O Rata Mmino wa Mofuta Ofe?
SEANE sa bogologolo sa Sepanishi se re: ‘Fa e le mo mminong le mo kalafing mongwe le mongwe o itse go le gonnye.’ Eleruri, tota mongwe le mongwe a ka dira pina ka modumo fela, a e opela ka mafoko kgotsa ka molodi. Ee, mmino le kanaanelo ya ona ke dingwe tsa dineo tsa tlhago tsa setho. Mokwadi wa dipoko Longfellow o ne a fitlha bokgakaleng jwa go bua jaana: “Mmino ke puo ya lobopo ya setho.”
Ebu, motho gaa bolo go nna le mmino fa e sa le mo tshimologong ya gagwe go sa le gale! Ke mang yo o iseng a utlwe pina e e itumedisang ya nonyane? Ruri re ka nna ra gakgamalela kelelo ya dipina tse di farologaneng di tshologa mo kgokgotswaneng ya thaga. Kgotsa re ka itumelela go utlwa “polly” e opela dipina tse dintsinyana, go lela mo go bonolo ga segootsane kgotsa melodi ya diopedi tse dingwe tsa diphofa.
Le e leng bana ba itumelela dipina tsa bona tse di rategang tsa go tuntuletsa. Eleruri, go bontshitswe gautshwane jaana gore masea a a iseng a belegwe a angwa ke mmino. Ka ditshikinyego tsa one a bontsha nametsego ya one kgotsa go se nametsege kaga seo a se utlwang.
Diletswa tsa Mmino di Simologile Leng?
Go ya ka kemo ya selefatshe, potso eo ga e arabege motlhofo. Encyclopaedia Britannica e re: “Tshimologo ya diletswa tsa mmino ka nako ya ditlhabologo tsa kgale tse di neng di tlotlometse go bonala e ne e le ntsinyana kwa Asia le Afrika Bokone. . . . Harepa e ne ya dirisiwa go sa le gale kwa Mesopotamia [le] Egepeto.”
Lefa go ntse jalo, Bibela e bua ka tlhamalalo kaga Jubaele, ebong setlogolwana se se gaufi-ufi le monna wa ntlha Adame, fa e re, “èna e ne e le rra botlhe ba ba letsañ harepe le lotlhaka.” (Genesise 4:21) Gongwe o tlhamile seletswa sa ntlha sa megala le se se budulelwang kgotsa o theile boithutelo jo bo tlhotlheleditseng tswelopele ya mmino—mme tsotlhe tseo di diragetse mo e ka nnang dingwaga tse 5 000 tse di fetileng!
Mmino e ne e le karolo e e amogelesegang ya botshelo jwa ditlhogo tsa lotso morago ga Morwalela wa Motlha wa ga Noa. Ka sekai, Labane o ne a ngongoregela mokgwenyana wa gagwe Jakobe a re: “U nu u tshabèlañ ka go sa itsiwèñ . . . u sa mpolèlèla; aitse nkabo ke gu neile tsela ka go diha mokete, le ka dipina, ka meropa, le harepe?”—Genesise 31:27.
Makgolo a dingwaga moragonyana, e le tirelo mo tempeleng ya Modimo, go ne go le “[Balefi] ba bothousanda ba le banè ba baka Yehofa ka dileco tse ke di dihileñ, go bua Dafide, ka re, go tlo go bakwè ka cōna.” (1 Ditihalō 23:5) Kgosi Dafide wa Iseraele ka boene e ne e le setswerere mo go opeleng ka harepa ya megala e le lesome, mme a ka nne a tswa a dirile diletswa tsa mmino tse disha.—Pesalema 144:9; 2 Ditihalō 7:6; 29:26, 27; Amose 6:5.
Mmino wa Motlha wa Gompieno
Gongwe mmino o aname thata gompieno go feta le fa e le leng pele. Go na le phatlalatso ya ona ka radio, thelebishene, direkhoto le dikhasete. A mefuta e mentsi-ntsi! Go na le mmino wa setso, wa ditlhopha, wa ‘opera,’ wa tlelasike, ‘jazz,’ ‘country and western,’ moribo le ‘blues,’ ‘disco,’ ditlhamo tsa mmino wa ‘rock’—lenaane leno le lebega le se na bokhutlo ebile e le le le fetogang ka gale. Ka bonako fela fa mofuta o o tumileng o tswapoga, o mongwe o o tseela manno.
Ka jalo, wena o rata mmino wa mofuta ofe? A tlhopho ya gago eleruri e dira pharologano epe? A e ka ama pono ya gago—le isagwe ya gago?
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Diletswa tsa mmino—jaaka di ntse di tlhabololwa