Tito O Thulana le Kabelo e e Boima
“KE KWALÈLA TITO, ñwanake rure kaha tumeloñ e re e tlhakanetseñ.” Mafoko ano a tshwanetse go bo a thuthufaditse pelo ya ga Tito fa a ne a simolola go bala lokwalo lwa kabelo lo lo neng lo rometswe ke moaposetoloi Paulo. O ne a tlogetswe kwa Kereta go dira jaaka molebedi yo o etang, a etela diphuthego tse di farologaneng. Tito o ne a supile ‘boammaarure’ jwa gagwe mme ka jalo o ne a tshwanelegela go sikara maikarabelo a gagwe a a neng a a sikarisitswe.—Tito 1:4.
Dingwaga dingwe tse di ka nnang 12 kana go feta pelenyana. Paulo o ne a tsaya Tito go ya Jerusalema. Kwantle le pelaelo Mokeresete yono wa Mogerika yo o sa rupang yo e leng ene “rure” o ne a le gone fa baaposetoloi le bagolwane ba ne ba goroga mo phetsong e e siameng ya kgang ya thupiso. Morago ga go akanyetsa bontsi jwa bosupi, ba ne ba fetsa ka gore go ne go sa tlhokafale gore Bakeresete ba Baditšhaba, jaaka Tito, ba rupisiwe le go boloka dipatlafalo tsotlhe tsa Molao wa ga Moshe. Abo e ne e le boitemogelo jo bo nonotshang tumelo jang ne go nna gone mo pokanong eo ya ditiragalo!—Ditihō 15:1-29; Bagalatia 2:1-3.
Lefa go le jalo kwa Kereta go ne go na le banna ba ba neng ba kopanela le diphuthego mme ba santse ba tsweletse ka go ngaparela “bogwèra.” Ba ne ba seka ba dumalana le setlhopha se se laolang kwa Jerusalema. Mo boemong jwa go boloka dipono tse di ntseng jalo mo sephiring, banna bao “ba ba ganañ taolō” ba ne ba ruta gore bogwera bo ne bo tlhokafala go bona poloko. Le eleng se se maswe go feta, “babui ba ba ithamakañ hèla” bao ba ne ba tsholetsa “mainane a Seyuda” le melao e e sa fitlhelweng mo Molaong wa ga Moshe. “Batsietsi” bano ba ne ba ribegetsa tumelo ya ba “matlo ba le mmōgō.” Diphuthego tse di kwa Kereta di ne tsa tshosetswa ke kgaogano.—Tito 1:10, 11, 14.
Matshosetsi a mangwe e ne e le tikologo e e maswe e e neng e itsege e Bakeresete ba Kereta ba neng ba tlhagile go yone. Mokaedi mongwe wa Mokereta o ne a bolela ka gore: “Bakereta ke baaki ka galè ka galè, ba sehōlōhōlō se se mashwè, ke diyabele tse di bobodu hèla.” Jaaka polelo eno e ne ya bontsha, Bakereta ba ne ba tshwana le dibatana tsa naga tse di golafatsang le go bolaya; ba ne ba itumelela go garolaka maitseo a ba bangwe ditoki-toki ka go aka le go seba. Mekgwa e e maswe e e ntseng jalo e ne e kukunetse mo diphuthegong tsa Bokeresete tsa Kereta.—Tito 1:12; 3:2.
Mo lokwalong lwa gagwe, Paulo o tlhagisa ka phepafalo gore mathata ano a ne a tshwanetse go tshwarwa jang. Tito o ne a tshwanetse go tlatsa ditlhokafalo tse di botlhokwa tse pedi: “Ke ne ka gu tlogèla kwa Kereta ka gōna mouō, [1] gore u tlo rulaganyé dilō tse di neñ di tlhaèla, [2] le gore u tlhōmè bagolwane mo motsiñ moñwe le moñwe, yaka ke gu laile.”—Tito 1:5.
Go Rulaganya Dilo tse di Tlhaelang
Eno e ne e le kabelo e e bokete. A lebagane le ba ba tsosang lesokuru, Tito o ne a tshwanetse go emela boammaaruri, “a ñaparetse lehoko ye le ikanyègañ.” Bangwe ba ne ba tla mo nyatsa, ba gwetlha taolo ya gagwe. Mme Tito o ne a na le tshegetso ya bolegodimo. O ne a ka supela go lokwalo lwa kabelo, lo lo reng: “Bua dilō tse, u bo u laeè ka cōna, u bo u kgalemèlè ka taolō eotlhe. Motho opè a se ka a gu nyatsa.”—Tito 1:9; 2:15.
Go tweng fa e le gore mongwe o ne a gana kgalemelo, a batla gore ba bangwe mo phuthegong ba mo tlhomogele pelo? Ka boutlwelobotlhoko, batho ba ba ntseng jalo ba ne ba tshwanetse go amogela “[tlhagiso] gañwe hèla leha e le gabedi.” Fa seo se padile, Tito o ne a laelwa jaana: “U mo ganè.” Se se ne se raya gore a lelekwe, kana a kgaolwe.—Tito 3:10, 11.
Ka ntlha ya boemo jo bo neng bo le gone jwa go leseletsa dilo, Bakeresete bangwe ba Kereta ba ne ba tsaya kgakololo ga motlhofo fela. Tito o ne a tshwanetse a “ba kgalemèlè thata.” Le eleng bakaulengwe ba ba godileng ba ne ba tlhoka kgakololo ya “go ikgapa, ba nnè masisi.”—Tito 1:13; 2:2.
Go Tlhoma Balebedi
Diphuthego tsa kwa Kereta di ne di tlhoka bolebedi jo bo molemo. A Tito o ne a tla tlhopha leloko le le itsegeng bogolo le go le tlhomamisa jaaka “moperesiti” mo phuthegong? Nnyaa, ditaelo tsa gagwe e ne e le go tlhoma “bagolwane mo motsiñ moñwe le moñwe.” Se se raya gore o ne a tshwanetse go bona gore setlhopha sa bagolwane se ne se tla tlhomiwa go okamela ditiro tsa phuthego.—Tito 1:5.
Paulo o rulaganya palo e e rileng ya dipatlafalo go kaela mo tlhomong ya balebedi bano. Di ikgarile go dikologa boitshwaro. Patlafalo ya ntlha e ne e le gore monna o tshwanetse go nna “eo o senañ molato.” Lefa thutego e e kwa godimo e ne e sa tlhokafale, banna bano ba ne ba tshwanetse go itse le go ngaparela ka go tia “lehoko” la Modimo fa ba ruta le “go henya baganetsi.” Dipatlafalo tseno di botlhokwa fela jalo fa go akanyediwa banna go nna mo maemong a bolebedi gompieno. Jaaka ka sekai, Paulo o kwadile jaana: “Mookami oa phuthègō o chwanetse go nna . . . boitshèpo.” Boitshepo jo bo ntseng jalo bo bontshiwa ka go ‘ngaparela lefoko je le ikanyegang’ jaaka le tlhalosiwa ka botlalo mo dikgatisong tsa phuthego ya segompieno ya Bokeresete ya ga Jehofa.—Tito 1:6-9.
Go ne go na le dikgang tse dingwe tsa botlhokwa tse Tito a neng a tshwanetse go di “bolèla ka tlhōmamō.” (Tito 3:8) Tseno di ka kgaoganngwa ka dikarolo di le nne—dikeletso, puo, ditiro le boikutlo.
Go tlhoma Mogopolo mo Dikeletsong tse di Siameng
Gabedi mo lokwalong lwa gagwe go Tito Paulo o lebisa go ‘tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.’ Re ka tlhoma dipelo tsa rona mo tsholofelong eno ka pabalesego ka ntlha ya gore “Modimo, o o sa kakeñ oa aka, o bo [solofeditse].” (Tito 1:2; 3:7) Mo letlhakoreng je lengwe, abo go sa tlhomama ebile go le diphatsa jang go letlelela dithatō tsa lehatshe” go bipa “cholohèlō ea letlhōgōnōlō” eno, e e kopanyeletsang “pōnatshègō ea kgalalèlō ea Modimo o mogolo oa rona, le Moreboloki Yesu Keresete.”—Tito 2:11-14.
“Pōnatshègō ea kgalalèlō” eno ya kgalalelo ya Modimo ka Moreboloki, Keresete Jesu, e gaufi thata. Se se nyalanang thata le ponatshego eo e tla nna go senngwa ga tsamaiso e e boikepo yotlhe le botlhe ba ba ileng ba gara matshelo a bone go dikologa dikgogedi tsa yone tse di bonalang le tse di ikuelang mo maikutlong. Ka gone, abo go le botlhokwa-tlhokwa, go khumola mo dipelong tsa rona, ee, “re ikgaogantse . . . le dithatō tsa lehatshe, re bo re tshela . . . le ka poihōmodimo, mo motlheñ oa gompiyeno.”—Tito 2:11-14.
Re Tlhokomele Puo ya Rona
“Babui ba ba ithamakañ hèla,” “baaki,” “ba sa bose lerumō,” “ba bua boshula” le “dipocō tsa bonyana”—ditlhaloso tse di senola gore tiriso ya loleme e ne e gobololwa mo setlhakeng sa Kereta. Go ne go bile go tlhokafala le eleng ka Tito go tlhagisa bokgaitsadi ba ba godileng gore ba se nne “bapateletsi.” Kgakololo e e tshwanang e a tlhokafala gompieno.—Tito 1:10, 12; 2:3, 9; 3:2, 9.
Ka sekai, mo phuthegong e nngwe, kgaitsadi yo o godileng, lefa a ne a tlhagafetse mo tirelong ya tshimo, o ne a sekametse go bua bosula ka bana ba gagwe ba ba godileng, ba ba ineetseng le ka monna wa gagwe yo o sa dumeleng. Kwantle ga go umaka leina la gagwe, go ne ga tlhokafala ka mongwe wa bagolwane go neela polelo mo phuthegong ka ga kgang eno. A tota-tota re na le tshwanelo ya go bua motho ope yo o tshelang leswe? Lokwalo lwa ga Paulo go Tito lo fetola ka gore: “Ba se ka ba bua boshula kaga motho opè.” Go na le moo, Bakeresete ba tshwanetse go ganelela mo go diriseng “puō ya tlhōmamō, e e sa kakeñ ea nyadiwa.”—Tito 3:2; 2:8.
Ditiro tse di Itumedisang Modimo
“Ba re, ba itse Modimo; me ba o itatole ka ditihō tsa bōnè.” (Tito 1:16) Batshwenyi ba mo diphuthegong tsa Kereta ba ne ba tshwanelwa ke tlhaloso e. Mme se se fapaaneng, Paulo gane o otlelela tlhokafalo ya “ditihō tse di molemō.” (Tito 2:7, 14; 3:8, 14) Go tlhoma sekao mo tirong e e molemo, Paulo o lebisa go “go rera mo a go neilweng.” (Tito 1:3, NW.) Jesu o ne a neetse balatedi ba gagwe botlhe tiro eno e e botlhokwa; ka jalo e tshwanetse go nna kwa godimo mo tlhatlhamanong ya “ditihō tse di molemō” tsa ka metlha.—Mathaio 28:19, 20.
Se se akarediwang gape gareng ga “ditihō tse di molemō” e tla nna maiteko a borre go godisa “bana ba ba dumèlañ.” Ka basadi, go tla akareletsa go nna “ba ba itihèlañ mo gae, . . . ba le kutlō mo banneñ ba bōnè, gore lehoko ya Modimo le se tlhapadiwe.” Bao ba dirang tiro ya boitshediso, lefa ba se tlase ga bokgoba, ba tla dirisa molao-motheo o o mo go Tito 2:9, 10 ka go utlwa bahiri ba bone ka tlotlo. Bakeresete go tlhokafala gape gore ba “ineèlè mo balaodiñ, le gore ba nnè kutlō mo go ba ba neecweñ taolō, ba etleetsègèlè tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—Tito 1:6; 2:5; 3:1.
Go Boloka Boikutlo jo bo Siameng
Bakeresete ba Kereta ba ne ba tlhoka go boloka boikutlo jo bo siameng tebang le baleofi ba lefatshe, ba sa bue bosula ka bone mme “ba le boikokobeco yotlhe mo bathuñ botlhe.” Re tlhoka go dira se se tshwanang gompieno. Go sa nneng jalo, maiteko a rona mo go ba thuseng go amogela molaetsa wa bogosi a tla palelwa. Gape, fela jaaka kwa Kereta wa bogologolo re tlhoka go elatlhoko bokopano jwa rona. Ke jang gape re ka utlwang taolo ya gore “re [ikgaoganye] le boikèpō le dithatō tsa lehatshe, re bo re tshela ka . . . poihōmodimo, mo motlheñ oa gompiyeno”?—Tito 3:2; 2:12.
Moaposetoloi Paulo o ne a ba a tlhalosa ka gore, “Gonne e rile galè le rona ra bo re le boeleele, re sa utlwe, re tsiediwa.” A Jehofa o ne a tlamega go re golola mo boemong jono jwa sebe? Nnyaa, e ne e se ‘kafa ditirong tsa tshiamo tse re di dirileng, mme e ne e le kafa boutlwelong botlhoko jwa gagwe go re boloka.’ Ka go bontsha tumelo mo mading a a tsholotsweng a ga Keresete, Bakeresete ba bona boitshwarelo jwa dibe tsa bone tsa nako e e fetileng le go amogela “[tsholofelo] ea botshelō yo bo sa khutleñ” e e gakgamatsang. Eo ke “tshegōhaco” ya mofuta o o kwa godimo thata le lebaka le le maatla la go tila dikeletso tse di phoso le go boloka puo e e tlhomameng, ditiro tse di molemo le boikutlo jwa boutlwelo botlhoko tebang le baagelani ba rona.—Tito 3:3-7.
Abo Tito a tshwanetse a bo a ne a itumetse jang ne fa a ne a bona thuso eno e e lorato mo kabelong ya gagwe e e boima! Kwantle ga pelaelo o ne a bala a ba a nna a bala lokwalo lwa ga Paulo gantsi-ntsi, a nnela go tsopola mo go lone gangwe le gape fa a ruta le go neela kgakololo. Didikadike gompieno di dirisa ka mo go tshwanang lokwalo lono lo lo tlhotlheleditsweng ka go ba solegela molemo le ba bangwe. Diteng tsa lone eleruri di molemo ebile di mosola.