Mmino e Ne e le Botshelo jwa Me
Jaaka go buile Gordon Grant
GO NE go le piano e e emeletseng ya kgale mo ntlwaneng ya maitiso fa lapeng. Erile fela ke le bogolo jo bo lekanetseng gore ke ka palama mo pankeng ke ne ka leka go e letsa. Fa ke ne ke le bogolo jo bo ka nnang dingwaga di le nne kgotsa di le tlhano, mme-mogolo o ne a tle a ntseele kwa dikonsareteng, tseo ke neng ke di itumelela thata. Mme fa ke le dingwaga di le thataro batsadi ba me ba ne ba simolola go nthuta piano.
Ke ne ka tlwaelana le piano ka yone nako eo mme ka gatela pele ka bofefo. Ka bonako ke ne ke leletsa batho mo gae le kwa dikonsareteng tsa sekolo. Thapiso ya me lantlha e ne ya nna ka mmino wa tlelasike, mme erile fa ke sena ke tsenela dingwaga tsa bolesome ke ne ka simolola go kgatlhegela mmino wa ‘jazz.’ Kwa tshimologong ke ne ke rata ‘jazz’ ya ‘dixieland,’ mme moragonyana ke ne ka kgatlhegela mefuta ya segompieno segolo. Ka yone nako eo, mo magareng a bo-1950, ‘rock ’n’ roll’ e ne ya simolola go tuma thata magareng a batho ba basha ba ba lekanang le nna ka dingwaga. Mme ke fitlhetse e le o o boaboeletswang fela ebile o le bonolo tota. Mo go nna, mafoko a ne a se na tlhaloganyo mme baletsi e ne e le bo-magogorwane. Ka jalo ke ne ka tswelela go sala kgatlhego ya me morago ya ‘jazz.’ Ke ne ke na le ditsala tse le tsone di neng di rata go tshameka ‘jazz,’ mme ka bonako re ne re leletsa meletlo ya dikolo. Ka metlha re ne re dirisa thapama yotlhe re ikatisetsa ‘jazz’ kwa ntlong ya batsadi ba me.
Mo dingwageng tsa me tsotlhe tsa sekolo mmino e ne e le boitloso-bodutu jo bo itumedisang, mme ke ne ke sa o tlhokomele thata jaaka tiro ya boitshediso. Tota-tota, ka 1958 ke ne ka tsena kwa Central Oklahoma State College ke ithuta segolo ka ‘Mathematics.’ Ka bonako ke ne ka ikopanya le baletsi ba mo sekolong seo. Ba ne ba letsetsa ditantshe tsa sekolo ebile ba dira ‘matogo’ mo kgaolong ya Oklahoma City. Ba ile ba nkopa gore ke letse le bone, mme ka bonako ke ne ke letsa ka mafelo-beke mangwe le mangwe. Fa nako e ntse e tswelela re ne re leletsa di-‘nightclub’ tsa mo lefelong leo.
Kgodiso ya me ya bo-Methodist e paletswe ke go ntshireletsa. Ka jalo, ditumelo tsa me ka ga boitsholo di ne tsa senyega ka bonako fa ke fitlha kwa kholetšheng, mme ke ne ka simolola go tshela botshelo jwa masigo le baletsi-ka-nna.
Kgatelelo ya Ditsala le Diokobatsi
Ke ile ka rata tagi thata mme ke ne ke tagwa nako le nako mo malatsing a me a sekolo. Ke ne ke ganele thaelo ya go dirisa diokobatsi ka nakwana fela, mme erile go ise go ye kae ka gatelelwa ke ditsala tsa me tsa ‘jazz’ gore ke lekelele motokwane. Ke iphitlhetse ke o rata thata mme ka simolola tlwaelo e e tsereng dingwaga di ka nna 10. Ke ne ka dirisa ‘amphetamines’ ka dinako tse di rileng gore ke tagwe mme ga kea ka ka kopanela thata mo go tsa “maemo” kgotsa mofuta mongwe wa diokobatsi tse di “bogale.” Mme ke ne ke le modirisi wa letsatsi le letsatsi wa motokwane ka gale. Baletsi botlhe ba ke neng ke ba itse ba di-‘nightclub’ tsa kwa Oklahoma City le bone ba ne ba o dirisa, kwantle ga ba le mmalwa thata. Bontsi jwa rona ebile bo ne bo ijaletse wa rona.
Fa ke fetsa kwa kholetšheng ka 1963 ke ne ke wele tsela le setlhopha sa kwa Dallas, botlhe e le baji ba motokwane tota. Moragonyana ke ne ke letse le batshameki bangwe ba di-‘nightclub’ ba kwa Toronto. Re ne re dira mo ditoropong go tswelela le Dinaga tsa Amerika tsa kafa bophirima. Ke ne ke bone gore gotlhe go ne go tshwana fela mabapi le boemo jwa diokobatsi jwa kwa Oklahoma City. Tiriso ya diokobatsi mo go borra-mmino ba di-‘nightclub’ e batla e le lefatshe lotlhe.
Ka 1968 ke ne ke boetse kwa Oklahoma City. Kgabagareng, bangwe ba ditsala tsa me ba ne ba agile kwa Los Angeles mme ba ne ba nkgothaletsa go nna le bone. Ka ge toropo eo e ne e na le ditiro tse dintsinyana tsa bo-rrammino, ke ne ka akanya go ya teng. Lemororo maikaelelo a me a ntlha e ne e le a go itirela fela jaaka rrammino yo o itaolang, ditsala tsa me tsa bopa setlhopha sa ‘rock’ mme ba ne ba ikaelela go leka go tuma mo mminong wa ‘pop.’
Mmino wa ‘rock’ wa dingwaga tsa bo-1960 kwa bofelong o ne o raraane segolo mme o ne o intumedisa thata go feta wa ‘rock ‘n’ roll’ ya pele-pele. Sebaka sa go dira mo mafelong a go gatisa le go dira madi a mantsi le sone se ne se gapa.
Mmino le Tirisa-badimo
E ne e le go ya bokhutlong jwa motlha wa se-hipi, mme mongwe le mongwe o ne a tsaya karolo mo bodumeding jwa kwa Botlhaba mmogo le bolepi jwa dinaledi le ditlwaelo dingwe tsa tseanyo. Jaaka ka gale, diokobatsi di ne di le gotlhe. Ruri, mmino e ne e le one kanamiso ya thuto eno le tsela eno ya go tshela.
Setlhopha sa rona se ne se sa farologane le tse dingwe. Re ne ra kgatlhegela bolepi jwa dinaledi thata. Nako nngwe re ne re ye go mmuisa-badimo go bolelelwa kaga masego a mongwe le mongwe wa rona mmogo le sone setlhopha. Re ne re tle re bale I Ching (buka ya kwa Botlhaba ya polelelo-pele.) Mo ditsaleng tsa rona go ne go na le barutisi ba tirisa-badimo le baloi. Ka kgakgamalo, ke ne ke sa tlhokomele fa re ne re tsene tota mo tirisa-badimong, go tshwana le bangwe ba ba neng ba re dikologile. Jaaka ekete ke motlae fela, re ne ra naya setlhopa sa rona leina la “Mephistopheles” (ledimona la mo tlhamaneng ya Faust.) Mo sephuthelong sa rekoto ya rona re ne re na le ditshwantsho tsa rona tse di boifisang, tse e seng tsa mmannete.
Fa ke gopola kwa morago ka nako eo go bonolo ruri go bona kafa tlhotlheletso ya diretibatsi le tirisa-badimo e neng e le kgolo mo mminong ka teng. Ga go gakgamatse gompieno gore, dingwaga tse 10 moragonyana, bodimona, bosatane le boitsholo jo bo maswe di aname jaana mo mminong o o itsegeng. Ke kgona go bona gape le tsela e botshelo jwa me bo neng bo e tsere ebile ke ikakanya fela gore nkabo ke feletse kae fa dilo dingwe di ka bo di ne di sa diragala ka dikgakologo tsa 1969.
Pono e Ntšha ka ga Botshelo
Balepa-dinaledi ba bantsi ba ne ba bolelela pele kaga thoromo e kgolo ya lefatshe mo lebopong la bophirima jwa Dinaga tse di Kopaneng ka April ya 1969. Gore re bolokege, bontsi mo setlhopheng sa rona bo ne bo tswile mo toropong ka nako eo. Re ne ra swetsa ka gore e ne e le nako e e siameng ya go etela gape kwa Oklahoma. Legale, thoromo eo ya lefatshe ga ya ka ya nna teng, mme re ne re lemoga mo go se re neng re se bone mo tikologong ya rona gore mokubukubu mongwe o mogolo o ne o le gaufi. Re ne re akantse go kgobokanya madi a mantsi mme re bo re ya dithabeng pele sengwe le sengwe se fetoga mosi.
Moragonyana fa ke sena go boa kwa Oklahoma, Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba kokota fa mojakong wa me. Ba ne ba simolola go mpontsha go tswa mo Bibeleng gore tota re tshela mo motlheng wa bofelo le gore bokhutlo jwa tsamaiso e bo gaufi. (Mathaio 24:3-42) Ke akanya gore ba ne ba gakgamaletse bofefo jo ke dumetseng ntlha ya gore thulaganyo ya lefatshe e ne e senyegile ka jone. Go utlwa gore Modimo o ne a tla dira lefatshe lotlhe go nna Paradaise koo motho a tla tshelang ka bosakhutleng teng go ne go itumedisa tota. Lefa go le jalo, ka ntlha ya kgolagano ya me ya pelenyana le La-Bodumedi, ke ne ke latlhegetswe ke tumelo mo Bibeleng mme ke ne ke belaela sengwe le sengwe se se neng se re ke sa Bokeresete. Mme ke ne ke batla go itse, ebile Basupi eleruri ba ne ba itse Bibela ya bone. Ka jalo ke ne ka dumelela thuto ya Bibela ya ka gale.
Lantlha ke ne ke tshwenyega ka dilo tsa bogagapa fela. Ke ne ka bona mofuta wa ditekanyetso tseo di neng di batlwa ke Bibela mo go bao ba neng ba batla go nna Bakeresete tota. (Mathaio 16:24; Yohane 4:23; Yakobe 4:4) Mme sa bobedi e ne e le mmino o ga jaana o neng o busa botshelo jwa me. Lefa go se kganetso epe mo Bibeleng kgatlhanong le go itshedisa ga motho ka mmino, ke ne ka bona gore kemo ya me e ne e tla dira gore go latelela tiro e e ntseng jalo go nne boima. Ke ne ke tlhaloganya se se kaiwang ke boineelo, ka ge ke ne ke ineetse mo mminong ka dingwaga tse dintsi. Ke ne gape ke itse gore mafoko ano a ga Jesu a boammmaaruri: “Ga go na motho opè eo o ka dihèlañ barèna ba le babedi.”—Mathaio 6:24.
Phetogo mo Mokgeleng
Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka tlhatswega pelo gore Bibela e tota e le Lefoko la Modimo. Gape ke ne ka gola mo loratong lwa me mo go Jehofa le mo keletsong ya go mo direla. Ke ne ke batla botshelo mo Thulaganyong e Ntšha e a e solofeditseng. (Tito 1:2) Go fitlha ka nako eo, botshelo jotlhe jwa me bo ne bo ikgarile ka mmino, mme jaanong o ne o tshwanelwa ke go tsaya maemo a bobedi.
Ka February 1971 ke ne ka kolobediwa mme ka September wa one ngwaga oo ke ne ka simolola go direla ka nako e e tletseng jaaka modiredi wa mmulatsela kwa Hollywood, e e mo California. Ba bangwe ba babedi ba e neng e le ditokololo tsa “Mephistopheles” le ba babedi ba ditsala tse di gaufi tsa rona le bone ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka tswelela ke dira jaaka rrammino, mme ke ne ka tshwanela go nna kelotlhoko gore tiro e ke e amogelang e se ntsenye mo dilong tse ke neng ke setse ke lemogile gore di ne di nyadiwa ke Modimo. Ke ne ke simolole go amogela tiro jaaka mophepafatsi le mokgweetsi go itlamela mo bodiheding jwa me.
Ka 1973 ke ne ka lalediwa go direla kwa ntlong-kgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa mo Brooklyn, New York. Ke moo ke ntseng ke le teng fa e sale. Lefa e nnile dingwaga di le mmalwa fa ke sa le ke tshwaregile mo tirong ya mmino, ke santse ke letsa le go arolelana le ba bangwe mmino o ke o itumelelang, re le kwa dipokanong tsa Bakeresete mmogo le ka mediro ya maitiso ya Basupi-ka-nna. Ke itse Basupi bangwe ba ba tsweletseng ka go itshedisa ka mmino ebile ba nnile ba atlega ka bobedi jaaka borra-mmino le badihedi ba Bakeresete. Mme ba kgonne go dira jalo fela ka go baa mmino mo mannong a a o tshwanelang. Lorato lwa bone lwa ntlha ke boineelo jwa bone mo go Jehofa mmogo le tirelo ya gagwe. Gape, ba ile ba nna kelotlhoko thata go itisa mo megopolong le mo ditseleng tsa bo-rramminoka-bona ba e seng Bakeresete.—1 Bakorintha 15:33.
Jaanong ke solofetse nako e mmino o tla beng o letswa le go itumelelwa kwa ntle ga tlhotlheletso ya tsamaiso e e senyegileng le e e se nang boitsholo eno. Mme melao e e siameng ya ga Jehofa e tla anama le lefatshe mme mmino otlhe e tla bo e le o o agang, e le motswedi wa pako go Jehofa.—Isaia 11:9; 54:13; Pesalema 135:3.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Dingwaga di le lesome le botlhano tse di fetileng
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
. . . mme gompieno