LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 10/1 ts. 10-14
  • Kgomotso go Tswa Modimong wa Kagiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgomotso go Tswa Modimong wa Kagiso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Mo go Tleng Ga Gagwe’
  • Ditao tse di re Thusang
  • Go Gomodiwa ke Tsholofelo ya Tsogo
  • Thulaganyo ya tsogo
  • “Baswi ba Tla Tsosiwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Buka ya Bibela ya bo 52—1 Bathesalonia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Re Tlhatswegile Pelo Gore Baswi ba Tlile go Tsosiwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Tsholofelo ya Tsogo e Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 10/1 ts. 10-14

Kgomotso go Tswa Modimong wa Kagiso

“Gomotsanyañ ka mahoko a.”​—1 BATHESALONIA 4:18.

1. Ke ditopo dife tsa ga Paulo tse di bontshang gore o ne a kgatlhegela kagiso?

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a tlhoafaletse thata go bona phuthego ya Bokeresete e ipelela kagiso. Ka gone, mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe tse 13, jaaka re di boloketswe mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng, o di simolola ka topo ya gore ba ba di kwaletsweng ekete ba ka ipelela kagiso ya Modimo. Ka sekai, mo phuthegong e e neng e sa ntse e thuthuga mo Thesalonia, Paulo o ne a kwala a re: “A tshegōhaco e nnè le lona le kagishō.” Kwa bofelong jwa lona lokwalo loo o ne a ntsha topo e e reng: “Me a Modimo oa kagishō ka osi o lo itshepisè gotlhe hèla; me go le meōea ea lona, le dipelo tsa lona, le mebele ea lona, a go bolokwè go le mmōgō, le ka go tlhōka molato, mo go tleñ ga Morèna oa rona Yesu Keresete.”​—1 Bathesalonia 1:1; 5:23.

2. (a) Ke mofuta ofe wa kamego o Paulo a neng a o supa tebang le phuthego? (b) Bagolwane ba Bakeresete gompieno ba ka latela sekao sa ga Paulo jang?

2 Paulo le balekane ba gagwe ba ne ba seka ba ikgogona ka sepe mo go ‘direng ka natla le ka tlhoafalo’ gareng ga badumedi ba basha bao. Paulo o ne a re: “Re ne re le bonōlō mo gare ga lona, yaka ha moamusi a ñomaèla bana ba e leñ ba gagwè: Hèla yalo, ereka re ne re lo tlhōahaletse ka loratō, ra bo re itumèla go lo naea, e señ Mahoko a a Molemō a Modimo a le aosi, me le e leñ meōea ea rona, ka lo no lo setse lo ratwa ke rona thata.” A mo mafokong ao ga re lemoge ka fa Paulo a neng a amegile thata thata ka gone le go nna le lorato lwa mmannete lo lo boteng mo phuthegong eo? Ee ruri, ke motlhala wa mofuta wa lorato le bagolwane ba Bakeresete ba le supang mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa tse di ka tshwarang 50 000 mo lefatsheng lotlhe gompieno.​—1 Bathesalonia 2:7-9; Yohane 13:34, 35; 15:12-14.

3. (a) Timotheo o ne a kgona go solegela phuthego ya Bathesalonia molemo jang? (b) Seno se tshwanakana le eng gompieno?

3 Moraedi, ebong Satane, o ne a tliseditse Bakeresete bao ba Bathesalonia dipitlagano. Jalo Paulo o ne a ba romelela Timotheo, gore ‘a ba tlhomamise, le go ba gomotsa ka ga tumelo ya bone.’ Timotheo o ne a boela kwa go Paulo kwa Athena ka pego e e itumedisang thata ka ga boikanyego jwa bone le lorato. Botlhe ba ne ba kgothadiwa thata ke go utlwalela ka tumelo ya ba bangwe le bothokgami, mme ba ne ba tswelela ka go kokotlelela Modimo gore a ba thuse mo go sepe se se tlhaelang. (1 Batheselonia 3:1, 2, 5-7, 10) Seno gape, se supa ka fa thulaganyo ya bolegodimo e ntseng ka gone gompieno, jaaka fa go na le balebedi ba ba etang ba ba agelelang diphuthego, le e leng koo Basupi ba ga Jehofa ba dirang ka fa tlase ga thibelo kana pogiso e e botlhoko.​—Isaia 32:1, 2.

‘Mo go Tleng Ga Gagwe’

4, 5. (a) Ke topo efe e Paulo a e dirang fano, mme ke ka ntlha yang fa e tshwanetse go re kgatlhisa thata thata gompieno? (b) Ke ka ntlha yang fa motlha wa rona o le botlhokwa ka tsela e e kgethegileng

4 Moaposetoloi Paulo o digela karolo eno ya lokwalo la gagwe ka topo e e reng: “A Morèna a dihè mo go lona, gore lo golè lo totahalè mo go rataneñ, le mo go rateñ batho botlhe, hèla yaka le rona re nntse kaga lona; Gore a tlè a tlhōmamisè dipelo tsa lona mo go senañ molato, mo boitshepoñ ha pele ga Modimo le Rra oa rona, mo go tleñ ga Morèna oa rona Yesu a tla le baitshepi botlhe ba gagwè.”​—1 Bathesalonia 3:12, 13.

5 Fano Paulo o ne a lebile kwa pele mo isagweng, mo nakong ya ‘go nna gone ga ga Jesu le bofelo jwa tsamaiso ya dilo’ fa “Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe.” Kgosi ya rona ya selegodimo e gorogile ka 1914. A le mo setilong sa gagwe sa bogosi se se sa bonaleng se se galalelang, Jesu jaanong o atlhola merafe le batho ba ba mo lefatsheng, a kgaoganya batho ba ba boikokobetso, ba seka-dinku gore ba tle ba falole mo ‘sepitleng se segolo’ gore ba tshele ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise.​—Mathaio 24:3-21; 25:31-34, 41, 46.

Ditao tse di re Thusang

6. Ke kgothatso efe ya ga Paulo e re tshwanetseng go e reetsa jaanong?

6 A o mongwe yo o lekelang go bona mokgele oo wa botshelo jo bosakhutleng? Fa go ntse jalo, o tshwanetse go reetsa se Paulo fano a se kwalelang Bathesalonia: “Me yana, sa bohèlō, ba ga echo, rea re, rea lo rapèla, re lo laea mo go Morèna Yesu, gore yaka lo amogetse mo go rona kaha lo chwanetseñ go tsamaea le go kgatlha Modimo ka gōna, hèla yaka lo nntse lo tsamaea, rea re, lo nnè lo totè segolo bogolo. Gonne loa itse kaha re lo laileñ ka gōna, ka Morèna Yesu.” (1 Bathesalonia 4:1, 2) Ke dife dingwe tsa ‘ditao’ tseo Paulo a di gatelelang fano?

7. (a) Ke ‘taolo’ efe e e botlhokwa e e neelwang fano? (b) Morago ga go amogela moya wa Modimo, ke ka ntlha yang fa le ka motlha re sa tshwanela go sa itlhokomele?

7 ‘Tao’ ya ntlha e amana le maitsholo a a molemo. Paulo o tlhalosa jaana ka tlhamalalo: “Mo ke go rata ga Modimo, eboñ boitshèpishō yoa lona, ke go re, lo ithibè mo boakeñ; Gore moñwe le moñwe oa lona a itse go ikgapa mmele, gore o nnè mo boitshepishoñ le mo tlotloñ, E señ mo dithatōñ tse di mashwè, hèla yaka Badichaba ba ba sa itseñ Modimo.” Ka boitumelo, re ‘itsile’ Modimo le Morwawe, Jesu Keresete, me ebile re lekela go ya botshelong jo bosakhutleng. Abo go ka tlhabisa ditlhong jang ne fa re ne re ka iteseletsa gore re boele morago gape mo lorageng lwa boitsholo jo bo sa siamang jwa selefatshe! Ka maswabi, bangwe ba ile ba fetsa dingwaga tse ditelele mo dikampeng tsa pogiso le mo dikgolegelong, kana ba fetsa botshelo jwa bone jotlhe mo tirelong e e tlhagafetseng ya borongwa, mme ya re moragonyana ba dumelela Moraedi go ba tshwara ba santse ba itebetse kafa maitsholong. Fa re sena go amogela moya o o boitshepo wa Modimo, ekete re ka se o ‘hutsafatse’ ka boitshwaro jo bo sa siamang jwa kafa dikobong!​—1 Bathesalonia 4:3-8; Yohane 17:3; 1 Bakorintha 10:12, 13; Baefesia 4:30.

8, 9. (a) ‘Lorato lwa bokaulengwe’ ke eng? (b) Re ka tlhagolela lorato lo lo ntseng jalo jang, mme ka molemo ofe?

8 ‘Taolo’ e nngwe ya ga Paulo ke e e mabapi le phil·a·del·phiʹa, ‘lorato lwa bokaulengwe.’ (1 Bathesalonia 4:9, 10) Eno ke pontsho e e kgethegileng ya lorato lwa konokono, ebong a·gaʹpe, loo Paulo gape ka bothitho a lo kgothaletsang fano mo 1Bt 4 temaneng 9, ga mmogo le mo 1Bt kgaolong 3, ditemana 6 le 12. Phil·a·del·phiʹa ke go atamelana thata thata ka lorato, jaaka go ne go ntse ka phepafalo fa gare ga ga Jesu le Petere, le fa gare ga ga Dafide le Jonathane. (Yohane 21:15-17; 1 Samuele 20:17; 2 Samuele 1:26) A·gaʹpe o ka okediwa ka lone mo go ageng botsalano jo bo kitlanyeng, jaaka ka sekai, seno se bonala mo boipelong jwa bokopano jwa kutlwano jo bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba bo bonang mmogo mo bodiheding jwa bobulatsela le mo ditirong tse dingwe tsa bolegodimo.

9 Paulo o re: “Lo totè bogolo bogolō.” Re ka nnela go atolosa lorato lwa rona la bokaulengwe ka metlha yotlhe. Mme nonofo eno e e molemo e gola segolo bogolo fa bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba etelelapele mo tirelong e e tlhagafetseng ya Bogosi. Fa botlhe mo phuthegong ba tsentse mogopolo mo go ‘batleng Bogosi pele,’ dikgotlhang tse di tsalwang ke bosaitekanelang jwa batho, go sa tshedisanye sentle, le mathata a a tshwanang le ano e nna dilo tse eseng tsa sepe. A ka metlha yotlhe re tlhome matlho a rona mo mokgeleng!​—Mathaio 6:20, 21, 33; 2 Bakorintha 4:18.

10. Rona jaaka Bakeresete, re ka ‘ipela ka go tlhoka matsoketsane’ jang?

10 Paulo fano o tlhagisa ‘taolo’ e nngwe​—ebong gore re ikemisetse go tshela ka tidimalo, re dira ditiro tse e leng tsa rona, le go dira ka diatla tsa rona. Fa re ntse re tsweletse ka go “tlhōka maicokeco” mo matshelong a rona a ka metlha, re supa lorato lwa konokono le lwa bokaulengwe, dilo tsotlhe tse re di tlhokang re tla di fiwa.​—1 Bathesalonia 4:11, 12; Yohane 13:35; Baroma 12:10-12.

Go Gomodiwa ke Tsholofelo ya Tsogo

11. (a) Ke ka ntlha yang fa Paulo jaanong a tsosa kgang ya tsogo? (b) Kgakololo eno ya ga Paulo e tshwanetse go re ama jang?

11 Moaposetoloi o lebisa gape mo tsholofelong e e molemolemo ya tsogo. Mme ke ka ntlha yang fa Paulo a tsosa kgang eno? O ne a batlile go nonotsha bakaulengwe ba gagwe gore ba itshokele dipogiso tse di neng di ba tlela. Ba ne ba le mo kotsing ya go latlhegelwa ke matshelo a bone. Go bonala gore ka nako eo bangwe ba ne ba setse ba robetse mo losong. Badumedi ka bone ba ne ba tlhoka kgomotso. (1 Bathesalonia 2:14-20) Ka go gopola gore ‘go nna gone’ ga ga Keresete go ne go atametse, ba ne ba ipotsa gore ke eng se se neng se tla diragalela ba ba neng ba setse ba sule. Se jaanong Paulo a se kwalang ga se gomotse fela ba ba latlhegelwang ke baratiwa ba Bakeresete mme gape e ne e le kgothatso ya go itshoka go fitlhelela “letsatsi” la ga Jehofa le tla. Kgakololo ya ga Paulo e tshwanetse go re thusa go tlhomama mo semoyeng fa re ntse re tsweletse go bolela mafoko a a molemo, re lebile pele go fedisiweng gotlhelele ga tsamaiso eno ya dilo.​—2 Bathesalonia 1:6-10.

12. Ke kgomotso efe ya mmatota e re ka e bonang fa moratiwa mongwe a a swa, mme e tswa motsweding ofe?

12 Paulo a re: “Ga re rate loa tlhōka go itse, ba ga echo, kaga ba ba rōbalañ; gore lo se hutsahale, yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō.” (1 Bathesalonia 4:13) Abo tsholofelo ya tsogo e gomotsa jang ne ebile e ritibatsa mogopolo! Dingwaga tse tlhano moragonyana, Paulo o ne a tlaa kwalela Bakeresete ba ba kwa Korintha lekwalo lwa gagwe la bobedi ka gore: “Ka re, a tshegōhaco e nnè le lona, le kagishō e e cwañ kwa Modimoñ Rra echo, le kwa go Morèna Yesu Keresete. A go bakwè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete, Rra mautlwèlō botlhoko, le Modimo oa kgomoco eotlhe; O o re gomotsañ mo pitlaganoñ eotlhe ea rona, gore re tlè re nonohèlè go gomotsa ba ba mo pitlaganoñ ñwe le ñwe, ka kgomoco e rona ka rosi re gomodiwañ ka eōna ke Modimo.”​—2 Bakorintha 1:2-4.

13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a batlile gore Bakeresete ba itsisiwe ka ga se se bolelwang ke loso? (b) Dikwalo tsa re boemo jwa baswi ke bofe?

13 Moaposetoloi o ne a sa batle gore re tlhoke kitso ka boemo jwa baswi. Morago ga lobaka, botenegi jo bogolo bo ne bo tla nna gone gareng ga bao ba ipolelang gore ke Bakeresete, mo ba neng ba tla boela kwa matlhaleng a Sebabelona le a Segerika. Batenegi ba ba ntseng jalo ba ne ba tla amogela thuto ya motheo ya ga Plato ya gore moya wa motho ka tlholego ga o swe​—seo jaanong e leng thuto ya motheo mo mmusong wa lefatshe ka bophara wa bodumedi jwa maaka. Kakaretso yotlhe ya masaitsiweng a a amanang le “botshelo morago ga loso,” e ka ne e le kwa legodimong, kwa pakatoring, kana kwa lefelong lengwe la tlhokofatso ya bosakhutleng, ga di baakanyetse ka kgomotso epe ya boammaaruri. Gape, bosasweng jo bo ruilweng bo ganetsa tumelo ya motheo ya tsogo, ka go bo motho o ka tsosediwa botshelong jang gape fa e le gore moya ga o swe?

14 Paulo fano o kwala ka ga “ba ba rōbalañ [mo losong].” Ee, “ba ba rōbalañ.” Motho yo o robetseng ga a itse sepe mme e bile ga a kgone go dira ditiro dipe. (Bapisa Moreri 9:5, 10.) Go na le paka nngwe ya fa Jesu a ntse a le mo bodiheding eo a kileng a re Lasaro o ‘ile go robala’ le gore ene, Jesu, o tla ‘mo tsosa mo borokong.’ Fa barutwa ba ga Keresete ba sa tlhaloganye mafoko ao, “Yesu a ba bolèlèla ka thanolō, a re, Lasaro o shule.” Bokgaitsadie Lasaro, ebong Maratha le Maria, ba ne ba gomodiwa ke tsholofelo ya tsogo, mme Jesu o ne a ba tlisetsa kgomotso e nngwe gape. Mme abo tumelo ya bone e ka ne e ile ya tiisiwa jang ne ke go bo Jesu a ile a tsosa tsala ya gagwe, yo o neng a setse a sule malatsi a le mane, mo borokong jwa loso!​—Yohane 11:11-14, 21-25, 43-45.

15. (a) Tsholofelo ya rona mo tsogong e nonotshiwa jang? (b) Re ka thusiwa jang go baakanya maikutlo a rona fa moratiwa a sena go swa?

15 Kgakgamatso eo, ga mmogo le ditiro tse dingwe tsa ga Jesu mo go tsoseng baswi, le go bo Jehofa ka tsela e e tlhomologileng a ileng a tsosa Jesu ka sebele​—ditiragalo tseno tsotlhe tse di kwadilweng sentlentle di tiisa ikanyo ya rona mo tsholofelong e e molemolemo ya tsogo. (Luke 7:11-17; 8:49-56; 1 Bakorintha 15:3-8) Gone ke boammaaruri, loso lo hutsafatsa batho e bile le a ba letsa, gape ga go motlhofo go tlwaela go nna kwa ntle ga moratiwa. Mme abo re bona kgomotso le nonofo jang ne go tswa tlhomamisetsong ya gore Jehofa Morena Modimo ‘o tla kometsa loso ka bosakhutleng, me . . . o tla phimola dikeledi mo matlhong otlhe!’ (Isaia 25:8; Tshenolō 21:4) Nngwe ya dilo tse di fedisang bohutsana thata ke go tshwarega mo tirelong ya Modimo wa kagiso, o o fang ba bangwe tsholofelo e e omosang pelo ya Bogosi e rona ka sebele re e amogetseng ka boitumelo.​—Bapisa Ditihō 20:35.

Thulaganyo ya tsogo

16, 17. (a) “Mmaba oa bohèlō” o tla nyelediwa jang? (b) Ke thulaganyo efe ya tsogo e Paulo jaanong a e tlhalosang?

16 Tumelo ya rona e nonofile gore Keresete, “lebucwa pele” mo tsogong mme jaanong a le mo setulong sa bogosi ka fa letsogong je legolo ja Modimo kwa legodimong, o tla digela maikaelelo a Bogosi jo bo galalelang jwa ga Jehofa. (Bahebera 6:17, 18; 10:12, 13) Jaaka fa Paulo a tlhalositse mo lokwalong je lengwe: “O [Jesu Keresete] na le go busa hèla, a ba a tla a tsamaee a beè baba botlhe ba gagwè ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè. Mmaba oa bohèlō eo o tla nyèlèdiwañ ke losho.” Jang? Tsela e nngwe e tla nna ka go tsosa le go tlosa diphelelo tsa loso lwa ga Adame. Moaposetoloi o na a sa tswa go tlhalosa seno jaana: “Ereka losho lo tsile ka motho, go coga ga bashwi le gōna go tsile ka motho. Gonne yaka botlhe ba shwa ka Adame, go nntse yalo botlhe ba tla tshedisiwa ka Keresete. Me e tla bo e le moñwe le moñwe kaha thulaganoñ ea gagwè: Keresete e le èna lebucwa pele; me hoñ go tle ba e leñ ba ga Keresete, mo go tleñ ga gagwè.” (1 Bakorintha 15:20-26) Ke mo thulaganyong eno ya tsogo eo Paulo a tswelelang ka go lebisa go yone mo lekwalong lwa gagwe lwa ntlha go Bathesalonia, are:

17 “Ha re dumèla gore Yesu o ne a shule me a ba a coga, hèla yalo ba ba shwetseñ mo go Yesu, Modimo o tla ba lere naè. Gonne se, re se bua le lona ka lehoko ya Morèna, go re, rona ba re tla boñ re tshedile, ba e tla reñ mo go tleñ ga Morèna re hitlhèlwa re setse, ga re ketla re ètèlèla ba ba shuleñ pele.”​—1 Bathesalonia 4:14-16.

18. Batlodiwa ba ba neng ba ‘robetse mo losong’ ba ne ba tsosiwa leng?

18 Morago ga 1914, fa Jesu a sena ‘go nna gone’ ka thata ya Bogosi, ene, jaaka moengele yo mogolo, o ntshetsa “ba ba shwetseñ mo go Keresete” taolo ya selegodimo ya gore ba phuthege. Mo kgannyeng ya batlodiwa bao ba ba ‘suleng’ pitso eno ya seka-lonaka e ba biletsa tsogong ya semoya go tsena mo legodimong. Tora ya Tebelo ga e bolo go tlhagisa mogopolo ono wa gore tsogo ya Bakeresete ba ba tloditsweng mo losong e ne ya simologa ka ngwaga wa 1918.

19. Ba ba setseng ‘ba tla tsholelediwa mo marung’ leng, mme jang, mme ba ya go dirang koo?

19 Lefa go ntse jalo, go tweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba santseng ba setse mo lefatsheng, ba jaanong e leng setlhophanyana se se ngotlegang sa batho ba ba kwa tlase ga 10 000? Bano le bone, ba tshwanetse go digela botshelo jwa bone jwa selefatshe ka boikanyego. Jaaka e kete o ne a na le bone fa Keresete a sena go nna gone, Paulo o kwala jaana: “Rona ba re tla boñ re tshedile re tlogecwe, re tla cholediwa mmōgō nabō mo maruñ, re ea go kgatlhantsha Morèna mo loapiñ; me yalo re tla nnèla rure le Morèna.” (1 Bathesalonia 4:17; bapisa Tshenolō 1:10.) Ka gone, mo lobakeng lo lo tshwanetseng, botlhe ba ba 144 000 ba tla tsosediwa go ya go direla jaaka baperesiti le dikgosi mo Thabeng ya Sione ya selegodimo le kwana, ebong Jesu Keresete. “E ke eōna cogō ea ntlha.” (Tshenolō 14:1, 4; 20:4, 5) Mme ke eng se se emetseng dibilione tsa batho ba jaanong ba leng mo mabitleng?

20, 21. (a) Ke eng se se emetseng dibilione tsa batho ba ba leng mo mabitleng? (b) Ke setlhopha sefe se go se kitlang go tlhokafala gore se swe mo lefatsheng, mme e le ka ntlha yang? (c) Fa batho ka bongwe mo setlhopheng seno ba ka swa, ke tebelelo efe e e itumedisang e ba tla e bonang?

20 Lemororo Paulo a sa umake bano ka tlhamalalo mo lekwalong lwa gagwe lwa ntlha go Bathesalonia, Tshenolō 20:12 e re tlhomamisetsa gore “bashwi, bagolo le bannye,” ba tla tsosiwa gore ba eme fa pele ga setulo sa katlholo sa Modimo. (Bona gape Yohane 5:28, 29.) Lefa go ntse jalo, gompieno “boidiidi yo bogolo” jo bo ka tshwarang dimilione bo setse bo phuthegetse fa pele ga setulo seo sa bogosi. Jaaka setlhopha, bano ba tla falodisiwa ba ntse ba tshedile mo ‘sepitleng se segolo’ se se tlang. Kwana o ba gogela le go ba isa kwa “mecwediñ ea metse a botshelō,” gore ba se ka ba tlhola ba a swa mo lefatsheng. Mme ka ntlha ya bogodi le ditiragalo tse di sa bonelwang pele, bangwe ba bone ba ka nna ba swa ‘mo go nneng gone’ ga Morena. (Tshenolō 7:9, 14, 17; Moreri 9:11) Go tweng ka bano?

21 Tsholofelo e e ipedisang ya tsogo e emetse batho botlhe ba “dinku di sele.” (Yohane 10:16) Tumelo ya bone le ditiro, jaaka tsa ga Aberahame wa bogologolo, di setse di ba tsalantse le Modimo. Jaaka banna bao le basadi ba tumelo ba ba tlhalositsweng go Bahebera kgaolo 11, “dinku di sele” tseno tsa segompieno di ile tsa itshokela diteko. Ka mo go utlwalang, le bone ba tla itemogela “go coga mo loshuñ mo go molemō bogolo,” kwantle ga pelaelo go tewa mo lobakeng lo lo latelang fela morago ga Hara-magedona. (Bahebera 11:35; Yakobe 2:23) Tota ruri, mongwe le mongwe yo ka tumelo a ‘jeleng nama ya ga Jesu le go nwa madi a gagwe’ o tla nna le seabe mo tiragatsong ya tsholofetso e e reng: “o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.”​—Yohane 6:54; Baroma 5:18, 21; 6:23.

22. Re ka gomotsanya jang?

22 Morago ga a sena go tlotla ka tsholofelo e e galalelang ya tsogo, Paulo o kgothatsa jaana: “Gomotsanyañ ka mahoko a.” (1 Bathesalonia 4:18) Go tswa foo o tlotla ka dikgang tse dingwe tse di botlhokwa-tlhokwa tse di mabapi le ‘go nna gone ga Morena wa rona Jesu.’ (1 Bathesalonia 5:23) Tseno ke dife? Bona setlhogo se se reng “Kagiso e e tswang Modimong​—E Tla Tla Leng?”

Fa re Akaretsa—

◻ Ke ditopo dife tse Paulo a di lopelang Bakeresete?

◻ Ke ’ditao’ dife tse moaposetoloi a di ntshang gore re solegelwe molemo?

◻ Lefoko la Modimo le re gomotsa jang mabapi le baswi?

◻ Ke thulaganyo efe ya tsogo e Paulo a e tlhalosang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela