A O Moetsi wa ga Keresete kgotsa Moiketsisi wa Mokeresete?
—Melaetsa ya ga Paulo go Bathesalonia
MOAPOSETOLOI Paulo e ne e le Mokeresete yo o tlhomang sekao. Ka a ne a latela sekao sa ga Jesu ka tlhoafalo o ne ka tshwanelo a ka kgothaletsa bakaulengwe ka ene mo tumelong jaana: “Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete.” (1 Bakorintha 11:1) Tsela ya ga Paulo ya go tshela mmogo le go ruta ga gagwe di thusitse bontsi jwa batho ba motlha wa gagwe gore ba bone “Tsela” ya Bokeresete jwa boammaaruri le go tsamaisana le yone.—Ditihō 9:2.
Paulo o ne a na le kamego e e lorato ka ba bangwe. Jaaka go ne go tshwanela eleruri, erile fa Modimo a ne a laela Paulo le Silase go tloga mo lefelong la Asia le go amogela tiro ya borongwa kwa Makedonia, A bontsha Paulo ponatshegelo ya monna wa koo yo o neng a rapela a re: “Kgabaganyetsa kwano . . . u tlè go re thusa.” Ka tumelo le maikutlo a bokaulengwe, Paulo le Silase ba ne ba reetsa ka go rata, mme ba tswa mo Teroasa ka sekepe.—Ditihō 16:6-10.
Morago ga go goroga kwa Neapolisa, Paulo le ba-mo-pati ba etela pele kwa Filipi. Go tloga foo ke fa ba tsamaya ka tsela e kgolo ya Roma e e bidiwang Via Egnatia ba ralala Amfipolisa le Apolonia go fitlha mo Thesalonika, ebong dikhilometara di ka nna 121. (Ditihō 16:11, 12; 17:1) Fa a le kwa Thesalonika, Paulo a dirisetsa dipokano tsa Bajuda tsa Letsatsi la Sabata mo sinagogeng ya bone go ruta “Mahoko a a Molemō.” Ka ntlha ya moo, “bañwe” ba Bajuta, mmogo le “bontsi yo bogolo yoa Bagerike,” ba ne ba nna badumedi.—Ditihō 17:2-4.
Bajuta ba ba sa dumeleng ka go fufegela katlego ya ga Paulo, ba ne ba iphuthela batho mme ba dira leferetlho mo motseng wa Thesalonika, mo e leng gore bakaulengwe ba bo ba tshabisetsa Paulo le Silase kwa Berea. Molaetsa wa Bogosi jwa Modimo ka Jesu Keresete o ne o itshupile go nna sekgopi mo Bajuteng. Ba ile ba bo ba latofatsa Paulo le Silase mmogo le Bathesalonia ba ba neng ba ba ema nokeng, ka go re: “Batho ba botlhe ba tlola melaō ea ga Kaesare, ka ba re, go na le kgosi e ñwe, ga twe, Yesu.”—Ditihō 17:5-10.
Kamego ya ga Paulo kaga Bakeresete ba Bathesalonia
Fa Paulo a sena go goroga kwa Korintha, ke fa a romela mothusi wa gagwe yo mosha ebong Timotheo go kopana le phuthego e e neng e sa tswa go bopiwa sesha kwa Thesalonika. Fa Timotheo a boela kwa go Paulo, o ne a mo leretse mafoko a a itumedisang a gore Bakeresete ba ba neng ba kolobetswa sesha bale ba ne ba tiile mo tumelong ebile ba gatetse pele, go sa tlhokomelesege dipogisego tse di neng di tswelela. Ba nnile baetsi ba Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang mo go itshokeleng pitlagano. (1 Bathesalonia 2:14-16; 3:6, 7) Paulo o ne a tshwenyegela go itsise Bathesalonia maikutlo a gagwe kaga bone le go tswelapele a ba kgothatsa le go ba gakolola. Jalo a kwalela phuthego eno makwalo a mabedi. Go ka tswa e le gore makwalo ano e ne e le a ntlha a ga Paulo a a tlhotlheleditsweng, a a kwadilweng mo dingwageng tsa 50 le 51 C.E. A ne a tlhalosa sentle gore go akarediwa eng mo Bokereseteng jwa boammaaruri.
Lefa go ntse jalo, a pego ya ga Luke mo go Ditihō 17:11, 12 ga e tshwaye Bathesalonia bao phoso, fa e re ga baa amogela lefoko ka tlhoafalo jaaka Baberea? Nnyaa, gonne fano Luke ga a reye Bakeresete, mme o raya Bajuda. Mme go farologana le diphelelo tse di potlana tsa thero ya ga Paulo le Silase fa ba ne ba le mo gare ga Bajuda kwa Thesalonika, “bontsi” jo bo neng bo ile Senagogeng ya Sejuda kwa Berea bo ne jwa fetoga badumedi.
Basokologela-Bokereseteng ba basha ba kwa Thesalonika bao ba ile ba ithuta Lefoko la Modimo le go le kgomarela. Paulo o ba akgola mo lekwalong la gagwe la ntlha ereka ba mo editse mmogo le Morena ka go bo ba amogetse “lehoko mo pogishoñ e kgolo, mmōgō le boitumèlō yoa Mōea o o Boitshèpō.” (1 Bathesalonia 1:6) Ba ne ba amogetse “Mahoko a a Molemō” jaaka “Lehoko ya Modimo,” mme jaanong lone le ne le “diha,” ke gore le ne le tlhagisa maungo a Bokeresete, mo badumeding. (1 Bathesalonia 2:3-5, 13) E ne e se Bakeresete ba baiketsisi ka gope.
Paulo ka boene e ne e le moetsi yo o dirang ka natla wa ga Keresete. Lefa loeto lwa gagwe lwa ntlha lwa kwa Thesalonika le ne ekete lo lokhutshwane, sekao sa gagwe sa go intsha setlhabelo se ne se gatiseditswe ruri mo ditlhaloganyong tsa batho ba phuthego eo. Ba ile ba kgaogana le kobamelo ya bone ya medimo ya diseto mme ba “shokologela mo Modimoñ go dihèla Modimo o o tshedileñ le o o boamarure,” mme le bone ba ne ba fetoga sekao sa tumelo mo badumeding botlhe kwa Makedonia le Akaia. (1 Bathesalonia 1:7, 9) Mo go bone go ne go le bagolwane ba ba neng ‘ba dira ka natla’ go tlhokomela ditlhokafalo tsa letsomane, jaaka fa go tshwanela go nna jalo mo diphuthegong tsotlhe tsa Bakeresete ba boammaaruri.—1 Bathesalonia 5:12; 1 Petere 5:2, 3.
Ee, Paulo le ba-mo-pati ba ne ba intshitse ditlhabelo mo Bathesalonieng bao, ka go dira bosigo le motshegare, ba itsise boammaaruri kwantle ga poifo ebile ba otla phuthego ka boneneketso “yaka ha moamusi a ñomaèla bana ba e leñ ba gagwè.” (1 Bathesalonia 2:3-11; 2 Bathesalonia 3:7, 8) Ba ne ba ikaeletse eng? Gore bakaulengwe ba basha bano mo tumelong ba tle ba “tsamaeè mo go chwanetseñ Modimo” le “gore opè a se ka a tshikiñwa ke dipitlaganō.” Paulo o ne a batla go ba rotloetsa gore ba lebelele mo moyeng, e le gore a ba “tlhōmamisè mo tihoñ le mo puoñ ñwe le ñwe e e molemō.” O ne a batla gore ba nne “mo bopeloteleleñ yoa ga Keresete,” e le gore ba seke ba ba ba “lapa mo go diheñ molemō.”—1 Bathesalonia 2:12; 3:3; 5:6; 2 Bathesalonia 2:17; 3:5, 13.
Go amega ga ga Paulo thata mabapi le Bathesalonia go kwaletswe go rotloetsa le rona gompieno, e le gore re tle re sepele le Modimo le go mo itumedisa. (Amose 3:3) Gore yo o ipitsang Mokeresete a tle a dire sepe fela ka tshwanelo go ikaegile ka gore a se nne Mokeresete yo o senang mosola wa moiketsisi.—1 Bathesalonia 4:1.
Matshosetsi a mo Phuthegong ka Boyone!
Bajuda ba ba sa dumeleng ba ne ba lere dipogiso mo phuthegong e ntšha eno ba le kwantle, mme jaanong kotsi e kgolwane go feta eno e ne e tshosetsa mo phuthegong ka boyone! Go bonala gore bangwe mo phuthegong ba ne ba gasa dipono tse di sokameng ba re letsatsi la ga Jehofa le gaufi-ufi. Paulo o ne a itlhaganelela go tlhamalatsa dilo kaga “letsatsi” leo ka go re: “Me yana rea lo rapèla, ba ga echo, kaga go tla ga Morèna oa rona Yesu Keresete, le go phuthègèla ga rona kwa go èna; rea re, lo se ka loa ba loa tshikiñwa mogopolō, leha e le go huduiwa ke mōea moñwe, leha e le ke puō, leha e le ke lokwalō lo go ka tweñ lo cwa kwano go rona, go etsa yaka ekete letsatsi ya Morèna le setse le le ha; opè motho a se ka a lo hora ka mokgwa opè; gonne ga go ketla go dihala, ha tenègō e sa tle pele, le ha monna oa boleō a sa senolwe, eo e leñ morwa tatlhègō.”—2 Bathesalonia 2:1-3.
Erile Paulo, mo lekwalong la gagwe la bobedi le le neng le ya go Bathesalonia, a ne a lemosa phuthego ka ga “monna [yo] wa boiphèhèrō mo molaoñ” yo o neng a tla tla, ke fa dintlha dingwe kaga tsela ya gagwe ya bosena-molao e ne e santse e le “bosaitsiweñ,” kgotsa sephiri sa bodumedi. Lefa go ntse jalo, moaposetoloi o tlhalosa gore tota lefa a ne a santse a na le bone o ne a ba “bolèlèla” ka ga tenego e e neng e tla tla eno le mongwe yo o e ‘kganelang.’—2 Bathesalonia 2:5-7.
Fa jaanong re bula Dibibela tsa rona mo go 2 Bathesalonia 2:3-12 mme re sekaseka kgang e Paulo a buileng mafoko ano mo go yone, le rona re ka kgona go lemoga se Paulo a neng a se akantse. “Tenègō” e e neng e tla nna teng e ne e tla be e tsetsepetse mo tlhaelong ya “loratō loa go rata boamarure.” E ne e tla tsalwa ke go ‘dumela maaka’ le go “natehèlwa ke tshiamololō.” E ne e tla senolwa sentle morago ga go tloswa ga “motho eo o kganetseñ” yo o kailweng ke Paulo. E ne e tla tswelela jalo go fitlha mo ‘ponatshegong ya go tla’ ga ga Keresete Yesu, e leng nako e Keresete a tla senolang “monna oa boleō” ka yone, a bo a mo nyeleletsa ruri.—Bapisa 2 Bathesalonia 2:8 le Isaia 11:4 mmogo le Tshenolō 19:11, 14, 15.
Tsela ya go Tlhaola “Monna oa Boleo”
Fa go sekasekwa boleele jwa nako e e tshetsweng ke “monna oa boleō,” go tloga ka motlha wa ga Paulo go fitlha mo go tleng ga ga Keresete, ruri e ne e se kitla e nna motho a le mongwe, nnyaa, mme e ne e tla nna setlhopha sa batho. Ereka monna e le yo o “ikgantshang, a ikgodisa, a tlhabana le gotlhe mo go bidiwañ Modimo, kgotsa mo go obamèlwañ,” leina leno le tlhaola baeteledipele ba tenego. Ba ne ba tla golaganngwa le “ditihō . . . tse di nonohileñ” tse di timetsang tseo di dirwang ka leina la ga Keresete. (Bapisa 2 Bathesalonia 2:9 le Mathaio 7:22, 23.) Boidiidi bo ne bo tla ikgolaganya le bone jaaka tsela e e motlhofonyana ya bodumedi, e e gomotsang segakolodi mme e gololesegile mo tseleng ya botshelo ya bogagapa, ya selefatshe tota le ya maitsholo-maswe. Bangwe ba ba jaana ba Bokeresete jwa tsietso ba ne ba setse “ba diha” mo gare ga ba ba neng ba ipitsa Bakeresete mo motlheng wa ga Paulo.—1 Bathesalonia 4:3-8; 5:6-9, 14, 15, 19-22; 2 Bathesalonia 3:6-15; bapisa le Mathaio 25:41-46.
Paulo le baaposetoloi mmogo le bagolwane ba bangwe ba phuthego ya Bokeresete ba ne ba direla jaaka “motho eo o kganetseñ” batho bao, ba disa letsomane go ya ka sekao sa ga Keresete. Ereka tenego e ne e le matshosetsi, Paulo o ne a lemosa Bathesalonia ka mafoko ano: “Ke gōna yalo, ba ga echo, ka re, emañ lo tiile, lo tshegetsè dipolèlō tse lo di rutilweñ.” Morago ga loso lwa ga Paulo le baaposetoloi ba bangwe, banna ba ba ikgantshang bao ba ne ba kgaphela boammaaruri kwa thoko, ba ipaa e le baeteledipele mme ba timetsa letsomane. Ke fela ba ba ileng ba tsaya kgakololo ya ga Paulo tsia ba neng ba nne ba tlhomame “mo tihoñ le mo puoñ ñwe le ñwe e e molemō.” “Monna oa boleo” o ne a tlhaolwa e le baruti ba Bokeresete jwa tsietso.—2 Bathesalonia 2:15-17; bapisa le Mathaio 13:24-30, 37-43.a
Go Leta Letsatsi la ga Jehofa
Go ne go tlhokega gore Paulo a lemose Bakeresete ba Bathesalonia ka ga kotsi e nngwe gape: E leng ya go iketla kgotsa ya go otsela mo moyeng kaga letsatsi la ga Jehofa. Bakwadi bangwe ba bodumedi ba motlha wa rona ba lekile go kokobetsa botlhokwa le potlako tsa molaetsa wa Dikwalo kaga “go tla ga [ga Jesu] le [kaga] bokhutlō yoa lehatshe” ka go supa mafoko a ga Paulo a a latetseng a go re: “Me yana rea lo rapèla, ba ga echo, kaga go tla ga Morèna oa rona Yesu Keresete, le go phuthègèla ga rona kwa go èna; rea re, lo se ka loa ba loa tshikiñwa mogopolō, leha e le go huduiwa ke mōea moñwe, leha e le ke puō, leha e le ke lokwalō . . . go etsa yaka ekete letsatsi ya Morèna le setse le le ha.”—Mathaio 24:3; 2 Bathesalonia 2:1, 2.
Jaanong, a ruri e ne e ka nna keletso ya ga Paulo gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwenyege go le gonnye kaga go tla ga Morena wa bona le letsatsi la ga Jehofa? A kgotsa go na le moo, gaa ka a batla gore ba nne “boitekanèlō” ka kgang eno, ka go leka “dilō cotlhe”? Ka jalo, ba ne ba ka se latlhegelwe ke tekatekano ka ntlha ya melaetsa e e senang motheo ka ga go atamela ga letsatsi la ga Jehofa kgotsa ba sa ipaakanya, ba le bosutlha le go se nne le maikutlo ape ka ga lone.—1 Bathesalonia 5:8, 21; bapisa le 2 Petere 3:3, 10-12 le 1 Yohane 4:1.
Jaanong re tshwanela go gakologelwa gore Bathesalonia bao ba ne ba “itse sentlè ha letsatsi ya Morèna le tla hèla yaka legodu bosigo.” Go na le gore seno se nne lebaka la go tlhokomologiwa, se ne se raya gore ‘ba nne ba lebeletse,’ jaaka batho ba ba sa laolelwang “bogale, haese . . . polokō.” Morago ga gore tenego e senolwe ka botlalo, letsatsi la ga Jehofa le ne le tla tla. E ne e tla nna ka nako eo ba ba kgatlhanong le Bogosi jwa ga Jehofa—kwantle ga pelaelo mmogo le “monna oa boleo”—ba tla bong ba re: “Kagishō le thagamō!” Seno e ne e tla nna letshwao la tshenyego ya bone e e bofefo le ya tshoganetso. (1 Bathesalonia 5:1-11) Mo letsatsing leo la go diragadiwa ga katlholo ya tshiamo, go tla itumela ‘ba ba itseng Modimo le go ineela mo mafokong a a molemo a Morena Jesu’!—2 Bathesalonia 1:8.b
Baetsi kgotsa Baiketsisi?
Makwalo a ga Paulo a kamego e e lorato a a neng a ya kwa phuthegong ya Bakeresete ba Thesalonika a tlhalosa se balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete Jesu ba gompieno ba tshwanelang go nna sone, mmogo le se ba tshwanelang go se dumela le go se dira. Mme go tweng ka ga batho le ditlhopha tse di ikayang e le tsa Bokeresete mme fela ba sa etse Keresete, Paulo le Bathesalonia ba ba ikanyegang? Bano ba senolwa ka botlalo e le Bakeresete ba baiketsisi! (2 Bathesalonia 3:6, 7; 2 Petere 2:1-3) Paulo o gatelela gore ke fela ba ba ineetseng “go utlwa Mahoko a a Molemō” ba ba tla kaiwang ba “chwanetse bogosi yoa Modimo.” Jesu le ene o buile jalo kaga “dinku” tse di siameng tse di tla ruang sebaka sa Bogosi mo lefatsheng.—2 Bathesalonia 1:4-10; bapisa le Mathaio 7:21 le Mt 25:31-34.
Mafoko a a molemo, jaaka a ne a itsisiwe ke Paulo mo makwalong a gagwe a a neng a ya go Bathesalonia, a tshwanela go re tlhotlheletsa go dira ka natla mo tirelong ya Modimo, go fitlhelela ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo mo botshelong, ee, go itshoka mo go tsheleng matshelo a Bakeresete a go itumela, a go rapela, a go anaanela, a bomoya, a a senang selabe a a tla re buelelang mo go ba bangwe ka mo teng mmogo le kwa ntle ga phuthego ya batho ba ga Jehofa. (1 Bathesalonia 5:16-23) A tshekatsheko ya sekao sa ga Paulo le makwalo a gagwe le yone tumelo ya Bakeresete ba kwa Thesalonia e itshupe e na le mosola mo go lona, e le gore lo tle lo etse sekao sa ga Keresete “segolo bogolo.” A go dira jalo gone go lo golole “mo bogaleñ yo bo tlañ” le go lo bolokela mo botshelong jo bo sa khutleng kafa tlase ga puso ya Bogosi jo bo galalelang jwa Modimo.—1 Bathesalonia 1:10; 4:1; Bahebera 12:2, 3; Tshenolō 21:1, 3, 4.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Gore o bone ditlhaloso ka botlalo kaga “monna oa boleō,” bona buka ya rona ya God’s Kingdom of a Thousand Years Has Approached, ditsebe 364-397.
b Boikitsiso jo bo oketsegileng kaga ditiragalo tse di isang kwa “letsatsiñ ya ga Yehofa” bo ka bonwa go The Watchtower ya November 15, 1981, ditsebe 10-12.