:6 lefoko la Segerika proskynéo le ka raya:

1. Go ikobela ka tlotlo, jaaka ‘go khubamela’ Jesu jaaka ene yo Jehofa Modimo a mo tlotlileng le go mo galaletsa

2. Go obamela Jehofa Modimo ka moemedi wa gagwe yo mogolo, Morwawe Jesu

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Jesu o ne a ntsha setlhabelo se se molemo wa go ya go ile go feta tseo di neng tsa ntshiwa ke baperesiti kwa tempeleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela