Timotheo O Amogela Kgakololo Mo Mogolwaneng
DINGWAGA di le mmalwa tse di fetileng bagolwane ba phuthego ya segompieno ya Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amogela lokwalo go tswa go Mokeresete-ka-bone, loo bontlhanngwe jwa lone lo balegileng jaana: “Lo nthusitse tota moo ke batlang le go lo itsise kafa ke itumetseng ka teng ka sotlhe seo lo se ntiretseng. Gompieno jaana ke mongwe wa batho ba ba itumetseng thata mo lefatsheng. Lorato le thuso tsa lona di nthusitse go nna seo ke leng sone. Ke lebogile eleruri.”
O ka bona fela gore lokwalo lono lo dirile gore bagolwane bano ba itumele. Bagolwane ba ba ikanyegang ba ile ka metlha ba ipelela tlotlo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bokeresete. Mme bagolwane ba ba godileng ba nnile ba a fa bagolwane ba ba botlana le ba ba senang maitemogelo kgakololo e e molemo ya kafa ba ka itshupang ba tshwanelwa ke tlotlo eo ka teng. Ka sekai, moaposetoloi Paulo, o dirile jalo mo dikwalong tsa gagwe tse pedi go mogolwane-ka-ene yo mmotlana Timotheo.
Kamano e e lorato e e neng e le gone gareng ga ga Paulo le Timotheo e ne ya nna gone jang? Re ka ithuta eng go tswa go kgakololo ya ga Paulo?
Kamano ya ga Paulo le Timotheo
Timotheo go bonala a ne a bonana le Paulo gongwe ka 47-48 C.E. fa Paulo a ne a tlile mo Lusetera mo loetong lwa gagwe lwantlha lwa borongwa. Ka nako eo Timotheo o ka ne a ne a le mosha fela. Ka nako ya loeto lono Timotheo, mmaagwe Eunike le mmaagwe mogolo Loise ba ne ba nna Bakeresete. Lefa go ntse jalo, rraangwe Timotheo e ne e le Mogerika yo o sa dumeleng. Ka ntlha ya gona moo Paulo o ka ne a ne a kgatlhegela bogolo molemo wa ga Timotheo. Lefa go le jalo gone, Timotheo o ne a dira botswelelo pele jo bo molemo mme a tlhagolela tumelo eo “e senañ boitimokanyō.” (1 Timotheo 1:5) E nnile morago ga dingwaga tse di ka nnang pedi fa Paulo a ne a boela kwa Lusetera mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa, fa Paulo a ne a tlhopha Timotheo go nna mopati wa gagwe mo loetong.
Go ne ga latela dingwaga tse di ka nnang 15 ba kopane mmogo le moaposetoloi Paulo. Fa Timotheo a ne a direla mo boemong ja bogolwane kwa Efeso ke gone a neng a amogela lokwalo lwa ntlha lwa ga Paulo. Lo no lwa kwalwa nako nngwe morago ga Paulo a sena go gololwa mo kgolegelong mo Roma ka 61 C.E. mme e le pele ga kgolego ya gagwe ya bobedi ka 64 C.E. Lokwalo lwa bobedi lo ka ne gongwe lo kwadilwe ka 65 C.E., ka bokhutshwanyane fela pele ga loso lwa ga Paulo.—2 Timotheo 4:6-8.
Lorato lo Paulo a neng a na le lone ka Timotheo lo a bonala, ka go bo a mmitsa “ñwanake rure mo tumeloñ,’ le eleng “ñwanake eo o ratègañ.” Ka jalo kgakololo ya ga Paulo ya borre ya go re “u nwè boyalwanyana yoa mofine ka ntlha ea mala a gago, le makoa a gago a mantsi,” ga go bonale e sa tshwanele. Mme fa Paulo a ne a lemoga gore loso lwa gagwe lo gaufi, abo go ne go mo tshwanela go kwala jaana: “U tlo u lekè go akoha u tla kwa go nna.” Bogolo kgatlhego ya botho ya ga Paulo ka Timotheo e papamadiwa mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi, koo maemedi a botho “u, “gago” le “wèna” a bonalang mo e ka nnang 25 lekgolong go feta mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha. Ka phepafalo mogolwane yono yo mogolo o ne a na le lorato lwa mmannete go molekane wa gagwe yo mmotlana ebile o ne a kgatlhegela molemo wa gagwe wa botho.—1 Timotheo 1:2; 5:23; 2 Timotheo 1:2; 4:9.
Mo godimo ga moo, ebile gape se se botlhokwa bogolo, Paulo o ne a batla Timotheo a direla dikgatlhego tsa phuthego ya Bokeresete sentle. A itse ditekanyetso tsa mmele le tlhaloganyo tsa ga Timotheo mme gape a lemoga gore go nna ga gagwe mosha go ne go mo dira gore a tshabelelwe ke “dithatō tsa bokau,” Paulo o ne a gakolola ka gore: “U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta go gago. U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.” (2 Timotheo 2:22; 1 Timotheo 4:16) Abo Timotheo a tshwanetse go bo a ne a itumetse jang ne go amogela kgakololo ya bomodimo go tswa go mogolwane yo o godileng a bile a na le maitemogelo go mo feta! Bagolwane ba ba botlana gape le bone gompieno ba anaanela thuso e e ntseng jalo le kaelo. Mme kgakololo ya ga Paulo go Timotheo e ne e akareletsa eng?
“U Nnèlè Rure mo Diloñ Tse U Di Ithutileñ”
Go tsweledisa tsela ya mongwe jaaka Mokeresete yo o ikanyegang—jaaka mogolwane kana eng fela—go tlhoka boikaego jo bo feletseng ka Modimo. Le ka motlha ope a seka a ikaega thata-thata ka nonofo kana kgono ya bokau. Bomosola jwa thapelo le ka motlha ga bo a tshwanelwa go tseelwa kwa tlase. Ka gone he, ka mo go tshwanelang, kgakololo ya ga Paulo e ne e le: “Tswelela pele ka thapelo, o tsholetse mabogo a ba ba itshepileng, ka mo go senang bogale le kgang.” (1 Timotheo 2:8, NW) Abo go le botlhokwa jang gore fa bagolwane ba kopane mmogo go buisana ka dikgang tsa phuthego, ba kope kaelo ya bomodimo! Go bontsha boikanyegi mono go Jehofa go thibela dikganetsano tse di sa feleng le go tsoga ga dikgaruru ka ntlha ya kgakalo.
Gore ba tle ba itshoke, Bakeresete ba tshwanetse go nna gaufi le phuthego mme ba kgatlhegele katlego ya yone. Go tla go fitlha fa, Paulo o ne a gakolola ka thapelo mabapi le “dikgosi le botlhe ba ba leñ bagolo.” Legale, Timotheo o ne a lemoga dithapelo tseno fa e se tsa go segofatsa mapolotiki jaaka tse di dirwang ke baruti ba gompieno. Go na le moo, e ne e le ditopo tsa Modimo tsa gore gongwe a ka tlhotlheletsa bagolo ba mebuso ya lefatshe go letla Bakeresete gore ba tswelele ba “tshelè mo boiketloñ le mo tidimaloñ,” ba rera molaetsa wa Bogosi “ka poihōmodimo eotlhe le ka tshisimogō.”—1 Timotheo 2:1, 2.
Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore go akanyetsa tsela ya boikanyego ya ba bangwe go ne go tla thusa Timotheo go “[nnela] rure mo diloñ tse [a] di ithutileñ.” Ka jalo Paulo o ne a kwala ka gore: “Me wena u latetse thutō ea me, le mokgwa, le boikaèlèlō, le tumèlō, le bopelotelele, le loratō, le boichōkō, Le dipogishō, le dibotlhoko.” (2 Timotheo 3:14, 10, 11) Dikete-kete tsa bagolwane ba ba godileng gompieno di tlhoma sekao se se molemo seo Paulo a neng a se tlhoma, se se akareletsang le ditsela tsa bone tsa go ruta.—1 Bakarintha 4:17.
“Tshegetsa Sekaō sa Mahoko a a Tshedileñ”
“Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.” Ke molaetsa o o itshekileng wa boammaaruri jwa Dikwalo o o dirang Mokeresete gore “a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—2 Timotheo 3:16, 17.
Lefa go ntse jalo, bangwe ba Bakeresete ba Efeso, ba ne ba sa tlhole ba le tumalanong le se Paulo a se biditseng “sekaō sa mahoko a a tshedileñ.” (2 Timotheo 1:13) Ba ne ba “kgweleancwe ke dipocō le dikganetsanyō tsa mahoko.” Bangwe ba ne ba inaakanya le “ditatalalanō.” (1 Timotheo 6:4, 5) Ka jalo kgakololo ya ga Paulo e ne e le gore go “[ganwe] dipocō tsa bonyana le tse di senañ kicō, [ba] nntse [ba] itse ha di cosa dikgañ hèla.” (2 Timotheo 2:23) Ka mo go tshwanang gompieno, bagolwane ba tshwanetse ba tlhoma megopolo mo dilong tse di botlhokwa tota gompieno, tseo di tla thusang Bakeresete gore ba “chware botshelō yo bo sa khutleñ.” Dilo tseno tse di botlhokwa ke eng? Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng, tiro ya go rera le tsela ya botshelo ya Bokeresete.—1 Timotheo 6:11, 12.
Mo motlheng wa ga Timotheo, Humenaio le Fileto, mme gongwe le ba bangwe, ba ne ba anamisa dithuto tsa maaka, “ba ribigeditse tumèlō ea bañwe.” Ka ntlha ya go sokama mo boammaaruring moo, Paulo o ne a re, “ba ke ne [ka] ba neèla Satane.” Ka phepafalo ba ne ba kgaolwa mo phuthegong. (2 Timotheo 2:17, 18; 1 Timotheo 1:20) Ga re a tshwanela go solofela seemo se se farologaneng gompieno. Paulo o ne a tlhagisa ka gore: “Mo metlheñ ea moragō, bañwe ba tla tenèga mo tumeloñ, ba tlhōkōmèla meōea e e timetsañ, le dithutō tsa badimo.” (1 Timotheo 4:1) Mogolwane yo monana yo o senang boitemogelo, o ka kgopega kwantle go lebaka ka ntlha ya se, mme ga aa tshwanela. Botenegi jwa bangwe ga go ka tsela epe bo ka fetolang boammaaruri. Ke fela go bo bo tshwaya batenegi jaaka batho ba “kaha dithatoñ tsa bōnè; . . . ba tla [itsubulang] mo boamarureñ.”—2 Timotheo 4:3, 4.
Se se akarelediwang mo go “[tshegetseng] sekaō sa mahoko a a tshedileñ,” kana “go utlwa thutō e e itekanetseñ,” ke go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo molemo. (2 Timotheo 1:13; 4:3) Bangwe ba bagolwane ba ba sa leng babotlana ba ka ikutlwa gore ba tshwanetse go nna le pono ya segompieno, ya go sa gagamale thata ka “boleo” kana le eleng mo go ka bong gotwe ke dikgang tsa segakolodi. Mme dikganetsano tsa botlhale jwa selefatshe ga se sepe fela fa e se “dipalabalō tsa boithamakō [tse di senyang se se boitshepo].” Tshaba matlhale a selefatshe, Paulo o ne a tlhagisa, “le dikganetsanyō tsa e e bidiwañ kicō, me e se eōna.”—1 Timotheo 6:20, 21.
Kitso ya boammaarure e bonwa ka thuto ya botho tlase ga kaelo ya moya wa Modimo le phuthego. Se ke sone se kgonisang mogolwane, kana re ka re Mokeresete mongwe le mongwe, go nna “modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ, [a] bua lehoko ya boamarure ka tshiamō.” Ga a ketla a tshwana le baeteledipele ba bodumedi ba maaka bao “ba nntseñ ba ithuta, me ba sa nonoha gopè go hitlha mo kicoñ ea boamarure.”—2 Timotheo 2:15; 3:7.
‘Laola Sentle’
Go ‘laola sentle mogolwane wa Mokeresete o tlhoka go “nna bonōlō hèla mo go botlhe, a le secwiriri go ruta, . . . a le boikokobeco, a shokolola.” (1 Timotheo 5:17; 2 Timotheo 2:24, 25) Leloko lengwe le lengwe la phuthego go tshwanetswe go dirisanngwe le lone jaaka motho-ka-bongwe. Dingwaga tse dintsi tsa boitemogelo tsa ga Paulo di ne di mo rutile go tshwara banna-bagolo jaaka e ka bo e le borraagwe, “le makau yaka bomonnao: basadi ba ba godileñ u ba laeè yaka ha e ka bo e le bommago; le barweetsana yaka bokgantsadio, ka boitshèkō yotlhe.”—1 Timotheo 5:1, 2.
Jaaka motho a gola ka boitemogelo o tlhagolela leitlho la go bona mathata le ditlhokafalo tsa ba bangwe. Timotheo o ne a tshwanela go ela tlhoko maemo mangwe a a rileng ao a neng a ka tlhoka tlhokomelo ya gagwe. Ka sekai, a go ne go na le batlholagadi, bao ba senang ba losika ba ba atamalaneng le bone, bao ba neng ba tlhoka tlhokomelo? A bangwe ba malata a Bakeresete le beng ba bone ba Bakeresete (jaaka mohiriwa wa Mokeresete le mohiri wa gagwe wa Mokeresete gompieno) ba na le pono e e phoso ka kamano ya bone e e ka tlhokang paakanyo? Ereka ba ne ba tshela mo Efeso, toropo e e humileng ya papadi, a bangwe ba ne ba tlhoka go gakololwa gore bao “ba eletsañ go huma ba tla ba wèla mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ”? A Bakeresete ba ba neng ba itsholetse ba ne ba tlhoka go gakololwa gore ba seka “ba ipègèla godimo, leha e le go sholohèla mo bosenañtlhōmamō yoa khumō, ha e se mo Modimoñ hèla”?—1 Timotheo 5:3-16; 6:1, 2, 9, 17-19.
A bangwe mo phuthegong ba ne ba tla go itse ka gone, le eleng go bogela teofo ya bao ba neng ba sa ikemisetsa go ngaparela melao ya Modimo? “Ba ba leohañ u ba kgalemèlè mo ponoñ ea botlhe [ba ba bogetseng bao],” Paulo a gakolola, “gore ba bañwe le bōnè [ba ba go itseng] ba nnè mo poihoñ.” Mme he go tweng ka maloko a phuthego eleng basadi? A ba ne ba le “masisi yalo, ba se bapateletsi, ba le mogopolō o o lekalekanyeñ, ba le boikañō mo diloñ cotlhe”? Kana a bangwe ba bone ba ne ba tlhokomologa thulaganyo ya Modimo ya go sa “leseletse mosadi go ruta, leha e le go diha le taolō mo monneñ” mo phuthegong?—1 Timotheo 5:20; 3:11; 2:11, 12.
A banna ba ba neng ba tlhophiwa go direla jaaka bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ne ba tlhophiwa ka kelotlhoko le ka tiso e e botlhale? “U se ka ua beèla motho opè diatla ka potlakō,” Paulo a gakolola. Go tlhomiwa ga bagolwane le batlhanka ba bodihedi go tshwanetswe ga dirwa eseng mo motheong wa maikutlo a botho, mme mo leseding la dipatlafalo tsa bomodimo. Fa go buisanngwa ka go tlhomiwa mo go ntseng jalo, bagolwane ba ba botlana ba tla bo ba dira sentle go seka-seka ka kelotlhoko dikakantsho tse di dirwang ke bagolwane ba ba godileng le ba ba nang le maitemogelo go ba feta.—1 Timotheo 5:22; 3:1-10.
“U Nnè Sekaō sa Ba Ba Dumelañ”
Ka phepafalo Timotheo e ne e le motho yo o ditlhong, kana yo o boi. O ka nna a bo a ne a okaoka go dirisa taolo. Mme o ne a sa tshwanela. Paulo o ne a mmolela jaana: “Opè a se ka a nyatsa bokau yoa gago; me u nnè sekaō sa ba ba dumèlañ.” Jang? “Mo puoñ, le mo mokgweñ oa go tshela, le mo loratoñ, le mo tumeloñ, le mo boitshekoñ.”—1 Timotheo 4:12.
Mogolwane wa Mokeresete gompieno le ene o ka ikutlwa gape a le boi le go nna ditlhong ka ntlha ya go nna mosha ga gagwe. O ka nna a okaoka go neela dikakgelo kwa dipokanong tsa bagolwane. Mo letlhakoreng je lengwe o ka sekamela mo go nneng mahega thata, a bontsha tlhaelo ya boikokobetso. A bo go le botlhokwa jang ne go gakologelwa gore tshiamelo nngwe le nngwe ya Bokeresete e re ka e fiwang ga se ka fa “ditihoñ tsa rona, ha e se kaha boikaeleloñ yoa ōna [Modimo] le tshegōhaco”!—2 Timotheo 1:9.
Mo mmeleng, bagolwane ba ba sa leng ba botlana ba ka kgona ga botoka go na le ba bangwe go etelela pele mo go direng “tihō ea motsamaisa Mahoko a a Molemō.” (2 Timotheo 4:5) Fa go ntse jalo he, ba tshwanetse go go dira. Ke tiro e e TSHWANETSENG go dirwa, ka go bo thato ya ga Jehofa ke gore “batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” Boitloso-bodutu, ditiro tsa go itlosa bodutu, maitapoloso kana metshameko efe fela e se ka ya letlelelwa go itshunya nko mo nakong e e beetsweng sentle-bontle bodihedi jwa rona jwa Bokeresete.—1 Timotheo 2:4; 4:8.
Mo go tsamaisaneng le kgakololo ya ga Paulo go Timotheo, bagolwane ba ba sa leng ba botlana ga ba tshwanela le eleng go letlelela poifo ya batho go ba kgoreletsa. Paulo o ne a gakolola Timotheo gore “Modimo ga oa ka oa re naea mōea oa bogatlapa, ha e se oa nonohō le oa loratō le oa mogopolō o o tlhōmameñ hèla.” Mogolwane wa Mokeresete, kana Mokeresete ofe le ofe, ga aa tshwanela go “tlhaywa ke ditlhoñ kaga chupō eo Morèna oa rona.” Tota, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ikemisetsa go boga “bothata [ba] na le Mahoko a a Molemō.”—2 Timotheo 1:7, 8.
Ka go bua ka bopelokgale ba hemela kobamelo ya boammaarure, mogolwane yo mmotlana Timotheo le mogolwaneka-ene wa gagwe yo mogolo Paulo, ba ne ba iponela lorato le tlotlo tsa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete. Ka go etsa sekao sa balebedi bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga, bagolwane mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga le bone gape ba tla ipelela lorato le tlotlo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete. Ee, a ba ba botlana kana ba godile, “gonne ba ba dihileñ sentlè e le bagolwane ba phuthègō, ba ipōnèla boèmō yo bo molemō.”—1 Timotheo 3:13.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Bagolwane ba tshwanetse go iketleeletsa go ithuta go tswa go bao ba godileng ba bile ba na le maitemogelo go ba feta