LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 8/1 ts. 5-8
  • Metlha e e Bosula, Lefa Gone e le Metlha e e Molemo-lemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Metlha e e Bosula, Lefa Gone e le Metlha e e Molemo-lemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motlha wa Rona—Losika lo lo Tshwailweng
  • Se Sotlhe Se Raya Eng
  • Ditsholofetso tsa Modimo
  • Melemo le Eleng Jaanong
  • Phediso ya Lefatshe e e Boleletsweng Pele E Tla Tla Leng?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Tsamaiso ya Jaanong E Tla Nama E Diegile Goleele Go le Kae?
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Metlha ya Bofelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Kafa re ka Bonang ka Teng Gore Haramagedona e Atametse
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 8/1 ts. 5-8

Metlha e e Bosula, Lefa Gone e le Metlha e e Molemo-lemo

CHARLES DICKENS o ne a simolola buka ya gagwe ya ditiragalo A Tale of Two Cities, ka ga Mekubukubu ya Fora, ka tlhaloso e: “E ne e le metlha e e molemo-lemo, e ne e le metlha e e bosula.” Ka gone a leka go supa khuduego ya motlha, gammogo le tsholofelo ya go bo diphetogo tse di botlhokwa mo ditiragalong di ne di diragala.

Mme mo leseding la seo re se etseng tlhoko mo setlhogong se se fetileng, metlha ya rona, ka ditsela tse dintsi, le ka mo go tshwanelang tota e ka bidiwa “metlha e e bosula.” Lefa go ntse jalo, a motlha wa mathata a magolo ka nako e e tshwanang o ka nna lebaka la boipelo? A ruri-ruri e ka nna “metlha e e molemo-lemo”? E, fa e le gore re itlhomamiseditse gore eleruri malatsi a a botoka a kwa pele.

Jaaka re bone, ka ditsela tse dintsi lefatshe jaanong le raletse metlha e e botlhoko. Me go na le lebaka le le utlwalang go dumela gore kgololo ya setho e gaufi—kgololo go tswa bokebekweng, lehuma, ntwa, bolwetsi. Bibela e tshotse tsholofelo e e ntseng jalo. Lefa go le jalo, go dira tsholofelo eno go nna ya rona, re tlhoka go kgetholola motlha wa nako e re tshelang mo go yone mme re ithute go tswa Dikwalong tse di Boitshepo go re ke tsela efe e re tshwanetseng go e latela.

Motlha wa Rona—Losika lo lo Tshwailweng

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, baaposetoloi ba ga Jesu lwa ntlha ba ne ba solofetse gore o tla tsaya puso mo Iseraele jaaka Mesia yo o solofeditsweng. Fa ba ne ba bona gore go emelela ga ga Jesu go ne go le gaufi, mme lefa go le jalo ditebelelo tsa bone di sa diragadiwa, ba ne ba mmotsa ka ga go boa ga gagwe: “Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” (Mathaio 24:3) Boperofiti jo Jesu o neng a bo neela fa a fetola bo ne jwa seka ja diragala ka botlalo mo lekgolong lantlha la dingwaga. Mme moragonyana mekwalo e e tlhotlheleditsweng e ne ya supela go tiragatso e kgolo mo ditiragalong tsa moragonyana. (Tshenolō 6:2-8) A e ka nna mo motlheng wa rona?

Jesu o ne supa gore go ne go tla tlhoka tlhaloganyo go lemoga lobaka lo lo boleletsweng pele, ka go bo a ile a tlhagisa barutwa ba gagwe gore bontsi jwa batho bo ne bo se kitla bo lemoga ditiragalo tse di botlhokwa tse di diragalang. A dirisa Morwalela wa kgolokwe wa motlha wa ga Noa jaaka setshwantsho, Jesu o ne a re: “Me yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo. . . . Me ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe.”—Mathaio 24:37, 39.

Ke ka eng batho ba tla lemogang “go tla” ga gagwe mme ka gone ba tsee dikgato go tila go tlosiwa ka tshenyego e e tshwananang le ya bontsi jwa motlha wa ga Noa? Jesu o ne a neela “seshupō” sa boperofiti se se akaretsang se se begilweng mo Diefangeleng. A re boneng fa e le gore a “seshupō” seno se a bonala gompieno, mme fa go ntse jalo, se bolelela pele eng.

NTWA YA MERAFE-RAFE—KOKETSEGO YA BOIKEPO: “Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi.” (Luke 21:10) “Boikèpō bo tla bo bo ntsihetse.”—Mathaio 24:12.

Dintwa tse dintsi di diragetse fa e sale 1914, go akareletsa le tse pedi mo selekanyong sa kgolokwe. Le eleng go ne jaana masole a a ka nnang sedikadike le balwela-kgololesego ba tlhagafetse, mme makawana a a fetang 100 a a bolawa letsatsi le letsatsi, go ya ka New Zealand Herald. Bokebekwa gape le jone boa gola, jaaka gongwe ka maswabi o ka bo o itse. Mokwala-dikgang Anthony Lewis morago jaana o etse tlhoko: “Go tswa mafatsheng a a tsielegileng jaaka Britain . . . le Soviet Union go na le dipego tsa koketsego ya bothubaki jwa bokebekwa le go sa kgone ga babusi go emelana le jone.”

DITHOROMO TSA LEHATSHE: “Dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe.”—Mathaio 24:7.

Lefa go ile ga nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo mo dipakeng tse dingwe mo makgolong a dingwaga, motlha wa rona o tshwaega thata mo ntlheng eno. Dithoromo tsa lefatshe di ile tsa nna dintsi mo masomeng a dingwaga a sekae a a fetileng. Go tloga ka 1970 go ya go 1979, palo-gare ya batho ba ba 80 000 ngwaga le ngwaga e ne ya latlhegelwa ke matshelo a yone mo dithoromong tsa lefatshe. Palo eno ga e akareletse le eleng kudumedi ya 1976 mo China, koo go ya ka diphopholetso dingwe, batho ba ba 800 000 ba neng ba latlhegelwa ke matshelo a bone!

MEBOPAMO—MALWETSI: “Le mo maheloñ mañwe le mañwe go nne mebopamō, le dikgogodi tsa bolwetse.”—Luke 21:11.

Go ya ka UNICEF, bana ba le didikadike tse 12 ba ne baa swa ke tlala go kgabaganya lefatshe ka 1979. Mo Afrika ngwana a le mongwe mo go ba bararo o a motega ke tlala go fitlhelela a a swa. Bolwetsi le bone bo tswelela pele go lere tlhokofatso lefatshe ka bophara. Bana ba le dikete di le makgolo matlhano ba a swa ngwaga le ngwaga ke mmokwane, mme bilione ya batho e tlhasetswe ke malwetsi a dikgwa. Ga se gore bao ba mo mafatsheng a a tlhabologileng ba ka ikutlwa ba bolokesegile, ka go bo koo kankere, malwetsi a pelo le a dikobo a gatlampola dimilione.

BOSUPI JWA LEFATSHE KA BOPHARA: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe.”—Mathaio 24:14.

Mo nakong ya dikgwedi tse 12 go tloga Lwetse 1981 go fitlha Phatwe 1982, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba senya dioura tse di fetang dimilione tse 384 ba anamisa mafoko a a molemo le go ruta batho boammaaruri jwa Bibela. Badihedi ba ba fetang didikadike tse pedi ba ne ba rera mo dinageng tse 205 le ditlhake tsa lewatle.

Se Sotlhe Se Raya Eng

Morago ga go bolelela pele ditiragalo tseno tse di farologaneng, Keresete o ne a senola bokao jwa tsone:

“Bōnañ setlhare sa mofeige, le ditlhare cotlhe: E re ha yanoñ di tlhoga, loa se bōna, me loa itse ka losi ha letlhabula le setse le atametse. Hèla yalo le lona, ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse. Amarure, kea lo raea, Losika lo, ga lo ketla lo heta go tsamaee dilō cotlhe di dihale pele.”—Luke 21:29-32.

Tiragatso ya sotlhe seo Jesu a se tlhalositseng e ne e tla bopa “seshupō,” e supa bogaufi jwa Bogosi jwa Modimo ka mo go sa fosegeng fela jaaka ditlhare ‘fa di tlhoga’ di bolela kgorogo ya selemo. Mme dilo tseno di ne tsa simolola go diragala leng?

A akgela ka tiragalo e e neng ya fetola sebopego sa lefatshe, ra-itsholelo wa Fora Alfred Fabre-Luce o ne a re: “Ntwa ya 1914 e ne e le tshimologo ya thoromo e neng ya tsala ditlalelo tse di santseng di re tlhasetse le gompieno.” Boraditiragalo ba bangwe ba bantsi le babusi ba lefatshe ba ile ba dumela gore motlha o mogolo wa phetogo e kgolo o ne wa simolola ka 1914 fa Ntwa ya Lefatshe I e ne ya simolola. Ka mo go kgatlhisang, Pius IX, mopapa go tloga ka 1922 go fitlha go 1939, o ne a lemoga gore ditiragalo tse di diragetseng fa esale go tloga 1914 e ne e le “sesupo sa metlha ya bofelo, jaaka se se neng sa bolelwa ke Morena wa Rona.” Jaaka re bone, ditiragalo tse di farologaneng tse di boleletsweng pele mo boperofiting jono di tswelela pele gompieno. Ka gone re na le lebaka le le molemo go dumela gore losika lo lo ileng lwa bona matshwenyego a ntlha ka 1914 mme le santse le emelwa ke batho ba ba tshelang gompieno le tshwanetse go nna lone lo lo tla bonang tiragatso ya bofelo ya boperofiti jono.

He, boikutlo jwa rona e tshwanetse ya nna eng jaaka “losika” lono lo gola? Ga re a tshwanela go ineela mo go kgobegeng marapo kana go nna le pono esele. Gona le moo, re tshwanetse go tsaya-tsia kgakololo e Jesu a e neileng morago ga go tlhatlhamisa dikarolo tse di farologanyeng tsa “seshupō.” O ne a re: “Me e tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamela.” (Luke 21:28) Re ka nna le boikutlo jo bo ntseng jalo fa re itse gore isagwe e e fa gaufi e re tsholetseng tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo.

Ditsholofetso tsa Modimo

Bantsi ba ikutlwa gore matshwenyego a bone a gompieno a ne a tla fokotsega fa ba ne ba ka bereka mo ditikologong tse di iketlileng le polokesego. Dikwalo ga di kgophele kwa thoko mogopolo o o ntseng jalo. Baporofeti ba ba jaaka Isaia ba boleletse pele maemo a a molemo a a tla kgonisang motho go ipelela botshelo jaana: “Ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a aōna. Ga ba ketla ba kgokgolèla lehèla, leha e le go tsalèla thekisègō bana.”—Isaia 65:21, 23.

Lefa go ntse jalo, Dikwalo bogolo jang di gogela tlhokomelo go lebaka la gore masego go tswa go Jehofa a tla akareletsa gape ao a sebopego sa semoya. Batho ba tlhoka se se fetang boiketlo jwa dilo tse di bonalang. Re tlhoka go tlotla melao-metheo ya lorato le tshiamiso le go tshela le ba bangwe bao ba tlotlang melao-metheo eo. Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa tikologo e e eletsegang e e ntseng jalo mo lefatsheng, e kgonisa batho ba dipelo tse di ikanyegang go itumela ka botlalo. Moporofeti yo o setseng a umakilwe fa godimo o oketsa ka go re: “Gonne ea re ha ditshiamishō tsa gago di le mo lehatshiñ, banni ba lehatshe ba tle ba ithute tshiamō.”—Isaia 26:7-9.

Bogosi jwa Modimo bo tla fitlhelela sengwe se go seng puso epe e ka se fitlhelelang, e leng, kgololo ya setho go tswa sebeng le matswela a sone: ditatlhego, bolwetsi le loso. Fa Modimo o fitlhelela seno ka Jesu Keresete, botlhe bao ba ratang le go dira tshiamo ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—Yohane 3:16.

Melemo le Eleng Jaanong

Ga re a tshwanela go tlodisa matlho lebaka la gore boitumelo jo bo senang selekanyo bo gone jaanong ka go tshela ga rona tumalanong le maikaelelo a Modimo. Dilo tse di maswe tse di diragalang mo lefatsheng di tlwaelegile go botlhe le go sa tlise boipelo go bone. Lefa go le jalo, fa re tlhaloganya bokao jwa tsone mme ka gone re lemoga “seshupō,” re ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang metlha ya rona ka tsela e nngwe e le tekeletso ya metlha e e molemo-lemo, ka go bo re tla iponela go tsenya ga Modimo letsogo, a tlisa tharabololo ya go ya go ile ya mathata a setho.

Lefa re tshela gareng ga lefatshe leno le le tletseng matshwenyego, Basupi ba ga Jehofa ba kgona go bona melemo e le wena o ka e bonang. Kitso ya bone ya melao ya Modimo e ba baakanyetsa ka tshireletso ya boitsholo le go ba kgonisa go tshela matshelo a a lekalekantsweng. Ba na le kagiso ya mogopolo e e tswang mo tsholofelong e e theilweng mo ditsholofetsong tsa bomodimo, gammogo le boitshwaro jwa bomodimo. (Pesalema 119:165; 1 Timotheo 4:8) Gape, go tla nna le kgololo fa Keresete a senya baba ba Modimo mo isagweng e e fa gaufi le go bula sebaka sa go amogela masego a go ya go ile a Modimo.—Sefania 2:2, 3; Pesalema 29:11.

[Setshwantsho go tsebe 6]

Fa e le ka metlha ya rona, Jesu o ne a re re ka ithuta ka setlhare sa mofeige

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela