LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 7/15 ts. 6-8
  • Matlhapa—A Ruri-Ruri Aa Gobatsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matlhapa—A Ruri-Ruri Aa Gobatsa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Go Ikgatlha Fela?’
  • Matswela a Matlhapa
  • Tila Go Raelesega
  • Tila go Dirisa Puo e e Utlwisang ba Bangwe Botlhoko
    Tsogang!—2003
  • Lebaka La Go Bo Puo E E Botlha E Sa Tshwanela Bakeresete
    Tsogang!—1992
  • Motlha wa Matlhapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • “Puo ya Rona Ga e Na Matlhapa”
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 7/15 ts. 6-8

Matlhapa—A Ruri-Ruri Aa Gobatsa?

MO DITOROPONG dingwe tse dikgolo tsa United States, go akanyediwa gore lefoko lengwe le lengwe la botlhano le le tswang ka molomo ke la thogano. Mo Italy, go ya ka dikakanyetso tsa National Union Against Blasphemy, matlhapa a a ka fetang bilione a a tswang ka molomo letsatsi le letsatsi ke aa lebantsweng le Modimo kana le kereke. Ruri, go rogana ke selo se segolo sa boitlosobodutu mo mafelong a mantsi.

Seo se tshwanetswe go opelwa legofi, go boletse jalo Reinhold Aman, morulaganyi wa Maledicta, makasine o o buang ka tlhapaolo. O ikutlwa gore go tikana ka mafoko a a botlha go mosola ereka go le botoka gona le go ruthana mo mebeleng. “Bogolo ke bidiwe seketekete-sa-gago go na le gore ke thuntshiwe ka lerumo kana ke tlhabiwe ka thipa mo sehubeng,” go bolela jalo Aman.

A emisetsa gape lefoko le le molemo ka aa bosula, Chaytor Mason o re: “Tlhapaolo, go rogana kana lefa o ka go bitsang ke motlhala o o tlhatlhobilweng sentle le o o tsweletseng wa go phantsha maikutlo a a tsetsweng ke tlalelo.”

Bontsi-ntsi jwa batho bo ntse bo itshokela tlhapaolo, ba ikutlwa gore ga e gobatse. Ba ikutlwa gore go dirisa letlhapa mo go tshwanelang lobaka lo lo rileng go siame. Tota, makasine wa basetsana ba basha o o bidiwang Seventeen, o etse tlhoko ka gore: “Gangwe fela mo botshelong, go a kgatlha go kopana mmogo le basetsana kana basimane—kana a re re botlhe—go kopanela puisano e e botlhaswa, ya gore a-o-ka-mo-gaisa ka matlhapa. Ke akantse ka kgaisano ya matlhapa e e neng ya tshwarelwa mo matlhatlaganyaneng a boraro a dometiri ya basadi-ka-nna. Matlhapa a a neng a buiwa koo mo bosigong joo a ne a ka dira gore bora-molao ba hibile.”

A o dumela gore tlhapaolo e a mpampediwa? A matlhapa eleruri a a gobatsa?

‘Go Ikgatlha Fela?’

“Kgaisano ya matlhapa” ke eng? Go ya ka Webster’s New Collegiate Dictionary, “kgaisano [ya matlhapa]” e tlhalosiwa jaaka: “Go ithuta ka mantle; ka jalo, ke thuto ya matlhapa.” O akanya eng kaga go leka go gaisa ba bangwe ka tiriso ya puo ya matlhapa?

“Mmampodi ke mang” ke lentswe le gantsi le dirisiwang mo dikokoanong tse batho ba banana gantsi ba tshwaregang mo go tsone gompieno. Boikaelelo gantsi ke go rogela motho yo mongwe mmaagwe mo go boneng gore mogaka ke mang. Baphadisani, gantsi e le batho ba babedi, ba dikaganyeditswe ke setlhopha sa ditsala se se tshegang jaaka mmaagwe tsala ya bone a rogakakwa ke mophadisani yo o popota. Go na le tlwaelo e e tshwanang ya go raya maina. Ke tlwaelo ya go tlhalosa ponalo ya yo mongwe, go e tshwantsha le diphologotswana tse di sa rategeng jaaka kolobe, peba kana tshwene.

Ditlwaelo tseno, ga mmogo le go bolela dinyao tsa matlhapa go tlosa bodutu, e setse e le dilo tse di tlwaelegileng thata. Ka go arola mo go tsone, ba ba tlhakanetseng ba bontsha gore matlhapa ga a maswe mo go kalo kalo ereka ba ka dira dinyao ka one. Mme ba a tle ba re, ‘Bona tlhe gore batho ba le bantsi ba tshega jang.’ Kwantle le pelaelo ditlwaelo tse di ntseng jalo di tlatseleditse mo matlhapeng go nna karolo ya puo ya letsatsi le letsatsi, mo le eleng batho ba eleng “barutegi” le batho ba ba “tlhabologileng” ba a dirisang. Lefa go ntse jalo, a tiriso ya matlhapa e ka nna le kgobatso e kgolo thata go na le jaaka bantsi ba ka dumela?

Matswela a Matlhapa

Mafoko a matlhapa mo molomong a tshwana fela le ditshwantsho tsa batho ba ba sa ikategang fa di bonwa ka matlho. Go tsolwa ditswalo ka molomo go gogomosa mogopolo wa keletso ya kafa dikobong. Ka jalo go ka diragalang fa mafoko a a tsolang batho ditswalo a dirisiwa ka metlha? A motho yo o a dirisang o ka se sekamele mo go direng seo a ntseng a bua ka sone? Eleruri go a bonala gore koketsego ya tiriso e kgolo ya matlhapa e ile ya lepa-lepana le koketsego ya boaka, kgokahalo le bosodoma.

Ponong ya seno, o ka bona sentle botlhale jwa kgakololo ya Bibela, fa e kgothatsa jaana: “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ba umakiwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi; Leha e le matlhapa, leha e le puō ea dinyana, leha e le dinyaō, tse e leñ dilō tse di sa chwanèlañ.”—Baefesia 5:3, 4.

Boammaaruri ke gore modirisi wa puo ya matlhapa o a ipodisa. Mme o anamisetsa sebodu go ba bangwe nako nngwe le nngwe fa a boaboeletsa matlhapa. Ka gone, ka lebaka le le molemo Bibela e a gakolola: “Me yanoñ, le lona lo latlhè dilō tse cotlhe hèla; eboñ bogale, le kgakalō, le kilō, le kgalō, le dipuō tsa botlhabisa ditlhoñ, lo di tlosè mo melomuñ ea lona.” “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona.” (Bakolosa 3:8; Baefesia 4:29) Gape, e gakolola jaana: “Latlhañ bomashwè yotlhe.” (Yakobe 1:21) Go dira phapaanong le kgakololo eno go felela ka itumologo ya Modimo.

Gape, akanya ka ga seno: Fa batho ba babedi ba fetolana ka dithogano, a ba tswa mo kgaisanong eno ya bone ka kamano e e tokafaditsweng? Mme fa ka ntlha ya thogano ya bone, go thubana ka mabole go ile ga tilwa, a o ka re bobedi jwa bone ruri ba ile ba rarabolola bothata jwa bone? Le bogologolo! Mo letlhakoreng je lengwe, a dithogano tse di goagoelediwang eleruri ga di oketse kgonego ya ntwa go na le go e kokobetsa?

Ke jang he, lorato le kutlwisiso di ka tsholediwang? Ke fa mongwe a gana go “[duela] boshula yoa ga opè ka boshula.” Lefoko la Modimo le laela jaana, “se ipusholosetseñ.” Go na le mo, “lo thibogèlè bogale” ka go tlogelela pusoloso mo diatleng tsa Modimo. Mafoko a gago le ditiro tsa gago tse di bonolo tebang le mongwe yo o tlhapatsang di tla “tlhatlaganya magala a molelō mo tlhogoñ ea gagwè,” mme gongwe di mo dire gore a nolofatse boikutlo jwa gagwe tebang le wena. Ka botlhale, latela ka nako tsotlhe kgakololo ya Dikwalo e e tlhomameng e e reng: “Segōhatsañ, me lo se ka loa hutsa.”—Baroma 12:17-20, 14.

Tila Go Raelesega

Go a bonala gore re tshwanetse ka metlha ra nna kgatlhanong le go gogwa-gogwa ke ditshekamelo tsa botlhapatsi jwa lefatshe leno. Ga go ope wa rona yo o ka se jwelweng ke dirai tsa lone. Jaaka mokwadi wa buka ya tlhapaolo, Burges Johnson, o re: “Fa e le gore thogano ka kakaretso ke bolwetsi jwa mafoko, e fetisiwa jang ebile e tshwarwa ke mang? Karabo e motlhofo: ga e jwele fela mme gape e a tshelanwa, ka go bo go na le megare ya yone e e gatiseleditsweng mo go rona rotlhe.” Bibela e tiisetsa gore jaaka batho ba ba sa itekanelang re sekametse mo go gogelweng tirong le boitsholong jo bo sa siamang. Ka jalo re tshwanetse go lwa kgatlhanong le go dirisa puo ya matlhapa.—Genesise 8:21; Pesalema 51:5.

Go tila go dirisa puo ya matlhapa go simolola ka go ithuta go ikgapa maikutlo le ditiro tse di gogelang kwa go yone. Tse ke eng? Bibela e araba jaana: “A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le komañ, le go kgala, le kilō eotlhe.” (Baefesia 4:31) Ka jalo pele ga o fitlha go ya ntlheng ya go gakalela yo mongwe mo o ka batlang go mo rogaka, ema mme o ipateletse go akanyetsa se se molemo se o se itseng ka motho yoo. Se letlelele kgakalo go dira gore o dirise puo ya matlhapa. Lekela go tsaya-tsia taolo ya Bibela e e reng: “A boitelaganyō bo se cwè mo molomoñ oa lona.”—1 Samuele 2:3.

Lefelo lengwe le o ka bonang megopolo e e siameng teng ke Lefoko la Modimo, Bibela. Ka go tlatsa tlhaloganyo ya gago ka megopolo e e siameng, o tla bo o godisa dikeletso tse di siameng tsa pele. Seno se tla ama puo ya gago jang? Jesu o ne a re: “Gonne molomo o bua se se cwañ mo botlaloñ yoa pelo.”—Mathaio 12:34.

Se etsaetsege go rapelela thuso ya Modimo le go kopa moya wa gagwe. Mopesalema o ne a rapela jaana: “Yehofa a u ko u beè tebèlō ha pele ga molomo oa me; disa secwalō sa dipounama tsa me.” (Pesalema 141:3) Ka tlhagafalo ya rona e kgolo ya go laola loleme lwa rona, gape re tshegeditswe ke Modimo, re tla kgona go tila seru sa thogano.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A o tla ipusolosetsa fa yo mongwe a go rogaka?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela