O Ka Tshelela Ruri!
Mmadi yo o anaanelang o kwadile jaana mabapi le buka e ntšha ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise e e tletseng “boammaaruri jo bo nayang botshelo.”
Jaaka moefangele wa nako e e tletseng wa Mokeresete yo o tsamaisang dithuto di le mmalwa tsa Bibela le malapa, a ne a re: “Buka e ntšha eno ke karabo! E motlhofo sentle gore bana ba kgone go bona boammaaruri le botlhale jo bo lekaneng gore batsadi ba ka kgona go dira diphetso tsa bone. E tlhalosa ka bokhutshwane mme e opa kgomo lonaka. Ga e pota pote! E tlhalosa ‘Boammaaruri’ fela jaaka bo ntse. E tlatseletsa dintlha tsotlhe tse di molemo tse di tlhokafalang go fitlhelela dipelo tsa batho ba dipelo tse di ikanyegang. Kgatiso eno e ntšha e ntse jaaka ekete dibuka tsotlhe tsa Mokgatlho di sobokanyeditswe mo bukeng e le nngwe e potlana.”
Le wena gape, o ka itumelela buka eno e ntšha e e motlhofo go balega e e diretsweng thuto ya Bibela. Mo ditsebeng tsa yone tse di 256, tseo di lekanang le tsa makasine ono mme ka mogatiso o mogolwane, e tshotse ditshwantsho tse dintle tse di ka nnang 150 mme bogolo jwa tsone di le ka mebala e mentle. Tseno di direla jaaka dithuso tse di molemo-lemo tsa go ruta tseo di thusang go gatiseletsa dintlha tsa botlhokwa mo mogopolong wa mmadi. Ikamogelele sekaelo sa gago ka go tlatsa le go romela foromonyana e e fa tlase.
Tswee-tswee nthomeleleng, poso e duetswe, buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 256 ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Ke romela le R3.