Thero—Lefelo la Yone mo Kobamelong ya Boammaaruri
“Tumèlō ea lona e se ka ea èma mo botlhaleñ yoa batho, ha e se mo nonohoñ Modimo.”—1 BAKORINTHA 2:5.
1. (a) Ke ka tiro efe Basupi ba ga Jehofa ba itsiweng lefatshe ka bophara? (b) Tiro eno e botlhokwa go le go kae?
BASUPI BA GA JEHOFA ba itsiwe mo merafing yotlhe jaaka bareri, go raya gore, ke batsamaisa mafoko a a molemo. Moithuta tsa loago wa Moesemane J. A Beckford o tlhalositse seno go Social Compass ya Ferikgong 1977: “Basupi ba gareng ga bareri le basokolodi ba ba ba sa lapeng pelo le go tlhagafala thata mo lefatsheng la segompieno.” O ne a oketsa ka gore: “Seno se itsege sentle ke lebaka je le phepafetseng, lefa gantsi le tlhokomologiwa, le bakang kgolo e e kana-kana ya mokgatlho wa Watchtower.” A mme tiro eno ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa e itumedisa Jehofa? Ditiragalo le mabaka a segompieno di araba ka gore Ee! Thero, go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, ke setshegetso sa Bokeresete. Ke lotshwao, lwa maloba le lwa gompieno, lwa batho ba Modimo.
2. Go rera ka Bogosi go fitlhelela eng?
2 Go rerwa ga Bogosi go fitlhelela eng? Selo se le sengwe, go kgonisa motho pontsheng go bontsha lorato le kanaanelo ya Modimo Mothatayotlhe le popo ya Gagwe ya batho. (Mathaio 22:37-39) Mme se se botlhokwa bogolo, ka thero botlhale jwa ga Jehofa jo bo sa lekanngweng le maatla a gagwe a a gakgamatsang di itsisiwe ba bangwe.—Ditihō 1:8; 4:33; Baefesia 3:10.
Jehofa O Etleetsa Mafoko a a Molemo
3. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ka tlhalosiwa jaaka moreri? (b) Mafoko a a molemo a ikgarile mo go mang, mme thomo ya gagwe e ne e le eng?
3 Jehofa e ne ya nna ene Moreri wa ntlha, kana motlisi wa mafoko a a molemo. Boperofeti jwa gagwe jwa ntlha bo boletse mafoko a a molemo a kgololo ya setho se se sa itekanelang ka “losika” lo lo solofeditsweng. (Genesise 3:15) Moragonyana, ka Isaia jaaka mmoledi wa gagwe wa boperofeti, Modimo o ne a bolelela pele gore Mesia, Jesu Keresete, jaaka Ene yo mogolo wa “losika,” o tla “rèrèla ba ba pelonōlō mahoko a a molemō.” (Isaia 61:1) Ka jalo Jehofa o ne a ikaeletse gore Keresete a nne moreri wa mafoko a a molemo—moefangele.
4, 5. Baengele ba ile ba dira jang jaaka bareri?
4 Jehofa o laotse ba bangwe go bolela mafoko a a molemo. Dibopiwa tse di matla tsa moya, baengele, ba ile ba arola mo tirong eno e e amogelesegang ya bomodimo. Ka mo go kgatlhisang, mo Sehebereng le mo Segerikeng lefoko “moengele” tota-tota le raya “morongwa,” kana lefoko “moefangele” le tswa mo mafokong a mabedi a Segerika a a rayang “molemo” le “moengele” (kana, “morongwa”). Ka motlhala, moengele wa Modimo o ne a “rèrèla Aberahame Mahoko a a Molemō galè.” (Bagalatia 3:8; Genesise 22:15-18) Mafoko a a molemo ao a ne a bolela gore ba moralo wa ga Aberahame ba ne ba tla ntsha “losika” lo lo solofeditsweng, le gore merafe yotlhe e ne e tla itshegofatsa ka “losika” leo. (Genesise 12:2, 3) Makgolo a dingwaga a a masome a mabedi moragonyana moengele Gabariele, a direla jaaka moreri, o ne a itsise Sakaria ka go tsalwa ga ga Johane Mokolobetsi, ka go re: “Ke romilwe go tla ke bua nau, le go gu bolèlèla mahoko a, a boitumèlō.” Johane Mokolobetsi o ne a baakanya tsela ya ene yo mogolo wa “losika” lwa ga Aberahame, Jesu Keresete.—Luke 1:19.
5 A tswelela pele go direla jaaka moreri, Gabariele o ne a iponatsa kwa go Maria go mo tlisetsa mafoko a boitumelo a botsalo jo bo tlang jwa ga Jesu. (Luke 1:26-38) Dikgwedi moragonyana, badisa ba ne ba thaakanngwa ditsebe ke moreri wa moengele fa a ne a itsise ka gore: “Se boiheñ; gonne, bōnañ, ke lo lereditse mahoko a a molemō, a boitumèlō yo bogolo, yo bo tla dihalèlañ batho botlhe.” Morago moengele yono o ne a kopanela le matshwititshwiti a dibopiwa tsa moya di rurifatsa molaetsa ono wa mafoko a a molemo. (Luke 2:8-14) Bosupi jo bo mpepeneng jwa maatla a Modimo a go etleetsa mafoko a a molemo ka baengele ga bo a ka jwa ema ka botsalo jwa Morwawe mme bo ne jwa tswelela ka ditiragalo tsa lekgolo la ntlha tsa phuthego ya Bokeresete. Moengele yo o neng a golola baaposetoloi o ne a ba laela jaana: “Lo eè go èma lo buè le batho.” (Ditihō 5:20) Kgogo ya boengele e ne ya neelwa go batla ba ba kgatlhegang le go thusa batlhanka ba Modimo. (Ditihō 8:26; 10:3; 12:7-11) Mme moaposetoloi Johane yo ka tlhotlheletso a neng a tlhalosa ditiragalo “ka letsatsi ya Morèna,” o ne a bona ka ponatshegelo ‘moengele mongwe a fofa fa gare ga legodimo a na le mafoko a a molemo go a bolela’—tota, a okametse kanamiso ya molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng lotlhe ka batlhanka ba selefatshe ba ga Jehofa.—Tshenolō 1:10; 14:6.
Kabelo ya ga Keresete: Rerang!
6. (a) Ke motheo ofe o Jesu a neng a o tlhoma mo go boleleng mafoko a a molemo? (b) Jesu o ile a tlhomamisa Jang gore tiro ya thero e tle e tswelele morago ga loso lwa gagwe?
6 Ke ka ntlha yang fa phuthego ya pele ya Bokeresete e ne e le pelokgale le maatla mo go neeleng bosupi ga yone? Ka go bo Keresete, jaaka Mosimolodi, o ne a dirisa botlhale le maatla a Modimo go ikagela phuthego e e tiileng ya bareri. Keresete o dirile seno ka ditsela tse pedi. Sa ntlha, o ne a diragatsa kabelo ya gagwe ka boene “go rèrèla ba ba pelonōlō mahoko a a molemō.” (Isaia 61:1) Mme sa bobedi, o ne ka boene a rutuntsha balekane ba a amanang le bone ba ba 12 go rera mme morago a rutuntsha ba bangwe ba ba 70. Ka gone Keresete o ne a tlhoma motheo o o kwatlaletseng wa bareri go tsweledisa tiro ya go rera morago ga loso lwa gagwe.—Mathaio 10:5-42; Luke 10:1-16.
7. Mo go tliseng mafoko a a molemo mo bathong, botlhale jwa Modimo bo ile jwa farologana jang le botlhale jwa batho?
7 Jesu Keresete e ne e le monna yo o sa iponeng tsapa mo therong ya Bogosi. O ne a tshwarega mo therong ka go bo a ne a itse gore batho ba ne ba tlhoka go utlwa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo–puso e ntšha ya selegodimo e e tla tlisang kagiso ya goyagoile mo lefatsheng le go tlosa mabaka otlhe a a lereng tlalelo. Ka jalo morago ga go fetsa loeto lwa gagwe lwa go rera mo metseng le mo metsaneng le go ela tlhoko seemo sa bomoya se se utlwisang botlhoko sa batho o ne a re go barutwa ba gagwe: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye. Me ke gōna, rapèlañ Morèna oa thōbō, gore a romè barobi mo thoboñ ea gagwè.” (Mathaio 9:37, 38) Ka bofefo fela Jesu o ne a simolola go diragatsa kopo e e ntseng jalo. E nngwe ya ditaolo tsa gagwe tsa ntlha go baaposetoloi ba gagwe e ne e le: “Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse.” Boikuelo jwa gagwe e ne e le go re go rerelwe batho. Go thoba setho se se mo mathateng, botlhale jwa batho bo ka ne bo ile jwa akantsha gore go tlhongwe lekgotla la puso ya loago kana lekoko la sephiri la diphetogo go fitlhelela tiro eno; mme Keresete o ne a bontsha botlhale jwa Modimo. E ne e le fela gore: “Lo ètè lo rèra.”—Mathaio 10:7.
8. Keresete o ne a itshwara jang fa barutwa ba gagwe ba ne ba boa mo therong ya bone, mme ka ntlha yang?
8 Morago ga go neela ditaolo tseo, Jesu o ne a bua le ba bangwe a ba bolelela gore le bone gape ba rere. Fa bareri bano ba ne ba boa ka pego ya katlego, Jesu o ne a ipela thata mme a re: “Kea gu leboga, Rra, Morèna oa legodimo le lehatshe, ka go bo dilō tse o di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyañ, me u di senoletse banyana ba bannye.” (Luke 10:21) “Banyana” bao e ne e le barutwa ba ba godileng ba ga Keresete, mme thero e ne e le sedirisiwa sa bone go bipololela ba bangwe boammaaruri jwa Modimo. Ka gone, e ne e se botlhale jwa batho kana maatla ao a ileng a tlhoma Bokeresete jwa baommaaruri, ka go tia, mme e ne e le ka botlhale le maatla a bomodimo jaaka a bontshiwa ka thero ya Bogosi.
Barutwa Botlhe Ba ne ba Rera
9. Neela dikai tsa kafa boraditiragalo ba bontshang gore motheo wa Bokeresete jwa pele e ne e le go rera ka Bogosi.
9 Fa e le gore go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi ke motheo wa Bokeresete, go raya he gore Bakeresete botlhe ba pele ba tshwanetse ba bo ba ne ba le bareri. A mme gone? Ee! go araba jalo ditiragalo. Elatlhoko se dibuka tseno di se buang ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga:
“Mo malatsing ao, mongwe le mongwe wa Bakeresete e ne e le ‘morongwa.’”—History of Western Civilization.
“Tiro eno ya ntlha ya borongwa e bontsha gore setlhopha sa ntlha sa borongwa se ne se sa lekanyediwa go baaposetoloi fela. Go na le moo, mokgatlho otlhe wa Bakeresete o ne o kopanyelediwa tota.”—New Catholic Encyclopedia.
“Keletso ya go neela bosupi ka tumelo ya gagwe le tsela ya botshelo ke boemo jo bo lebelelwang go Mokeresete mongwe le mongwe.”—Encyclopedia Americana.
10. (a) Ke leng phuthego ya Bokeresete e neng ya nna phuthego e e rerang? (b) Ke neo efe e e gakgamatsang e Modimo o neng wa e baakanyetsa Bakeresete ba pele, mme ka boikaelelo bofe?
10 Go tswa fela mo nakong ya fa phuthego ya Bokeresete e ne e nna gone ka 33 C.E., e ne e le mokgatlho wa go rera. Maloko a yone a ntlha a barutwa ba ba ka nnang 120 ga a a ka a senya sebaka sepe mo go nneng baboledi ba Bogosi. Ditiragalo tsa bomodimo di bega gore “botlhe ba tladiwa ka Mōea o o Boitshèpō, me ba simolola go bua.” Tsweetswee elatlhoko gore botlhe, e seng fela bangwe, ba simolola go bua “ditihō tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditihō 2:4, 11) Jono e ne e le bosupi jwa maatla le botlhale jwa Modimo go ka nonotsha baobamedi bao ba ba arabelang ka kgono e e gakgamatsang ya go neela bosupi ka dipuo tse ba iseng ba ke ba di ithute kwa sekolong. Kgakgamatso e ne ya tlhoma phuthego ya Bokeresete mo motheong wa go bolela mafoko a a molemo.
11. Petere o ne a otlelela jang gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse go nna bareri?
11 Moragonyana mo letsatsing leo Petere o ne a fitisetsa polelo-pele ya ga Joele mo phuthegong e e sa tswang go tlhongwa ya Bokeresete ka gore: “Me go tla dihala mo metlheñ ea bohèlō, go bua Modimo, oa re, Ke tla gorometsa Mōea oa me mo nameñ eotlhe: me bomorwa lona, le bomorwadia lona ba tla perofesa, le makau a lona a tla bōna dipōnatshègèlō, le banna bagolo ba lona ba tla lōra ditōrō; E, le mo batlhankeñ ba me, le mo malateñ a me, ke tla gorometsa Mōea oa me mo metlheñ euō; me ba tla perofesa.” (Ditihō 2:17, 18; Yoele 2:28, 29) Bakeresete le fa e ka nna bafe ba ne ba tshwanetse go nna bareri. Banna, basadi le eleng basha ba ne ba tla nna le seabe se se tlhagafetseng mo go perofeseng kana go boleleng, ba bua, ba tuka ka molaetsa wa Modimo wa mafoko a a molemo.
Go Rera go Akareletsa Tlhagiso
12. Ke ka ntlha yang fa molaetsa wa Bogosi jwa Modimo e se mafoko a a molemo go mongwe le mongwe?
12 Molaetsa wa Bogosi jwa Modimo ga se mafoko a a molemo go mongwe le mongwe ka go bo o akareletsa tlhagiso ya tshenyo. Tsamaiso ya gompieno e e bodileng le botlhe ba ba e emang nokeng ba tshwanetse go re ba sute fa e le gore molaetsa wa mafoko a a molemo o tla nna le mosola ope wa go ya goile. (Diane 21:18) Baobamedi ba ba dipelo tse di ikanyegang ba ga Jehofa ga ba ka ke ba fetola lefatshe leno go nna paradaise fa matladika a boikepo a sa ntse a saletse go maramara bontle jwa lone. Moetleetsi wa mafoko a a molemo o ne a neela taolo e seng fela go “bolèla ñwaga o o lebosègañ” mme gape go bolela “le letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona.” (Isaia 61:1) Ka mo go tshwanang, molaetsa wa mongwe wa baengele ba ba umakilweng mo go Tshenolo o akareletsa mafoko ano: “Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō; gonne nakō ea katlholō ea ōna e tsile.”—Tshenolō 14:7.
13. (a) Ke boikutlo bofe tebang le thero jo Bakeresete ba pele ba neng ba na le jone? (b) O dirisa lokwalo, bontsha kafa Bakeresete ba pele ba neng ba na le boikutlo jo bo potlakileng.
13 Ka boikutlo jwa potlako, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba anamisa mafoko a a molemo ka tsela e e bofefo jo bo ka kgonegang. Karolo eno ya mafoko a a molemo e ne e tshwaya phuthego ya pele ya Bokeresete jalo. “Tebelelo ya Mokeresete ya motlha wa bokhutlo le ka motlha ga e a ka ya nna fela keletso ya ditlhotlheletso tse di ka kwantle tsa go tla ga Bogosi jwa Modimo” mme “mo boemong jwa moo e ne ya supiwa ka tlhagafalo e e sa dumelesegeng le go tsenya marapo mo dinameng go baakanyetsa lefatshe go boa ga ga Keresete le kgorogo ya Bogosi,” go akgela jalo Encyclopaedia Britannica. Ka metlha diphuthego di ne tsa gakololwa ka bogaufi jwa bokhutlo le tlhokego ya tsone ya go nna di ipaakantse. Baaposetoloi ba ne ba lemoga gore thero e e potlakileng e ne e le karolo e e botlhokwa ya Bokeresete fa e le gore batho botlhe ba ne ba tla fitlhelelwa pele ga letsatsi la Modimo la pusoloso le goroga. Ka ntlha ya gona moo, Bokeresete bo ne jwa runya.—Baroma 10:13, 14; 1 Bathesalonia 5:2, 6; 2 Petere 3:11-14.
14, 15. Tiro ya thero e nnile le tlhotlheletso jang mo ditiragalong?
14 Lefa moutlwalo o o phepa wa molaetsa wa Bogosi o ne wa khurumediwa le go sokamesiwa morago ga lekgolo la ntlha la dingwaga, tebelelo ya bokhutlo e ne ya fela e le tlhotlheletso e e nonofileng. Ka sekai, go ya ka boraditiragalo bangwe, loeto lwa ga Columbus lwa lekgolo la dingwaga la bo-15 lwa bophirima bontlha bongwe, lo no lo tlhotlhelediwa ke tumelo ya gore Intia o ne a tshwanetse go fitlhelelwa ka mafoko a a molemo ka bonako pele ga Keresete a ka boa. Mesepele ya moragonyana ya batho, e e jaaka khuduga ya ba-Puritan ya lekgolo la dingwaga la bo-17, mosepele wa lekgolo la dingwaga la bo-18 wa ma-Baptists, wa Quakers le ma-Methodists ba Amerika, le khuduga ya Majeremane ka lekgolo la dingwaga la bo-18 le la bo-19 go ya Russia le Palasetina e ne e kgotlediwa ke dipono tse di ntseng jalo.
15 Ka gone, a go ka bolelwa gore tiro ya boreri e e simolotsweng ke Jesu Keresete e ile ya nna le matswela a magolo le a a nnetseng ruri? Ditiragalo di araba ka gore Ee. Lefa tiro ya thero e ne e se ka metlha e tsamaisitsweng kafa Keresete a neng a laotse ka teng, lefa go ntse jalo kgakgamatso ya yone mo lefatsheng e ne e le kgolo. Encyclopaedia Britannica e fetsa tshobokanyo ya yone ka “Bokeresete” ka mafoko ano: “Bokeresete ke maatla a semoya a a tlhotlheleditseng ditiragalo tsa motho ka mo go nonofileng mme bo ka nna jwa bo bo fetotse thata-thata go feta lefa e le lebaka lepe le sele.”
Thero ya Segompieno
16. (a) Ke phetso efe e e ka dirwang ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Ke potso efe e e ka bodiwang mabapi le go neela bosupi ga segompieno?
16 Tlhatlhobiso ya direkoto tseno tsa bomodimo le tsa ditiragalo tsa lefatshe e tlhagisa phetso e le nngwe e e botlhokwa: Bakeresete botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le bareri. Go nna le go sala o nntse o le Mokeresete, mongwe o tshwanetse go rera ka metlha. A mme gompieno he, seno se nnile tsela ya kobamelo e e sa tlhabologang le e e tswapogileng, e e sa tsamaelaneng le segompieno? Gongwe go ya ka kakanyo ya motho mme e seng go ya ka ya Modimo.—Diane 16:25; Yeremia 8:9.
17. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tsosolosa jang lotshwao lwa boammaaruri lwa thero?
17 Ditiragalo tsa segompieno tsa Basupi ba ga Jehofa di bontsha gore ba tsosolositse moutlwalo wa boammaaruri wa molaetsa wa mafoko a a molemo a Bogosi ka botlalo. Ka kutlo ya taolo ya ga Keresete ba tshwaregile mo tirong e kgolo thata ya go rera e e kileng ya dirwa. Bosupi jwa kgolokwe bo tshwanetswe go dirwa pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno bo tla. (Mathaio 24:14) Mo dingwageng tse di lekgolo tse di fetileng seno e ile ya nna seikokotlelo se segolo sa Basupi ba ga Jehofa. Tokololo ya ntlha ya Tora ya Tebelo, e ka nako eo e neng e bidiwa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, e ne ya tlhalosa boikaelelo jwa yone jaana:
“Eno ke palo ya ntlha ya bolumo ya ntlha ya ‘Zion’s Watch Tower,’ mme gongwe e tla bo e bile e se phoso go tlhalosa boikaelelo jwa kgatiso ya yone. Gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” . . . le gore re eletsa gore “ba ntlo ea tumèlō” ba nne ba tsogile ka ntlha ya gone.”—July 1879.
Moragonyana ka 1884, Basupi ba ga Jehofa jaaka mokgatlho wa bareri ba ne ba rulaganya lekgotla. Boikaelelo jwa lone bo ne jwa tlhagisiwa mo setlhogong sa bobedi sa tsamaiso-motheo ka mantswe ano:
“Boikaelelo jwa go bopiwa ga lekgotla ke go phatlalatsa boammaaruri jwa Bibela ka dipuo tse di farologaneng ka go gatisiwa ga dipampitshana, dikwalonyana, dipampiri le dikwalo tse dingwe tsa bodumedi, le ka ditsela tse dingwe tse di kafa molaong.”
A didirisiwa tseno di ile tsa diragatsa boikaelelo jwa tsone jo bo boletsweng? Ditiragalo di araba ka gore Ee.
18. Ke jang tiro ya thero ya batho ba ga Jehofa e gapileng kgatlhego ya lefatshe?
18 Tiro ya thero ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya gapa kgatlhego ya lefatshe. E ile ya elwa tlhoko le go baa e begiwa mo dikgasong tsa dikgang, dikgotleng tse dikgolo tsa ditsheko le mo dibukeng tsa ditiragalo. Go tswa mo tokololong ya yone ya ntlha ya Tora ya Tebelo ka puo e le nngwe, fa dikaelo tse 6 000 di ne di gatisiwa kgwedi le kgwedi, go tla mo tokololong ya jaanong ya dikaelo tse 10 050 000 e e gatisiwang ka dipuo di le 102, kabo ya yone e nnile e kgolo go feta lefa e le kwalo-paka efe ya bodumedi. Go tswa diketeng di se kae tsa dioura tse di senngwang ngwaga le ngwaga mo tirong ya thero mo lekgolong la dingwaga la bo-19, kgolo e nnile e e boitshegang. Ka 1982 dioura tse di fetang dimilione tse 384 di ne tsa senngwa mo tirong ya go rera, go ne ga tsamaisiwa dibuka di le dimilione tse 286, mme malapa a a ka fetang milione le sephatlo a ne a amogela tao ya mahala ya Bibela mo dinageng di le 205 le dikgaolo. Seno sotlhe se ile sa fitlhelelwa ke palo e potlana fela ya batho—2 477 608 ka 1982.
19. (a) Basupi ba ga Jehofa ba lebisa katlego ya tiro ya bone ya thero ya lefatshe ka bophara go mang? (b) Fa o le moreri, o tshwanetse go dira eng, go ya ka Mathaio 10:7?
19 A Basupi ba ga Jehofa ba lebisa rekoto eno e e gakgamatsang botswerereng jwa bone jwa matsetseleko le nonofo? Nnyaa. Malebogo otlhe a ya go Modimo wa rona o o botlhale le o o maatla, Jehofa, Moreri wa ntlha. Ka jalo o tla dira eng? Fa o bona lefelo la thero mo kobamelong ya boammaaruri mme ka bopelo-e-phepa o eletsa go itumedisa Jehofa, he ka metlha, beke le beke, rera, kana jaaka Jesu a rile: “LO ÈTÈ LO RÈRA”!—Mathaio 10:7.
A O Ka Araba Dipotso Tseno—
◻ Ke jang Jehofa a rulaganyeditseng go bolelwa ga mafoko a a molemo?
◻ Ke seabe sefe se baengele ba nnileng le sone mo go boleleng mafoko a a molemo?
◻ Ke tiro efe e Jesu Keresete a neng a tshwarega mo go yone?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ka twe gore mongwe a nne Mokeresete wa boammaaruri o tshwanetse go nna moreri?
◻ Ke tebelelo efe e e neng ya tlhomama mo go ba ba ipoletseng go nna balatedi ba ga Keresete?
◻ Basupi ba ga Jehofa ba itshupa jang gompieno go nna bareri ba boammaaruri?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Bareri ba selegodimo le ba selefatshe ba dirisanya mmogo gore mafoko a a molemo a rerwe