A O Mongwe Yo Modimo O Tla Mo Tlhophang?
“Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ dinyana ke lehatshe, gore o tlhabisè ba ba botlhale ditlhoñ.”—1 BAKORINTHA 1:27.
1. Ke ka ntlhayang fa ba le bantsi ba tlhophile go nna dieleele mo matlhong a lefatshe?
A O KA tsaya tiro nngwe jaaka e e seng botlhokwa ntswa o e itse e ntse jalo fela ka go bo ba bangwe ba e tsaya jaaka boeleele fela le jaaka sesupo sa bokoa? Legale, ga go ope yo o ratang go kaiwa jaaka sematla kana matlhogole—lefa e le ene ngwana tota. Mme a re re gongwe tiro eno e e botlhokwa e ne e abilwe ke motlotlegi yo mogolo fela thata. A o ne o ka se ikemisetse go ingotlahatsa le go amogela kabelo eo? Dimilione tsa batho go kgabaganya ditiragalo di ile tsa dira fela jalo. Ke tiro efe eo bano ba e amogetseng, mme ebile kabelo eno e dule kwa go mang? Karabo e fitlhelwa mo lekwalong la ntlha la ga Paulo go Bakeresete kwa Korintha wa bogologolo.
2. Ke tiro efe eo e tsewang e le dinyana ke lefatshe?
2 Fa a ne a tlhagisa Bakeresete koo gore ba se thaele kobamelo ya bone mo go seo fela se neng se tumile, Paulo o ne a kwala a re: “Gonne lehoko ya mokgōrō ke dinyana mo go ba ba senyègañ; me mo go rona ba re bolokwañ ke nonohō ea Modimo. Gonne go kwadilwe, ga twe, Ke tla senya botlhale yoa batlhale, le matsetselekō a ba ba ikèlèlèlañ ke tla a gana. Motlhalehi o kae? mokwadi o kae? moganedi oa lehatshe yeno o kae? a Modimo ga oa ntsha botlhale yoa lehatshe dinyana hèla? Gonne e rile ka lehatshe ka botlhale yoa yeōna le se ka ya lemoga Modimo mo botlhaleñ yoa Modimo, ga kgatlha Modimo go boloka ba ba dumèlañ ka dinyana tsa thèrō.”—1 Bakorintha 1:18-21.
3. Ke molaetsa ofe, o lefatshe le o tsayang jaaka dinyana o o Modimo a ikaeletseng gore o rerwe lefatshe ka bophara?
3 Go bao go neng go twe ke batlhale le ba ba matsetseleko ba lefatshe polelo ka ga go tsholola ga ga Keresete madi a gagwe a botshelo mo thupeng ya tlhokofatso ke dinyana hela. Ba sotla ka mogopolo wa gore fa go bontshiwa tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete go ka ipelelwa botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong e ntšha ya tshiamo. Gore Keresete o tsositswe mo baswing mme jaanong ke Kgosi e e nonofileng ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo; mo go bone, ke ditoro fela. Mme gone Modimo Mothatayotlhe o ikaeletse gore molaetsa ono wa gagwe o o omosang pelo o itsisiwe lefatshe ka bophara. Jalo go mongwe le mongwe yo o nang le go nna motlhanka wa gagwe o ntsha kabelo ya gore go rerwe mafoko a a molemo a Bogosi jwa gagwe. E re ka jaana molaetsa ono wa gagwe o tshwanakana fela le dinyana mo batlhaleng le mo go ba ba matsetseleko ba lefatshe, ke bomang bao Modimo a ba dirisang go o rera? Reetsa karabo e e tlhotlheleditsweng go tswa go Lefoko la Modimo ka sebele:
4. (a) Ke bomang ba Modimo o ba dirisang gore ba rere molaetsa wa gagwe? (b) Ke phelelo efe eo go tlhopha ga gagwe batho ba ba ntseng jalo go nang le yone mo batlhaleng ba lefatshe?
4 “Gonne ba ga echo, a lo ko lo lebeñ go bidiwa ga lona, yaka go se bantsi ba ba botlhale kaha nameñ, go se bantsi ba ba nonohileñ, go se bantsi ba ba tlotlègañ, ba ba bidicweñ: Me Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ dinyana ke lehatshe, gore o tlhabisè ba ba botlhale ditlhoñ; e bile gapè Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ bokōa ke lehatshe, gore o tlhabisè dilō tse di nonohileñ ditlhoñ; Le tse di kaiwañ matlakala a lehatshe, le dilō tse di nyatsègañ, Modimo o di itshenketse, E, le dilō tse di seeoñ, gore o nyeletsè dilō tse di eoñ: Gore go se ka ga ikgantsha nama epè ha pele ga Modimo.”—1 Bakorintha 1:26-29.
5. Ke eng seo se tlhomamisang fa e le gore a o mongwe yo Jehofa o tla mo tlhophang gore a mo dirise?
5 A o mofuta wa motho yo Modimo o tla mo tlhophang go dira tiro eo a batlang e dirwa mo lefatsheng gompieno? Fa go ntse jalo, go raya gore o tshwanetse wa bo o ipaakanyeditse go lejwa jaaka seeleele ke lefatshe. “Botlhale yoa lehatshe yeno ke dinyana mo Modimoñ,” Bibela e bolela jalo. (1 Bakorintha 3:19) Jalo go nna motlhanka wa ga Jehofa Modimo yo o atlegileng o tshwanetse wa bo o ikemiseditse go tswelela mo tseleng eo e tla go dirang gore o bonale jaaka seeleele go ya kafa ponong ya lefatshe. A go na le dikai dingwe mo ditiragalong tsa go bontsha gore batlhanka ba Modimo ba ne ba sa lejwe fela jaaka dieleele ke batho ba lefatshe mme gore botlhale jwa lefatshe le jone bo ne bo le dinyana mo Modimong?
Dikai Tsa Nako e e Fetileng
6. E ne e le ka mokgwa ofe tiro ya ga Noa e bonetseng e le dinyana mo lefatsheng, mme gone e ne e bontsha botlhale jwa Modimo?
6 Go ya ka pono ya batho Noa o ne a tsere tiro ya boeleele mme e seng go ya kafa Modimong. A ko o akanye tlhe ka motho go aga namane e tona ya kago ya seka-bokoso mo lefatsheng je le omeletseng, e le selekanyo sa 1 300 000 cubic feet (36 800 cu m) ka bogolo, gore e tle e kokobale mo metsing. Maiteko ao a neng a bonala jaaka a phopholetso fela, ruri a tshwanelwa ke go ka sotliwa! Gore Jehofa o ne a tla lere bokhutlo mo lefatsheng go ne go bonala mo bathong go sena tlhaloganyo. Go ya ka bone, Noa e ne e le seeleele go ka rera molaetsa o o ntseng jalo. (2 Petere 2:5) Lefa go le jalo, lebaka ke gore e ne e le tsela ya bone ya go tshela, tsela ya bone ya go dira dilo, tseo di neng di tshwana fela le dinyana mo Modimong. Ba ne ba senya lefatshe, ba gakatsa Modimo. (Genesise 6:5) Jalo Noa o ne a ikemiseditse go lejwa jaaka seeleele malebana le gore Modimo a supe botlhale jwa Gagwe le nonofo.
7. Ke ka ntlhayang fa tsela ya ga Moshe e ne e bonala e le ya boeleele, mme ke eng seo phelelo e neng ya se bontsha?
7 A wena, e le gore o tle o itumedise Modimo, o ka ithontsha khumo ya gago le maemo, mme go na le moo o amogela go sa tshwarwe sentle? Moshe o ne a dira jalo. Le mororo a ne a “rutwa botlhale yotlhe yoa Baegepeto,” o ne a ikamoga tsela eo ya botshelo ka go rata mme a amogela mokgobo wa go nna motlodiwa wa Modimo. (Ditihō 7:22; Bahebera 11:24-26) Ruri kgato e e neng ya tsewa ke Moshe e ne e lebega ekete ke ya boeleele mo Baegepetong, mme botlhale jwa lefatshe bo ne jwa supiwa e le dinyana fa banna ba ba botlhale ba Egepeto ba ne ba nyenyefadiwa ka dipetso tse Some le maatla a sesole a ne a senngwa ke Modimo mo Lewatleng je Lehibidu. Dikai tse di ntseng jalo di bontsha gore tota, botlhale jwa batho, ke dinyana mo Modimong. Ga bo lekane ka gope le botlhale le nonofo ya Mothatayotlhe.
8. (a) Bontsi jwa Bakeresete ba pele ba ne ba tswa selekanyong sefe sa batho? (b) Lefa go le jalo ke phelelo efe eo go rera ga bone go neng ga nna le yone mo batlhaleng ba lefatshe?
8 Go tweng ka ga Bakeresete ba pele? Moporofesa wa histori o ne a kwala jaana: “Bontsi jwa Bakeresete ba pele e ne e le bathonyana fela ba ba kobo dikhutshwane, ba itswela fela mo setlhopheng sa batho ba ba itshelelang fela ka mohuhutso wa phatla mo metseng e megolo.” (The Ancient World, ka Joseph W. Swain) Balatedi ba ga Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga tota ruri e ne e le batho ba ba tlwaelegileng, lebaka leo le neng la tlhokomelwa ke baba ba bone. (Ditihō 4:13; Yohane 7:48) Lefa go le jalo botlhale joo bo neng jwa bolelwa ke balatedi ba ga Keresete bo ne jwa tlhabisa batlhale ba selefatshe ditlhong. Ba ne ba sa kgone go tlhaloganya bosaitseweng jo bo boitshepo jwa Modimo malebana le Keresete le Bogosi; go bone puo e e ntseng jalo e ne e le dinyana fela. Fela jaaka Bibela e re: “E le [botlhale] yo go señ opè oa babusi ba lehatshe yeno eo o bo itseñ: gonne ha ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba se ka ba bapola Morèna oa kgalalèlō.”—1 Bakorintha 2:7, 8.
Tiro ya Modimo ya go Rera
9. (a) Tota ke mang yo e neng e le motswedi wa ditao tseo di neng tsa baakanyediwa ke Jesu? (b) E le gore batho ba ba tshwanelegang ba tle ba rerelwe molaetsa wa Bogosi, ke eng seo barutwa ba ga Jesu ba neng ba tshwanetse go se dira?
9 Jesu Keresete o ne a supa botlhale jwa Modimo ka sekao seo a neng a se tlhoma le ditao tseo a neng a di neela tsa gore tiro ya go rera e dirwe jang. Jaaka fa a ne a re: ‘Ga ke dire sepe ka nosi, me ke bua dilo hela jaaka Rara a nthutile.’ (Yohane 8:28) Jesu o ne a tlhamalalela kwa bathong ka molaetsa wa Bogosi. O ne a ba ruta phatlalatsa le mo malapeng a bone. Akanyetsa ka bokhutshwane ditaolo tse a di neileng barutwa ba gagwe, ba ba 12 le ba ba 70 bao a neng a ba romela go ya go abalana mo tirong ya go rera. O ka bala ditao tseno mo go Mathaio 10:1-14 le Luke 10:1-12. Jesu koo o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ye go senka batho. “Me leha e ka ne e le motse ohe, leha e le motsana o lo tsènañ mo go ōna, lo senkè eo o chwanetseñ gōna,” a bolela. Ee, ba batle bao ba neng ba eletsa go reetsa. Mme ke eng seo barutwa ba neng ba tshwanetse go se ba bolelela? “Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse,” Jesu a laela.—Mathaio 10:7.
10. (a) Ke kaelo efe eo Jesu a neng a e neela ya gore mungwantlo a atamelwe jang? (b) Ke eng seo barutwa ba gagwe ba neng ba tshwanetse go se dira fa go ne go sena kgatlhego epe e e bontshiwang? (c) Ke eng seo se ka bolelwang kaga botlhale jwa ditao tsa ga Keresete?
10 Jesu o ne a ba a baakanyetsa ka kaelo ya gore mungwantlo a atamelwe jang. O ne a re: “Me ntlo e lo tsènañ mo go eōna leha e ka nna ehe, e re pele, lo re, A kagishō e nnè le ntlo e. “Me ha morwa kagishō a le gōna, kagishō ea lona e tla nna mo go eōna: me ha a seeō, kagishō ea lona e tla ba e boèla mo go lona.” (Luke 10:5, 6) Ba ne ba tshwanetse go nna le batho bao ba neng ba arabela molaetseng wa Bogosi oo ba neng ba o rera. Mme fa e le gore mungwantlo o ne a sa kgatlhegele, he ba ne ba tshwanetse go tswelela pele. Abo seo ruri e ne e le ditao tse di motlhofo, tse di sa raraanang, mme gone di tsepame ka mo go lekaneng go bontsha bareri le go tla go fitlha gompieno gore ba ne ba tshwanetse go reng le gore ba bue jang! A seno ga se se o ka se lebelelang mo botlhaleng jwa Modimo?
11. (a) Ke eng seo Jesu a neng a bontsha fa e tshwanetse ya nna setlhogo sa molaetsa wa barutwa ba gagwe? (b) E le gore thero ya rona ka Bogosi e tswelele, re tshwanetse ra dira eng? (c) O ka dirisa dikwalo jang go bontsha gore Bogosi bo tla rarabolola mathata a a rulagantsweng mo serapeng seno?
11 Jaaka fa go etswe tlhoko pelenyana, konokono ya molaetsa wa bao ba dirang tiro ya go rera ke Bogosi. “Lo bo lo ba reè, lo re, Bogosi yoa Modimo bo lo atametse,” Jesu a laela. (Luke 10:9) O tshwanetse wa gakologelwa setlhogo seno, ka jaana boikarabelo jwa gago jaaka moreri ke go thusa bareetsi ba gago go tlhaloganya kafa Bogosi e le ruri bo ka nnang mafoko aa molemo go bone. Jalo o tshwanetse wa tshwanelegisa, kana wa tsamaisanya molaetsa wa Bogosi go utlwana le ditlhokafalo tsa bone. Go ikaegile ka ditlhokafalo kana dikgatlhego tsa bareetsi ba gago, go ka nna jang fa o ka gatelela seo Bogosi bo tla se dirang mme e le seo se tla ikuelang thata mo go bone? Ka sekai, o ka nna wa ba bontsha kafa Bogosi bo tla diragatsang boikaelelo jwa Modimo go dira lefatshe jeno Paradaise eo batho ba tla tshelelang ruri mo go yone, o dirisa dikwalo tse di etsang Isaia 45:18 le Pesalema 37:29. Go tswa foo, ka go dirisa dikwalo tse di baakanyeditsweng, o ka nna wa ba bontsha kafa Bogosi bo tla rarabololang mathata a a rulagantsweng fa tlase ka gone.
Bolwetsi: Isaia 35:5, 6; Tshenolō 21:3, 4.
Loso: Isaia 25:8; 26:19; Yohane 5:28, 29; 1 Bakorintha 15:26.
Ditlala: Isaia 25:6; Pesalema 67:6; 72:16.
Matlo: Isaia 65:21-23.
Ntwa: Pesalema 46:8, 9; 72:7, 8.
Bokebekwa le thubakanyo: Pesalema 37:9, 10; Diane 2:22.
Kgotlelo: Tshenolō 11:18.
12. (a) Moreri o ka tlhomamisa jang ditlhokafalo tsa motho? (b) Sekopololo sa go nna moreri yo o tsweletseng ke sefe?
12 O ka tlhomamisa jang ditlhokafalo tsa moreetsi? Santlha, nna moreetsi yo o molemo, o ikemiseditse go utlwa gore ba reng. Botsa dipotso mme ka kelo tlhoko o reetse diphetolo tsa bone ka kelotlhoko, o sa ikemele fa o bona ekete karabelo ga e tle kafa o neng o lebeletse ka teng. Mosupi mongwe yo o neng a feditse dingwaga tse di fetang 25 mo tirong ya go rera, o ne a ela tlhoko jaana: “Ke leka go kopanyeletsa mungwantlo gone fela foo mo motlotlong. Ka tsela eno ke nna le go itse gore ke eng seo se mo kgatlhang, go na le gore ke tswelele fela ka seo ke neng ke tlile go se bolela.” Ke jaaka moreri mongwe yo o nang le maitemogolo a ile a ela tlhoko: “Thero ya molomo e ka tsena mo ditsebeng tsa bone fela kana go ya le phefo.” Tota, sekopololo sa go nna moreri yo o tsweletseng ke go kgatlhegela batho ka mmannete, fela jaaka Jesu a ne a dira. (Mathaio 9:36-38) Dira gore batho ba bone gore o ba kgatlhegela jaaka batho, le gore ruri o dumela mafoko a a molemo a o a ba tliseditseng. Jaaka Mosupi mongwe a ile a re: “Fa o ipuela ka molomo fela ba tla itirela phetso nngwe—e se gore ba tlhatswegile pelo.”
Motlhala o o Botlhokwa-tlhokwa Wa Go Rera
13. Bibela e bontsha jang gore Bakeresete ba pele ba ne ba utlwa dikaelo tsa ga Keresete kaga go rera?
13 Jaaka fa re bone, Jesu Keresete o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe go isa molaetsa wa Bogosi kwa magaeng a batho ka tlhamalalo. Ka go latela dikaelo tsa gagwe, baaposetoloi le bone ba ne ba bontsha botlhale jwa Modimo ka go dirisa motlhala ono o o botlhokwa-tlhokwa wa go rera. Rekoto ya Bibela e re: “Me ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.” (Ditihō 5:42) Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a tlhatlhoba tiro ya gagwe ya go rera le Bakeresete-ka-ene, mme a re: “Kaha ke se kañ ka boiha ka gōna go lo bolèlèla señwe le señwe se se molemō, ke ruta mo ponoñ, le ka go nna ke tsamaea le matlo, Ke shupetsa Bayuda le Bagerika tlhabologèlō Modimoñ, le tumèlō mo go Morèna oa rona Yesu Keresete.”—Ditihō 20:20, 21.
14. Ke eng seo se bontshang go tswelela ga motlhala wa go rera ka ntlo le ntlo?
14 Le mororo batlhanka ba Modimo ba nnile ba sotliwa le go lejwa jaaka dieleele ka ntlha ya go dirisa motlhala wa seaposetoloi wa go rera ka Bogosi, katlego ya one e kgolo thata e bontsha gore o amogelwa ke Modimo. Ka sekai, motlhalefedi wa tsa leago wa Britani Bryan Wilson o ne a re fa a anela kaga kgolo ya Basupi ba ga Jehofa mo Japane a bega ka go re: “Bontsi jwa [58,3 lekgolong] bao e nnileng Basupi ba bolela gore kgatlhego ya bone ya ntlha e ne ya tsosiwa ke go etelwa ke mmoledi mo gae.” Gape, dingwaga tse di fetileng moperisiti mongwe wa Katoliki John A. O’Brien o ne a bolelela baperisiti bangwe ba le 200 kwa St. Joseph’s Seminary mo New York a re: “Sephiri sa katlego e e boitshegang ya ga Moitshepi Paulo e ne ya nna go dirisa ga gagwe motlhala wa go ya ka ntlo le ntlo a laletsa basokologi kwantle ga go ipona tsapa. Go a rona go bo motlhala ono wa seaposetoloi ga jaanong o dirisiwa ke makoko a e seng a Katoliki, segolo bogolo Basupi ba ga Jehofa.”
Lebaka le go Rera go Tshwanetseng ga Rulaganyediwa
15. Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go rulaganyetsa nako ya tiro ya rona ya go rera ka ntlo le ntlo?
15 A ga go boammaaruri gore thulaganyo e botlhokwa-tlhokwa fa go na le go tlhokomelwa dikgang tse di botlhokwa? O tshwanetse wa bo o na le nako e e rulagantsweng ya go ja le go robala, ga mmogo le ya go ya sekolong kana go ya tirong. Fa o na le gore o fele o dirile dilo, thulaganyo e botlhokwa. Go ka bolelwa se se tshwanang mabapi le go rera ka ntlo le ntlo. E re ka jaana Satane Diabolo a tlhabantsha gore mafoko a a molemo a seka a goroga mo bathong, re tlhoka go nna le thulaganyo fa e bo nene re tla nna le seabe ka metlha mo go rereng ka Bogosi. Fa go sa nna jalo, go ka bo go le matshwanedi gore ‘le yone tota nako ga re e bone’ ya go dira tiro eno. (1 Bakorintha 9:16) Ke boitlhomo jwa ga Satane go bona gore seno se diragala jaana.
16. Ke dikai dife tseo di bontshang bomosola jwa go nna le thulaganyo ya rona ya go rera?
16 Ka gone, ngaka nngwe, yo o nang le dingwaga tse di fetang 25 a ntse a le Mosupi, o bolela gore o fitlhela fa thulaganyo ya go ya go rera e tlhokafala. Rapolase nngwe e kgolo ya dikgomo mo United States a re: “Mo e ka nnang ka 1944 ke ne ka lemoga gore tsela e le yosi e ke neng ke ka tsena mo tirelong e ne e le go e rulaganyetsa letsatsi je le rileng.” O ne a oketsa ka go re: “Go tla go fitlha le gompieno ke santse ke iipha letsatsi le lengwe mo bekeng go ya tirelong.” Mogolwane mongwe wa Mokeresete, yo o bileng e le agente, o fitlhela gore go nna le thulaganyo e e tlhomameng ya go ya go neela bosupi e mo kgonisa go akaretsa mo e ka nnang dioura tse 15 ka kgwedi mo tirong ya go rera. Fa go na le tiro nngwe ya semolao ka Matlhatso o e rulaganyetsa gore e nne mo thapameng, morago ga go ya tirelong ya tshimo ya mo mosong.—Bapisa Bakolosa 4:5.
Emela Modimo ka Tsela e e Tlotlegang
17. Fa re ntse re le mo tirong ya go rera, ke boitiso bofe jo re tshwanetseng ra bo dira malebana le moaparo?
17 Le mororo lefatshe le ka re tsaya jaaka dieleele ka ntlha ya molaetsa o o bolokang botshelo o re o tshotseng, re tshwanetse ra itisa gore tebego ya rona ga go le ka tsela epe e faposang molaetsa o o botlhokwa-tlhokwa oo. Moaparo o o feteletseng, e ka ne e le wa bosheng thata kana o o botlhaswa thata, o ka dira seo. Mo tshimong ya batho ba ba itsholetseng re ka nna ra tlhoka go nna pudimatseba thata ka tebego ya rona le mokgabo. A seno se raya gore go tlhokafala gore re nne le diaparo tse di turang? Nnya. Moreri mongwe yo o nnileng a atlega, yo o tsamaileng thata le monna wa gagwe, o elatlhoko thata kafa batho ba aparang ka teng mo tshimong eo. Go tswa foo o tlhopha moaparo o o lekanetseng o o supang tlwaelo ya golo foo. Diaparo tsa rona tsa jaanong, go sa kgathalege gore di kwa tlase go le kana kang, di tla tshwanelega fa kaparo ya rona e le phepa, e gatisitswe sentle ebile e le bothakga. Fa e le gore o apere baki, a dikonopo tsa yone tse di kgaogileng di rokeletswe gape? Fa e le gore o bofile thai, a o tlositse makgaphila ape fela mo go yone? Fa o rwele ditlhako tsa mokgabo, a di tshasitswe pholetšhe? Gakologelwa, tebego ya gago e e matsetseleko, e e nang le seriti e tla dira gore molaetsa wa gago o tlotlege.—Tito 2:10.
18. (a) Tshwantsha bomosola jwa go apara ka tsela eo e supang tlwaelo e e molemo ya lefelo le le rileng. (b) Ke ka ntlhanyang fa moaparo o o feteletseng o tshwanetse wa tilwa?
18 Ka go bo Mosupi mongwe a ile a tlhokomela tebego ya gagwe ka mo go oketsegileng o bega gore mosadi mongwe yo pele a neng a gana le eleng go ka buisana le ene o ne a mo laleletsa mo gae. Morago ga puisano e e itumedisang ya Bibela, mungwantlo o ne a botsa a re, “Kana ebu, o wa kereke efe?” Karabo, “Basupi ba ga Jehofa,” e ne ya gakgamatsa mungwantlo. Le ka motlha o ne a ise a ko a dumelele Basupi ba ga Jehofa go tsena mo ntlong ya gagwe. Fa Mosupi a botsa gore ke ka ntlhayang fa a mo dumeletse go tsena, mungwantlo a araba ka go re e ne e le ka go bo Mosupi a ne a lebega a “gapa leitlho.” Mosadi o ne a ikutlwa a patelesegile go reetsa se a neng a na le go se bolela. Go ne ga felela ka thuto ya Bibela. Mo letlhakoreng je lengwe, mo mafelong a batho ba ba kobo dikhutshwane, kapari e e feteletseng e ka nna ya akantsha gore o na le mogopolo wa ‘ke botoka mo go wena.’ Jalo go sa kgathalege gore re dira mo tshimong efe, kana gore re rerela bomang, moaparo wa rona le mokgabo di tshwanetse tsa nna tseo di gogelang batho molaetseng wa Bogosi go na le go ba leleka.—1 Bakorintha 9:19-23.
19. (a) Sekopololo sa go nna motho yo Modimo a mo tlhophang ke sefe? (b) Ke sekao sefe seo Jesu a neng a se tlhoma mabapi le seno? (c) Ka go ikemisetsa gore lefatshe le go lebe jaaka seeleele, oa bo o ipaya mo boemong jwa ditshiamelo dife?
19 Ruri, go mo go wena go araba potso e e reng: A ke mongwe yo Modimo o tla mo tlhophang? Tlhopho ya gagwe ga e a ikaega ka nonofo ya matsetseleko kana boemo jwa selefatshe. Go na le moo, sekopololo ke boikemisetso jwa go dira tiro ya Modimo ka tsela e e leng ya gagwe, le fa ka go dira jalo o tla tsewa jaaka seeleele kana matlhogole ke lefatshe. Jesu Keresete o ne a tlhoma sekao. O ne a ikemisetsa gore o ka bidiwa seeleele ke balekane ba gagwe e le gore a tle a nne go bao a ba rutileng “botlhale yo bo cwañ Modimoñ.” (1 Bakorintha 1:30) Fa o ikemiseditse go bolela molaetsa wa Bogosi, o o tsewang e le wa boeleele ke lefatshe, o ipaya mo boemong jwa go dirisiwa ke Jehofa Modimo jaaka mongwe wa Basupi ba gagwe le go tla o ipelela mpho e e segofaditsweng ya botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong ya gagwe e ntšha ya tshiamo
A O ka Araba Dipotso Tseno—
◻ Ke puo efe e e leng dinyana mo lefatsheng?
◻ Noa le Moshe ba ne ba bontsha jang gore seo lefatshe le ka neng le se tsaya e le dinyana tota se a bo se supa botlhale jwa Modimo?
◻ Ke ditao dife tsa go dira tiro ya go rera tseo Jesu a neng a di neela balatedi ba gagwe?
◻ Motlhala o o botlhokwa-tlhokwa wa go dira tiro ya go rera ke ofe, mme ke eng seo se bontshang gore o a atlega?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go rulaganyetsa tiro ya rona ya go rera?
◻ Re tshwanetse ra apara jang fa re tlhakanetse mo tirong ya go rera?
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Pele ga a romela barutwa ba gagwe mo tirong ya go rera, Jesu o ne a ba ruta kafa ba ka dirang tiro ka gone
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Go rera ka ntlo le ntlo ke motlhala o o amogelegang wa go rera go ya kafa Dikwalong