LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 8/1 ts. 3-5
  • A Metlha Ya Rona Ruri-Ruri E Farologanye?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Metlha Ya Rona Ruri-Ruri E Farologanye?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgotlelo
  • Kgotlhagano ya Batho
  • Dibetsa
  • Kgotlelo—E Bakwa Ke Mang?
    Tsogang!—1990
  • A Batho Ba Ka Tlisa Kagiso ya Go ya Go Ile le Polokesego?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Re Atlegile go le Kana Kang go Namola Tikologo?
    Tsogang!—2003
  • A Saense e ka Lepalepana le Dikgwetlho tsa Lekgolo la Bo21 la Dingwaga?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 8/1 ts. 3-5

A Metlha Ya Rona Ruri-Ruri E Farologanye?

A TLHALOSA boemo jwa lefatshe jwa gompieno, ra-itsholelo wa mo-Amerika Peter F. Drucker o ne a re: “Ga go ope yo o tlhokang go bolelelwa gore motlha wa rona ke motlha wa dipharagobe tse di sa feleng. Ga go ope yo o tlhokang go bolelelwa go re kgang kgolo e re lebaneng le yone mabapi le isagwe ya motho ga se gore e tla nna eng, mme gore a gone e tla nna teng.”

Mangwe a mathata a a dirang gore batho ba bantsi ba ipotse fa e le gore a setho sena le isagwe epe ke afe? Ke dikotsi dife tse di farologanyang metlha ya rona mo dikokomaneng tse di fetileng?

Kgotlelo

Phefo mo ditoropong tse dikgolo tse dintsi e ile ya nna kotsi mo botsogong. Mawatle, matsha le dinoka di kgotletswe ka leswe la madirelo, leo le senyang ditlhapi tse re di jang. Moya wa loapi o o sireletsang wa “ozone” o gomagomediwa ke dikese tse di leswe. Ka mo go utlwalang he kgotlelo ke lebaka le le tshwentseng merafe-rafe. Phuthego ya Organization for Economic Cooperation and Development (OECD) e ne ya begiwa mo koranteng ya letsatsi le letsatsi ya Fora Le Monde: “Go tloga ka 1965 go ya go 1975 tikologo e ne ya welwa ke tshenyego e e maswe. Le eleng fa re ka leba go wela tlase ga itsholelo jaaka gone mo thata go iketlisang kgolo [ya madirelo], tikologo ya tlholego e tla tswelela e senyegela pele mo dingwageng tse di tla tlang fa tshireletso e sa tiisiwe.”

Bangwe ba iphaka gore kgotlelo ga se sepe se sesha. Fa ele gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa difikantswe tse di ileng tsa nna dikete tsa dingwaga ka bofefo dile mo kotsing? “Letsatsi le letsatsi phefo e e kgotletsweng mo Athens e kgona go senya se masole a Turkey a neng a palelwa ke go se senya ka nako ya fa ba ne ba gapile Gerika dingwaga tse 400. Ka iketlo ka iketlo dimmabole di ntse di tlhotlhorega.”—Paris Le Figaro.

Kgotlhagano ya Batho

Mabaka a mangwe a tswelela go raraanya boemo mo selekanyong sa lefatshe ka bophara. Makasine wa boitseanape wa kgwedi le kgwedi wa Fora Science et Vie (Boitseanape le Botshelo) o ne wa bolela seno mo kgannyeng ya kgolo ya batho le katologo ya dikaka: “Palo ya batho mo lefatsheng e tla oketsega go tloga go dibilione tse nne go ya go tse thataro ka ngwaga wa 2000, lemororo naga e go lengwang mo go yone e tla fokotsega ka 30 lekgolong mo nakong e e tshwanang, ka ntlha ya go lengwa mo go feteletseng ga naga . . . le go agiwa ga ditoropo. Boikaelelo jo bo tsamaelang magongwe mo ditshekamelong tseno tse pedi bo baakanyetsa tsela ya boemo jo bo tla boitshegang.”

Go boammaaruri, palo ya batho e ile ya wela tlase mo dinageng dingwe tsa Bophirima le Mafatsheng a a Tlhabologang mangwe. Lefa go le jalo, go ya ka batlhalefedi ba dilo, kgotlhagano ya batho e tla tswelela pele go fitlhelela bobotlana bogareng jwa lekgolo la dingwaga le le tlang, ka go bo mo dinageng tse dintsi go gola ga batho go ntse go oketsega go bile go tla tswelela go oketsega. Bontsi-ntsi jwa dinaga tse di tlhabologang bo gareng ga mafatshe a a tletseng thata ka batho ba bantsi-ntsi. Kgotlhagano ya batho e tshwaya metlha ya rona jaaka e ruri-ruri e farologaneng le e e fetileng.

Dibetsa

O ka tswa o itse gore bontsi bo tshositswe ke kgaisano ya dibetsa. Didikadike tsa ma-Yuropa a tsenwe ke tsebetsebe ka go tshela gaufi le dibetsa tsa dimisaele tse di mo dinageng tsa Botlhaba kana go nna le dibetsa tsa dimisaele tsa U.S. mo mafatsheng a bone. Mme go sa kgathalege gore o tshela kae mo lefatsheng go na le lebaka la go amega ka ga dibetsa tse dinnye kana tse disenyang bogolo, dibetsa tse di bolau kana dikotsi tse di tlhagang mo mapotieleng (satellites) kana ditshipi tse di dikologang mo lefaufaung. Go feta moo, batlhalefedi ba dilo bangwe ba tsaya dingwe tsa dibetsa tseno jaaka seemo se sesha sa tshukatshukano e e boitshegang. Boikutlo jwa go nna kotsing jo e bo tlhagisitseng bo ka gogela morafe go bona go o siametse gore e nne one o tlhaselang pele.

Ipotse: A dikokomana tse di fetileng di nnile le maatla a a ntseng jalo a go ka senya bontsi jwa banni ba lefatshe mo metsotsong e se mekae fela? Kana a eno ke karolo e e supegang fela mo motlheng wa rona?

Dikotsi tse di ntseng jaaka tse re di umakileng di tsosa maitshwaro a a farologaneng, bogolo jang mo mafatsheng a a tlhabologileng. Banni bangwe ba bopa dikomiti go tlhabantsha kgotlelo; ba bangwe ba batla polokesego ka gotlhe mo ba ka go kgonang ka go itlhomelela ka dibetsa, go ikagela megotswana ikage kana le eleng go batla botshabelo mo dikgaolong tse di kwa thoko. E akgela ka mofuta ono wa bofelo, International Herald Tribune e ne ya re: “Ditlhopha tse dipotlana mme lefa go le jalo di gola tsa Maamerika di tlhomelela ka dibetsa le go ithuta kafa di ka bolayang ka go bo ba tlhatswegile pelo gore tsamaiso ya loago e a senyega le gore ba tla tshwanelwa ke go itebalebela gore ba falole.” Batho ka bongwe mo mafatsheng a mangwe gape, ba ithuthuntsha ka dibetsa—basadi gammogo le banna.

Mme go ka nna le mofuta o mongwe wa kotsi o o ka nnang bokete go e falola kana go dirisana le yone—go wela tlase ga itsholelo. Go na le didikadike tse di tlhokang mebereko mo mafatsheng a Bophirima, fa merafe ya Botlhaba e na le mathata a mangwe a itsholelo. A ga o bone matswela a tlalelo a itsholelo mo o tshelang gone? Boa-phelong jwa 1980 tona-kgolo ya pele ya Fora Raymond Barre o ne a bolela seno ka itsholelo ya lefatshe: “Se ke . . . tlhakantsuke ya lefatshe. Ga e ne e tsaya nako e khutshwane kana e kokobela fela, mme ke senna foo ebile e tla nwela kwa teng.” Ra-tsaitsholelo Samuel Pisar o ne a re: “Sengwe le sengwe se tswelela go supa le go rurifatsa lebaka la gore re gaufi le go tloga re nyelela. Mathata a rona ga a nyalane ka gope le a dingwaga tse di 40 tse di fetileng, mme seno se tla godisa tlalelo ya rona fela.” Ka jalo o ka retologela kae mo metlheng eno e e farologaneng mo go kalo?

Bogologolo tala Jesu Keresete o ne a bua ka motlha o gareng ga dilo tse dingwe o tla supiwang ke “pitlagano ea merahe, e rarañwa.” (Luke 21:25) Re thulane le ditiragalo tseno tse di farologaneng, re tshwanetse go dumela gore mafoko a gagwe a tshwanela metlha ya rona, metlha e e farologaneng mo go kalo le epe e e neng e le pele ga rona. Lefa go ntse jalo, fa e le gore Jesu o ne a lebisa go motlha wa rona, tota go rayang mo go rona? A dilo tseno tsotlhe eleruri di supa gore phetogo e kgolo e gaufi? Setlhogo se se latelang se tla go thusa go araba dipotso tseno.

[Setshwantsho go tsebe 3]

Kgotlelo

Kgotlhagano ya Batho

Dibetsa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela