LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 7/1 ts. 8-11
  • Ditlwaelo tsa Segompieno mo Mminong—A Di Ka Go Faposa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlwaelo tsa Segompieno mo Mminong—A Di Ka Go Faposa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mmino le Tirisa-badimo
  • Mmino le Boitshwaro jo bo Maswe
  • Mmino le Bagodi
  • Mokeresete a Ka Dirang?
  • Ke Eng Selo sa Konokono—Se Se Ka Dirang Gore O Ipelele Mmino?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Nka Laola Jang Lorato Lwa me Lwa Mmino?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Itise mo Mminong O O Senyang Maitsholo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ke Ka Dira Jang Gore Mmino o Seka Wa Nna Selo Sa Konokono mo go Nna?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 7/1 ts. 8-11

Ditlwaelo tsa Segompieno mo Mminong—A Di Ka Go Faposa?

JAANONG go tweng ka mmino wa segompieno—‘rock,’ ‘funk,’ ‘rhythm’ le ‘blues,’ ‘country and western’ le mekgwa e mengwe yotlhe e e farologaneng e e anameng gompieno? A e ka tlhotlheletsa tsela ya gago ya go akanya kgotsa ya nyenyefatsa bomoya jwa gago, e na le mafoko kgotsa a se teng?

Bill Mullane, yo e neng e le seopedi sa ‘rock’ kwa New Jersey, U.S.A., o tlhalositse jaana: “Fa ke ne ke letsa katara ya ‘base’ mo setlhopheng sa ‘rock,’ e ne e tlhotlheletsa mmele otlhe. Modumo o o kiba-kibang ka go tlhoka tlhaloganyo le mokgwa o o tlhakanyang tlhogo wa mmino o fetelela mo go wena. Jaaka seopedi ke ne ka fetoga karolo ya one. Mme, e re ke lebile babogedi ba itshikinya le go tseega maikutlo ke tsone ditlhotlheletso tse tsa katara ya ‘base,’ ke ne ke batla go ba ama le go feta. Ke ona mofuta oo wa modumo. O a go gapa. Legale, ka nako eo ka gale ke a bo ke ne ke tagilwe ke diokobatsi, fela jaaka bontsi jwa babogedi. Boitumelo bo gola jalo. Wa itse, go tshwana le go latlha dithibedi tsotlhe. O ka tlhanasela o be o lebale le meedi ya gago.

“Ke ka moo ke akanyang gore batho ba basha ba latela medumo e mentsi e e farologaneng e e ntseng e gololwa mo malatsing ano. Ba itshwantsha le yone le melaetsa ya yone. Fa ke lebelela kwa morago ke kgona go bona gore e bontsha tsela e ba ikutlwang ka yone kaga lefatshe le botshelo jwa gompieno. Gone, matshosetsi a nuklea a fa godimo ga setho. Ke mang yo o itseng gore re ka tshela sebaka se se kae? Ka jalo, ba tlwaelana le mokgwa wa gore ‘Tshela fa o santse o kgona. Iphatele tsotlhe tse o ka di kgonang mo botshelong.’”

Kakgelo eo mabapi le go itshwantsha e re gogela kwa mookong wa kgang eno. (Bapisa le 1 Bakorintha 15:32) A ke tshwanelo gore Mokeresete tota a batle go itshwantsha le mekgwa e mentsi ya mmino wa segompieno? Mo malobeng Toronto Star, ebong koranta ya kwa Canada, e begile jaana: “Go tlhakanela dikobo le go utlwisiwa botlhoko di a kopanngwa mo dikonsarateng tsa Tubes [Setlhopha sa ‘rock’ mo San Francisco].” Mokwadi yoo o tswetse pele ka go re: “Se kopano ya go itlosa bodutu e leng sone go Tubes e ka nna go sotlana, dikgolagano tsa bokopano jwa bonna le bosadi, go sa itshekang le manganga go mongwe le mongwe.” Bokeresete bo ka nyalana le eng fano?

New York Post e ne e na le setlhogo sa “Lefatshe la Bosatane la Setlhopha sa Rolling Stone.” E ne e le tshosobanyo e e tletseng tsebe kaga bokopanelo jwa setlhopha seo mo diokobatsing. Maikutlo a The Rolling Stone kaga diokobatsi, go tlhakanela dikobo le Satane a senoga ka botlalo mo mminong wa bone. A o ka dumalana le maikutlo a a ntseng jalo mme wa tswelela o itshwantsha le Keresete?—2 Bakorintha 6:14, 15.

Mmino le Tirisa-badimo

Ka go tlhoka lesego, tse ga se tsone fela dikotsi mo mminong o montsi wa segompieno tse Mokeresete yo o masisi a tshwanetseng go di ela tlhoko. Moaposetoloi Paulo o kgothaleditse Bakeresete jaana: “Aparañ diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo, gore lo tlè lo itse go ganèla le maanō a boherehere a diabolo; . . . re lwa le magōsana, le bathata, le babusi ba lehatshe ye le lehihi ye, le mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.” (Baefesia 6:11, 12) Ga rea tshwanela go tsaya temoso eno motlhofo. Tlhotlheletso ya bodemona e aname, mme ke tsela efe e e botoka ya go ka tsietsa batho, segolo-bogolo kokomana e e tshwaregileng e, fa e se ka mmino?

Jaanong go a lemotshega gore ditlhopha tsa segompieno di tshwaregile thata ka tirisa-badimo le ditiro tsa boloi. Dingwe di leka go phatlalatsa bodumedi le thuto tsa kwa Botlhaba ka mmino wa tsone. Sekai:

Robert Palmer, motlhalosi wa ‘jazz’ a kwalela The New York Times mo setlhogong se se reng “Boloi bo Tlhotlheletsa Albamo ya ‘Jazz,’” o tlhalositse ka setlhopha sa ‘jazz’ sa bantsho se se bitswang The Art Ensemble of Chicago, ka go re: “Boitlhomo jwa The Art Ensemble of Chicago ke ‘Mmino o o Tlotlometseng o Montsho—Wa Bogologolo le o o Yang kwa Isagweng’ . . . Mme go na le mefuta ya bontsho fano e e fetang o le mongwe. Go na le . . . bontsho jwa ditlhotlheletso tsa boloi tse di diriwang mo tidimalong ya bosigo. Tota-tota bontsho jo ga bo eleletse ope bosula, fela o ga se mofuta wa rekoto e motho a ka e tshamekang tota le e leng kwa phating e e gotetseng tota. . . . Ke loeto lo lo feto-fetogang go ya mo pelong ya lefifi.” A wena jaaka morutwa wa ga Keresete o ne o ka rata mmino wa mofuta o o ntseng jalo mo kgobokanyong ya gago ya direkoto?

Ka ntlha ya se Paulo a se boleletseng Bakeresete ba Efeso kaga masomosomo a meya e e bosula, a go ne go ka utlwala gore Mokeresete wa motlha wa gompieno a nne le kgobokanyo ya direkoto tse di tlotlomatsang bodimona le boloi? Fa a itse gore dingwe tsa ditlhopha di tshwaregile thata mo dithutong le mo ditlwaelong tsa boloi, a o tla bo a sireletsegile fa a ka tsaya gore ga go tlhotlheletso epe e e neng e ka tsena mo mafokong, mo moribong kgotsa mo sephuthelong sa rekoto?

Ka sekai, setlhopha sengwe se letsa pina e e bitswang “Mr. Crowley.” Rre Crowley yo ke mang? Ke Modumela-Satane le motlotlomatsi wa boloi jwa gompieno wa lekgolo la dingwaga la bo-20! Ka makgetlo a mantsi, go latlhela bofofu mo sephuthelong sa rekoto gangwe fela go tshwanetse ga lekanela mosupi wa ga Jehofa wa Mokeresete gore a tlhophe fa e le gore a ka reka rekoto eo kgotsa nnyaa, segolo-bogolo fa go na le ditshwantsho tsa boloi le bodemona, kgotsa matshwao a boheitane le a boselamose.

Gordon Grant yo e kileng ya bo e le moletsi wa di-‘nightclub,’ yo ka nako nngwe a neng a itshedisa ka go tshameka ‘jazz’ mme morago le ‘rock’ mo Los Angeles, U.S.A., o tlhalositse jaana: “Ditlhopha tsotlhe tse ke neng ke golagane le tsone di ne ka tsela nngwe di tsenetse tirisa-badimo. Tsela ya go simolola motlotlo fa o ne o kopana le mongwe yo mosha e ne e le ‘Letshwao la gago ke lefe?’ Ba ne ba tlhokomela bolepi jwa dinaledi thata mme setshwantsho sa letshwao la gago la dinaledi se ne se le botlhokwa.” A wena o batla go tshwantshwanngwa le bolepi jwa dinaledi le ditlwaelo dingwe tsa bodemona?—Duteronome 18:10-13.

Mmino le Boitshwaro jo bo Maswe

Moaposetoloi Paulo o neetse kgakololo e e tlhamaletseng eleruri mo lekwalong la gagwe go Baefesia e e ntseng e ama mmino le gompieno. O gakolotse jaana: “Me boaka, le mashwè aotlhè, leha e le boiphètlhō [go kopanyeletsa le megagaru ya go tlhakanela dikobo] go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi; leha e le matlhapa . . . leha e le dinyaō.”—Baefesia 5:3-5.

Lona batsadi le batho ba basha: A lo setse lo sekasekile mafoko a dingwe tsa direkoto tse di rekisiwang—kgotsa tse gongwe di setseng di le mo magaeng a lona? Gongwe o akanya gore mmino oo o a gogela kgotsa o na le modumo o o o ratang. Lantlha ga o tshwenyege ka mafoko mme ka bonako o iphitlhela o opela pina o ntse o duma-duma. Le e leng mangwe a mafelo a motshameko wa go relela mo segaganeng a dirisa mofuta ono wa mmino. A go ne go ka tshwanna gore Basupi ba ga Jehofa ba relele jalo, ba kopanyeletsa le mmino oo? ‘Mme kotsi e kae mo go se?’ o ne o ka botsa jalo.

Mo mminong wa ditlhopha tse di itsegeng, di kopanyeletsa boaka le diokobatsi jaaka tsela ya go tshela. Ee, mmino wa tsone o tlhalosa tsela ya bone ya go tshela. “Ke batla go bona gore o jang mo dikobong” le “O a fisa, o a gogela,” ke mafoko a rekoto ya sesheng jaana. Seopedi sengwe se se tumileng se tlhalosa pono ya sona gone mo sephuthelong sa rekoto, ka go re: “Ga ke bone bosula bope kaga dikobo magareng a bangwe le bangwe ba ba dumalanang . . . Ga ke dumele mo dithutong tsa boitshwaro jo bontle jo bo feteletseng.” Tota go ka nna le nyalano efe magareng a Bakeresete ba boammaaruri le maikutlo a a bontshiwang mo dipineng le mo dithutong tse di jalo? A go a tshwanela gore balatedi ba ga Keresete ba golagane le ‘kakanyo e e fapogileng’ eno?—Baefesia 4:18; bapisa le Genesise 39:7-12.

Mmino le Bagodi

Go motlhofo gore bagodi ba akanye gore tsotlhe tse di raya fela basha le mmino wa bone. Mme go tweng ka ga megagamola ya dipina ya dingwaga di le 20 le 30 tse di fetileng tse ba-di-eletsi ba santseng ba di itumelela? “Big Spender” e ne e tshwantshitswe seaka se se neng se leka go “kgwagetsa” monna. “Fever’’ e ne e le tlhaloso e e fitlhegileng go se go ne ne ya keletso e e feteletseng ya go tlhakanela dikobo. “Never on Sunday” le yone e ne e le pina ya seaka. Ke ba bakae ka nako eo bao ba natefetsweng ke dipina tseo, ntle le go akanya kaga dikgolagano tsa tsone?

Re ne re ka tswelela ka go neela dikao tse di bontshang boferefere jwa maano a ga Satane a a re gogelang ka mmino gore re itumelele dikakanyo le dithuto tse di senyang maitsholo ao ka tshwanno re neng re ka a ganela ka bonako. Seno se bontshang? Gore rona rotlhe, bannye le bagodi, go tlhokega gore re sekaseke mofuta wa mmino o re nntseng re o itumelela. Tota ntle le go lemoga re ka ne re ne re ntse re itshupa re le “mo tlhapeloñ . . . e e heteletseñ” ya lefatshe leno.—1 Petere 4:4.

Go na fano le sengwe se Mokeresete mongwe le mongwe a ka akanyang ka sone–go sa kgathalesege gore ke mogolwane mo phuthegong, motsadi, mosha kgotsa ngwana. Ditekanyetso tsa sebaka di re thibelela go tlhagisa bosupi jotlhe jo bo gone mabapi le diphelelo tse di senyang maitsholo tsa mmino mongwe o o “sisibetseng” le wa segompieno. Mme Mokeresete mongwe le mongwe yo o masisi a ka dira sentle fa a tlhatlhoba dikgatlhego tsa gagwe mo mminong gape le mo kgobokanyong ya direkoto e a ka tswang a na le yone, mme a tseye kgato go dumalana le ditlhaloso tse di utlwalang tsa Dikwalo.

Mokeresete a Ka Dirang?

Fa Paulo a ne a ruta mo Efeso, bodihedi jwa gagwe bo ne jwa atlega thata mo e leng gore bontsi jwa ba ba neng ba dirisana le tseanyo bo ne jwa amogela Bokeresete mme ba tsaya kgato gore ba babalele bomoya jwa bone jwa isagwe. Pego e tlhalosa jaana: “Le gōna bantsi ba bōnè ba ba dumetseñ ba tla, ba ipolèla, ba kakanya ditihō tsa bōnè. Le bantsi ba bōnè ba ba dihañ ditihō tsa tseanyō, tse di horañ, ba kgobokanya dikwalō tsa bōnè [tsa boloi], ba di hisa ka molelō ha pele ga batho botlhe: me ba bala madi a cōna, me ba hitlhèla a le dipondo di le makgolo a mashomè matlhano. Lehoko ya Modimo ya tota ya henya ka nonohō e e kalo.”—Ditihō 19:18-20.

A Lefoko la Modimo le tla nne le tote le go nna le tlhotlheletso mo go wena? Fa go tlhokega, a o tla tsaya kgato e le gore o tle o kaiwe o le leloko le le tshwanelegang la “baitshepi” ba ga Jehofa? (Baefesia 5:3) Gautshwanyane, fa kgang e e ne e beilwe ka tlhamalalo fa pele ga setlhopha se segolo sa batlhanka ba nako e e tletseng ba ga Jehofa, metomo ya matlakala e le mmalwa e e neng e tletse direkoto e ne ya tlisiwa mme tsa senngwa fela ka ntlha ya diteng tsa tsone tsa go tlhoka boitshwaro, tlwaelo ya bodemona kgotsa go buelela tsela e e maitsholo-maswe ya lefatshe leno. Ntlha ya botlhokwa e ne e se boleng jwa tsone mo tlhwatlhweng ya madi, mme e ne e le tlhotlheletso e e ka nnang kotsi mo melemong ya semoya.

Bangwe ba ka nne ba ikutlwa ekete re ka bo re tlhalosa ka botlalo kaga ditlhopha dingwe tsa segompieno kgotsa mefuta mengwe ya mmino. Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo a re: “Me diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ, eboñ bōnè ba ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.” (Bahebera 5:14) Mokeresete yo o godileng, ka go dirisa segakolodi sa gagwe se se rutilweng ka Bibela, gaa tshwanela go nna le bothata mo go tlhopheng mefuta ya mmino e e amogelesegang. Basupi ba ga Jehofa ga ba tlhoke tatelano e e laoletsweng ya dithibelo go ba supetsa boitshwaro jwa bone kgotsa “Thulaganyo” ya mmino o o kganetsweng. A mongwe le mongwe a dirise botlhale fa a ntse a batla go itumedisa Rraagwe wa selegodimo mo dilong tsotlhe, go kopanyeletsa le tlhopho ya gagwe ya mmino.—Baefesia 5:18-20; Bafilipi 1:9-11.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

A direkoto tsa gago di tlotlomatsa tirisa-badimo, diokobatsi kgotsa boitshwaro jo bo maswe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela