LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 7/15 ts. 9-11
  • Bakolosa—Kgakololo e e Utlwalang kaga Tumelo le Boitshwaro

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bakolosa—Kgakololo e e Utlwalang kaga Tumelo le Boitshwaro
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boemo jo bo Tlotlometseng jwa Morwa
  • Dithuto tsa Maaka di Gannwe
  • Kgakololo e e Utlwalang ka Boitshwaro
  • Buka ya Bibela ya bo 51—Bakolosa
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jehofa o ka go Naya Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Thusa ba Bangwe go Tsamaya Kafa go Tshwanetseng Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Nnang Lo Ntse Lo Dumela mo Modimong le mo go Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 7/15 ts. 9-11

Bakolosa—Kgakololo e e Utlwalang kaga Tumelo le Boitshwaro

BOEMO jwa ga Jesu Keresete mo thulaganyong ya Modimo ke bofe? Go atamela Jehofa le go bona poloko, a Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go boloka malatsi mangwe a a rileng kana go itima dijo? Ke eng se se tlhokafalang ka banna ba bomodimo, basadi, bana le ba bangwe?

Dipotso tse di tshwanang le tseno di ne di tlhoka go arabelwa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba nna kwa motseng wa Kolosa, kwa Asia Minor. Ba ne ba dikologilwe ke Baditšhaba ba ba neng ba ngaparetse matlhale a boheitane a a kopanyeletsang go itima dijo, ga mmogo le Bajuda ba ba neng ba itima dijo dingwe tse di rileng le go elatlhoko malatsi mangwe a a kgethegileng. Tota, go ya bokgakaleng jo bo rileng dithuto tsa maaka di ne di setse di tseneletse mo phuthegong.

Fa a ne a le kwa kgolegelong kwa Roma moaposetoloi Paulo, yo gongwe a neng a seka a etela Kolosa go le pele, o ne a amogela pego kaga badumedi-kaene koo. (Bakolosa 1:7, 8; 2:1) Ka ditsela dingwe tse di rileng ba ne ba dira sentle. Mme dithuto dingwe tsa maaka di ne tsa baya bomoya jwa bone kotsing, mme moaposetoloi o ne tshwenyegile thata. Ka jalo, a le tlase ga tlhotlheletso ya bomodimo Paulo o ne a kwalela Bakolosa lokwalo lo lo tlhotlheletsang e kane ka 60 go ya go 61 C.E.a Kgakololo ya lone e e utlwalang kaga tumelo le boitshwaro e arabile dipotso tse di botlhokwa tsa bone, le eleng jaaka lo dira go Bakeresete ba lekgolo la dingwaga la bo-20.

Boemo jo bo Tlotlometseng jwa Morwa

Lokwalo lwa ga Paulo lo ne lo lebisitswe go “baitshepi le bakauleñwe ba ba ikanyègañ mo go Keresete,” go raya balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete kwa Kolosa. Moaposetoloi o ne a leboga Modimo ka thapelo ka ntlha ya tumelo ya bone, tsholofelo le lorato. Mo godimo ga moo, Paulo le Timotheo ‘ga ba khutla go ba rapelela, le go ba lopela gore ba ke ba tladiwe ka kitso ya mo eleng go rata ga gagwe, mo botlhaleng jotlhe jwa semoya, le mo tlhaloganyong.’ Go ya bokgakaleng bofe? ‘Gore ba itumedise Jehofa ka botlalo.’—Bakolosa 1:1-12.

Karolo e e botlhokwa ya kitso eo e kopanyeletsa Morwa Modimo. Ka ene Bakeresete ba bone kgololo ka thekololo, boitshwarelo jwa dibe tsa bone. Ke “motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe,” tshimologo ya ditiro tsa popo tsa ga Jehofa yo ka ene didikadike tsa barwa ba baengele, lobopo lotlhe le lefatshe, ka dimela le dibopiwa tsa lone tse di tshelang, di ne tsa tlisiwa ka ene. Morwa gape ke “motsalwa pele go cwa mo bashwiñ,” ka go bo a ile a baakanyetsa baruaboswa mmogo le ene tsela ya go tsosiwa go abalana botshelo jwa go sa swe le ene kwa legodimong. Mme gareng ga dilo tse dingwe, Jesu Keresete ke “èna tlhōgō ea mmele, eboñ phuthègō,” yo o kwapele gareng ga balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng.—Bakolosa 1:13-18.

Mo godimo ga moo, ‘go kgatlhile Modimo gore botlalo jotlhe bo age mo go Morwawe.’ Ke ena tshwaragano ya dinonofo tsotlhe tsa bomodimo, go akaretsa botlhale—tota, sengwe le sengwe se Bakeresete ba se tlhokang jaaka tao le kaelo ya bone. Dithuto tsa gagwe, tseo di dumalanang le Dikwalo tsotlhe, ga di tlhaele sepe. Ka ene dilo tsotlhe tse dingwe mo legodimong le mo lefatsheng di tla letlanngwa le Modimo, mme ka ntlha ya setlhabelo sa ga Keresete “bosaitsiweñ” jo bo saleng bo ntse bo fitlhegile gale, jo bo akaretsang tsholofelo ya Baditšhaba go abalana mo kgalalelong ya selegodimo le ena, bo senotswe. Mme tetlanyo eo e ikaegile ka Bakeresete go nna ba ba nitameng le go sa latlhisiwe tsholofelo ya bone ya mafoko a a molemo. Paulo o ne a dira ka natla jaaka modihedi wa mafoko ano a a molemo a a neng a ikgarile mo go Keresete, yo o kwa pele mo thulaganyong ya Modimo.—Bakolosa 1:19-29.

Dithuto tsa Maaka di Gannwe

Gore ba ipelele tshiamelo e e galalelang ya go abalana le Jesu mo botshelong jwa selegodimo, Bakeresete ba Kolosa ba ne ba tlhoka go gakologelwa gore ‘Keresete ke ena yo lohumo lotlhe lwa botlhale le lwa kitso lo fitlhilweng mo go ena.’ Ka jalo, ba ne ba tshwanetse gore ba itise kgatlhanong le ope ‘go ba thopa ka botlhajana jo eleng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang kafa melaong ya batho eseng kafa mokgweng wa ga Keresete.’ Ba ne ba tshwanetse go gana megopolo ya Magerika e e seng kafa dikwalong le dithuto tse eseng tsa Bibela tsa Bajuda. Kgano e e tshwanang ya dithuto tsa maaka le go ema ka tlhomamo mo boammaaruring di a tlhokafala go Basupi ba ga Jehofa gompieno.—Bakolosa 2:1-12.

Se se latelang, Paulo o ne a thatafatsa Bakolosa kgatlhanong le Bajuda. O ne a supa gore Modimo o ne a tlositse Molao wa ga Moshe, a o kokotela mo thupeng ya tlhokofatso ya ga Jesu. Ka jalo, ba ne ba sa tshwanela go letlelela ope go atlhola tumelo le tshiamo ya bone mo motheong wa dijo, dino, le meletlo mengwe e e rileng. Ka ntlha yang? Ka go bo dilo tse di ntseng jalo e ne e le fela moruti wa dilo tse di tlang, “me mmele ke oa ga Keresete.”—Bakolosa 2:13-17.

Go tlhabantsha dipono tse dingwe tse di fosegileng, Paulo o tlhagisitse kgatlhanong le bao ba ipelelang boikokobetso jwa tsietso, jwa boitimokanyi le “go ōbamèla baengele.” Go bonala gore, bangwe ba Bakolosa ba ka ne gongwe ba ne ba akanya gore ba ne ba tsweledisa kobamelo nngwe e e rileng e baengele gongwe ba neng ba e dira kana gore ba ne ba ba obamela ka tlhamalalo. Mme seno le dilo tse dingwe tse di jaaka ‘boikokobetso jwa tsietso’ le go itima dijo, kana “le mo go tlhokeñ go rèkègèla mmele,” di ne tsa bontshiwa di “[sena] thushō go thiba kgatlhègō ea nama.” Ka mo go tshwanang gompieno, dilo tse di tshwanang jaaka go itima dijo le boikokobetso jwa tsietso ga di ketla di re dira batho ba semoya bogolo.—Bakolosa 2:18-23.

Go boloka bomoya jwa mmaanete le go tlhabantsha dikeletso tsa nama tse di sa tshwanelang, barutwa ba batlodiwa ba ga Jesu ba tshwanetse ‘go boloka megopolo ya bone e tlhomame mo dilong tse di kwa godimo, eseng mo dilong tse di mo lefatsheng.’ Ke ka go dira jalo fela ba ka solofelang go bonadiwa le Keresete mo kgalalelong ya selegodimo. Ka mo go tshwanang, Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya lefatshe ba tlhoka go tlhoma lorato lwa bone mo dilong tsa semoya.—Bakolosa 3:1-4; Mathaio 6:19-21.

Kgakololo e e Utlwalang ka Boitshwaro

Ke eng seo tota se tla re thusang go atamela Jehofa le go nna ba semoya bogolo? Paulo o re, “bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, bomashwè, le dithatō, le keleco e e boshula, le pelotshètlha.” Go gobolola maatla a go bua ka dilo tse di ntseng jaaka bogale, le dipuo tsa botlhabisa ditlhong le go aka di tshwanetse gape tsa tilwa. Jaaka moaposetoloi a boleletse Bakolosa, re tshwanetse ‘go apola motho yo mogologolo mme re apare motho yo mosha.’ Re tshwanetse go apara bopelotlhomogi, le bopelonomi, le boikokobetso, bonolo, le bopelotelele le lorato—lo eleng “sebōhō sa boitekanèlō.” Seno sotlhe ga se ne se tlatseletsa fela go kagiso ya rona mme gape le ya phuthego yotlhe.—Bakolosa 3:5-17.

Fela jaaka Bakeresete ba Kolosa, basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba ka solegelwa molemo ke kgakololo ya ga Paulo kaga ditlamego tsa lelapa le maikarabelo a mangwe. Basadi ba gakololwa go nna kutlo mo banneng ba bone. Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone le ‘go sa ba ngangalele.’ Bana ba tshwanetse go utlwa batsadi ba bone, mme borre ga ba a tshwanela go gakatsa bana ba bone “gore ba se ka ba shulahala pelo.”—Bakolosa 3:18-21.

Malata a Bakeresete a ne a tshwanetse go nna kutlo, ebile ba ne ba tshwanetswe go tshwarwa ka tshwanelo le ka tshiamo ke beng ba bone ba ba dumelang. Filemone le lelata la gagwe Onesimo ba ne ba nna kwa Kolosa, mme kwa ntle go pelaelo ba ne ba amogela kgakololo eno ka kanaanelo e e tebileng. Melao-metheo e e tshwanang e tshwanetswe go dirisiwa ke Bakeresete ba segompieno mo tirisanong ya mohiri le mohiriwa. Tota, ekane ke eng seo re se dirang re tshwanetse ‘go se dira ka pelo yotlhe jaaka e ka bo e le go direla Jehofa.’—Bakolosa 3:18–4:1.

Paulo o ne a kgothaletsa badumedika-ene go ganelela mo thapelong, ka ditebogo. Gape ba tshwanetse go rapela Modimo go bula kgoro ya lefoko la ga Paulo le balekane ba gagwe “gore [ba] buè bosaitsiweñ yoa ga Keresete.” Abo seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa go leboga Jehofa le go mo rapela gore a segofatse tiro ya thero ya Bogosi! Mme jaaka Paulo a gakolola, ekete lefoko la rona ka metlha le ka nna lentle, le “lokilwe ka lecwai.” Seo re se buang se tshwanetse go nna le moutlwalo o o molemo, se nne le boikuelo go bareetsi ba rona, mme se tshwanetse go sekamela mo go bolokeng matshelo a bao ba tsayang-tsia mafoko a rona.—Bakolosa 4:2-6.

Ditumediso tsa botho le kgothatso di ne tsa tlisa lokwalo lono lo lo thusang kwa bokhutlong. Tukiko le Onesimo (bao ba lebegang ba ne ba le isa) ba ne ba tla neela Bakolosa kgang ka botlalo kaga Paulo. Epaferase yo o kaneng a thusitse go simolola phuthego kwa Kolosa, go ne ga bolelwa a ‘tlhoafetse ka metlha yotlhe mo merapelong ya gagwe.’ Paulo ka boene o ne a fetsa ka tumediso ya botho le go rapela gore ekete ba ka ipelela tshegofatso.—Bakolosa 4:7-18.

Kgakololo ya ga Paulo go Bakeresete ba Kolosa e re thusa go tlhaloganya boemo jo bo kwapele jwa ga Jesu Keresete mo thulaganyong ya Modimo. Lokwalo lono lo re bontsha gore re tshwanetse go dira eng—le gore re tshwanetse go tila eng—fa e le gore re tla atamela Jehofa le go bona poloko. Le tlhalosa dipatlafalo tsa Modimo ka banna, basadi, bana le ba bangwe ba ba eletsang go bona kamogelo ya bomodimo. Kwantle le pelaelo, lokwalo lwa ga Paulo go Bakolosa le neelana ka kgakololo e e utlwalang kaga tumelo le boitshwaro.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona gape Aid to Bible Understanding, ditsebe 365, 366; “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial,” ditsebe 224-227. Dibuka tse ka bobedi di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela